This corpus kindly provided for the Dasher project by:
De Schryver, Gilles-Maurice. 2002. Web for/as Corpus: A Perspective for the African Languages. Nordic Journal of African Studies 11/2: 266-282. 

http://www.up.ac.za/academic/libarts/afrilang/webtocorpus.pdf

SOUTH AFRICAN QUALIFICATIONS AUTHORITY ACT, NO.58 OF 1995OFISI YA MOPORESIDENTE
Palo 1521. 4 Diphalane 1995
Palo 58 wa 1995. MOLAO WA BOTHATI JWA BORUTEGI JWA AFORIKA BORWA, 1995
Go itsisiwe fano fa Moporesidente a dumetse Molao o o latelang o o phasaladiwang 
fano mo tshedimosetsong ya kakaretso :-
MOLAO
Go tlamela tlhabololo le tiragatso ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le 
go tlhoma ka maikaelelo ano Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa, le go dira 
tlamelo ya merero e e amanang le bona.
(Lokwalo la Seesimane le saennwe ke Moporesidente) (le le dumetsweng ka 28 
Lwetse 1997).
LE LE GOELEDITSWENG ke Palamente ya Ripaboliki ya Aforika Borwa ka tsela e e 
latelang:-
Dithanolo
  Mo Molaong o, kwa ntle ga gore bokao bo supiwe ka mokgwa o mongwe - 
    "Bothati" bo kaya Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa bo bo tlhomilweng 
    ka karolo 3; (viii) 
    "setlamo" go theiwa setlamo kgotsa close corporation e e kwadisitsweng go ya 
    ka molao mongwe le mongwe, e e tlhagisetsang badiri ba yona kgotsa badirisi 
    ba yona thuto kgotsa katiso; (v) 
    " Mokaedikakaretso" go kaiwa Mokaedikakaretso wa Thuto; (i) 
    "Tona" go kaiwa Tona ya Thuto, ka maikaelelo a karolo 4(2), 4(3), 4(4), 
    4(5), 4(6), 5(1) (c), 11, 13(2), 14 le 15(2), Tona ya Thuto ka kgolagano le 
    Tona ya Bodiri; (vi) 
    "Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba" go kaiwa Letlhomeso la Bosethaba la 
    Borutegi, le le amogetsweng ke Tona go kwadisa maemo le Borutegi jwa 
    bosethaba; (vii) 
    "porofesene e e rulagantsweng ya borutisi" go kaiwa mokgatlho kgotsa unione 
    e e leng tokololo ya Khansele ya Dikamano tsa Badiri ba Thuto e e 
    tlhomilweng go ya ka Molao wa Kamano ya Badiri ba Thuto, 1993 (Molao Palo 
    146 wa 1993, mme o amogelwa ke Tona tebagano le lebaka le la Molao; (ii) 
    "kaelo" e kaya kaelo ya molawana; (x) 
    "borutegi" go kaiwa kamogelo ya semmuso ya diphitlhelelo ya palo e e 
    tlhokegang ya metseletsele ya dikeretiti le ditlhokego tse dingwe mo maemong 
    a a rileng a Letlhomeso la Bosethaba la Thuto go ya ka tlhomamiso ya 
    mekgatlho e e maleba e e kwadiseditsweng lebaka le ke Bothati jwa Borutegi 
    jwa Aforika Borwa; (iv) 
    "kwadisitse" go kaiwa kwadiso go ya ka Letlhomeso la Borutegi jwa 
    Bosethaba; (iii) 
    "maemo" go kaiwa dipegelo tse di kwadisitsweng tsa dipholo tse di eletswang 
    tsa thuto le katiso le mabaka a tekanyetso a a amanang le tsona. 
Maikaelelo a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba
  Maikaelelo a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba ke  
    go baka letlhomeso la bosethaba le le kopaneng la diphitlhelelo tsa go 
    ithuta; 
    go kgonagatsa phitlhelelo, tswelelopele le kgatelopele mo thutong, katiso le 
    ditsela tsa borutegi; 
    tlhatlosa boleng ba thuto le katiso; 
    go itlhaganedisa paakanyo ya kgethololo e e sa siamang ya paka e e fetileng 
    mo thutong, katisong le mo ditshonong tsa ditiro; mme ka go dira jalo; 
    go tshwaelwe mo tlhabololong e e tletseng ya moithuti mongwe le mongwe le 
    tlhabololo ya loago le ikonomi ya sethaba ka bophara. 
Tlhomo ya Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa
  Go tlhomiwa fano motho molaong yo o bidiwang Bothati jwa Borutegi jwa Aforika 
  Borwa. 
Molaotheo wa Bothati
  (1) Bothati bo tla bopiwa ke Modulasetulo yo a tla thapiwang go ya ka karolo 
  potlana (2), ditokololo tsa go nna jalo di tla thapiwa go ya ka karolopotlana 
  (3) le (4), le motlhankedimotsamaisi yo a tla thapiwang go ya ka karolopotlana 
  (7). 
  (2) Tona o tla thapa motho wa maitemogelo le setswerere mo mererong e e amang 
  ditiro tsa bothati, go nna Modulasetulo wa Bothati.
  (3) Tona o tla thapa batho ba ba latelang jaaka ditokololo tsa bothati, ka 
  mokgwa o o tlametsweng mo karolongpotlana (4) 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke Mokaedikakaretso; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke ditlhogo tsa mafapha a thuto a 
    porofense; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke Mokaedikakaretso: Bodiri; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke Boto ya Katiso ya Bosethaba; 
    ditokololo tse pedi tse di supilweng ke mekgatlho ya bosethaba e e emelang 
    bodiri jo bo rulaganeng; 
    ditokololo tse pedi tse di supilweng ke mekgatlho ya bosethaba e e emelang 
    kgwebo e e rulaganeng; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke Komiti ya Bagokgo ba Diyunibesiti e e 
    tlhomilweng ka karolo 6 ya Molao wa Diyunibesiti, 1955 (Molao Palo 61 wa 
    1955); 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke Komiti ya Bagokgo ba di Thekenikone e e 
    tlhomilweng ka karolo 2 ya Molao wa dithekenikone, 1993 (Molao Palo 125 wa 
    1993); 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke mokgatlho wa bosethaba o o emelang 
    bareketoro ba dikholeji le go amogelelwa lebaka le ke Tona; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke mokgatlho wa bosethaba e e emelang 
    bareketoro ba dikholeji ba bothekeniki le go amogelelewa lebaka le ke Tona; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke mekgatlho ya bosethaba e e emelang 
    dikholeji kwa ntle ga tsa borutisi le tsa bothekeniki le go amogelelwa 
    lebaka le ke Tona; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke mekgatlho ya bosethaba e e emelang 
    thuto ya motheo ya bagodi le lekala la katiso le go amogelelwa lebaka le ke 
    Tona; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke mekgatlho ya bosethaba e e emelang 
    lekala la tlhabololo ya go sale gale ya ngwana le go amogelelwa lebaka le ke 
    Tona; 
    ditokololo tse pedi tse di supilweng ke porofesene e e rulaganeng ya 
    borutisi; 
    ditokololo tse pedi tse di supilweng ke mekgatlho ya bosethaba e e emelang 
    batlhatlheledi le bakatisi le go amogelelwa lebaka le ke Tona; 
    tokololo e le nngwe e e supilweng ke mekgatlho ya bosethaba e e emelang 
    lekala la thuto e e kgethegileng le go amogelelwa lebaka le ke Tona; 
    ditokololo tse di sa feteng thataro tse di tlhomilweng ke Tona go ya ka 
    thato ya gagwe; 
    ditokololo tse di sa feteng di le pedi tse di tseeleditsweng ke Bothati go 
    ya ka thato ya yona le go atlanegisiwa mo Toneng gore di thapiwe. 
  (4) Mo mabakeng a go batla tlhagiso jaaka go akanngwa mo karolongpotlana (3), 
  Tona o tla dira pego mo Kaseteng ya maikaelelo a gagwe a go tlhoma ditokololo 
  tsa Bothati, mme o tla kopa mongwe le mongwe kgotsa mokgatlho mo makaleng a a 
  umakilweng mo karolopotlaneng ya (3) go tlhagisa maina a batho bao go ya ka 
  maitemogelo a bona le botswerere mo mererong e e amanang le tiro ya bothati, 
  ba ba ka nnang bontlhopheng ba ba siameng ba ba ka diriwang ditokololo tsa 
  Bothati, mme mo tlhagisong ya maina a bontlhopheng go tla elwa tlhoko motheo 
  wa kemelo. 
  (5) Mo mabakeng a tlhagiso a a akanngwang mo temaneng (n) ya karolopotlana (3) 
  mokgatlho mongwe le mongwe kgotsa unione o tla dira tlhagiso e e sa feteng e 
  le nngwe. 
  (6) Tokololo ya Bothati kwa ntle ga Motlhankedimotsamaisi, e tla nna mo 
  ofising mo pakeng e e sa feteng dingwaga di le tharo, jaaka Tona a tla 
  tlhomamisa mo nakong ya tlhomo ya yona, mme tokololo e ka nne ya tlhomiwa gape 
  mo pakeng ya go ya pele ya ofisi fa nako ya yona ya ofisi e fela. 
  (7) E tla re fa Tona a tlatsa phatlhatiro nngwe le nngwe, a ise tlhogong 
  ditlamelo tsa karolopotlana (3). 
  (8) Ditokololo tse di akanngwang mo karolopotlaneng (2) le (3) di tla tlhoma 
  motho yo a nang le bokgoni ka kamogelo ya Tona go nna motlhankedimotsamaisi mo 
  mabakeng a tiro a a tla tlhomamisiwang ke Bothati ka kamogelo ya Tona le 
  tumalelano ya yona le Tona ya Matlotlo. 
Ditiro tsa Bothati
  (1) Go ya ka ditshiamelo tsa karolopotlana (2) Bothati bo tla  
    (i) okamela tlhabololo ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba 
    (ii) go dira le go phasalatsa maikemisetso le mabaka a - 
      kwadiso ya mekgatlho e e ikarabelang mo tlhomong ya maemo a thuto le 
      katiso kgotsa borutegi; 
      kamogelo ya mekgatlho e e ikarabelang mo tlhokomelong le mo thunong ya 
      dipholo go ya ka maemo a go nna jalo a borutegi; 
    go okamela tiragatso ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba, go akaretswa 
    - 
      kwadiso le kamogelo ya mekgatlho e e umakilweng mo temaneng (a) le kabelo 
      ya yona ya ditiro; 
      kwadiso ya maemo le Borutegi jwa bosethaba; 
      dikgato tsa go netefatsa tiragatso ya ditshiamelo tsa kamogelo; le 
      dikgato tsa go babalela gore maemo a borutegi bo bo kwadisitsweng a 
      tshwantshanngwa le a bodithabathaba; 
    go gakolola Tona ka merero e e amang kwadiso ya maemo le borutegi; le 
    go rwala maikarabelo a taolo ya matlole a Bothati. 
  (2) Bothati bo tla tsweletsa maikaelelo a Letlhomeso la Borutegi jwa 
  Bosethaba jaaka go tlhagisitswe mo karolong 2 le go dira ditiro tsa Bothati 
  jaaka go tlhagisiwa mo karolongpotlana (1) - 
    Morago ga tirisano le mafapha a mmuso, mekgatlho ya molao, ditlamo, 
    mekgatlho le ditheo tse di ikarabelang mo thutong, katiso le go aba 
    disetifikeiti tsa maemo go ya ka Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba. 
    Go lebilwe bokgoni jwa Palamente le dikokoanotheo molao tsa diporofensi, go 
    ya ka karolo 126 ya Molaotheo, le tshiamelo le maatla a ditiro tsa mekgatlho 
    ya taolo ya yunibesiti kgotsa diyunibesiti le thekenikone kgotsa 
    dithekenikone jaaka go diriwa tlamelo mo Molaong wa Palamente. 
Ditiro tsa Motlhankedimotsamaisi
  (1) Motlhankedimotsamaisi o tla  
    rwala maikarabelo a Bothati le go dira ditiro tsa bona go ya ka Molao; 
    okamela batlhankedi le bathapiwa ba Bothati; le 
    go nna motlhankedi yo a nang le maikarabelo a Bothati mo mading a a 
    amogelwang, dituelo tse di diriwang le dithoto tse di sutang tse di 
    rekilweng ke bothati. 
  (2) Motlhankedimotsamaisi o tla thusiwa mo tirong ya gagwe go ya ka 
  karolopotlana (1) ke batlhankedi le badiri ba Bothati go ya ka ditlhokego tsa 
  gagwe mo lebakeng le. 
Maatla a Bothati
  (1) 
    Bothati bo ka nne ba tlhoma dikomiti le go thapa batho mo dikomiting ba e 
    seng ditokololo tsa Bothati. 
    Bothati bo tla tlhoma Modulasetulo wa komiti nngwe le nngwe. 
    Bothati bo ka nne ba phatlhalatsa kgotsa ba rulaganya komiti seshwa. 
    Bothati bo ka nne ba fetisetsa maatla a bona, go sa akaretswe maatla a a 
    umakilweng mo karolong e, go komiti nngwe le nngwe ya bona, fela bo ka se 
    tseelwe maatla a a fitisitsweng, e bile bo ka nne ba gogela morago phetiso 
    ya go nna jalo. 
    Bothati bo ka nne ba mametlelela kgotsa ba beela thoko tshwetso nngwe le 
    nngwe ya komiti ya go nna jalo. 
  ( 2) Bothati bo ka nne ba rarabolola diphapang tse di amanang le tiro ya bona 
  tse di umakilweng mo karolong 5.
  (3) Bothati bo ka nne ba reka le go fedisa dithoto. 
  (4) Bothati bo ka dira gore go diriwe dipatlisiso tse bo di tsayang di amana 
  le tiro ya go dira ditiro tsa bona. 
  (5) Bothati bo ka dira tiro e nngwe bo e ka bo fiwang ke Tona e e amanang le 
  Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba. 
Dikopano tsa Bothati le dikomiti
  (1) Dikopano tsa Bothati kgotsa tsa Komiti di tla tshwarwa mo dinakong le mo 
  mafelong a a ka nneng a tlhagisiwa ke Modulasetulo wa Bothati kgotsa Komiti. 
  (2) Tsamaiso ya Bothati kgotsa ya komiti e ka se kgoreletswe ke lebaka la 
  phatlhatiro e e bulegileng mo Bothating kgotsa mo Komiting.
  (3) Fa Modulasetulo wa Bothati kgotsa komiti a se teng mo kopanong nngwe le 
  nngwe ya Bothati kgotsa komiti, jaaka go ka diragala, ditokololo tse di leng 
  teng di tla tlhopha gareng ga tsona motho go etelelapele kopano.
  (4) Bothati bo ka nne ba tlhagisa ditaolo tse di amanang le tsamaiso mo 
  dikopanong tsa bona kgotsa mo dikopanong tsa dikomiti go akaretswa le khoramo 
  ya dikopano tsa go nna jalo.
Go tswa mo ofising ga ditokololo tsa Bothati
  Modulasetulo kgotsa tokololo nngwe le nngwe ya Bothati bo bo umakilweng mo 
  karolong 4(3) o tla tlogela ofisi fa  
    thoto ya gagwe e jewa kgotsa a tsena mo tumalelanong le banei molato ba 
    gagwe; 
    tshwerwe jaaka motho yo a sa itekanelang mo tlhaloganyong go ya ka molao 
    mongwe le mongwe; 
    a se teng mo dikopanong tse di latelaneng di le tharo tsa Bothati kwa ntle 
    ga llifi e a e filweng ke Bothati; 
    a leboga tiro ka go dira kitsiso ka go kwalela Tona; kgotsa 
    a bonwa molato wa tlolo molao mo pakeng ya gagwe ya ofisi le go romelwa kwa 
    kgolelegelong kwa ntle ga tshiamelo ya faene. 
Matlole a Bothati
  (1) Matlole a bothati a tla diriwa ke  
    madi a a rebotsweng ke Palamente gore Bothati bo fitlhelele maikaelelo a 
    bona; 
    madi a a amogetsweng ke bothati go ya ka melawana e e dirilweng go ya ka 
    karolo 14; 
    madi a a bonweng ka mokgwa wa dikadimo tse di dirilweng ke Bothati ka tetla 
    ya Tona le tumalelano le Tona ya Matlotlo; 
    Dikabelo, dikatso kgotsa seabe se se amogetsweng ke Bothati; le 
    Merokotso ya dipeeletso. 
  (2) Bothati bo tla dirisa matlole a bona go duela ditshenyegelo tse di amanang 
  le go dira tiro ya bona. 
    (3) 
    (a) E tla re mo ngwageng mongwe le mongwe wa matlotlo go ya ka tlhomamiso ya 
    Tona komiti e tlhagise pegelo ya diphopoletso tsa lotseno le ditshenyegelo 
    tsa ngwaga o o latelang go Tona go fetisiwa. 
    (b) Madi a a akanngwang mo karolopotlaneng (1)(a) a tla dirisiwa ke Bothati 
    go ya ka kamogelo ya pegelo e e umakilweng mo temaneng (a), mme tshalelo 
    nngwe le nngwe e e sa solofelwang e tla fetisetswa jaaka keretiti mo 
    ngwageng o o latelang wa matlotlo. 
   (4) Go ya ka ditshiamelo tsa karolopotlana (3)(b) Bothati bo ka nne ba 
  beeletsa karolo nngwe le nngwe ya matlole ka mokgwa o o tla amogelwang ke Tona 
  ka tumalelano le Tona ya matlotlo.
  (5) Bothati bo ka nne ba duedisa kgotsa ba tlhokomologa dituelo  
    mo thebolong ya kwadiso nngwe le nngwe kgotsa kamogelo; le 
    tirelo nngwe le nngwe e e tlhagisiwang ke Bothati. 
Batlhankedi le badiri ba Bothati
  Go ya ka mabaka a tiro a a tlhomamisitsweng ke Bothati ka kamogelo ya Tona le 
  tumalelano ya Tona ya Matlotlo, Bothati bo ka nne ba thapa batlhankedi ba go 
  nna jalo le badiri go ya ka ditlhokego tsa bona go dira ditiro go ya ka molao. 

Ditetlo le tuelo ya ditokololo tsa Bothati le dikomiti
  Modulasetulo le tokololo nngwe le nngwe ya Bothati le motho mongwe le mongwe 
  yo a thapilweng go nna tokololo ya komiti go ya ka karolo 7(1) yo a seng mo 
  tirong ya leruri ya mmuso o tla duelwa ke Bothati tebagano le tiro e e 
  dirilweng ke ene malebana le merero ya Bothati kgotsa komiti - 
    dituelo tsa mosepele, ketleetso le ditetlo tse dingwe; mme 
    Modulasetulo wa Bothati le ene o tla bona dituelo tsa tlaleletso jaaka go ka 
    tlhomamisa Tona ka tumalelano le Tona ya Matlotlo. 
Thuno le pegelo ya ngwaga
  (1) Dibuka tsa diakhaonte le dipegelo tsa matlotlo tsa Bothati di tla runiwa 
  mo bokhutlong jwa ngwaga mongwe le mongwe wa matlotlo ke Morunikakaretso. 
  (2) E tla re pele ga dikgwedi di le thataro morago ga bokhutlo jwa ngwaga 
  mongwe le mongwe wa matlotlo Bothati bo neele Tona pegelo ka mokgwa o o tla 
  tlhomamisiwang ke Tona, ya ditiro tsa yona mo tsamaong ya ngwaga wa matlotlo 
  go akaretswa balance sheet e e runilweng le pegelo ya lotseno le tshenyegelo. 
  (3) Tona o tla tlhagisa dikhopi tsa pegelo go akaretswa le balance sheet le 
  pegelo ya lotseno le tshenyegelo e e umakilweng mo karolongpotlana (2) kwa 
  Palamenteng mo sebakeng sa malatsi a le 14 morago ga kamogelo ya yona fa 
  Palamente e le mo kopanong ya tlwaelo, mme fa Palamente e se mo kopanong, e 
  tla nna mo malatsing a le 14 morago ga tshimologo ya kopano ya yona ya tlwaelo 
  e e latelang. 
Melao
  Ka kamogelo ya Tona, Bothati bo ka nne ba dira melao e e amanang le  
    morero mongwe le mongwe o go yang ka Molao o o tlhokegang kgotsa o letliwang 
    go beiwa; 
    Madi a a duelwang Bothati tebagano le merero e e umakilweng mo karolong 
    10(5)(a) le (b); le 
    Morero mongwe le mongwe o taolo ya ona e tlhokegang kgotsa o o tshwanetseng 
    wa diragadiwa mo tlamelong ya molao o. 
Ditshiamelo tsa kgabaganyo tse di amanang le mekgatlho e e leng teng
  (1) Mokgatlho mongwe le mongwe o o tlhomilweng ke molao o o dirang ditiro tse 
  di tshwanang le tsa Bothati jaaka go tlhagisiwa mo karolong 5 o tla 
  tswelelapele go dira ditiro tsa go nna jalo go fitlha mokgatlho oo o fedisiwa 
  kgotsa ditiro tsa ona di fetolwa ka molao. 
  (2) Ga go mokgatlho o o akantsweng mo karolongpotlana (1) o o tla fedisiwang e 
  bile ga go ditiro tsa mokgatlho wa go nna jalo tse di tla fetolwang go fitlha 
  Bothati le Mokgatlho di sekaseka ka bobedi bokao ba phediso ya go nna jalo 
  kgotsa phetolo le tiragatso ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le go 
  dira dikatlanegiso kwa go Tona. 
  (3) Karolo e ga e ne e dira mo mokgatlhong mongwe le mongwe o o tlhomilweng ka 
  molao wa poraefete wa yunibesiti. 
Setlhogo khutswe
  Molao o, o tla bidiwa Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa, 1995. 




Siphandla seMbuso lesisha seNingizimu Afrika
Letshwao le lentha la Aferika Borwa
Setshwantsho le sekai sa letshwao le le lentha lwa sethaba.
Letshwao le lentha lwa sethaba ke setlhopa sa dilo tse di rulagantsweng ka dikarolo tse pedi tsa sedika seo se aroganeng, nngwe e beilwe godimo ga e nngwe. 
Lefoko - !ke e: /xarra //ke, le kwadilwe ka loleme lwa ma-khoisan lwa batho ba /Xam, mme le kaya gore: batho ba ba farologaneng kopanang. E lebisitswe go maiteko a batho botlhe go matlafatsa kopano ya menagano le ditiro. Ka kakaretso, e dira boipiletso go sethaba go kopana go nna sebopo se le sengwe se se ipelang ka bong ba sone.
Meno a maleele a tlou - a supa botlhale, boitshwaro le gosafeleng.
Ditsebe tsa korong - ka fa sedikeng seo se bopilweng ke meno a maleelele aa tlou - di supa kungo, kgolo le tlhabologo ya bokgoni, phepo ya batho le dikarolo tsa temo tsa mmu.
Thebe - sebopego sa thebe ya gauta se tshwana le moropa. E na le tshupo tse pedi: go supa bong le tshireletso ya semowa.
Ditshwantsho tsa batho - di tserwe lefikeng lwa Linton, le e leng sekao se se tumileng lefatshe ka bophara sa Botaki ba Mafika fa Aferika Borwa. Lefika leno, le beilwe kwa South African Museum kwa toropong ya Kapa. Ma-Khoisan, ba e leng bona banni ba ba tala go fetisa fa nageng ya rona, ba paka ka ga botho le setso sa ma Aferika Borwa se se tshwanang. Ditshwantsho tseno di takilwe di eme ka mokgwa wa go dumedisa, go supa kopano. Seno se supa gape go simololwa ga phetogo go motho mongwe le mongwe go ikamaganya le sethaba, mme go feta foo, go ikamaganya le botho bo bo kopanetsweng.
Lerumo le sebepi - matshwao a mabedi a a emetseng tshireletso le bolaodi - gape di emetse le maoto aa maatla a mmamolongwana. Lerumo le sebepi di robaditswe go supa kagiso.
Lelomo lwa Protea - letshwao la bontle ba naga ya rona le katlego ya bokgoni ba rona jaaka sethaba seo se dirang go fitlhela Tsosoloso ya Aferika - le supa kopano e akaretsang ya dilo tsotlhe tseo di tswang fa mmung mme di tlhokometswe go tswa kwa godimo.
Mmamolongwana - e tshwantshitswe e fofa - ditlamorao tsa kgolo ya tlhago le lebelo. Nonyane e e maatla eo maoto a yona - a bontshwang ka lerumo le sebepi - a e direla thata fa e tsoma dinoga, e leng sengwe seo se supang tshireletso ya sethaba kgatlhanong le dira tsa sona. Ke morongwa wa magodimo mme e dirisa tshwaro wa yona mo lefatsheng. Ka tsela eno, ke letshwao lwa boitseanape bo botona. Maphuka a a tsholeditsweng a supa go tsholetswa ga sethaba sa rona, mme gape e ntse e re sireletsa.
Letsatsi le tlhabang - letshwao la kganya le bontle. Le supa tshepiso ya tswalo-boa, bokgoni ba dikakanyo tse di mafolofolo, kitso, katlholo e nepagetseng le maatla a thato. Ke letshwao lwa motlhodi wa bophelo, lwa kganya le Botho ka kakaretso.
Sebopego se se feleletseng sa letshwao le lentha lwa sethaba se kopanya sedika se se fa tlase le se se fa godimo ka tshupo ya gosafeleng (infinity). Tsela e e kopanyang fa tlase kwa bofelong, ka mela ya meno a tlou, ka kgala (horizon) godimo ga fao letsatsi le tlhabang fa godimo, le bopa popego ya lee leo le bopang lefatshe ka bophara leo mmamolongwana a tswang mo go sona. Sentlesentle, sebopego seno se supa tsalo sea ya mowa wa sethaba sa rona se setona sa bagale.
Tiro ya Letswao 
Ke letshwao le gologolo le le bonagalang lwa naga. Le tlhagiswa fa dipampiring tsotlhe tsa semmuso tsa puso tse di jaaka: diphasepoto, ditifikeiti tsa manyalo, tsa matsalo, tsa go tlhokafala le tsa dikolo. Letshwao le lentha le tsena fa maemong a leo le neng le diriswa fa Aferika Borwa go tloga ka di 17 Lwetse 1910. Phetogo eno e supa maikemisetso a Mmuso a go dira gore go lemogwe diphetogo tsa setemokrasi mona Aferika Borwa le mowa o moa wa go rata naga yaabo rona.
Tsamaiso ya Botaki
Kgoro e e mabapi le Botaki, Setso, Saense le Thekenoloji e ne ya kopa dikakanyo tsa sethaba mabapi le letshwao le lentha la sehaba mo ngwageng o o fetileng. Go ne ga kwalwa dintlha tse di kgutswane (brief) ka dikakanyo tse di fitlhetsweng fa sethabeng le fa Kabineteng. Government Communication and Information System (GCIS), e ne ya ikopanya le Design South Africa - mokgatlho o akaretsang o o emetseng mekgatlho ya botaki naga ka bophara go buisana le baitseanape ba botaki ba itlhagisitseng ba ba lesome. Bataki ba le bararo ba ne ba tlhopiwa go bontsha Kabinete dikakanyo tsa bone ka ga Letshwao la naga. Setshwantsho sa Rre Iaan Bekkers, se ne sa tlhopiwa go nna Letshwao le lentha lwa naga. Ene ke molaodi wa FCB Group mme o takile matshwao a mantsinyana a boikitsisi a mekgatlho ya mmuso le ya poraefete.
Letshwao le lentha le tsweletsapele motheo wa Batho Pele
Batho Pele ke puo ya Sesotho e e kayang "go beiwa ga batho kwa setlhogong" fa go tlameleng ka ditirelo, mme yona e tlama badiredi puso go direla batho botlhe ba Aferika Borwa. Metheo le dintlha tsa botlhokwa tsa Batho Pele, di tshegetsa Letshwao lwa sethaba. Ka letsatsi la 1 Diphalane 1997, ditirelo tsa mmuso di ne tsa dira letsholo lwa Batho Pele maikaelelo e le go tlhabolola tlamelo ya ditirelo fa sethabeng. 
Batho Pele ke maikemisetso go fitlhela metheo le dintlha tse di botlhokwa
Ditherisano tse di kgafetsa ka ga boleng ba ditirelo tse di tlamelwang.
Go bea maemo a amogelesegileng a ditirelo ka go bua ka boleng ba ditirelo tse di tshwanetseng go tlamelwa.
Go oketsa kgonagalo ya go fihlela ditirelo segolo setonna go bao ba neng ba sa di fitlhele ka tshwanelo mo nakong ya maloba.
Go netefatsa maemo a a kwa godimo a tltlo ka go latela maemo a amogeselegieng a beilweng ka ga tshwaro ya badirisi ba ditirelo.
Go tlamela ka tshedimosetso e e oketsegileng e e tlhabolotsweng ka ga ditirelo gore badirisi ba nne le tshedimosetso e e mabapi e e tshwanetseng.
Go oketsa go se fitlhe sepe le go dira phatlhalatsa ka ga tsela eo ditirelo di tlamelwang ka yona..
Go siamisa fa re sa atlegang le diphoso gore mathata a rarololwe kana a siamisiwe ka tsela e e siameng.
Go tlamela ka boleng jo bo golo mo mading gore badirisi ba ditirelo ba bone gore madi a bone a lekgetho a dirisiwa ka tsela e e tlhoko e e tshwanetseng. 
Re tshwanetse go dira mmogo, re le Mmuso le sethaba, go dira gore metheo ya Batho Pele e nne boammaruri mo sethabeng seo se direlang botshelo jo bo botoka.
Compiled by: Government Communication and Information System (GCIS), April 2000
Pulamadibogo
Rona, re le batho ba Aforika Borwa,
Re itse ditshiamololo tsa rona tse di fetileng;
Re tlotla ba ba bogetseng tshiamo le kgololosego mo lefatsheng la rona;
Re tlotla ba ba diretseng go aga le go tlhabolola naga ya rona; mme
Re dumela gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba tshelang mo go yona, re tshwaragane mo go
farologaneng ga rona.
Rona ka jalo, ka baemedi ba re ba itlhophetseng ka kgololosego, re amogela Molaotheo o jaaka
Molao-Mogolo wa Rephaboliki gore re -
Alafe dikgogakgogano tse di fetileng mme re age Sethaba se se thailweng mo meetlong ya
demokerasi, bosiamisi mo bathong le ditshwanelo tse di botlhokwa tsa botho;
Tlhome metheo ya demokerasi le bosethaba jo bo buletsweng botlhe jo mo go bona puso e
theilweng, mo thatong ya batho e bile moagi mongwe le mongwe a sireleditsweng ka go lekana
ke molao.
Tokafatse matshelo a baagi botlhe le go golola neo ya mongwe le mongwe le;
Age Aforika Borwa e kopaneng ya demokerasi e e kgonang go tsaya maemo a yona a a e
siametseng jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya mafatshe.
A Modimo a sireletse Sethaba sa rona.
Nkosi Sikelel' iAfrika. Morena boloka sethaba sa etsho.
God sen Suid-Afrika. God bless South Africa.
Mudzimu fhatuthedza Afurika. Hosi katekisa Afrika.
^
Kgaolo 1
dikaelo tsa motheo
Rephaboliki ya Aforika Borwa
1. Rephaboliki ya Aforika Borwa ke naga e le nngwe e e ipusang ya demokerasi e e
theilweng mo meetlong e e latelang:
(a) seriti sa botho, phitlhelelo ya tekatekano le tsweletso ya ditshwanelo tsa botho le
dikgololosego.
(b) go sa kgethololeng ka bomorafe le ka bong.
(c) bogolo jwa Molaotheo le puso ya molao.
(d) Tshiamelo ya go tlhopha jaaka mo lefatsheng lotlhe, lenaane le le lengwe la bosethaba la
batlhophi, ditlhopho tsa nako le nako, le mokgwa wa puso ya demokerasi ya makoko-mantsi, go
netefatsa maikarabelo, bodiredi bo bo tsibogelang ditlhagiso le tirelo e e mo phatlalatseng.
Bogolo jwa Molaotheo
2. Molaotheo o, ke molao-mogolo wa Rephaboliki; molao kgotsa maitsholo a a kgatlhanong
le ona ga a na boleng, le ditlamego tse o di abang di tshwanelwa go diragatswa.
Boagi
3. (1) Go na le boagi bo le nosi jwa Aforika Borwa.
(2) Baagi botlhe ba:
(a) lebanwe ke ditshwanelo ka go lekalekana, ditshiamelo le molemo wa boagi; mme
(b) ba amiwa ka go lekana ke ditiro le maikarabelo a boagi,
(3) Molao wa naga o tshwanela go rulaganyetsa phitlhelelo, tatlhegelo le pusetso ya boagi.
Pina ya bosethaba
4. Pina ya bosethaba ya Rephaboliki e swetswa ke Poresidente ka kgoeletso.
Folaga ya bosethaba
5. Folaga ya bosethaba e bontsho, bogauta, botala, bosweu, bohibidu le botala jwa legodimo
jaaka fa e tlhalosiwa e bile e takilwe mo go Mametlelelo 1.
Dipuo
6. (1) Dipuo tsa semmuso tsa Rephaboliki ke Sesotho sa Leboa, Sesotho, Setswana,
Seswati, SeVenda, SeTsonga, Seburu, Seesimane, Setebele, Sethosa le SeZulu.
(2) Ka go lemoga nyelelo ka hisetori ya tiriso le serodumo sa dipuo tsa baagi ba lefatshe le,
puso e tshwanela go tsaya dikgato tse di bonalang le tse di supang kgatelopele go tlhatlosa kemo
le go tsweletsa tiriso ya dipuo tse.
(3) (a) Puso ya bosethaba le dipuso tsa diporofense di ka dirisa dipuo tsa semmuso
dingwe le dingwe mo mabakeng a puso, go tsewa tsia tiriso, kgonagalo, ditshenyegelo, mabaka
a karolo ya naga, le tekatekano ya ditlhokego le dikgatlhego tsa baagi ka bophara kgotsa mo
porofenseng e e amegang puso ya bosethaba le puso nngwe le nngwe ya porofense di tshwanetse
go dirisa di le pedi tsa semmuso. BoMmasepala ba tshwanela go tsayatsia tiriso ya puo le
itlhophelo ya baagi ba bona.
(b) BoMmasepala ba tshwanetse go tsaya tsia puo e e diriswang le go kgatlhegelwa ke baagi
ba bona.
(4) Puso ya bosethaba le dipuso tsa diporofense, ka dipeomolao le dikgato dingwe di
tshwanetse go laola le go tlhokomela tiriso ya dipuo tsa semmuso. Ntle le go fapoga dithulaganyo
tsa karolwana (2), dipuo tsotlhe tsa semmuso di tshwanela go newa tlotlomatso e e lekanang e
bile di tshwanelwa go tsewa ka tekatekano.
(5) Boto ya Dipuo tsa Pan Aforika Borwa e e tlhomilweng ke peomolao ya bosethaba e
tshwanetse -
(a) go tsweletsa le go tlhola maemo a tlhabololo le tiriso ya -
(i) dipuo tsotlhe tsa semmuso;
(ii) dipuo tsa seKhoi, seNama le seSan; le
(iii) puo ya kaetso, le
(b) go tsweletsa le go tlhomamisa tlotlo ya go akarediwa seJeremane, seGeriki seGujarati,
seHindi, sePotokisi, seTamil, seTelugu, seUrdu, le (i) dipuo tsotlhe tse di dirisiwang ka gale ke
ditlhopha tsa batho mo Aforika Borwa, (ii) seHebera, seSanskrit le dipuo tse dingwe tse di
dirisediwang maikaelelo a borapedi.
Kgaolo 2
Molaotlhomo wa Ditshwanelo
Ditshwanelo
7. (1) Molaotlhomo wa Ditshwanelo ke motheokonokono wa demokerasi mo Aforika
Borwa. O babaletse ditshwanelo tsa batho botlhe mo lefatsheng la rona e bile o tlhomamisa meetlo
ya demokerasi ya seriti sa botho, tekatekano le kgololosego.
(2) Puso e tshwanela go tlotla, go sireletsa, go etleetsa le go diragatsa ditshiamelo tsa
Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
(3) Ditshwanelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo di laolwa ke dikiletso tse di mo
karolong 36, kgotsa felo gongwe mo Molaotlhomong.
Tiragatso
8. (1) Molaotlhomo wa Ditshwanelo o dira mo molaong otlhe e bile o tlama
kgotlapeomolao, bodiragatsi le bosiamisi, le dithwe tsotlhe tsa puso.
(2) Thulaganyetso mo Molaotlhomong wa ditshwanelo e tlama motho fela le mothomolaong,
le go fitlha, moo go kgonegang go tsewa tsia mokgwa wa tshwanelo le tiro nngwe le nngwe e e
pateletswang ke tshwanelo eo.
(3) Mo go diragatseng dithulaganyetso tsa Molaotlhomo mo mothong fela le mothomolaong
go ya ka karolwana (2), kgotlatshekelo -
(a) gore e neye bokgoni go tshwanelo e e mo molaotheong, e tshwanela go dirisa, kgotsa fa
go tlhokegang, go tlhabolola molao wa selegae go fitlha fa peomolao e sa neyeng nonofo go
tshwanelo eo; e bile
(b) e ka tlhabolola melawana ya molao wa selegae go fokotsa tshwanelo, fa fela phokotso eo
e le go ya ka karolo 36 (1).
(4) Mothomolaong o na le tshiamelo le ditshwanelo mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo go
ya ka boleng ba ditlhokego tsa ditshwanelo le tsa mothomolaong oo.
Tekatekano
9. (1) Motho mongwe le mongwe o a lekana fa pele ga molao, e bile o na le tshwanelo
ya tshireletso le tekanelo ee lekanang ya molao.
(2) Tekatekano e akaretsa boitumelo jo bo tletseng le jo bo lekalekanang jwa ditshwanelo
tsotlhe le dikgololosego. Go etleetsa phitlhelelo ya tekatekano, peomolao le dikgato dingwe, tse
di diretsweng go sireletsa kgotsa go tsweletsa batho, kgotsa dikarolo dingwe tsa batho ba ba neng
ba patikilwe ke kgethololo e e neng e sa lolama, di ka tsewa.
(3) Puso ga e ne e kgetholola ka fa go sa tshwanelang e ka nna ka tlhamalalo kgotsa ka go
sa tlhamalale kgatlhanong le mongwe le mongwe, mo lebakeng lengwe kgotsa mangwe go
akarediwa morafe, bong, boimana, kemo ya nyalo, lotso kgotsa tshimologo ya loago, mmala,
tshekamelobong, dingwaga, borepa, bogole, bodumedi, maikutlo, tumelo, setso, puo, le matsalo.
(4) Ga go motho ope yo o tla kgethololang ka fa go sa tshwanelang e ka nna ka tlhamalalo
kgotsa ka go sa tlhamalale kgatlhanong le mongwe le mongwe, mo lebakeng lengwe kgotsa
mangwe go ya ka karolowana (3). Peomolao ya bosethaba e tshwanela go tsenngwa mo tirisong
go thibela kgotsa go etsa kgethololo e.
(5) Kgethololo mo go lengwe kgotsa mangwe a mabaka a a umakilweng mo karolwaneng (3)
ga e a lolama, ntle le fa go tlhomamisitswe gore kgethololo e lolame.
Seriti sa botho
10. Mongwe le mongwe o na le seriti sa botho ka tlhago le tshwanelo ya gore seriti sa bona
se tlotlwe mme se be se sirelediwe.
Botshelo
11. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo.
Kgololosego le tshireletsego ya motho
12. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgolosego le tshireletsego ya gagwe,
mme go akaretsa tshwanelo ya -
(a) go se tseelwe kgololosego ka kgobelelo kgotsa ntle le lebaka la tshiamo: kgotsa
(b) go se tlhatlhelwe ntle le go sekisiwa;
(c) go gololosega mo methaleng yotlhe ya tirisodikgoka go tswa mo metsweding ya sephiri
kgotsa ya botlhe;
(d) go se bogisiwe ka tsela epe; le
(e) go se tsholwe kgotsa go otlhaiwa setlhogo, mo go seng ka fa bothong kgotsa mo go
sotlang.
(2) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tlotlo ya mmele le boitekanelo mo moweng wa
botho, go akarediwa -
(a) go dira ditshwetso tebang le tsa pelegi,
(b) go sireletsega le taolo mo mebeleng ya bone; le
(c) go se tsenngwe mo ditekong tsa bongaka le bonetetshi ntle le go neela tetla.
Bokgoba, bolala le tiro ya pateletso
13. Ga go ope yo o tshwanetseng go tsenngwa mo bokgobeng kgotsa go dirisiwa ka bolala
le fa e le ka pateletso.
Sephiri
14. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya sephiri go akarediwa tshwanelo ya -
(a) botho kgotsa ntlo ya bona go phuruphutswe;
(b) dithoto tsa bona go se letle go phuruphutswe;
(c) go amogiwa dithoto;
(d) sephiri sa tlhaeletsano ya bona go sungwa nko go sutlhelelwa.
Kgololosego ya bodumedi, tumelo le kakanyo
15. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya maikutlo, bodumedi,
mogopolo, tumelo le kakanyo.
(2) Ditirelo tsa bodumedi di ka tshwarelwa mo dikagong tsa puso kgotsa tse di tlamelwang
ke puso fa fela:
(a) ditirelo tseo di latela melawana e e beilweng ke bothati ba botlhe bo bo maleba ba ditheo
tseo;
(b) ditirelo di tsamaiso ka tsela ya tekatekanyo; le
(c) go di tsenela go gololesegile e bile ka ithaopo.
(3) (a) Karolwana e ga e kgoreletse peomolao go amogela -
(i) manyalo a a kennweng go ya ka setso, kgotsa mokgwa wa bodumedi, sephiri kgotsa
molao wa malapa;
(ii) tsamaiso ya sephiri le molao wa malapa go ya ka setso sengwe le sengwe kgotsa batho ba
bodumedi bo bo rileng.
(b) Go tsewa tsia mo mabakeng a temana (a) go tshwanetse go lepalepana le dithulaganyetso
tse dingwe tsa Molaotheo.
Kgololosego ya tlhagisomaikutlo
16. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya go tlhagisa maikutlo, go
akarediwa -
(a) kgololosego ya dikgatiso le metswedi e mengwe ya pasalatso;
(b) kgololosego ya go amogela kgotsa go neelana ka tshedimosetso kgotsa dikakanyo;
(c) kgololosego ya botaki ba botlhami; le
(d) kgololosego ya boithutedi le kgololosego ya dipatlisiso tsa bonetetshi
(2) Ditshwanelo tsa molawana (1) ga di fetelele go akaretsa -
(a) tlhotlheletso ya ntwa;
(b) tlhotlheletso ya khuduego e e kukelang; kgotsa
(c) tlhotlheletso ya letlhoo le le ikaegileng ka bomorafe, lotso, bong, kgotsa bodumedi, le se
e leng tlhotlheletso e e tlisang kgobalo.
Kokoano, ditshupetso, phiketo le phetiene
17. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo, go kokoana, go dira tshupetso, go phiketa, le go
neelana ka dipetiene ka kagiso, a sa tlhomela ka dibetsa.
Kgololosego ya kamano
18. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya kamano.
Ditshwanelo tsa sepolotiki
19. (1) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela mo dipolotiking go
akarediwa tshwanelo ya: -
(a) Go itlhamela lekoko la sepolotiki;
(b) Go tsaya karolo mo medirong ya, kgotsa go ngokela ditokololo go, mokgatlho wa
sepolotiki; le
(c) Go tswa letsholo boemong ba lekoko la dipolotiki kgotsa go kgaratlhela lebaka lengwe.
(2) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya ditlhopho tse di gololesegileng, tse di
lolameng, tsa ka gale tsa kgotlapeomolao nngwe le nngwe e e tlhomilweng go ya ka Molaotheo.
(3) Moagi mongwe le mongwe wa mogodi o na le tshwanelo ya: -
(a) go tlhopha, mo ditlhophong tsa kgotlapeomolao nngwe le nngwe e e tlhomilweng go ya
ka Molaotheo, mme a dira jalo mo sephiring; le
(b) go nna ntlhopheng mo tirong ya sethaba, mme fa a tlhophilwe, a nna mo tirong eo.
Boagi
20. Ga go moagi ope yo o tla ganelwang boagi.
Kgololosego ya tsamao le bodulo
21. (1) Mongwe le mongwe o na le kgololosego ya go ya kwa a ratang teng.
(2) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tswa mo Rephaboliking.
(3) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsena, go nna, le go aga gongwe le
gongwe mo Rephaboliking.
(4) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya lokwalo la mosepele.
Kgololosego ya kgwebo, tiro le boithutelo
22. Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go kgetha kgwebo, tiro kgotsa boithutelo
ka kgololosego. Tiragatso ya kgwebo, tiro kgotsa boithutelotiro, e ka rulaganngwa ka molao.
Dikamano tsa bodiri
23. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tiragatso ya bodiri bo bo lolameng.
(2) Modiri mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya:
(a) go tlhama le go nna tokololo ya mokgatlho wa badiri -
(b) go tsaya karolo mo mererong le manaaneng a mokgatlho wa badiri;
(c) go ngala tiro.
(3) Mothapi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya -
(a) le go bopa le go nna tokololo ya mokgatlho wa bathapi; le
(b) go tsaya karolo mo mererong le manaaneng a mekgatlho ya bathapi;
(4) Mokgatlho mongwe le mongwe wa badiri le mokgatlho mongwe le mongwe wa bathapi
o na le tshwanelo ya -
(a) go tlhomamisa tsamaiso, manaane, le merero ya ona;
(b) go rulaganya;
(c) go bopa le go nna tokololo ya mokgatlho wa fetereiene.
(5) Mokgatlho mongwe le mongwe wa badiri, mokgatlho wa bathapi le mothapi, di na le
tshwanelo ya go kgaratlhela ditshiamelo ka mogoso. Peomolao ya bosethaba e tla tsenngwa mo
tirisong go laola kgaratlhelo ya ditshiamelo ka mogoso. Go fitlha foo peomolao e ka lekanyetsang
tshwanelo mo kgaolong e, tekanyetso e tshwanetse go dumelelana le Karolo 36(1).
(6) Peomolao ya bosethaba e ka amogela dithulaganyo tsa tshireletsego tsa mokgatlho wa
badiri, tse di mo ditumelelanong tsa mogoso. Go fitlha foo peomolao e ka lekanyetsang tshwanelo
mo kgaolong e, tekanyetso e tshwanetse go dumelelana le Karolo 36(1).
Tikologo
24. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya -
(a) go nna mo tikologong e e seng kotsi mo matshelong le mo bothong ba bona; le
(b) go nna le tikologo e e sireletsegileng, go nna mosola dikokomaneng tsa jaanong le tsa
isago, go ya ka peomolao le dikgato dingwe tse di utlwalang:
(i) thibela kgotlelego le kwelotlase ya tlhago;
(ii) Go etleetsa tshomarelo ya tlhago;
(iii) Go fitlhelela kagosea le tiriso ya maruo a tlhago;
Go nna le tswelelopele e e sireletsang pabalesego ya tlhago le tiriso ya dikumo tsa tlhago.
Dithoto
25. (1) Ga go ope yo o tla tseelwang dithoto tsa gagwe kwa ntle ga mabaka a a mo
tirisong ka kakaretso, e bile ga go molao o o tla letlang go tseelwa dithoto ka kgobelelo.
(2) Dithoto di ka amogiwa ka molao wa tiriso ya kakaretso wa ka gale -
(a) go dirisetswa botlhe kgotsa mo kgatlhegong ya botlhe; le
(b) go laola tuelo ya go tlhatswa diatla, tlhotlhwa e nako le mokgwa wa tuelo go
dumalalanweng ke ba ba amegang go sweditswe kgotsa go rebotswe ke kgotlatshekelo.
(3) Tlhotlhwa, nako le mokgwa wa tuelo, wa go tlhatswa diatla o tshwanetse go nna o o
lolameng wa tekatekanyo, o supa tekatekanyo e e lekanang fa gare ga kgatlhego ya botlhe le
dikgatlhego tsa ba ba amegang, go tsewa tsia mabaka otlhe a a maleba, go akarediwa -
(a) tiriso ya ga jaana ya thoto;
(b) lemorago le tsela e dithoto tseo di fitlheletsweng ka yona;
(c) tlhotlhwa ya tsona mo mmarakeng;
(d) boleng ba peeletso ya puso le tshegetso mo phitlhelelong le tlhabololo ya tlhotlhwa e e
mosola ya dithoto; le
(e) mabaka a go amogiwa dithoto.
(4) Mo maitlhomong a karolo e -
(a) kgatlhego ya botlhe e akaretsa itlamo ya sethaba go tlhabololo ya lefatshe, le ditlhabololo
go tlisa phitlhelelo e e nang le tekatekanyetso ya metswedi yotlhe ya tlhago ya go tlamela
ditlhokego tsa Aforika Borwa; le
(b) dithoto ga di lekanyelediwe fela mo nageng.
(5) Puso e tshwanetse go tsaya dikgato tse di isegang tsa peomolao le tse dingwe mo
metsweding e e kgonegang ya yona, go tsweletsa maemo a a kgontshang baagi go fitlhelela
lefatshe mo kemong e e lekalekanang.
(6) Motho kgotsa setlhopha sa magae se go nna ga bona mo lefatsheng go sa sireletsegang
go ya ka fa molaong ka ntlha ya melao ya kgale ya tlhophololo kgotsa ditlwaelo, se tshwanelwa
go ya ka thulaganyetso ya Molao wa Palamente o ke bonno jo bo sireletsegileng ka fa molaong,
kgotsa go tshiamisetso e e tshwantshanyegang.
(7) Motho kgotsa setlhopha sa magae se se amogilweng dithoto morago ga la 19 Seetebosigo
1913 ka ntlha ya melao ya kgale ya tlhotlhololo kgotsa ditlwaelo, se tshwanelwa, go ya ka
thulaganyetso ya Molao wa Palamente go busediwa dithoto tseo, kgotsa tshiamisetso e e
lekalekanang.
(8) Ga go thulaganyetso ya karolo e e ka kgoreletsang puso go tsaya dikgato tsa peomolao
le tse dingwe go fitlhelela tlhabololo ya lefatshe, metsi kgotsa phitlhelelo e e lekalekanetseng go
metswedi ya tlhago, ka tebo ya go busetsa tlwaeding ditlamorago tsa tlhotlhololo e e fetileng, ya
go ya ka morafe, fa fela dikgato tse tsa peomelao le tse dingwe di isega go ya ka dithulaganyetso
tsa 36(1).
(9) Palamente e tshwanetse go tlhoma molao ka peomolao e e umakiwang mo dikarolwaneng
tsa (6).
Matlo
26. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le bonno bo bo tshwanetseng.
(2) Puso e tshwanetse go tsaya dikgato ka peomolao tse di isegang dingwe le dikgato tse
gatelang mo metsweding e e kgonegang ya yona, dingwe go ya ka dithata tse di gona, go
tsweletsa phitlhelelo ya tshwanelo e.
(3) Ga go motho ope yo o ka kobiwang mo ntlong ya gagwe, kgotsa go thubelwa ntlo, ntle
le taelo ya kgotlatshekelo e e dirilweng morago ga mabaka otlhe a sekesekilwe. Ga go peomolao
e letlang go kobiwa ka kgobelelo.
Pholo, dijo, metsi le tshireletsego ya loago
27. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya phitlhelelo go: -
(a) Ditirelo tsa pholo go akarediwa tlhokomelo ya tsa pelegi;
(b) Dijo tse di lekaneng le metsi a phepa; le
(c) Pabalesego ya loago e e akaretsang, fa ba ba sa kgoneng go iphedisa le bana ba bona, go
ba naya thuso ya loago e e maleba.
(2) Puso e tshwanetse go tsaya dikgato tse di isegang ka peomolao le tse dingwe, go ya ka
fa ditlamelo tse di letlang go tlisa kgatelopele go fitlhelela nngwe le nngwe ya ditshwanelo tse.
(3) Ga go ope yo o tla ganelwang kalafi ya tshoganyetso.
Bana
28. (1) Ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya -
(a) go ewa leina le bosethaba go simologa fa a belegwa;
(b) tlhokomelo ya lesika kgotsa ya batsadi, kgotsa nngwe e e maleba fa a tlositswe kwa lapeng
lwa gaabo;
(c) phepo ya motheo, tshireletso, pholo bogolo setona mo boseeng le ditirelo tsa loago;
(d) go sirelediwa mo go tshwarweng makgwakgwa, go se tlhokomelwe, go sotliwa, le go
nyenyefadiwa ka tshotlo;
(e) go sirelediwa kgatlhanong le go tsholwa makgwakgwa go se kgathalelwe, go sotlwa
kgotsa go nyenyefadiwa;
(f) go se patelediwe le go se letliwe go dirisiwa -
(i) ka mokgwa o o seng maleba le dingwaga tsa bana,
(ii) Go se dirisiwe kwa lefelong le le kotsi mo bothong, mo thutong, mmeleng, tlhaloganyong,
moweng le mo maitseong kgotsa mo kgolong ya gagwe;
(g) go se tlhatlhelwe mokgolegong ntle, ntle le fa kgato ya bofelo, fa go le jalo, godimo ga
ditshwanelo tse ngwana a di itumelelang, ka fa tlase ga karolwana ya 12 le 35, ngwana a ka
tlhatlhelwa fela ka nako e khutshwane thata, mme a na le tshwanelo ya -
(i) go se kopanngwe le batshwara ba dingwaga di le 18 ; le
(ii) go tsholwa ka mokgwa, e bile a beilwe mo maemong; a a tsayang tsia dingwaga tsa
ngwana;
(h) go nna le ramolao o a reboletsweng ngwana ke puso, e bile ka ditshenyegelo tsa puso, mo
dikgato tsa selegae tse di amang ngwana, fa tlolo-molao e ka diragala kwa bofelong; le
(i) go se dirisiwe ka tlhamalalo mo kgotlhang ya dibetsa, le go sirelediwa mo dinakong tsa
kgotlhang ya dibetsa.
(2) Dikgatlhegelo tsa ngwana ke tsa botlhokwa thata mo mabakeng otlhe a a amang ngwana.
(3) Mo karolong e, "ngwana" ke motho wa dingwaga tse di fa tlase ga 18.
Thuto
29. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo -
(a) go thuto ya motheo, go akarediwa thuto ya motheo ya bogolo; le
(b) go thuto ya tsweletso, e puso e tshwanelang go tsaya dikgato tse di isegang gore e nne
e bonwe e be e fitlhelelwe ka kgatelopele.
(2) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go amogela thuto ka puo kgotsa dipuo tsa
semmuso mo ditheong tsa thuto tsa botlhe, fa seo se kgonagala. Go netefatsa phitlhelelo ya nnete
ya se, le tiragatso ya tshwanelo e, puso e tshwanetse go sekaseka maphata otlhe a a kgonegang
a thuto, go akaretsa ditheo tse di ruta ka loleme lo le nosi, e bile go tsewa tsia -
(a) tekatekanyetso;
(b) kgonagalo;
(c) tlhokego ya go busetsa kemong ditlamorago tse di tlhodilweng ke melao le tiragatso ya
kgethololo ya bomorafe e e fetileng.
(3) Mongwe le mongwe o na le tswanelo ya go tlhoma le go tsweletsa, ka ditshenyegelo tsa
bona, ditheo tsa thuto tse di ikemetseng tse -
(a) di sa kgethololeng go ya ka lotso;
(b) di kwadisitsweng mo pusong; le
(c) go tshegetsa maemo a a seng kwa tlase ga a a mo ditheong tsa thuto tsa botlhe fa a
tshwantshanngwa.
(4) Karolwana (3) ga e thibele dithuso tsa puso go ditheo tsa thuto tse di ikemetseng.
Puo le setso
30. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dirisa puo le go tsaya karolo mo setsong go
ya ka fa a itlhophetseng, mme ga go ope yo o tshwanelang go dirisa dithata tseo ka mokgwa o
o seng ka fa dikaelong le tetla nngwe ya Molaotlhomo wa Molaotheo.
Ditlhopha tsa setso, bodumedi, le puo
31. (1) Batho ba ditlhopha tsa setso, bodumedi kgotsa puo ga ba na ba kganelwa
tshwanelo, le ditokololo tse dingwe tsa bona tsa setlhopha, go -
(a) go itumelela setso, go diragatsa bodumedi ba bona, le go dirisa puo ya bona; le
(b) go tlhama, go nna leloko, le go tshegetsa mekgatlho ya setso, borapedi le puo le dirwe tse
dingwe tsa selegae mo sethabeng.
(2) Ditshwanelo tse di mo Karolwaneng (1) ga di ne di diragadiwa ka mokgwa o o seng ka
fa dikaelong dipe mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo.
Phitlhelelo go tshedimosetso
32. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go fitlhelela -
(a) tshedimosetso nngwe le nngwe e e leng ya puso; le
(b) tshedimosetso nngwe le nngwe e e mo go mongwe, e batlega go dirisetswa kana go
sireletsa ditshwanelo dingwe.
(2) Peomolao ya bosethabaa e tshwanetse go tsenngwa mo molaong go naya maatla mo
tshwanelong e, e bile e ka neela dikgato tse di isegang go fokotsa morwalo wa botsamaisi le
ditshenyegelo tsa madi mo pusong.
Tiragatso ya tsamaiso e e nang le tshiamo
33. (1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tiragatso ya tsamaiso e e mo molaong,
e e isegang e bile e lolame ka dithulaganyo.
(2) Mongwe le mongwe o ditshwanelo tsa gagwe di patikilweng mawe ka tiragatso ya
tsamaiso o na le tshwanelo ya go newa mabaka a a kwadilweng.
(3) Peomolao ya bosethaba e tshwanetse go tsenngwa mo molaong go noya ditshwanelo tse
maikatlapelo, le go -
(a) rulaganyetsa tshekatsheko ya tiragatso ya tsamaiso ka kgotlatshekelo kgotsa,fa go
tshwanelang, ka lekgotla le le ikemetseng le le se nang ditlhotlho;
(b) go baya boikarabelo mo pusong go naya maikatlapelo go ditshwanelo tse di mo dikarolong
tsa (1) le (2); le
(c) go etleetsa tsamaiso e e siameng.
Phitlhelelo go dikgotlatshekelo
34. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore kgotlhang nngwe le nngwe e e ka
rarabolwang ka molao, e atlhole ka tshiamo mo botlhe ba ikutlwelang mo kgotlatshekelong
kgotsa, fa go tshwanela, lekgotla lengwe le le ikemetseng kgotsa kokoano nngwe.
Batshwarwa, batlhatlhelwa le balatofadiwa
35. (1) Mongwe le mongwe yo o tshwaretsweng go tlola molao o na le tshwanelo ya -
(a) go didimala;
(b) go itsisiwe ka bonako -
(i) tshwanelo ya go didimala; le
(ii) ditlamorago tsa go se didimale;
(c) go se patelediwe go ipobola kgotsa go amogela molato e le fa se se ka dirisiwa jaaka
bopaki kgatlhanong le ene;
(d) go tlhagisiwa mo kgotlatshekelong ka bonako bo bo kgonegang, mme e seng morago ga
-
(i) diura tse 48 morago ga go tshwarwa; kgotsa
(ii) kwa bofelong jwa letsatsi la ntlha la kgotlatshekelo, morago ga go feta ga diura di le 48,
fa diura tse 48 di fetile e se nako tsa tiro tsa kgotlatshekelo, kgotsa mo letsatsing le e e seng la
kgotlatshekelo la tlwaelo.
(e) mo go tlhagelelang la ntlha mo kgotlatshekelo, morago ga go tshwarwa, a atlholwe kgotsa
a bolelelwe lebaka la go tswelela go tshwarwa, kgotsa a gololwe; mme
(f) a gololwe mo kgolegong fa dikgatlhego tsa bosiamisi di letla,ka taolo ya mabaka a a
isegang.
(2) mongwe le mongwe yo o tlhatlhetsweng, go akarediwa batshwarwa ba ba bonweng
molato, ba na le tshwanelo ya -
(a) go itsisiwe ka bonako mabaka a go tlhatlhelwa;
(b) go kgetha, le go rerisana le ramolao, le go itsesiwe tshwanelo e ka bonako;
(c) go fiwa ramolao ke puso, le ka ditshenyegelo tsa puo fa go ka nna le go tlhoka tshiamo
go go ka diragalang le go itsesiwe ka tshwanelo e ka bonako;
(d) go gwetlha bomolao ba tlhatlhelo ka boene kwa kgotlatshekelo, mme fa tlhatlhelo e se ka
fa molaong, a gololwe;
(e) maemo a tlhatlhelo a a malebana le seriti sa botho, go akarediwa tiragatso le thulaganyetso
ya go newa bonno, phepo, dikwalo tsa go buisa le kalafi, ka ditshenyegelo tsa puso; le
(f) go letlwa go golagana le go etelwa ke:
(i) mogatse kgotsa molekane;
(ii) ba losika;
(iii) moruti yo a mo itlhophetseng wa mokgopolodi; le
(iv) ngaka e a e itlhophetseng.
(3) Motho mongwe le mongwe yo o latofadiwang o na le tshiamelo ya go sekisiwa ka tolamo
go akarediwa tshwanelo ya -
(a) go itsesiwe molato ka botlalo go mo kgontsha go araba;
(b) go nna le nako e e lekaneng le didiriswa go ipaakanyetsa itshireletso;
(c) go sekisiwa phatlhalatsa mo kgotlatshekelong e e tlwaelegileng,
(d) go nna le tsheko e e simologang e be e khutla ntle le tiego e e sa tlhokagaleng;
(e) go nna teng fa a sekisiwa;
(f) go kgetha, le go emelwa ke, mueledi/ramolao le go itsesiwe ka tshwanelo e ka bonako;
(g) go nna le mmueledi o puso e mo nayang motho yo o latofadiwang, ka ditshenyeyelo tsa
puso,fa tshiamololo e kgolo e ka tlhagelela kwa bofelong, le go itsesiwe ka tshwanelo e ka
bonako;
(h) go tsewa o se molato, le go nna o didimetse, le go se pake mo tsweletsong ya tsheko;
(i) go sekaseka le go gwetlha bopaki;
(j) go se patelediwe go fa bopaki jo boka go tshwarisang;
(k) go sekisiwa ka puo e molatofadiwa a e tlhaloganyang kgotsa, fa go sa kgonege go
fetolelwa ditsweletso tsa tsheko ka puo eo;
(l) go se atlholwe mabapi le molao mongwe kgotsa tlogelo nngwe e e neng e se tlolomolato
go ya ka molao wa bosethaba kgotsa wa bodithabathaba ka nako e e neng e dirwa kgotsa e
tlogetswe ka yona;
(m) go se sekisiwe mabapi le tlolomolao kgotsa tlogelo e motho a se kileng a bonwa molato
mo go yona kgotsa a e otlhaelwa;
(n) go newa bomolemo ba kotlo e e botlhofo-tlhofo ya dikotlhao tse di beilweng fa katlholo
e e betsweng molato e ka boa e fetotswe kgabareng ya nako e molato o dirilweng ka yona le nako
ya katlholo; le
(o) go ikuela mo katlholelong, kgotsa tshekatshekosewa mo, kgotlatshekelong e kgolwane.
(4) Gangwe le gape fa karolo e e tlhoka gore tshedimosetso e fiwe motho, tshedimosetso eo
e tshwanelwa go fiwa ka puo e motho yoo a e tlhaloganyang.
(5) Bopaki bo bo fitlheletsweng ka mokgwa o o tlolang tshwanelo nngwe e e mo
Malaotlhomong wa Ditshwanelo bo tshwanetse go kgaphelwa thoko fa go amogelesega gore
bopaki boo bo ka dira gore tsheko e tlhoke tolamo kgotsa ka tsela nngwe go ka kgopakgopetsa
tsamaiso ya bosiamisi.
Tekanyetso ya ditshwanelo
36. (1) Ditshwanelo mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo di ka lekanyediwa fela ka ditaelo
tsa molao wa tiragatso ka kakaretso go fitlha fa tekanyetso e isegang e bile e siame mo loagong
le le buletsweng botlhe la demokrasi e e ikaegileng mo seriting sa botho, tekatekano le
kgololosego, go tsewa tsia dintlha tsotlhe tse di maleba go akarediwa -
(a) mokgwa wa tshwanelo;
(b) botlhokwa ba maikaelelo a tekanyetso;
(c) mokgwa le bogolo ba tekanyetso;
(d) kgolagano fa gare ga tekanyetso le maikaelelo ya yona; le
(e) mekgwa e e iletsang e mennye go fitlhelela maikaelelo.
(2) Ntle le fa jaaka go rulaganyeditswe mo go karolwaneng ya (1) kgotsa mo thulaganyetsong
nngwe gape ya Molaotheo,ga go molao o o ka lekanyetsang tshwanelo nngwe e e konoteletsweng
mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo.
Maemo a tshoganyetso
37. (1) Maemo a tshoganyetso a ka goelediwa fela go ya ka molao wa palamente -
(a) matshelo a sethaba a tshosediwa ke ntwa, tlhaselo, khuduego ka kakaretso,
tlhakatlhakano, dintelo tsa tlhago kgotsa tshoganyetso ya botlhe; le
(b) kgoeletso e tlhokega go lere kagiso le tolamo.
(2) Kgoeletso ya maemo a tshoganyetso, le molao mongwe le mongwe o o tsenngwang mo
tirisong kana kgato e e tsewang ka ntlha ya kgoeletso eo, e ka kgonagala fela -
(a) go simolola ka letlha la kgoeletso; le
(b) go sa fete malatsi a 21 go simolola ka letlha la kgoeletso ntle le fa Kokoano ya Bosethaba
e ka tsaya tshwetso ya go oketsa kgoeletso. Kokoano e ka katolosa ka kgoeletso ya maemo a
tshoganyetso ka nako e e sa feteng kgwedi tse tharo nako le nako. Katoloso ya ntlha ya maemo
a tshoganyetso e tshwanela go nna ka tshwetso e e amogelwang ke bontsi ke ba boutu e e
tshegediwang ditokololo tsa Kokoano. Katoloso nngwe le nngwe e e latelang e tshwanela go nna
ka tshwetso e e amogetsweng ke boutu e e tshegediwang ke peresente di le 60 tsa ditokololo tsa
Kokoano. Tshwetso mo mabakeng a temana e, e ka amogelwa fela go latela dipuisano tsa botlhe
mo Kokoanong.
(3) Kgotlatshekelo nngwe le nngwe e e nang le bokgoni e ka dira tshwetso ka boleng ba -
(a) kgoeletso ya maemo a tshoganyetso;
(b) katoloso nngwe le nngwe ya kgoeletso ya maemo a tshoganyetso; kgotsa.
(c) peomolao nngwe le nngwe e e leng molao, kgotsa dikgato tse di tserweng, ka lebaka la
kgoeletso ya maemo a tshoganyetso.
(4) Peomolao nngwe le nngwe e e leng molao o o mo tirisong ka ntlha ya kgoeletso ya maemo
a tshoganyetso e ka nyatsa/tlontlolola Molaotlhomo wa Ditshwanelo fela go fitlha -
(a) fa lenyatso le patelesega ka ntlha ya ka tshoganyetso fela; le ka
(b) peomolao -
(i) e lekalekana le maitlamo a Rephaboliki ka fa tlase ga molao wa bodithabathaba; o o
diragadiwang mo maemong a tshoganyetso;
(ii) e tsamaelana le karolwana (5); le
(iii) e phasaladitswe mo Kaseteng ya Puso ya naga ka bonako bo bo kgonegang morago ga
go tsenngwa mo tirisong.
(5) Ga go Molao wa Palamente o o dumelelang kgoeletso ya maemo a tshoganyetso,e bile ga
go molao o o tlhomilweng kgotsa kgato nngwe e tserweng ka ntata ya kgoeletso,e e ka letlang
kgotsa ya dumelela -
(a) go se latofadiwe ga puso,kgotsa motho mongwe le mongwe,tebang le tiragalo nngwe e
e leng tlolomolao;
(b) tlontlololo nngwe le nngwe mo karolong e; kgotsa
(c) tlontlololo nngwe le nngwe mo karolong e e umakilweng mo kholomong ya 1 ya Lenaane
la Ditshwanelo-Tse-Di-Sa-tlontlololegeng, go fitlha ka fa go kaelwang go lebana le karolo eo mo
kholomong 3 ya lenaane leo.
Lenaane la ditshwanelo tse di sa tlontlololegeng
1 2 3
Palo yaSetlhogo Selekano se tshwanelo e ka se
karolo sa karolo tlontlololegeng
9 Tekatekano Tebang le tlhotlhololo e e sa lolamang fela mo
mabakeng a bomorafe, mmala, lotso, tshika,
bong, bodumedi kgotsa puo
10 Seriti sa botho Gotlhelele
11 Botshelo Gotlhelele
12 Kgololosego le Tebang le dikarolwana (1)(d) le (e) le (2)(c)
Tshireletsego ya
motho
13 Bokgoba, tiro ya Tebang le bokgoba le bolala fela
bolala le ya
pateletso
28 Bana Tebang le:
- Karolwana (1)(d) le (e)
- Ditshwanelo mo dikatemaneng (i) le (ii) tsa
Karolwana 1(g); le
- Karolwana 1(i) tebang le bana ba dingwaga di
le 15 le tse di kwa tlase.
35 Batshwara, Tebang le :
batlhatlhelwa le - Dikarolwana 1(a), (b) le (c) le 2 (d)
batho ba ba - Ditshwanelo mo ditemaneng (a) go fitlha (o)
latofadiwang tsa karolwana (3), go sa akarediwa temana (d),
- Karolwana (4); le
- Karolwana (5) tebang le go tlogelwa ga
bopaki, fa kamogelo ya bopaki joo e ka dira
gore tsheko e seke ya lolama.
(6) Fa mongwe a tlhatlhetswe ntle le go sekisiwa ka ntlha ya tlontlololo ya ditshwanelo e le
ditlamorago tsa kgoeletso ya maemo a tshoganyetso, maemo a a latelang a tshwanetse go elwa
tlhoko: -
(a) mogolo wa losika kgotsa tsala ya motlhatlhelwa o tshwanelwa go bonwa ka bonako bo
bo kgonegang, le go bolelelwa gore motho yo, o tlhatlhetswe.
(b) kitsiso e tshwanetse go phasaladiwa mo Kaseteng ya Mmuso ya naga mo malatsing a 5
go itsese leina la motlhatlhelwa yo, le lefelo fa a tlhatlhetsweng gona go umakiwe e bile go kaiwa
dikgato tse a tlhatlhetsweng ka ntlha ya tsona.
(c) motlhatlhelwa o tshwanetse go dumelelwa go ikgethela le go lekolwa ke ngaka ka nako
nngwe le nngwe e e isegang.
(d) motlhatlhelwa o tshwanetse go letlelelwa go kgetha le go etelwa ke ramolao ka nako
nngwe le nngwe e e isegang.
(e) kgotlatshekelo e tshwanela go sekaseka tlhatlhelo ka bonako bo bo kgonegang, mme go
ise go fete malatsi a 10 go simolola fa a tlhatlhelwa, gape kgotlatshekelo e tshwanela go mo
golola ntle le fa tlhatlhelo e tlhokega go busetsa kagiso le tolamo.
(f) Motlhatlhelwa yo a sa gololwang ka mabaka a tshekatsheko a temana (e) kgotsa yo a sa
gololwang ka mabaka a tshekatsheko motemaneng e,o ka kopa gape go kgotlatshekeolo go bona
tshekatsheko ya go tlhatlhelwa nako nngwe le nngwe morago ga malatsi a a 10 a fetile, a
tshekatsheko e e fetileng, mme mo go lengwe le lengwe la mabaka a, kgotla e tshwanela go golola
motlhatlhelwa, ntle le fa go sa ntse go tlhokega go tsweletsa go tlhatlhelwa go busetsa kagiso le
tolamo mo maemong.
(g) motlhatlhelwa o tshwanetse go dumelelwa go tlhagelela ka boene fa pele ga kgotlatshekelo
e e sekasekang go tlhatlhelwago, le go ka emelwa ke ramolao kwa ditshekong, le go ikuela
kgatlhanong le tlhatlhelo e e tswelediwang;
(h) puso e tshwanela go naya kgotlatshekelo mabaka a a kwadileng a go bontsha tshiamo ya
tlhokego ya go tlhatlhelwa ga motlhatlhelwa, e bile lekgotla le n eele motlhatlhelwa lokwalo la
mabaka ao bonnye malatsi a mabedi pele lekgotla le sekaseka tlhatlhelo
(7) Fa lekgotla le golola motlhatlhelwa, motho yoo a seka a tlhole a tlhatlhelwa gape ka
mabaka ao gape ntle le fa puso e ka bontsha kgotlatshekelo lebaka le le tiileng la go tlhatlhela
motho yoo.
(8) Dikarolwana (6) le (7) ga di ame batho ba e seng baagi ba Rephaboliki ya Aforika Borwa
ba ba tlhatlhetsweng ka ntlha ya kgotlhang ya dibetsa ya bodithabathaba. Go le jalo, puso e
tshwanetse go inaakanya le dikelo tse di tlamang Rephaboliki mo molaong wa botho wa
bodithabathaba tebang le go tlhatlhelwa ga batho ba mathale o.
Pateletso ya ditshwanelo
38. Mongwe le mongwe yo a kwadileng mo karolong e o na le tshwanelo ya go ikuela mo
kgotla-tshekelong e e nonofileng,a tlhagisa gore tshwanelo mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo
e tlotswe kgotsa e a tshosediwa,mme kgotla e ka neela tlhatlolo/thuso e e maleba,go akarediwa
tlhomamiso ya ditshwamelo. Batho ba ba ka dirang boikuelo go kgotlatshekelo ke -
(a) mongwe le mongwe a dira mo kgatlhegong ya gagwe;
(b) mongwe le mongwe a dira mo boemong ba motho yo a sa kgoneng go itirela ka boene mo
leineng la gagwe;
(c) mongwe le mongwe yo a dirang jaaka tokololo ya,kgotsa mo kgatlhegong ya lekoko
kgotsa ba setlhopha sa batho;
(d) mongwe le mongwe a dira mo kgatlhegong ya botlhe;
(e) setheo se dira mo kgatlhegong ya ditokololo tsa sona.
Thanolo ya Molaothlomo wa Ditshwanelo
39. (1) Fa go ranolwa Molaotlhomo wa Ditshwanelo kgotla-tshekelo, lekgotlakatlholo
kgotsa lekgotla le -
(a) tshwanetse go tsweletsa meetlo e e theilweng moloagong lwa demokerasi e e ikaegileng
mo seriting sa botho, tekatekano le kgololosego.
(b) tshwanetse go tsaya tsia molao wa bodithabathaba, le
(c) go sekaseka molao wa seeng.
(2) Fa go rarolwa peomolao ngwe le ngwe, le fa go tlhabololwa molao wa tlwaelo,le wa setso,
kgotsatshekelo nngwe le nngwe, lekgotla kgotsa le tshwanetse go tsweletsa mowa, moono le
maikaelelo a Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
(3) Molaotheo wa Ditshwanelo ga o ganetse go nna teng ga ditshwanelo dingwe kgotsa
dikgololosego tse di itsegeng kgotsa tse di neetsweng ka molao wa tlwaelo, molao wa setso
kgotsa peo-molao, go fitlhelela moo di dumelelanang le Molaotlhomo.
Kgaolo 3
Puso Ya Tirisano
Popego ya Rephaboliki
40. (1) Mo Rephaboliking, puso e tlhamilwe go ya ka makala a bosethaba, porofense, le
ya selegae,tse di farologaneng, mme di thusana le go golagana.
(2) Ditikologo tsotlhe tsa puso di tshwanela go tsaya tsa le go inaakanya mo metheong e e
mo kgaolong e e bile di tshwanela go tsamaisa merero ya tsona mo gare ga melelwane e Kgaolo
e e e rulaganyetsang.
Metheo ya puso ya tirisano le dikamano mo pusong
41. (1) Makala otlhe a puso le dithwe tsotlhe tsa puso mo lekaleng nngwe le nngwe di
tshwanela -
(a) go babalela kagiso, kitlano ya bosethaba le go se kgaogane ga Rephaboliki;
(b) go boloka go tshela sentle ga batho ba Rephaboliki;
(c) go rulaganyetsa puso ya bokgoni, le e e mo pontsheng, e e maikarabelo, ya tomagano mo
Rephaboliki yotlhe;
(d) go nna boikanyego go Molaotheong, Riphaboliki, le batho ba yona;
(e) go tlotla kemo ya Molaotheo, ditheo, dithata le ditiro tsa puso mo dikarolong tse dingwe;
(f) go se itseele thata kgotsa tiro epe ntle le tseo di roletsweng go bona go ya ka Molaotheo;
(g) go dirisa maatla le go dira ditiro tsa bona ka mokgwa o o sa sutlheleleng mo melelwaneng,
ditiro kgotsa boleng ba ditheo tsa puso mo makaleng mangwe; le
(h) go dirisana mmogo ka go tshepana le boikanyego bo bo siameng ka -
(i) go etleetsa dikamano tsa botsalano;
(ii) go thusana le go tshegetsana;
(iii) go sedimosetsana le go rerisana mo mabakeng a ba nang le dikgatlhego go ona botlhe;
(iv) go lomaganya ditiro le peomolao ya bona; le
(v) go inaakanya le ditsela tsa ditsamaiso tse di dumalannweng; le
(vi) go tila go tseelana dikgato tsa semolao.
(2) Molao wa Palamente o tshwanetse
(a) go tlhoma kgotsa wa rulayanyetsa dithwe le ditheo go tsweletsa le go kgontsha dikamano
gareng ga puso;
(b) go rulaganyetsa mekgwa le ditsela tsa go kgontsha tharabolo ya dikganetsano gareng ga
puso.
(3) Sethwe sa puso se se amegang mo kganetsanong e e gareng ga puso se tshwanela go tsaya
matsapa a a isegang go rarabolola kgotlhang ka mekgwa le ditsela tse di rulaganyeditsweng lebaka
leo, e bile se tshwanetse go leka ditharabololo tsotlhe pele se ka ikuela kwa kgotlatshekelong go
rarabolola kgotlhang.
(4) Fa kgotlatshekelo e sa kgotsofala gonne ditlhokego tsa karolwana (3) di sa fitlhelelwa, e
ka busetsa kgotlhang morago go ditheo tsa puso tse di amegang.
Kgaolo 4
Palamente
Popego ya Palamente
42. (1) Palamente e diriwa ke -
(a) Kokoano ya Bosethaba
(b) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense.
(2) Kokoano ya Bosethaba le Khansele ya Bosethaba ya Diporofense di tsaya karolo mo
tiragatsong ya go tlhoma molao ka mokgwa o o tlhalosiwang mo Molaotheong.
(3) Kokoano ya Bosethaba e tlhophiwa go emela batho le go netefatsa puso ya batho mo
tlase ga Molaotheo. E dira se ka go kgetha MoPoresidente, ka go rulaganya setheo sa bosethaba
sa go sekaseka mabaka a a amang batho botlhe, ka go tlhoma molao, go tlhatlhoba le go
tlhokomela tiragatso ya ona.
(4) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego
tsa diporofense di tsewa tsia mo lekaleng la puso ya bosethaba. E dira se bogolo ka go tsaya
karolo mo tiragatsong ya peomolao ya bosethaba ka go tlhoma sethe sa bosethaba gore batho
botlhe ba sekaseke dintlha tse di ba amang.
(5) Poresidente a ka bitsa Kokoano e e kgethegileng ya Palamente nako nngwe le nngwe go
dira tiro e e kgethegileng;
(6) Bonno ba Palamente ke MotseKapa, mme Molao wa Palamente, o o tsentsweng mo
taolong go ya ka dikarolwana 76 (1) le (5), o ka tlhomamisa gore bonno ba Palamente bo nne felo
gongwe.
Bothati ba peomolao ya Rephaboliki
43. Mo Rephaboliking, bothati ba Peomolao -
(a) mo lekaleng la bosethaba la puso bo rwele ke Palamente, jaaka go tlhagisiwa mo
karolong 44;
(b) mo lekaleng la porofense la puso bo rwele ke peomolao ya porofense jaaka go tlhagisiwa
mo karolong 104; mme
(c) mo lekaleng la selegae la puso bo rwele ke Dikhansele tsa Bommasepala,jaaka go
tlhagisitswe mo karolong 156.
Bothati ba peomolao ya bosethaba
44. (1) Bothati ba peomolao ya bosethaba jaaka bo rwele ke Palamente -
(a) bo naya Kokoano ya Bosethaba maatla -
(i) a go tlhabolola Molaotheo;
(ii) go fetisa molao tebang le morero mongwe le mongwe,go akarediwa morero o o mo
lekaleng la tiragatso jaaka go tlhagisitswe mo Mametlelelo 4, mme ntle le, ka taelo ya
karolwana(2), morero o o leng mo makaleng a tiragatso a a tlhagisitsweng mo Mametlelelong 5;
le
(iii) go neela nngwe le nngwe ya dithata tsa yona;ntle le thata go tlhabolola Molaotheo, go
peomolao nngwe le nngwe mo lekaleng longwe la puso; le
(b) go rwesa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense maatla -
(i) a go tsaya karolo mo go tlhabololeng Molaotheo, go ya ka karolo 74;
(ii) go fetisa go ya ka karolo 76, peomolao tebang le morero mongwe le mongwe o o mo
lekaleng la tiragatso e e tlhagisitsweng mo Mametlelelong 4, le peomolao nngwe le nngwe e e
tlhomamisitsweng ke Molaotheo, go ya ka karolo 76, le
(iii) go sekaseka go ya ka karolo 75, peomolao nngwe le nngwe e e fetisitsweng ke Kokoano
ya Bosethaba.
(2) Palamente e ka tsereganya ka go fetisa peomolao go ya ka karolo 76 (1) tebang le morero
o o welang mo lekaleng la tiragatso e e kwadilweng mo go Mametlelelong 5, fa go tlhokega -
(a) go tshegetsa tshireletso ya bosethaba;
(b) go tshegetsa bongwe fela ba ikonomi;
(c) go tshegetsa maemo a kelo ya bosethaba a a botlhokwa;
(d) go tshegetsa maemo a kelo e e tlhokegang mo go neeleng ditirelo; kgotsa
(e) go thibela dikgato tse di sa isegeng tse porofense e ka di tsayang kgatlhanong le
dikgatlhego tsa porofense e nngwe, kgotsa kgatlhanong le dikgatlhego tsa naga ka bophara.
(3) Peomolao tebang le morero o go isegang gore o botlhokwa, kgotsa o maleba le, tiragatso
ya thata ka bokgoni tebang le morero mongwe le mongwe o kwadilweng mo go Mametlelelong
4.
(4) Fa e diragatsa bothati ba yona ba peomolao, Palamente e tlangwa fela ke Molaotheo, e
bile e tshwanela go dira go ya ka, le mo gare ga meparego a Molaotheo.
Melawana le ditaelo tse di tshwaraganetsweng
45. (1) Kokoano ya Bosethaba le Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e tshwanela
go tlhoma komiti ya melawana le ditaelo tse di tshwaraganeng go dira melawana le ditaelo tebang
le merero ya Kokoano le Khansele go akarediwa melawana le ditaelo -
(a) go tlhotlhomisa dithulaganyo go kgonagatsa tiragatso ya peomolao, go akarediwa go
tlhoma kelo ya nako ya go wediwa ga kgatho ngwe le ngwe mo tiragatsong;
(b) go tlhoma dikomiti tse di tshwaraganetsweng tse di nang le baemedi go tswa no
Kokoanong le Khansele go sekaseka le go bega ka Melaotlhomo e e akanngwang mo karolo 74
le 75 e e rometsweng go komiti ya go nna jalo;
(c) go tlhoma komiti e e tshwaraganetsweng go thadisa Molaotheo bonnyeng gangwe ka
ngwaga; le
(d) go laola merero ya -
(i) komiti tshwaraganetsweng ya melawana;
(ii) komiti ya botsereganyi;
(iii) komiti ya tshekatsheko ya Molaotheo; le
(iv) dikomiti tshwaraganetsweng dingwe le dingwe tse di tlhomilweng mo mabakeng a temana
(b).
(2) Ditokololo tsa kabinete, ditokololo tsa Kokoano Bosethaba le baemedi mo
Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense ba na le ditshwanelo le ditshoutiso fa pele ga Komiti
e e kopanetsweng ya Kokoano le a Khansele jaaka fela ba na natso fa pele ga Kokoano kgotsa
Khansele.
Kokoano Ya Bosethaba
Sebopego le ditlhopho
46. (1) Kokoano ya Bosethaba e diriwa ke basadi le banna ba ba seng kwa tlase ga 350
e bile ba sa fete le 400 ba ba tlhophilweng jaaka ditokololo ka fa ditaelong tsa thulaganyo ya
ditlhopho tse -
(a) di beilweng ka peomolao wa bosethaba;
(b) di ikaegileng mo lenaaneng le le lengwe la batlhophi;
(c) di rulaganyeditseng dingwaga tsa go tlhopha tse kana ka 18; le
(d) dipholo,ka kakaretso,ka boemedi bo bo lekalekanang.
(2) Molao wa Palamente o tshwanetse wa neela kelo ya go tlhomamisa palo ya ditokololo tsa
Kokoano ya Bosethaba.
Botokololo
47. (1) Moagi mongwe le mongwe yo o letleletsweng go tlhopha mo Kokoanong ya
Bosethaba e ka nna tokololo ya Kokoano kwa ntle ga -
(a) mongwe le mongwe yo o tlhophilweng ke puso kgotsa a direla puso, a amogela tuelo ya
go tlhophiwa kgotsa go direla ntle le -
(i) MoPoresidente, Motlatsa-MoPoresidente, Ditona le Batlatsa Ditona; le
(ii) Botlhankedi bangwe le bangwe ba ditiro tsa bona di tshwanang e bile go rebotswe gore
di tshwana le tsa borapalamente ka molao wa naga;
(b) Ditokololo leruri tsa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense kgotsa ditokololo tsa kgotla
peomolao ya Porofense kgotsa lekgotla la boMmasepala;
(c) Boradisuga ba ba sa kgopologeng;
(d) Mongwe le mongwe yo Kgotlatshekelo kgotsa Rephaboliki e tsayang a sa itekanelang mo
tlhaloganyong.
(e) Mongwe le mongwe yo e rileng fa karolwana e ya molao e sena go tsena mo tirisong a
bonwa molato, mme a atlholelwa dikgwedi tse di fetang 12 kwa kgolegelong ntle le go newa
thono ya go duela, e ka nna mo Rephaboliking, kgotsa kwa ntle ga Rephaboliki; fa maitsholo a
a dirang tlolomolao e ka bo e le tlolomolao mo Rephaboliking; mme, ga go na ope yo go ka
tsewang a atlhotswe go fitlhelela Kopokgolo kgatlhanong le kotlo kana katlholo e diragadiwa,
kgotsa go fitlhelela nako ya Kopokgolo e feta. Go latlhegelwa ke ditshwanelo fa tlase ga kgaolo
e go khutla morago ga ngwaga tse tlhano katlholo e weditswe.
(2) Motho yo a se nang go ka tlhophiwa go nna tokololo ya Kokoano ya Bosethaba ka
ditaelo tsa karolwana(1)(a) kgotsa (b) a ka nna ntlhopheng wa Kokoano,ka taolo ya tekanyetso
nngwe le nngwe kgotsa mabaka mangwe a a tlhomilweng ke peomolao ya Sbosethaba.
(3) Motho o latlhegelwa ke botokololo ba Kokoano ya Bosethaba fa motho yo -
(a) a kgaotsa go nna yo a ka tlhophiwang; kgotsa
(b) a tlhokagala mo Kokoanong ya Bosethaba ntle le tumelelo ka mabaka a ditaelo le molao
o o kayang fa a ka latlhegelwa ke botokololo ka ona.
(4) Diphatlhatiro mo Kokoanong ya Bosethaba di tshwanelwa go tladiwa go ya ka molao wa
bosethaba.
Ikano kgotsa itlamo
48. Pele ditokololo tsa Kokoano ya Bosethaba di ka simolola go dira ditiro tsa tsona mo
Kokoanong ya Bosethaba, di tshwanela go ikana kgotsa go dumela boikanyego mo
Rephaboliking le boikobo mo Molaotheong, ka tlhomamiso go ya ka Mametlelelo 2.
Paka ya Kokoano ya Bosethaba
49. (1) Kokoano ya Bosethaba e tlhophelwa paka ya dingwaga tse tlhano.
(2) Fa Kokoano ya Bosethaba e phatlaladiwa go ya ka karolwana 50 kgotsa fa nako ya yona
e fela, Poresidente,ka kgoeletso, o tshwanela go bitsa le go baya matlha a ditlhopho,tse di
tshwanetseng go tshwarwa mo malatsing a 90 morago ga letsatsi le Kokoano e phatlaladitsweng
ka lona, kgotsa nako e paka e khutlileng ka yona.
(3) Fa dipholo tsa ditlhopho tsa Kokoano ya Bosethaba di sa phasaladiwe ka nako e e
boletsweng mo nakong ya karolo 190 kgotsa ditlhopo di kgapetswe thoko ke kgotlatshekelo,
Poresidente,ka phasalatso ya semmuso, o tshwanela go bitsa le go baya matlha a ditlhopo,tse di
tshwanetseng go tshwarwa mo malatsing a 90 a paka e khutlileng kgotsa a motsing o ditlhopho
di kgapetsweng thoko ka ona.
(4) Kokoano ya Bosethaba e sala e na le nonofo ya go dira go simolola ka nako e e
phatlaladitsweng ka yona, kgotsa e fitlhisitsweng bokhutlong go fitlha letsatsi le le fa pele ga
letsatsi la ntlha la ditlhopo tsa kokoano e nngwe.
Phatlalatso ya Kokoano ya Bosethaba pele ga bokhutlo ba paka ya yona
50. (1) Poresidente o tshwanela go phatlalatsa Kokoano ya Bosethaba fa -
(a) Kokoano e atlanegisitse tshwetso ya go phatlalala,e engwe nokeng ke boutu e e
tshegediwang ke bontsi ba ditokololo tsa yona; le
(b) fa ngwaga tse tharo di fetile e sa le Kokoano e tlhophilwe.
(2) Poresidente-nama-o tshwere o tshwanetse a phatlalatsa Kokoano ya Bosethaba fa -
(a) go le phatlhatiro ya ofisi ya Poresidente; le
(b) Kokoano e retelelwa ke go tlhopha Poresidente o mowa mo malatsing a 30 morago ga
phatlhatiro e ntse teng.
Dipitso le paka tsa khunologo
51. (1) Morago ga ditlhopho, pitso ya ntlha ya Kokoano ya Bosethaba e tshwanelwa go
epiwa ka nako le letlha le le laotsweng ke Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo,mme e
seng go feta malatsi a 14 a morago ga dipholo tsa ditlhopho di sena go phasaladiwa. Kokoano ya
Bosethaba e ka tlhomamisa nako le boleele ba dipitso tse dingwe le dipaka tsa khunologo tsa
yona.
(2) Poresidente a ka epa pitso ya Kokoano ya Bosethaba, go tla pitsong e e kgethegileng ka
nako nngwe le nngwe go rera merero e e kgethegileng.
(3) Dipitso tsa Kokoano ya Bosethaba di letleletswe go nna kwa mafelong mangwe ntle le
bodulo ba Palamente fela mo mabakeng a kgatlhego ya botlhe, pabalesego kgotsa tshiamelo, le
fa go rulaganyeditswe mo melawaneng le ditaelo tsa Kokoano.
Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla
52. (1) Kwa pitsong ya ntlha morago ga go tlhophiwa ga yona,kgotsa fa go tlhokagala go
tlatsa phatlha, Kokoano ya Bosethaba e tshwanela go kgetha Mmusakgotla le Motlatsa
Mmusakgotla mo gare ga ditokololo tsa yona.
(2) Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwanetse go okama go tlhophiwa ga
Mmusakgotla,kgotsa a rebole moatlhodi o mongwe go dira jalo. Mmusakgotla se okama
ditlhopho tsa Motlatsa Mmusakgotla.
(3) Thulaganyo e e atolositsweng mo Karolong A ya Mametlelelo 3 e diragadiwa mo
ditlhophong tsa Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.
(4) Kokoano ya Bosethaba e ka rola Mmusakgotla kgotsa Motlatsa Mmusakgotla tiro ka
tshwetso. Bontsi ba ditokololo tsa Kokoano ba tshwanetse go nna teng fa tshwetso e tsewa.
(5) Mo mabakeng a melawana le ditaelo, Kokoano ya Bosethaba e ka tlhopha mo gare ga
ditokololo tsa yona batlhankedi ba bangwe ba ba okamang go thusa Mmusakgotla le Motlatsa
Mmusakgotla.
Ditshwetso
53. (1) Ntle le fa Molaotheo o laola ka tsela nngwe -
(a) bontsi ba ditokololo tsa Kokoano ya Bosethaba bo tshwanela go nna teng pele go ka
boutelwa Molaotlhomo kgotsa tlhabololo ya Molaotlhomo.
(b) bonnye nngwe-tharong ya ditokololo ba tshwanetse go nna teng pele go ka tsewa diboutu
mo ntlheng nngwe le nngwe e e fa pele ga Kokoano; mme
(c) dintlha tsotlhe tse di fa pele ga Kokoano di swetswa ka bontsi jwa diboutu tse di
neetsweng.
(2) Tokololo ya Kokoano ya Bosethaba e e okameng ga e letlwe go bouta ka tlwaelo; mme
-
(a) o tshwanetse a neela boutu ya makgaolakgang fa diboutu di le maleka ka palo
matlhakoreng oomabedi a pharela; bile
(b) o ka neela boutu e e tlwaelegileng fa pharela e tshwanetse go atlholwa ka tshegetso ya
boutu ya bonnye ba pedi-tharong ya ditokololo tsa Kokoano.
Ditshwanelo tsa ditokololo dingwe tsa Kabinete mo Kokoanong ya Bosethaba
54. Poresidente le tokololo nngwe le nngwe ya Kabinete o e seng tokololo ya Kokoano ya
Bosethaba ba ka tsenela kopano, e bile ba ka bua mo Kokoanong, mme ga ba na go bouta.
Dithata tsa Kokoano ya Bosethaba
55. (1) Mo go diragatseng dithato tsa yona ya peomolao, Kokoano ya Bosethaba e ka
-
(a) sekaseka, ya atlanegisa, ya tlhabolola kgotsa ya kgaphela thoko peomolao nngwe le nngwe
e e fa pele ga Kokoano; le
(b) go simolola kgotsa go baakanya peomolao, ntle le Melaotlhomo ya dithelete.
(2) Kokoano ya Bosethaba e tshwanela go rulaganyetsa mabaka le ditshiamelo tsa -
(a) go netefatsa gore dithwe tsotlhe tsa khuduthamaga mo lekaleng la puso la bosethaba di
lebanwe ke maikarabelo mo go yona; le
(b) go tshegetsa peo-leitlho mo -
(i) tiragatsong ya bothati ba khuduthamaga ya bosethaba, go akarediwa tiragatso ya
peomolao; le
(ii) sethwe sengwe le sengwe sa puso.
Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Kokoano ya Bosethaba
56. Kokoano ya Bosethaba kgotsa dikomiti dinngwe le dinngwe tsa yona di ka -
(a) mongwe le mongwe go tlhagelela fa pele ga yona go fa bopaki ka maikano kgotsa tumelo
kgotsa ka go supa dikwalo;
(b) gore motho kgotsa setheo sengwe le sengwe se e neela pego;
(c) pateletsa, ka ditaelo tsa peomolao ya bosethaba kgotsa melawana le ditaelo, motho
kgotsa setheo sengwe le sengwe go inaakanya le tagafara kgotsa tlhokego ka ditaelo tsa tema (a)
kgotsa (b); le
(d) go amogela diphetiene, dikemedi kgotsa ditlhagiso go tswa go batho ba ba nang le
kgatlhego kgotsa ditheo.
Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso tsa Kokoano ya Bosethaba
57. (1) Kokoano ya Bosethaba e ka -
(a) Tlhomamisa ya ba ya laola dithulaganyo tsa yona tse di ka fa teng, ditsweletso le
ditsamaiso, le -
(b) go dira melawana le ditaelo tebang le merero ya yona,ka kelotlhoko e e nang le boemedi
le tsekarolo ya demokerasi, maikarabelo, e e mo pontshego le kamego ya botlhe.
(2) Melawana le ditaelo tsa Kokoano ya Bosethaba di tshwanela go rulaganyetsa -
(a) go tlhomiwa, sebopego, maatla, ditiro, ditsamaiso le paka tiro ya dikomiti tsa yona;
(b) go tsaya karolo le dikomiti tsa yona, ga makoko-potlana a a nang le boemedi mo
Kokoanong, ka mokgwa o o tlhomameng wa demokerasi;
(c) tshegetso ya madi le tsamaiso go lengwe le lengwe la makoko a a emetsweng mo
Kokoanong go ya ka kelo le boemedi ba lona, go kgontsha lekoko lengwe le lengwe le moeteledi
wa lona go dira ditiro tsa lona ka bokgoni mo Kokoanong; le
(d) go amogelwa ga moeteledi wa lekoko le le legolo la kganetso mo Kokoanong jaaka
Moeteledi wa Kganetso.
Ditetlelelo
58. (1) Ditokololo tsa Kabinete le ditokololo tsa Kokoano ya Bosethaba -
(a) di na le kgololosego ya go bua mo Kokoanong le mo dikomiting tsa yona, go ya ka
melawana le ditaelo tsa yona; e bile
(b) ga ba mo dipharagobeng tsa dikgato tsa molao wa loago, kgotsa bosinyi, go tshwarwa,
go tlhatlhelwa kgotsa ba duedisiwa molato wa ditshenyegelo ka ntlha ya -
(i) sengwe le sengwe se ba se buileng, ba se supileng kgotsa ba se tlhagiseditseng Kokoano
kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona; kgotsa
(ii) sengwe le sengwe se se upulotsweng ka lebaka la sengwe se ba se buileng mo, se
supilweng fa pele ga, kgotsa se neetsweng, Kokoano kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona.
(2) Ditetlelelo le ditshireletsego dingwe tsa Kokoano ya Bosethaba, ditokololo tsa kabinete
le ditokololo tsa Kokoano di ka bewa ka peomolao ya Bosethaba.
(3) Dituelo, ditshiamelo le dithuso tse di duelwang ditokololo tsa Kokoano ya Bosethaba,ke
tse di duelwang ka tlhamalalo go tswa Lotloleng la Lotseno la Bosethaba.
Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe mo Kokoanong Bosethaba
59. (1) Kokoano ya Bosethaba e tshwanela -
(a) go kgontsha go tsaya karolo ga botlhe mo peomolaong le ditiragalong tsotlhe tsa Kokoano
le dikomiti tsa yona; le
(b) go tsamaisa meroro ya yona ka mokgwa o o pontsheng, le go tsenya dipitso, le ga tsa
dikomiti tsa yona mo phatlalatseng; mme, dikgato tse di isegang di ka tsewa -
(i) go laola phitlhelelo ya botlhe, go akarediwa phitlhelelo ya bogasi go Kokoano le dikomiti
tsa yona; le
(ii) go rulaganyetsa phuruphutso ya motho mang le mang le, fa go tshwanela, kiletso ya go
tsena kgotsa go tlosiwa ga motho mongwe le mongwe.
(2) Kokoano Bosethaba e eka seka ya thibela botlhe, go akaretsa le bogasi, mo pitsong ya
komiti ya yona, ntle le fa go le matshwanedi e bile go siame go dira jalo mo boaging jo bo
buletsweng botlhe le ba demokerasi.
Khansele ya Bosethaba ya Diporofense
Sebopego sa Khansele ya Bosethaba
60. (1) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e bopiwa ke kemedi e le nosi go tswa
porofenseng nngwe le nngwe ya baemedi ba le lesome.
(2) Baemedi ba ba lesome ke -
(a) Baemedi ba bane ba ba kgethegileng e leng -
(i) Tonakgolo ya porofense kgotsa,fa Tonakgolo a sa seyo, tokololo nngwe le nngwe ya
kgotla-peomolao ya porofense e e rebotsweng ke Tonakgolo e ka nna ka kakaretso kgotsa tebang
le tiro e e kgethegileng fa pele ga Khansele ya Bosethaba; le
(ii) baemedi ba bangwe ba bararo ba ba kgethegileng.
(b) baemedi ba ba rataro ba leruri ba ba kgethilweng ka ditaelo tsa karolo 61(2).
(3) Tonakgolo ya porofense, kgotsa fa Tonakgolo a sa seyo, tokololo ya baemedi ba
porofense a le mo inakemong ya Tonakgolo, e nna tlhogo ya kemedi.
Kabelo ya baemedi
61. (1) Makoko a a nang le kemedi mo Kokoanopeomolao ya porofense a letleletswe
baemedi mo kemeding ya porofense go ya ka thulaganyo e e atolotsweng mo Karolo B ya
Mametlelelo 3.
(2) Mo malatsing a 30 morago ga phasalatso ya dipholo tsa ditlhopho, Kgotlapeomolao ya
Porofense, e tshwanetse -
(a) go swetsa ka mokgwa o o laotsweng ke peomolao ya bosethaba gore ke palo e e kae ya
baemedi ba lekoko lengwe le lengwe, ba ba tshwanetseng go nna ditokololo tsa leruri le gore ke
ba ba kae ba ba tshwanetseng go nna baemedi ba ba kgethegileng; le
(b) go tlhoma baemedi ba leruri go ya ka go supiwa ga makoko.
(3) Peomolao ya bosethaba e e selofelwang mo karolwaneng (2) (a) e tshwanetse go
tlhomamisa go tsaya karolo ga makoko a a potlana mo boemeding ba leruri le mo boemeding bo
bo kgethegileng gore go nne ka mokgwa o o lepalepanang le demokerasi.
(4) Kgotlapeomolao ya porofense ka tumelelano ya Tonakgolo le baeteledipele ba makoko
a a nang le tetla ya baemedi ba ba kgethegileng mo Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense,
e tshwanetse go supa baemedi ba ba kgethegileng, jaaka go tlhokega nako le nako, go tswa mo
malokong a mangwe a peomolao e.
Baemedi ba leruri
62. (1) Motho yo a kgethilweng jaaka moemedi wa leruri o tshwanetse a bo a na le
tshiamelo ya go ka nna tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense.
(2) Fa motho yo e leng tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense a tlhomiwa jaaka moemedi
wa leruri,motho yoo o khutla go nna tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense.
(3) Baemedi ba leruri ba tlhomiwa paka e e felang fela pele ga pitso ya ntlha ya
kgotlapeomolao ya porofense fa morago ga go tlhophiwa ga yona go go latelang.
(4) Motho o khutla go nna moemedi wa leruri fa motho yoo -
(a) a khutla go nonofela go ka tlhophiwa go nna tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense;
ka ntlha ya lebaka lengwe ntle le go kgethiwa go nna moemedi wa leruri;
(b) a kgethetswe go ya kwa Kabineteng;
(c) a latlhegetswe ke boikanyego jwa kgotlapeomolao e bile a bilediwa morago ke lekoko le
le tlhagisitseng motho yoo;
(d) a khutla go nna tokololo ya lekoko le le mo kgethileng e bile a bilediwa morago ke lekoko
leo; kgotsa
(e) a seyo mo Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense ntle le tetla mo mabakeng a
melawana le ditaelo tsa Khansele di laetseng tatlhegelo ya tiro jaaka moemedi wa leruri.
(5) Diphatlhatiro mo baemeding ba leruri di tshwanetse go tladiwa ka mabaka a peomolao ya
bosethaba.
(6) Pele ditokololo di simolola go dira ditiro tsa tsona mo Khanseleng ya Bosethaba ya
Diporofense, di tshwanetse go ikana,kgotsa go dumela boikanyego ba bona mo Rephaboliking
le boikobo mo Molaotheong, go ya ka Mametlelelo 2.
Dipitso tsa Khansele ya Bosethaba
63. (1) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e ka tlhoma nako le boleele ba dipitso tsa
yona le dipaka tsa khunologo.
(2) Poresidente a ka epa pitso ya Khansele ya Bosethaba go tla pitsong e e kgethegileng ka
nako nngwe le nngwe go tsamaisa merero e e kgethegileng.
(3) Dipitso tsa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense di letleletswe go nna kwa mafelong
mangwe ntle le bodulo ba Palamente fela mo mabakeng a kgatlhego ya botlhe, pabalesego kgotsa
tshiamelo le fa go rulaganyeditswe mo melawaneng le ditaelo tsa Khansele.
Modulasetulo le Motlatsa-Modulasetulo
64. (1) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e tshwanetse go tlhopha Modulasetulo
le Batlatsamodulasetulo ba babedi go tswa mo baemeding.
(2) Modulasetulo le mongwe wa Batlatsamodulasetulo ba tlhophiwa go tswa mo baemeding
ba leruri,ngwaga di le tlhano ntle le fa paka ya bona jaaka baemedi e fela pele ya nako.
(3) Motlatsa Modulasetulo o mongwe o tlhophiwa paka ya ngwaga o le mongwe,e bile o
tshwanetse go latelwa ke moemedi go tswa porofenseng e nngwe,gore porofense nngwe le nngwe
e emelwe ka go latelana jalo.
(4) Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwanetse go okama ditlhopho tsa
Modulasetulo,kgotsa a tlhoma o mongwe wa baatlhodi go dira jalo. Modulasetulo o okama go
tlhophiwa ga Batlatsamodulasetulo.
(5) Thulaganyo e e atoloswang mo Karolong A ya Mametlelelo 3 e dira mo go tlhophiweng
ga Modulasetulo le Motlatsamodulasetulo.
(6) Khansele ya Bosethaba e ka rola Modulasetulo kgotsa Motlatsamodulasetulo tiro.
(7) Go ya ka melao le ditaelo tsa yona Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e ka tlhopha
go tswa mo baemeding baokamedi ba bangwe gape go thusa Modulasetulo le
Batlatsabadulasetulo.
Ditshwetso
65. (1) Ntle le fa Molaotheo o rulaganyeditseng ka mokgwa o sele -
(a) porofense nngwe le nngwe e na le boutu e le esi e e neewang mo boemong ba porofense
ke tlhogo ya kemedi ya yona; le
(b) dipotso tsotlhe tse di fa pele ga Khansele ya Bosethaba ya Diporofense di rarabololwa
ke fa bonnye diporofense tse tlhano di bouta go dumelelana le potso.
(2) Molao wa Palamente,o o tlhomilweng go ya ka tsamaiso e e beilweng ka karolwana 76(1)
kgotsa (2) ya karolo 76,o tshwanetse go rulaganyetsa tsamaiso e e tshwanang mo mabakeng a
diporofense di rolelang thata mo dikemeding tsa tsona go neela diboutu mo boeng ba tsona.
Go tsaya karolo ga ditokololo tsa khuduthamaga ya bosethaba
66. (1) Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Tona, ba ka tsena pitso,e bile ba ka bua mo
Khanseleng,mme ga ba letlelwe go bouta.
(2) Khansele ya Bosethaba ya diporofense e ka lopa tokololo ya Kabinete,Motlatsa
Tona,kgotsa motlhankedi mo khuduthamageng ya bosethaba kgotsa ya porofense go tsena pitso
ya Khansele kgotsa ya komiti ya Khansele.
Go tsaya karolo ga baemedi ba dipuso selegae
67. Palo e e sa feteng lesome ya baemedi ba nakwana ba ba rebotsweng ke pusoselegae e e
rulaganeng,mo mabakeng a karolo 163, go emela ditlhopa tse di farologaneng tsa boMmasepala,
ba ka tsaya karolo fa go tlhokega mo ditsamaisong tsa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense,
mme ga ba na go bouta.
Dithata tsa Khansele ya Bosethaba
68. Mo go diragatseng dithata tsa yona tsa peomolao, Khansele ya Bosethaba ya Diporofense
e ka -
(a) sekaseka, atlanegisa, tlhabolola, tlhagisa ntlha ya tlhabolola, kgotsa ya kgaphela thoko
peomolao nngwe le nngwe e e fa pele ga Khansele go ya ka kgaole e; e bile
(b) e ka simolola kgotsa ya baakanya peomolao e e welang mo karolong ya tiragatso e e
kwadilweng mo lenaneong la Mametlelelo 4 kgotsa peomolao nngwe e e umakiwang mo karolong
76(3), fela e ka se simolole kgotsa ya baakanya Melaotlhomo ya dithelete.
Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Khansele ya Bosethaba
69. Khansele ya Bosethaba ya Diporofense kgotsa nngwe le nngwe ya dikomiti tsa yona e
ka -
(a) bitsa ka molao motho mongwe le mongwe go tlhagelela fa pele ga yona go neela bopaki
ka go ikana kgotsa go dumela kgotsa go supa dikwalo;
(b) e ka lopa setheo kgotsa motho mongwe le mongwe go e neela pego;
(c) e ka pateletsa, ka mabaka a peomolao ya bosethaba kgotsa melawana le ditaelo, motho
mongwe le mongwe kgotsa setheo go inaakanya le taelo ya go tlhagelela fa pele ga yona mo
mabakeng a temana (a) kgotsa (b); le
(d) go amogela diphetiene, boemedi kgotsa ditlhagiso go tswa go batho kgotsa ditheo
dingwe le dingwe tse di nang le kgatlhego.
Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso tsa Khansele ya Bosethaba
70. (1) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e ka -
(a) tlhomamisa le go laola dithulaganyo tsa yona tsa ka fa teng, ditsweletso e ditsamaiso; le
(b) go tlhama melawana le ditaelo tebang le merero ya yona, ka tlhokomelo ya boemedi le
tseokarolo ya demokerasi, maikarabelo, e e mo pontsheng le kamego ya botlhe.
(2) Melawana le ditaelo tsa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e tshwanela go
rulaganyetsa -
(a) go tlhomiwa, go bopiwa, maatla, ditiro, ditsamaiso le paka-tiro ya dikomiti tsa yona;
(b) go tsaya karolo ga diporofense mo ditsamaisong tsa yona ka mokgwa o o tsamaelanang
le demokerasi;
(c) go tsaya karolo mo ditsamaisong tsa Khansele, le dikomiti tsa yona, ga makokopotlana
a a emetsweng mo Khanseleng, ka mokgwa o o tsamaelanang le demokerasi, gangwe le gape fa
morero o tshwanetse go swediwa go ya ka karolo 75.
Ditetlelelo
71. (1) Baemedi go Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense, le batho ba ba umakiwang
mo dikarolong 66 le 67 -
(a) ba na le kgololosego ya go bua mo Khanseleng le mo dikomiting tsa yona, go ya ka ga
taolo ya melawana le ditaelo tsa yona; gape
(b) ga go dikgato fa tlase ga molao wa selegae kgotsa wa tshenyo tse di ka tsewang
kgatlanong le bona, ga ba na ba tshwarwa, ba tlhatlhelwa kgotsa ba duela ditshenyegelo ka ntlha
ya -
(i) sengwe le sengwe se ba se buileng mo, ba se supileng fa pele, kgotsa ba se tlhagisitseng
go Khansele, kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona; kgotsa
(ii) sengwe le sengwe se se upulotseng ka ntlha ya sengwe le sengwe se ba se buileng mo, ba
se supilweng fa pele, kgotsa ba se tlhagisitseng go Khansele, kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona.
(2) Ditetlelelo le ditshireletsego dingwe tsa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense, baemedi
go Khansele, le batho ba ba umakilweng mo dikarolong 66 le 67, di ka bewa ke peomolao ya
bosethaba.
(3) Dituelo, ditshiamelo-ketla le dithuso tse di duelwang ditokololo tsa leruri tsa Khansele ya
Bosethaba ya Diporofense ke tsa tuelo e e tlhamaletseng go tswa Letloleng la Lotseno la
Bosethaba.
Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe mo Khanseleng ya Bosethaba
72. (1) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e tshwanela go -
(a) kgontsha go tsaya karolo ga botlhe mo peomolaong le mo ditiragalong tsotlhe tsa
Khansele le dikomiti tsa yona, le
(b) go tsamaisa meroro ya yona ka mokgwa o o mo pontsheng, le go tsenya dipitso, le ga
dikomiti tsa yona, mo phatlalatseng; mme,dikgato tse di isegang di ka tsewa -
(i) go laola phitlhelelo ya botlhe, go akarediwa phitlhelelo ya bogasi, go Khansele le dikomiti
tsa yona; le
(ii) go rulaganyetsa phuruphutso ya motho mongwe le mongwe,le,fa go tshwanela, go kganelo
go tsena kgotsa go tlosiwa ga motho mongwe le mongwe.
(2) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e ka seka ya thibela botlhe, go akaretsa le bagasi
mo pitsong ya komiti ya yona, ntle le fa go le matshwanedi e bile go siame go dira jalo mo
boaging jo bo buletsweng botlhe le ba demokerasi.
Tiragatso ya Peomolao ya Bosethaba
Melaotlhomo yotlhe
73. (1) Molaotlhomo mongwe le mongwe o ka tlhagisiwa mo Kokoanong ya Bosethaba.
(2) Ke fela tokololo ya Kabinete kgotsa Motlatsa Tona, kgotsa tokololo, kgotsa komiti, ya
Kokoano, e e ka tlhagisang Molaotlhomo mo Kokoanong, mme ke fela takololo ya Kabinete e
e rweleng maikarabelo a merero ya dithelete tsa bosethaba e ka tlhagisang Molaotlhomo mo
Kokoanong.
(3) Molaotlhomo o o umakiwang mo karolong 76(3), ntle le Molaotlhomo wa dithelete, mo
Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense.
(4) Ke fela tokololo, kgotsa komiti ya Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e ka tlhagisang
Molaotlhomo mo Khanseleng.
(5) Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Kokoano ya Bosethaba o tshwanelwa go romelwa go
Khansele ya Bosethaba ya Diporofense, fa o tshwanela go sekegelwa ke Khansele; Molaotlhomo
o o fetisitsweng ke Khansele o tshwanetse go romelwa go Kokoano.
Melaotlhomo e e tlhabololang Molaotheo
74. (1) Karolo 1 le karolwana e, di ka tlhabololwa ke Molaotlhomo o o fetisitsweng ke
-
(a) Kokoano ya Bosethaba ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba diperesente di le 75 tsa
maloko a yona; le
(b) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba
diporofense di le thataro.
(2) Kgaolo ya 2 e ka tlhabololwa ke Molaotlhomo o o fetisitsweng ke -
(a) Kokoano Bosethaba ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba pedi-tharong tsa maloko a
yona; le
(b) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba
diporofense di le thataro.
(3) Kaelo nngwe le nngwe ya Molaotheo e ka tlhabololwa ke Molaotheo o o fetisitsweng ke
-
(a) Kokoano Bosethaba, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba pedi-tharong tsa maloko a
yona; le
(b) Gape ke Khansele ba Bosethaba ya Diporofense, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba
diporofense di le thataro, fa tlhabololo -
(i) e golagane le ntlha e e amang Khansele;
(ii) e fetola melelwana ya porofense, dithata, ditiro kgotsa ditheo; kgotsa
(iii) e tlhabolola kaelo e e golaganeng ka tlhamalalo le ntlha ya porofense.
(4) Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o ka seka wa akaretsa dikaelo dingwe ntle le
ditlhabololo tsa molaotheo le dintlha tse di golaganeng le ditlhabololo.
(5) Bonnye malatsi a le 30 pele Molaotheo o o fetolang Molaotheo o tlhagisiwa go ya ka
karolo 73(2), motho kgotsa komiti e e ikaelelang go tlhagisa Molaotlhomo e tshwanetse -
(a) Go phasalatsa mo kaseteng ya bosethaba ya puso, go ya ka melao le ditaelo tsa Kokoano
Bosethaba, dintlha tsa tlhabololo e e ikaeletsweng gore botlhe ba tshwaele mo go yona;
(b) Go neela, go ya ka melao le ditaelo tsa Kokoano, dintlha tseo go Kgotlapeomolao ya
Porofense go tlhagisa maikutlo a bona; le
(c) Go neela go ya ka melao le ditaelo tsa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense, dintlha
tse go khonse gore botlhe ba ganetsane ka tsona, fa tlhabololo e e tsikinngwang e se tlhabololo
e go tlhokegang gore e fetisiwe ke Khansele.
(6) Fa Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o tlhagisiwa la ntlha, motho kgotsa komiti
e e tlhagisang Molaotlhomo e tshwanetse go neela ditshwaelo dingwe le dingwe tse di
kwadilweng tse di amogetsweng go tswa mo bathong botlhe le dikgotlapeomolao tsa diporofense
-
(a) Go Mmusakgotla go di tlhagisa mo Kokoanong Bosethaba; le
(b) Go ya ka ditlhabololo tse di umakiwang mo karolwaneng (1)(2) kgotsa (3)(b), go
Modulasetilo wa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense go di sekaseka mo Khanseleng
(7) Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o ka seka wa boutelwa mo Kokoanong
Bosethaba mo malatsing a le 30 a -
(a) Go tlhagisiwa ga ona, fa Kokoano e le mo pitsong fa Molaotlhomo o tlhagisiwa; kgotsa
(b) Go sekasekwa ga ona mo Kokoanong, fa Kokoano e le mo boikhutsong fa Molaotlhomo
o tlhagisiwa.
(8) Fa Molaotlhomo o o umakiwang mo karolwaneng 3(b), kgotsa karolo nngwe le nngwe
ya Molaotlhomo, o ama fela porofense e e rileng kgotsa diporofense, Khansele ya Bosethaba ya
Diporofense e ka seka ya fetisa Molaotlhomo kgotsa karolo e e amegang, ntle le fa e amogetswe
ke Kgotlapeomolao kgotsa Dikgotlapeomolao tsa porofense kgotsa diporofense tse di amegang.
(9) Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o o amogetsweng ke Kokoano Bosethaba, le
foo go leng maleba, ke Khansele ya Bosethaba ya Diporofense, o tshwanetse go neelwa
Poresidente gore a o rebole.
Melaotlhomo ya gale e e sa ameng diporofense
75. (1) Fa Kokoano ya Bosethaba e atlanegisa Molaotlhomo o o welang kwa ntle ga
makala a tiragatso a a kwadilweng mo karolong 74 kgotsa 76 e dirang, Molaotlhomo o
tshwanetse o go romelwa go Khansele ya Bosethaba ya Diporofense le gore o sekasekwe go ya
ka thulaganyo e e latelang:
(a) Khansele e tshwanela go -
(i) go atlanegisa Molaotlhomo;
(ii) go atlanegisa Molaotlhomo ka taolo ya ditlhabololo tse di tshitshintsweng ke yona; kgotsa
ya
(iii) kgapela Molaotlhomo thoko.
(b) Fa Khansele e atlanegisa Molaaotlhomo ntle le go tshitshinya ditlhabololo, Molaothomo
o tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
(c) Fa Khansele e kgapela Molaotlhomo thoko kgotsa e o fetisa ka ditlhabololo, Kokoano ya
Bosethaba e tshwanetse go sekegela Molaotlhomo gape, go tsewa tsiya tlhabololo nngwe le
nngwe e e tshitshintsweng ke Khansele, gape e ka -
(i) fetisa Molaotlhomo gape, o na le kgotsa ntle le ditlhabololo; kgotsa
(ii) ya swetsa go se tswelele ka Molaotlhomo.
(d) Molaotlhomo o o atlanegisitsweng ke Kokoano ya Bosethaba mo mabakeng a tema (c)
o tshwanela go tlhagiswa go Poresidente go rebola.
(2) Fa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e boutela ntlha e e atlhaatlhiwang mo
mabakeng a karolo e, karolo 65 ga e dire; mme boemong ba se -
(a) mongwe le mongwe wa baemedi ba porofense o na le boutu e le esi;
(b) nngwe-tharong ya baemedi ba tshwanetse go nna teng pele go boutelwa ntlha eo;
(c) ntlha e swetswa ka bontsi ba diboutu tse di neetsweng, mme fa go le palo e e maleka ya
diboutu ka fa matlhakoreng oomabedi a ntlha, moemedi o a okameng o tshwanela go neela boutu
ya makgaolakgang.
Melaotlhomo ya gale e e amang diporofense
76. (1) Fa Kokoano ya Bosethaba e fetisa Molaotlhomo o o kwadilweng mo
dikarolwaneng (3), (4) kgotsa (5) mo Molaotlhomo o, o tshwanetse go romelwa kwa Khanseleng
ya Bosethaba ya Diporofense gore o sekasekwe go ya ka dithulaganyo tse di latelang:
(a) Kokoano ya Bosethaba e tshwanelwa ke go -
(i) fetisa Molaotlhomo;
(ii) fetisa Molaotlhomo o tlhabolotsweng; kgotsa
(iii) go kgapela Molaotlhomo thoko.
(b) Fa Molaotlhomo o o amogetsweng ke Kokoana ya Bosethaba ntle le tlhabololo,
Molaotlhomo o tshwanelwa ke go neelwa Poresidente go rebola.
(c) Fa Kokoano ya Bosethaba e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, Molaotlhomo o o
tlhabolotsweng o tshwanelwa go romelwa go Khanseleng ya Bosethaba, mme fa Khansele e
fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, o tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
(d) Fa Khansele ya Bosethaba e kgapela Molaotlhomo thoko, kgotsa fa Kokoano ya
Bosethaba e kgapela thoko Molaotlhomo o o tlhabolotsweng oo rometsweng kwa go yona go
ya ka mabaka a temana (c), Molaotlhomo o, fa go le malebale, Molaotlhomo o o tlhabolotsweng,
e tshwanelwa go romelwa wa Komiting ya Botseregani, e e ka dumelelanang ka -
(i) Molaotlhomo jaaka o fetisitswe ke Kokoano;
(ii) Molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Khansele; kgotsa
(iii) Sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
(e) Fa Komiti ya Botsereganyi e sa kgone go dumelelana mo malatsing a le 30, Ka
Molaotlhomo o rometsweng mo go yone, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira ntle le fa Kokoano
ya Bosethaba e ka fetisa Molaotlhomo gape, mme e tshegeditswe ke boutu ya bonnye
pedi-tharong ya ditokololo tsa yona.
(f) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo jaaka o fetisitswe ke Koano ya
Bosethaba, Molaotlhomo o tshwanela go romelwa Khansele ya Bosethaba, mme fa Khansele
e fetisa Molaotlhomo, Molaotlhomo o tshwanela go newa Poresidente go o rebola.
(g) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o
fetisitswe ke Kokoano Bosethaba, Molaotlhomo o tshwanelwa go romelwa kwa Khanseleng ya
Bosethaba, mme fa o fetisiwa ke Khansele, o tshwanelwa wa neelwa Poresidente go o rebola.
(h) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka sebopego sengwe sa Molaotlhomo, sebopego
seo sa Molaotlhomo se tshwanela go romelwa go Kokoano Bosethaba le Khansele ya
Bosethaba, mme fa se fetisiwa ke Kokoano le Khansele, se tshwanetse go neelwa Poresidente
go se rebola.
(i) Fa Molaotlhomo o rometswe kwa Khanseleng ya Bosethaba go ya ka tema (f) kgotsa (h)
mme o sa fetisiwe ke Khansele, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira, ntle le fa Kokoano Bosethaba
e fetisa Molaotlhomo e tshegeditswe ke boutu ya bonnye ba pedi-tharong ya maloko a yona.
(j) Fa Molaotlhomo o rometswe kwa Kokoanong ya Bosethaba ka mabaka a tema (g) kgotsa
(h) o sa fetisiwe ke Kokoano, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira, mme Molaotlhomo jaaka o ne
o fetisitswe ke Kokoano pele, o ka fetisiwa gape ke Kokoano, mme o tshegediwa ke boutu ya
bonnye pedi-tharong ya ditokololo tsa yona.
(k) Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Kokoano ya Bosethaba mo mabakeng a tema (e), (i)
kgotsa (j) o tshwanelwa go romelwa go Poresidente go o rebola.
(2) Fa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e fetisa Molaotlhomo o o welang mo lekaleng
la tiragatso e e kwadilweng mo karolwaneng (3), Molaotlhomo o tshwanelwa go romelwa go
Kokoano ya Bosethaba go go dirwe ka ona go ya ka thulaganyo e e latelang:
(a) Kokoano ya Bosethaba e tshwanelwa ke go -
(i) fetisa Molaotlhomo;
(ii) fetisa Molaotlhomo o o fetotsweng; kgotsa
(iii) go kgaphela Molaotlhomo thoko.
(b) Molaotlhomo o o amogetsweng tse Kokoano ya Bosethaba go ya ka temana (a)(i) o
tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
(c) Fa Kokoano ya Bosethaba e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, Molaotlhomo o o
tlhabolotsweng o tshwanetse go romelwa go Khansele ya Bosethaba, mme fa Khansele e fetisa
Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o tshwanelwa go romelwa go Poresidente go o rebola.
(d) Fa Kokoano ya Bosethaba e kgaphela Molaotlhomo thoko, kgotsa fa Khansele ya
Bosethaba e gana go fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o o rometsweng go yona go ya ka
tema (c), Molaotlhomo, fa go le maleba, Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, di tshwanelwa go
romela ka Komiting ya Botsereganyi, e e ka nnang ya dumelelana ka -
(i) molaotlhomo jaaka e fetisitswe ke Khansele;
(ii) molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Kokoano; kgotsa
(iii) sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
(e) Fa komiti ya Botsereganyi e sa kgone go dumelelana mo malatsing a le 30 ka
Molaotlhomo o rometsweng mo go one, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
(f) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo jaaka o fetisitswe ke Khansele
ya Bosethaba, Molaotlhomo o tshwanelwa wa romelwa kwa Kokoano Bosethaba, mme fa
Kokoano e fetisa Molaotlhomo, Molaotlhomo o tshwanelwa wa neelwa Poresidente go o rebola.
(g) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelana ka Molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o
fetisitswe ke Kokoano ya Bosethaba, Molaotlhomo o tshwanelwa wa romelwa go Khansele ya
Bosethaba, mme fa o fetisiwa ke Khansele, o tshwanelwa wa neelwa Poresidente go o rebola.
(h) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka sebopego se sengwe sa Molaotlhomo,
sebopego seo sa Molaotlhomo se tshwanelwa go romelwa kwa Khanseleng ya Bosethaba le
Kokoano Bosethaba ka bobedi, mme fa se fetisiwa ke Khansele le Kokoano, se tshwanelwa go
romelwa go Poresidente go se rebola.
(i) Fa Molaotlholmo o rometswe go Kokoano ya Bosethaba go ya ka tema (f) kgotsa (h)
mme o sa fetisiwe ke Kokoano ya Bosethaba, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
(3) Molaotlhomo o ka sekasekwa go ya ka thulaganyo e e tlhomamisitsweng mo karolwaneng
(1) kgotsa (2) fa go rulaganyetswa peomolao ka ponelopele mo go nngwe le nngwe ya dikarolo
tse di latelang:
(a) karolo 65(2);
(b) karolo 163;
(c) karolo 182;
(d) karolo 195(3)le (4);
(e) karolo 196; le
(f) karolo 197.
(4) Molaotlhomo o tshwanelwa go sekasekwa go ya ka thulaganyo e e tlhomamisitsweng ke
karolwana (1) fa e se Molaotlhomo wa dithelete, mme o rulaganyetsa peomolao -
(a) e e bonelwang pele mo karolong 44 (2), kgotsa 220 (3); kgotsa
(b) e e bonelwang pele golo gongwe mo kgaolong 13, e e amang dikgatlhego tsa matlotlo tsa
lekala la puso ya porofense.
(5) Molaotlhomo o o akantsweng mo karolo 42(6) o tshwanelwa go sekasekwa go ya ka
thulaganyo e e tlhomilweng mo go karolwana (1), ntle le fa -
(a) fa Kokoano ya Bosethaba e boutela ka Molaotlhomo, dikaelo tsa karolo 53(1) ga di dire;
boemong ba se,, Molaotlhomo o ka fetisiwa fela fa bontsi ba ditokololo tsa Kokoano di bouta go
dumelelana le ona; le
(b) fa Molaotlhomo o romelwa go Komiti ya Botsereganyi, melawana e e latelang e a dira:
(i) Fa Kokoano Bosethaba e sekaseka Molaotlhomo jaaka o akantswe mo go karolwana (1)
(g) kgotsa (h), Molaotlhomo oo, o ka fetisiwa fela fa bontsi ba ditokololo tsa Kokoano ba bouta
go dumelelana le ona.
(ii) Fa Kokoano ya Bosethaba e sekaseka Molaotlhomo jaaka o akantswe mo go karolwana
(1)(e),(i) kgotsa (j), Molaotlhomo oo o ka fetisiwa fela fa bonnye pedi-tharong ba ditokololo tsa
Kokoano ba bouta go dumelelana le ona.
(6) Karole e, ga e amane le Melaotlhomo ya dithelete.
Melaotlhomo ya Thelete
77. (1) Molaotlhomo o o lekanyetsang thelete kgotsa o o duedisang makgetho,
makgethwana kgotsa ditefelo ke Molaotlhomo wa thelete. Molaotlhomo wa thelete ga o
dirisane le sepe gape ntle le ntlha e e ka fa tlase ga le mabapi le tekanyetso ya madi kgotsa
dituelodiso tsa makgetho, makgethwana kgotsa ditefelo.
(2) Molaotlhomo yotlhe wa thelete o tshwanelwa go o sekasekwa go ya ka thulaganyo e e
theilweng mo karolong 75. Molao wa Palamente o tshwanelwa go neela thulaganyo eo ka yona
Palamente e ka tlhabololang Molaotlhomo wa thelete.
Komiti ya Botsereganyi
78. (1) Komiti ya Botsereganyi e dirwa ke -
(a) Ditokololo di le robongwe tsa Kokoano ya Bosethaba di tlhophilwe ke ditokololo tsa
Kokoano go ya tsamaiso e e beilweng ka melawana le ditaelo tsa Kokoano mme e dira gore
boemedi ba makoko bo nne ka mokgwa o makoko a emetswang ka gone mo Kokoanong; mme
(b) moemedi a le mongwe go tswa mo go nngwe le nngwe ya dikemedi tsa diporofense mo
Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense, a supilwe ke kemedi.
(2) Komiti ya Botsereganyi e dumelelane ka sebopego sa Molaotlhomo, kgotsa e sweditse ka
kgang, fa sebopego seo, kgotsa letlhakore lengwe la kgang, le engwe nokeng ke -
(a) bonnye ba le batlhano ba dikemedi tsa Kokoano ya Bosethaba; le
(b) bonnye ba le batlhano ba baemedi ba Khansele ya Bosethaba ya Diporofense.
Thebolo ya Melaotlhomo
79. (1) Poresidente o tshwanelwa ke go rebola le go saena Molaotlhomo o o fetisitsweng
go ya ka kgaolo e, kgotsa fa Poresidente a na le dipelaelo ka ga bomolaotheo ba Molaotlhomo,
o o busetsa morago go Kokoano ya Bosethaba go sekwasekwa sewa.
(2) Melawana e e tshwaraganetsweng e tshwanetse go neela thulaganyo go, le mokgwa wa,
go tsaya karolo mo go sekasekeng sewa ga molaotlhomo ke Kokoano ya Bosethaba le Khansele
ya Bosethaba ya Diporofense.
(3) Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e tsaya karolo mo go sekasekiweng sewa ga
Molaotlhomo o Poresidente a o buseditseng morago go Kokoano ya Bosethaba fela fa -
(a) go sa kgotsofale ga Poresidente ka bomolaotheo ba molaotlhomo bo golagana le morero
wa botsamaisi jo bo amang Khansele;
(b) karolo 74(1)(2) kgotsa (3) (b) kgotsa 76 e ne e dira mo go fetisiweng ga Molaotlhomo.
(4) Fa, morago ga kakanyo sewa, Molaotlhomo o arabela dipelaelo tsa ga Poresidente ka
botlalo, Poresidente o tshwanetse go rebola a ba a saena Molaotlhomo; go seng jalo, Poresidente
o tshwanela ke go: -
(a) rebola a bo a saene Molaotlhomo; kgotsa
(b) a o romele go kgotlatshekelo ya Molaotheo go tsaya tshwetso ka bomolaotheo ba ona.
(5) Fa kgotlatshekelo ya Molaotheo e swetsa gore Molaotlhomo o mo Molaotheong,
Poresidente o tshwanela go o rebola le go o saena.
Kopo ya ditokololo tsa Kokoano ya Bosethaba go Kgotlatshekelo ya Molaotheo
80. (1) Ditokololo tsa Kokoano ya Bosethaba di ka dira kopo go Kgotlatshekelo ya
Molaotheo go senka taelo e e atlholang gore Molao otlhe kgotsa karolo ya Molao, o o
fetisitsweng ke Kokoano ga o ka fa molaotheong.
(2) Kopo -
(a) e tshwanetse ya tshegediwa ke bonnye nngwe-tharong ya ditokololo tsa Kokoano; e bile
(b) e tshwanelwa go dirwa morago mo malatsing a 30, go simolola fa Poresidente a rebola
e bile a saena Molao;
(3) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ka laela gore molao otlhe, kgotsa karolo eo e leng
setlhogo sa kopo, ka mabaka a karolwana (1), ga o na boleng go fitlha Kgotla e sweditse ka kopo
fa -
(a) dikgatlhego tsa bosiamisi di tlhoka se; le
(b) fa kopo e na le thono e e isegang ya go atlega.
(4) Fa kopo e sa atlega,Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tshwanetse go laela bakopi gore ba
duele ditshwenyegelo ntle le fa kopo e ne e na le thono e e isegang ya go atlega.
Phasalatso ya Melao
81. Molaotlhomo o o rebotsweng e bile o saennwe ke Poresidente e nna Molao wa Palamente,
o tshwanetse wa phasaladiwa ka bonako, e bile o tsena mo tirisong fa o phasaladiwa, kgotsa ka
motlha o o tlhomamisitsweng ka ditaelo tsa Molao.
Polokesego ya Melao ya Palamente
82. Setlankana se se saenilweng sa Molao wa Palamente ke bopaki bo bo feleletseng ba
dithulaganyetso tsa Molao oo e bile,morago ga phasalatso, o tshwanelwa go bewa mo
botshepeging ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo go nna mo polokegong.
Kgaolo 5
Poresidente le khuduthamaga
ya bosethaba
Poresidente
83. Poresidente -
(a) ke Tlhogo ya Naga e bile ke tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba;
(b) o tshwanetse go tshegofatsa, go sireletsa le go tlotla Molaotheo jaaka molaomogolo wa
Rephaboliki;
(c) o tsweletsa kopano ya sethaba le tseo tse di tla tsweletsang Rephaboliki.
Dithata le ditiro tsa ga Poresidente
84. (1) Poresidente o na le dithata tse a di a betsweng ka Molaotheo le peomolao, go
akarediwa tse di tlhokegang go dira ditiro tsa Tlhogo ya Naga le tlhogo ya Khuduthamaga ya
Bosethaba.
(2) Poresidente o rwele maikarabelo a -
(a) go rebola le go saena Melaotlhomo;
(b) go busetsa Molaotlhomo morago go Palamente go sekasekwa bomolaotheo ba
Molaotlhomo;
(c) go busetsa Molaotlhomo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo go dira tshwetso ka
bomolaotheo ba Molaotlhomo oo;
(d) go bitsa Kokoano ya Bosethaba, Khansele ya Bosethaba ya Diporofense kgotsa
Palamente go tla kopanong e e sa tlwaelegang go sekaseka merero e e kgethegileng;
(e) go tlhoma mongwe le mongwe mo maemong, jaaka Molaotheo kgotsa peomolao e laola
gore Presidente a dire, ntle le jaaka e le tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba;
(f) go tlhoma dikhomiene tsa dipatlisiso;
(g) go goeletsa direferentamo ka fa ditaelong tsa Molao wa Palamente;
(h) go amogela le go naya tlotlo go baemedi ba dinaga disele/didipolomate, le boemedi ba
bokonsolo;
(i) go kgetha baambasatara; le baemedipuso, didiplomate le bakonsolo ba ba emelang naga;
(j) go itshwarela kgotsa go emisa polao ya o a atlholetsweng loso le go fokoletsa dikotlhao
dingwe le dingwe tsa madi, kgotsa go gapelwa dithoto;
(k) go abela diala tsa tlotlo.
Bothati ba bokhuduthamaga ba Rephaboliki
85. (1) Bothati ba bokhuduthamaga ba Rephaboliki bo rwelwe ke Poresidente.
(2) Poresidente o diragatsa thata ya bokhuduthamaga,mmogo le ditokololo tse dingwe tsa
Kabinete, ka -
(a) go diragatsa peomolao ya bosethaba ntle le fa Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente
o rulaganyeditse ka mokgwa mongwe;
(b) go tlhabolola le go diragatsa maikemisetso a bosethaba;
(c) go nyalanya ditiro tsa mafapha a puso le ditsamaiso;
(d) go rulaganya le go simolola peomolao;
(e) go dira tiro nngwe le nngwe ya bokhuduthamaga e e rulaganyeditsweng mo Molaotheong
kgotsa mo peomolao ya bosethaba.
Go tlhophiwa ga MoPoresidente
86. (1) Mo kopanong ya ntlha, morago ga ditlhopho fa go tshwanetse go tladiwa phatlha,
Kokoano ya Bosethaba e tshwanetse go kgetha monna kgotsa mosadi mo ditokololong tsa yona
go nna Poresidente.
(2) Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwanetse go okama ditlhopho pele go
tlhophiwa Poresidente kgotsa a supe Moatlhodi mongwe go dira jalo. Tsela e e rebotsweng mo
Mametlelelo 3 e a diragadiwa mo go tlhopheng Poresidente.
(3) Ditlhopho tsa go tlatsa phatlha mo kantorong ya Poresidente di tshwanetse go tshwarwa
ka nako le letlha le le beilweng ke Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e seng morago
ga malatsi a 30 morago ga phatlha e ntse teng.
Go tsaya tiro ya BoPoresidente
87. Fa motho a tlhophilwe go nna Poresidente o kgaotsa go nna tokololo ya Kokoano ya
Bosethaba gape mo malatsing a matlhano (5), o tshwanetse go tsaya tiro ya boporesidente ka go
ikana le go dumela go nna boikanyego go Rephaboliki le go ikobela Molaotheo go ya ka
Mametlelelo 2.
Paka-tiro ya BoPoresidente
88. (1) Paka ya tiro ya Poresidente e simolola fa a tsaya tiro mme e kgaotsa fa phatlha e
tlhagelela kgotsa fa motho yo a tlhophilweng go mo tlhatlhama a tsaya maemo.
(2) Ga go motho ope yo o tla tshwarang tiro jaaka Poresidente go feta dipaka tse pedi tsa tiro,
mme fa mongwe a tlhophilwe go tlatsa phatlha ya Poresidente, nako magareng ga ditlhopho le
ditlhopho tse di latelang tsa Poresidente, ga e tsewe e le paka ya tiro.
Go tlosiwa ga Poresidente
89. (1) Kokoano ya Bosethaba, ka tshwetso ya pedi-tharong ba ditokololo tsa yona, e
ka kgona go tlosa Poresidente mo maemong, fela ka mabaka a:
(a) Tshiamololo e e masisi ya Molaotheo;
(b) Go tlhoka maitseo fa go feteletseng;
(c) Go tlhoka bokgoni jwa go dira ditiro tsa maemo a gagwe.
(2) Mongwe le mongwe yo o tlositsweng mo maemong a boPoresidente go ya ka mabaka a
karolwana (1)(a) kgotsa (b) a ka se newe sepe sa meputso ya maemo ao, e bile a ka se dire mo
maemong ape a puso.
Poresidente wa Nama-o-Tshwere
90. (1) Fa Poresidente a se teng mo nageng kgotsa a sa kgone go dira ditiro tsa kantoro
ya boPoresidente kgotsa mo nakong e go nang le phatlha mo kantorong ya Poresidente, motho
yo o nang le maemo a tiro e, ka tatelano e e fa tlase e ka nna a dira jaaka Poresidente, ke:
(a) Motlatsa Poresidente.
(b) Tona e e supilweng ke Poresidente.
(c) Tona e e supilweng ke ditokololo tse dingwe tsa Kabinete.
(d) Mmusakgotla wa Palamente go fitlhelela kokoano Bosethaba e supa mongwe wa maloko
a yona.
(2) Poresidente wa nama-o-tshwere o na le maikarabelo, maatla, le ditiro tsa Poresidente.
(3) Pele a rwala maikarabelo, ditiro le mediro ya Poresidente, Poresident nama-o-tshwere o
tshwanela go ikana kgotsa go dumela go nna boikanyego go Rephaboliki le boikobo go
Molaotheo, go ya ka Mametlelelo 2.
Kabinete
91. (1) Kabinete e dirwa ke Poresidente, jaaka tlhogo ya Kabinete,Motlatsa Poresidente
le Ditona.
(2) Poresidente o tlhopha Motlatsa Poresidente le Ditona,o ba abela dithata le ditiro, e bile
o ka ba rola tiro.
(3) Poresidente -
(a) o tshwanetse go kgetha Motlatsa Poresidente mo ditokololong tsa Kokoano ya
Bosethaba;
(b) a ka kgetha palo nngwe le nngwe ya Ditona go tswa mo ditokololong tsa Kokoano ya
Bosethaba;
(c) a ka kgetha palo e e sa feteng pedi go tswa kwa ntle ga Kokoano ya Bosethaba.
(4) Poresidente o tshwanela go kgetha tokololo ya Kabinete go nna moeteledipele wa merero
ya puso mo Kokoanong ya Bosethaba.
(5) Motlatsa Poresidente o tshwanetse go thusa Poresidente mo go diragatseng ditiro ya puso.
Maikarabelo a Ditokololo tsa Kabinete
92. (1) Motlatsa Poresidente le Ditona ba na le maikarabelo mo dithateng le ditirong tsa
khuduthamaga tse ba di rwesitsweng ke Poresidente.
(2) Ditokololo tsa Kabinete di na le maikarabelo ka bojotlhe le ka bongwe fela go Palamente
ka tiragatso ya ditiro tsa bona.
(3) Ditokololo tsa Kabinete di tshwanela -
(a) go dira go ya ka Molaotheo;
(b) go neela Palamente dipego ka botlalo nako le nako tebang le merero e e mo taolong ya
bona.
Batlatsatona
93. Poresidente a ka tlhopha Batlatsatona go tswa mo ditokololong tsa Kokoano ya
Bosethaba go thusa ditokololo tsa Kabinete, mme a ka kgona go ba tlosa.
Go tswelela ga Kabinete morago ga ditlhopho
94. Fa ditlhopho tsa Kokoano ya Bosethaba di tshwerwe,Kabinete,Motlatsa-Poresidente,
Ditona tsa yona le Batlatsatona ba na le tetla ya go diragatsa go fitlhelela motho yo a tlhophilweng
jaaka Poresidente ke Kokoano e e latelang a simolola go dira.
Maikano kgotsa tumelo
95. Pele Motlatsa Poresidente, Ditona le Batlatsatona ba dira mo ofising ya bona, ba tshwanela
go ikana kgotsa go dumela go nna boikanyego mo Rephaboliking le boikobo go Molaotheo go
ya ka Mametlelelo 2.
Maitsholo a Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsatona
96. (1) Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Tona ba tshwanela go dira go ya ka mokgwa
wa maitsholo o o beilweng ka molao wa bosethaba.
(2) Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsatona ba ka se -
(a) tseye tiro e nngwe e e duelang;
(b) ba ka se itshole ka mokgwa mongwe o o seng maleba le maemo a tiro ya bona, kgotsa go
ipaya mo maemong a a ka thulanyang maikarabelo a bona a semmuso le dikgatlhego tsa sephiri;
kgotsa
(c) ba ka se dirise maemo a bona kgotsa tshedimosetso e e beilweng mo go bona go ikhumisa
kgotsa go humisa motho mongwe ka mokgwa o sa lolamang.
Tshutiso ya ditiro
97. Poresidente ka kgoeletso a ka sutisetsa go tokololo ya Kabinete -
(a) tsamaiso ya molao mongwe le mongwe o o roletsweng mo tokololong e nngwe; kgotsa
(b) thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e roletsweng ka molao go tokololo e nngwe.
Kabelo ya nakwana ya ditiro
98. Poresidente a ka neela tokololo ya Kabinete thata le ditiro tsa tokololo e nngwe e e seng
teng mo tirong kgotsa e e sa kgoneng go diragatsa maatla ao, kgotsa tiro eo.
Kabelo ya ditiro
99. Tokololo ya Kabinete e ka neela thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e tshwanelwang go
dirwa mo mabakeng a Molao wa Palamente go tokololo ya Kgotla Khuduthamaga ya porofense
kgotsa go Khansele ya Mmasepala. Kabelo -
(a) e tshwanela go nna ka mabaka a tumelelano fa gare ga tokololo ya Kabinete e e maleba
le Mokhuduthamaga oo, kgotsa tokololo ya Khansele ya Mmasepala;
(b) e tshwanela go nna maleba le Molao wa Palamente mo mabakeng ao maatla kgotsa tiro
e diragatswang kgotsa e dirwa;
(c) e tsena mo tiragatsong fa o phasaladiwa ke Poresidente.
Bookamedi ba bosethaba go botsamaisi ba diporofense
100. (1) Fa porofense e retelelwa kgotsa e sa dire ditshwanelo tsa yona tsa bodiragatsi mo
mabakeng a peomolao kgotsa Molaotheo, khuduthamaga ya bosethaba e ka tsereganya go tsaya
dikgato tse di maleba go kgontsa go dirwa ga ditshwanelo tseo, go akarediwa -
(a) go ntsha kaelo go khuduthamaga ya porofense, e e tlhalosang selekano sa go retelelwa ke
go dira ditshwanelo le go tlhagisa dikgato dingwe le dingwe tse di tlhokegang go dira
ditshwanelo; le
(b) go tsaya boikarabelo tebang le ditshwanelo tse di maleba mo porofenseng eo go isa fa go
tlhokegang go -
(i) go tshegetsa maemo a a botlhokwa a sethaba kgotsa go fitlhelela maemo a a tlhomilweng
a bosethaba a go naya tirelo;
(ii) go tshegetsa kitlano ya ikonomi;
(iii) go tshegetsa tshireletso ya bosethaba; kgotsa
(iv) kganela porofense eo go tsaya kgato e sa isegeng e gobelelang kgatlego ya porofense e
nngwe kgotsa ya naga ka bophara.
(2) Fa khuduthamaga ya bosethaba e tsereganya mo porofenseng mo mabakeng a karolwana
(1) (b) -
(a) kitsiso ya tsereganyo; e tshwanetse ya atlhaatlhiwa mo Khanseleng ya Bosethaba ya
porofense mo malatsing a 14 morago ga fa e fetsa go kopana la ntlha morago ga tseraganyo; le
gore
(b) tsereganyo e tshwanelwa go khutla, ntle le fa e rebotswe ke Khansele mo malatsing a 30
a pitso ya ntlha go tloga tsereganyo e simologile; gape
(c) Khansele e tshwanetse go sekaseka tsereganyo nako le nako e be e neele katlenegiso e e
maleba go khuduthamaga ya bosethaba.
(3) Peomolao ya bosethaba e ka laola tiragatso e e tlhomilweng mo karolong e.
Ditshwetso tsa khuduthamaga
101. (1) Tshwetso ya Poresidente e tshwanetse gore e nne e e kwadilweng fa -
(a) e tsena go ya ka molao; kgotsa
(b) e na le ditlamorago tsa semolao.
(2) Tshwetso e e kwadilweng ya ga Poresidente e tshwanetse go saeniwa ke tokololo nngwe
gape ya Kabinete, fa tshwetso eo e ama tiro e e abetsweng tokololo eo ya Kabinete.
(3) Dikgoeletso, melawana le didiriswa tse dingwe tsa melawana e e fa tlase ga peomolao di
tshwanetse go fitlhelelwa ke botlhe.
(4) Peomolao ya bosethaba e ka totobatsa mokgwa o ka ona, le selekano seo, didiriswa tse
di umakilweng mo karolwana (3) di tshwanetseng go -
(a) atlhaatlhiwa mo Palamenteng; le
(b) go amogelwa ke Palamente.
Ditshitshinyo tsa go tlhoka boikanyego
102. (1) Fa Kokoano ya Bosethaba ka boutu e e tshegeditsweng ke bontsi ba ditokololo
e fetisa tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go Kabinete, go sa akarediwe Poresidente,
Poresidente o tshwanela go bopa Kabinete sewa.
(2) Fa Kokoano ya Bosethaba ka boutu e e tshegeditsweng ke bontsi ba ditokololo e
atlanegisa tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go Poresidente, Poresidente le ditokololo tsa
Kabinete ba tshwanelwa ke go rola tiro.
Kgaolo 6
Diporofense
Diporofense
103. (1) Rephaboliki e na le diporofense tse di latelang:
(a) Kapa Botlhaba
(b) Foreistata
(c) Gauteng
(d) Kwa Zulu-Natal
(e) Mpumalanga
(f) Kapa Bokone
(g) Porofense ya Leboa
(h) Bokone Bophirima
(i) Kapa Bophirima
(2) Melelwane ya diporofense ke e e neng e le teng fa Molaotheo o diragatswa.
Dikokoanopeomolao tsa Diporofense
Bothati ba peomolao ba diporofense
104. (1) Bothati ba peomolao ba porofense bo rwelwe ke kokoano ya peomolao ya
porofense, e bile bo rebolela go kokoanopeomolao ya porofense maatla -
(a) go atlanegisa molaotheo wa porofense eo kgotsa ga tlhabolola molaotheo o o kwadilweng
ke yona ka ditaelo tsa dikarolo 142 le 143;
(b) go fetisa peomolao mo, le go, porofense tebang le -
(i) morero mongwe le mongwe o o mo kgaolong ya tiragatso e e mo lenaaneng la
Mametlelelo 4;
(ii) morero mongwe le mongwe o o mo lekaleng la tiragatso e e lenaaneng la Mametlelelo 5;
le
(iii) morero mongwe le mongwe o o kwa ntle ga makala a tiragatso, o o rolwetsweng mo
porofenseng ka totobalo ke peomolao ya bosethaba; le
(iv) morero mongwe le mongwe o kaelo ya Molaotheo e o akanyetsang go baya peomolao ya
porofense; le
(c) go rolela nngwe le nngwe ya dithata tsa peomolao go Khansele ya Mmasepala mo
porofenseng eo.
(2) Kgotlapeomolao ya porofense, ka tshwetso e e tshegeditsweng ke pedi-tharong ya
ditokololo e ka, lopa Palamente go fetola leina la porofense eo.
(3) Peomolao ya porofense e gapelediwa fela ke Molaotheo le, fa e atlanegisitse Molaotheo
wa porofense eo, ka molaotheo oo, mme e tshwanetse go dira go ya ka le mo tekanyetsong ya,
Molaotheo le molaotheo wa porofense eo.
(4) Peomolao ya porofense tebang o le morero oo isegang gore o a tlhokega, kgotsa o
tshokile o le botlhokwa, mo tiragatsong ya thata tebang le morero o o mo lenaaneng la
Mametlelelo 4, ke peo ka mabaka otlhe go ya ka lenaane la Mametlelelo 4.
(5) Kgotlapeomolao ya porofense e ka atlenegisetsa Kokoano ya Bosethaba peomolao
tebang le morero mongwe le mongwe o o kwa ntle ga bothati ba kgotlapeomolao, kgotsa e mo
go yona Molao wa Palamente o okamang molao wa porofense.
Sebopego le go tlhophiwa ga dikgotlapeomolao tsa diporofense
105. (1) Kgotlapeomolao ya porofense e bopiwa ke basadi le banna ba ba tlhophilweng
jaaka ditokololo ka ditaelo tsa mokgwa wa ditlhopho o -
(a) o beilweng ka peomolao ya bosethaba;
(b) o ikaegileng ka dikarolwana tsa Porofense ya lenaane le le lengwe la bosethaba la
batlhophi; le
(c) le le rulaganyetsang go bouta go bonnye e leng dingwaga di le 18; le
(d) dipholo, ka kakaretso, ka boemedi ba kelano.
(2) Kgotlapeomolao e na le ditokololo tse di leng gare ga 30 le 80. Palo ya ditokololo, e e ka
farologaneng mo diporofenseng, e e tshwanetseng go tlhomamisiwa ka ditaelo tsa kaetso e e
beilweng ka peomolao ya bosethaba.
Botokololo
106. (1) Moagi mongwe le mongwe yo o letleletsweng go tlhopha mo Kokoanong ya
Bosethaba e ka nna tokololo ya Kokoano ya porofense kwa ntle ga -
(a) mongwe le mongwe yo o tlhophilweng ke puso kgotsa a direla puso, a amogela madi, ntle
le -
(i) tonakgolo le ditokololo dingwe tsa khuduthamaga ya porofense; le
(ii) batlhankedi bangwe ba ditiro tsa bona di tsamaelanang le ditiro tsa tokololo ya
kgotlapeomolao ya porofense, mme gokailwe gore di tshwana le ditiro tse, ke peomolao ya
bosethaba.
(b) ditokololo tsa Kokoano ya bosethaba, baemedi ba leruri ba khansele ya bosethaba ya
diporofense kgotsa ditokololo tsa Lekgotla la Mmasepala;
(c) boradisuga ba ba sa kgopologeng;
(d) mongwe le mongwe yo Kgotlatshekelo ya Rephaboliki e tsayang a sa itekanelang mo
tlhaloganyong;
(e) mongwe le mongwe yo e rileng fa karolwana e ya molao e sena go tsena mo tirisong a
bonwa molato, mme a atlholelwa dikgwedi tse di fetang 12 kwa kgolegelong go ntle le go newa
thono ya go duela, e ka nna mo Rephaboliking, kgotsa kwa ntle ga Rephaboliking; fa maitsholo
a a dirang molato e ne e ka nna molato mo Rephaboliking, mme ga go ope yo go ka tsewang a
atlhotswe go fitlhelela boikuelo kgatlhanong le kotlo kana katlholo e diragadiwa, kgotsa go
fitlhelela nako ya boikuelo e feta. Go latlhegelwa ke ditshwanelo fa tlase ga kgaolo e go khutla
morago ga ngwaga tse tlhano katlholo e wetse.
(2) Motho yo a se nang gona go tlhophiwa go nna tokololo ya Kokoano ya porofense ka
ditaelo tsa karolwana(1)(a) kgotsa (b) e ka nna ntlhopheng wa kokoano,ka taolo ya ditekanyetso
dingwe le dingwe kgotsa mabaka a a tlhomilweng ke peomolao ya bosethaba.
(3) Motho o latlhegelwa ke botokololo ba Kokoano ya porofense fa motho yoo a -
(a) kgaotsa go nna yo o ka tlhopiwang; kgotsa
(b) sa nne teng mo Kokoanong ya Porofense ntle le tumelelo ka mabaka a ditaelo le molao
o kokoano o kayang fa a ka latlhegelwa ke botokololo;
(4) Diphatlhatiro mo Kokoanong ya Porofense di tshwanetse go tlatswa go ya ka peomolao
ya bosethaba.
Maikano kgotsa tumelo ya ditokololo
107. Pele ditokololo tsa Kokoano ya Porofense di ka simolola go dira ditiro tsa tsona mo
Kokoanong peomolao, di tshwanetse go ikana kgotsa go dumela boikanyego mo Rephaboliking
le boikobo mo Molaotheong, ka tlhomamiso go ya ka Mametlelelo 2.
Paka ya kokoano ya porofense
108. (1) Kokoano ya porofense e tlhophelwa paka ya dingwaga tse tlhano.
(2) Fa Kokoano ya porofense e phatlhaladiwa go ya ka karolwana 109 kgotsa fa nako ya yona
e fela, Poresidente, Tonakgolo ka kgoeletso, o tshwanetse go bitsa le go baya matlha a ditlhopho,
tse di tshwanetseng go tshwarwa mo malatsing a 90 morago ga letsatsi le Kokoano e
phatlaladitsweng ka lona, kgotsa nako e e fedileng ka yona.
(3) Fa dipholo tsa ditlhopho tsa kokoano ya porofense di sa phasaladiwe ka nako e e
boletsweng mo nakong ya karolo 190 kgotsa ditlhopo di kgapetswe thoko ke kgotlatshekelo,
Poresidente, ka phasalatso, tse dingwe o tshwanetse a ka bitsa le go baya matlha ya ditlhopo,tse
di tshwanetseng go tshwarwa mo malatsing a 90 a paka e e fedileng kgotsa a motsing o ditlhopho
di kgapetsweng thoko ka ona.
(4) Peomolao ya porofense e sala e nonofile go dira go simolola motsing o e
phatlhaladitsweng kgotsa nako ya yona e khutlang, go fitlhelela motsing o o fa pele ga letsatsing
la ntlha la ditlhopho tsa kgotlapeomolao e e latelang.
Phatlalatso ya dikgotlapeomolao tsa diporofense pele ga bokhutlo ba paka ya tsona
109. (1) Tonakgolo ya porofense o tshwanetse go phatlalatsa kgotlapeomolao ya porofense
fa -
(a) Kokoano e amogetse tshwetso ya go phatlalala, e engwe nokeng ke bontsi ba ditokololo
tsa yona; le
(b) ngwaga tse tharo di fetile e sa le Kokoano e tlhophilwe.
(2) Tonakgolo nama-o-tswhere o tshwanetse a phatlalatsa kgotlapeomolao ya porofense fa
-
(a) go le phatlha-tiro ya ofisi ya Tonakgolo; le fa
(b) Kokoano e retelelwa ke go tlhopha Tonakgolo e ntwa mo malatsing a 30 morago ga
phatlhatiro e ntse teng.
Dipitso le dipaka tsa khunologo
110. (1) Morago ga ditlhopho,pitso ya ntlha ya kokoanopeomolao ya porofense ya
Kgotlapeomolao e tshwanetse go epiwa ka nako le letlha le le laotsweng ke Poresidente wa
Kgotlatshekelo ya Molaotheo,mme e seng go feta malatsi a 14 a fetile morago ga dipholo tsa
ditlhopho di fetsa go phasaladiwa ka tlhomamo. Kgotlapeomolao ya porofense e ka tlhomamisa
nako le boleele jwa dipitso tse dingwe le dipaka tsa khunologo.
(2) Tonakgolo a ka epa pitso ya Kokoano ya Kgotlapeomolao ya porofense go tla pitsong e
e kgethegileng ka nako nngwe le nngwe go rera merero e e kgethegileng.
(3) Kgotlapeomolao ya porofense e epa dipitso kwa, e ka swetsang gore e tsenela pitso gona.
Babusakgotla le Batlatsa-Babusakgotla
111. (1) Kwa pitsong ya ntlha morago ga go tlhopiwa ga yona,kgotsa fa go tlhokagala go
tlatsa phatlha, Kgotlapeomolao ya porofense e tshwanetse go kgetha Mmusakgotla le Motlatsa
Mmusakgotla mo ditokololong tsa yona.
(2) Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwanetse go okama go tlhophiwa ga
Mmusakgotla kgotsa a rebole moatlhodi o mongwe go dira jalo. Mmusakgotla o okama ditlhopho
tsa Motlatsa Mmusakgotla.
(3) Thulaganyo e e atolositsweng mo Mametlelelo 3 e diragadiwa mo ditlhophong tsa
Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.
(4) Kgotlapeomolao ya porofense e ka rola Mmusakgotla kgotsa Motlatsa Mmusakgotla tiro
ka tshwetso. Bontsi ba ditokololo tsa peomolao ba tshwanetse go nna teng fa tshwetso e
atlanegisiwa.
(5) Mo mabakeng a melawana le ditaelo, Kokoano ya Bosethaba e ka tlhopha mo
ditokololong tsa yona batlhakedi ba bangwe ba ba okamang go thusa Mmusakgotla le Motlatsa
Mmusakgotla.
Ditshwetso
112. (1) Ntle le fa Molaotheo o kaela ka tsela e nngwe -
(a) bontsi ba ditokololo tsa Kgotlapeomolao ya porofense ba tshwanetse ba nna teng pele go
ka boutelwa Molaotlhomo kgotsa tlhabololo ya Molaotheo;
(b) bonnyeng nngwe-tharong ba ditokololo bo tshwanetse go nna teng pele go ka tsewa
diboutu mo ntlheng nngwe le nngwe e e fa pele ga Kokoano;
(c) dintlha tsotlhe tse di fa pele ga Kgotlapeomolao ya porofense di swetswa ka bontsi jwa
diboutu tse di tlhageletseng.
(2) Tokololo ya Kgotlapeomolao ya porofense e e okameng ga e letlwe go bouta ka tlwelo,
mme -
(a) o tshwanetse a tlhagisa boutu ya makgaolakgang fa diboutu di ile maleka matlhakoreng
oomabedi a pharela, le bile
(b) o ka tlhagisa boutu e e tlwaelegileng fa pharela e tshwanetsee go atlholwa ka tshegetso
ya boutu ya bonnye pedi-tharong ba ditokololo.
Ditshwanelo tsa baemedi ba leruri mo kgotlapeomolao ya porofense
113. Baemedi ba porofense ba leruri go Khansele ya Bosethaba ya Diporofense ba ka
tlhabolola, ba bua mo, kgotlapeomolao ya porofense le dikomiti tsa yona mme ga ba na ba bouta.
Kgotlapeomolao e ka tlhoka moemedi wa leruri go tsena pitso ya yona kgotsa ya dikomiti tsa
yona.
Dithata tsa dikgotlapeomolao tsa diporofense
114. (1) Mo go diragatseng thato ya yona ya peomolao, Kgotlapeomolao ya porofense e
ka -
(a) sekaseka, fetisa, tlhabolola kgotsa ya gana Molaotlhomo le mongwe le mongwe o o fa pele
ga kgotlapeomolao; le
(b) go simolola kgotsa go baakanya peomolao, ntle le Melaotlhomo wa dithelete.
(2) Kgotlapeomolao ya porofense e tshwanetse ya tlhomamisa ya ba ya neela mekgwa le
metsamao ya go -
(a) netefatsa gore dirwe tsotlhe tsa bodiragatsi ba puso mo karolong ya porofense ya puso di
lebanwe ke maikarabelo mo go yona; le
(b) go tshegetsa bodisa jo bo lolameng ba -
(i) tiragatso ya bothati ba bodiragatsi, ba porofense go akarediwa tiragatso ya peomolao; le
(ii) serwe sengwe le sengwe sa puso ya porofense.
Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga peomolao ya porofense
115. Kgotlapeomolao ya porofense le nngwe le nngwe ya dikomiti tsa yona di ka -
(a) biletsa tshekong mongwe le mongwe go tlhagelela fa pele ga tsona go fa bopaki ka
maikano kgotsa tlaleletso kgotsa go supa dikwalo;
(b) go senka gore motho kgotsa setheo sengwe le sengwe go e neela pego; le
(c) go gapeletsa, ka ditaelo tsa kgotlapeomolao ya porofense kgotsa melawana le ditaelo,
motho kgotsa setheo sengwe le sengwe go inaakanya le tagafara kgotsa tlhokego ka ditaelo tsa
tema (a) kgotsa (b); le
(d) go amogela diphetiene, dikemedi kgotsa ditlhagiso go tswa go bangwe le bangwe ba ba
nang le kgatlhego.
Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso tsa dikgotlapeomolao tsa diporofense
116. (1) Kgotlapeomolao ya porofense e ka -
(a) Tlhomamisa, ya laola,ya ba ya fetsa ka dithulagano tsa yona tse di ka mo go yona,
ditsweletso le ditsamaiso, le -
(b) go dira melawana le ditaelo tebang le tiro ya yona,ka kelotlhoko e e maleba ya demokerasi
e e nang le boemedi le botseokarolo, maikarabelo, e e mo pontsheng le kamego ya botlhe.
2. Melawana le ditaelo tsa Kgotlapeomolao ya porofense e tshwanetse go rulaganyetsa -
(a) go tlhomiwa, popego, maatla, ditiro, ditsamaiso le paka-tiro ya dikomiti tsa yona; le
(b) go tsaya karolo ga makokopotlana a a nang le boemedi mo kgotlapeomolao mo
ditsweletsong ka mokgwa o o lepalepanang le demokerasi;
(c) Tshegetso ya dithelete le tsamaiso go lekoko la sepolotiki lengwe le lengwe le le
emetsweng mo kgotlapeomolao, e e lekanang le boemedi, go kgontsha lekoko lengwe le lengwe
le moeteledipele wa lona go dira mediro mo Kgotlapeomolao; le
(d) go amogela moeteledipele wa lekoko le legolo la kganetso mo kgotlapeomolaong, jaaka
Moeteledipele wa Lekoko Kganetso.
Ditetlelelo
117. (1) Ditokololo tsa Kgotlapeomolao ya porofense le ditokololo tsa porofense tsa leruri
go Khansele ya Bosethaba ya Diporofense -
(a) di na le kgololosego ya go bua mo Kgotlapeomolao le mo dikomiting tsa yona, mo
taolong ya melawana le ditaelo tsa yona; le
(b) ga ba mo pharagobeng ya kotlhao ya molato wa selegae kgotsa wa tshenyo, go tshwarwa,
go tlhatlhelwa kgotsa wa ditshenyegelo ka ntlha ya -
(i) sengwe le sengwe se ba se buileng, ba se supileng kgotsa ba se tlhagisitseng go
Kgotlapeomolao kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona;
(ii) sengwe le sengwe se se upulotsweng ka lebaka la sengwe se ba se buileng mo, se
supilweng pele, kgotsa se neetswe Kgotlapeomolao kgotsa nngwe ya dikomiti.
(2) Ditetlelelo le dishireletsego dingwe tsa Kgotlapeomolao, ditokololo tsa tsona di ka kaelwa
ka peomolao ya bosethaba.
(3) Dituelo, ditshiameloketla le dithuso tse di duelelwang ditokololo tse Kgotlapeomolaong
ya porofense, ke tse di duelelwang ka tlhamalalo go tswa Lotleleng la Lotseno la porofense,jaaka
go ka laola Peomolao ya Palamente.
Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe mo kgotlapeomolaong ya porofense
118. (1) Kgotlapeomolao ya porofense e tshwanetse go -
(a) nolofatsa ka mego ya botlhe mo peomolaong le ditiragalo dingwe tsa Kgotlapeomolao le
dikomiti tsa yona; le
(b) tsamaisa tiro ya yona ka mokgwa o o phatlalatsa, le go tshwara dipitso, le tsa dikomiti tsa
yona, mo pepeneneng; mme dikgato tse di isegang di ka tsewa -
(i) go laola phitlhelelo ya batho, go akarediwa phitlhelelo ya bogasi go Kgotlapeomolao le
dikomiti tsa yona; le
(ii) go rulaganyetsa go phuruphudiwa ga mongwe le mongwe le, fa go tshwanelang,kganelo
ya go tsena kgotsa go tloswa ga motho mongwe le mongwe.
(2) Kgotlapeomolao ya porofense e ka seka ya thibela botlhe go akaretsa le bagasi, mo pitso
ya komiti ya yona ntle le fa le go le matshwanedi e bile go siame go dira jalo mo boaging jo bo
buletsweng botlhe le ba demokerasi.
Tlhagiso ya Melaotlhomo
119. Ke fela ditokololo tsa Kgotlakhuduthamaga ya porofense kgotsa komiti kgotsa tokololo
ya kgotlapeomolao e ka tlhagisang Molaotlhomo mo kgotleng ya peomolao; mme ke fela tokololo
ya Kgotlakhuduthamaga o a rweleng maikarabelo a merero ya matlotlo mo porofenseng, kgotsa
tokololo e e supilweng ke Tonakgolo, e ka tlhagisang Molaotlhomo wa dithelete mo
kokoanopeomolao.
Melaotlhomo ya Dithelete
120. (1) Molaotlhomo o o abang dithelete kgotsa o o tlhomang makgetho, le
makgethwana, ke Molaotlhomo wa dithelete. Molaotlhomo wa madi ga o na o dirana le morero
ope ntle le tefiso ya ditirelo, dikotlhao kgotsa dikotlhao dingwe tsa madi.
(2) Molao wa porofense o tshwanetse wa rulaganyetsa tsela e ka yona kgotlapeomolaong ya
porofense e ka tlhabololang Molaotlhomo wa dithelete.
Thebolo ya Melaotlhomo
121. (1) Tonakgolo ya porofense o tshwanetse go rebola kgotsa go saena Molaotlhomo
o o fetisitsweng ke lekgotlapeomolao la porofense go ya ka Kgaolo e, kgotsa fa Tonakgolo na
le dipelaelo ka bomolaotheo jwa Molaotlhomo, o o busetsa morago kwa lekgotlapeomolao go
sekasekwa.
(2) Fa morago ga go sekwasekwa, gape, Molaotlhomo o arabela dipelaelo tsa Tonakgolo
sentle, Tonakgolo o tshwanelwa ke go rebola le go saena Molaotlhomo, kgotsa fa a sa ntse ane
le dipelaelo tsa bomolaotheo ba Molaotlhomo, Tonakgolo o ka nna a -
(a) rebola le go seana Molaotlhomo; kgotsa
(b) a o romela kwa Lekgotlatshekelong la Molaotheo go re go tsewe tshwetso ka
bomolaotheo jwa one.
(3) Fa Lekgotlatshekelo la Molaotheo le swetsa gore Molaotlhomo o ka fa molaotheong,
Tonakgolo o tshwanelwa ke go o rebola a ba a o saena.
Kopo ya ditokololo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo
122. (1) Ditokololo tsa lekgotlapeomolao la porofense di ka nna tsa dira kopo kwa
Lekgotlengtshekelo la Molaotheo gore go ntshiwe taelo e e itsiseng gore ka gotlhe kgotsa karolo
ya Molao oo fetisitsweng ke lekgotlapeomolao ga o ka fa Molaotheong.
(2) Kopo -
(a) e tshwanetse go tshegediwa ke diperesente di le 20 tsa ditokololo tsa kgotlapeomolao; e
(b) e tshwanetse go dirwa mo malatsing a 30 a a latelang Katlanegiso le go saeniwa ga molao
ke Tonakgolo.
(3) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ka laela gore le mo kopong go ya ka karolwana 1 molao
kgotsa karolo ya molao fa ga e na maatla go fitlha Kgotlatshekelo e dira tshwetso ka kopo -
(a) dikgatlhego tsa bosiamisi di tlhoka se; le
(b) fa kopo e na le ditshupo tse di isegang tsa katlego.
(4) fa kopo e sa atlega, Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tshwanetse go laela bakopi go duela
ditshenyegelo ntle le fa kopo e na le ditshupo tse di isegang tsa go atlega.
Phasalatso ya Melao ya porofense
123. Molaotlhomo o o rebotsweng e bile o saennwe ke Tonakgolo ya Porofense o nna Molao
wa Porofense, o tshwanetse go phasaladiwa ka bonako e bile o simolola go dira fa o phasaladiwa
kgotsa ka letlha le le tlhomamisitsweng go ya ka Molao.
Polokego ya Melao ya porofense
124. Khopi e e saenweng ya Molao wa Porofense ke bosupi ba makgaolakgang ba ditlhagiso
tsa Molao o, e bile morago ga phasalatso, o tshwanetse go bewa mo botshepeging ba
Khotlatshekelo ya Molaotheo go o boloka.
Dikhuduthamaga tsa diporofense
Bothati ba bokhuduthamaga ba diporofense
125. (1) Bothati ba bokhuduthamaga ba porofense bo neilwe Tonakgolo ya Porofense eo.
(2) Tonakgolo o diragatsa thata ya bokhuduthamaga, mmogo le ditokololo tse dingwe tsa
Khansele ya Khuduthamaga, ka -
(a) go diragatsa peomolao mo porofenseng;
(b) go diragatsa dipeomolao tsotlhe tsa bosethaba mo makaleng a tiragatso a a kwadilweng
mo Mametlelelo 4 kgotsa 5 ntle le fa Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente o tlamela ka
mokgwa mongwe;
(c) go tsamaisa mo Porofenseng, Peomolao ya bosethaba kwa ntle le makala a ditiro tse di
kwadilweng mo Mametlelelo 4 le 5, tsamaiso eo e neilweng go ya ka Molao wa Palamente;
(d) tlhabololo le tiragatso ya maikamisetso a Porofense;
(e) go nyalanya ditiro tsa mafapha le tsamaiso ya Porofense;
(f) go bakanya le go simolola peomolao ya Porofense; le
(g) go dira ditiro dingwe le dingwe tse di di neilweng go ya ka Molaotheo kgotsa Molao wa
Palamente.
(3) Porofense e na le bothati, ba khuduthamaga go ya ka karolwana ya (2)(b) fela go fitlhelela
mo selekanyo se Porofense e nang le bokgoni ba tsamaiso go simolola boikarabelo bo bo
nonofileng. Mmuso wa sethaba, ka peomolao le dikgato tse dingwe, o tshwanetse go thusa
Porofense go tlhabolola bokgoni ba tsamaiso ya yona e e tlhokagalang mo tirisong e nonofileng
ya dithata le mo ditirong tsa bona tse diumakilweng mo karolwaneng ya (2).
(4) Kganetsano nngwe le nngwe e amanang le bokgoni ba tsamaiso ya Porofense mabapi le
tiro nngwe le nngwe e tshwanetse go romelwa kwa Khanseleng ya Sethaba ya Diporofense go
rarabololwa mo malatsing a le 30 a letlha la thomelo go Khansele.
(5) Go ya ka karolo ya 100, tiragatso ya peomolao ya porofense mo porofensing ke thata e
e kgethegileng ya khuduthamaga ya Porofense.
(6) Khuduthamaga ya Porofense e tshwanetse go dira go ya ka -
(a) Molaotheo; le
(b) Molaotheo wa Porofense, fa molaotheo o fetisitswe mo Porofenseng.
Kabelo ya ditiro
126. Tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga ya Porofensi o ka nna a abela thata kgotsa tiro
nngwe le nngwe e e tshwanetsweng go dirwa go ya ka Molao wa Palamente, kgotsa Molao wa
Porofense, go Khansele ya Mmasepala. Kabelotiro -
(a) e tshwanetse go nna go ya ka tumelelano magareng ga tokololo ya Khansele ya
Khuduthamaga o maleba le Khansele ya Mmasepala;
(b) e tshwanetse go tlhomama le Molao go ya ka thata e e maleba kgotsa tiro o o dirwang;
le
(c) go tsena mo tirisong go simolola ka kgoeletso ya Tonakgolo.
Dithata le Ditiro tsa Ditonakgolo
127. (1) Tonakgolo ya Porofense e na le dithata le ditiro tse e di neilweng mo tirong eo ka
Molaotheo le peomolao mongwe le nngwe.
(2) Tonakgolo ya Porofense e na le maikarabelo a go -
(a) atlanegisa le go saena Melaotlhomo;
(b) go romela Molaotlhomo gape kwa peomolaong ya porofense go sekwasekwa
bomolaotheo;
(c) go romela ga Molaotlhomo go Kgotlatshekelong ya Molaotheo gore go dirwe tshwetso
ka bomolaotheo ba Molaotlhomo;
(d) go bitsa Kgotlapeomolao go tla pitsong e e kgethegileng go rera merero e e kgethegileng;
(e) go tlhama dikomisi tsa patlisiso; le
(f) go tshwara refentamo mo Porofenseng go ya ka peomolao ya bosethaba.
Go tlhophiwa ga Ditonakgolo
128. (1) Ka kopano ya ntlha morago ga ditlhopho, le fa go tlhokega go tlatsa phatlhatiro,
lekgotla la peomolao la porofense le tshwanetse go tlhopha mosadi kgotsa monna fa gare ga
ditokololo tsa lona go nna Tonakgolo ya Porofense.
(2) Moatlhodi yo o supilweng ke Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo o okama
ditlhopho tsa Tonakgolo. Tsela e e supilweng mo go Karolo A ya Mametlelelo 3 e diragadiwa mo
go tlhopheng Tonakgolo.
(3) Tlhopho go tlatsa phatlhatiro ya tiro ya Tonakgolo e tshwanetse go tshwarwa ka nako le
letlha le le rebotsweng ke Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo fela e seng morago ga
malatsi a 30 morago ga go nna teng ga phatlha.
Go tsaya tiro ya Botonakgolo
129. Tonakgolo e e kgethilweng e tsaya tiro ya botonakgolo mo malatsing a matlhano, sena go
kgethiwa, ka go ikana le go dumela boikanyego go Rephaboliki le boikokobetso go Molaotheo
ka go ikana phatlalatsa go ya ka Mametlelelo 2.
Paka-Tiro ya Botonakgolo
130. (1) Paka-tiro ya Botonakgolo e simolola fa Tonakgolo e tsaya tiro mme e khutla
morago ga phatlhatiro e tlhageletse kgotsa fa motho yo o kgethilweng go nna Tonakgolo e e
latelang Tonakgolo a tsaya tiro.
(2) Ga go motho ope yo o ka nnang mo tirong ya Botonakgolo go feta dipaka tse pedi, mme
fa motho a kgethiwa go tlatsa phatlhatiro mo maemong a Tonakgolo, paka fa gare ga ditlhopho
le ditlhopho tse di latelang tsa Tonakgolo ga e kitla e tsewa jaaka paka ya tiro.
(3) Kgotlapeomolao ya porofense, ka tshwetso e e tserweng ka tshegetso ya diboutu tsa
bonnye ba pedi-tharong ya maloko a yona, a ka tlosa Tona-Kgolo mo tirong fela mo mabakeng
a -
(a) tshiamololo e e masisi ya Molaotheo kgotsa molao;
(b) go tlhoka maitseo go go masisi;
(c) go palelwa ke go dira ditiro tsa maemo a gagwe.
(4) Mongwe le mongwe yo o tlositsweng mo tirong ya BoTonakgolo go ya ka karolwana 3(a)
kgotsa (b) ga a ne a amogela meputso e pe ya maemo ao, e bile a ka seka a direla puso.
Ditonakgolo tsa Nama-o-Tshwere
131. (1) Fa Tonakgolo a seo kgotsa ka ntata ya go se kgone go dira ditiro tsa ofisi ya
Tonakgolo,kgotsa nakong e go leng phatlhatiro ya bo Tonakgolo,motlhankedi yo tlhatlhamang
Tonakgolo ka maemo o nama-a-tshwere jaaka Tonakgolo:
(a) Tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga yo a supilweng ke Tonakgolo.
(b) Tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga yo a supilweng ke ditokololo tsa Khansele ya
Khuduthamaga.
(c) Mmusakgotla, go fitlhela kgotlapeomolao e nopola mongwe wa ditokololo tse dingwe
gape.
(2) Tona-kgolo wa nama-o-tshwere o na le maikarabelo, dithata le mediro ya Tonakgolo.
(3) Pele a rwala maikarabelo, ditlamego le mediro ya Tonakgolo, Tonakgolo nama-o-tswhere
o tshwanetse go ikana kgotsa a itlama boikanyego go Rephaboliki le ikobo bo Molaotheo go ya
ka Mametlelelo 2.
Dikhansele tsa Khuduthamaga
132. (1) Khansele ya Khuduthamaga ya porofense e bopiwa ke Tonakgolo jaaka tlhogo ya
Khansele, le palo e e seng fa tlase ga tlhano le e e sa feteng lesome ya ditokololo tse tse
tlhophilweng ke Tonakgolo mo ditokololong tsa kgotlapeomolao.
(2) Tonakgolo ya porofense o tlhopha ditokololo tsa Khansele ya khuduthamaga,a ba abele
dithata le ditiro, e bile a ka ba rola tiro.
Maikarabelo a Ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga
133. (1) Ditokololo tsa Khansele ya khuduthamaga ya porofense di rwele maikarabelo a
ditiro tsa khuduthamaga jaaka ba e abetswe ke Tonakgolo.
(2) Ditokololo tsa Khuduthamaga ya porofense ba rwele maikarabelo ka bojotlhe le ka
bongwe ka bongwe go kgotlapeomolao ka tiragatso ya mediro ya bona.
(3) Ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga ya porofense di tshwanetse -
(a) go dira mo tatelanong le Molaotheo; le
(b) go naya Kokoanopeomolao dipego ka botlalo nako le nako tebang le mabaka a a mo tlase
ga taolo ya bona.
Go tswelela ga Dikhansele tsa Khuduthamaga morago ga ditlhopho
134. Fa ditlhopho tsa kgotlapeomolao di tshwarwa, Khansele ya khuduthamaga le ditokololo
tsa yona di sala di na le nonofo go dira go fitlha motho yo a tlhophilweng go nna Tonakgolo ke
Kokoano ya peomolao a tsena mo maemong.
Ikano kgotsa tumelo
135. Pele ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga ya porofense di simolola go dira ditiro tsa
bona, ba tshwanetse go ikana kgotsa go dumela boikanyego ba bona go Rephaboliki le boikobo
go Molaotheo, go ya ka Mametlelelo 2.
Maitsholo a ditokololo tsa Dikhansele tsa Dikhuduthamaga
136. (1) Ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga ya porofense di tshwanetse go dira go
ya ka Khoute ya melawana ya maitsholo e e beilweng ke peomolao ya bosethaba.
(2) Ditokololo tsa Khansele ya Bosethaba ga di a letlega -
(a) go dira tiro nngwe gape e e duelang;
(b) go dira ka tsela e e sa nyalaneng le ofisi ya bona kgotsa go ipaya mo kemong e e nang le
matshosetsi a thulano fa gare ga maikarabelo a bona a semolao le dikgatlhego tse di poraefete;
kgotsa
(c) ba dirisa maemo kgotsa tshedimoso e ba e neetsweng ka botshepegi go ikhumisa kgotsa
go naya thuso ka mokgwa o o sa lolamang go motho mongwe gape.
Tshutiso ya ditiro
137. Tonakgolo ka phasalatso o ka sutisetsa go tokololo ya kgotla ya khuduthamaga -
(a) tsamaiso ya peomolao nngwe e e roletsweng go tokololo e nngwe; kgotsa
(b) thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e roletsweng ka peomolao go tokololo e nngwe.
Kabelo ya nakwana ya ditiro
138. Tonakgolo ya porofense e ka abela tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga dithata kgotsa
mediro mengwe le mengwe ya tokololo e e seong mo ofising kgotsa a retelelwa ke go diragatsa
dithata kgotsa mediro eo.
139. (1) Fa mmasepala a retelelwa kgotsa a sa dire ditshwanelo tsa gagwe tsa bodiragatsi
mo mabakeng a peomolao kgotsa Molaotheo, khuduthamaga ya porofense e ka tsereganya go
tsaya dikgato tse di maleba go kgontsa go dirwa ga ditshwanelo tseo, go akarediwa -
(a) go ntsha kaelo go Khansela ya Mmasepala, e e tlhalosang selekano sa go retelelwa ke go
dira ditshwanelo le go tlhagisa dikgato dingwe le dingwe tse di tlhokegang go dira ditshwanelo;
le
(b) go tsaya boikarabelo tebang le ditshwanelo tse di maleba mo mmasepaleng oo go isa fa
go tlhokegang go -
(i) go tshegetsa maemo a a botlhokwa a sethaba kgotsa go fitlhelela maemo a a tlhomilweng
a bosethaba a go naya tirelo;
(ii) go kganela mmasepala oo go tsaya kgato e e sa isegeng e e gobelelang kgatlego ya
mmasepala o mongwe kgotsa ya porofense ka bophara;
(iii) go tshegetsa kitlano ya ikonomi.
(2) Fa khuduthamaga ya porofense e tsereganya mo mmasepaleng mo mabakeng a karolwana
(1) (b) -
(a) kitsiso ya tsereganyo e tshwanetse go khutlha ntle le fa e letlilwe ke tokololo ya kabinete
e e nang le maikarabelo mo mererong ya pusoselegae mo malatsing a 14 morago ga tseraganyo;
(b) kitsiso ya tsereganyo e tshwanetse go tlhagisiwa mo Kgotlapeomolaong ya porofense le
mo Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense mo malatsing a le 14 morago ga fa e fetsa go
kopano la ntlha morago ga tsereganyo e simolotse;
(c) tsereganyo e tshwanelwa go khutla, ntle le fa e rebotswe ke Khansele mo malatsing a 30
a pitso ya ntlha go tloga tsereganyo e simologile; gape
(d) Khansele e tshwanetse go sekaseka tsereganyo nako le nako e be e neele katlenegiso e e
maleba go khuduthamaga ya bosethaba.
(3) Peomolao ya bosethaba e ka laola tiragatso e e tlhomilweng mo karolong e.
Ditshwetso tsa khuduthamaga
140. (1) Tshwetso ya Tonakgolo ya porofense e tshwanetse go nna e e kwadilweng fa -
(a) e tsena go ya ka molao; kgotsa
(b) e na le ditlamorago tsa semolao.
(2) Tshwetso e e kwadilweng ya ga Tonakgolo e tshwanetse go saeniwa ke tokololo e nngwe
Khuduthamaga ya Khansele fa tshwetso eo e amana tiro e e abetsweng tokololo eo.
(3) Dikgoeletso, melawana le didiriswa dingwe tse di mo taolong ya peomolao ya porofense
di tshwanetse go ka fitlhelelwa ke batho botlhe.
(4) Peomolao ya porofense e tshwanetse go totobatsa mokgwa o ka ona, le phitlhelelo e ka
yona, didiriswa tse di umakiwang mo karolwana (3) di tshwanetseng go -
(a) atlhaatlhiwa mo peomolaong ya porofense; le
(b) go atlanegisiwa ke peomolao ya porofense.
Ditshitshinyo tsa go tlhoka boikanyego
141. (1) Fa Kgotlapeomolao ya porofense ka tlhopho ya bontsi ba ditokololo tsa lona ba
fetisa tlhopho ya go tlhoka boikanyego mo Khanseleng ya Khuduthamaga ya porofense go sa
akarediwe Tonakgolo, Tonakgolo o tshwanetse go aga Khansele sewa.
(2) Fa Lekgotlamolao la porofense ka tlhopho ya bontsi jwa ditokololo tsa lona le fetisa
tlhopho ya go tlhoka boikanyo mo go Tonakgolo ya porofense, Tonakgolo le ditokololo dingwe
tsa Khansele ba tshwanetse go leboga tiro.
Melaotheo ya porofense
Kamogelo ya melaotheo ya porofense
142. Kgotlapeomolao ya porofense e ka fetisa molaotheo wa porofense, kgotsa fa go kgonega
ya fetola molaotheo wa yona, fa fela bonnye ba pedi-tharong ba ditokololo tsa yona bo bouta go
dumelelana le molaotlhomo.
Diteng tsa melaotheo ya porofense
143. (1) Molaotheo wa porofense kgotsa tlhabololo ya molaotheo e tshwanetse go
tsamaelana, le Molaotheo o, mme o ka tshegetsa -
(a) kgotlapeomolao ya porofense kgotsa popego ya Khuduthamaga le ditsamaiso tse di
farologanang le tseo di tshegetswang mo Molaotheong o; kgotsa
(b) sesotho, seabe, bothati le maemo a bogosi ba setso.
(2) Ditshiamelo tse di tsentsweng mo molaotheong wa porofense kgotsa tlhabololo ya
molaotheo go ya ka ditema tse; (a) le (b) tsa karolwana (1) -
(a) Di tshwanetse go tsamaelana le kgaolo e le meetlo e e mo go karolo 1; le
(b) E ka se neele porofense thata nngwe le ngwe ya dithata kgotsa mediro e e welang -
(i) kwa ntle ga tikologo ya bokgoni ba porofense ka ditaelo tsa Mametlelelo 4 le 5; kgotsa
(ii) kwa ntle ga dithata le mediro e e roletsweng kgo porofense ke dikarolo dingwe tsa
Molaotheo.
Kano ya melaotheo ya porofense
144. (1) Fa peomolao ya porofense e fetisitse kgotsa e tlhabolotse molaotheo,
Mmusakgotla sa Kgotlapeomolao se tshwanetse go isa diteng tsa molaotheo kwa
kgotlatshekelong ya Molaotheo go kaniwa.
(2) Ga go diteng tsa molaotheo wa Porofense kgotsa tlhabololo ya molaotheo e e ka nnang
molao go fitlhelela kgotlatshekelo ya molaotheo e kanne -
(a) gore diteng tsa molaotheo di fetisitswe go ya ka karolo 142; le
(b) gore diteng tsotlhe di tsaemaelana le Karolo 143.
Tshaeno, phasalatso le polokego ya melaotheo ya porofense
145. (1) Tonakgolo ya porofense o tshwanetse go dumela le go saena diteng tsa molaotheo
wa porofense kgotsa tlhabololo ya molaotheo e e kannweng ke kgotla ya Molaotheo.
(2) Molaotheo o o atlanegitsweng e bile o saennwe ke Tonakgolo o tshwanetse go
phasaladiwa mo kaseteng ya puso ya Bosethaba e bile o tsena mo tirisong ka phasalatso kgotsa
ka letlha la moragonyana le le tlhomamisitsweng ka ditaelo.
(3) Molaotheo wa porofense o o saennweng kgotsa tlhabololo ya Molaotheo ke bopaki bo
bo feletseng ba dithulaganyetso tsa ona. Le gore, morago ga phasalatso, o tshwanetse go neelwa
kgotlatshekelo ya peomolao go nna mo pabalesegong.
Melao e e kgatlhanong/ sa dumelelaneng
Dikgotlhang fa gare ga peomolao ya bosethaba le ya porofense
146 (1) Karolo e e dira mo kgotlhang fa gare ga peomolao ya bosethaba le peomolao ya
porofense e e welang mo tikologog ya tiro e e mo lenaaneng la Mametlelelo 4.
(2) Peomolao ya bosethaba e e diragatswang ka go tshwana mo nageng ka bophara, e okama
peomolao ya porofense fa lengwe la mabaka a a latelang le fitlheletswe:
(a) Peomolao ya bosethaba e dira ka lebaka leo le ka sekeng la laolwa sentle ke peomolao
e e dirilweng ke diporofense tse di farologaneng.
(b) Peomolao ya bosethaba e dira ka lebaka, leo e leng gore fa lo tshwanetse go diragatswa
ka tshwanelo, le tlhoka tekatekano mo nageng yotlhe, mme peomolao ya bosethaba e neelana
ka tekatekano e, ka go tlhama -
(i) meono le dikemo;
(ii) metheo; kgotsa
(iii) Maikemisetso a bosethaba.
(c) Peomolao ya bosethaba e botlhokwa go -
(i) tshegetso ya pabalesego ya bosethaba;
(ii) tshegetso ya kopano ya ikonomi;
(iii) tshireletso ya mmaraka wa botlhe go ya ka tshutiso ya dithoto, ditirelo matlotlo le bodiri;
(iv) thotloetso ya ditirelo tsa ikonomi go ralala melelwane ya porofense;
(v) thotloetso ya dithono tse di lekalekanang kgotsa tshiamelo e e lekanang mo ditirelong tsa
puso; kgotsa
(vi) tshireletso ya tikologo.
(3) Peomolao ya bosethaba e okama peomolao ya porofense fa e lebisitswe go thibelela kgato
e e senang boikarabelo ya porofense e -
(a) e gobelelang mo dikgatlhegong tsa ikonomi, bophelo le tshireletso tsa porofense e nngwe
kgotsa naga ka bophara; kgotsa
(b) e kgopakgopetsa tiragatso ya maikemisetso a bosethaba a ikonomi.
(4) Fa go na le kgotlhang ya gore a peomolao ya bosethaba e botlhokwa mo lebakeng le le
beilweng mo karolwaneng 2(c), mme kgotlhang e tla mo Kgotlatshekelong gore go tsewe
tshwetso, Kgotlatshekelo e tshwanetse go tlotla go amogelwa kgotsa go kganelwa ga peomolao
e, Khansele ya Bosethaba ya diporofense.
(5) Peomolao ya porofense e rena godimo ga peomolao ya bosethaba fa karolwana (2 )
kgotsa (3) e sa dire.
(6) Molao o o dirilweng go ya ka Molao wa Palamente kgotsa molao wa porofense o dira fela
fa molao oo o atlanegisitswe ke Khansele ya Bosethaba ya Diporofense.
(7) Fa Khansele e sa fitlhelele tshwetso mo malatsing a a 30 a pitso ya yona ya ntlha morago
ga fa molao o rometswe go yona, peomolao e tshwanetse go sekasekelwa mabaka otlhe gore o
atlanegisitswe ke Khansele.
(8) Fa Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e sa atlanegise molao o o umakiwang mo go
karolwana (6)(a),o tshwanetse, mo malatsing a a 30 a tshwetso ya yona, e tlhagise mabaka a go
reng e sa atlanegisa molao go bothati bo bo rometseng molao go yona.
Dikgotlhang tse dingwe
147. (1) Fa go na le kgotlhang fa gare peomolao ya bosethaba le tshiamelo ya molaotheo
wa porofense go ya ka -
(a) lebaka leo Molaotheo o totatota o batlang kgotsa o akanyang go tsweledisa ya peomolao
ya bosethaba, peomolao ya bosethaba e laola tshiamelo e e amegang ya molaotheo wa
porofense; kgotsa
(b) tseregano ya peomolao ya bosethaba ka mabaka a karolo 44 (2), peomolao ya bosethaba
e e okama dithulaganyetso tsa molaotheo wa porofense; kgotsa
(c) morero o o leng mo ditikologong ya bodiragatsi tse di kwadilweng mo lenaaneng la
Mametlelelo 4, karolo 146 a fa e kete thulaganyetso ya molaotheo wa porofense ke peomolao ya
porofense e e umakiwang mo karolong eo.
(2) Peomolao ya bosethaba e e umakiwang mo karolo 44(2) e okama peomolao ya porofense
mo mererong e e umakiwang mo ditikologong tsa bodiragatsi tse di dutilweng mo Mametlelelong
5.
Dikgotlhang tse di ka se keng tsa swetswa
148. Fa kganetsano e e amang kgotlhang e ka seke ya swetswa ke kgotla peomolao ya
bosethaba e laola peomolao ya porofense kgotsa molaotheo wa porofense.
Maemo a peomolao e e se nang taolo
149. Tshwetso ya kgotla ya gore peomolao e na le taolo godimo ga peomolao e nngwe ga e
bonshe gore peomolao eo ga e a siama, mme peomolao eo ga e dire fa kgotlhang e santse e le
teng.
Thanolo ya dikgotlhang
150. Fa go sekwasekwa kgotlhang e e bonalang fa gare ga peomolao ya bosethaba le
porofense, kgotsa fa gare ga peomolao ya bosethaba le molaotheo wa porofense, kgotlatshekelo
nngwe le nngwe e tshwanetse go tlhopha thanolo e e isegang ya peomolao kgotsa molaotheo e
e tilang kgotlhang, godimo ga thanolo nngwe le nngwe e sele e pheletso ya yona e leng kgotlhang.
Kgaolo 7
PUSO SELEGAE
Maemo a bommasepala
151. (1) Lekala la puso la selegae e diriwa ke boMmasepala, ba ba tshwanetseng go
tlhomiwa naga ka bophara ba Rephaboliki.
(2) Bothati ba bodiragatsi le ba peomolao ba mmasepala bo rolwetse mo Khanseleng ya
Mmasepala wa yona.
(3) Mmasepala o na le tshwanelo ya go laola ka ithaopo ya yona, merero ya puso selegae ya
setlhopa sa magae, ka taolo ya peomolao wa bosethaba le ya porofense, jaaka go
rulaganyeditswe mo Molaotheong.
(4) Puso ya bosethaba le ya porofense ga di na di kgoreletsa kgotsa di kgopakgopetsa
bokgoni ba mmasepala kgotsa tshwanelo go diragatsa maatla a ona kgotsa go dira mediro ya ona.
Maikaelelo a puso ya selegae
152 (1) Maikaelelo a puso ya selegae ke -
(a) go rulaganya ditlhopa tsa magae puso e e demokeratiki le maikarabelo;
(b) go netefatsa neelo ya ditirelo go ditlhopa tsa magae ka mokgwa o o ka tswelediwang;
(c) go tsweletsa tlhabololo ya leago le ikonomi porofense;
(d) go tsweletsa tikologo e e sireletsegileng e e nang le pholo;
(e) go rotloetsa go tsaya karolo ga ditlhopa tsa magae le mekgatlho ya magae mo mererong
ya pusoselegae.
(2) Mmasepala o tshwanela go kgaratlhela, go ya ka dithata tsa thelete le bokgoni ba
botsamaisi, phitlhelelo ya maikaelelo a a tlhagisitsweng mo karolwaneng (1).
Ditiro tsa tlhabololo tsa bommasepala
153. Khansele ya Mmasepala e tshwanela -
(a) go bopa le go okama botsamaisi, tekanyetso, le go loga maano, go naya botlapele go
ditlhokego tsa theo go ditlhopa tsa magae, le go tsweletsa tlhabololo ya loago le ikonomi ya
ditlhopa tsa magae; le
(b) go tsaya karolo mo Manaaneng a tlhabolola ya bosethaba le ya diporofense.
Bommasepala mo pusong ya tirisano
154 (1) Puso ya bosethaba le ya porofense, ka peomolao le dikgato dingwe, di tshwanela
go tshegetsa le go tiisa nonofo ya puso tsa bo mmaasepala go laola merero le ditiro tsa yona, go
dirisa maatla le go dira mediro ya yona.
(2) Molaotlhomo wa bosethaba kgotsa wa porofense o o amang maemo, ditheo, maatla
kgotsa mediro ya mebuso ya selegae o tshwanela go phasaladiwa gore o atlhaatlhiwe ke batho
botlhe pele o ise o tlhagisiwe mo Kokoanopeomolao ya Bosetaba kgotsa peomolao ya porofense,
ka mokgwa o o letlang puso selegae e e rulaganeng, bo Mmasepala, le batho bangwe ba ba nang
le dikgatlhego thono go lere ditlhagiso tebang le Molaotlhomo.
Go tlhomiwa ga bommasepala
155 (1) Go na le methale e e latelang ya bommasepala:
(a) Mothale wa A: Mmasepala o o nang le bothati ba bokhuduthamaga le ba peomolao tse di
tletseng mo karolong ya ona fela.
(b) Mothale wa B: Mmasepala o o aroganang bothati ba bokhuduthamaga le ba peomolao mo
karolong ya ona le mmasepala wa mothale wa C, o o welang mo karolong ya ona.
(c) Mothale wa C: Mmasepala o o nang le bothati ba bokhuduthamaga le ba peomolao mo
karolong e e akaretsang bommasepala ba ba fetang bonngwe.
(2) Peomolao ya bosethaba e tshwanetse go tlhomamisa mefuta e e farologaneng ya
bommasepala ba ba ka tlhamiwang mo mothaleng mongwe le mongwe.
(3) Peomolao ya bosethaba e tshwanetse -
(a) go tlhama dielo tsa go lekanyetsa fa karolo e tshwanetse go nna le mothale o le mongwe
wa A wa mmasepala kgotsa e tshwanetse go nna le bommasepala ba methale e mebedi ya B le C.
(b) go tlhama dielo le dithulaganyetso tsa tekanyetso ya melelwane ya bommasepala ka bothati
bo bo ikemetseng; le
(c) go ya ka karolo 229, go dira dikaelo tsa kgaogano e e siameng ya ditheta le ditiro fa gare
ga bommasepala, fa karolo e na le bommasepala ba methale e mebedi ya B le C. Kgaoganyo ya
dithata le ditiro fa gare ga mmasepala wa mothale wa B le mmasepala wa mothale wa B le
mmasepala wa mothale wa C, e ka farologana mo kgaoganyong ya dithata le ditiro fa gare ga
mmasepala o mongwe wa mothale wa B le o mongwe wa mothale wa C.
(4) Peomolao e e umakiwang mo karolwaneng (3) e tshwanetse go tsaya tsia tlhokego ya go
neela ka ditirelo tsa ga mmasepala ka tekatekano le ka dinako tshotlhe.
(5) Peomolao ya porofense e tshwanetse go lekanyetsa mefuta e e farologaneng ya
bommasepala e e tshwanetseng go tlhamiwa mo porofenseng.
(6) Puso nngwe le nngwe ya porofense e tshwanetse go tlhama bommasepala mo porofense
ya yona ka tsela e e lepalepanang le peomolao e e beilweng go ya ka dikarolwana (2) le (3) le ka
peomolao kgotsa dikgato dingwe, e tshwanetse go -
(a) neelana ka go elwatlhoko le thuso ya pusoselegae mo porofenseng; le
(b) rotloetsa tswelelopele ya bokgoni jwa pusoselegae go kgontsha bommasepala go dira
ditiro tsa bona le go tsamaisa merero ya bona.
(7) Puso ya bosethaba, go ya ka karolo 44, le dipuso tsa diporofense di na le bothati ba
peomolao le ba bokhuduthamaga go tlhokomela go bommasepala ba dira ditiro tsa bona ka
botlalo go ya ka dintlha tse di mo lenaaneng la Mametlelelo 4 le 5, ka go laola tiragatso ya bothati
ba bommasepala bo bo umakiwang mo karolong 156(1).
Dithata le ditiro tsa bommasepala
156 (1) Mmasepala o na le bothati ba bodiragatsi tebang le, e bile o na le thata ya go
tsamaisa -
(a) merero ya puso selegae e e mo lenaaneng la Karolo B ya Mametlelelo 4 le karolo B ya
Mametlelelo 5, ka taolo ya peomolao ya bosethaba le ya porofense; le
(b) morero mongwe le mongwe o o neetsweng kgotsa o o roletsweng go ona ka peomolao
ya bosethaba kgotsa ya porofense.
(2) Mmasepala o ka tlhama wa ba wa diragatsa melawana gore merero e o nang le tshwanelo
go e tsamaisa e tsamaisege ka nonofo; le
(3) Ka taolo ya karolo 151(4), molawana o o kgatlhano le peomolao ya bosethaba le ya
porofense ga o na boleng. Fa go le kganetsano fa gare ga molawana le peomolao ya bosethaba
le ya porofense e sa sa direng ka ntlha ya kganetsano e e umakiwang mo karolong 149, molawana
o tshwanetse go tsewa o na le boleng go ya nako e peomolao eo e sa direng.
(4) Dipuso tsa bosethaba le tsa diporofense di tshwanetse go neela kgotsa tsa rolela go
Mmasepala, ka tumalano e bile ka taolo ya mabaka mangwe le mangwe, tsamaiso ya morero o o
kwadilweng mo karolo A ya Mametlelelo 4 kgotsa karolo A ya Mametlelelo 5 e ka tlhokego e
amanang le puso selegae, fa -
(a) morero oo o ka tsamaisiwa ka nonofo e e gaisang selegae; le
(b) Mmasepala a na le bokgoni ba go o diragatsa.
(5) Mmasepala o na le tshwanelo go diragatsa maatla mangwe le mangwe tebang le morero
o go iseng gore o botlhokwa, kgotsa o ka nna jaalo, go tsamaisa mediro tsa ona ka mafolofolo.
Sebopego le tlhopho ya Dikhansele tsa Bommasepala
157. (1) Khansele Mmasepala e bopiwa ke -
(a) ditokololo tse di tlhomilweng tatelano le dikarolwana (2), (3), (4), le (5); kgotsa
(b) fa go rulaganyeditswe ke peomolao ya bosethaba -
(i) ditokololo tse di tlhomilweng ke Khansele ya Mmasepala o mongwe go emela Khansele
e nngwe eo; kgotsa
(ii) ditokololo ka bobedi di tlhophilwe go ya ka temana (a) le ditokololo di thapilweng go ya
ka temana (b)(i).
(2) Go tlhophiwa ga ditokololo go Khansele ya Mmasepala jaaka go lebeletswe mo karolwana
(1) (a) go tshwanela go nna ka tatelanong le peomolao ya bosethaba, e e tshwanelang go baya
mokgwa wa tsamaiso -
(a) wa boemedi ba kabelano bo bo ikaegileng mo karolong ya batlhophi ba Mmasepala yoo
ba ba mo lenaanong le le lengwe la batlhophi, le le rulaganyeditsweng go kgethiwa ga ditokololo
mo gare ga manaane a maina a bo ntlhopheng a a latelanang ka fa kgatlhegong ya lekoko; kgotsa
(b) boemedi ka kelano jaaka go tlhalositswe mo kgaolong (a) go golagane le mokgwa wa
boemedi ka dikarolo go ikaegilwe mo karolong ya Mmasepala ya lenaneo le le lengwe la
bosethaba la batlhophi.
(3) Thulagano ya ditlhopho mo ditaelong tsa karolwana 2 e e tshwanetse go netefatsa gore
palogotlhe ya ditokololo tse di tlhophilweng go tswa lekokong lengwe le lengwe e supa dikelano
gotlhe ya diboutu tse di kwadilweng tsa makoko ao.
(4) Fa thulaganyo ya go tlhopha e akaretsa boemedi ka dikarolo, go kgaoganngwa ga dikarolo
go tshwanetse ga diriwa ke bothati bo bo ikemetseng bo bo tlhophilweng ka mabaka, e bile bo
diragatsa ka tatelo ya dithulaganyo le kelo tse di beilweng laotweng ke, peomolao ya bosethaba.
(5) Motho a ka bouta mo go Mmasepala fela fa motho yoo a kwadisitswe mo karolong ya
Mmasepala ya boikwadiso jwa bosethaba ya batlhophi.
(6) Peomolao ya bosethaba e e umakiwang mo karolwaneng ya (1)(b) e tshwanetse go
tlhama thulaganyo e e letlang makoko le dikgatlhego tse di itshupang mo Khanseleng ya ga
Mmasepala e e thapang badiri, gore die emelwe ka tshwanelo mo Khanseleng ya ga Mmasepala
e go thapiwa go dirwang mo go yona.
Botokololo ba Dikhansele tsa Bommasepala
158. (1) Moagi mongwe le mongwe o a nonofileng go boutela Khansele ya Mmasepala o
na le tshiamelo ya go tlhophiwa go nna tokololo ya Khansele eo, ntle le -
(a) mongwe le mongwe yo a tlhomilweng ke; kgotsa a le tlhophilweng ke, kgotsa a le mo
tirong ya, Mmasepala e bile a amogela tuelo ya go thapiwa kgotsa go dira, yo e bile a sa
gololwang mo kiletsong e ka mabaka a peomolao ya bosethaba;
(b) mongwe le mongwe yo a thapilweng ke, kgotsa a le mo tirong ya, Puso mo ntlheng e
nngwe, e bile a amogela tuelo ya go tlhopiwa goo kgotsa tiro eo, yo e bile a ileditsweng mo
botokololong ba Khansele mo mabakeng a peomolao ya bosethaba;
(c) mmongwe le mongwe yo a ileditsweng go boutela Kokoano ya Bosethaba kgotsa a
ileditswe mo mabakeng a karolo 47(1) (c),(d) kgotsa (e) go nna tokololo ya Kokoano;
(d) tokololo ya Kokoano ya Bosethaba,Khansele ya Bosethaba ya Diporofense kgotsa
kgotlapeomolao ya porofense; mme kiletso e ga e ame tokololo ya Khansele ya Mmasep ala o a
emetseng puso-selega mo Khanseleng ya Bosethaba; kgotsa
(e) tokololo ya Khansele ya Mmasepala mongwe; mme go amogiwatshiamelo ga go dire go
tokololo ya Khansele ya masepala o a emetseng Khansele eo mo Khanseleng ya Mmasepala e
nngwe ya mothale o o farologaneng.
(2) Motho yo a sa nang tshiamelo go tlhophiwa go nna tokololo ya Lekgotla la Mmasepala
mo mabakeng a karolo (1) (a), (c), (d) le (e) e ka nna ntlhopheng wa Khansele ka taolo ya
dikiletso kgotsa mabaka a a tlhomilweng ke peomolao ya bosethaba.
Dipaka tsa Bommasepala
159. Paka ya Khansele ya Mmasepala ga e na e feta ngwaga tse nne, jaaka go beilwe ka
peomolao ya bosethaba.
Ditsamaiso tsa ka fa teng
160. (1) Khansele ya ga Mmasepala -
(a) e dira ditshwetso mabapi le tiragatso ya dithata tsotlhe le go dirwa ga ditiro tsotlhe tsa ga
mmasepala;
(b) e tshwanetse go tlhopha modulasetilo wa yona;
(c) e tshwanetse go tlhopha komiti ya khuduthamaga le dikomiti tse dingwe, go ya ka
peomolao ya bosethaba;
(d) e ka thapa badiri ba ba tshwanetseng go diragatsa ditiro tsa ona ka botlalo.
(2) Ditiro tse di latelang di ka seka tsa dirwa ke Khansele ya ga Mmasepala:
(a) go fetisiwa ga melawana;
(b) go amogelwa ga ditlhotlhwa-kakangwa;
(c) go duedisa direite, makgetho mangwe, makgethwana, dituelelo;
(d) le go adima madi.
(3) (a) Bontsi ba maloko a Khansele ya ga Mmasepala ba tshwanetse go nna teng pele
boutu e ka dirwa mo ntlheng nngwe le nngwe.
(b) Dipotso tsotlhe mabapi le dintlha tse di umakiwang mo karolwaneng (2) di laolwa ke
tshwetso e e tserweng ke Khansele ya ga Mmasepala ka boutu e e tshegediwang ke bontsi jwa
maloko a yona.
(c) Dipotso tsotlhe tse di fa pele ba Khansele ya ga Mmasepala di swetswa ka bontsi jwa
diboutu tse di neetsweng.
(4) Ga go na molawana o o ka fetisiwang ke Khansele ya ga Mmasepala ntle le fa -
(a) Maloko otlhe a Khansele a itsisitswe pele ga nako; le
(b) Molawana o o tlhagisiwang o, o setse o phasaladitswe gore botlhe ba neele ditshwanelo.
(5) Pemolao ya bosethaba e ka naya seelo sa go lekanyetsa -
(a) Bogolo jwa Khansele ya ga Mmasepala;
(b) Gore a Dikhansele tsa ga Mmasepala di ka tlhopha Komiti ya Khuduthamaga kgotsa
komiti nngwe le nngwe; kgotsa
(c) Bogolo jwa komiti ya Khuduthamaga kgotsa komiti nngwe le nngwe ya Khansele ya ga
Mmasepala.
(6) Khansele ya ga Mmasepala e ka dira melawana e e tlhagisang melao le ditaelo tsa -
(a) Thulaganyo ya yona ya ka fa teng;
(b) Merero le ditsamaiso tsa yona;
(c) Go tlhamiwa, kago, tsamaiso, dithata le ditiro tsa dikomiti tsa tsona.
(7) Khansele ya ga Mmasepala e tshwanetse go dira merero ya yona mo pontsheng, mme e
ka iletsa dipitso tsa yona, kgotsa tsa dikomiti tsa yona, fa fela go le matshwanedi go dira jalo go
lebile boleng jwa morero o o tshwerweng.
(8) Maloko a Khansele ya ga Mmasepala a letlelelwa go tsaya karolo mo ditsamaisong tsa
yona le tsa dikomiti tsa yona ka mokgwa o o -
(a) Letlang makoko le dikgatlhego tse di itshupang mo Khanseleng gore di emelwe ka
tshwanelo;
(b) Lepalepanang le demokerasi; le
(c) Ka laolwang ke peomolao ya bosethaba.
Ditetlelelo
161. Peomolao mo lekaleng la peomolao ya bosethaba e ka rulaganyetsa ditetleleleo le
ditshireletsego tsa Makgotla a boMmasepala le ditokololo tsa ona.
Phasalatso ya melawana ya bommasepala
162. (1) Molawana wa Mmasepala o ka tsenngwa mo tirisong fela fa o phasaladitswe mo
kaseteng ya semolao ya porofense e e maleba.
(2) Kasete ya puso ya porofense e tshwanela go phasalatsa molawana wa Mmasepala fa e
lopiwa ke mmasepala oo.
(3) Melawana ya Mmasepala e tshwanetse go ka fitlhelelwa ke botlhe.
Puso selegae e e rulaganeng
163. Molao wa Palamente o o tsentsweng mo tirisong go ya ka thulaganyo e e tlhomilweng ka
karolo 76 o tshwanela -
(a) go rulaganyetsa tshekegelo mekgatlo e e emetseng puso ya selegae mo karolong tsa puso
ya bosethaba le ya porofense; le
(b) go tlhomamisa dithulaganyo tseo puso ya selegae e ka -
(i) rerisanang le puso ya bosethaba kgotsa ya porofense.
(ii) rebola baemedi go tsaya karolo Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense; le
(iii) go tlhaola batho ba tla nnang mo Khomieneng ya Dithelete.
Merero e mengwe
164. Merero yotlhe e e amang puso ya selegae e e sa phethagatswang mo Molaotheong e ka
tlhomamisiwa ka peomolao wa bosethaba kgotsa ka peomolao ya porofense mo lekaleng la
peomolao ya bosethaba.
Kgaolo 8
DIKGOTLATSHEKELO LE
TSAMAISO YA BOSIAMISI
Bothati ba boatlhodi
165. (1) Bothati ba boatlhodi ba Rephaboliki bo neetswe dikgotlatshekelo.
(2) Dikgotlatshekelo di ikemetse ka botsona, e bile di laolwa fela ke Molaotheo le molao, o
di tshwanetseng go o diragatsa ka go se tseye matlhakore le ntle le poifo, ditlhotlho, kgotsa
kgobelelo.
(3) Ga go na motho kgotsa sethwe sepe sa puso se se tla kgoreletsang tsamaiso ya
dikgotlatshekelo.
(4) Dithwe tsa puso, go ya ka peomolao le dikgato dingwe, di tshwanetse go thusa le go
sireletsa dikgotlatshekelo go netefatsa go ikemela, go se tseye matlhakore, seriti, phitlhelelo le
bokgoni ba dikgotlatshekelo.
(5) Taelo kgotsa tshwetso e e filweng ke kgotlatshekelo e tlama batho botlhe le dithwe tsa
puso fa e dirang gone.
Dithwe tsa boatlhodi
166. Dikgotlatshekelo ke -
(a) Kgotlatshekelo ya Molaotheo;
(b) Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo;
(c) Dikgotlatshekelokgolo, go akarediwa dikgotlatshekelokgolo dingwe le dingwe tsa
boikuelo tse di ka tlhomiwang go ya ka Molao wa Palamente go reetsa maikuelo go tswa
Dikgotlatshekelokgolo;
(d) Dikgotlatshekelo tsa boMagiseterata;
(e) Kgotlatshekelo nngwe le nngwe e e tlhomilweng kgotsa e tsewa tsia go ya ka Molao wa
Palamente, go akarediwa kgotlatshekelo ya maemo a a tshwanang le a Dikgotlatshekelokgolo
kgotsa Dikgotlatshekelo tsa boMagiseterata.
Kgotlatshekelo ya Molaotheo
167. (1) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e na le Poresidente, Motlatsa-Poresidente, le
baatlhodi ba bangwe ba le robongwe.
(2) Morero o o fa pele ga Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwanetse go swediwa ke bonnye
baatlhodi ba le robedi.
(3) Kgotlatshekelo ya Molaotheo -
(a) ke kgotlatshekelo e e kwa godimodimo mo mabakeng otlhe a molaotheo;
(b) e ka swetsa fela ka mabaka a Molaotheo le merero e e amanang le ditshwetso mo
mererong ya molaotheo; le
(c) e dira tshwetso ya bofelo fa morero e le morero wa Molaotheo, kgotsa fa morero o ka bo
o amana le tshwetso mo morerong wa molaotheo.
(4) Ke kgotlatshekelo ya Molaotheo fela e ka -
(a) swetsang dikgotlhang magareng ga dithwe tsa puso mo lekaleng la bosethaba kgotsa la
porofense tse di amanang le maemo a Molaotheo, dithata kgotsa ditiro tsa dithwe dingwe le
dingwe tsa puso;
(b) swetsang ka bomolaotheo ba Molaotlhomo mongwe le mongwe wa palamente kgotsa
porofense, mme e ka dira jalo fela mo mabakeng a a solofetsweng mo karolong 79 kgotsa 121;
(c) swetsang dikopo tse di solofelwang mo karolong 80 kgotsa 122;
(d) swetsang ka ga bomolaotheo ba tlhabololo nngwe le nngwe go Molaotheo;
(e) tlhomamisang gore Palamente kgotsa Poresidente o paletswe ke godira ka fa
Molaotheong; kgotsa
(f) go tlhomamisa Molaotheo wa porofense mo mabakeng a karolo 144.
(5) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tsaya tshwetso ya makgaolakgang mabapi le Peomolao
ya Palamente, Peomolao ya Porofense kgotsa maitsholo a Poresidente ka fa molaotheong, e bile
e tshwanetse go netefatsa taelo nngwe le nngwe e e tlhokang boleng e e dirilweng ke
Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo kgotsa Kgotlakgolo,pele taelo eo e nna le boleng.
(6) Peomolao ya bosethaba kgotsa melawana ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tshwanetse
go letla motho, fa e le mo kgatlegong ya bosiamisi le ka tetla ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo -
(a) go tlisa morero ka tlhamalalo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo;
(b) go dira boikuelo ka tlhamalalo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo go tswa kwa
Kgotlatshekelong nngwe le nngwe.
(7) Morero wa molaotheo o akaretsa ntlha nngwe le nngwe e e amang thanolo, tshireletso
kgotsa tiragatso ya Molaotheo.
Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo
168. (1) Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e na le Moatlhodimogolo, Motlatsa
Moatlhodimogolo le palo ya baatlhodi ba boikuelo e e tlhomamisiwang ka Molao wa Palamente.
(2) Morero o o fa pele ga Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo o tshwanetse go swetswa ke palo
ya baatlhodi e e tlhomamisitsweng ke Molao wa Palamente.
(3) Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e ka swetsa maikuelo mo mererong yotlhe. Ke
kgotlatshekelo e e kwa godimo ya boikuelo kwa ntle le mo mererong ya molaotheo, e bile e ka
swetsa fela -
(a) maikuelo;
(b) dintlha tse di amanang le maikuelo; le
(c) morero mongwe le mongwe o o ka romelwang kwa go yona mo mabakeng a a ranotsweng
ke Molao wa Palamente.
Dikgotlatshekelokgolo
169. Kgotlakgolo e ka swetsa -
(a) morero mongwe le mongwe ntle le morero o -
(i) Kgotlatshekelo ya Molaotheo fela e ka o swetsang; kgotsa
(ii) e neetsweng ka Peomolao ya Palamente go kgotlatshekelo e nngwe ya kemo e e
tshwanang le ya Kgotlatshekelokgolo; le
(b) morero mongwe le mongwe o o sa newang go Kgotlatshekelo e nngwe ka Molao wa
Palamente.
Dikgotlatshekelo tsa bo Magiseterata le Dikgotlatshekelo tse dingwe
170. Dikgotlatshekelo tsa boMagiseterata le tsotlhe tse dingwe di ka swetsa ka morero mongwe
le mongwe o o sweditsweng ka Molao wa Palamente, mme kgotlatshekelo ya kemo e e tlase go
ya Kgotlatshekelo Kgolo ga e na e botsa kgotsa e swetsa ka bomolaotheo ba peomolao nngwe
le nngwe kgotsa maitsholo a ga Poresidente.
Dithulaganyo tsa Kgotlatshekelo
171. Dikgotlatshekelo tsotlhe di dira mo mabakeng a peomolao ya bosethaba, mme melawana
le dithulaganyo tsa yona di tshwanetse go rulaganyediwe mo mabakeng a peomolao ya
bosethaba.
Maatla a Dikgotlatshekelo mo mabakeng a molaotheo
172. (1) Fa e sekaseka morero wa molaotheo o o mo taolong ya yona, Kgotlatshekelo -
(a) e tshwanetse ya tlhomamisa gore molao mongwe le mongwe kgotsa maitsholo a a sa
tsamaisaneng le Molaotheo ga a na boleng go ya ka go ya tlhomamang ga ona; e bile
(b) e ka dira taelo nngwe le nngwe e e tshiamo le tekatekano, go akarediwa -
(i) taelo e e ngotlang boleng jwa tlhomamiso ya go tlheka boleng e e direlang kwa morago;
le
(ii) taelo e e sekegang taelo ya go sa tlhomamang mo nakong nngwe le nngwe le mo
mabakeng mangwe le mangwe, go letla bothati bo bo nonofileng go siamisa phoso.
(2) (a) Kgotla ya Makgalokgang ya Boikuelo, Kgotlatshekelo Kgolo kgotsa Kgotla ya
kemo e e tshwanang e e ka dira taelo tebang le boleng ba bomolaotheo ba Peomolao ya
Palamente, kgotsa Peomolao ya Porofense, kgotsa maitsholo mangwe le mangwe a Poresidente,
mme taelo e e mabapi le go tlhoka boleng ga e na maatla a tiragatso ntle le fa o tladitswe ke
Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
(b) Kgotlatshekelo e e dirang taelo ya go tlhoka boleng ga molaotheo e ka neela thibelo ya
nakwana kgotsa kimologo nngwe ya nakwana go lekoko kgotsa e ka emisa ditsamaiso nakwana,
go letetswe tshwetso ya kgotlatshekelo ya Molaotheo ka ga boleng ba Molao oo kgotsa maitsholo
ao.
(c) Peomolao ya bosethaba e tshwanela go rulaganyetsa thomelo ya taelo ya go tlhoka
boleng ba molaotheo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
(d) Motho mongwe le mongwe kgotsa sethwe sa puso se se nang le kgatlhego e e lekaneng
se ka ikuela, kgotsa sa dira kopo ka tlhamalalo, go kgotlatshekelo ya Molaotheo go tlhomamisa
kgotsa go fetola taelo ya go tlhoka boleng ba molaotheo ka kgotlatshekelo mo mabakeng a
kgaolwana e.
Maatla a ka gale
173. Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Kgotlakgolo ya Makgaolakgang ya Boikuelo; le Dikgotla
Kgolo di na le maatla a ka gale go sireletsa le go laola metseletsele ya tiragatso tsa tsona, le go
tlhabolola molao wa selegae, go tsewa tsiya dikgatlhego tsa bosiamisi.
Go thaphiwa ga batlhankedi ba boatlhodi
174. (1) Mosadi kgotsa monna mongwe le mongwe yo a nang le borutegi bo bo maleba,e
le motho yo a itekanetseng yo o tshwanetseng a ka tlhophiwa go nna motlhankedi wa boatlhodi.
Motho mongwe le mongwe yo a tla kgethelwang mo Kgotlatshekelong ya Molaotheo o
tshwanetse gape e be e le moagi wa Aforika Borwa.
(2) Tlhokego ya gore bothati ba bosiamisi bo lebesise ka bophara sebopego sa bomorafe le
bong sa Aforika Borwa e tshwanela go akanngwa fa batlhankedi ba boatlhodi ba tlhomiwa.
(3) Poresidente, jaaka tlhogo ya khuduthamaga ba bosethaba, morago ga go rerisana le
Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi,le baeteledipele ba makoko a a emetsweng mo Kokoano ya
Bosethaba o tlhopha Poresidente le Motlatsa Poresidente ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo le
Moatlhodi Mogolo le Motlatsa Moatlhodi Mogolo.
(4) Baatlhodi ba bangwe ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo ba kgethwa ke Poresidente jaaka
tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba, morago ga ditherisano le Poresidente wa Kgotlatshekelo
ya Molaotheo le baeteledipele ba makoko a a nang le kemedi mo Kokoanong ya Bosethaba go
ya ka thulaganyo e e latelang:
(a) Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi e tshwanetse go rulaganya lenaane la bontlhopheng la
maina a mararo go feta palo ya ba ba tshwanetseng go kgethiwa, e be e ise lenaane kwa go
Poresidente.
(b) Poresidente o tshwanela go kgetha mo lenaaneng a ba a gakolole Khomiene ya tirelo ya
Bosiamisi, ka mabaka, fa go le bangwe ba bakgethiwa ba ba sa amogelesegeng, le fa go
tshwanetse go dirwa dikgetho tse dingwe.
(c) Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi e tshwanetse go tlaleletsa lenaane ka bakgethiwa ba
bangwe mme Poresidente o tshwanetse go dira dikgetho tse di saletseng mo lenaaneng le le
okeditsweng.
(5) Ka dinako tsotlhe, bonnye ditokololo tse nne tsa Kgotlatshekelo ya Molaotheo di
tshwanetse ya bo e le batho ba e leng baatlhodi ka nako ya fa ba kgethwa kwa Kgotlatshekelo ya
Molaotheo.
(6) Poresidente o tshwanetse go kgetha baatlhodi ba dikgotlatshekelo tsotlhe tse dingwe ka
kgakololo ya Khomiene ya Tirelo tsa Bosiamisi.
(7) Batlhankedi ba bangwe ba boatlhodi ba tshwanetse go tlhomiwa go ya ka Molao wa
Palamente o o tshwanetseng go netefatsa gore go tlhomiwa, go tlhatlhosiwa, go sutisiwa kgotsa
go rolwa tiro kgotsa go tseelwa dikgato tsa kgalemo ga batlhankedi ba ba, boatlhodi go diragala
ntle le ditlhotlho kgotsa kgobelelo.
(8) Pele batlhankedi ba boatlhodi ba simolola go dira ditiro tsa bona, ba tshwanetse go ikana,
kgotsa go dumela, go ya ka Mametlelelo 2 gore ba tla tshegetsa le go sireletsa Molaotheo.
Baatlhodi ba Nama-o-Tshwere
175. (1) Poresidente a ka kgetha mosadi kgotsa monna go nna moatlhodi-nama-o-tshwere
wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo fa go le phatlhatiro kgotsa fa moatlhodi a seo. Go kgethiwa go
tshwanetse go dirwa ka tshegetso ya tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso
ya bosiamisi a dira ka tumelano le Poresidente wa kgotlatshekelo ya Molaotheo le
Moatlhodimogolo.
(2) Tokololo ya Kabinete e e rwelang maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi e tshwanetse go
kgetha baatlhodi-nama-o-tshwere go dikgotlatshekelo tse dingwe morago ga puisano le moatlhodi
yo mogolo wa kgotlatshekelo e moatlhodi-nama-o-tshwere a tla dirang mo go yona.
Dipaka tsa tiro le dituelo
176. (1) Baatlhodi ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo ba kgethelwa paka e e sa
nthwafadiweng ya dingwaga tse 12, mme ba tshwanetse go rola tiro fa ba le bogolo ba dingwaga
di le 70.
(2) Baatlhodi ba bangwe ba nna mo tirong go fitlha ba gololwa go dira go ya ka Molao wa
Palamente.
(3) Dituelo, ditshiamelo le dikungo tsa baatlhodi ga di fokodiwe.
Go tlosiwa mo tirong
177. (1) Moatlhodi a ka tlosiwa mo tirong fela fa -
(a) Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi e fitlhela gore moatlhodi ga a kgone tiro, o bokoa
motirong thata, o molato wa maitsholo a mawe mawe; le
(b) fa Kokoano ya Bosethaba e tsaya tshwetso ya gore moatlhodi a tlosiwe, a tshegediwa ke
bonnye pedi tharong ya ditokololo tsotlhe.
(2) Poresidente o tshwanelwa ke go rola moatlhodi tiro fa tshwetso ya gore a rolwe tiro e
fetisitswe.
(3) Poresidente, ka kgakololo ya Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi, a ka tlosa moatlhodi o
e leng setlhogo sa thulaganyo mo ditaelong tsa karolwana (1).
Khomiene ya Tirelo ya Boatlhodi
178. (1) Go na le Khomiene ya Tirelo ya Boatlhodi, e bopiwa ke -
(a) Moatlhodimogolo, yo o okamang dipitso tsa Khomiene;
(b) Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo;
(c) Moatlhodi wa Poresidente a le mongwe yo o supilweng ke Baatlhodi ba Poresidente;
(d) Tokololo e le nngwe ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, kgotsa
mongwe yo a refosanyane le ene, yo o supilweng ke yona tokololo eo ya Kabinete;
(e) babueledi ba ba mo tirong, ba ba supilweng mo babueleding go emela borutegi boo ka
kakaretso, e bile ba kgethilwe ke Poresidente;
(f) babueledipotlana ba babedi ba ba supilweng mo babueledipotlanang go emela borutegi boo
ka kakaretso e bile ba kgethilwe ke Poresidente;
(g) Morutamolao a le mongwe yo o supilweng ke barutamolao ba diyunibesithi tsa Aforika
Borwa;
(h) batho ba barataro ba ba supilweng ke Koano ya Bosethaba mo ditokololong tsa yona,
bonnye ba bararo ba bona ba tshwanela go nna ditokololo tsa makoko kganetso a a nang le
kemedi mo Kokoanong;
(i) baemedi ba bane ba leruri ba Khansele ya Bosethaba ya Diporofense ba ba supilweng ke
Khansele mmogo, ka tshegetso ya boutu bonnye ya diporofense tse thataro;
(j) batho ba bane ba ba supilweng ke Poresidente jaaka tlhogo ya Khuduthamaga ya
bosethaba morago ga dipuisano le makoko otlhe a a mo Kokoanong bosethaba; le
(k) fa go sekwasekwa merero e ka totobalo e amanang le karolo ya porofense kgotsa puso
selegae ya Kgotlatshekelo Kgolo, Poresidente wa Moatlhodi wa karolo eo le Tonakgolo, kgotsa
mongwe gape yo a supilweng ke Tonakgolo, ya porofense e e amegang.
(2) Fa palo ya batho ba ba supilweng mo babueleding ka ditaelo tsa karolwana (1) (e) kgotsa
(f) e lekana le ya diphatlhatiro tse di tshwanetseng go tladiwa, Poresidente o tshwanela go ba
tlhoma. Fa palo ya batho ba supilweng e feta palo ya diphatlha tiro tse di tla tladiwang,
Poresidente fa a buisanye le borutegi bo bo maleba, o tshwanela go tlhoma ba ba lekaneng ba ba
supilweng go tlatsa diphatlhatiro, go tsewa tsia tlhokego ya go netefatsa gore ba ba kgethilweng
ba emela borutegi ka kakaretso.
(3) Ditokololo tsa Khomiene tse di nopotsweng ke Khansele ya Diporofense di dira go fitlha
ba refoswa maemo botlhe, kgotsa go fitlha phatlha tiro nngwe e ka tlhagelela mo palong ya bona.
Ditokololo dingwe tse di neng di kgethetswe Khomiene di dira go fitlha ba refoswa maemo ke
bao ba ba kgethilweng.
(4) Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi e na le dithata le ditiro tse e di neetsweng mo
Molaotheong le peomolao ya bosethaba.
(5) Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi e ka gakolola puso ya bosethaba mo morerong
mongwe le mongwe o o amanang le boatlhodi kgotsa tsamaiso ya bosiamisi; fela, fa e sekaseka
morero mongwe le mongwe ntle le go kgethiwa ga moatlhodi, e tshwanela go dirajalo ntle le
ditokololo tse di kgethileng go ya ka karolwana (1) (h) le (i).
(6) Khomiene ya Tirelo ya Bosiamisi e ka swetsa thulaganyo ya yona, fela ditshwetso tsa
Khomiene di tsawanelwa go tshegediwa ke bontsi ba ditokololo tsa yona.
Bothati ba Bothothisi
179. (1) Go bothati bo le nosi ba bothothisi mo Rephaboliking bo bo bopilweng go ya ka
Molao wa Palamente, bo boplilwe ke -
(a) Mokaedi wa Bosethaba wa Bothothisi ba Botlhe, o e leng tlhogo ya bothati ba
bothothisi, e bile a kgethilwe ke Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba; le
(b) Bakaedi ba Bothothisi ba Botlhe le bathothisi jaaka go beilwe ka molao wa Palamente.
(2) Bothati ba bothothisi bo na le maatla go tlhatlhela molato wa tshenyo, boemong ba puso,
le go dira ditiro dingwe le dingwe tse di tshokileng di ama go tlhatlhela melato ya tshenyo.
(3) Peomolao ya bosethaba e tshwanela go netefatsa gore Bakaedi ba Bothothisi ba botlhe
-
(a) ba na le borutegi bo bo tshwanelang;
(b) ba rwala maikarabelo a bothothisi mo taolong tse di kgethegileng, go ya ka karolwana
(5).
(4) Peomolao ya bosethaba e tshwanela go netefatsa gore bothati bo bo thothisang bo
diragatsa ditiro tsa bona ntle le poifo, ditlhotlho kgotsa kgobelelo.
(5) Mokaedi wa Bosethaba wa Bothothisi ba Botlhe -
(a) o tshwanela go tlhotlhomisa, ka tumalano ya tokololo ya Kabinete e e rweleng
maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, le fa morago ga dipuisano le Bakaedi ba Bothothisi ba
botlhe, maikemisetso a bothothisi a a tshwanelwang go tsewa tsia mo tiragatsong ya
bothothisi;
(b) o tshwanela go ntsha dikaelo tsa maikemisetso tse di tshwanelwang go tsewa tsia mo
tiragatsong ya bothothisi;
(c) a ka tsereganya mo tiragatsong ya bothothisi fa go sa inaakanngwe le dikaelo tsa
maikemisetso; le
(d) a ka sekaseka tshwetso ya go thothiso kgotsa go se thothise, morago ga go rerisana
le Mokaedi wa Bothothisi ba Botlhe o o maleba, le morago ga go amogela boipiletso mo
nakong e e beilweng ke Mokaedi wa Bosethaba wa Bothothisi ba Botlhe, go tswa mo ba ba
latelang:
(i) Molatofadiwa.
(ii) Moikuedi.
(iii) Motho mongwe le mongwe yo o Mokaedi wa Bosethaba a mo kayang a le maleba.
(6) Tokokolo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi o tshwanela go
diragatsa maikarabelo a bofelo godimo ga bothati ba bothothisi.
(7) Merero yotlhe e e amang bothati ba bothothisi e tshwanelwa ke go tlhomamisiwa ka
peomolao ya bosethaba.
Merero mengwe e e amang tsamaiso ya bosiamisi
180. Peomolao ya Bosethaba o ka kgontsha morero mongwe le mongwe o o amang tsamaiso
ya bosiamisi, o o sekwasekwang ke Molaotheo, go akarediwa -
(a) manaane a katiso ya batlhankedi ba boatlhodi;
(b) dithulaganyo tsa go sekaseka dingongorego mabapi le batlhankedi ba boatlhodi; le
(c) go tsaya karolo ga batho ntle le batlhankedi ba boatlhodi mo ditshwetsong tsa
Kgotlatshekelo.
Kgaolo 9
DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
Go tlhomiwa ga tsona le metheo ya taolo
181. (1) Ditheo tse di latelang di tiisa demokerasi ya molaotheo mo Rephaboliking:
(a) Mosireletsi wa Botlhe.
(b) Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho.
(c) Khomiene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Setso, Bodumedi, le Ditlhopha
tsa dipuo.
(d) Khomiene ya Tekatekano ya Bong.
(e) Moruni-Kakaretso.
(f) Khomiene ya Ditlhopho.
(2) Ditheo tse di ikemetse ka nosi, e bile di laolwa fela ke Molaotheo le molao, ga di a
tshwanela go tsaya letlhakore e bile di tshwanetse go dirisa maatla a tsona le go dira ditiro tsa
tsona ntle le poifo, ditlhotlho le kgobelelo.
(3) Dithwe tse dingwe tsa puso, ka dikgato tsa peomolao le tse dingwe, di tshwanetse go
thusa le go sireletsa ditheo tse go netefatsa go ikemela, go se tseye letlhakore, seriti le go bokgoni
ba ditheo tse.
(4) Ga go motho ope kgotsa sethwe sengwe sa puso se se tla itshunyang mo go direng ga
ditheo tse.
(5) Ditheo tse di maikarabelo go Kokoano Bosethaba, e bile di tshwanetse go bega mediro
leditiro tsa tsona mo Kokoanong, bonnye gangwe ka ngwaga.
Mosireletsi wa Botlhe
Ditiro tsa Mosireletsi wa Botlhe
182. (1) Mosireletsi wa Botlhe o na le dithata tse, jaaka go rulagantse bothati jwa peomolao
wa bosethaba -
(a) go tlhotlhomisa maitsholo mangwe lemangwe mo mererong ya puso, kgotsa mo
tsamaisong ya puso mo makaleng mangwe le mangwe a puso a go belaelwang go sa lolama kgotsa
a kwa bokhutlong e sa ka nnang le bomenemene bongwe kgotsa kgobelelo;
(b) go dira pegelo ka maitsholo a; le
(c) go tsaya dikgato tse di maleba tse di siamisang.
(2) Mosireletsi wa Botlhe o na le dithata le ditiro dingwe gape tse a di abelwang ke peomolao
ya bosethaba.
(3) Mosireletsi wa Botlhe ga a tshwanela go batlisisa ditshwetso tsa kgotlatshekelo.
(4) Mosireletsi wa Botlhe o tshwanelwa go ka fitlhelelwa ke batho botlhe le baagi botlhe.
(5) Pegelo nngwe le nngwe e e tlhagisitsweng ke Mosireletsi wa Botlhe e tshwanetse go ka
fitlhelelwa ke botlhe, ntle le fa maemo a kgethegileng, a a tla tlhomamisiwang ka fa ditaelong tsa
peomolao ya bosethaba, a tlhoka gore pegelo e tsholwe mo sephiring.
Pakatiro
183. Mosireletsi wa Botlhe o thapiwa paka ya ngwaga tse supa tse di sa nthwafadiweng.
Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho
Ditiro tsa Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho
184. (1) Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho e tshwanetse go -
(a) tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo tsa botho le setso sa ditshwanelo tsa botho; le go
(b) tsweletsa, tshireletso kgodiso le phitlhelelo ya ditshwanelo tsa botho; le
(c) go baya leitlho le go tlhotlhomisa tshegetso ya maemo a ditshwanelo tsa botho.
(2) Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho e na le dithata, jaaka go tlhomamisitswe le lekgotla
la peomolao ya bosethaba, tse di tlhokagalang go dira ditiro tsa yona, go akaretsa thata: -
(a) ya go batlisisa le go dira pegelo ka tshegetso ya ditshwanelo tsa botho;
(b) ya go tsaya dikgato go lere tshiamiso fa ditshwanelo tsa botho di tlontlolotsweng teng;
(c) ya go dira dipatlisiso tsa borutegi; le
(d) ya go ruta.
(3) Ngwaga mongwe le mongwe, Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho e tshwanetse go lopa
ditheo tsa puso tse di maleba go neela Khomiene tshedimoso ka dikgato tse di di tsereng go
fitlhelela ditshwanelo matlo, tlhokomelo ya pholo, dijo, metsi, tshireletsego ya loago, thuto le
tikologo.
(4) Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho e na le dithata le ditiro dingwe gape tse e di
abelwang ke peomoloa ya bosethaba.
Khomiene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa setso, Bodumedi le
Ditlhopha tsa Dipuo
Ditiro tsa Khomiene
185. (1) Maikaelelo a ntlha a Khomiene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa
setso, Bodumedi le Ditlhopha tsa Dipuo ke -
(a) go tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo tsa setso, bodumedi le ditlhopha tsa dipuo;
(b) go tsweletsa le go atisa kagiso, botsalana, botho, kgotlelelo le bongwe fela jwa bosethaba
fa gare ga ditlhopha tsa setso, bodumedi le tsa ditlhopha tsa dipuo, ka ikaego mo tekatekanong,
go se tlhotlhololw, le kamano e e gololosegileng; le
(c) go rotloetsa go tlhomiwa kgotsa kamogelo, go ya ka peomolao, ya lekgotla la setso
kgotsa lengwe gape kgotsa makgotla a setlhopha sa magae kgotsa ditlhopha mo Aforika Borwa.
(2) Khomiene e na le thata, jaaka go beilwe ka peomolao ya bosethaba, a a tlhokegang go
fitlhelela maikaelelo ona a ntlha, go akarediwa maatla a go ela tlhoko, go tlhotlhomisa, go
batlisisa, go ruta, go ngoka, go gakolola le go bega ka merero e e amang ditshwanelo tsa
ditlhopha tsa setso, bodumedi le ditlhopha tsa dipuo.
(3) Khomiene e ka bega morero mongwe le mongwe o o welang mo dithateng le ditirong tsa
yona, go Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho go tlhotlhomisiwa.
(4) Khomiene e na dithata le ditiro dingwe gape tse di abelwang ke peomolao ya bosethaba
Sebopego sa Khomiene
186 (1) Palo ya ditokololo tsa Khomiene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa
Ditlhopha tsa setso, Bodumedi le Dipuo le go tlhophiwa le ditaelo tsa ditiro tsa yona di
tshwanetse go bewa ka peomolao ya bosethaba.
(2) Sebopego sa Khomiene se tshwanela -
(a) go nna le boemedi ka kakaretso ba ditlhopha tsa setso, bodumedi le dipuo mo Aforika
Borwa; le
(b) go supa ka kakaretso ebopego sa bong sa Aforika Borwa.
Khomiene ya Tekatekano ya Bong
Ditiro tsa Khomiene ya Tekatekano ya Bong
187 (1) Khomiene ya Tekatekano ya Bong e tshwanela go tsweletsa tlotlo ya tekatekano
ya bong le tshireletso, kgodiso le phitlhelelo ya tekatekano ya bong.
(2) Khomiene ya Tekatekano ya Bong e na le maatla, jaaka go beilwe ka peomolao ya
bosethaba, e e tlhokegang go dira ditiro tsa yona, go akarediwa thata ya go ela tlhoko, go
tlhotlhomisa, go batlisisa, go ruta, go ngoka, go gakolola le go bega merero e e amang tekatekano
ya bong.
(3) Khomiene ya tekatekano ya bong e na le dithata le ditiro dingwe gape tse e di abelwang
peomolao ya bosethaba.
Moruni-Kakaretso
Ditiro tsa Moruni-Kakaretso
188. (1) Moruni-Kakaretso o tshwanetse go runa a ba a bega ka matlotlo, kanegelo ya
matlotlo le tsamaiso ya matlotlo ya: -
(a) mafapha otlhe a bosethaba le diporofense le ditsamaiso;
(b) bomasepala botlhe; le
(c) setheo sengwe le sengwe gape kgotsa kemedi nngwe le nngwe e e rweleng maikarabelo
ka matlotlo, se go tlhokegang ka taolo ya peomolao ya bosethaba kgotsa ya porofense gore se
runwe ke Moruni-Kakaretso.
(2) Mo godimo ga ditiro tse di laoletsweng ka karolwana (1), e bile go laola peomolao nngwe
le nngwe, MoruniKakaretso o ka runa a ba a tlhagisa pego ka diakhaonte, dikanegelo tsa matlotlo
le tsamaiso ya matlotlo ya -
(a) setheo sengwe le sengwe se se etleediwang ka ketleetso ya Lotlole lwa Lotseno lwa
Bosethaba, lotseno lwa porofense kgotsa lwa ga mmasepala; kgotsa
(b) setheo sengwe le sengwe, se se neetsweng thata ka molao mongwe le mongwe go amogela
madi a maikaelelo a ona e leng go thusa sethaba.
(3) Moruni-Kakaretso o tshwanetse a gorosa pego tsa boruni go peomolao nngwe le nngwe
e e nang le kgatlhego e e maleba mo thunong, le go bothati bongwe le bongwe bo bo laotsweng
ke peomolao ya bosethaba. Dipego tsotlhe di tshwanetse tsa phasaladiwa.
(4) Moruni-Kakaretso o na le dithata le ditiro dingwe gape tse a di abelwang ke peomolao ya
bosethaba.
Pakatiro
189. Moruni-Kakaretso o tshwanetse a thapiwa paka e e lekanyeditsweng, e e sa
nthwafadiweng, e e fa gare ga dingwaga di le tlhano go ya go tse lesome.
Khomiene ya Ditlhopho
Ditiro tsa Khomiene ya Ditlhopho
190. (1) Khomiene ya Ditlhopho e tshwanetse ya -
(a) laola ditlhopho tsa bosethaba, tsa porofense, le makgotla a peomolao ya boMmasepala,
ka fa thulaganong ya peomolao ya bosethaba;
(b) netefatsa gore ditlhopho tseo di gololesegile e bile di loame; le
(c) go phasalatsa dipholo tsa ditlhopho mo nakong e e beilweng ke peomolao ya bosethaba,
e bile e ele khutshwane ka fa go kgonegang.
(2) Khomiene ya Ditlhopho e na le dithata le ditiro dingwe gape tse di laoletsweng ke
peomolao ya bosethaba.
Sebopego sa Khomiene ya Ditlhopho
191. Khomiene ya Ditlhopho bonnye e tshwanetse ya nna le batho ba bararo. Palo le paka ya
bodiredi jwa ditokololo e tshwanetse ya bewa ke peomolao ya bosethaba.
Bolaodi jo bo ikemetseng jo bo laolang kgaso
Bolaodi ba Kgaso
192. Peomolao ya bosethaba e tshwanetse go tlhoma bolaodi jo bo ikemetseng go laola kgaso
go ya ka dikgatlhego tsa botlhe, le go netefatsa tolamo le methalethale ya dikakanyo tse e leng
kemedi ya ba Aforika Borwa.
Dikaelo-Kakaretso
Go thapiwa
193. (1) Mosireletsi wa Botlhe le ditokololo tsa Khomiene tse di tlhomilweng ka Kgaolo
e e tshwanetse go nna basadi le banna ba e leng -
(a) baagi ba maAforika-Borwa;
(b) ba mongwe le mongwe wa bona a nonofileng e bile a siametse go tsaya maemo a tiro a
a kgethegileng; ao e bile
(c) a ikamanya le ditlhokego tse di beilweng ke peomolao ya bosethaba.
(2) Tlhokego ya dikhomiene tse di tlhomilweng ka kgaolo e go supa ka bophara sebopego
sa bomorafe le bong ba maAforika Borwa e tshwanela go tsewa tsia fa badiredi ba Khomiene ba
ba thapiwa.
(3) Moruni-Kakaretso o tshwanetse go nna mosadi kgotsa monna yo e leng moagi wa Aforika
Borwa e bile a nonofile e bile a siametse go tsaya maemo a bodiredi joo. Boitseanape jwa, kgotsa
maitemogelo, mo boruning, matlotlo a puso, le tsamaisopuso di tshwanetse go tsewa tsia fa go
thapiwa Moruni-Kakaretso.
(4) Poresidente, ka katlanegiso ya Kokoano ya Bosethaba, o tshwanela go thapa Mosireletsi
wa Botlhe, Moruni-Kakaretso le Ditokololo tsa -
(a) Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho;
(b) Khomiene ya Tekatekano ya Bong; le
(c) Khomiene ya Ditlhopho.
(5) Kokoano ya Bosethaba e tshwanetse go atlanegisa batho -
(a) ba ba kgethilweng ke komiti ya Kokoano, e e emetsweng ka go lekalekana ke ditokololo
tsa makoko otlhe a a emetsweng mo Koakoanong;
(b) ba ba amogetsweng ke Kokoano ka tswetso e e tserweng ketshegetso ya diboutu -
(i) tsa bonnye diperesente di le 60, tsa maloko a Kokoano, fa katlenegiso e ama go thapiwa
ga Mosireletsi wa Botlhe kgotsa Moruni-Kakaretso; kgotsa
(ii) ya bontsi jwa maloko a Kokoano, fa katlenegiso e ama go thapiwa ga leloko la
Khomiene.
(6) Kamego ya batho mo loagong mo tsamaisong ya katlanegiso e ka rulaganyediwa jaaka go
lebeletswe mo karolong 59(1)(a).
Go ntshiwa mo tirong
194. (1) Mosireletsi wa Botlhe, Moruni Kakaretso kgotsa tokololo ya Khomiene e e
tlhomilweng ka Kgaolo e a ka ntshiwa mo tirong fela ka -
(a) lebaka la maitsholo a maswe, go tlhaela kgotsa go tlhoka bokgoni;
(b) tlhotlhomiso e e jalo ka Komiti ya Kokoano ya Bosethaba; le
(c) thebolo ya Kokoano ya tshwetso e e gwetlhang gore motlhankedi a rolwe tiro, e bile e
rebotswe ke bontsi ba ditokololo tsa Kokoano.
(2) Tshwetso ya Kokoano Bosethaba mabapi le go ntshiwa mo tirong ga -
(a) Mosireletsi wa Botlhe, kgotsa Moruni-Kakaretso e tshwanetse go tsewa ka tshegetso ya
diboutu tsa bonnye ba pedi-tharong tsa maloko a Kokoano; kgotsa
(b) Fa e le leloko la Khomiene, e tsewe ka tshegetso ya boutu ya bontsi jwa maloko a
Kokoano.
(3) Poresidente -
(a) a ka beela kwa thoko motho yo o mo tirong nakwana nako nngwe le nngwe morago ga
tshimologo ya ditsamaiso ya ditherisano tsa komiti ya Kokoano ya Bosethaba go ntsha motho
yo jalo mo tirong; le
(b) o tshwanetse go ntsha motho mo tirong fa Kokoano e rebotse tshwetso e e gwetlhang go
ntshiwa ga motho yoo.
Kgaolo 10
TSAMAISOPUSO
Metheo ya meetlo le meono e e laolang tsamaisopuso
195. (1) Tsamaisopuso e tshwanetse go laolwa ke dikgatlhego le metheo ya demokerasi e
e akareditsweng mo Molaotheong, go akarediwa:
(a) Maemo a a kwa godimo a maitsholo le boitsaanape jwa badiredi a tshwanetse go
tswelediwa le go tshegediwa.
(b) Bokgoni, tiriso e botoka ya metswedi ya ekonomi e tshwanetse go tswelediwa.
(c) Tsamaisopuso e tshwanetse e nne e e sokametseng mo tswelelopeleng.
(d) Ditirelo di tshwanetse go abiwa ntle le ditlhotlho, ka tolamo, ka go lekalekana, go ntle le
tshekamelo letlhakoreng.
(e) Ditlhokego tsa batho di tshwanetse go tsewa tsia, mme sethaba se tshwanetse go
rotloediwa go nna le seabe mo dithulaganyetsong tsa isagwe.
(f) Tsamaisopuso e tshwanetse go nna le maikarabelo.
(g) Go nna mo pontsheng go tshwanetse go rotloediwa ka go neela sethaba tshedimosetso
e e bonako, e e fitlhelesegang, le ya boammaruri.
(h) Tsamaiso e e siameng ya tsamaiso ya bokgoni, le tlhabololo ya borutegi di tshwanetse go
rotloediwa go nonofisa badiri mo tirong gore ba ba fitlhelele bokgoni jo bo kwa godimo.
(i) Tsamaisopuso e tshwanela go nna kemedi ya batho ba Aforika Borwa ka bophara, ka
ditlwaelo tsa botsamaisi ba tiro le badiri bo bo ikaegileng ka bokgoni, phitlhelelo ya boammaruri,
tolamo, le tlhokego ya go siamisa ditshokamo tsa nako e fetileng go fitlhelela boemedi bo bo
sephara.
(2) Metheo e e fa godimo e e tshwanela go diragatswa mo -
(a) botsamaising mo lekaleng lengwe le lengwe la puso;
(b) dithweng tsa puso;
(c) ditirokgolong tsa puso.
(3) Peomolao ya bosethaba e tshwanetse go netefatsa tsweletso ya meetlo le metheo e e
umakilweng mo karolwaneng (1).
(4) Go thapiwa ga palo e e rileng ya batho mo thulaganyong ya tsamaisopuso go go ikaegileng
ka dikakanyo tsa maano ga go thibelwe, mme peomolao ya bosethaba e tshwanetse go laola go
thapiwa go, mo tirelong ya botlhankedi ba puso.
(5) Peomelao e e laolang tsamaisopuso e ka farologanya magareng ga maphata, ditsamaiso,
kgotsa ditheo tsa tsamaiso ya puso tse di fapaneng.
(6) Mokgwa le ditiro tsa maphata a a farologaneng, ditsamaiso kgotsa ditheo tsa tsamaisopuso
ke dintlha tse di maleba tse di tshwanetseng go tsewa tsia mo peomolaong o o laolang
tsamaisopuso.
Khomiene ya Bodiredipuso
196. (1) Go na le Khomiene ya Badiredipuso e le nosi mo Rephaboliking.
(2) Khomiene e ikemetse e bile e tshwanetse go sa tseyeng letlhakore, mme o tshwanetse go
diragatsa dithata tsa yone le go dira ditiro tsa yone ntle le poifo, go mpampetsa kgotsa kgobelelo
mo dikgatlhegelong tsa go tshola botsamaisi ja botlhe jwa tota le jwa bokgoni le maemo a a kwa
godimo a meetlo ya seporofeenale mo bodiredipusong.
(3) Dithwe tse dingwe tsa puso, ka peomolao le dikgato dingwe, di tshwanetse go thusa le
go sireletsa Khomiene go tlhomamisa boikemedi, go sa tseyeng letlhakore, seriti le bokgoni jwa
Khomiene. Ga go motho ope kgotsa sethwe sa puso se se ka sunyang nko mo go direng ga
Khomiene.
(4) Dithata le ditiro tsa Khomiene ke -
(a) go tsweletsa meetlo le metheo e e tlhagisitsweng mo karolo 195, mo bodiredingpuso
jotlhe;
(b) go tlhotlhomisa, go elatlhoko le go tlhatlhoba thulaganyo le tsamaiso, le ditiro tsa badiredi
ba bodiredipuso;
(c) go tsitsinya dikgato go tlhomamisa tirelo ya tota le ya bokgoni mo bodiredipusong;
(d) go neela dikaelo tse maikaelelo a tsone e leng go tlhomamisa gore ditsamaiso tsa badiredi
tse di amang go thapiwa, go sutisiwa, go tlhatlosiwa le go kobiwa di lepalepana le meetlo le
metheo e e tlhagisitsweng mo karolong 195;
(e) go naya pegelo mabapi le ditiro tsa yone, le tiragatso ya ditiro tsa yone, go akaretsa
diphitlhelelo dingwe le dingwe tse e ka di dirang le dikaelo le dikgakolo tse e ka di nayang, le go
neelana ka dipholo tsa selekano se meetlo le metheo jaaka e tlhagisitswe mo karolong 195 se
diragatswa.
(f) E ka nna ka boyona kgotsa ka go amogela ngongorego -
(i) go tlhotlhomisa le go tlhatlhoba tiragatso ya ditiro tsa badiredi le botsamaisi jwa botlhe,
le go begelela bothati ba Khuduthamaga le peomolao jo bo maleba;
(ii) go tlhotlhomisa dingongorego tsa badiri mo bodiredipusong mabapi le melao ya semmuso
kgotsa ditlogelo, le go atlenegisa dipaakanyo tse di maleba;
(iii) go elatlhoko le go tlhotlhomisa go latelwa ga ditsamaiso tse di tshwanetseng mo
bodiredipusong; le
(iv) go gakolola dithwe tsa puso tsa bosethaba le porofense mabapi le ditiro tssa badiredi mo
bodiredipusong go akaretsa tseo di leng mabapi le go ngokiwa, go thapiwa, go sutisiwa, go
ntshiwa mo tirong le dintlha tse dingwe tsa ditiro tsa badiri mo bodiredipusong.
(5) Khomiene e ikarebela go Kokoano Bosethaba.
(6) Khomiene e tshwanetse go tlhagisa pegelo bonnye, gangwe ka ngwaga go ya ka
karolwana (4) (e) -
(a) go Kokoano Bosethaba; le
(b) mabapi le ditiro tsa yone mo porofenseng, go kgotlapeomolao ya porofense eo.
(7) Khomiene e na le bakomisinara ba ba latelang ba le 14, ba ba supilweng ke Poresidente:
(a) Bokomisinara ba le batlhano ba ba amogetsweng ke Kokoano Bosethaba go ya ka
karolwana 8(a); le
(b) Komisinara a le mongwe mo porofenseng nngwe le nngwe a supilwe ke Tonakgolo ya
porofense go ya ka karolwana 8(b).
(8) (a) Komisinara yo a supilweng go ya ka karolwana 7(a) o tshwanetse go -
(i) go atlenegisiwa ke komiti ya Kokoano Bosethaba e e emetsweng ka go lekalekana ke
maloko a makoko otlhe a a emetsweng mo Kokoanong; le
(ii) amogelwa ke Kokoano ka tshwetso e e tserweng ka tshegetso ya diboutu tsa bontsi jwa
maloko a yona.
(b) Komisinara yo a supilweng ke Tonakgolo ya porofense o tshwanetse go -
(i) go atlenegisiwa ke komiti ya kgotlapeomolao ya porofense, e e nang le maloko a a
lekanang a makoko otlhe a a emetsweng mo kgotlapeomolaong; le
(ii) amogelwa ke kgotlapeomolao ka tshwetso e e tserweng ke tshegetso ya diboutu tsa bontsi
jwa maloko a yona.
(9) Molao wa Palamente o tshwanetse go laola tsamaiso ya go supiwa ga bokomisinara.
(10) Komisinara o supiwa sebaka sa dingwaga di le tlhano, se se nthwafaletsweng sebaka se
le sengwe fela, mme e tshwanetse go nna mosadi kgotsa monna yo e leng -
(a) moagi wa Aforika Borwa.
(b) motho yo o tiileng e bile a itekanetse, a na le kitso le maitemogelo mo, botsamaising,
boeteledipeleng kgotsa dikaelo tsa bodiredipuso.
(11) Komisinara a ka tloswa mo tirong fela mo -
(a) mabakeng a go tlhoka boitsholo, go tlhaela kgotsa go palelwa;
(b) phitlhelelong ya go nna jalo ke Komiti ya Kokoano Bosethaba kgotsa mo lebakeng la
komisinara yo a supilweng ke Tonakgolo ya porofense, ke Komiti ya Kgotlapeomolao ya
porofense eo; le
(c) kamogelong ya Kokoano kgotsa Kgotlapeomolao ya porofense e e amegang, ya tshwetso
e e nang le tshegetso ya diboutu tsa bontsi tsa maloko a yona, tse di dirang ipiletso ya gore
komisinara a tlosiwe mo tirong.
(12) Poresidente o tshwanetse go tlosa komisinara o o amegang o o mo tirong mo -
(a) kamogelong ke Kokoano ya tshwetso e e dirang ipiletso ya gore komisinara yo a tlosiwe;
kgotsa
(b) kitsiso e e kwadilweng ya ga Tonakgolo gore Kgotlapeomolao e amogetse tshwetso e e
dirang ipiletso ya go tlosiwa ga komisinara yoo.
(13) Bokomisinara ba ba umakiwang mo karolwaneng 7(b) ba ka diragatsa dithata le go dira
ditiro tsa Khomiene mo diporofense tsa bona jaaka go laotswe ke peomolao ya bosethaba.
Bodiredipuso
197. (1) Mo botsamaisingpuso go na le bodiredipuso jwa Rephaboliki, bo bo tshwanetseng
go dira, le go agiwa, go ya ka peomelao ya bosethaba, e bile bo tshwanetse go diragatsa ka
boikanyego, maikemisetso a a leng ka fa molaong wa puso ya ga jaana.
(2) Ditaelo le mabaka a go thapiwa ga batho mo bodiredipusong a tshwanetse go laolwa ke
peomolao ya bosethaba. Badiredi ba tshwanelwa ke phenene e e siameng jaaka go laotswe ka
peomolao ya bosethaba.
(3) Ga go a tshwanela go nna le modiredipuso ope yo o ka mpampediwang kgotsa go
gobelelwang ka gonne motho yo o o tshegetsa lekoko le le rileng la sepolotiki kgotsa
maikemisetso a lekoko leo.
(4) Mebuso ya diporofense e rwele maikarabelo a go ngokela, go thapa, go tlhatlosa, go sutisa
le go tloswa mo tirong ga maloko a bodiredipuso mo botsamaising jwa bone go ya meono le
maemo a a tshwanang a a diragadiwang mo bodiredipusong.
Kgaolo 11
DITIRELO TSA PABALESEGO
Metheo e e laolang
198. Metheo e e latelang e laola pabalesego ya bosethaba mo Rephaboliking:
(a) Pabalesego ya bosethaba e tshwanetse go bontsha maikaelelo a baagi botlhe ba Aforika
Borwa, mongwe le mongwe kgotsa jaaka sethaba, go tshela ka tekatekano, go tshela ka kagiso
le kutlwano, go se na letshogo le botlhoki, le go batla botshelo bo bo botoka.
(b) Go setswa go tshela ka kagiso le kutlwano, go thibela moagi mongwe le mongwe wa
Aforika Borwa go nna le seabe mo kgotlhannyeng ya dibetsa, e ka nna ya bosethaba kgotsa ya
bodithaba kgotsa ya bodithabathaba, ntle le fa go laetswe jalo go ya ka fa Molaotheong kgotsa
peomolaong ya bosethaba.
(c) Pabalesego ya bosethaba e tshwanetswe go latelwa go ya ka fa molaoing, go akarediwa
molao wa bodithabathaba.
(d) Pabalesego ya bosethaba e ka fa tlase ga taolo ya khuduthamaga ya bosethaba.
Go tlhomiwa, kagego le maitsholo a ditirelo tsa pabalesego
199. (1) Ditirelo tsa pabalesego tsa Rephaboliki di na le letsholotshireletso le le lengwe fela,
tirelo ya sephodisa e le nosi le ditirelo tsa botlhodi tse di ka tlhomiwang go ya ka Molaotheo.
(2) Letsholotshireletso ke lona sesole se le nosi se se ka fa molaong mo Rephaboliking.
(3) Kwa ntle ga ditirelo tsa pabalesego tse di tlhomilweng go ya ka Molaotheo, mekgatlho e
e tshwarang dibetsa kgotsa ditirelo tse di ntseng jalo di ka tlhomiwa fela go ya ka peomolao ya
bosethaba.
(4) Ditirelo tsa pabalesego di tshwanetse go agiwa le go laolwa ke peomolao ya bosethaba.
(5) Ditirelo tsa pabalesego di tshwanetse go dira, di tshwanetse go ruta, le go laela ditokololo
tsa tsona go dira, go ya ka Molaotheo le molao, go akarediwa molao o o tlwaelegileng wa
bodithabathaba le ditumelano tsa bodithabathaba tse di tlamang Rephaboliki.
(6) Ga go na tokololo epe ya tirelo efe kgotsa efe ya pabalesego e e tshwanetseng go obamela
taelo e e bonagalang e se ka fa molaong.
(7) Diitirelo tsa tshireletsego kgotsa mongwe wa ditokololo tsa bona, mo go direng ditiro tsa
bona, ga ba a tshwanela -
(a) go gobelela kgatlhego ya lekoko la dipolotiki e e mo molaong mo mabakeng a Molaotheo;
kgotsa
(b) go tswelela, ka go mpampetsa kgatlhego nngwe ya lekoko la dipolotiki.
(8) Go neela maikemisetso a go nna mo pontsheng le maikarabelo maikatlapelo, dikomiti tsa
makokomantsi di tshwanela go baya leitlho ditirelo tsa tshireletsego ka mokgwa o o
tlhomamisitsweng ka peomolao ya bosethaba kgotsa melawana le ditaelo tsa Palamente.
Tshireletso
Matsholotshireletso
200. (1) Letsholo la tshireletso le tshwanetse go agiwa le go tsamaisiwa go ya ka mokgwa
wa sesole o o maitsholo a a kwa godimo.
(2) Maikaelelomagolo a letsholo la tshireletso ke go sireletsa le go babalela Rephaboliki,
bongwe ba naga le batho ba yona, go ya ka Molaotheo le metheo ya melao ya bodithabathaba
e e laolang tiriso ya maatla.
Maikarabelo a Sepolotiki
201. (1) Tokololo ya Kabinete e tshwanetse go rwala maikarabelo a tshireletso.
(2) Ke Poresidente fela, jaaka tlhogo ya Khuduthamaga ya bosethaba, a ka rebolang go dira
ga matsholotshireletso -
(a) ka go thusana le ditirelo tsa sepodisi;
(b) e le ka go sireletsa Rephaboliki; kgotsa
(c) e le ka go diragatsa maithaopo a bodithabathaba.
(3) Fa matsholo tshireletso a dirisediwa mabaka a a umakileng mo karolwana(2), Poresidente
o tshwanetse go itsise Palamente, ka bonako le ka botlalo bo bo maleba, ka -
(a) mabaka a tiriso ya Matsholotshireletso;
(b) felo gongwe le gongwe kwa matsholo a dirisiwang gone;
(c) palo ya batho ba ba amegang; le
(d) paka eo matsholo a solofelwang go dirisiwa.
(4) Fa Palamente e sa nne pitso mo malatsing a a supa a ntlha morago ga fa
matsholotshireletso a diritsweng, jaaka go bonelwa pele mo karolwaneng (2), Poresidente o
tshwanetse go neela tshedimoso e e tlhokegang mo karolwaneng eo go komiti e e maleba ya
bookamedi.
Taolo ya matsholotshireletso
202. (1) Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba ke Molaodi-Mogolo wa
matsholotshireletso, e bile o tshwanela go kgetha Bolaodi ba matsholotshireletso.
(2) Bolaodi ba matsholotshireletso bo tshwanela go diragadiwa go ya ka dikaelo tsa tokololo
ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tshireletso, fa tlase ga bothati ba ga Poresidente.
Maemo a tshireletso ya bosethaba
203. (1) Poresidente a ka goeletsa maemo a tshireletso ya bosethaba, mme o tshwanela
go itsise Palamente ka bonako le ka botlalo ka fa go tshwanelang ka -
(a) mabaka a kgoeletso;
(b) felo gongwe le gongwe kwa matsholo a dirisiwang gone;
(c) palo ya batho ba ba amegang.
(2) Fa Palamente e sa nne pitso fa maemo a tshireletso ya bosethaba a goeleditswe,
Poresidente o tshwanetse go Palamente go tla pitsong e e kgethegileng mo malatsing a a supa
morago ga kgoeletso.
(3) Kgoeletso ya maemo a tshireletso ya bosethaba e khutla ntle le fa e rebotswe ke
Palamente mo malatsing a a supa morago ga kgoeletso.
Bokwaleditshireletso ba baagi
204. Bokwaledi ba baagi ba tirelo ya tshireletso bo tshwanetse ba tlhomiwa ka peomolao ya
bosethaba, go dira ka fa tlase ga bokaedi ba tokololo ya Kabinete eo e rweleng maikarabelo a
tshireletso.
Sepodisi
Tirelo ya Sepodisi
205. (1) Tirelo ya sepodisi ya bosethaba e tshwanetse ya bopiwa go dira mo lekaleng la
bosethaba, diporofense, le a fa go tshwanela, mo lekaleng la selegae.
(2) Peomolao ya bosethaba e tshwanetse ya tlhoma dithata le ditiro tsa tirelo ya sepodisi, e
bile e tshwanetse go kgontsha tirelo ya sepodisi go diragatsa maikarabelo a bona ka bokgoni, go
tsewa tsia ditlhokego tsa diporofense.
(3) Maikaelelo a tirelo ya sepodisi ke go thibelela, go lwa le go batlisisa bosenyi, go tshegetsa
tolamo sethabeng, go sireletsa le go babalela banni ba Rephaboliki, le dithoto tsa bona, go
tshegetsa le go diragatsa molao.
Maikarabelo a Sepolotiki
206. (1) Tokololo ya Kabinete e tshwanetse go nna le maikarabelo a mabaka a sepodisi e
bile o tshwanetse tlhomamisa maikemisetso a sethaba a sepodisi morago ga ditherisano le mebuso
ya diporofense le go tsaya tsia ditlhokego tsa diporofense.
(2) Moono wa sepodisi sa bosethaba o tshwanetse go baakanyetsa dikaelo tsa meono e e
farologaneng go ya ka diporofense tse di farologaneng morago ga go tsaya tsia ditlhokego le
dintlha tsa botlhokwa tsa sepodisi mo diporofenseng tse.
(3) Porofense nngwe le nngwe e na le tetla -
(a) go baya maitsholo a sepodisi leitlho;
(b) go tlhokomela go dira le bokgoni ba ditirelo tsa sepodisi;
(c) go tsweletsa dikgolagano tse di siameng fa gare ga sepodisi le baagi;
(d) go tlhatlhoba bokgoni jwa go bonala ga mapodisi; le
(e) go golagana le tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a sepodisi mabapi le bosenyi
le sepodisi mo porofenseng.
(4) Khuduthamaga ya porofense e na le maikarabelo a ditiro tsa sepodisi -
(a) a se a neilweng ke Kgaolo e;
(b) a se a reboletsweng go ya ka peomolao ya bosethaba; le
(c) a se a abetsweng mo moonong wa sepodisi wa bosethaba.
(5) Gore e tle e kgone go dira ditiro tse di tlhagisitsweng mo karolwaneng (3) porofense -
(a) e ka tlhotlhomisa, kgotsa ya tlhoma khomiene ya dipatlisiso mo ngongoregong nngwe
le nngwe ya bokoa mo sepodising kgotsa go phutlhama ga dikgolagano fa gare ga sepodisi le
setlhopha sengwe le sengwe sa baagi.
(b) e tshwanetse go dira dikatlenegiso go tokololo ya kabinete e e rweleng maikarabelo a
sepodisi.
(6) Morago ga go amogela ngongorego e e tlhagisiwang ke Khuduthamaga ya porofense,
lephata le le ikemetseng la dingongorego ka ga sepodisi le le tlhamilweng ka peomolao ya
bosethaba, le tshwanetse go tlhotlhomisa go tlhoka maitseo gongwe le gongwe go go kaiwang
kgotsa tshiamololo e e dirilweng ke mongwe wa maloko a ditirelo tsa sepodisi mo porofenseng.
(7) Peomolao ya bosethaba e tshwanetse go naya motheo wa go tlhomiwa, dithata, ditiro le
taolo ya ditirelo tsa sepodisi tsa ga Mmasepala.
(8) Komiti e e bopiwang ke tokololo ya kabinete le ditokololo tsa dikhuduthamaga tsa
dikhansele e rweleng maikarabelo a sepodisi e tshwanetse go tlhongwa, go netefatsa kgolagano
e e tletseng ya ditirelo tsa sepodisi le kgolagano e e tletseng mo makaleng a puso.
(9) Peomolao ya porofense e ka kopa komisinara wa porofense go tlhagelela fa pele ga yona
kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona go araba dipotso.
Taolo ya tirelo ya sepodisi
207. (1) Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba o tshwanetse go tlhopha
mosadi kgotsa monna jaaka Komienara ya Bosethaba ya tirelo ya sepodisi, go laola le go
tsamaisa tirelo ya sepodisi.
(2) Komienara wa Bosethaba o tshwanetse go diragatsa taolo mo tirelong ya sepodisi go
ya ka ditaelo tsa maikaelelo a bosethaba a bopodisi, le ditaelo tsa tokololo ya Kabinete o o
rweleng maikarabelo a sepodisi.
(3) Komienara wa Bosethaba o tshwanetse go tlhopha mosadi kgotsa monna jaaka
komienara wa porofense mo porofenseng nngwe le nngwe, morago ga go rerisana le
Khuduthamaga ya porofense.
(4) Bo Komienara ba diporofense ba rwele maikarabelo a boposisi -
(a) jaaka go laotswe ke peomolao ya Bosethaba; le
(b) ka fa tlase ga taolo ya maatla a Komienara wa Bosethaba go diragatsa taolo le go
tsamaisa tirelo ya sepodisi mo mabakeng a karolwana (2).
(5) Komienara wa porofense o tshwanetse go naya pegelo go Kgotlapeomolao ya porofense
ka ngwaga ka ga bopodisi mo porofenseng, mme o tshwanetse go romela khopi ya pegelo go
Komienara wa Bosethaba.
(6) Fa komienara wa porofense a ka latlhegelwa ke boikanyego jwa Khuduthamaga ya
porofense, Khuduthamaga eo e tshwanetse go tsaya dikgato tse di maleba tsa go tlosa kgotsa go
sutisa, kgotsa dikgato tsa kgalemo kgatlhanong le komienara yoo, go ya ka peomolao ya
bosethaba.
Bokwaledisepodisi ba baagi
208. Bokwaledi ba baagi ba tirelo ya sepodisi bo tshwanetse go tlhomiwa ka peomolao ya
bosethaba go dira ka fa tlase ga taolo ya tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a
sepodisi.
Botlhodi
Go tlhomiwa le taolo ya ditirelo tsa botlhodi
209. (1) Tirelo nngwe le nngwe ya botlhodi, ntle le karolo nngwe ya botlhodi ya
matsholotshireletso kgotsa tirelo ya sepodisi, e ka tlhomiwa fela ke Poresidente jaaka tlhogo ya
Khuduthamaga ya bosethaba, le fela go ya ka fa peomolaong ya bosethaba.
(2) Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba o tshwanetse go tlhopha mosadi
kgotsa monna jaaka tlhogo ya tirelo nngwe le nngwe ya tirelo ya botlhodi go ya ka karolwana (1)
e bile o tshwanetse go ka tsaya maikarabelo a sepolotiki mo taolong ya nngwe le nngwe ya ditirelo
tseo, kgotsa a supe tokololo ya Kabinete go rwala maikarabelo ao.
Dithata, ditiro le taolo
210. Peomolao ya bosethaba e tshwanetse le go laola didiriswa, dithata le ditiro tsa ditirelo tsa
botlhodi, e go akarediwa karolo nngwe le nngwe botlhodi ya matsholotshireletso kgotsa tirelo ya
sepodisi, e bile e tshwela go rulaganyetsa -
(a) kgolagano ya ditirelo tshotlhe tsa botlhodi, le
(b) botlhokomedi ba baagi ba ditiro tsa ditirelo ka motlhatlhobi o a kgethilweng ke
Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosethaba, e bile go rebotswe ka tshwetso e e
atlanegisitsweng ke Kokoano ya Bosethaba ka boutu e e tshegeditsweng ke bonnye pedi tharong
ba ditokololo tsa yona.
Kgaolo 12
BAETELEDIPELE BA SETSO/MAGOSI
Kamogelo
211. (1) Setheo, maemo le seabe sa dipuso tsa setso, go ya ka molao wa setso di
amogelesegile, go ya ka fa Molaotheong.
(2) Puso ya setso e e letlang thulaganyo ya molao wa setso e ka dira mo taolong ya peomolao
le meetlo e e dirang, go akarediwa ditlhabololo tsa, kgotsa go phimolwa ga, peomolao eo kgotsa
meetlo eo.
(3) Dikgotlatshekelo di tshwanetse go dirisa molao wa setso fa molao oo o tshwanela ka fa
taolong ya Molaotheo le molao mongwe le mongwe o o dirang ka totobalo le molao wa setso.
Seabe sa magosi
212. (1) Peomolao ya bosethaba e ka rulaganyetsa seabe sa boeteledipele ba setso jaaka
setheo mo lekaleng la selegae mo mererong e e amang ditlhopha tsa magae.
(2) Go dira ka merero e e amanang le bogosi, seabe sa magosi, molao wa setso le meetlo ya
ditlhopa tsa magae tse di latelang moetlo wa molao wa setso -
(a) Molao wa bosethaba kgotsa wa porofense o ka neela kgotsa wa rebola go tlhomiwa ga
makgotla a babusi ba setso/magosi.
(b) peomolao ya bosethaba e ka tlhoma Khansele ya baeteledipele ba setso/magosi.
Kgaolo 13
DITHELETE
Mabaka a dithelete ka kakaretso
Letlole la Bosethaba la Letseno
213. (1) Go na le Letlole la Bosethaba la Letseno le thelete yotlhe puso ya bosethaba e
tsenang mo go lona kwa ntle ga thelete e e thibelwang ke Molao wa Palamente go tsenngwa mo
letloleng le.
(2) Thelete e ka gogwa go tswa mo Letloleng la lotseno la Bosethaba, fela -
(a) go ya ka taelo ya Molao wa Palamente; kgotsa
(b) fa go rulagantswe jalo mo Molaotheong.
(3) Letlole la letseno la Bosethabale ikarabela mo kabong ya diere tse di lekanang tsa
porofense tseo di Kokoantsweng bosethaba.
Kgaogano e e lekalekanang le kabelo ya letlole
214. (1) Melao ya Bosethaba e tshwanetse go rulaganyetsa -
(a) kgaoganyo e e lekalekanang [letseno le le amogelwang bosethaba] magareng a puso ya
bosethaba le ya diporofense;
(b) tekanyetso ya bontlha jo bo tla abelwang diporofense ka go lekalekana; le
(c) dikabelano dife kgotsa dife go diporofense go tswa go letlole la bosethaba le mabaka a
a tla beng a ka laola dikabelano tseo.
(2) Melao e e kaiwang ka fa tlase ga temana (1) e ka dirisiwa fela fa morago ga mebuso ya
diporofense e rerisitswe le ditshitshinyo tsa Dikhomiene tsa Dithelete di setse di sekasikilwe,
mabapi le -
(a) dikgatlhego tsa bosethaba -
(b) go tsaya tsia kabelano e e lebanong molato wa bosethaba;
(c) ditlhokego le dikgatlhego tsa puso ya bosethaba tseo di laolwang ke mabaka a a
ikemetseng;
(d) ditiro tsa diporofense;
(e) bokgoni ba dithelete le nonofo ya diporofense;
(f) ditlhokego tsa tlhabololo le tse dingwe ga mmogo le go sa lekalekaneng ga diporofense
mo mabakeng a ikonomi;
(g) maikarabelo a diporofense mabapi le melao ya bosethaba;
(h) ditiro tsa dipuso-selegae mo diporofenseng; le
(i) dikgatlhego tse dingwe tse di supiwang ke mabaka a a ikemetseng;
(j) tlhokego ya kgo fetola maemo mo go arabeleng maemo a tshoganyetso, kgotsa ditlhokego
tsa lobakanyana.
Tekanyetsomatlole ya bosethaba, diporofense le bommasepala
215. (1) Ditsamaiso tsa tekanyetso ya Bosethaba, Diporofense le Bommasepala di
tshwanetse tsa tsweletsa, go nna mo pontsheng, maikarabelo le tsamaiso e e nonofileng ya
ikonomi, melato le lephata la botlhe.
(2) Peomolao ya Bosethaba e tshwanetse go kaela -
(a) tlhamo ya ditekanyetso tsa bosethaba, porofense le Mmasepala;
(b) fa ditekanyetso tsa bosethaba le porofense di tlhagisiwa; le
(c) gore ditekanyetso mo karolong nngwe le nngwe ya puso di tshwanetse go bonsha
metswedi ya lotseno le tsela eo ditshenyegelo tse di tshitshintsweng di tla dumelelanang le
peomolao ya bosethaba.
(3) Ditekanyetso mo lefapheng lengwe le lengwe la puso di tshwanetse go nna le -
(a) ditekanyetso tsa lotseno le tshenyegelo go farologanngwa letlotlo le ditshenyegelo tse di
leng teng;
(b) ditlhagiso mo go dueleng melato e e solofetsweng mo nakong e di santseng di dira; le
(c) tshupo ya maikaelelo mo kadimong le mo ditlhamong dingwe tsa melato ya batho eo e tla
oketsang melato ya batho mo tsamaong ya ngwaga o o latelang.
Taolo ya lefapha la bosethaba la matlole
216. (1) Peomolao ya Bosethaba e tshwanetse go tlhoma lefapha la puso la bosethaba leo
le ikarabelang mo tsamaisong ya thulaganyo ya thelete ya naga mme la kaya dikgato go netefatsa
go se neng bofitlha le taolo ya tshenyegelo mo mafapheng a puso, ka go tlhagisa -
(a) katiso ya palotlotlo e e dumeletsweng ka kakaretso;
(b) dikarologanyo tsa ditshenyegelo tse di lekanang; le
(c) melao e e tshwanang ya lefapha la pluso leo le ikarabelang mo tsamaisong ya thulaganyo
ya thelete.
(2) Lefapha la bodithaba le o le ikarabelang mo tsamaisong ya thelete, ka tumelelano le
leloko la kabinete le le ikarabelong mo mererong ya thelete ya bosethaba, le ka emisa tshutiso
ya matlole go karolo ya puso fa fela go na le tlolo e e masisi ya dikgato tse di tlhomamisitsweng
go ya ka karolwana (1).
(3) Tshwetso ya go emisa tshutiso ya matlotlo go porofense e ka tsewa fela go ya ka
karolwana (2) mme -
(a) e ka se emise tshutiso ya matlotlo mo lebakeng la malatsi a fetang 120; mme
(b) e ka tsenngwa mo tirisong ka bonako, fela e tla se tswelele fa Palamente e ka se e amogele
ka go latela tsamaiso e e tshwanang le e e tlhomamisitsweng go ya ka karolo 76 (1) mme e beilwe
ka melao e e kopantsweng. Tsamaiso e, e tshwanelwa ke go fetswa mo malatsing a le 30.
(4) Palamente e ka nthwafatsa tshwetso ya go emisa tshutiso ya matlotlo mo malatsing a a
sa feteng 120, go latela tsamaiso e e tlhomilweng go ya ka karolwana (3).
(5) Pele Palamente e ka amogela kgotsa ya nthwafatsa tshwetso ya go emisa tshutiso ya
matlole go porofense -
(a) morunikakaretso o tshwanetse go begelela Palamente; le
(b) porofense e tshwanelwa ke go newa sebaka sa go araba ditatofatso kgatlhanong le yona
le go tlhagisa kgotse/molato wa yona fa pele ga komiti.
Tshenkelo
217. (1) Fa ditheo tsa puso di dira konteraka mo thekong ya dithoto le ditirelo, di
tshwanetse go dira jalo go ya ka peomolao ya bosethaba le ya porofense e tlhomamisang
thulaganyo e e sa gobeleteng e lekana, e le mo pontsheng.
(2) Karolwana (1) ga e thibelele tiriso ya maikemisetso a tshenkelo ka ditheo tsa puso tseo
di tlamelang -
(a) ditlhopha tsa leakanyetsopele mo kabong ya dikonteraka; le
(b) tshireletso kgotsa tsweletsopele ya batho kgotsa ditlhopha tsa batho tseo di neng di sa
newe dithomo bakeng la kgethololo.
(3) Peomolao ya Bosethaba e tshwanetse go kaya tsela kgotsa mokgwa o ka ona,
maikemisetso a a kailweng mo karolwaneng (2) a ka tsenngwang mo tirisong.
Dinetefaletso tsa puso
218. (1) Puso ya bosethaba, ya porofense kgotsa ya Mmasepala e ka neela tshireletsego
ya kadimo ya thelete fela fa e le gore tshireletsego e dumelelana le mabaka mangwe le mangwe
a a tlhomilweng mo peomolao ya bosethaba.
(2) Peomolao ya bosethaba e e kailweng mo karolwaneng (1) e ka diragatswa fela morago
ga gore ditshitshinyo dife kgotsa dife tsa khomiene ya tiriso ya dithelete di sekasekiwe.
(3) Puso nngwe le nngwe e tshwanetse go phasalatsa kitsiso ya ditshireletseto tse e di
neetseng, ngwaga mongwe le mongwe.
Tuelo ya badiredi-puso
219. (1) Molao wa Palamente o tshwanetse go tlhoma letlhomeso go tlhomamisa -
(a) dituelo, ditetlo, dithuso tsa maloko a Kokoano ya Bosethaba, baemedi ba leruri ba
Lekgotla la Bosethaba la Diporofense, Maloko a Kabinete, Batlatsaditona, Baeteledipele ba setso
le maloko a makgotla mangwe le mangwe a Baeteledipele ba setso; le
(b) tekanyetso godimo ya dituelo, ditetlo kgotsa dithuso tsa maloko a peomolao ya
diporofense, maloko a Lekgotla la Khuduthamaga le maloko a makgotla a Mmasepala a ditlhopha
tse di farologaneng.
(2) Peomolao ya Bosethaba e tshwanetse go tlhoma Khomiene e e ikemetseng go dira
dikatlanegiso mabapi le dituelo, ditetlo le dithuso tse di kailweng mo karolwaneng (1).
(3) Palamente e ka fetisa molao o o kailweng mo karolwaneng (1) fa fela e se na go ela tlhoka
dikatlanegiso dingwe le dingwe tsa khomiene tseo di tlhomamisitsweng go ya ka karolwana (2).
(4) Khuduthamaga ya basethaba le ya porofense, Mmasepala kgotsa bothat/puso nngwe le
nngwe e maleba e ka tsenya mo tirisong peomolao ya bosethaba, e e kailweng mo karolwaneng
(1) morago ga fa fela e tsene tsiya dikatlanegiso dingwe le dingwe tsa khomiene e e
tlhomamisitsweng go ya ka karolwana (2).
(5) Peomolao ya Bosethaba e tshwanetse go tlhoma letlhomeso leo le tlhomamisong dituelo,
ditetlo le dithuso tsa baatlhodi, basireletsi ba sethaba, Morunikakaretso, le maloko a khomiene
nngwe le nngwe a a tlametsweng mo Molaotheong go akaretswa 192.
Khomiene ya dithelete le matlole
Go tlhomiwa le ditiro
220. (1) Go na le Khomiene ya Tiriso ya dithelete ya Rephaboliki, e e dirang dikatlanegiso
tse di akantsweng mo kgaolong e, kgotsa mo Peomolao ya bosethaba, go Palamente, Peomolao
ya diporofense le go botsamaisi bongwe le bongwe jo bo tlhomamisitsweng ke peomolao ke
Peomolao ya bosethaba.
(2) Khomiene e, ikemetse ka bonosi, mme e laolwa fela ke Molaotheo le molao, mme e
tshwanetse go se tseye letlhakore.
(3) Khomiene e tshwanetse go dira, go ya ka Molao wa Palamente, mme mo tiragatsong ya
ditiro tsa yona, e tshwanelwa ke go tlhokomela mabaka otlhe. Go akarediwa le a tlhagelelang mo
karolong 214 (2).
Go thapiwa le pakatiro ya ditokololo
221. (1) Khomiene e na le basadi le banna ba ba latelang, ba thapilwe ke Poresidente jaaka
e le tlhogo ya Khuduthamaga ya Bosethaba:
(a) modulasetulo le motlatsamodulasetulo bao ba thapilweng go direla Khomiene ka nako
e e tletseng;
(b) Batho ba le robongwe, yo mongwe le mongwe a tlhophilweng ke khuduthamaga ya
lekgotla la porofense;
(c) Batho ba le babedi, ba ba tlhophilweng ke puso ya selegae, e e rulagantsweng go ya ka
karolo 163; le
(d) batho ba bangwe ba le robongwe.
(2) Ditokololo tsa Khomiene, di tshwanetse go nna le kitso ya boitseanape e e maleba.
(3) Ditokololo di dira mo nakong e e tlhomamisitsweng, go ya ka peomolao ya bosethaba
Poresidente a ka tlosa tokololo mo tirong ka mabaka a go sa itshole sentle, le go sa kgone tiro mo
tsamaong ya nako e dirang ka yona.
Dipegelo
222. Khomiene e tshwanetse go begela Palamente le diporofense gangwe le gape.
Banka-kgolo
Go tlhomiwa
223. South African Reserve Bank, ke banka-kgolo ya Rephaboliki, mme e tsamaiswa go ya ka
molao wa Palamente.
Maikaelelo magolo
224. (1) Maikaelelomagolo a banka ya South African Reserve, ke go sireletsa tlhwotlhwa
ya thelete gore ikonomi e gole ka tsela e e tlhomameng ka dinako tsotlhe.
(2) Mo go diragatseng maikaelelomagolo a yona, South African Reserve Bank, e tshwanetse
go dira ditiro tsa yona e ikemetse ka bonosi, kwa ntle ga poifo, go direla ope molemo e se ka fa
tshwanong, kgotsa go gobelela, mme go tshwanetse ga nna le therisano ka metlha magareng a
Banka le tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a dithelete tsa bosethaba.
Dithata le ditiro
225. Dithata le Ditiro tsa South African Reserve Bank ke tseo ka tlwaelo di dirwang ke dibanka
tsa bogare, mme di tshwanetse go tlhomamisiwa ke molao wa Palamente, mme di tshwanetse go
diragadiwa ka mabaka a a beilweng go ya ka molao.
Merero ya dithelete ya diporofense le pusoselegae
Letlole la Porofense la Letseno
226. (1) Gona le Letlotlo la Letseno la porofense e nngwe le nngwe, leo mo go lona go
tshwanetseng go tsenngwa madi a a tlhomamisitsweng ke molao wa Palamente, mme a
amogetswe ke puso ya Porofense.
(2) Thelete e ka gogwa mo letloleng la lotseno la Porofense fela -
(a) go ya ka kabo ya Molao wa Porofense; kgotsa
(b) ka boikarabelo jwa Letlole la lotseno la Porofense, fa e neetswe jwalo mo Molaotheong
kgotsa molao wa Porofense.
(3) Letlole la Lotseno la Porofense le na le maikarabelo mo kabong ya letlole go puso ya
selegae mo Porofenseng eo, go ya ka karolo 214 (1).
Metswedi ya bosethaba ya tlamelo ka thelete go diporofense le dipusoselegae
227. (1) Pusoselegae le Porofense nngwe le nngwe -
(a) e na le tshiamelo ya bontlha bongwe jwa letseno la bosethaba leo le e kgonisang go
tlamela ditirelo tsa botlhokwa le go diragatsa ditiro tseo e di abetsweng; le
(b) e ka amogela dikabelo tse dingwe go tswa mo lotsenong la bosethaba, ka mabaka a a
rileng, kgotsa go se mabaka ape.
(2) Lotseno la koketso, leo diporofense kgotsa Mmasepala a lo iponetseng, ga le a
tshwanelwa go go giwa mo dishereng tsa bona, go tswa letloleng la bosethaba, kgotsa go tswa
mo dikabong tse ba di abetsweng go tswa mo lotsennong la puso ya bosethaba. Le fa go ntse
jalo, puso ya bosethaba ga e pateletsege go duela diporofense kgotsa boMmasepala ba ba sa
oketseng lotseno go ya ka ditlhokego tsa bona.
(3) Bontlha ba letlole la bosethaba, bo bo lebaneng Porofense, bo tshwanetse go fetisediwa
go yona ka bonako bo bo kgonegang, le kwa ntle ga dphokotso, fa fela go fetiswa ga letlole go
sa emisiwa go ya ka karolo 216.
(4) Porofense e tshwanetse go itlamela ka ditlhokego tse e di tlhokang, go ya ka kabelo ya
Molaotheo wa Porofense, tseo e leng ditlaleletso go ditlhokego tsa yona tse o di lebeletsweng mo
Molaotheong.
Makgetho a diporofense
228. (1) Lekgotlatheomolao la porofense le ka tlhoma -
(a) makgetho le ditiro kwa ntle ga lekgetho la leseno, kgotsa lekgetho la theko le ditirelo tsa
melelwane; le
(b) dituelo tse di lekalekanang tsa lekgetho kgotsa tiro e e tlhomiwang ke peomolao ya
Bosethaba, kwa ntle ga lekgetho leo le tswang mo ditlamong, lekgetho la dithoto kgotsa
makgetho a ditirelo tsa melelwane.
(2) Thata ya peomolao ya porofense go baya makgetho, dituelo -
(a) ga e a tshwanela go diragadiwa ka tsela e e ka kgoreletsang melao ya bosethaba ya
ikonomi, ditirelo tsa ikonomi go kgabaganya melelwane ya Porofense, kgotsa tsamaiso ya dithoto,
ya bosethaba, lotseno kgotsa ditirelo; le
(b) e tshwanetse go laolwa go ya ka molao wa Palamente, o o ka dirisiwang fela, morago ga
ditshitshinyo dingwe le dingwe tsad Khomiene ya tiriso ya dithelete di sekasekilwe.
Direiti le makgetho a ga mmasepala
229. (1) Go ya ka dikarolwana (2),(3) le (4), mmasepala a ka tlhoma -
(a) direiti mo dithotong le makgetho mo dituelong tsa ditirelo tse di newang ke kgotsa mo
boemong jwa ga mmasepala; le
(b) fa e rebotse ke peomolao ya bosethaba, makgetho a mangwe, makgethwana le makgetho
a ditirelo a a lebaneng le pusoselegae kgotsa mothale wa pusoselegae e mmasepala o, a welang
mo go yona, mme ga go na mmasepala o o ka tlhomang lekgetho la lotseno, lekgetho la
tlaleletso-boleng, lekgetho-thekiso la kakaretso kgotsa makgetho a kgabaganyo ya dithoto.
(2) Thata ya ga mmasepala go tlhoma direite mo dithotong, makgetho mo dituelong tsa
ditirelo tse di newang ke kgotsa mo boemong jwa ga mmasepala, kgotsa makgetho mangwe,
makgethwana kgotsa makgetho a ditirelo -
(a) ga go ne go dirwa ka mokgwa o go gobelelang ka mokgwa o o se nang tlhaloganyo
meono ya ekonomi ya bosethaba, ditiro tsa ekonomi go kgabaganya melelwane ya ga mmasepala,
kgotsa tsamaiso ya dithoto ya bosethaba, lotseno kgotsa ditirel; le
(b) go tla laolwa ke peomolao ya bosethaba.
(3) Fa bommasepala ba babedi ba na le dithat tse di tshwanang tsa madi le ditiro mo karolong
e e tshwanang, kgaoganyo e e siameng ya dithat le ditiro tseo, e tshwanetse go dirwa go ya ka
peomolao ya bosethaba. Kgaoganyo e ka dirwa fela fa go etswe tlhoko dikelo tse di latelang:
(a) Tlhokego ya go lepalepana le metheo e e botoka ya go kgethisa.
(b) Dithata le ditiro tse di dirwang ke mmasepala mongwe le mongwe.
(c) Bokgoni jwa dithelete jwa mmasepala mongwe le mongwe.
(d) Bokgoni jwa kokoanya makgetho, makgethwana le makgetho a ditirelo; le
(e) Tekatekano.
(4) Ga go na sepe mo karolong e se se thibelang go kgaogana go lotseno le le kokoantsweng
go ya ka karolo e, fa gare ga bommasepala ba ba na le dithata tsa dithelete le ditiro mo karolong
e e tshwanang.
(5) Peomolao ya bosethaba e e ekanngwang mo karolong e, e diragatswa fela morago ga
pusoselegae e e rulaganeng le fa Komiene ya Dithelete le Matlole e bonwe, le fa dikatlenegiso
dingwe tsa Khomiene di tserwe tsia.
Dikadimo tsa Porofense le tsa Mmasepala
230. (1) Porofense kgotsa Mmasepala e ka batla dikadimo tsa thelete kgotsa tsa
ditshenyegelo tsa jaanong, go ya ka mabaka a a utlwalang, a tlhomamisitswe ke peomolao ya
bosethaba, mme diadimo tsa ditshenyegelo tsa jaanong -
(a) di ka batlwa fa fela go tlhokedga mo mabakeng a kadimomadi mo ngwageng.
(b) di duelwe mo tsamaong ya kgwedi tse somepedi.
(2) Peomolao ya bosethaba e e kailweng mo karolwaneng (1) e ka tlhomamisiwa fela morago
ga fa dikatlanegiso tsa Khomiene ya tsamaiso ya dithelete e sena go sekasekwa.
Kgaolo 14
DIKAELO-KAKARETSO
Ditumelano tsa Molao wa Bodithabathaba
231. (1) Ditherisano le go saeniwa ga ditumelano tsotlhe tsa bodithaba ke maikarabelo a
khuduthamaga ya bosethaba.
(2) Tumalano ya bodithaba e tlama Rephaboliki fela fa e rebotswe ka tshwetso mo go tsoo
pedi Kokoano ya Bosethaba le Khansele ya Bosethaba ya Diporofense ka bobedi, ntle le fa e le
tumelano e e umakiwang mo karolwaneng (3).
(3) Tumalano nngwe le nngwe ya bodithaba ya mothale wa botegeniki, botsamaisi kgotsa
mokgwa wa bodiragatsi, kgotsa tumalano e e sa tlhokeng kana rurifatso kgotsa koketso, e e
tsenwang ke khuduthamaga, e golega Rephaboliki ntle le thebolo ya Kokoano ya Bosethaba le
Khansele ya Bosethaba ya Diporofense, mme e tshwanela go atlhaatlhiwa mo Kokoanong le
Khansele mo nakong e e isegang.
(4) Tumalano ya Bodithaba nngwe le nngwe e nna molao mo Rephaboliking fa e
atlanegisitswe go nna molao kapeomolao wa bosethaba; mme thulaganyo e e itiragatsang ya
tumelano e e rebotsweng ke Palamente ke molao mo Rephaboliking ntle le fa e sa dumelane le
Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.
(5) Rephaboliki e tlamiwa ditumelano tsa bodithaba tse di neng di tlama Rephaboliki fa
Molaotheo o tsena mo tirisong.
Molao wa setso wa bodithabathaba
232. Molao wa Setso wa Bodithaba o dira karolo ya molao wa Rephaboliki ntle le fa o sa
dumalane le Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.
Tiriso ya molao wa bodithabathaba
233. Fa go tlhaloswa peomolao, kgotlatshekelo nngwe le nngwe e tshwanetse ya tloga e dumela
gore tlhopha tlhaloso e e isegang ya peomolao e e dumalanang le molao wa bodithabathaba ka
Rephaboliki mo tlase ga tumalano nngwe le nngwe ya Bodithabathaba tlhaloso ya mothale o
mongwe o o sa dumelaneng le molao wa bodithabathaba.
Merero mengwe
Dikano tsa ditshwanelo
234. Gore setso sa demokerasi se se tlhomilweng ke Molaotheo o, Palamente e ka amogela
Dikano tsa Ditshwanelo tse di tsamaelanang le dithulaganyo tsa Molaotheo.
Boikemisetso
235. Tshwanelo ya batho ba Aforika Borwa botlhe mo boikemisetsong, jaaka go itshenola mo
Molaotheong o, ga e thibele, mo melelwaneng ya tshwanelo e, kamogelo ya moono wa tshwanelo
ya boikemisetso ya setlhopha sengwe le sengwe se se tshwaraganetseng setso le puo, mo nageng
e le nngwe mo Rephaboliking kgotsa ka mokgwa mongwe gape, o o tlhomamisitsweng ka
peomolao ya bosethaba.
Kabelo matlole go makoko a dipolotiki
236. Go tsholetsa kemo ya demokerasi ya makoko mantsi, peomolao ya bosethaba e
tshwanetse go rulaganyetsa kabelo ya matlole go makoko a dipolotiki a a tsayang karolo mo
makgotlapeomolao a bosethaba le a diporofense ka mokgwa wa tekatekano le ikaegong mo
kabelanong.
Boineelo mo go direng maikano
237. Ditlamego tsotlhe tsa Molaotheo di tshwanelwa ke go dirwa ka botswerere le ntle ga
tiego.
Boemedi le thebolelo-tiro
238. Sethwe sa Khuduthamaga sa puso mo lekaleng lengwe le lengwe la puso se ka -
(a) robolela tiro nngwe le nngwe e e tshwanetseng go dirwa go ya ka fa peomolaong go
sethwe sengwe le sengwe sa khuduthamaga sa puso, fa fela thebolelo eo e le ka fa peomolaong
e tiro e, e tshwanetseng go dirwa ka yona.
(b) dira tiro nngwe le nngwe boemong jwa sethwe sengwe le sengwe sa khuduthamaga sa
puso e le ka boemedi kgotsa thebolelo-tiro.
Ditlhaloso
239. Mo Molaotheong ntle le fa diteng di kaya sengwe se sele -
"peomolao ya boditshabatshaba" e akaretsa -
(a) peomolao ya tlaleletso e e dirilweng go ya ka Molao wa Palamente; le
(b) peomolao e e neng e dira fa Molaotheo o tsena mo tirisong mme e le o o tsamaisiwang
ke mmuso wa bosethaba;
"sethwe sa puso" se kaya -
(a) lefapha lengwe le lengwe la puso kgotsa tsamaiso mo lekaleng la bosethaba, porofense
kgotsa magae a puso; kgotsa
(b) tirelo nngwe le nngwe kgotsa setheo -
(i) se se diragatsang dithata kgotsa se dira tiro go ya ka Molaotheo kgotsa molaotheo wa
porofense; kgotsa
(ii) se se diragatsang dithata tsa botlhe kgotsa se dira ditiro tsa botlhe go ya ka peomolao
nngwe.
"peomolao ya porofense" e kaya -
(a) peomolao ya tlaleletso e e dirilweng go ya ka Molao wa porofense; le
(b) peomolao e e neng e dira fa Molaotheo o tsena mo tirisong mme e le o o tsamaisiwang
ke mmuso wa bosethaba.
Go sa dumelelane ga dikwalo tse di farologaneng
240. Fa go tshokileng go se tumelelano fa gare ga dithanolo tsa Molaotheo, diteng tsa lokwalo
la Seesimane ke tsona di tla laolang.
Dithulaganyo tsa kgabaganyo
241. Mametlelelo 6 e dira mo kgabaganyong go ya thulaganong ya molaotheo o mowa e e
tlhongwang ke Molaotheo o, e bile morero mongwe le mongwe o o ka tshokang o amana le
kgabaganyo eo.
Phimolo ya melao
242. Melao e e umakileng mo go Mametlelelo 7 e phimotswe, ka taolo ya 243 le Mametlelelo
6.
Setlhogo se se khutshwane le tshimologo
243. (1) Molao o o bidiwa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996, e bile o
tsena mo tirisong mo letlheng le le bewang ke Poresidente ka kgoeletso, mme e seng morago ga
1 Phukwe 1997.
(2) Matlha a a farologaneng, pele ga le le kailweng mo karolwaneng (1), a ka tlhongwa go
ya ka dikaelo tse di farologaneng tsa Molaotheo.
(3) Ntle le fa diteng di kaya jalo, kaelo mo dikaelong tsa Molaotheo go ya ka nako e
Molaotheo o tseneng mo tirisong ka yona, e tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka kaelo go ya ka
nako e kaelo e, e tseneng mo tirisong.
(4) Fa letlha le le farologaneng le ka tlhongwa mo go nngwe ya dikaelo tsa Molaotheo, go ya
ka karolwana (2), kaelo nngwe le nngwe e e tshwanang le yona, ya Molaotheo wa Rephaboliki
ya Aforika Borwa, 1993 (Molao 200 wa 1993) e e kaiwang mo kgoeletsong, e tla kgaphelwa
thoko go tloga ka letlha leo.
(5) Dikarolo 213, 214, 215, 216, 218, 226, 227, 228, 229 le 230 di tsena mo tirisong ka 1
Ferikgong 1998, mme se ga se thibele go tsenngwa ga peomolao e e solofetsweng mo go dingwe
le dingwe tsa dikaelo tse, go ya ka Molaotheo o, pele ga letlha leo. Go fitlha mo letlheng leo,
dikaelo dingwe le dingwe tse di tshwanang le tse di ka tshokaneng di tshwana le Molaotheo wa
Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1993, di nna mo tirisong.
MAMETLELELO 1
Folaga ya bosethaba
(1) Folaga ya bosethaba e khutlonnematsepa, e boleele jwa nngwe le seripa go feta bophara.
(2) E bontsho, bogauta, botala ba tlhaga, bosweu, bohibidu ba thilisi le botala ba loapi.
(3) e na lebanta e tala ya popego ya ye e leng bophara batlhanong nngwe ba fologa. Methalo
e e fa gare ya banta e simolola mo dikhutlong tse di fa godimo le kwa tlase go bapa le seikokotlelo
sa folaga, di kopanela fa gare ga folaga, e tswelele ka go rapalala go fitlha bogare-bofelong ba
karolo e e phaphalalang.
(4) Lebanta le letala, le tsentswe fa gare ke masi a masweu, kwa godimo le kwa tlase, mme
go ya kwa seikokotlelong sa folaga, ke losi lwa gauta. Losi longwe le longwe lo bophara ba
nngwe-sometlhanong jwa folaga.
(5) Khutlotharo e e fa thoko ga seikokotlelo e ntsho.
(6) Lebanta le le rapaletseng le le kwa godimo, le bohibidu ba thilisi, mme lebanta le le
rapaletseng le le kwa tlase, botala ba loapi. Mabanta a, a bophara ba nngwe-tharong ya bophara
ba fologa.
MAMETLELELO 2
MAIKANO LE ditumelo tse di masisi
Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa moporesidente wa nama-o-tshwere
1. Poresidente kgotsa Poresidente wa nama-o-tshwere, fa pele ga Poresidente ya Lekgotla
la Molaotheo, o tshwanetse go ikana/dumela jaana:
Fa pele ga botlhe ba ba kokoane fano, le ka temogo e e tletseng ya tiro e e masisi e ke
amogelang jaaka Poresidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna, A.B. ke ikana/dumela ka
tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa, mme ke tla obamela,
elatlhoko, tshegetsa le go babalela Molaotheo le melao yotlhe ya Rephaboliki, e bile ke
tlhomamisa le go solofetsa ka pelo e e yotlhe gore ka metlha ke tla -
w rotloetsa se se tla tsweletsang, le go ema kgatlhanong tsotlhe tse di ka senyang
Rephaboliki;
w sireletsa le go tsweletsa ditshwanelo tsa Ma-Aforika Borwa otlhe;
w dira ditiro tsa me ka nonofo le dineo tsotlhe tsa me le go ya ka kitso le bokgoni jotlhe tsa
me, ke laolwa ke letswalo la me;
w direla botlhe tshiamo; le Rephaboliking
w direla le go ineela mo go tse di tlisang thakgamo mo le Sethaba sotlhe sa yone.
(Fa ele maikano: A Modimo a nthuse jalo)
Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa motlatsa-poresidente
2. Motlatsa-Poresidente fa pele ga Poresidente ya Lekgotla la Molaotheo, o tshwanetse go
ikana/dumela jaana:
Fa pele go botlhe ba ba kokoane fano, le ka temogo e e tletseng ya tiro e e masisi e ke
amogelang jaaka Motlatsa-Poresidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna A.B. ke
ikana/dumela ka tlhoafaso gore ke tla nna boikanyego go Repaboleki ya Afrika Borwa, ke tla
obamela, elatlhoko, tshegetsa le go babalela Molaotheo le melao yotlhe ya Rephaboliki, e bile ke
tlhomamisa le go solofetsa ka pelo ee gore ka metlha ke tla -
w rotloetsa se se tla tsweletsang, le go ema kgatlhanong tsotlhe tse di ka senyang
Rephaboliki;
w nna Mokhanselara yo o bonnete le boikanyego;
w dira ditiro tsa me ka nonofo le dineo tsotlhe tsa me le go ya ka kitso le bokgoni jotlhe tsa
me, ke laolwa ke letswalo la me;
w direla botlhe tshiamo le Rephaboliking;
w direla le go ineela mo go tse di tlisang thakgamo mo Sethaba sotlhe sa yone.
(Fa e le maikano: A Modimo a nthuse jalo)
Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa ditona le botlatsatona
3. Tona nngwe le nngwe le Motlatsatona mongwe le mongwe, fa pele ga Poresidente ya
Lekgotla la Molaotheo kgotsa moatlhodi a neetswe dithata ke Poresidente ya Lekgotla la
Molaotheo, o tshwanetse go ikana/dumela jaana:
Nna, A.B. ke ikana/tlatsa ka tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya
Aforika Borwa, ke tla ikobela, tlotla le go tshegetsa Molaotheo le melao yotlhe e mengwe ya
Rephaboliki, e bile ke ikemisetsa go dira tiro ya me jaaka Tona/Matlatsatona ka tlotlo le seriti, go
nna mokhanselara yo o phepo le boikanyego, ga nkitla ke ntsha diphiri tsa pluso tse di itseng ka
tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo, le go dira tiro ya me ka boineelo le bokgoni jwa me.
(Fa ele maikano: A Modimo a nthuse jalo.)
Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa ditokololo tsa kokoano bosethaba, baemedi ba leruri
ba diporofense mo khanseleng ya bosethaba le ditokololo tsa palamente ya porofense
4. (1) Ditokololo tsa Kokoano Bosethaba, baemedi ba leruri mo Khanseleng ya
Bosethaba ya Diporofense le Ditokololo tsa Palamente ya Porofense, fa pele ga Poresidente ya
Lekgotla la Molaotheo kgotsa Moatlhodi yo o neilweng dithata ke Poresidente ya Lekgotla la
Molaotheo, ba tshwanetse ba ikana kgotsa go tlatsa jaana:
Nna, A.B. ke ikana/dumela ka tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya
Aforika Borwa le go ikobela, tlotla le go tshegetsa Molaotheo le melao yotlhe e mengwe ya
Rephaboliki, ke solofetsa ka tlhomamiso go dira ditiro tsa me jaaka tokololo ya Kokoano
Bosethaba/moemedi wa leruri mo Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense/tokololo ya
Palamente ya Porofense ya ka moo ke tla kgonang.
(Fa e le maikano: A Modimo o nthuse jalo.)
(2) Batho ba ba tlatsang phatlatiro mo Kokoanong Bosethaba, boemedi jwa leruri mo
Khanseleng Bosethaba ya Diporofense kgotsa Palamente ya Porofense ba ka ikana kgotsa ba
tlatsa go ya ka karolwana ya (1) fa pele go motshwara marapo wa Kokoano, Khansele kgotsa
Palamente, go ya fela gore seemo ka sefe.
Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa ditonakgolo le ditokololo tsa makgotlakhuduthamaga
a diporofense
5 Tonakgolo ya porofense, le tokololo nngwe le nngwe ya kgotla ya Khuduthamaga ya
porofense, fa pele ga Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo kgotsa moatlhodi o a
nopotsweng ke Poresidente wa kgotlatshekelo ya Molaotheo, e tshwanetse go ikana/itlama jaaka
go latela:
Nna, A.B. ke ikana/itlama ka tlhoafalo, gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya
Aforika Borwa le gore ke tla obamela, ka tlotla le go tshegetsa Molaotheo le molao otlhe o
mongwe wa Rephaboliki; e bile ke imemisetsa go tshegeetsa maemo a ofisi ya me jaaka
Tonakgolo/tokololo ya Lekgotla la Khuduthamaga ya porofense ya CD ka tlotlo le seriti; go nna
mogakolodi wa boammaruri le boikanyego;
go se upulole ka tlhamalalo kgotsa ka go se tlhamalale morero mongwe le mongwe, o
beilweng mo botshepeging ba me; le go dira ditlamego tsa ofisi ya me ka tlhoafalo le ka bojotlhe
ba bokgoni ba me.
(Mo lebakeng la ikano: A Modimo a nthuse jalo.)
Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa batlhankedi ba boatlhodi
6. (1) Moatlhodi mongwe le mongwe kgotsa Moatlhodi nama-o-tshwere, pele
Motlhodimogolo wa kgotlakgolo ya Makgalakgang le Boikuelo kgotsa moatlhodi o o
nopotsweng ke Moatlhodimogolo, o tshwanetse a ikana kgotsa a tlhomamisa jaaka go latela:
Nna A.B. ke ikana/tlhomamisa ka tlhoafalo gore, jaaka Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya
Molaotheo/Kgotlatshekelokgolo ya E.F./G.H. Kgotla, ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya
Aforika Borwa, ke tla tshegetsa ka ba ka sireletsa Molaotheo; e bile ke tla tsamaisa bosiamisi go
batho botlhe ka go lekana ntle le poifo, ditlhotlho kgotsa kgobelelo, go ya ka Molaotheo le molao.
(Fa e le mo lebakeng la ikano: A Modimo o nthuse jalo.)
(2) Motho yo o tlhomilweng mo ofising ya Moatlhodimogolo wa Kgotlakgolo ya
makgaolakgang yo o setseng e se moatlhodi ka nako ya go tlhomiwa go o o tshwanetse a ikana
kgotsa a tlhomamisa fa pele ga Poresidente wa kgotlatshekolo ya Molaotheo.
(3) Batlhankedi ba bosiamisi, le batlhankedi ba bosiamisi ba nama-o-tshwere, ba go sele go
na le baatlhodi, ba tshwanetse go ikana/go tlhomamisa mo mabakeng a peomolao ya bosethaba.
MAMETLELELO 3
DITSAMAISO TSA DITLHOPHO
Karolo A
Ditsamaiso tsa ditlhopho tsa badiredi-puso ka fa molaotheong
Tiriso
1. Tsamaiso e e tlhalosiwang mo mametlelelong e, e diragadiwa ka nako tsotlhe fa -
(a) Kokoano Bosethaba e kopana go tlhopha Poresidente, kgotsa Mmusakgotla kgotsa
Motlatsa Mmusakgotla wa Kokoano ;
(b) Lekgotla la Bosethaba la Diporofense le kopana go tlhopha Modulasetilo,
Motlatsa-Modulasetilo; kgotsa
(c) Kgotlapeomolao ya porofense e kopana g tlhopha Tonakgolo ya porofense kgotsa
Mmusakgotla kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Kgotlapeomolao.
Ditlhagiso
(2) Motho yo o tshwereng marapo mo pitsong e mo go yone mametlelelo e, e dirang o
tshwanetse go kopa gore go tlhagisiwe bontlhopheng mo pitsong.
Ditlhokego tse di tshwanetseng
3. (1) Tlhagiso e tshwanelwa go dirwa mo foromong e e beilweng go ka melao e e
umakilweng mo temaneng 9.
(2) Foromo e mo go yone go tlhagisiwang maina e tshwanelwa go saenwa -
(a) ke ditokololo di le pedi tso Kokoano Bosethaba, fa Poresidente kgotsa Mmusakgotla
kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Kokoano a kgethiwa;
(b) mo boemong jwa baemedi ba le babedi ba Porofense, fa modulasetulo kgotsa
Motlatsamodula setulo wa Lekgotla la Bosethaba la Porofense la tlhophiwa; kgotsa
(c) ke ditokololo di le pedi tsa Kgotlapeomolao ya Porofense e e maleba, fa Tonakgolo ya
Porofense kgotsa Mmusakgotla kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Palamente a tlhophiwa.
(3) Motho yo go tlhagisitsweng leina la gagwe o tshwanela go bontsha fa a amogela go
kgethiwa ka go saena foromo ya tlhagiso kgotsa foromo nngwe ya mofuta mongwe e e
kwadilweng go netefatsa.
Kitsiso ya maina a bontlhopheng
4. Mo pitsong e mo go yone Mametlelelo e, e dirang, motshwaramarapo o tshwanelwa go
itsise maina a batho ba ba tlhagisitsweng jaaka bontlhopheng, mme ga a letle kganetsanyo.
Ntlhopheng a le mongwe
5. Fa go tlhagisiwa ntlhopheng a le mongwe, motshwaramarapo o tshwanelwa ke go bolela
fa ntlhopheng o, a tlhophilwe.
Tsamaiso ya ditlhopho
6. Fa go tlhagisitswe bontlhopheng ba feta bongwe -
(a) Boutu e tshwanelwa go dirwa kwa kopanong ka bolato ya sephiri;
(b) tokololo nngwe le nngwe e e teng, kgotsa fa e le kopano ya Lekgotla la Bosethaba la
Diporofense, Porofense nngwe le nngwe e e emetsweng mo pitsong e ka nna ya latlhela boutu e
le nngwe; mme
(c) motshwaramarapo o tshwanelwa ke go bolela ntlhopheng yo o boneng diboutu di le dintsi
ke ena yo o tlhophilweng.
Tsamaiso ya go ntshetsantle/tlosa
7. (1) Fa go se na ntlhopheng yo o boneng diboutu di le dintsi, ntlhopheng yo o boneng
diboutu tse di kwa tlase, o tshwanelwa go tlosiwa mme go tswelelwa ga boutelwa-bonthopheng
ba ba setseng go ya ka temana ya 6, Tsamaiso e e tshwanelwa ya boelediwa go fitlhela ntlhopheng
a bona palo ya bontshi ba diboutu.
(2) Fa go dirisiwa karolwana ya (1), ba le babedi kgotsa go feta ba bontlhopheng o mongwe
le mongwe a bone diboutu tse di kwa tlase, boutu e nngwe e tshwanetse ya dirwa ya
bontlhopheng ba, mme ya boelediwa ka mo go kgonegang go tlhomamisa gore ke ofe wa
bontlhopheng yo o tshwanelwang ke go tlosiwa.
Dipitso tse dingwe
8. (1) Fa go tlhagisitswe bontlhopheng ba le babedi fela, kgotsa fa go sala bontlhopheng
ba le babedi morago ga tsamaiso ya ntshetsontle e sena go dirisiwa, mme bontlhopheng bao ba
bona diboutu tse di lekanang, kopano e nngwe e tshwanetse ya tshwarwa mo malatsing a le supa
ka nako e e tla ba e beilwe ke motshwaramarapo.
(2) Fa go bidiwa kopano e nngwe gape go ya ka karolwana ya (1), tsamaiso e e beilweng mo
mametlelelong e, e tshwanelwa ya salwa morago kwa kopanong/pitsong eo jaaka o kare ke
kopano ya ntlha ya ditlhopho tsa go nna jalo.
Melawana
9. (1) Poresidente wa kgotla ya Molaotheo o tshwanetse go dira melawana e e kaelangn
-
(a) tsamaiso ya dipitso tse di amiwang ke Mametlelelo e;
(b) ditiro tsa motho mongwe yo o tshwereng marapo mo kopanong yo mothale o, le motho
mongwe yo o thusang motho yo a tshwerweng marapo;
(c) foromo e ditlhagiso(maina) di diriwang mo go yone; le
(d) mokgwa o go bouta go tshwanelang go dirwa ka teng.
(2) Melawana e, e tshwanetse ya anamisiwa ka tsela e Poresidente wa Lekgotla la Molaotheo
a beileng ka teng.
Karolo B
Kaelo ya taelo ya go tsaya karolo ga makoko mo dikemeding tsa khansele ya bosethaba ya
diporofense
1. Baemedi mo kemeding ya porofense ya go Khansele ya Bosethaba ya Diporofense bo
lekoko le nang le tshwanelo ya bona, bo tshwanetse go tlhomamisiwa ka go ntsifatsa palo ya
manno a lekoko le a tshwereng mo kgotlapeomolaong wa porofense ka lesome le go arola karabo
ka palo ya manno mo kgotla peomolaong, go bo go tlhakanngwa le nngwe.
2. Fa palelo mo mabakeng a 1 e naya lefetiso le le sa monngweng ke baemedi ba ba neilweng
lekoko mo mabakeng, lefetiso le tshwanetse go gaisana le mafetiso a a tshwanang le ona a a
kokoanelang ke lekoko kgotsa makoko mangwe le mangwe, mme baemedi bangwe le bangwe ba
ba sa abiwang mo boemeding ba tshwanelwa ke go abelwa lekoko kgotsa makoko ka tlhomagano
ya lefetiso le le kwa godimodimo.
MAMETLELELO 4
Makala a kgolagano a tiragatso
a bokgoni jwa peomolao a
bosethaba le a porofense
Karolo A
Tsamaiso ya dikgwa tsa tlholego
Bolemi
Maemelafofane, ntle le a bodithabathaba le a bosethaba
Taolo ya diphologolo le malwetse
Dikhasino, tsa mabelo, go iteka lesego la madi, ntle le kemonokeng ya dikgogo tsa madi tsa
bosethaba le tsa metshameko
Tshireletso ya badirisi
Tsa setso
Tsamaiso ya leroborobo
Thuto mo dikgatong tsotlhe ntle le unibesithi le dikolo tsa katiso;
Tikologo
Tirelo tsa pholo
Matlo
Molao wa tlhago le wa setso mo taolong ya Kgaolo 12 ya Molaotheo.
Tsweletso ya intaseteri
Maikaelelo a puo le taolo ya dipuo tsa semmuso go fitlha fa
dikaelong tsa karolo 6 ya Molaotheo e rolela ka totobalo go peomolao ya porofense bokgoni ba
peomolao
Tirelo ya bogasi e e laolwang kgotsa e e rulaganyeditsweng ka tlhamalalo ke puso ya porofense
ka taelo ya karolo 192
Pabalelo ya tlhago, ntle le diphaka tsa bosethaba, ditshingwana tsa tlhago tsa bosethaba le
metswedi ya lewatle
Sepodisi go fitlha fa ditaelo tsa kgaolo 11 ya Molaotheo di rolelang lekgotlapeomolao la
porofense bokgoni ba peomolao.
Taolo ya kgotlelego
Tlhabololo ya sethaba
Dituelo tsa tshutiso ya dithoto
Madirelomagolo a porofense tebang le makala a tiragatso mo Mametlelelong e, le Mametlelelo
5.
Dipalangwa tsa botlhe
Ditiro tsa botlhe go ya ka ditlhokego tsa mafapha/porofense fela, mo go diragatseng maikarabelo
a bona, go tsamaisa ditiro, segolo jang tse ba di abetsweng go ya ka Moloatheo kgotsa molao
mongwe.
Togamaano le tlhabololo ya Kgaolo
Melao ya dirori le dipalangwa tsa tsela
Tshomarelo ya mmu
Bojanala
Kgwebo
Boeteledipele ba setso go ya ka dikaelo tsa Kgaolo 12 ya Molaotheo
Kgolo/Tlhabololo ya metsesetoropo le magae
Dilaesense tsa dirori
Ditirelo tsa leago
Karolo B
Merero e e latelang ya pusoselegae go ya ka fa go atolositsweng ka gone mo karolong 155 (6)
le (7):
Kgotlelego ya loapi
Melawana ya go aga
Ditlamelo tsa tlhokomelo ya bana
Tlamelo ya motlakase le gase
Ditirelo tsa botimamolelo
Bojanala ba selegae
Maemelodifofane a boMmasepala
Bologamaano ba boMmasepala
Ditirelo tsa pholo tsa boMmasepala
Dipalangwa tsa botlhe tsa boMmasepala
Ditirelo tsa ditiro tsa boMmasepala tsa botlhe tebang fela le ditlhokego tsa ga mmasepala mo go
diragatseng maikarabelo a go tsamaisa ditiro tse ba di rwesitsweng ka totobalo mo Molaotheong
o, kgotsa molao mongwe le mongwe.
Dipontune, diferi, dijiti, dipier le maemelokepe ntle le taolo ya tsamaiso ya dikepe le merero ya
bodithabathaba le ya bosethaba le merero mengwe e e amegang.
Tsamaiso ya mekgwa ya go laola merwalela mo mafelong a go agilweng mo go ona
Melawana ya kgwebo
Metsi le ditirelo tsa go tlosiwa ga leswe go totisitswe fela dithulaganyo tsa kabelo tsa metsi a a
leswe a selegae le dithulaganyo tsa go tsholola metsi a matlwana-boithusetso.
MAMETLELELO 5
MAKALA A TIRAGATSO A BOKGONI JWA PEOMOLAO A POROFENSE FELA
Karolo A
Matlhabelo
Tirelo ya diambulense
Diakhaefe ntle le diakhaefe tsa bosethaba
Dilaeborari ntle le dilaeborari tsa bosethaba
Dilaesense tsa nnotagi
Dimmusiamo ntle le dimmusiamo tsa bosethaba
Togomaano ya Porofense
Merero ya setso ya porofense
Boitapoloso le mafeloboitapoloso le didiriswa tsa porofense
Metshameko ya porofense
Ditsela le pharakano ya porofense
Ditirelo tsa kalafo ya diruiwa ntle le taolo ya borutegi
Karolo B
Merero e e latelang ya pusoselegae go fitlha fa e atolotsweng ka karolwana
155 (6)(a) le (7):
Mabopo le mafelo a boitumediso
Diboroto tsa papatso le go bewa mo pepeneneng ga dipapatso mo mafelong a botlhe
Diphuphu, dintlo tsa pabalelo ya baswi, mafelo a go fisiwa ga ditopo
Phepafatso
Taolo ya letshwenyo go botlhe
Taolo ya ditheo tse di gwebang ka nnotagi
Mafelo a bonno, tlhokomelo le go epelwa ga diphologolo
Go dirwa ga magora le magora
Neelo ya dilaesense tsa dintwa
Neelo ya dilaesense le taolo ya ditheo tse di rekisetsang botlhe dijo
Didirisiwa tsa mafelo-selegae
Mafelo a metshameko mo mafelong-selegae
Dimmaraka
Matlhabelo a ga mmasepala
Diphaka le mafeloboitapoloso a ga mmasepala
Ditsela tsa ga mmasepala
Lerata le le kgotlelang tidimalo
Matlhatlhelo a diphologolo tse di mo kgolegelong
Mafelo a botlhe
Go tlosiwa ga matlakala, dithothobolo, le tshololo ya mantle
Kgwebo ya mo mmileng
Dipone tsa mo mmileng
Pharakano le boemeladirori
MAMETLELELO 6
Dithulaganyo tsa kgabaganyo
Dithanolo
1. Mo Mametlelelong e, ntle le fa go sa nyalane le diteng -
"Nagalegae" e kaya karolo ya Rephaboliki eo, pele ga Molaotheo wa pele o simolola go dirisiwa,
e neng e kaiwa, go ya ka molao wa maloba wa Aforika Borwa, jaaka e e ikemetseng kgotsa e e
ipusang;
"Molaotheo o mowa" e kaya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996;
"Thulaganyo Taolo ya Maloba" e kaya melao e e neng ya gatisiwa le go dirisiwa pele ga
Molaotheo wa pele;
"Molaotheo wa pele" e kaya Molaotheo wa pele e kaya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika
Borwa wa 1993 (Molao 200 wa 1993).
Tswelelo ya molao o o leng teng
2. (1) Melao yotlhe e e leng tirisong fa Molaotheo o mowa o tsena mo tirisong, e tla
tswelela go nna mo tirisong, go ikaegilwe ka -
(a) Tlhabololo nngwe kgotsa e phimolwa gotlhelele; le
(b) Go lebana/nyalana le molaotheo o mowa.
(2) Melao ya taolo ya pele e e tswelelang go diriswa go ya ka sekatemana(1) -
(a) ga o na tiriso e e anameng mo dikgaolong le ka mokgwa mongwe go feta e e neng e le
teng pele ga Molaotheo wa pele, ntle le fa o ne wa tlhongwa sewa go oketsa/atolosa maatla a
tiriso ya ona; le
(b) o tswelela go diriswa ke bothati bo bo neng bo o dirisa pele Molaotheo o mowa o tsena
mo tirisong.
Thanolo ya melao e e leng teng
3. (1) Ntle le fa go sa tsamaelaneng le diteng kgotsa go se maleba, kumako, mo molaong
mongwe le mongwe o o neng o dirisiwa fa Molaotheo o mowa o tsena mo taolong -
(a) Rephaboliki ya Aforika Borwa kgotsa naga legae (ntle le fa e ka tikologo ya mongwe) e
tshwanetse go tsewa fa e kaya Rephaboliki ya Aforika Borwa go ya ka Molaotheo o mowa;
(b) Palamente, Kokoano ya Bosethaba, kgotsa Senoto, di tshwanetse go tsewa fa di kaya
Palamente, Kokoano Bosethaba kgotsa Khuduthamaga Bosethaba ya diporofense go ya ka
Molaotheo o mowa;
(c) Poresidente, Motlatsa Poresidente, Tona, Motlatsa Tona kgotsa Kabinete, e tshwanetse
go tsewa fa e le ya kumako ya poresidente, Motlatsa Poresidente, Tona, Motlatsa Tona kgotsa
Kabinete go ya ka Molaotheo mowa, go tlaegilwe ka temana 9 ya Mametlelelo e;
(d) Poresidente, ya Senoto, e tshwanetse go tsewa fa e kaa Momasetulo wa Khuduthamaga
Bosethaba ya Diporofense;
(e) kgotla theramelao ya Porofense, Tonakgolo, Khuduthamaga ya Khansele kgotsa leloko
la Khuduthamaga ya Khansele ya Porofense, e tshwanetse go tsewa fa e kaa kgotla theramelao
ya Porofense, Tonakgolo, Khuduthamaga ya Khansele kgotsa leloko la Khuduthamaga phetisi go
ya ka Molaotheo mowa, karolwana 12 ya Mametlelelo e; kgotsa
(f) puo semmuso kgotsa dipuo, e tshwanetse go tsewa fa e kaa e nngwe ya dipuo tsa
semmuso go ya ka molaotheo mowa.
(2) Ntle le fa go sa tsamaelane le diteng kgotsa go sa tshwane gotlhelele, kumako, mo
melaong e e setseng ya puso ya maloba -
(a) ka ga Palamente, kgotla ya Palamente, kgotsa Kokoano Khuduthamaga ya theramelao
kgotsa karolo ya Rephaboliki kapa ya nagalegae, e tshwanetse go tsewa fa e kaya -
(i) Palamente go ya ka Molaotheo mowa, fa taelo ya molao o, o neetswe kgotsa o
rebotswego ya ka Molaotheo wa pele kgotsa Mametlelelo eno, go Khuduthamaga ya bosethaba;
kgotsa
(ii) Kgotlatheomelao ya Porofense, fa taolo ya molao o, o neetswe kgotsa o rebotswe go ya
ka Molaotheo wa pele kgotsa Mametlelelo e, e go Khuduthamaga ya Porofense.
(b) ka ga Poresidente wa Naga, Tonakgolo, Motsamaisi kgotsa Mokhuduthamaga-mogolo
mongwe, Kabinete, Khansele ya ditona kgotsa Khansele ya Khuduthamaga ya Rephaboliki kgotsa
ya nagalegae, e tshwanetse go tsewa fa e kaya -
(i) Poresidente go ya ka Molaotheo mowa, fa taolo ya molao o e neetswe Khuduthamaga
ya bosethaba go ya ka Molaotheo wa pele kgotsa go ya ka Mametlelelo e; kgotsa
(ii) Tonakgolo ya Porofense go ya ka Molaotheo mowa, fa taelo ya molao o e neetswe
Khuduthamaga ya Porofense, go ya ka Molaotheo wa pele kgotsa Mametlelelo e.
Kokoano ya Bosethaba
4. (1) Mongwe le mongwe yo o neng a le leloko, kgotsa mongwe wa batsamaisi ba
Kokoano ya Bosethaba fa Molaotheo mowa o tsena mo taolong, o tla nna leloko kgotsa
mongwe wa batsamaisi ba Kokoano ya Bosethaba go ya ka Molaotheo mowa, e bile o tla nna
mo tirong go ya ka Molaotheo mowa.
(2) Kokoano ya Bosethaba go ya ka fa e tlhalositsweng mo temaneng (1), e tshwanetse go
tsewa jaaka e e tlhophilweng go ya ka Molaotheo mowa go fitlha ka 30 Moranang, 1999.
(3) Kokoano ya Bosethaba e bopilwe ka maloko a 400 go ya go fitlha ka paka-tiro e e
khutlang ka 30 Moranang 1999, go karolo 49(4) ya Molaotheo mowa.
(4) Melawana le ditaolo tsa Kokoano ya Bosethaba tse di dirisiwang fa Molaotheo mowa
o tsena mo tirisong, di tla tswelela go dirisiwa ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa tsa phimolwa.
Tiro ya Palamente e e sa welang
5. (1) Tiro nngwe le nngwe ya Kokoano ya Bosethaba e e sa welang fa Molaotheo o
mowa o tsena mo tirisong e tshwanetse go tsweletswa go ya ka Molaotheo mowa.
(2) Tiro nngwe le nngwe ya Senate e e sa welang fa Molaotheo mowa o tsena mo tirisong
e tshwanetse go fitisetswa go Khuduthamaga ya Bosethaba ya Diporofense go tsweletswapele
ke Khuduthamaga ya Diporofense ya Molaotheo mowa.
Ditlhopho tsa Kokoano ya Bosethaba
6. (1) Ga go ditlhopho tsa Kokoano ya Bosethaba tse di tla tshwarwang pele ga 30
Moranang, 1999 ntle le fa Kokoano ya Bosethaba e ka phatlalatswa go ya ka karolo 50(2) ya
Molaotheo mowa fa morago tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go Poresidente go ya ka karolo
102 (2) ya Molaotheo o mowa.
(2) Tiriso ya karolwana 50(1) ya Molaotheo mowa e sa emisitswe go fitlha ka 30 Moranang,
1999.
(3) Le fa Molaotheo wa pele o phimotswe, Mametlelelo 2 ya Molaotheo o o, jaaka e
tlhabolotswe mo go tlaletso A mo Mametlelelong e, e ama -
(a) ditlhopho ntlha tsa Kokoano Bosethaba go ya ka Molaotheo mowa;
(b) go latlhegelwa ke boloko ba Kokoano ka mabaka ntle le a a neetsweng mo karolong ya
47(3) ya Molaotheo o mowa; le
(c) go tlatswa ga diphatlhatiro mo Kokoanong, le go emisetswa, go boeletsa le go dirisa
manaane a maina a makoko a dipolitiki, go tlatsa diphatlhatiro, go emela ditlhopho tsa bobedi tsa
Kokoano go ya ka Molaotheo o mowa.
(4) Karolo 47(4) ya Molaotheo o mowa e emisitswe go dirisiwa go fitlhela ditlhopho tsa
bobedi tsa Kokoano ya Bosethaba go ya ka Molaotheo o mowa.
Khansele ya Bosethaba ya Diporofense
7. (1) Go ya ka nako e e latelang pelenyana ga kopano ya pele ya kgotlatheomolao ya
Porofense, fela fa morago ga tlhopho ya yona, go ya ka Molaotheo mowa -
(a) tekatekanyo ya boemedi ba makoko a dipolitiki mo go Khuduthamaga Bosethaba ya
diporofense e tshwanetse go tshwana le tekatekanyo ya boemedi ba maloko a (10) lesome a
basenatoro, a a supilweng, go ya ka karolo 48 ya Molaotheo wa pele; le
(b) kabo ya baemedi ba leruri le baemedi ba ba kgethegileng ba makoko a a emetsweng mo
kgotlatheomelaong ya diporofense bo ntse jaana:
Porofense Baemedi ba leruri Baemedi ba ba
kgethegileng,
1.Kapa Botlhaba ANC 5 ANC 4
NP 1
2.Foreisetata ANC 4 ANC 4
FF 1
NP 1
3.Gauteng ANC 3 ANC 3
DP 1
FF 1
NP 1 NP 1
4.KwaZulu-Natal ANC 1 ANC 2
DP 1
IFP 3 IFP 2
NP 1
5.MpumalangaANC 4 ANC 4
FF 1
NP 1
6.Kapa Bokone ANC 3 ANC 2
FF 1
NP 2 NP 2
7.Porofense ya Bokone ANC 6 ANC 4
8.Bokone Bophirima ANC 4 ANC 4
FF 1
NP 1
9.Kapa Bophirima ANC 2 ANC 1
DP 1
NP 3 NP 3
(2) Lekoko le le emetsweng mo go Kgotlatheomelaong ya Porofense le -
(a) tshwanetse go supa baemedi ba leruri go tswa go ba baneng ba le maloko a Senoto fa
Molaotheo Mowa o tsena mo taolong, ba bile ba ikemiseditse go nna baemedi ba leruri; le
(b) ka supa batho ba bangwe go nna baemedi leruri fa ope wa basenatoro kgotsa palo e e sa
lekaneng e sa ikemisetsa go ba leloko la Khuduthamaga Bosethaba ya Porofense, kgotsa palo
ya go tsaya tiro.
(3) Kgotlatheomelao ya Porofense e tshwanetse go supa baemedi ba leruri go ya ka
tekanyetso ya makoko a emetsweng.
(4) Dikarolwana (2) le (3) di dira fela mo go tlhongweng ga ntlha ga baemedi ba leruri ba
Khuduthamaga ya Bosethaba.
(5) Karolo 62 (1) ya Molaotheo mowa ga e amane le go supiwa le go tlhongwa ga
Basenatoro jaaka baemedi ba leruri go ya ka karolo e.
(6) Melawana le ditaolo tsa Senoto tse di dirisiwang fa Molaotheo Mowa o tsena mo
taolong, di tshwanetse go dirisiwa mo mererong ya Khuduthamaga ya Bosethaba go ya ka fa di
ka dirisiwa, go fitlha di tlhabololwa kgotsa di phimolwa.
Ba ba kileng ba nna Basenatoro
8. (1) Yo o kileng a nna mosenatoro a bile a se mo boemeding ba Khuduthamaga ya
Bosethaba ya Diporofense, o tshwanetse go nna leloko la kgotlatheomelao ya Porofense e a neng
a e emetse jaaka mosenatoro go ya ka karolo 48 ya Molaotheo wa pele.
(2) Fa mosenatoro a itlhophela go se nne leloko la kgotlatheomelao ya Porofense, o tla tsewa
gore o rotse tiro jaaka mosenatoro letsatsi pele ga Molaotheo mowa o tsena taolong.
(3) Tuelo, masori le ditshwanelo tsotlhe tsa yo a neng a le mosenatoro mme a tlhomilwe jaaka
moemedi wa leruri kgotsa e le leloko la Kgotlatheomelao ya Porofense, ga di a tshwanela go
fokotswa ka gope fa a tsena tirong e.
Khuduthamaga ya Bosethaba
9. (1) Mongwe le mongwe yo o neng a le Poresidente, Motlatsa Poresidente, Tona
kgotsa Motlatsa Tona go ya ka Molaotheo wa pele, o tsweletsa ka maemo a a jaana fa Molaotheo
mowa o tsena mo taolong, go dumelelang le karolwana (2) ya Molaotheo mowa.
(2) Go fitlha ka 30 Moranang, 1999, dikarolo 84, 89, 90, 91, 93 le 96 tsa Molaotheo Mowa,
di tshwanetse go tsewa le go utlwisiswa jaaka di tlhagelela mo Tlaleletsong B ya Mametlelelo e.
(3) Karolwana (2) ga e thibele Tona e e nang e le mosenatoro fa Molaotheo mowa o tseena
taolong go tsweletsa go nna Tona, jaaka go tlhagisitswe mo karolo 91(1)(a) ya Molaotheo
Mowa, go ya ka fa karolo e e beilweng ke Tlaleletso B.
Kgotlatheomelao ya Porofense
10. (1) Mongwe le mongwe yo e neng e le leloko kgotsa mongwe wa Batsamaisi ba
Kgotlatheomelao fa Porofense ya Molaotheo mowa o tsena mo taolong, o tla tswelela go nna
leloko kgotsa mongwe wa batsamaisi ba Kgotlatheomelao ya Porofense go ya ka Molaotheo
mowa, mme a tsweletsapele tiro ya gagwe ya boloko kgotsa botsamaisi go ya ka Molaotheo
mowa le Molaotheo wa Porofense o o ka tlhangwang.
(2) Kgotlatheomelao ya Porofense e e tlhamilweng go ya ka karolwana (1) e tshwanetse go
kaiwa jaaka e e tlhophilweng ka Molaotheo mowa go fitlhelela ka 30 Moranang 1999 fa letlha
la yona le khutla.
(3) Go fitlha bokhutlo jwa paka ya yona e e khutlang ka 30 Moranang 1999, le go ya ka
karolo 108(4), kgotlatheomelao ya Porofense e tla botwa ke palo e e akaretsang maloko a
kgotlatheomelao ya Porofense go ya ka Molaotheo wa pele le palo ya basenatoro ba ba fetogileng
maloko e kgotlatheomelao ya Porofense go ya ka karolwana 8 ya Mametlelelo e.
(4) Melawana le ditaolo tsa kgotlatheomelao ya Porofense, tse di neng di dirisiwa fa
Molaotheo mowa o tsena mo taolong, di tswelela go dirisiwa, ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa
tsa fetolwa.
Ditlhopho tsa dikgotlatheomelao tsa Porofense
11. (1) Le fa Molaotheo wa pele o phimotswe, Mametlelelo 2 ya Molaotheo o o, jaaka
e tlhabolotswe ka Tlaleletso A mo Mametlelelong e, e a dira -
(a) go ditlhopho tsa ntlha tsa kgotlhatheomelao ya Porofense go ya ka Molaotheo mowa;
(b) go latlhegelwa ke boloko ba kgotlatheomelao ka mabaka mangwe ntle le a a neetsweng
go karolo 106(3) ya Molaotheo mowa; le
(c) go thiba diphatlatiro tsa kgotlatheramelao, go emisetsa, go boeletsa le go dirisa manaane
a maina a makoko go thiba diphatlhatiro, go fitlhelela ka nako ya ditlhopho tsa bobedi tsa
kgotlatheomelao go ya ka Molaotheo mowa.
(2) Karolo 106(4) ya Molaotheo mowa e emisitswe nakonyana tebang le kgotlatheomelao
ya Porofense go fitlha nako ya ditlhopho tsa bobedi go ya ka Molaotheo mowa.
Dikhuduthamaga tsa Diporofense
12. (1) Mongwe le mongwe yo e neng e le Tonakgolo kgotsa leloko la khuduthamaga ya
Porofense fa Molaotheo mowa o tsena motirisong/taolong, o tla tswelela ka maemo a, go ya ka
Molaotheo mowa le fa e le Molaotheo mongwe le mongwe wa Porofense, o o ka tlhomiwang,
go ikaegilwe ka karolwana (2).
(2) Go fitlhelela ya Tonakgolo e e tlhophilweng ka ditlhopho tsa pele tsa kgotlatheomelao ya
Porofense, go ya ka Molaotheo mowa, e simolola tiro, kgotsa Porofense e tsenya Molaotheo wa
yona taolong, go laola gore go tlile eng pele, dikarolo 132 le 136 tsa Molaotheo mowa, di
tshwanetse go tsewa jaaka di tlhagelela mo go Tlaleletso C ya Mametlelelo e.
Melaotheo ya Diporofense
13. Molaotheo wa Porofense o o amogetsweng pele Molaotheo mowa o tsena mo tirisong,
o tshwanetse go dumelelana le karolo 143 ya Molaotheo mowa.
Thebolelo ya melao go Diporofense
14. (1) Melao e, go ya ka merero e e mo makaleng a tiragatso e e akareditsweng mo
Mametlelelong 4 kgotsa 5 tsa Molaotheo mowa, tse pele ga Molaotheo mowa o tsena mo
tirong, di neng di le maikarabelo a khuduthamaga ya Bosethaba, di ka rebolwa ke Poresidente
ka kgoeletso, go bothati mo khuduthamaga ya Porofense bo bo supilweng ke Khansele ya
Khuduthamaga ya Porofense.
(2) Go fitlha mo mabakeng a kgontshang thebolo ya molao mo karolwaneng (1) gore e
diragatswe ka botlalo, Poresidente ka kgoeletso a ka -
(a) tlhabolola kgotsa baakanya molao e gore o tshwanele go utlwisiswa le go dirisiwa;
(b) fa thebolo e sa tshwanele tiriso ya karolo kgotsa molao, a ka o phimola, a ba a o tlhama,
ka ditlhabololo le dipakaanyo kgotsa ntle le tsona go tshwana le mo go temana (a), ditiriso tse di
tshwanelang mokgape wa thebolo; kgotsa
(c) laola ntlha nngwe le nngwe e e tlhokegang, e ka ne e tlhotswe ke thebolelo, go akaretsa
go sutisiwa kana go sutiswa nakwana ga badiri le fa e le go sutiswa ga matlotlo, disuga
ditshwanelo le ditlamego, go tswa kgotsa go ya go Khuduthamaga ya Porofense kgotsa lefapha
lengwe le lengwe la puso, botsamaisi, ditirelo tsa pabalesego kgotsa setheo sengwe.
(3) (a) Kgatiso ya lekwalothebolo kgoeletso lengwe le lengwe le le ntshitseng go ya ka
temana (1) kgotsa (2) le tshwanetse go fetisetswa go Kokoano Bosethaba le go Khuduthamaga
ya Bosethaba ya Diporofense mo matsatsing a a lesome 10 morago ga kgatiso ya lekwalothebolo
kgoeletso.
(b) Fa bobedi, Kokoano Bosethaba le Khuduthamaga Bosethaba ya Diporofense, bo ka
swetsa go se amogele lekwalokgoeletso kgotsa kaelo nngwe ya lona, lekwalokgoeletso kgotsa
kaelo ya lona, e a fela ntle le go ama kapa go akaretsa -
(i) boleng jwa ditiro tsotlhe tse di simolotsweng go ya ka lekwalokgoeletso kgotsa kaelo ya
lona, pele e fela; kgotsa
(ii) ditshiamelo le dithono, kana ditlamego le dikoloto tse di nnileng teng pele ga go fedisiwa.
(4) Fa molao o rebotswe go latela temana (1), kumako mo molaong o o ka ga bothati jo bo
o diragatsang, e tshwanetse go tsewa fa e kaya bothati jo bo neetsweng taelo ke thebolo eo.
(5) Thebolo nngwe le nngwe ya molao go ya ka karolo 235(8) ya Molaotheo wa pele, go
akarediwa ditlhobololo, dipaakanyo kgotsa go phimolwa le go tlhongwa gape ga molao, le fa ele
kgato nngwe le nngwe e e tserweng mabapi le karolo eo, e kaiwa fa e dirilwe go ya ka karolwana
e.
Melao e e leng teng, e e leng kwa ntle ga dithata tsa peomolao ya Palamente
15. (1) Bothati mo Khuduthamageng ya Bosethaba jo bo diragatsang taelo ya melao
mengwe e e leng kwa ntle ga dithata tsa peomolao ya Palamente fa Molaotheo mowa o tsena mo
tirisong, bo tla tswelelapele go diragatsa melao e e jaana go fitlhelela taolo e e neelwa bothati mo
a khuduthamageng ya Porofense, go ya ka karolwana 14 ya Mametlelelo e.
(2) karolwana (1) e tla fedisiwa dingwaga tse pedi fa morago ga Molaotheo mowa o tsene
mo tirisong.
Dikgotlatshekelo
16. (1) Dikgotlatshekelo tsotlhe tse di leng teng, go akaretswa le tsa setso tsa magosi, fa
molaotheo mowa o tsena mo taolong, di tla tswelelapele go dira le go diragatsa boatlhodi go
latela molao o o amanang le tsona, mme mongwe le mongwe yo o dirang mo dikgotleng tse jaaka
motlhankedi wa boatlhodi, le ena o tla tsweletsa tiro kgotsa go dira, go ya ka melao e e maleba,
a laolwa ke -
(a) tlhabololo nngwe le nngwe kgotsa go phimolwa ga molao oo; le
(b) go nyalana le Molaotheo o mowa.
(2) (a) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e tlhomilweng go ya ka Molaotheo wa pele e tla
nna Kgotlatshekelo ya Molaotheo go ya ka Molaotheo o mowa.
(b) Mongwe le mongwe yo o mo tirong jaaka Poresidente, Motlatsa Poresidente kgotsa
moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo fa Molaotheo mowa o tsena mo tirisong, o tla
tswelela go nna Poresidente, Motlatsa Poresidente kgotsa moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya
Molaotheo go ya ka Molaotheo o mowa, mme o tla tswelela go nna mo tirisong e, go fitlhelela
bokhutlong jwa letlha le le lekanyeditsweng, go ya ka karolo 176(1) ya Molaotheo o mowa.
(3) (a) Karolo ya 'Boikuelo' ya Kgotlatshekelo-kgolo ya Aforika Borwa e tla nna
Kgotlatshekelo-kgolo ya Boikuelo go ya ka Molaotheo mowa.
(b) Mongwe le mongwe yo o leng Moatlhodimogolo, motlatsa-moatlhodimogolo kgotsa
moatlhodi wa Karolo ya Boikuelo fa Molaotheo mowa o tsena mo tirisong, o tla nna
moatlhodimogolo, motlatsa-moatlhodimogolo kgotsa moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo ya
Boikuelo go ya ka Molaotheo o mowa.
(4) (a) Karolo ya Porofense kgotsa ya selegae, ya kgatlatshekelo kgolo ya Aforika Borwa,
kgotsa Kgotlatshekelokgolo ya Nagalegae kgotsa karolo nngwe ya Kgotlatshekelo eo, e tla nna
Kgotlatshekelokgolo go ya ka Molaotheo mowa, ntle le go fetola tokologotaelo ya tsona, go
ikaegilwe ka dikakanyetso tse di ka tsokaneng di tlhagisiwa ke karolwana (6).
(b) Mang kapa mang yo o dirang kgotsa a tsewa a dira jaaka Poresidente wa Boatlhodi kgotsa
motlatsa-Poresidente kgotsa moatlhodi wa Kgotlatshekelo e e jalo, go ya ka Molaotheo mowa,
go ikaegilwe ka dikakanyetso tse di ka tsokaneng di tlhagisiwa ke karolwana (6)
(5) Ntle le fa go sa nyalane le diteng kgotsa go fapaane le tsona gotlhelele, kumako ya molao
kgotsa tiragatso e kaya -
(a) kgotlatshekelo Molaotheo go ya ka Molaotheo wa pele, e tshwanetse go bonwa/go tsewa
fa e kaya kgotlatshekelo ya Molaotheo go ya ka Molaotheo o mowa;
(b) karolo ya Boikuelo ya Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, e tshwanetse go tsewa fa
e kaya Kgotlatshekelo kgolo ya Boikuelo; gape
(c) karolo ya Porofense kgotsa ya selegae ya Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, kgotsa
Kgotlatshekelokgolo ya naga legae kgotsa, karolo kakaretso ya Kgotlatshekelo eo, e tshwanetse
go tsewa fa e kaya Kgotlatshekelokgolo.
(6) (a) Fela fa morago ga Molaotheo mowa o tsena mo tirisong, dikgotlatshekelo tsotlhe,
go akaretswa popego, tlhamo, tiro ya tsona, maatlataolo a tsona le melao yotlhe e e maleba, di
tshwanetse go akanyediwa/lekanyediwa ka bonako bo bo kgonegang, go lebilwe thulaganyo ya
semolao e e tshwanelang ditlhokego tsa Molaotheo o mowa.
(b) Leloko la Kabinete le le lebaneng le tiragatso ya tsa Bosiamisi, morago ga go rerisana le
Komiene ya Ditirelo tsa Boatlhodi, o tshwanetse go laola dikakanyetso tse di lebeletsweng, go
ya ka temana (a).
Dikgetse tse di sa welang
17. Dithulaganyo tsotlhe tse di neng di emisitswe mo kgotlatshekelo pele ga Molaotheo o
mowa o tsena mo tirisong, di tshwanetse di atlholwa fela jaaka e kete Molaotheo o mowa ga
o ise o dirisiwe, ntle le fa ditlhokego tsa bosiamisi di bona go le maleba.
Bothati ba Bothothisi
18. (1) Karolo 108 ya Molaotheo wa pele e tla tswelela go dirisiwa go fitlhelela fa Molao
wa Palamente, o o solofetsweng go ya ka karolo 179 ya Molaotheo o mowa, o tsena mo tirisong.
Le fa go le jalo, temana e ga e amane ka gope le go tlhongwa ga Mokaedi wa Bosethaba wa
Bothothisi ba Botlhe, go ya ka karolo 179.
(2) Mmueledi kakaretso, yo o mo tirong a fa Molaotheo o mowa o tsena mo tirisong, o tla
tsweletsa tiro ya gagwe, go ya ka molao o o amanang le yona, a ikaegile ka temana (1).
Maikano le tumelo
19. Motho yo a tswelelang go dira go ya ka Mametlelelo e, mme a kanne kgotsa a a dirile
tumelo ya boammaaruri go ya ka Molaotheo wa pele, ga a patelesege go boeletsa maikano a
kgotsa tumelo ya boammaaruri, go ya ka Molaotheo mowa.
Ditheo Dingwe tsa Molaotheo
20. (1) Mo karolong e, "Ditheo tsa Molaotheo" di kaya;
(a) Mosireletsi wa Botlhe;
(b) Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho;
(c) Khomiene ya Tekatekano ya Bong;
(d) Moruni-Kakaretso;
(e) Banka-kgolo ya Aforika Bowa;
(f) Khomiene ya Dithelete le Matlotlo;
(g) Khomiene ya Tirelo ya Boatlhodi; kgotsa
(h) Boto ya Dipuo Tsotlhe ya Aforika Borwa.
(2) Ditheo tsa Molaotheo tse di tlhomilweng go ya ka Molaotheo wa pele di tla tsweletsa tiro
go ya ka molao o maleba, mme mongwe le mongwe yo o nang le tiro jaaka leloko la, khomiene,
boto ya Banka-kgolo, Boto ya dipuo tsotlhe ya Aforika Borwa, Mosireletsi wa botlhe kgotsa
Moruni-Kakaretso, fa Molaotheo mowa o tsena taolong, o tla tswelela go nna mo tirong eo, go
ya ka molao o o lebaneng maemo a a jalo, go ikaegilwe ka -
(a) go tlhabololwa gongwe le gongwe kgotsa go phimolwa ga molao; le
(b) go nyalana le Molaotheo o mowa.
(3) Dikarolo, 199(1), 200(1), (3) le (5) le (11) go fitlha go 201 le 206, tsa molaotheo wa pele,
di tswelela go dirisiwa go fitlha fa di phimolwa ka Moalo wa Palamente o o rebolwang go ya ka
karolo 75 ya Molaotheo o mowa.
(4) Maloko a Khomiene ya Tirelo ya Boatlhodi, e e umakiwang mo go karolo 105(1)(h) ya
Molaotheo wa pele, a felelwa ke boloko jwa khomiene fa maloko a a umakilweng mo karolong
178(1)(i) ya Molaotheo o mowa a tlhomiwa.
(5) (a) Khansele ya Volkstaat e e tlhamilweng go ya ka Molaotheo wa pele e tswelela go
dira go ya ka molao o maleba, mme mongwe le mongwe yo dirang jaaka leloko la Khansele fa
Molaotheo o mowa o tsena mo tirisong, o tla tswelela ka maemo a go latela molao o maleba go
lebeletswe -
(i) tlhabololo efe kapa efe kgotsa go phimolwa ga molao; le
(ii) go nyalana le Molaotheo o mowa.
(b) Dikarolo 184A le 184B(1)(a), (b) le (d) tsa Molaotheo wa pele di tswelela go dirisiwa go
fitlhelela fa di phimolwa ka Molao wa Palamente ya Molaotheo o mowa go ya ka karolo 75 o
o rebotsweng.
Peo ya Melao go ya ka Molaotheo o mowa
21. (1) Fa go ya ka Molaotheo mowa, go tlhokega go bewa ga molao wa puso ya
bosethaba kgotsa ya Porofense, molao o a jalo o tshwanela go bewa ke bothati bo bo lebaneng
ka bonako bo bo kgonegang, morago ga letlha le Molaotheo o mowa o tsentsweng mo tirisong.
(2) Karolo 198(b) ya Molaotheo mowa, ga e a tshwanela go tsena mo tirisong go fitlhelela
fa molao o, go ya ka yona o tshwanetseng go bewa o beilwe.
(3) Karolo 199(3)(a) ya Molaotheo mowa ga e a tshwanela go tsena mo tirisong pele ga
dikgwedi tse tharo fa morago ga go amogelwa ga molao o.
(4) Molao wa bosethaba o o lebeletsweng go ya ka karolo 217(3) ya Moloaotheo o mowa
o tshwanetse go bewa mo nakong ya dingwaga tse tharo morago ga go tsena mo tirisong ga
Molaotheo o mowa, fela go se nne teng ga molao o mo nakong e e beilweng ga go itse tsweletso
ya maikemisetso a a umakiwang ke karolo 217(2).
(5) Go fitlhelela Molao wa Palamente o o umakiwang mo karolong 65(2) ya Molaotheo o
mowa o tsenngwa mo tirisong, Kgotlapeomolao nngwe le nngwe ya porofense e tla swetsa
tsamaiso ya yona ya gore ke bothati bofe jo e bo neelang baemedi ba bona go neelana ka diboutu
boemong jwa bona mo Khanseleng ya Bosethaba ya Diporofense.
(6) Go fitlhelela peomolao e e akanngwang mo karolong 229(1)(b) ya Molaotheo o mowa
e tsenngwa mo tirisong, mmasepala o tswelela go kgona go tlhoma makgetho, makgethwana le
makgetho a dithoto, a a neng a ntse a rebotswe go a tlhoma fa Molaotheo o simolola.
Tshwaragano Bosethaba le Poelano
22. Mo godimo ga dikaelo tse dingwe tsa Molaotheo o moswa le ntle le go phimolwa ga
Molaotheo wa pele, dikaelo tsotlhe tse di amanang le tebalelo, go ya ka Molaotheo wa pele, tse
di akareditsweng ka setlhogo "Tshwaragano Bosethaba le Poelano", di tsewa jaaka karolo ya
Molaotheo o mowa. ka maikaelelo a Dikaelo tsotlhe tsa Molao wa Tsweletso ya Tshwaragano
Bosethaba le Poelano, 1995 (Molao 34 wa 1995), o o tlhabolotsweng, go akarediwa maikaelelo
a botlhokwa jwa ona.
Molaotlhomo wa Ditshwanelo
23. (1) Melao ya bosethaba e e solofetsweng go ya ka dikarolo 9(4), 32(2) le 33(3) tsa
Molaotheo o mowa, e tshwanetse go tlhongwa mo nakong ya dingwaga tse tharo morago ga
letsatsi le Molaotheo o mowa o tseneng mo tirisong ka lona.
(2) Go fitlhelela melao e e lebeletsweng go ya ka dikarolo 32(2) le 33(3) tsa Molaotheo o
mowa, e bewa -
(a) karolo 32(1) e tshwanetse go buisega jaana:
"(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go fitlhelela tshedimosetso e e mo diatleng tsa puso
kgotsa dithwe tsa puso, mo lekaleng lefe kapa lefe la puso, fa fela tshedimosetso e e jalo e batlwa
tebang le go kgontsha tiriso kapa tshireletso ya nngwe ya ditshiamelo."; le
(b) Dikarolo 33(1)le(2) di tshwanetse go buisega jaana -
"Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya -
(a) kgato ya botsamaisi jo bo ka fa molaong fa nngwe ya ditshwanelo kana dikgatlego tsa
gagwe di amega kgotsa di tshosediwa;
(b) dikgato tse di rulaganeng tsa tsamaiso e e lolameng fa nngwe ya ditshiamelo kgotsa
ditsholofelo tse di amogelesegang di amega kana di di tshosediwa;
(c) go neelwa mabaka a kwadilwe tebang le tsamaiso e e amanang le nngwe ya ditshwanelo
kana dikgatlhegelo tsa gagwe, ntle le fa mabaka a tsamaiso e e jalo a itsisitswe phatlalatsa; le
(d) tsamaiso e e lolameng tebang le mabaka a a jaana a a neilweng, fa e nngwe ya ditshwanelo
e amega kgotsa e tshosediwa.".
(3) Dikarolo 32(2) le 33(3) tsa Molaotheo o mowa, di a fela fa melao e e lebeletsweng
mabapi le tsona e sa tsweletswa mo nakong ya dingwaga tse tharo fa morago ga go tsena tirisong
ga Molaotheo o mowa.
Tsamaiso-puso le Ditirelo tsa Pabalesego
24. (1) Dikarolo 82(4)(b), 215, 218(1), 219(1), 224 go isa go 228, 236(1), (2), (3), (6),
(7)(b), le(8), 237(1) le (2)(a) le 239(4) le (5) tsa Molaotheo wa pele, di tswelela go dirisiwa fela
go tshwana le fa Molaotheo o o sa phimolwa, go ikaegilwe ka -
(a) ditlhabololo tsa dikarolo tse di tlhagisitsweng mo go Tlaleletso D;
(b) tlhabololo nngwe le nngwe e e ka dirwang kgotsa go phimolwa ga dikarolo tseo ka Molao
wa Palamente o o ka bewang go ya ka karolo 75 ya Molaotheo o mowa; le
(c) go dumelelana ga tsona le Molaotheo mowa.
(2) Khomiene ya Bodiredipuso le dikomiene tsa ditirelo tsa Porofense tse di umakiwang mo
kgaolong 13 ya Molaotheo wa pele, di tswelela go dirisiwa go ya ka kgaolo e, le melao e e
amanang le kgaolo e, jaaka e kete kgaolo e ga e a phimolwa, go fitlhela Khomiene le
dikhomiene tsa diporofense di tlosiwa, ka Molao wa Palamente o o amogelang, go ya ka karolo
75 ya Molaotheo o mowa.
(3) Go phimolwa ga Molaotheo wa pele ga go amane le kgoeletso e e ka dirwang go ya ka
karolo 237(3) ya Molaotheo wa pele mme dikgoeletso tse dingwe tse di jalo di tla tswelela go
dirisiwa, go ikaegilwe ka -
(a) go tlhabololwa gongwe le gongwe kgotsa go phimolwa; le
(b) go dumelelana le Molaotheo o mowa.
Tlaleletso ya dikiletso/dikganelo mo dikgotlatheomolaong
25. (1) Mongwe le mongwe mo Rephaboliki yo o neng a goga kotlo ya go feta dikgwedi
tse 12 mo kgolegong ntle le tumelelo ya faene, fa Molaotheo mowa o tsena tirisong, ga a
dumelelwa go nna leloko la Kokoano ya Bosethaba kana ya kgotlatheomolao ya Porofense.
(2) Go ilediwa ga motho go ya ka temana(1) -
(a) go khutla fa kotlo e ka emisiwa ke go ikuela ka ngongrego kgatlhanong le katlholo, kgotsa
ya khutswafatswa go nna e e sa lekaneng go mo iletsa; le
(b) go khutla fa morago ga dingwaga tse tlhano a ntse a atlhotswe.
Puso selegae
26. (1) Go sa kgathologwe dikaelo tsa dikarolo 151, 155, 156 le 157 tsa Molaotheo o
mowa -
(a) dikaelo tsa Molao wa Kgabaganyo wa Pusoselegae, 1993 (Molao 209 wa 1993) jaaka fa
o ka tlhabololwa nako le nako ke peomolao ya bosethaba go lepalepana le Molaotheo o moswa,
di nna mo tirisong go fitlha ka 30 Moranang 1999, kgotsa go fitlhelela di phimolwa go laola gore
go tla eng ka pele; le
(b) moeteledipele wa setso wa morafe o o laolwang ke thulaganyo ya molao wa setso, mme
a nna mo karolong ya taolo ya Khansele ya Kgabaganyo ya Pusoselegae, Khansele ya kgabaganyo
ya pusomorafe kgotsa khansele ya kgabaganyo ya boemedi, tse di umakiwang mo Molaong wa
Kgabaganyo wa Pusoselegae, 1993, mme e bile a supilwe go ya ka karolo 182 ya Molaotheo wa
pele, ke mookamedi-wa-kwa-ntle, yo a tshwanelwang ke go nna leloko la Khansele eo go fitlha
30 Moranang 1999 kgotsa go fitlhelela Molao wa Palamente o kaela ka mokgwa mongwe.
(2) Karolo 245(4) ya Molaotheo wa pele e tswelela go dira, go fitlhelela tiriso ya karolo eo
e khutla. Karolo 16(5) le (6) ya Molao wa Kgabaganyo wa Pusoselegae, 1933, o ka seka wa
phimolwa pele ga di 30 Moranang 1999.
Polokego/tshomarelo ya melao ya Palamente le ya Diporofense
27. Dikarolo 82 le 124 tsa Molaotheo o mowa ga di ame go bolokwa ga melao ya Palamente
le ya Diporofense e e amogetsweng pele ga Molaotheo o mowa o tsena mo tirisong.
28. (1) Fa bothati jo bo nang le bokgoni bo tlhagisa setifikeiti se se reng thoto e e sa
suteng e e leng ya puso e beilwe mo mmusong o o rileng go ya ka Karolo 239 ya Molao-theo o
o fetileng, mokwadisi wa makwalo a dithoto o tshwanetse go dira dikwadiso kgotsa ditlanyo, mo
regisetareng e e maleba, setifikeite sa bosupi jwa dithoto kgotsa lokwalo lengwe go kwadisa thoto
e e sa suteng eo mo leineng la mmuso oo.
(2) Ga go na lekgetho la dithoto, tuelo kgotsa tuediso epe e e duelwang mabapi le go kwadiso
go ya ka sekakarolwana (1).
Tlaleletso A
Ditlhabololo go Mametlelelo 2 tsa
Molaotheo wa pele
1. Kemisetso ya ntlhana 1, ka ntlhana e e latelang:
"1. Makoko a a kwadisitsweng go ya ka peomolao ya bosethaba le go gaisanela ditlhopho
tsa Kokoano ya Bosethaba a tla itlhophela bontlhopheng ba ditlhopho tsa go nna jalo mo
manaaneng a bontlhopheng a a rulagantsweng go ya ka Mametlelelo e, le peomolao ya
bosethaba.".
2. Kemisetso ya ntlhana 2, ka ntlhana e e latelang
"(2) Manno mo Kokoanong ya Bosethaba, jaaka go tlhomamisitswe go ya ka karolo 46 ya
Molaotheo o mowa a tla nna jaana:
(a) Nngwe-peding e nngwe ya manno go tswa mo manaaneng a dikgaolo a a neilweng ke
makoko a a amegang, ka palo e e tlhomameng ya manno a a beetsweng kgaolo nngwe le nngwe
jaaka go rulagantswe ke Khomiene mo ditlhopong tse di latelang tsa Kokoano, go tsewa tsia
dipalopalo tsa bonetetsi tse di leng teng ka go abelela batlhophi, le dikemedi ka makoko a a nang
le kgatlhego.
(b) Nngwe-peding e nngwe ya manno go tswa mo manaaneng a bosethaba a a neilweng ke
makoko a a amegang, kgotsa go tswa mo manaaneng a dikgaolo moo manaane a bosethaba a
sa newang.".
3. Kemisetso ya ntlhana 3, ka ntlhana e e latelang:
"(3) Manaane a bontlhopheng a a tlisitsweng ke lekoko a tla nna le palogotlhe ya maina a a sa
feteng [400 bontlhopheng] e leng palo ya bontlhopheng e e lekanang le palo ya manno mo
Kokoanong ya Bosethaba mme lenaane lengwe le lengwe le tla supa maina a go nna jalo mo
thulaganyong e e tsepameng ya tekanyetsopele jaaka lekoko le ka tlhomamisa.".
4 Tlhabololo ya ntlhana 5 ka go emisetsa mafoko a eteletseng temana (a) ka mafoko a a
latelang:
"5 "Manno a a umakiwang mo ntlhaneng ya 2(a) a tla abelwa makoko a a gaisanelang
ditlhopho mo kgaolong nngwe le nngwe jaana:".
5 Tlhabololo ya ntlhana 6 -
(a) ka go emisetsa mafoko a a eteletseng temana (a) ka mafoko a a latelang:
"6 Manno a a umakiwang mo itlhaneng 2(b) a tla abelwa makoko a a gaisanelang ditlhopho,
jaana;"; le
(b) Ka go emisetsa temana (a) ka temana e e latelang:
"(a) Khouta ya diboutu ka bonno e tla tlhomamisiwa ka go arola palogotlhe ya diboutu tse di
dirilweng bosethaba ka palo ya manno mo Kokoanong bosethaba, e tlhakana le nngwe, le
dipholo di tlhakanngwa le nngwe, go tlhokomologiwa dipalophatla, e tla nna khouta ya diboutu
ka bonno.".
6. Tlhabololo ya ntlhana 7(3) ka go emisetsa temana (b) ka temana e e latelang:
"(b) Khouta e e tlhabolotsweng ya diboutu ka bonno e tla tlhomamisiwa ka go aroganya
palogotlhe ya diboutu tseo di dirilweng bosethaba, go ntshiwa palo ya diboutu e e dirilweng
bosethaba go tshegetsa lekoko leo le kailweng mo temeng (a) ka palo ya manno mo Kokoanong
e tlhakanngwa le nngwe, go ntshiwa palo ya manno a kwa bofelong a abetsweng lekoko le le
kailweng go ya ka temana (a).".
7. Kemisetso ya ntlhana 10 ka ntlhana e e latelang:
"10. Palo ya manno mo peomolao ya porofense e tla tlhomamisiwa go ya ka karolo 105 ya
Molaotheo o mowa.".
8. Kemisetso ya ntlhana 11 ka ntlhana e e latelang:
"11. Makoko a a kwadisitswng go ya ka peomolao ya porofense, a tla tlhopha, bontlhopheng
go emela ditlhopho tsa peomolao ya porofense go tswa mo manaaneng a porofense a a
rulagantsweng go ya ka Mametlelelo e le peomolao ya bosethaba.".
9. Kemisetso ya ntlhana 16 ka ntlhana e e latelang:
"Tlhomo ya baemedi
16. (1) Morago ga palo ya diboutu e se na go wetswa, palo ya baemedi ba lekoko lengwe
le lengwe e tlhomamisitswe le ditlhopho di kannwe ke khomiene gore di tsamaisitswe ka
phuthologo le boammaruri kgotsa tlhomamiso e dirilwe ke khomiene go ya ka karolo 190 ya
Molaotheo o mowa, khomiene e tla re mo malatsing a mabedi morago ga kano kgotsa
tlhomamiso ya kemiso go tswa lenaaneng lengwe le lengwe la bontlhopheng, e phasalatse go ya
ka peomolao ya bosethaba, baemedi ba lekoko lengwe le lengwe mo Kgotlatheomolaong.
(2) Mo tatelong ya tlhomo go ya ka karolo (1) fa leina la ntlhopheng le tlhagelela mo
manaaneng a a fetang bongwe a Kokoano ya Bosethaba kgotsa mo manaaneng a Kokoano ya
Bosethaba le a peomolao ya porofense (fa ditlhopho tsa Kokoano le tsa peomolao ya porofense
di tshwarwa ka nako e le nngwe) mme ntlhopheng wa go nna jalo a tshwanelwa ke go nna
moemedi mo lebakeng le le fetang bongwe, lekoko le le tlisitseng manaane a go nna jalo le tla re
mo malatsing a mabedi morago ga kano ya go nna jalo kgotsa tlhomamiso la kaela Khomiene go
tswa mo lenaaneng gore ntlhopheng wa go nna jalo o tla abelwa kemo kgotsa o tla dira mo
peomolao efe, jaaka go ka nna, mme leina la ntlhopheng o le tla phimolwa mo manaaneng a
mangwe.
(3) Khomiene e tla re kwa ntle ga tiego ya phasalatsa lenaane la maina a baemedi mo
Kgotlapeomolaong kgotsa mo Dikgotlapeomolaong.".
10. Tlhabololo ya ntlhana 18 ka go emisetsa temana (b) ka temana e e latelang:
"(b) Moemedi o supiwa jaaka moemedi wa leruri mo Khanseleng ya Bosethaba ya
Diporofense;".
11. Kemisetso ya ntlhana 19 ka ntlhana e e latelang:
"19. Manaane a bontlhopheng a lekoko a a kailweng mo ntlhana 16(1) a ka tlaleletswa mo
motlheng mongwe fela mo nakong nngwe le nngwe mo dikgweding tsa ntlha tse 12 tse di latelang
letlha leo go tlhomilweng baemedi go ya ka ntlhana 16 le weditswe go tlatsa diphatlhatiro tsa
nakwana; Fa fela tlaleletso ya go nna jalo e dirwa kwa bokhutlong jwa lenaane.".
12. Kemisetso ya ntlhana 23 ka ntlhana e e latelang:
"Diphatlhatiro
"23. (1) Fa go na le phatlhatiro mo peomolaong e Mametlelelo e, e kayang, lekoko le le
tlhophileng leloko le le tlogelang phatlhatiro, le tla tlatsa phatlhatiro ka go tlhopha motho -
(a) yo leina la gagwe le tlhagelelang mo lenaaneng la bontlhopheng leo leloko le le tlogelang
tiro le neng le tlhophilwe go tswa mo go lona; le
(b) yo e leng ene a a latelang, a nonofile e bile e le motho yo a leng teng mo lenaaneng.
(2) Tlhagiso ya go tlatsa phatlhatiro e tla isiwa kwa go Mmusakgotla e kwadilwe.
(3) Fa lekoko le le emetsweng mo peomolao le tlhatlhamologa kgotsa le emisa go nna teng
mme le maloko a lona a tlogela manno go ya ka karolo 23A(1)Manno a a amegang a tla abelwa
makoko a a setseng ka tekatekano ya boemedi, jaaka e kete manno ao ke a tlogetsweng go ya ka
temana 7 kgotsa 14, go laola gore ke lebaka lefe.".
13. Go tsenngwa ga ntlhana e e latelang morago ga ntlhana 23:
"Mabaka a tlaleletso a go latlhegelwa ke botokololo jwa dikgotlapeomolao"
23A (1) Motho o latlhegelwa ke botokololo ba peomolao eo Mametlelelo e e dirang mo
go yona, fa motho yoo a emisa go nna leloko la lekoko leo le mo tlhophileng jaaka leloko la
peomolao.
(2) Lekoko lengwe le lengwe la Sepolotiki le ka fetola leina la lona mo nakong nngwe le
nngwe le sa thibelelwe ke ntlhana (1).
(3) Molao wa Palamente, mo nakong e e isegang ya go tsenngwa tirisong ga Molaotheo o
mowa o ka fetisiwa go ya ka karolo 76 (1) go tlhabolola ntlhana e le 23 go neela mokgwa o ka
ona go kgonagalang gore leloko la peomolao leo le latlhegelwang ke botokololo jwa lekoko le
le mo tlhophileng, le tswelele go tshola botokololo jwa peomolao ya go nna jalo.
(4) Molao wa Palamente o o kailweng mo ntlhana (3) o ka neela -
(a) lekoko lengwe le lengwe le le leng teng go kopana le lekoko le lengwe; kgotsa
(b) lekoko lengwe le lengwe go kgaogana mo makokong a a fetang bongwe.".
14. Tlogelo/phimolo ya ntlhana 24
15. Tlhabololo ya ntlhana 25 -
(a) ka go emisetsa tlhaloso ya "Khomiene" ka tlhaloso e e latelang:
"Khomiene e raya/kaya Khomiene ya Ditlhopho e e kailweng mo karolong 190 ya Molaotheo
o mowa;"; le
(b) Go tsenya tlhaloso e e latelang morago ga tlhaloso ya "lenaane la bosethaba
"'Molaotheo o mowa' o raya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa 1996;".
16. Tlogelo ya ntlhana 26.
Tlaleletso B
Puso-tshwaraganelo ya botsethaba: lekala
la bosethaba
1. Karolo 84 ya Molaotheo o mowa e tshwanelwa ke go nna le dikarolwana tse dingwe tse
di latelang:
"(3) Poresidente o tshwanetse go rerisana le Batlatsaporesidente ba khuduthamaga:
(a) mo tsweletsong le tiragatsong ya maikemisetso a puso ya bosethaba;
(b) mo mabakeng otlhe a a amang tsamaiso ya Kabinete le tiragatso ya ditiro tsa Kabinete;
(c) mo neelong ya ditiro go Botlatsaporesidente ba Khuduthamaga;
(d) pele a ka dira thapo epe ka fa tlase ga Molaotheo kgotsa molao mongwele mongwe, go
akarediwa thapo ya bambasatara kgotsa baemedi ba bodipolomate;
(e) pele a tlhopha Khomiene ya dipatlisiso;
(f) pele a bitsa referantamo;
(g) pele a itshwarela kgotsa a emisa kotlhao kgatlhanong le basenyi.".
2. Karolo 89 ya Molaotheo o mowa e tshwanelwa ke go nna le dikarolwana tsa tlaleletso
tse di latelang:
"(3) Dikarolwana (1) le (2) di akaretsa le Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga.".
3. Temana (a) ya karolo 90 (1) ya Molaotheo o mowa e tshwanelwa ke go buisega jaana:
"(a) Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga yo a beilweng ke Poresidente;".
4. Karolo 91 ya Molaotheo o mowa e tshwanelwa ke go buisega jaana;
"Kabinete
91. (1) Kabinete e bopiwa ke Poresidente, Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le -
(a) Ditona tse di sa feteng 27 mme e le maloko a Kokoano ya Bosethaba a a tlhophilwng go
ya ka karolwana (8) go fitlha (12);le
(b) Tona e le nngwe, yo e seng leloko la Kokoano ya Bosethaba mme le thapilwe go ya ka
karolwana (13) fa fela Poresidente ka tirisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le
baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo, ba bona tlhokego ya thapo ya Tona ya go nna jalo.
(2) Lekoko lengwe le lengwe le le nang le manno bonye a 80 mo Kokoanong ya Bosethaba
le na le tumelelo go supa Motlatsa-Poresidente wa khuduthamaga mo gare ga ditokololo tsa
Kokoano.
(3) Fa go se lekoko kgotsa lekoko le le lengwe fela le na le manno a 80 kgotsa go feta, mo
Kokoanong, lekoko leo le nnang le manno a mantsi go gaisa le lekoko le le nang le palo e e kwa
godimo ya manno le lekoko leo le le latelang ka palo ya manno a tshwanelwa ka bongwe go
tlhopha Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga mo ditokololong tsa Kokoano.
(4) Fa Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga a se na go tlhothwa, a ka tlhopha go nna
kgotsa go digela go nna leloko la Kokoano.
(5) Motlats-Poresidente wa Khuduthamaga, a ka diragatsa dithata le go dira ditiro tseo di
neetsweng kantoro ya Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga ke Molaotheo kgotsa
MoPoresidente.
(6) Motlatsa-Poresidente wa khuduthamaga o dira tiro -
(a) go fitlha 30 Moranang 1999 ntle le fa a ka refoswa kgotsa a biletswa morago ke lekoko
le le tshwanelwang go dira tlhopho mo ditaelong tsa karolwana (2)le(3); kgotsa
(b) go fitlha motho yo a tlhophilweng Poresidente morago ga ditlhopho dingwe le dingwe tsa
Kokoano ya Bosethaba tse di tshwarwang pele ga 30 Moranang 1999, a tsaya tiro.
(7) Phatlhatiro mo kantorong ya Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga e ka tlatswa ke
lekoko le le tlhopileng Motlatsa-Poresidente yoo.
(8) Lekoko leo le nang le bonnye jwa manno a a 20 mo Kokoanong ya Bosethaba e bile le
tsere tshwetso ya go tsaya karolo mo pusong ya bosethaba ya tshwaraganelo, le tshwanelwa ke
go neelwa lefapha la Kabinete le le lengwe kgotsa go feta go ya moo Ditona mo karolwaneng
(1)(a) di tshwanelwang ke go thapiwa go lekalekana le palo ya manno a e a tshotseng mo
Kokoanong ya Bosethaba, a tsamaelana le palo ya manno a a tshotsweng ke makoko a mangwe
a a tsayang karolo.
(9) Mafapha a Kabinete a tshwanelwa ke go abelwa makoko a a tsayang karolo go ya ka
sekaelo se se latelang:
(a) Khouta ya manno go ya ka lefapha e tshwanetse go laolwa ka go aroganya palogotlhe ya
manno mo Kokoanong ya Bosethaba e e tshotsweng ka go kopanelwa ke makoko a a tsayang
karolo ka palo ya mafapha go ya ka moo ditona tseo di kaiwang mo karolwaneng (1)(a)di
tshwanetseng tsa tlhothwa.
(b) Dipholo, tse di sa tseyeng tsia tesimale ya boraro le tse di latelang, fa di le teng, ke khouta
ya manno go ya ka lefapha.
(c) Palo ya mafapha a a neelwang lekoko leo le tsayang karolo e tlhomamiswa ka go arola
palogotlhe ya manno a a tshotsweng ke lekoko leo mo Kokoanong ya Bosethaba ka khoutha e
e kailweng mo temaneng (b).
(d) Dipholo, go ya ka temana (e),di kaya palo ya mafapha a a tla abelwang lekoko leo.
(e) Fa tiriso ya kaelo e e naya lefetiso leo le sa tseweng ke palo ya mafapha a a abetsweng
lekoko, lefetiso le gaisana le mafetiso a mangwe a a tshwanang a a kokoantsweng lekoko lengwe
kgotsa makoko mangwe, mme lefapha lengwe le lengwe kgotsa mafapha mangwe le mangwe a
a salang a sa abiwa a tshwanetse go abelwa lekoko kgotsa makoko a a amegang ka tatelano ya
dipalo tsa lefitiso le le kwa godimodimo.
(10) Morago ga therisano le Botlatsaporesidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko
a a tsayang karolo, Poresidente o tshwanetse go -
(a) a tlhomamisa mafapha a a totobetseng go abelwa makoko a a farologaneng, a tsaya karolo
go ya ka palo ya mafapha a a, aneetsweng go ya ka karolwana (9);
(b) a thapa go ya ka lefapha, leloko la peomolao ya Porofense yo e leng leloko la lekoko leo
lefapha leo le le abetsweng ka fa tlase ga temana (a), jaaka leloko la lekgotla la Khuduthamaga
leo le nang le maikarabelo mo lefapheng leo;
(c) a ka fetola tlhomamiso nngwe le nngwe go ya ka temana (a) tlase ga karolwana (3); fa go
tlhokega ka maikaelelo a Molaotheo, kgotsa mo kgatlhegong ya puso e e lolameng, go fetola
tlhomamiso nngwe le nngwe mo temaneng (a) go ya ka karolwana (9);
(d) khutlisa thapo nngwe le nngwe ka fa tlase ga temana (b) -
(i) Fa Poresidente a kopiwa go dira jalo ke moeteledipele wa lekoko leo leloko la Lekgotla
la Khuduthamaga le amegang e leng leloko la lona; kgotsa
(ii) Fa go tlhokega mo mabakeng a Molaotheo kgotsa mo kgatlhegong ya Puso e e lolameng;
kgotsa
(e) go tlatsa, fa go tlhokega, ka taolo ya tema (b), phatlhatiro mo ofising ya Tona.
(11) Karolwana (10) e tshwanetse go diragatswa ka mowa o o akarediwang mo kakanyong ya
puso ya tshwaraganelo ya bosethaba, mme Poresidente le ba ba amegang ba tshwanetse ba batla
go fitlhelela ditumelelano ka nako tsotlhe mo tirisong ya karolwana eo: ntle le fa ditumelelano di
sa fitlhelelwe mo -
(a) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng (a), (c) kgotsa (d) (ii) ya karolwana eo,
tshwetso ya Poresidente e a dira;
(b) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng (b), (d) (i) kgotsa (e) ya karolwana eo, e ama
motho o e seng leloko la leloko la Poresidente, tshwetso ya moeteledipele wa lekoko leo motho
yoo e leng leloko la lona e a dira; le
(c) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng (b) kgotsa (e) ya karolwana eo e amang motho
yo e leng leloko la lekoko la Poresidente, tshwetso ya Poresidente e a dira.
(12) Fa tlhomamiso nngwe ya dikabo tsa mafapha e fetolwa mo karolwaneng (10) (c) Ditona
tse di amegang di tshwanetse go tlogela mafapha a bona, mme ba na le go ka thapiwa gape mo
mafapheng a mangwe a a abetsweng makoko a farologaneng a bona go ya ka tlhomamiso e e
fetotsweng.
(13) Poresidente -
(a) ka therisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a a
tsayang karolo o tshwanetse -
(i) go tlhoma lefapha le le totometseng la Tona e e kailweng mo karolwaneng (1) (b) fa go
ka tlhokega;
(ii) go thapa go ya ka lefapha leo, motho yo e seng leloko la Kokoano ya Bosethaba, jaaka
Tona e e nang le maikarabelo a lefapha leo; le
(iii) go tlatsa, fa go tlhokega, phatlhatiro go ya ka lefapha leo; kgotsa
(b) morago ga therisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko
a a tsayang karolo, o tshwanetse go fedisa thapo nngwe le nngwe go ya ka temana (a) fa go ka
nna botlhokwa mo mabakeng a Molaotheo kgotsa mo kgatlhegong ya puso e e siameng.
(14) Dikopano tsa kabinete di tshwanetse tsa tshwarwa marapo ke Poresidente, kgotsa ke
Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga fa Poresidente a laela jalo. Fa fela Motlatsa-Poresidente
ba Khuduthamaga ba tshwara marapo mo dikopanong tsa Kabinete ka go refosana fa fela
tlhokego tsa potlako tsa puso ya kopano ya bosethaba e tlhoka jalo.
(15) Kabinete e tshwanelwa ke go dira ka mokgwa o o tla nayang tshiamisetso go mowa wa
tirisano mmogo o akarediwang mo pusong ya tshwaraganelo ya bosethaba le fela jaaka tlhokego
ya puso e e nang le bokgoni.".
(5) Karolo 93 ya Molaotheo o mowa e tshwanetse go buisega jaana:
"Thapo ya Batlatsa-Poresidente
93. (1) Poresidente a ka tlhoma diphatlha tsa Batlatsa-Poresidente morago ga therisano
le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a tsayang karolo mo
Kabineteng.
(2) Lekoko le na le tshiamelo ya go abelwa phatlha ya Motlatsa-Poresidente e le nngwe
kgotsa go feta go ya ka tekanyo e mafapha a Kabinete a abiwang ka yona.
(3) Dikaelo tsa karolo 90 (10) go fitlha (12) di a dira, ka diphetogo tse di tlhokegang mo
Batlatsatoneng, mme mo tiragatsong ya go nna jalo kumako mo karolong eo go Tona kgotsa
lefapha e tshwanelwa ke go buisiwa jaaka kaelo go Motlatsa-Poresidente kgotsa phatla ya
Botlatsa-Poresidente ka go tshwana.
(4) Fa motho a thapiwa jaaka Motlatsa-Poresidente wa lefapha lengwe le lengwe leo le leng
ka fa tlase ga tlhokomelo ya Tona -
(a) Motlatsa-Poresidente yoo, o tshwanetse go diragatsa le go dira mo boemong ba Tona e
e maleba dithata dingwe le dingwe le ditiro tse di neetsweng Tona eo go ya ka peomolao nngwe
le nngwe kgotsa ka ditaelo tsa Poresidente tseo di neetsweng Motlatsatona yoo ke Tona eo; le
(b) go umakiwa gongwe le gongwe mo peomolaong nngwe le nngwe ga Tona eo, go
tshwanelwa go tlhaloganyega jaaka go akaretsa go umakiwa ga Motlatsa Tona yo o diragatsang
ditiro tse di mo ditaelo temana (a) ke Tona yo Motlatsa-Poresidente oo a dirang boemong jwa
gagwe.
(5) Fa Motlatsa-Poresidente a se teng kgotsa ka mabaka a a rileng a sa kgone go diragatsa
nngwe ya dithata kgotsa ditiro tsa ofisi ya gagwe, Poresidente a ka thapa Motlatsa-Poresidente
mongwe kgotsa motho mongwe go dira mo maemong a Motlatsa-Poresidente o o kaiwang, e ka
nna go dira ka kakaretso kgotsa go dira thata kgotsa tiro nngwe e kgethegileng.".
6. Karolo 96 ya Molaotheo o mowa e tshwanetse go nna le dikarolwana koketso tse di
latelang:
"(3) Ditona di ikarabela ka bongwe go Poresidente le mo Kokoanong ya Bosethaba mo
tsamaisong ya mafapha a bona, mme maloko otlhe a Kabinete a na le maikarabelo a a
kopanetsweng mo tiragatsong ya ditiro tsa puso ya bosethaba le maikemisetso a yona
(4) Ditona di tshwanetse go tsamaisa mafapha a bona go ya ka maikemisetso a a
tlhomamisitsweng ke Kabinete.
(5) Fa Tona e palelwa ke go tsamaisa lefapha go ya ka maikemisetso a a tlhomamisitsweng
ke Kabinete, Poresidente a ka batla gore Tona e e amegang, e naakanye tsamaiso ya lefapha go
ya ka maikemisetso a.
(6) Fa tona e e amegang e palelwa go inaakanya le se se batlwang ke Poresidente mo tlase ga
karolwana (5),Poresidente a ka tlosa Tona mo ofising -
(a) fa e le Tona, e e umakiwang mo karolong 91(1)(a),morago ga therisano le Tona gape, fa
Tona e se tokololo ya lekoko la ga Poresidente kgotsa e se moetapele wa lekoko le le tsayang
karolo, le gona morago ga therisano le moeteledipele wa lekoko la Tona eo; kgotsa
(b) fa e le Tona e e umakiwang mo karolong 91(1)(b), morago ga therisano le Batlatsa
Poresidente ba Khuduthamaga le baeteledi ba makoko a a tsayang karolo.".
Tlaleletso C
Puso tshwaraganelo ya bosethaba:
Lekala la porofense
1. Karolo 132 ya Molaotheo o mowa e tshwanetse go buisega jaana:
"Dikhansele tsa Khuduthamaga
132. (1) Khuduthamaga tsa Porofense di bopiwa ke Tonakgolo, le maloko a a sa feteng 10,
a a supilweng ke Tonakgolo go ya ka karolwana e.
(2) Lekoko leo le nang le maloko a a ka nnang diperesente tse 10 tsa manno mo peomolao
ya Porofense le tsere tshwetso ya go tsaya karolo mo pusong ya bosethaba ya kopanelo, le
tshwanelwa go abelwa lefapha le le lengwe kgotsa go feta mo Khanseleng ya Khuduthamaga go
lekana le palo ya manno a le a tshotseng mo lekgotlapeomolao go lekanalekana le palo ya manno
a a tshotsweng ke makoko a mangwe a a tsayang karolo.
(3) Mafapha a Lekgotla la Khuduthamaga a tshwanelwa ke go abelwa makoko a farologaneng
a a tsayang karolo go ya ka kaelo e e neetsweng mo karolong 91 (9) le mo go diragatseng kaelo
eo, kumako mo karolong eo go -
(a) kabinete, e tshwanetse go tsewa jaaka go umakiwa Kgotla Khuduthamaga;
(b) tona, e tshwanetse go tsewa jaaka go umakiwa tokololo ya Kgotla Khuduthamaga; le
(c) Kokoano ya Bosethaba e tshwanela go tsewa jaaka kgotlapeomolao ya porofense.
(4) Tonakgolo ya Porofense morago ga ditherisano le baeteledipele ba makoko a a tsayang
karolo o tshwanela -
(a) go tlhomamisa mafapha a a tsepameng go abelwa makoko a farologaneng a a tsayang
karolo go ya ka palo ya mafapha a a abetsweng go ya ka karolwana (3);
(b) go thapa go ya ka lefapha lengwe le lengwe, tokololo ya Kgotlapeomolao ya porofense,
yo e leng tokololo ya lekoko leo lefapha leo le le abetsweng go ya ka temana (a) jaaka tokololo
ya Lekgotla Khuduthamaga e e rweleng maikarabelo a lefapha leo;
(c) fa go ka tlhokega mo mabakeng a Molaotheo, kgotsa mo kgatlhegong ya puso e e siameng
a ka fetola dikaelo dingwe le dingwe di mo go temana (a)go ya ka karolwana(3);
(d) a khutlisa thapo nngwe le nngwe e e mo temaneng (b) -
(i) fa Tonakgolo a kopiwa go dira jalo ke moeteledipele wa lekoko leo tokololo ya Kgotla
Khuduthamaga ya go nna jalo e leng leloko; kgotsa
(ii) fa go tlhokega mo mabakeng a Molaotheo kgotsa mo dikgatlhegong tsa puso e e siameng;
kgotsa
(e) a tlatse, fa go tlhokega, go ya ka temana (b), phatlhatiro mo kantorong ya tokololo ya
kgotla Khuduthamaga.
(5) Karolwana (4) e tshwanetse go diragatswa ka mowa o o tshotsweng mo kakanyong ya
puso ya tshwaraganelo ya bosethaba, mme Tonakgolo le ba ba amegang ba tshwanetse ba batla
go fitlhelela ditumelelano ka nako tsotlhe mo tiragatsong ya karolwana eo: Ntle fa ditumelelano
di sa fitlhelelwe mo: -
(a) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng (a), (c) kgotsa (d)(ii) ya karolwana eo,
tshwetso ya Tonakgolo ke yona e dirang;
(b) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng (b), (d)(i) kgotsa (e) ya karolwana eo, e ama
motho o e seng leloko la lekoko la Tonakgolo, tshwetso ya moeteledipele wa lekoko leo motho
yoo e leng leloko la yona e a dira; le
(c) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng (b) kgotsa (e) ya karolwana eo a amang motho
yo e leng leloko la lekoko la Tonakgolo, tshwetso ya Tonakgolo e a dira.
(6) Fa kaelo nngwe le nngwe ya kabelo ya mafapha e fetolwa mo karolwaneng (4)(c),
ditokololo tse di amegang di tshwanetse go tlogela mafapha a bona mme ba na le go ka thaphiwa,
fa go le maleba, gape mo mafapheng a mangwe a a abetsweng makoko a farologaneng a bona go
ya ka mabaka dikabo ka go farologana.
(7) Dipitso tsa Kgotla Khuduthamaga di tshwanetse go okangwa ke Tonakgolo ya Porofense.
(8) KgotlaKhuduthamaga e tshwanelwa ke go dira ka mokgwa o o tla nayang tshiamisetso
go mowa wa tirisanommogo o akarediwang mo pusong ya tshwaraganelo ya bosethaba le fela
jaaka tlhokego ya puso e e nang le bokgoni.".
2. Karolo 136 ya Molaotheo o mowa e tshwanetse go nna le dikarolwana tsa tlaleletso tse
di latelang:
"(3) Ditokololo tsa Makgotla Khuduthamaga di na le maikarabelo mongwe ka mongwe go
Tonakgolo le go kgotlapeomolao ka tsamaiso ya mafapha a bona, mme ditokololo tsotlhe tsa
Kgotla Khuduthamaga ka tsamaelano ba na le maikarabelo ka bojotlhe ka tiragatso ya ditiro tsa
puso ya porofense le maikemisetso a yona.
(4) Ditokololo tsa Makgotla Khuduthamaga di tshwanetse go tsamaisa mafapha a bona go ya
ka maikaelelo a a tlhomamisitsweng ke Kgotla Khuduthamaga.
(5) Fa tokololo ya Khuduthamaga e palelwa ke go tsamaisa lefapha go ya ka maikaelelo a
Khuduthamaga, Tonakgolo a ka lopa tokololo e e amegang go lere tsamaiso ya lefapha mo
tsamaelanong le maikaelelo a.
(6) Fa tokololo e e amegang e palelwa ke go inaakanya le ditlhokego tsa Tonakgolo mo
karolwaneng (5), Tonakgolo a ka tlosa tokololo eo mo tirong morago ga go rerisana le yona, le
fa tokololo e se tokololo ya lekoko la Tonakgolo kgotsa e se moeteledipele wa lekoko le le
tsayang karolo, le morago ga rerisana le moeteledipele wa lekoko la tokololo eo.".
Tlaleletso D
Tsamaisopuso le Ditirelo tsa Pabalesego: Ditlhabololo go dikarolo tsa Molaotheo wa pele
1. Tlhabololo ya karolo 218 ya Molaotheo wa pele -
(a) ka go emisetsa mo go karolo (1) mantswe a fa pele ga temana (a) ka mantswe a a latelang:
"(1) ka taolo ya ditaelo tsa Tona ya Polokego le Pabalesego, Komienara wa Bosethaba o tla
rwala maikarabelo a -";
(b) ka go emisetsa temana (b) ya karolwana (1) ka temana e e latelang:
"(b) go thapiwa ga bo Komienara ba Diporofense;".
(c) ka go emisetsa temana (d) ya karolwana (1) ka temana e e latelang:
"(d) tlhotlhomiso le thibelo ya bosinyi bo bo rulagantsweng kgotsa bosinyi bo tlhokang
tlhotlhomiso le thibelo ya bosethaba kgotsa bokgoni bo bo kgethegileng;"; le
(d) ka go emisetsa temana (K) ya karolwana (1) ka temana e e latelang:
"(k) go tlhomiwa le go tsweletsa ga karolwana ya sepodisi ya bosethaba ya tolamo mo
bathong, e e tshwanetseng go dira ka thotloetso le ka kopo ya Komienara wa Porofense;".
2. Tlhabololo ya karolo 219 ya Molaotheo wa pele ka go emisetsa mo karolwaneng (1)
mantswe a a fa pele ga tema (a) ka mantswe a a latelang:
"(1) ka taolo ya karolo 218(1), Komienara wa Porofense o tla rwala maikarabelo a go -".
3. Tlhabololo ya karolo 224 ya Molaotheo wa pele ka go emisetsa peelo go karolwana (2)
ka peelo e e latelang:
"Fa fela karolwana e le yona e tla dira go ditokololo tsa letsholo lengwe le lengwe le le
tlhametseng le le tlhagisitseng lenaneo la batlhankedi ba lona morago ga tshimologo ya Molaotheo
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1993 (Molao 200 wa 1993), mme pele ga kamogelo ya molao
o mowa o o kwadilweng jaaka go bonetswe pele mo karolong 73 ya Molaotheo oo, fa lekoko
la dipolotiki le mo tlase ga bothati le taolo ya lona le emeng kgotsa le golaganngwang le lona, e
bile le tsweletsang maikaelelo a lona e bile e tsere karolo mo Khanseleng ya Kokoano ya
Bosethaba le Makgotla a Peomolao a Diporofense mo tlase ga Molaotheo o o umakiwang.".
4. Tlhabololo ya karolo 227 ya Molaotheo wa pele ka go emisetsa karolwana (2) ka
karolwana e e latelang:
"(2) Letsholo la Bosethaba la Tshireletso le tla diragatsa dithata tsa lona le go dira ditiro tsa
lona fela mo kgatlhegong ya bosethaba ka ditaelo tsa Kgaolo 11 ya Molaotheo wa Rephaboliki
ya Borwa, 1996.".
5. Tlhabololo ya karolo 236 ya Molaotheo wa pele -
(a) ka go emisetsa karolwana (1) ka karolwana e e latelang:
"(1) Botlhankedi ba puso, lefapha la puso, tsamaiso kgotsa tirelo ya pabalesego pele fela ga
tshimologo ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (fa morago ga fa o kaiwang
jaaka Molaotheo o mowa"), e dirileng ditiro tsa puso, e tswelelang go dira mo ditaelong tsa
peomolao e e dirang mo go yona go fitlha e fedisiwa kgotsa e tsenngwa kgotsa e kopanngwa mo
setheong sengwe le sengwe se se maleba kgotsa e lekanyeditswe kgotsa e kopantswe le setheo
sengwe le sengwe.";
(b) ka go emisetsa karolwana (6) ka karolwana e e latelang:
"(6) (a) Poresidente a ka tlhoma Khomiene go sekaseka bokhutlo kgotsa tlhabololo ya
konteraka, go thapiwwa kgotsa go tlhatlosiwa, kgotsa go abelwa lebaka la tiro kgotsa maemo a
go dira poelo nngwe, e e tlhageletseng fa gare ga 27 Moranang 1993 le 30 Phatwe 1994 tebang
le motho mongwe le mongwe o a umakiwang mo karolwaneng (2) kgotsa setlhopha sa batho ba
ba ntseng jalo.
(b) Khomiene e ka busetsa morago kgotsa ya fetola konteraka, go thapiwa, go tlhatlosiwa
kgotsa kabelo fa go sa siama kgotsa go sa supe tolamo mo mabakeng a morero."; le
(c) ka go emisetsa "Molaotheo o", gongwe le gongwe fa se se tlhagelelang mo karololng 236,
ka "Molaotheo o mowa".
6. Tlhabololo ya karolo 237 ya Molaotheo wa pele -
(a) ka go emisetsa tema (a) ya karolwana (1) ka temana e e latelang:
"(a) Tekanyetso mo ditheong tse di umakilweng mo karolong 236(1), go sa akarediwe
matsholo a ntwa a a umakiwang mo karolong 224(2), e tla re morago ga tshimologo ya
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996, di tswelele ka maikaelelo a go tlhoma -
(i) tsamaiso e e nang le bokgoni mo makaleng a bosethaba a puso go dira ka merero e e mo
taolong ya molao wa makala a bosethaba; le
(ii) tsamaiso e e nang le bokgoni mo porofenseng nngwe le nngwe go dira ka merero e e mo
taolong ya molao wa puso nngwe le nngwe ya porofense."; le
(b) ka go emisetsa temana (i) ya karolwana (2)(a) ka temana e e latelang:
"(i) ditheo tse di umakiwang mo karolong 236(1), ntle le matsholo a ntwa, di tla nna di le mo
taolong ya puso ya bosethaba, e e tla nnang le maikarabelo a a jalo ka tirisano le mebuso ya
diporofense;".
7. Tlhabololo ya karolo 239 ya Molaotheo wa pele ka go emisetsa karolwana (4) ka
karolwana e e latelang:
"(4) Ka taolo ya le go ya ka molao mongwe le mongwe o o maleba, dithoto, ditshwanelo, ditiro
le disuga tsa matsholo otlhe a a umakiwang mo karolong 224(2) di rwalwa ke Letsholo la
Tshireletso la Bosethaba go ya ka ditaelo tsa Tona ya Tshireletso.".
MAMETLELELO 7
Melao e e phimotsweng
Palo le ngwaga Setlhogo
wa molao
Molao 200 wa 1993 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1993
Molao 2 wa 1994 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Molao o Tlhabolotsweng, 1994
Molao 3 wa 1994 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Bobedi ya Molao, 1994
Molao 13 wa 1994 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Boraro ya Molao, 1994
Molao 14 wa 1994 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Bone ya Molao, 1994
Molao 24 wa 1994 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Borataro ya Molao, 1994
Molao 29 wa 1994 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Botlhano ya Molao, 1994
Molao 20 wa 1995 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Molao o
o Tlhabolotsweng, 1995
Molao 44 wa 1995 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Bobedi ya Molao, 1995
Molao 7 wa 1996 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Molao o
o Tlhabolotsweng, 1996
Molao 26 wa 1996 Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Boraro ya Molao, 1996
TSHUPANE
(Elatlhoko: Nomore e e tlang morago ga tlhaloso, ke nomoro ya karolo)
Pina, 4
Moruni-Kakaretso, 181,188
Molaotlhomo wa Ditshwanelo-
Phitlhelelo go dikgotlatshekelo, 34
Phitlhelelo go tshedimosetso, 32
Tiragatso, 8
Batshwarwa, batlhatlhelwa le balatofadiwa, 35
Kokoano, ditshupetso, phiketo le phetiene, 17
Bana, 28
Boagi, 20
Ditlhopha tsa setso, bodumedi le puo, 31
Thuto, 29
Pateletso ya Ditshwanelo,38
Tikologo, 24
Tekatekano, 9
Seriti sa Botho, 10
Tshireletsego le kgololosego ya motho, 12
Kgololosego ya kamano,18
Kgololosego ya tlhagiso maikutlo, 16
Kgololosego ya tsamao le bodulo, 21
Kgololosego ya bodumedi, tumelo le kakanyo, 15
Kgololosego ya kgwebo, tiro le boithutedi, 22
Pholo, dijo, metsi le tshireletsego ya loago, 27
Matlo, 26
Thanolo ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo, 39
Dikamano tsa Bodiri, 23
Puo le Setso, 30
Botshelo, 11
Tekanyetso ya Ditshwanelo, 36
Ditshwanelo tsa sepolotiki, 19
Sephiri, 14
Dithoto, 25
Tiragatso ya tsamaiso e e nang le tshiamo, 33
Bokgoba, bolala le tiro ya pateletso, 13
Maemo a tshoganyetso, 37
Kgaso, Bolaodi jo bo Ikemetseng jo bo Laolang, 181, 192
Ditekanyetsomatlole, 215
Banka-kgolo, 223-225
Puso ya tirisano, 41
Boagi, 3
Kabinete, 91-99, 101, 102
Khomiene ya Tekatekano ya Bong, 181, 187
Khomiene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Setso, Bodumedi le Ditlhopha tsa
Dipuo, 181, 185, 186
Melao e e kgatlhanong, 146-150
Dikgotlatshekelo -
Kgotlatshekelo ya Molaotheo, 167
Dikgotlatshekelokgolo, 169
Dikgotlatshekelo tsa boMagisetera le dikgotlatshekelo tse dingwe, 170
Maatla mo mabakeng a molaotheo,172
Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, 168
Tshireletso, 200-204
Khomiene ya Ditlhopho, 181, 190, 191
Ditsamaiso tsa ditlhopho tsa badiredi-puso ka fa Molaotheong, Mametlelelo 3, Karolo A
Bothati ba bokhuduthamagaba
diporofense, 125
ba Rephaboliki, 85
Dikhansele tsa Khuduthamaga, Porofense, 132-141
Letlole, Bosethaba, 213, 214, 216, 217
Letlole, Porofense, le selegae, 226-230
Khomiene ya Dithelete le Matlotlo, 220-222
Folaga, 5
Kabelo matlole go makoko a dipolotiki, 236
Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho, 181, 184
Bothati jo bo Ikemetseng jo bo Laolang Kgaso, 192
Botlhodi, 209, 210
Molao wa Bodithabathaba, 231-233
Bothati ba Boatlhodi, 165
Batlhankedi ba Boatlhodi, 174-177
Khomiene ya Tirelo tsa Boatlhodi, 178
Dithwe tsa Boatlhodi, 166
Dipuo, 6
Tiragatso ya melao, 73-82
Bothati ba Peomolao, 43, 44
Pusoselegae, 152, 163
BoMmasepala, 151-164
Kokoano Bosethaba-
Sebopego le ditlhopho, 46
Ditshwetso, 53
Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Kokoano Bosethaba, 56
Dithata, 55
Phitlhelelo ya botlhe, 59
Khansele ya Bosethaba ya Diporofense-
Kabelo ya baemedi,61
Sebopego, 60
Ditshwetso, 65
Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Khansele ya Bosethaba, 69
Go tsaya karolo ga makoko mo dikemeding tsa Porofense, Mametlelelo 3, Karolo B
Go tsaya karolo ga baemedi ba dipusoselegae, 67
Baemedi ba leruri, 62
Dithata, 68
Phitlhelelo ya botlhe, 72
Palamente, 42
Sepodisi, 205-208
Ditonakgolo, 127-130
Poresidente, 83-89
Bothati ba bothothisi, 179
Diporofense, 103
Melaotheo ya Diporofense, 142-145
Dikgotlapeomolao tsa Diporofense, 104-121
Kopo ya ditokololo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo, 122
Ditshwanelo tsa baemedi ba leruri, 113
Phitlhelelo ya botlhe, 118
Tsamaisopuso, 195
Khomiene ya Bodiredipuso, 196
Bodiredipuso, 197
Mosireletsi wa Botlhe, 181, 182
Ditirelo tsa Pabalesego, 198, 199
Boikemisetso, 235
Bogolo jwa Molaotheo, 2
Baeteledipele ba setso, 211, 212
Molaotheo
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996
Jaaka o amogetswe ka 8 Motsheganong 1996 mme wa tlhabololwa ka 11 Diphalane 1996 ke
Lekgotlatheomolao
Molao o le mongwe wa sethaba se le sengwe
Diteng
Pulamadibogo 1
Kgaolo 1 3
Dikaelo tsa motheo
Kgaolo 2 6
Molaotlhomo wa Ditshwanelo
Kgaolo 3 27
Puso Ya Tirisano
Kgaolo 4 29
Palamente
Kgaolo 5 57
Poresidente le khuduthamaga ya bosethaba
Kgaolo 6 65
Diporofense
Kgaolo 7 88
Puso selegae
Kgaolo 8 97
Dikgotlatshekelo le tsamaiso ya bosiamisi
Kgaolo 9 108
Ditheo tsa puso tse di tshegetsang demokerasi ya Molaotheo
Kgaolo 10 116
Tsamaisopuso
Kgaolo 11 122
Ditirelo tsa Pabalesego
Kgaolo 12 129
Baeteledipele ba setso/magosi
Kgaolo 13 130
Dithelete
Kgaolo 14 140
Dikaelo-kakaretso
Mametlelelo 1 144
Folaga ya bosethaba
Mametlelelo 2 146
Maikano le ditumelo tse di masisi
Mametlelelo 3 151
Ditsamaiso tsa Ditlhopho
Mametlelelo 4 155
Makala a kgolagano a tiragatso a bokgoni jwa
peomolao a bosethaba le a porofense
Mametlelelo 5 158
Makala a tiragatso a bokgoni jwa peomolao
a porofense fela
Mametlelelo 6 160
Dithulaganyo tsa kgabaganyo
Mametlelelo 7 197
Melao e e phimotsweng
Tshupane 199

Universal Declaration of Human Rights
Western Sotho/Tswana/Setswana Version
Source: Diffusion Multilingue des Droits de l'Homme (South Africa, Botswana)
KGOELETSO YA MAIPOLELO A ODITHABATABA A DITSHWANELO TSA BOTHO
PULAMADIBOGO
Go ntse jalo gore kamogelo ya tlhago ya seriti le tekatekano le ditshwanelo tse di sa amologanngweng tsa ditokololo tsotlhe tsa losika lwa motho ke motheo wa kgololosego, bosiamisi le kagiso mo lefatseng.
Go ntse jalo gore go itlhokomolosa le go nyatsa ditshwanelo tsa botho go tlhotse ditiragalo tsa bolalome tse di sakgaditseng maikutlo a batho mo tshimologong ya lefatshe le mo go lona batho ba itumelelang kgololosego ya go bua le tumedi, le kgololosego mo go boifeng le go eletseng, di goeleditswe jaaka dikeletso tse di kwa godimo tsa batho botlhe.
Go ntse jalo gore go botlhokwa, fa motho a sa patelesege go tsaya tsela esele, jaaka ona mokgwa wa bofelo, go ema kgatlhanong le bagagapa le kgatelelo, gore ditshwanelo tsa botho di sirelediwe ke puso ya molao.
Go ntse jalo gore go botlhokwa go tsweletsa kgolo ya dikgalologano tsa botsalano fa gare ga dithaba.
Go ntse jalo gore Dithaba Kopano ka Lokwalo lo, ba tiiseditse tumelo ya bona mo motheong wa ditshwanelo tsa botho, mo seriting le botlhokwa jwa botho jwa motho le mo tekatekanong ya ditshwanelo tsa banna le basadi, mme ba ikemiseditse go tsweletsa kgatelopele mo matshelong a batho le maemo a a botoka a botshelo mo kgololosegong e e anameng.
Go ntse jalo gore Dinaga tse e leng Ditokololo di ineetse ka tirisanommogo le Dithaba Kopano go fitlhelela tsweletso ya tlotlo le tshegetso ya bodithabathaba ya ditshwanelo tsa botho le metheo ya dikgololosego.
Go ntse jalo gore go a tlhaloganyesega gore ditshwanelo le dikgololosego tse, di botlhokwa thata mo tiragatsong ya bojotlhe ya maineelo a.
JAANONG KA JALO,
Kokoano Kakaretso
E goeletsa Maipolelo a, a Bodithabathaba a Ditshwanelo tsa Botho jaaka selekanyo sa phitlhelelo sa gale mo bathong botlhe le mo dithabeng tsotlhe, go fitlhelela fa motho mongwe le mongwe le sethwe sengwe le sengwe sa loago, ka go tsaya Maipolelo a tsia, di tla kgaratlhelang ka go ruta le kgodiso go tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo le dikgololosego tse, le ka dikgato dingwe tsa tswelelopelo mo sethabeng le dithabathabeng, go boloka kamogelo le tshegetso ya bodithabathaba le tiragatso ya tsona, mo sebeding sa batho ba e leng Maloko a Dinaga ka boona le mo bathong ba dikgaolo tse di welang mo taolong ya bona.
Aretikele 1
Batho botlhe ba tsetswe ba gololosegile le go lekalekana ka seriti le ditshwanelo. Ba abetswe go akanya le maikutlo, mme ba tshwanetse go direlana ka mowa wa bokaulengwe.
Aretikele 2
Mongwe le mongwe o na le tetla mo ditshwanelong le mo dikgololosegong tsotlhe tse di tlhagisitsweng mo Maipolelong a, kwa ntle ga pharologanyo epe, jaaka ya semorafe, mmala, bong, puo, tumelo, sepolotiki kgotsa, kakanyo esele, boagi kgotsa tlhago ya lotso, thoto, botsalo, kgotsa boemo bongwe.
Gape, ga go pharologanyo epe e e tla dirwang ka ntlha ya boemo ba sepolitiki, ba bolaodi kgotsa ba bodithabathaba ba naga kgotsa kgaolo e motho a tswang kwa go yona, go sa kgathalesege gore a e ikemetse, e abilwe, ga e ipuse kgotsa e mo tekanyetsong nngwe ya boipuso.
Aretikele 3
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo, boithatelo le tshireletsego ya botho.
Aretikele 4
Ga go ope yo o tla tshwarwang mo bokgobeng kgotsa botlhankeng; bokgoba le kgwebo ka makgoba di tla ilediwa mo mekgweng yotlhe ya tsona.
Aretikele 5
Ga go ope yo o tla bogisiwang kgotsa go sotlwa ka mokgwa o e seng wa setho kgotsa go tsholwa kgotsa go otlhaiwa ka mokgwa o o nyenyefatsang.
Aretikele 6
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo go amogelwa gongwe le gongwe jaaka motho fa pele ga molao.
Aretikele 7
Botlhe ba a lekana fa pele ga molao mme ba na le tetla kwa ntle ga tlhotlhololo go tshireletsego e e lekanang ya molao. Botlhe ba na le tetla e e lekanang ya tshireletsego kgatlhanong le tlhotlhololo nngwe le nngwe e e leng kgatlhanong le Maipolelo a, le kgatlhanong le thotloetso ya tlhotlhololo yo mothale o o ntseng jalo.
Aretikele 8
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tshiamelo e e tletseng ya kgotlakatlholo ya bosethaba e e nang le bokgoni ka ntlha ya ditiro tse di kgatlhanong le ditshwanelo tsa motheo tse a di neilweng ke moloatheo kgotsa ke molao.
Aretikele 9
Ga go ope yo o ka tshwarwang, a tlhatlhelwa kgotsa a kobiwa ntle le lebaka le le utlwalang.
Aretikele 10
Mongwe le mongwe o na le tekatekano e e tletseng ya tsheko e e siameng ya botlhe e e tsamaisiwang ke kgotlakatlholo e e ikemetseng le e e sa tlhotlhololeng mo go thlotlhomiseng ga ditshwanelo le ditlamego tsa gagwe kgotsa kotlhao nngwe le nngwe ya bosenyi kgatlhanong nae.
Aretikele 11
1. Mongwe le mongwe yo o bonwang molato wa tlolamolao o na le tshwanelo ya go tsewa a se molato go fitlhelela a bonwa molato go ya ka fa molaong mo kgotlatshekelong ya botlhe e mo go yona a ntseng le ditsholofetso tse di maleba le go itshireletsa ga gagwe.
1. Ga go na ope yo o tla bonwang molato wa tlolomolao nngwe le nngwe ka ntlha ya tiro nngwe kgotsa tlogelo nngwe e e neng e se tlolomolao, mo molaong wa bosethaba kgotsa wa bodithabathaba, ka nako e e neng e dirwa. Le gona kotlhao e e bokete ga e ne e dirwa, go na le e e maleba e e neng e ka dirwa ka nako e tlolomolao e neng e dirwa.
Aretikele 12
Ga go na ope yo go tla sunngwang nko ntle le molao mo sephiring, lelapeng, ntlong kgotsa makwalo a gagwe kgotsa tlhaselo yo tlotlo le serodumo sa gagwe. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tshireletso ya molao kgatlhanong le tsunyonko le ditlhaselo tsa mothale o ntseng jalo.
Aretikele 13
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya motsamao le bonno me melelwaneng yo naga nngwe le nngwe.
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tswa mo nageng nngwe le nngwe, go akaretsa le ya gaabo, le go boela kwa nageng ya gaabo.
Aretikele 14
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go batla le go itumelela botshabi ba go sekisiwa kwa dinageng tse dingwe.
1. Tshwanelo e, ga e ne e diragadiwa mo mabakeng a ditshekiso tse di leng le melato e e seng ya sepolitiki kgotsa go tswa mo ditirong tse di leng kgatlhanong le maikaelelo le meono ya Dithaba Kopano.
Aretikele 15
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya boagi
1. Ga go ope yo o tla iletswang ntle le lebaka boagi jwa gagwe kgotsa go iletswa tshwanelo ya go fetola boagi jwa gagwe.
Aretikele 16
1. Banna le basadi ba dingwaga tse di lekanang, kwa ntle le tekanyetso epe e e mabapi le bomorafe, boagi kgotsa tumelo ba na le tetla ya go nyala le go aga lelapa. Ba na le tetla ya ditshwanelo tse di lekanang mabapi le tsa lenyalo, mo lenyalong le mo phatlalalong ya lona.
1. Go tla tsenwa fela mo nyalanong ka tetla e e gololosegileng le e e tletseng ya bobedi jo bo ikaelelang go nyalana.
1. Lelapa ke bongwefela jwa setlhopha jwa tlhago le motheo wa loago mme le na le tetla ya tshireletso ya baagi le Puso.
Aretikele 17
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le thoto a le nosi kgotsa a e tlhakanetse le ba bangwe.
1. Ga go ope yo o tla tseelwang thoto ntle le lebaka.
Aretikele 18
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya kakanyo, maikutlo le bodumedi, tshwanelo e, e akaretsa kgololosego ya go fetola bodumedi kgotsa tumelo ya gagwe, le kgololosego, ya fa a le nosi kgotsa mo kgobokanong le ba bangwe le mo phatlalatseng kgotsa mo sephiring, go tsweletsa bodumedi kgotsa tumelo ya gagwe ka thuto, tiragatso, kobamelo le tshegetso.
Aretikele 19
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya mogopolo le tlhagiso-maikutlo. Tshwanelo e, e akaretsa kgololosego ya go nna le mogopolo ntle le tshunyonko, le go batla, go amogela le go fetisa tshedimosetso le dikakanyo ka bophasalatsi bongwe le bongwe, go sa kgathalelwe melelwane.
Aretikele 20
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya kokoano ya kagiso le kgolagano.
1. Ga go ope yo o ka patelediwang go nna leloko la mokgatlho.
Aretikele 21
1. Mongwe le mongwe o na le tswhanelo ya go nna le seabe mo mmusong wa naga ya gaabo, ka tlhamalalo kgotsa ka baemedi ba ba itlhophetsweng ka kgololosego.
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya phitlhelelo e e lekalekanang go ditirelo tsa puso mo nageng ya gaabo.
1. Thato ya batho ke ona motheo wa bothati jwa puso; se, se tla tlhagisiwa ka ditlhopho tsa nako le nako tsa boammaaruri, tse di tla bong e le tsa boditshabatshaba mme di tla tshwarwa ka boutu ya sephiri kgotsa ka dithulaganyo dingwe tse di lekalekanang le tse di gololosegileng tsa go bouta.
Aretikele 22
Mongwe le mongwe jaaka tokololo ya baagi, o na le tshwanelo ya tshireletso ya baagi mme o na le tetla ya temogo ka maiteko a bosethaba le tirisanommogo ya bodithabathaba le go ya ka thulaganyo le metswedi ya Naga nngwe le nngwe, ya ditshwanelo tse di sa amologanngweng tsa ekonomi, boagi le setso mo seriting sa gagwe le kgolo e e gololosegileng ya botho jwa gagwe.
Aretikele 23
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dira, mo go itlhopheleng go go gololosegileng ga bothapi, gmaemo a a botoka le a bosiami a tiro le go sirelediwa kgatlhanong le botlhokatiro.
1. Mongwe le mongwe, ntle le tlhotlhololo epe, o na le tshwanelo ya tuelo e e lekalekanang le tiro.
1. Mongwe le mongwe yo o dirang o na le tshwanelo ya moputso siameng le o o tshwanetseng, o o mo netefaletsang mmogo le ba lelapa la gagwe botshelo jo bo tshwaneleng seriti sa botho, le go okediwa, fa go tlhokega, ka mekgwa ya tshireletso ya baagi.
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo go bopa le go nna leloko la mokgatlho wa badiri go sireletsa dikgatlhego tsa gagwe.
Aretikele 24
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ikhutsa le go phuthologa, go akarediwa diura tse di lekanyeditsweng tsa go dira le malatsi a a duelelwang a khunologo mo motlheng mongwe.
Aretikele 25
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo go maemo a botshelo a a lekaneng pholo le boitekanelo jwa gagwe le ba lelapa la gagwe, go akarediwa dijo, diaparo, ntlo le tlamelo ya melemo le ditirelo tsa baagi tse di botlhokwa, le tshwanelo ya tshireletsego mo lebakeng la go sa thapiwe, bolwetse, kgolafalo, botlhologadi, botsofe kgotsa go tlhoka go itsetsepela mo mabakeng a a seng mo taolong ya gagwe.
1. Bosadi le bongwana bo na le tetla ya tlhokomelo e e kgethegileng le thuso. Bana botlhe, ba tsetswe mo lenyalong kgotsa kwa ntle ga lenyalo, ba tla itumelela tshireletso ya loago e e tshwanang.
Aretikele 26
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya thuto. Thuto e tla nna e e sa duelelweng, bonnye mo dikgatong tsa tshimologo le tsa motheo. Thuto ya Tshimologo e tla nna ya pataletso. Thuto ya Thekenikale le ya phorofeene e tla tlamelwa ka kakaretso, mme thuto e e kwa godimo e tla tlamelwa ka go lekalekana go botlhe go ya ka tlhokego.
1. Thuto e tla lebisiwa mo kgodisong e e tletseng ya botho jwa motho, le mo go tiiseng tlotlo ya ditshwanelo tsa botho le metheo ya dikgololosego. E tla tsweletsa go tlhaloganya, go itshokelana le botsalano mo dithabeng tsotlhe, ditlhopa tsa semorafe kgotsa tsa bodumedi, mme e tla tsweletsa ditiro tsa Dithaba Kopano tsa go tshegetsa kagiso.
1. Batsadi ba na le tshwanelo ya pele ya go tlhopa mofuta wa thuto o o tla newang bana ba bone.
Aretikele 27
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le seabe ka kgololosego mmo botshelong jwa setso jwa baagi, go itumelela botaki le go refosanya tswelelo ya bonetetsi le maungo a bona.
1. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tshireletso ya dikgatlhego tsa botho le dithoto go tswa dikungweng tsa bonetetsi, bokwadi kgotsa botaki tse e leng mokwadi wa tsona.
Aretikele 28
Mongwe le mongwe o na le tetla go tolamo ya loago le ya bodithabathaba e mo go yona ditshwanelo le dikgololosego tse di tlhagisitweng mo Maipulelong a di ka diragadiwang ka batlalo.
Aretikele 29 
1. Mongwe le mogwe o na le ditiro mo baaging tse ena ka nosi a nang le bokgoni jo bo tletseng jwa kgolo ya botho jwa gagwe. 
1. Mo go diragatseng ditshwanelo le dikgololosego tsa gagwe, mongwe le mongwe o tla laolwa fela ke ditekanyetso jaaka go tlhomamisiwa ke molao mo mabakeng fela a go sireletsa kamogelo le tlotlo ya ditshwanelo le dikgololosego tsa ba bangwe le tsa go fitlhelela ditlhokego tse di siameng tsa botho, tolamo go botlhe le boitekanelo ka kakaretso mo loagong lwa temokerasi.
1. Ditshwanelo le dikgololosego tse ga di ne di diragatswa ka mokgwa o sele kgatlhanong le maikaelelo le meono ya Dithaba Kopano.
Aretikele 30
Ga go sepe mo Maipolelong a, se se tshwanetseng go ranolwa jaaka se se kaeleng Naga nngwe le nngwe, setlhopa kgotsa motho tshwanelo nngwe go nna mo tiragatsong ya tiro nngwe kgotsa go dira tiro nngwe e maikaelelo a yona e leng go senya nngwe ya ditshwanelo le dikgololosego tse di tlhagisitsweng mo.
(c) Copyright 1998 
Office of the United Nations High Commissioner for Human Rights
Geneva, Switzerland
(LEFAPHA LA THUTO)
Kemo e e Tlhabolotsweng
ya Kharikhulamo
ya Bosethaba
Dikereiti R-9
(Dikolo)
Dipuo
Setswana
Puo ya Gae
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Phasaladitswe ke Lefapha la Thuto
Sol Plaatje House
123 Schoeman Street
Pretoria
Private Bag X895
Pretoria 0001
Aforika Borwa
Mogala: +27 (12) 312 5911
Fekese: +27 (12) 321 6770
120 Plein Street
Private Bag X895
Cape Town 8000
Aforika Borwa
Mogala: +27 (21) 465-1701
Fekese: +27 (21) 461-8110
http://education.pwv.gov.za
Tumelelotiriso (c) 2002 Lefapha la Thuto Aforika Borwa, Pretoria
Dikhophi tsa kgatiso e, di ka bonwa go tswa go Botsamaisi: Kgolagano ya Bosethaba le
Porofentshe, Lefapha la Thuto, Pretoria.
Tel: (012) 312 5410
ISBN
Kasete ya Palo ya: 23406, Vol 443, May 2002
Sebopego le Boalothulaganyo: Prism Digital, Triple CCC Advertising, Circle Communication
Gatisitswe boemong jwa Mogatisi wa Mmuso: FormeSet Printers Cape
Puo ya Gae
Lokwalo lo, lo tshwanetse go buisiwa jaaka karolo ya Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo) e
akaretsa:
1. Matseno
2. Ditlhagiso tsa Karolothuto di le Robedi
Dipuo
Mmetse
Disaentshe tsa Tlhago
Disaentshe tsa Loago
Botaki le Setso
Tebanyo le Botshelo
Disaentshe tsa Ikonomi le Botsamaisi
Thekenoloji
KITSISO GO MMADI
Lefapha la Thuto le motlotlo go tlhagisa Kemo e e Tlhabolotsweng e, ya
Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R - 9 (Dikolo), ka dipuo tsotlhe di le 11 tsa
semmuso tsa Aforika Borwa.
Tiragalo ya go ranolela le go fetolela ke e e matswakabele le e e gwetlhang.Mo
mabakeng a le mantsi, mareo le mmuo wa kharikhulamo o ne o tshwanetse go
bopiwa ke batho ba ba neng ba dira ka dibukana tse. Dibukana tse, di lekeleditswe
mo badirising ba bomankge mo maphateng a a farologaneng.
Lefapha la Thuto le tsaya dibukana tse jaaka tshimologo ya tiragalo ya go nonotsha
le go tsweletsa dipuo tsa rona. Re amogela le go rotloetsa badirisi ba dibukana tse,
go di dirisa jaaka motheo wa tswelelopele e e tswelelang.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
MOKGWA WA GO DIRISA BUKA E
_ Go bona tshedimosetso ya kakaretso leba:
 Kitsiso ya Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba mo Kgaolong 1- se, se tla neelana ka tshedimosetso ka
ga Thuto-tota-dipoelo, Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti R-9
(Dikolo), le Manaanethuto;
 Kitsiso ya Dikarolothuto mo Kgaolong 1 - Se, se tla neelana ka matseno go Ditlhagiso tsa Dikarolothuto
go akaretsa le dipharologantsho, botlhamo le Dipoelothuto;
 Tlhatlhobo ya Moithuti - Kgaolo e, e neelana ka ga dikaelo go ditheo tsa tlhatlhobo mo Thutong-tota
dipoelo, e tlotla ka ga tlhatlhobo e e tswelelang, le go neelana ka dikao tsa go tshola direkoto;
 Lenaane la Metswedi le neelana ka bobedi jwa Lenaanefoko la kakaretso la Kharikhulamo le Tlhatlhobo
mmogo le Lenaanefoko le le kgethegileng la Karolothuto.
_ Mmele wa buka e, o kgaogantswe ka dikgaolo di le mmalwa. Go na kgaolo e le nngwe mo Dikgatong
dingwe le dingwe tsa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso, e bong - Kgato ya Motheo, Kgato ya
Magareng, Kgato e Kgolo. Nngwe le nngwe ya dikgaolo tse, e na le karolo ya matseno a makhutshwane, e e
latelwang ke Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Kgato. Go na gape le kgaolo ka ga tlhatlhobo ya moithuti.
_ Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Kgato nngwe le nngwe di tlhagisiwa ka mokgwa o o kgontshang go latela tatelano.
Se, se raya gore Dielo tsa Tlhatlhobo tse di tshwanang mo kereiting nngwe le nngwe di bapantswe gore
morutabana a kgone go bapisa tatelano mo tsamaong ya dingwaga. Se, se ka tlhola diphatlha felo gongwe,
ka ntlha ya fa Seelo sengwe le sengwe sa Tlhatlhobo se ka seke sa nna le le se se ka bapisiwang le sona, mo
Kereiting nngwe le nngwe.
_ Dikai-tshwantsho dingwe di a dirisiwa go ralala buka e, go kaela mmuisi go bona tshedimosetso e a e
tlhokang. Dikai-tshwantsho tse ke:
Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti
Dipoelothuto.
KGAOLO 1: MATSENO 1
KITSISO YA KEMO KHARIKHULAMO YA BOSETHABA 1
Thuto-tota-Dipoelo 1
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba: Ditlhagiso tsa Dikarolothuto 2
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba: Manaanethuto 3
KITSISO YA KAROLOTHUTO YA DIPUO - SETSWANA 4
Thanolo 4
Mokgwa wa Tlaleletso o o isang go Dipuodintsi 4
Puo ya go ithuta le go ruta 5
Maikaelelo 5
Diponagalo tse di kgethegileng le boatlhamo 6
DIPOELOTHUTO TSA DIPUO 6
KGAOLO 2: KGATO YA MOTHEO (DIKEREITI R-3) 11
MATSENO 11
Tsepamiso 11
Tlhabololo ya Puo: Tiragalo e e tsamayang ka iketlo 11
Molebo wa Tekatekano go Tlhabololo ya go buisa le go kwala 11
Go agelela mo Kitsong 12
Thotloetso ya go Ikatisa 12
Tomaganyo ya Dipoelothuto 12
DIPOELOTHUTO 12
Poelothuto 1: Go reetsa 12
Poelothuto 2: Go bua 13
Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 13
Poelothuto 4: Go kwala 13
Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 13
Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 14
DITENG
Puo ya Gae
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA 14
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA KEREITI YA R 15
Meraba e e Tshikhinngwang 15
Poelothuto 1: Go reetsa 16
Poelothuto 2: Go bua 17
Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 18
Poelothuto 4: Go kwala 20
Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 21
Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 22
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 1 - 3 23
Meraba e e Tshikhinngwang 23
Poelothuto 1: Go reetsa 26
Poelothuto 2: Go bua 30
Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 34
Poelothuto 4: Go kwala 44
Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 52
Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 56
KGAOLO 3: KGATO YA MAGARENG (DIKEREITI 4 - 6) 63
MATSENO 63
Tsepamiso 63
Mefuta e e farologaneg ya meraba 63
Ditiro tsa go ithuta tse di lomaganeng 63
Diteng tsa mefutafuta tse di anameng. 64
DIPOELOTHUTO 64
Poelothuto 1: Go reetsa 64
Poelothuto 2: Go bua 64
Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 64
Poelothuto 4: Go kwala 65
Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 65
Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 65
Puo ya Gae
DIELO TSA TLHATLHOBO MERABA YA KEREITI YA 4 - 6 66
Meraba e e Tshikhinngwang 66
Poelothuto 1: Go reetsa 72
Poelothuto 2: Go bua 76
Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 82
Poelothuto 4: Go kwala 90
Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 96
Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 100
KGAOLO 4: KGATO E KGOLO (DIKEITI 7 - 9) 105
MATSENO 105
Tsepamiso 105
DIPOELOTHUTO 106
Poelothuto 1: Go reetsa 106
Poelothuto 2: Go bua 106
Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 106
Poelothuto 4: Go kwala 106
Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 106
Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 107
DIELO TSA TLHATLHOBO MERABA YA KEREITI YA 7 - 9 108
Meraba e e Tshikhinngwang 108
Diteng tsa meraba 111
Poelothuto 1: Go reetsa 112
Poelothuto 2: Go bua 116
Poelothuto 3: Go buisa le go bogela 122
Poelothuto 4: Go kwala 128
Poelothuto 5: Go akanya le go batla mabaka 132
Poelothuto 6: Popegopuo le tiriso 140
KGAOLO 5: TLHATLHOBO YA MOITHUTI 147
MATSENO 147
DITHEO TSA TLHATLHABO TSE DI DIRISITSWENG MO THUTONG-TOTADIPOELOTHUTO
147
Thanolo 147
Dintlhapopo tsa Botlhokwa 148
Maikaelelo a Tlhatlhobo 148
TLHATLHOBO E E TSWELELANG149
Diponagalo tsa Tlhatlhobo e e Tswelelang 149
Ditogamaano tsa Tlhatlhobo 150
Ditiro tse di Tshwanang tsa Tlhatlhobo 150
TSAMAISO YA TLHATLHOBO 150
Batho ba ba amegang mo Tlhatlhobong 150
Lenaane la Sekolo ya Tlhatlhobo 150
GO TSHOLA DIREKOTO 151
Dibuka tsa Direkoto 151
Dikhoutu tse di tshwanetseng go dirisiwa mo Tlhatlhobong 152
Dikhoutu tsa Bosethaba 153
Diedule tsa tswelelopele 153
Diporofaele tsa Moithuti 153
DIREPOTO 154
Tshedimosetso e e tshwanetseng go Akarediwa mo Direpotong 154
Dikarata tsa Pegel 155
LENAANE LA MAREO 157
LENAANE LA MAREO A KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO 157
LENAANE LA MAREO A KHARIKHULAMO 159
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
KGAOLO 1
MATSENO
KITSISO YA KEMO YA KHARIKHULAMO YA BOSETHABA
Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao 108 wa 1996) o neela motheo wa tlhabololo le
tsweletso ya kharikhulamo mo Aforika Borwa wa ga jaana. Ketelelapele ya Molaotheo e tlhalosa maikaelelo a
Molaotheo a go:
_ Alafa dikgaogano tsa maloba le go tlhoma sethaba se se theilweng mo dielong tsa temokerasi, ditsamelo
tsa loago le motheo wa ditshwanelo tsa botho.
_ Tokafatsa boleng jwa matshelo a baagi botlhe le go golola bokgoni jwa motho mongwe le mongwe.
_ Ala metheo ya sethaba sa temokerasi se se mo phatlalatseng, se mo go sona puso e theilweng mo
keletsong ya batho, le baagi botlhe ba sireleditsweng ke molao ka go tshwana.
_ Aga Aforika Borwa o o kopaneng wa temokerasi o o kgonang go tsaya boemo jwa gagwe jaaka naga e e
ipusang mo tshikeng ya dithaba.
Thuto le kharikhulamo di na le seabe se se botlhokwa mo go fitlheleleng maikaelelo a.
Thuto-tota-Dipoelo
Thuto-tota-dipoelo ke motheo wa kharikhulamo mo Aforika Borwa. E ikaelela go kgontsha baithuti botlhe go
fitlhelela dikgono tsa bona tse di kwa godimo. Se e se dira ka go tlhoma dipoelo tse di tshwanetseng go
fitlhelelwa kwa bofelong jwa tiragalo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e agile Ditlhagiso tsa Dipoelothuto tsa yona tsa
Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso sa Dikereiti R-9 (Dikolo) mo dipoelong tsa botlhokwa le tsa kgolo tse
di tlhotlheleditsweng ke Molaotheo le go tsweledisiwa mo tiragalong ya temokerasi.
Dipoelo tsa botlhokwa di solofela baithuti ba ba tla kgonang go:
_ Lemoga le go rarabolola mathata le go tsaya ditshwetso ba dirisa kakanyo ya botlhokwa le ya boitlhamedi;
_ Dira ka nonofo le ba bangwe jaaka ditokololo tsa setlhopha, mokgatlho le baagi;
_ Rulaganya le go tsamaisa ditiro tsa bona ka maikarabelo le ka nonofo;
_ Kokoanya, sekaseka, rulaganya le go tlhatlhoba tshedimosetso;
_ Tlhaeletsana ka tolamo ba dirisa pono,botshwantshi le puo mo mekgweng e e farologaneng;
_ Dirisa saentshe le thekenoloji ka tolamo, mme ba supa boikarabelo mabapi le tikologo le pholo ya ba
bangwe;
_ Supa go tlhaloganya botshelo jaaka ngatana ya dithulaganyo tse di golaganeng ka go lemoga gore bokaelo
jwa tharabololo ya mathata ga bo nne bo le bosi, bo maphataphata.
Matseno
1
Puo ya Gae
Dipoelo tsa kgolo di solofela baithuti ba ba kgonang go:
_ Akanya le go tlhotlhomisa ka ga mefuta ya ditogamaano tsa go ithuta ka katlego;
_ Nna le seabe jaaka bagae ba ba maikarabelo mo botshelong jwa selegae, jwa bosethaba le jwa
bodithabathaba;
_ Nna masisi mo setsong le mo bokgabong go ralala bonamo jwa bokaelo jwa loago;
_ Tlhotlhomisa thuto le dithono tsa bodiri;
_ Tsweletsa dithono tsa bogwebi.
Merero jaaka lehuma, go tlhoka tekatekano, lotso, bong, bogolo, bosaitekanele le dikgwetlho jaaka
Lebolelamading/Phate (HIV/AIDS) di fokelela boemo le tsela e baithuti ba nnang le seabe mo thutong. Kemo
ya Kharikhulamo e e Tlhabolotsweng ya Bosethaba Dikereiti R - 9 (Dikolo) e tsaya molebo wa boakaretsi ka
go totobatsa bonnye ditlhokego mo baithuting botlhe. Ditlhagiso tsa Dikarolothuto tsotlhe di leka go bopa
temogo ya kgolagano fa gare ga dithwanelo tsa botho, tikologo e e itekanetseng, thokgamo ya loago le
boakaretsi.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba: Ditlhagiso tsa Dikarolothuto
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo) e bopiwa ke
Dintlhakakaretso le Ditlhagiso tsa Karolothuto tsa:
_ Dipuo;
_ Mmetse;
_ Disaentshe tsa Tlhago;
_ Disaentshe tsa Loago;
_ Botaki le Setso;
_ Tebanyo le Botshelo;
_ Disaentshe tsa Ikonomi le Botsamaisi;
_ Thekenoloji.
Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e tlhaola Dipoelothuto tse dikgolo tse di tshwanetsweng go
fitlhelelwa mo bofelong jwa Kereiti ya 9. Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e popomatsa Dielo tsa
Tlhatlhobo tse di tla kgontshang phitlhelo ya Dipoelothuto. Dielo tsa Tlhatlhobo tsa kereiti nngwe le nngwe di
a ranolwa, mme di tlhalosa boteng le bophara jwa se baithuti ba tshwanetseng go se itse le go se dira. Dielo tsa
Tlhatlhobo tsa Ditlhagiso tsa Karolothuto nngwe le nngwe di supa ka mokgwa oo tsweletso ya dkakanyo le
dikgono dim ka diragalang ka teng mo tsamaong ya nako. Dielo tsa Tlhatlhobo di ka tswakanngwa mo
dikereiting le go kgabaganya dikereiti.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Matseno
2
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba: Manaanethuto
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e ikaelela go godisa boitlamo gape le bokgoni mo
barutabaneng,ba ba tla bong ba na le maikarabelo a go tsweletsa Manaanethuto a bona. Go tshegetsa tiragalo e,
Lefapha la Thuto le tla neelana ka metlhala ya pholesi e e theilweng mo Tlhagisong ya Karolothuto nngwe le
nngwe. Diporofentshe di tla tsweletsa metlhala go ya pele, fa go tlhokega go letla bomethalethale.
Metheo le dielo tsa tshimologo tsa Ditlhagiso tsa Dikarolothuto tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo
ya Bosethaba di tiisa Manaanethuto. Fa Dikarolothuto di tlhagisa megopolo, dikgono le dielo tse di ka
fitlhelelwang mo seemong sa kereiti ka kereiti. Manaanethuto a popomatsa boatlhamo jwa go rutwa le
ditiragalo tsa tlhatlhobo tsa kgato nngwe le nngwe. Manaanethuto gape a na le diedule tsa tiro tse di neelanang
ka lebelo le tatelano ya ditiragalo tse, ngwaga nngwe le nngwe, mmogo le dikao tsa ditogamaano tsa dithuto
tse di ka diragadiwang mo nakong efe kana efe.
Mo Kgatong ya Motheo, go na le Manaanethuto a le mararo: Puiso-Kwalo, Dipalo le Dikgono tsa Botshelo.
Mo Kgatong ya Magareng, Dipuo le Mmetse di sala go nna Manaanethuto a a ikemetseng. Dikarolothuto tse
dingwe di ka tswakanngwa ke dikolo, ka tetlelelo ya mafapha a thuto a porofentshe. Diporofentshe ka botsona,
di ka tsweletsa ditshwetso tse di namileng le porofentshe mo go tswakanyeng manaane a mo Kgatong ya
Magareng. Mo Kgatong e Kgolo, go na le Manaanethuto a le robedi, a a theilweng mo Dikarolothutong. Neelo
ya nako mo Karolothutong nngwe le nngwe e abelwa mo Dikereiting le mo Dikgatong tsotlhe.
Neelo ya nako
Neelo ya nako ke diphesente tsa diura tse di tshwanetseng go beelwa go ruta. Mo bekeng nngwe le nngwe ya
sekolo, barutabana ba mo sekolong sebaka sa diura di le 35; diura tsa go ruta di tla farologana mo dikereiting
tse di farologaneng. Mo Kgatong ya Motheo, go tshwanetse go nna le diura di le 22,5 tsa go ruta mo
Dikereiting tsa 1 le 2, le diura di le 25 tsa go ruta mo Kereiting ya 3. Mo Kgatong ya Magareng, go tla nna le
diura di le 25 tsa go ruta.Mo Kgatong e Kgolo, Kereiti ya 7 e tla nna le diura di le 26,5 tsa go ruta, mme mo
Dikereiting tsa 8 le 9 go tla nna le diura di le 27,5 tsa go ruta.
Tlhatlhobo
Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e akaretsa karolo e e phuthologileng ka ga tlhatlhobo.
Boalothulaganyo jo bo theilweng mo dipoelong bo dirisa mekgwa ya tlhatlhobo e e kgonang go amogela
mabaka a bokaelo jo bo matswakabele. Tlhatlhobo e tshwanetse go neela ditshupo tsa phitlhelelo ya moithuti
ka tsela e e utlwalang le e e nonofileng, le go netefatsa gore baithuti ba ba tswakanya le go diragatsa dikgono.
Tlhatlhobo gape, e tshwanetse go thusa baithuti go dira katlholo ka ga bokgoni jwa bone, go tlhama
diphitlhelelo ka maikaelelo a tswelelopele le go tsosa kgatlhegelo ya go ithutela pele.
Mofuta wa Morutabana yo o Solofelwang
Barutabana botlhe le barutisi ba bangwe ke batsaya-karolo ba botlhokwa mo tlhabololong ya thuto mo Aforika
Borwa. Kemo e, e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti R-9 (Dikolo), e lebeletse
barutabana ba ba nonofetseng go ruta, ba na le bokgoni, ba le boineelo, ba le kutlwelo-botlhoko, le ba ba tla
kgonang go fitlhelela diabe tsa bona tse di mo Meetlong le Dielong tsa Borutabana. Se, se akaretsa go nna batsereganyi
mo thutong, baranodi le batlhami ba Manaanethuto le didiriswa, baeteledipele, balaodi le batsamaisi,
Matseno
3
Puo ya Gae
baithutedi, batlhotlhomisi le baithuti ba leruri, maloko a baagi, bagae le bagomotsi, balekeletsi le bomankge ba
Dikarolothuto kgotsa Dikgato.
Mofuta wa Moithuti yo o Solofelwang.
Tsweletso ya dielo, ga e botlhokwa fela mo tsweletsong ya motho a le mongwe, mme e tshwanetse go
tlhomamisa gore sebopego sa bosethaba sa Aforika Borwa se agilwe mo dielong tse di farologaneng le tse go
neng go theilwe thuto ya apareteiti mo go tsona. Mofuta wa moithuti yo o solofetsweng ke o o tladitsweng ka
dielo, e bile e le moithuti yo o dirang ka fa dikgatlhegelong tsa sethaba se se theilweng mo tlotlong ya
temokerasi, tekatekano, botho jwa batho, botshelo le thokgamo ya loago.
Kitsiso ya Karolothuto ya Dipuo
Thanolo
Karolothuto ya Dipuo e akaretsa:
_ Dipuo tsotlhe di le lesomenngwe tsa semmuso: Sevenda, Setebele, Seswati, Sesotho, Sepedi, Setswana,
Sethosa, Sezulu, Seaforikanse le Seesimane;
_ Dipuo tse di kannweng ke Lekgotla la Dipuo tsa Aforika Borwa (PANSALB) le Boto ya Aforika Borwa ya
Kabo ya Ditefikeiti (SAFCERT) di tshwana le Puo ya Matshwao le Dikai le ya Boreile.
Karolothuto ya puo nngwe le nngwe ya semmuso e tlhagisiwa mo dikarolong di le tharo, e nngwe le nngwe ya
yona e nang le bukana ya yona ya: Puo ya Gae, Puo-Tlaleletso ya Ntlha, le Puo-Tlaleletso ya Bobedi.
Mo nageng ya dipuodintsi e tshwana le Aforika Borwa, go botlhokwa gore baithuti ba nne le bokgoni jo bo
tseneletseng mo dipuong di le pedi, ba bo ba kgone go bua dipuo tse dingwe.
Mokgwa wa tlaleletso o o isang go dipuodintsi
Karolothuto ya Dipuo e tsamaelang le maikemisetso/pholesi a Lefapha la Thuto a puo-mo-thutong.
Maikemisetso a a naya Makgotla-taolo a Dikolo maikarabelo a go tlhopha dipholesi tsa puo tse di tshwanelang
maemo a ona, e bile a tsamaelana le pholesi ya mokgwa wa tlaleletso o o isang go dipuodintsi. Kemo ya
Karolothuto ya Dipuo e neelana ka kharikhulamo e e tshegetsang ditshwetso dife kana dife tse di dirwang ke
sekolo:
_ Se se raya gore baithuti botlhe ba ithuta puo ya bona ya gae le e nngwe ya semmuso e e tlaleletsang.
_ Baithuti ba nna le bokgoni jwa puo ya tlaleletso, ba ntse ba babaletse le go tsweletsa puo e ba e buang kwa
gae.
_ Baithuti botlhe ba ithuta Puo ya Seaforika e le nngwe bonnye dingwaga di le thataro kwa bokhutlong jwa
Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso. Mo mabakeng a mangwe, e ka ithutiwa jaaka Puo-tlaleletso ya
bobedi.
Puo ya gae, puo-tlaleletso ya ntlha le puo-tlaleletso ya bobedi di rutiwa ka mekgwa e e farologaneng:
_ Dielo tsa tlhatlhobo tsa puo ya gae di tseela gore baithuti ba tla sekolong ba kgona go tlhaloganya le go bua
puo. Di tshegetsa kgolo ya go itshepa go, bogolosegolo malebana le mefuta e e farologaneng ya litheresi
(go buisa, go kwala, go bogela le dilitheresi tsa botlhokwa). Di neelana ka kharikhulamo e e popota go
tshegetsa puo ya go ithuta le go ruta.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Matseno
4
_ Puo-tlaleletso ya ntlha e tseela gore baithuti ga ba na kitso epe ya puo e, fa ba goroga kwa sekolong.
Baithuti ba kgona go fetisetsa diletheresi tse ba di antseng mo puong ya bona ya gae mo puo-tlaleletsong ya
ntlha. Kharikhulamo e naya baithuti ba ba tla dirisang puo-tlaleletso jaaka puo ya ithuta le go ruta mo
sebakeng se se rileng mo Sekgamung sa Thuto-Kakaretso le Katiso, tshegetso e e utlwalang. Kwa bokhutlong
jwa Kereiti ya 9, baithuti ba ba tshwanetse gobo ba kgona go dirisa puo ya bona ya gae le dipuotlaleletso
ka nonofo le ka go itshepa mo mabakeng a a farologaneng, go akarediwa le a go ithuta.
_ Puo-tlaleletso ya bobedi e lebisitswe baithuti ba ba batlang go ithuta dipuo di le tharo. Puo ya boraro e ka
nna ya nna puo ya semmuso kgotsa puo esele. Dielo tsa tlhatlhobo di netefatsa gore baithuti ba kgona go
dirisa puo go bua mo mabakeng a kakaretso. Di tseela gore go ithuta puo-tlaleletso ya bobedi go tla fiwa
nako e nnye go na le puo ya gae kgotsa puo-tlaleletso ya ntlha.
Karolothuto ya Dipuo e akaretsa dipuo tsotlhe tse di lesomenngwe (11) tsa semmuso, jaaka:
_ Puo ya gae;
_ Puo-Tlaleletso ya ntlha; le
_ Puo-Tlaleletso ya bobedi.
Puo ya go ithuta le go ruta
Re atlanegisa gore puo e moithuti a e buang kwa gae (kgotsa dipuo) e dirisiwe go mo ruta le go ithuta fa go
kgonegang. Se se botlhokwa thata mo Kgatong ya Motheo e mo go yona baithuti ba ithutang go buisa le go
kwala.
Fa baithuti ba patelesega go dirisa puo ya tlaleletso e seng ya gae go ithuta le go rutiwa, ke gore jaaka puo ya
go ithuta le go ruta, go rulaganngwe jalo ka kelotlhoko:
_ Puo ya tlaleletso e tshwanetse ya dirisiwa jaaka serutwa go sa le gale;
_ Puo ya gae e tswelele go dirisiwa mmogo le puo ya tlaleletso ka sebaka se se kgonagalang;
_ Fa moithuti a tsena sekolo se mo go sona puo ya go ruta le ya go ithuta e leng ya tlaleletso, sekolo le
barutabana ba tshwanetse go fa moithuti yoo thuso e e kgethegileng le dithuto tse di okeditsweng tsa puo ya
tlaleletso, go fitlha moithuti a kgona go ithuta ka nonofo ka puo ya go ithuta le go ruta.
Maikaelelo
Dipuo ke dipinagare tsa matshelo a rona. Re buisana re bo re tlhaloganye lefatshe la rona ka puo. Ka jalo, puo
e bopa kitso ya rona le borona.
Dipuo di dirisediwa maikaelelo a a farologaneng a a tlhagisiwang mo Kemong ya Dikarolothuto tsa Puo. Tsona
ke tse di latelang:
_ Tsa sebele - go tsweletsa le go somarela sebone; go somarela dikgolagano mo malapeng le mo sethabeng;
le go itlhabolola ka sebele le go itumedisa.
_ Tsa go buisana - go buisana sentle le ka nonofo mo maemong kana mabakeng a a farologaneng.
_ Tsa thuto - go bopa le go tlhabolola didirisiwa tsa go akanya le go batla mabaka, le go tlamela tsela ya go
bona tshedimosetso.
_ Tsa temogo ya bontle - go tlhama, go ranola le go tshameka ka ditlhangwa tsa molomo, tse di bogelwang le
tse di kwadilweng.
_ Tsa setso - go tlhaloganya le go kgatlhegela dipuo le ditso mmogo le boswa jo di bo rweleng.
_ Tsa sepolitiki - go itshupa le go gwetlha ba bangwe; go tlhotlheletsa bangwe malebana le kgopolo e e rileng;
Matseno
5
Puo ya Gae
go ipaya le go baya bangwe mo maemong a a rileng; go somarela, go tlhabolola le go fetola bobone.
_ Tsa go sekaseka - go tlhaloganya dikgolagano magareng ga puo, maatla le bowena, le go gwetlha tiriso ya
tsona fa go tlhokagala; go tlhaloganya phetophetogo ya setso; le go gana go tlhotlhelediwa le go bewa mo
maemong a a rileng, fa go tlhokega.
Diponagalo tse di kgethegileng le boatlhamo
Karolothuto ya Puo e thusa kharikhulamo jang?
Karolothuto ya puo e:
_ Tlhabolola go buisa le go kwala, tse e leng motheo wa botlhokwa wa dithuto tse dingwe tse di batlang go
buisiwa le go kwalwa.
_ Ke puothuto ya dithuto tse dingwe tsa kharikhulamo, di tshwana le Mmetse le Disaentshe tsa Loago.
_ Rotloetsa go tlhaloganyana ga ditso, go utlwa gore batho ba bangwe ba akanya jang le go leba setso ka
leitlho le lenthotho.
_ Rotloetsa boitshimololedi le boitlhamedi, ka maikaelelo a go godisa maemo a botaki le setso.
_ Neelana ka tsela ya go fetisa tshedimosetso le go godisa maikaelelo a bonetetshi (saentshe), thekenoloji le
thuto ya tikologo.
_ Tlhabolola didirisiwa tsa botlhokwa tse di kgontshang batho go nna baagi ba ba maikarabelo.
Dipuo: go kopanya kitso, bokgoni le dielo
Go na le Dipoelothuto di le thataro (6) tsa puo ya gae, puo ya tlaleletso ya ntlha le puo ya tlaleletso ya bobedi
tse di tshwanang. Tsona ke:
_ Dipoelothuto tse nne (4) tsa ntlha di akaretsa mefuta e metlhano ya bokgoni jwa puo (go reetsa, go bua, go
buisa, go bogela le go kwala).
_ Poelothuto ya borataro (6) e bua ka moko wa puo - medumo, mafoko le thutapuo.
Dipoelothuto tse, di kwaletswe gore go tsepamisiwe matlho mo mefuteng e e rileng ya kitso le bokgoni, le go
dira gore di nne sedi di bo di tlhaloganyesege. Le gale, fa re dirisa puo, re lomaganya kitso, bokgoni le dielo tsa
botshelo go itlhalosa. Ka jalo, kakanyokgolo ya Kemo ya Karolothuto ya Dipuo ke go lomaganya mefama e ya
puo ka go tlhama le go ranola meraba.
DIPOELOTHUTO TSA DIPUO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo
maemong a a farologaneng.
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go bua kana go tlhaeletsana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a farologaneng.
Matseno
6
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisetsa le go bogela kitso le monate, mme a arabele ka ka bokgabale, bontle le
botaki, setso le dielo tsa maikutlo mo merabeng.
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo, a e
kwalela mabaka a a farologaneng.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go bona tshedimosetso, go e tlhotlha le go
e dirisetsa go ithuta.
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o itse, e bile o kgona go dirisa medumo, tlotlofoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola
meraba.
Tomaganyo ya dipoelothuto
Le fa dipoelo tsa go reetsa le go bua, go buisa le go bogela, go kwala, go akanya le go batla mabaka, le kitso ya
medumo, mafoko le thutapuo, di tlhagisiwa jaaka dipoelothuto tse di farologaneng, di tshwanetse go
lomaganngwa fa go rutiwa le fa go tlhatlhojwa.
Sekao, Baithuti ba:
_ Reetsa mofuta o o rileng wa moraba (sekao: thanolo ya tiro e e rileng jaaka ya go dira pampiri kgotsa go
epa gouta);
_ Buisa le go sekaseka diponagalokgolo tsa moraba mongwe wa mofuta o o tshwanang (sekao: tiriso ya paka
jaanong e e bonolo, tirwa, tiriso ya makopanyi jaaka 'pele', 'morago');
_ Tlhaba, ba bo ba kwala moraba o mowa wa mofuta o o tshwanang.
Go tlhama le go ranola meraba
Baithuti ba tlhoka kitso ka ga puo, kitso ka ga meraba, le bokgoni jwa puo le ditogamaano gore ba tle ba kgone
go tlhama le go ranola meraba.
Meraba e ka nna:
_ Ya molomo, sekao: puo;
_ E e kwadilweng, sekao: lekwalo;
_ Tshwaraganyo ya tse di kwadilweng le tse di bogelwang, sekao: phasalatso;
Matseno
7
Puo ya Gae
_ Bobegakgang, sekao: filimi kgotsa moraba wa thelebiene.
Kitso ya puo le meraba, e akaretsa kitso ka ga:
_ Bokaelo - maikaelelo, setlhogo le babogedi/bareetsi/babuisi;
_ Popego ya moraba, sekao sa leboko kgotsa phasalatso;
_ Ditlwaelo tsa loago tse di tsamaelanang le puo, sekao: ka moo o dumedisang batho ka dipuo tse di
farologaneng ka teng;
_ Thutapuo, medumo le tlotlofoko ya puo;
_ Go kwala le go peleta mo morabeng o o kwadilweng;
_ Ditshwantsho le moakanyetso mo morabeng o o bogelwang.
Tomaganyo ya go ithuta puo: dielo tsa botshelo
Ditlhangwa di rwele dielo kana metheo ya botshelo e e siameng (jaaka, setemokerasi) kgotsa e e sa siamang
(jaaka, go tlhaola ka lotso le ka bong). Go se tseelwe gore botlhe ba itse metheo e ya botshelo. Baithuti ba
tshwanetse go ela tlhoko le go sekaseka metheo kgotsa dielo tse tsa botshelo, fa di le teng mo merabeng e ba e
buisang le e ba e bogelang, tota le mo merabeng e ba itlhamelang yona.
Fa baithuti ba sekaseka e bile ba gwetlha metheo ya botshelo e e teng mo merabeng ya molomo, e e bogelwang
le e e kwadilweng, ba tla:
_ Ithuta ka moo meraba e bonang batho le ditiragalo ka teng;
_ Tlhabolola bokgoni jwa go sekaseka gore ba tlhatlhobe dikakanyo tse, mme fa go tlhokega, ba di gane
mmogo le dielo kgotsa metheo ya botshelo e e amanang le tsona;
_ Ela tlhoko ka moo ba tlhagisang metheo ya botshelo mo merabeng e ba e itlhamelang - go fa sekao:
kgotlelelo, kutlwelobotlhoko, tlotlo, boitumelo, bontle, metlae, go tshameka, tenego.
Tomaganyo ya go ithuta puo: dithitokgang kana merero
Go ithuta puo le gona go ka lomaganngwa ka dithitokgang kana merero. Fa go di dirisiwa dithitokgang,
baithuti ba kgona go aga tlotlofoko e e maleba le setlhogo.
Fa dithitokgang le ditlhogo di tlhophiwa ka kelotlhoko, phisegelo ya baithuti e a rotloetsega. Go fitlhelela ntlha
e, o tshwanetse go leka go:
_ Bona ditlhogo le dithitokgang tse di kgatlhang basimane le basetsana, baithuti ba kwa magaeng le ba kwa
metsesetoropong ka go lekana - le dithitokgang tse di kopanyang baithuti ntle le tlhophololo;
_ Tlhopha dithitokgang tse di maleba le matshelo a baithuti, mme gape o katolose kitso ya bona. Go fa sekao,
ba ka nna ba ithuta ka dinaga le ditso tse dingwe;
_ Tlhopha dithitokgang le ditlhogo tse di golaganyang le Dipoelothuto tsa Botlhokwa le tsa Kgolo. Go fa
sekao, baithuti ba tshwanetse go tshwaragana le ditllhagiso tsa botlhokwa tsa ditshwanelo tsa botho le tsa
tikologo, jaaka khumanego, Lebolelamading/Phate (HIV/AIDS), ditshwanelo tsa lefatshe le bodirisi
(consumerism);
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Matseno
8
Ditshwanelo tsa botho le tshiamelo ya tikologo
Dipuo ke didiriswa tsa botlhokwa tsa go fitlhelela ditshwanelo tsa botho le tshiamelo ya tikologo. Kemo ya
Karolothuto ya Dipuo e batla go godisa didiriswa tse ka botlalo ka dielo tsa yona tsa tlhatlhobo. Baithuti ba
tshwanetse go nna babuadipuo-pedi kgotsa babuadipuo-dintsi ba ba itshepang e bile ba na le didiriswa tsa
botlhokwa tsa go buisa ka ga lefatshe le meraba e e buiwang le e e kwadilweng ka lona. Ba tshwanetse go
kgona go sekaseka le go kwalolola meraba ka mekgwa e e godisang dikgonagalo tsa ditshwanelo tsa botho le
tshiamelo ya tikologo.
Matseno
9
Puo ya Gae
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Matseno
10
KGAOLO 2
KGATO YA MOTHEO
(DIKEREITI R - 3)
MATSENO
Baithuti botlhe ba tla kwa sekolong ba na le kitso e ntsi le bokgoni jo bo tebileng jwa puo ya gae. Ba bone
kitso e, ka dikgolagano tse di farologaneng tsa fa ba kopana le bangwe kwa lapeng, fa ba tlhokometswe, fa ba
nonotshwa le ka nako ya go tshameka.
Ka gobo malapa a farologana, kitso e bana ba tlang ka yona kwa seolong le yona e a farologana. Le gale,
sengwe le sengwe se ba se itseng, se tshwanetse go solwa mosola mo go tlhabololeng puo ya bona. Se, se
botlhokwa thata mo kgolong ya sebele sa bona, mo dikgolaganong le baithuti ba bangwe, le fa ba simolola go
ithuta le go phela mo lefatsheng.
Mo karolong e, re tlhalosa ka bokhutshwanyane dilo tse di latelang:
_ Kitso ya bana ya pele.
_ Mafelo a go ithutela.
_ Melawana le ditsela/mekgwa e e kaelang kharikhulamo e.
Tsepamiso
Fa baithuti ba tsena mo Kereiting ya R le 1, ba ithutile dilo di le dintsi ka go reetsa, mme ba kgona go buisa ka
thelelo le ka go itshepa. Ba godisitswe mo setsong, ngwaong le mo kitsong e ba e fitlhelang kwa gae, mme
tsotlhe tse, ke karolo ya bona ya kitso ya puo. Phaposiborutelo e tshwanetse go nna lefelo le le itumelelang, le
le tlotlang le le le agelelang mo godimo ga se baithuti ba tlang ba se itse.
Tlhabololo ya Puo: Tiragalo e e tsamayang ka iketlo
Kakanyo e e kaelang go ithuta le go ruta go kwala (letheresi) mo kharikhulamong e ke ya gore tlhabololo ke
tiro ya go tokafatsa, e e tsamayang ka iketlo. Ka jalo, diphoso di tshwanetse go nna teng mo tirong eo. Fa puo
ya baithuti e godisiwa sentle, e tla tokafala thata, bogolosegolo fa ba nna le thono e ntsi ya go dirisa le go
godisa bokgoni jwa bona jwa puo.
Molebo wa tekatekano go tlhabololo ya go buisa le kwala (litheresi)
Mo kharikhulamong e, go dirisitswe 'mokgwa wa tekatekano' wa go tlhabolola litheresi. Ke wa 'tekatekano'
gonne o simolola ka litheresi e e golang ya bana, mme o dira gore ba buise dibuka tsa nnete, ba bo ba kwalele
mabaka a a boammaaruri (genuine purposes). Gape, ga o ikgatholose medumopuo (phonics). Baithuti ba
tshwanetse go itse le go dira dilo tse gore ba kgone go ithuta go buisa le go kwala sentle. Fa re tla mo puisong,
se se raya gore re tswe mo 'mokgweng wa tshiamelo ya go buisa' o o neng o dumela gore baithuti ga ba a
siamela go simolola go ithuta le go kwala fa ba ise ba kgone go farologanya ka kutlo le ka pono, e bile ba ise
ba nne le bokgoni jwa go tsamaisa kana go dirisa dithwe tsa mmele sentle.
Kgato ya Motheo
11
Puo ya Gae
Go ya ka mokgwa wa tekatekano:
_ Ga go tlhokege gore moithuti a nne le bokgoni jo, pele a ka simolola go buisa le go kwala; mme
_ Bokgoni jo, bo ka godisiwa/tokafatswa fa bana ba simolola go nna le maitemogelo a go ithuta.
Go agelela mo kitsong
Kharikhulamo ya puo e lemogile gore baithuti ba simolola go itse go kwala puo go tloga fa ba bontshiwa tiro
ya go buisa le go kwala kwa gae, mo tikologong e ba phelang mo go yona, le ka nako ya dingwaga tsa dithuto
tsa pele ga sekolo. Re tshwanetse ra dira phaposiborutelo lefelo le le rotloetsang baithuti go nna babuisi le
bakwadi ba ba bokgabale gore tiro e, e tswelele pele.
Thotloetso ya go ikatisa
Kharikhulamo e, e tshwanetse go:
_ Rotloetsa le go tshegetsa baithuti go buisa ka bophara (ka bobona kgotsa le ba bangwe).
_ Neela baithuti thono ya go kwala le go godisa tlotlofoko ya bona le go dirisa puo kgabetsakgabetsa.
_ Thusa baithuti go utulola dithekeniki le ditogamaano tse di ba thusang go ranola mokwalo, jaaka:
 Kgodiso ya bokgoni jo bo farologaneng jwa temogo ya mafoko le jwa tekatlhaloganyo jaaka go lemoga
difonimi (ba nne tsebe ntlha mo medumong ya puo).
 Kitso ya medumo - tlhaka e e nyalelanang (medumopuo).
 Kitso ya go tshwaraganya (go tshwaraganya ditlhaka di le pedi kgotsa di le tharo go bopa modumo).
Tomaganyo ya Dipoelothuto
Dipoelothuto di tshwanetse go bonwa di dirisana go aga le go tlhabolola puo ya baithuti. Kwa tshimololong ya
dielo tsa tlhatlhabo, re tshikinya dikao tsa meraba (tsa molomo, tse di kwadilweng, tse di bogelwang, le tsa
bobegakgang-bontsi) tse di kgontshang baithuti le barutabana go dira mofuta o wa tomaganyo. Go botlhokwa
go gakologelwa gore ga go solofelwe gore baithuti ba bue puo e ba iseng ba e utlwe, kgotsa ba kwale kgotsa ba
tlhagise meraba e ba iseng ba ke ba e buise kgotsa ba e bone.
DIPOELOTHUTO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle le ka go sekaseka mo
maemong a a farologaneng.
Bokgoni jwa go reetsa jo baithuti ba tlang ka jona kwa sekolong, bo tshwanetse go tlhabololwa le go dirisiwa
go godisa bokgoni jwa go bua, go buisa, go bogela le go kwala. Go reetsa ka matlhagatlhaga go botlhokwa
thata mo go ithuteng, mmogo le mo go ageng dikgolagano kgotsa botsalano jo bo tlotlegang. Baithuti ba ka
reetsa gore ba kgone go oketsa kitso ya bona ya dipuo le ditso tsa bona le tsa batho bangwe.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
12
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go buisana kgotsa go tlhaeletsana ka go itshepa le ka nonofo mo maemong a a
farologaneng.
Baithuti ba tshwanetse go kgona go dirisa kitso ya bona ya go buisana kgotsa go tlhaeletsana ka nonofo le fa ba
le fa gare ga dipuo le ditso tse dingwe. Ba tshwanetse go ithuta ka go itemogela gore, go itse
dipuodintsi/ditementsi go humisa le go godisa bobona le boagi jwa bona. Gape, ba ithute go bua le go buisana
le batho ba ba sa kgoneng go bua le go utlwa, ba bo ba tsibogele ditlhokego tsa bona.
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabele ka go
sekaseka bontle le botaki, setso le dielo tsa maikutlo mo merabeng.
Go buisetsa go bona bokao, ke maikaelelomagolo a poelothuto e. Ka jalo, dithekeniki le ditogamaano tse di
thusang baithuti go buisa ka nepo, di tshegetsa ntlha ya go buisetsa bokao. Go buisa (go akaretsa meraba e e
bogelwang le ya bobegakgang-bontsi) go botlhokwa fa go godisiwa puo, le fa go ithutiwa go kwala, go ijesa
monate le go ithuta ka tsa lefatshe.
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo, a e
kwalela mabaka a a farologaneng.
Mo Kgatong ya Motheo, baithuti ba ithutela poelothuto e. Ba ithuta gore go kwala go rwele bokao, le gore
bone ka bobona ke bakwadi ba bokao boo. Gape ba godisa bokgoni jwa mokwalo gore ba tle ba kgone go
kwala dikgopolo le dikakanyo tsa bona gore bone le baithuti ba bangwe ba kgone go buisa se ba se kwadileng.
Mo godimo ga moo, ba ithuta melawana le mefuta e e farologaneng ya mokwalo jaaka mopeleto le matshwao a
puiso gore se ba se kwadileng se tle se tlhaloganngwe sentle ke ba bangwe. Ba ithuta gore go kwala ke tiro e e
akaretsang: dintlha tsa pele ga go kwalwa, go kgwaritsakgwaritsa, poeletso, go runa kgotsa go tseleganya le go
gatisa.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go bona tshedimosetso, go e tlhotlha le go
e dirisetsa go ithuta.
Bokgoni jo bo tlhalosiwang mo poelothutong e, ke karolo ya mefama yotlhe ya go ithuta puo. Mabaka a a
dirileng gore bokgoni jo bo tsenngwe mo Poleothutong e e ikemetseng e, ke go totobatsa botlhokwa jwa jona
mo go tlhabololeng le go godiseng puo ka kakaretso. Dipuo di ka tlhalosiwa jaaka 'dikgoro' tsa karolothuto:
gonne di thusa gore bana ba ithute dirutwa tsotlhe tsa bona. Barutabana ba tshwanetse go tlhabolola le go
godisa, go nonotsha le go tiisa didirisiwa tsa puo go akanya le go batla mabaka. Se ga se a tshwanela go dirwa
se le sosi - baithuti ba tshwanetse go diragatsa bokgoni jo, mo Dikarolothutong.
Kgato ya Motheo
13
Puo ya Gae
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo, go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla simolola go tlhtlhomisa ka moo puo e dirang ka teng. Ba tla simolola go tsweletsa puo e e
aroganngwang ya go bua ka puo. Sekao, ba tla ithuta le go dirisa mareo jaaka "medumo, dinoko, mafoko,
polelo le khutlo". Se, se tla ba letla go tlotla le go akanya ka ga mokgwa o mafoko a peletiwang ka teng le ka
mokgwa o dipolelonolo di bopilweng le go kgaoganngwa ka teng.
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA
_ Mo dikarolong tse di latelang, Dielo tsa Tlhatlhobo tsa poelothuto nngwe le nngwe di tla neelwa go ya
kereiti ka kereiti. Kwa tshimologong ya kereiti nngwe le nngwe, re go naya dikao tsa meraba e e ka
dirisediwang go ithuta puo go go lomaganeng. Dikao tse, ga se tsona fela di ka neelwang, o ka ikokeletsa
dikao ka go itlhophela meraba efe kapa efe e e maleba.
_ Barutabana ba tshwanetse go gakologelwa gore ga se baithuti botlhe ba ba tseneng Kereiti ya R. Dikgopolo,
bokgoni le ditogamaano tsa Kereiti ya R, di tshwanetse go rutiwa le go di tiisiwa mo Kereiting ya 1.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
14
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA KEREITI YA R
Kereiti ya R
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
Motlotlo:
_ Dikgang (tse ka gale di diragadiwang, mme di akaretsa le dipoeletso tse di letlelelang baithuti go tsena pina
fa gare)
_ Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang.
_ Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
_ Dipina
_ Metshameko
_ Dithanolo tse di bonolo
Tse di bogelwang le tse di kwadiwang:
_ Dikgang tsa ditshwantsho le dibuka tse di nang le ditlhogo tse di bonolo.
_ Mararanyane a ditshwantsho
_ Diphasalatso le dikaratapepentsho tse di tlwaelegileng.
_ Ditshwantsho
Bobegakgang-bontsi:
_ Thelebiene
Kgato ya Motheo
15
Puo ya Gae
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa
tshedimosetso le go ijesa monate, mme a
arabe sentle le ka go sekaseka, mo
maemong a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa dipotso, ditaelo le dikitsiso ka tlhwoaafalo,
mme a arabe kgotsa a di tsibogele ka tshwanelo.
_ Supa maitsholo a a siameng a go reetsa kwa ntle ga go
tsena mongwe ganong. A supa tlotlo fa sebui se bua, a
refosana go bua.
_ Reetsa meraba ya molomo ka boitumelo, (dipina tse di
bonolo, diraeme, maboko le dikanelo tse dikhutshwane),
mme a supa gore o a di tlhaloganya:
 Diragatsa dikarolo tsa kgang kgotsa kanedi, pina le
leboko;
 Tsena sentle fa go opelwa khorase;
 Tshwantsha setshwantsho sa kgang;
 Kwala dintlha le go naya kakanyokgolo ya moraba
wa molomo;
 Baya ditshwantsho ka go di tlhomaganya;
 Tsweletsa temogo ya medumopuo;
 Lemoga gore mafoko a bopiwa ka medumo;
 Farologanya medumo bogolosegolo mo
tshimologong le mo bofelong jwa mafoko;
 Lokolola dipolelo tsa molomo go ya ka mafoko;
 Lokolola mafoko a a buiwang a dinokodintsi go ya
ka dinoko (jaaka, se-ja-na-ga);
 Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng tse di
itsegeng, (jaaka, dia le sia).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
16
Kereiti ya R
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 1
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le go buisana ka
go itshepa le ka nonofo mo maemong a a
farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlotla ka ga ba losika le ditsala.
_ Tlhagisa maikutlo a gagwe le maikutlo a batho ba
nnete le ba maitlhomo.
_ Opela le go boka dipina le maboko a bana.
_ Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro
(jaaka, go bopa mafoko a a raemang).
_ Dirisa puo ya maitlhomo go ijesa monate le go ijesa
ditoro.
_ A botsa dipotso fa a sa tlhaloganye kgotsa a tlhoka
tshedimosetso, mme a tsiboga ka tshwanelo fa a
bodiwa dipotso.
_ Fetisa melaetsa.
_ A tlhagisa maitemogelo a gagwe.
_ A tlotla dikanelo tsa gagwe mme a boeletsa dikanelo
tsa ba bangwe ka mafoko a gagwe.
_ Nna le seabe mo setlhopheng ka go itshepa le ka
tokologo.
_ A supa masisi fa a bua le ba bangwe.
_ A etsisa mefuta le mekgwa e e farologaneng ya
dipuisano. (sekao: puisano ya mogala)
Kgato ya Motheo
17
Kereiti ya R
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 2
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a
batla kitso le go ijesa monate, mme a
arabe ka go sekaseka bontle le botaki,
setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng
mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa
bokao:
 Leba le go sekaseka ditshwantsho le dinepe ka
kelotlhoko, go lemoga dilo le maitemogelo a a
tshwanang;
 Lemoga setshwantsho kgotsa sebopego go tswa mo
lemoragong;
 Ntsha bokao go tswa mo dikanelong tsa
ditshwantsho;
 Bapanya ditshwantsho le mafoko;
 Dirisa ditshwantsho go tlhaloganya ditlhogo tse di
bonolo mo bukeng ya ditshwantsho.
_ Dira motshameko wa go buisa:
 Tshwara buka ka go tlhamalala, a phutholola
ditsebe ka tshwanelo, a leba mafoko le
ditshwantsho, a tlhaloganya kgolagano fa gare ga
tsona, mme a dirisa ditshwantsho go tlhama
dikakanyo;
 Farologanya ditshwantsho mo mokwalong (sekao:
ka go supa mafoko go na le ditshwantsho fa a
buisa).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
18
Kereiti ya R
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 3
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a
batla kitso le go ijesa monate, mme a
arabe ka go sekaseka bontle le botaki,
setso le dielo tsa maikutlo a a leng teng
mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng:
 Tlhaloganya maikaelelo a mokwalo - gore o na le
bokao (gore lefoko le le kwadilweng le ka emela
leina la gagwe);
 Buisa ka setlhopha le morutabana (sekao: dirisa
'dibuka tse dintsi' mo morutabana a ntseng a supa
mafoko a a kwadilweng fa tlase ga ditshwantsho);
 Golaganya maitemogelo a gagwe a botshelo fa a
bogetse thelebiene kgotsa ditshwantsho;
 Tlhalosa le go neela dikakanyo ka ga baanelwa ba
ba mo kaneding kgotsa mo lenaneong la
thelebiene.
_ Simolola go lemoga le go ntsha bokao jwa ditlhaka le
mafoko:
 Lemoga gore mafoko a a kwadilweng a kaya
mafoko a a buiwang;
 Lemoga le go buisa mafoko a a dirisiwang gantsi,
jaaka, leina la gagwe le go kwala matshwao a
tshwana;
 le EMA (Stop), maina a mebila, jalo jalo;
 'Buisa' dibuka tsa ditshwantsho tse di nang le
ditlhogo tse di bonolo kgotsa dipolelo.
_ Simolola go lemoga medumopuo:
 Lemoga tumammogo ya tshimologo le
ditumammogo tsa medumo e mekhutshwane;
 Lemoga le go fa maina a ditlhaka tsa alefabete di
tshwana le tlhaka e leina la gagwe le simololang ka
yona;
 Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng.
Kgato ya Motheo
19
Kereiti ya R
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 3
Tsweletso
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e
farologaneng ya meraba ya boammaaruri
le ya maitlhomo a kwalela mabaka a a
farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Simolola go iteka go kwala:
 Tlhama e bile a dirisa ditshwantsho go fa molaetsa,
jaaka ntlha ya go simolola go kwala;
 Tlhama ditlhaka ka mekgwa e e farologaneng
(sekao: go dirisa mmele wa gagwe go supa
dipopeg, le go kwala mo motlhabeng);
 Tlhaloganya gore go kwala le go taka ditshwantsho
go a farologana (sekao: supa mafoko go na le go
supa ditshwantsho fa a 'buisa');
 'Kwala' a bo a kopa ba bangwe gore ba fe bokao
jwa se se kwadilweng;
 Bua ka ditshwantsho tsa gagwe tse a di takileng le
ka se a se kwadileng;
 Etsisa ka go tshameka 'go kwala' ka maikaelelo
(sekao: molaetsa wa mogala, lenaneo la go reka);
 Dirisa ditlhaka le dipalo tse a di itseng (tekanyetso)
go emela puo e e kwadiwang, bogolosegolo ditlhaka
tsa leina la gagwe le ya dinyaga tsa gagwe;
 "Buisa" mokwalo wa gagwe o o simololang go
tlhagelela, fa a kopiwa go dira jalo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
20
Kereiti ya R
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 4
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya
le go batla mabaka, mme a fitlhelele, a bo
a tlhotlhe tshedimosetso e a e boneng,
morago a e dirisetse go ithuta.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go godisa megopolo.
 Supa kitso e e golang ya megopolo ka ga bongwe le
bontsi, bogolo le popego, bokaelo, tsela, mmala,
lebelo, nako, dingwaga, tatelano.
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Lemoga a bo a tlhalosa go tshwana ga dilo le go
farologana ga tsona;
 Nyalanya dilo tse di tsamaelanang, a bo a bapisa
dilo tse di farologanang;
 Aroganya dilo (jaaka, go baya ditshamekisi (toys)
tsotlhe mo lebokosong, dibuka mo rakeng ya tsona,
dikheraeyone mo motemeng);
 Lemoga dikarolo tsa selo sotlhe (jaaka, dikarolo tsa
mmele).
_ Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
 Botsa dipotso, mme ba batle dithanolo (sekao:
goreng?, eng?, mang?, jang?, kae?, leng?);
 Neela dithanolo a bo a ntshe ditharabololo;
 Rarabolola a bo a feleletsa morabaraba wa mafoko.
_ Tlhotlha tshedimosetso:
 Ntsha tshedimosetso e e tlhophilweng go tswa mo
thanolong.
Kgato ya Motheo
21
Kereiti ya R
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 5
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go
ranola meraba.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko:
 Lemoga gore mafoko a bopilwe ka medumo;
 Lemoga medumo mo tshimologong ya mafoko
mangwe;
 Kgaoganya mafoko a a buiwang a dinokodintsi ka
dinoko (jaaka, a ka nna a dumisa dinoko mo
mafokong a tshwana le, se-ko-lo kgotsa ngwa-na).
_ Dira ka mafoko:
 Lemoga tlhogo mo lefokong, la Setswana, jaaka,
sekolo;
 Kgobokanya mafoko a a rumisanang a a
adimilweng mo Seesimaneng le mo Seaforikanseng,
a a nang le ditlhogo tse di tshwanang, jaaka, ausi,
aubuti, aumama;
 Lemoga lefoko, tlhaka le phatlha fa gare ga mafoko
mo mokwalong.
_ Dira ka dipolelo:
 Anaanya dikakanyo a dirisa dithanolo le mafoko a a
bontshang tiro.
_ Dira ka meraba:
 Bua ka ga meraba (jaaka, dikgang/dikanedi) a dirisa
mareo a tshwana matseno, mmele le bokhutlo.
_ Dirisa puo go buisana le go golagana:
 Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka,
tsweetswee, tuu, ke kopa);
 Lemoga bokao jo bo tlisiwang ke phetogo ya segalo
mo lentsweng.
_ Dirisa 'puo-ka-ga-puo':
 (jaaka, 'medumo', 'mafoko', 'tlhaka', 'morumo',
'tshimologo/matseno', 'mmele', le 'bokhutlo').
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
22
Kereiti ya R
Dielo tsa Tlhatlhobo Poelothuto ya 6
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 1-3
Kereiti ya 1
Meraba e e tshikhinngwang
Motlotlo:
_ Dikanedi (dikgang tse di bonolo, dikinane, dinoolwane)
_ Dipinatlhaletso
_ Dipina
_ Maboko
_ Metshameko
_ Ditaelo tse bothata jwa tsona bo golang
_ Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
_ Dithanolo tse di bonolo
Tse di bogelwang le tse di kwadiwang:
_ Dikanedi tse di bonolo
_ Mananeo jaaka lenaneo la go ya go reka
_ Maboko
_ Metshameko (sekao, morabaraba)
_ Dibuka tsa ditshwantsho
_ Dikgang tse di bonolo
_ Dikaratapepentsho/dithate tse di bonolo
_ Mathata a a bonolo a mafoko (mmetse)
_ Ditaelo (sekao: go dira sefofane sa pampiri)
_ Dithanolo tse di bonolo
_ Dithanodi
_ Metlobo, jaaka dithanodi
_ Dibuka tsa dipopego, diphologolo, dikgopana tsa lewatle
Bobegakgang-bontsi:
_ Thelebiene
_ Difilimi tsa bana
_ Dividio, diCD-ROM le inthanete (fa di le teng)
Kgato ya Motheo
23
Puo ya Gae
Kereiti ya 2
Meraba e e tshikhinngwang
Motlotlo:
_ Dikanelo (sekao: dikgang, dianelaphologolo, dikahisetori, dianelalebopo)
_ Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang.
_ Mananeo
_ Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
_ Dithanolo
_ Mmuisano le metlotlo
_ Dipina
_ Maboko
_ Metshameko
_ Dithamalakwane le metlae
_ Dikgaso tsa seyalemowa (dikgang, dikitsiso, dikgang tsa bosa, dipuisano)
Tse ke di kwadilweng le tse di bogelwang:
_ Dibuka tsa ditshwantsho
_ Makwalodikgang
_ Metlobo (jaaka, dithanodi, dibukathuto tsa dikarolothuto tse dingwe, diensaetlelopedia tsa bana)
_ Mananeo a diteng le ditshupane
_ Taekeramo e e elelang (flow-charts)
_ Dimmapa tsa tlhaloganyo
_ Dikuranta
_ Dimakasini
_ Dikhomiki/Dibuka tsa metlae
_ Letlotlo la mafoko
_ Bukatsatsi
_ Tshekatsheko e e bonolo ya buka
_ Diphasalatso
_ Ditlhangwa tse e seng tsa maitlhomo (sekao: dibukakgakololo)
_ Dibukanatshedimosetso
_ Diforomo tse di tladiwang (sekao: tsa dikgaisano)
Bobegakgang-bontsi:
_ Thelebiene.
_ Difilimi tsa bana.
_ Diphasalatso tsa thelebiene
_ Divideo, diCD-ROM le inthane te (fa di le teng)
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
24
Kereiti ya 3
Meraba e e tshikhinngwang
Motlotlo:
_ Dikanelo (sekao: dikgang, dianelaphologolo, dikahisetori, dianelalebopo)
_ Ditaelo tse bothata jwa tsona bo oketsegang
_ Mananeo
_ Dithanolo tsa tatelano ya ditiragalo
_ Dithanolo
_ Mmuisano le metlotlo
_ Dipina
_ Maboko
_ Metshameko
_ Dithamalakwane le metlae
_ Dikgaso tsa seyalemowa (dikgang, dikitsiso, dikgang tsa bosa, dipuisano)
Tse ke di kwadilweng le tse di bogelwang:
_ Dibuka tsa ditshwantsho
_ Makwalodikgang
_ Metlobo (jaaka, dithanodi, dibukathuto tsa dikarolothuto tse dingwe, diensaetlelopedia tsa bana)
_ Mananeo a diteng le ditshupane
_ Taekeramo e e elelang (flow-charts)
_ Dimmapa tsa tlhaloganyo
_ Dikuranta
_ Dimakasini
_ Dikhomiki/Dibuka tsa metlae
_ Letlotlo la mafoko
_ Bukatsatsi
_ Tshekatsheko e e bonolo ya buka
_ Diphasalatso
_ Ditlhangwa tse e seng tsa maitlhomo (sekao: dibukakgakololo)
_ Dibukanatshedimosetso
_ Diforomo tse di tladiwang (sekao: tsa dikgaisano)
Bobegakgang-bontsi:
_ Thelebiene
_ Diphasalatso tsa thelebiene
_ Dividio, diCD-ROM le inthanete (fa di le teng)
Kgato ya Motheo
25
Puo ya Gae
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa
tshedimosetso le go ijesa monate, mme a
arabe sentle le ka go sekaseka, mo
maemong a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa ditaelo le dikitsiso ka tlhwaafalo, mme a arabe
ka tshwanelo.
_ Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa
tlotlo fa sebui se bua, go sa se tsene ganong, go bua ka
go refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye
sentle.
_ Reetsa dikgang, maboko le dipina ka boitumelo, go
tswa mo ditsong tse di farologaneng, mme a supa gore
o a di tlhaloganya, ka go:
 Theeletsa kakanyokgolo le dintlha tsa botlhokwa tsa
kgang kgotsa kanedi;
 Diragatsa dikarolo tsa kgang kgotsa kanedi, pina le
leboko;
 Tsena sentle fa go opelwa khorase;
 Tshwantsha setshhwantsho sa kgana a bo a kwala
mafoko a se kae fela ka yona;
 Baya ditshwantsho ka go latelana ga tsona a bo a
bapanya ditlhogo le ditshwantsho;
 Araba dipotso tse di bulegileng ka ga moraba;
 Tlhagisa maikutlo ka ga moraba;
 Buisana ka ga tatelano ya dikakanyo.
_ Reetsa le go kgatlhegela metlae le dithamalakwane a
bo a di tsibogela ka go di ranola ka tshwanelo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
26
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 1 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa ka tlhwaafalo sebaka se seleejana (a oketsa
kgotlelelo ya go reetsa ka tlhwaafalo) mme a
arabe le go tsibogela ditaelo tse di tlhomaganeng.
_ Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go
supa tlotlo fa sebui se bua, go bua ka go
refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye
sentle le go tshwaele ka se a setseng a se utlwile
fa go tshwanela.
_ Reetsa dikgang, maboko, dipina le meraba e
mengwe ya molomo ka boitumelo, mme a supa
gore o a di tlhaloganya, ka go:
 Reetsa gore setlhogo kgotsa kgangkgolo ke efe;
 Reetsa ka go tlhopha dintlha;
 Bonelapele se se tla diragalang;
 Bega tatelano ya ditiragalo/dikakanyo tse di
leng mo morabeng wa molomo;
 Araba dipotso ka ga moraba;
 Tlhagisa maikutlo ka ga moraba a bo a neela
mabaka.
_ Reetsa le go kgatlhegela metlae le
dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di
ranola ka tshwanelo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa ka tlhwaafalo (a oketsa kgotlelelo ya go
reetsa ka tlhwaafalo) mme a arabe le go tsibogela
ditaelo tse di latelanang tse di thata le go feta, tsa
maemo a a mo tshwanetseng.
_ Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go
supa tlotlo fa sebui se bua, go bua ka go
refosanya, go botsa dipotso gore a tlhaloganye
sentle le go kgona go sosobanya kgotsa go
tshwaele ka se a setseng a se utlwile.
_ Reetsa dikgang, maboko, dipina le meraba e
mengwe ya molomo ka boitumelo, mme a supa
gore o a di tlhaloganya, ka go:
 Reetsa gore setlhogo kgotsa kgangkgolo ke efe;
 Reetsa ka go tlhopha dintlha;
 Bonelapele se se tla diragalang;
 Bega tatelano ya ditiragalo/dikakanyo tse di
leng mo morabeng wa molomo;
 Araba dipotso ka ga moraba;
 Tlhagisa maikutlo ka ga moraba a bo a neela
mabaka;
 Rala ditshwantsho go supa go tlhaloganya
moraba wa molomo, le go kwala ka mafoko a
gagwe.
_ Reetsa le go kgatlhegela metlae le
dithamalakwane a bo a di tsibogela ka go di
ranola ka tshwanelo.
Kgato ya Motheo
27
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa
tshedimosetso le go ijesa monate, mme a
arabe sentle le ka go sekaseka, mo
maemong a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa melaetsa a bo a e fetisa ka nepagalo.
_ Tsweletsa temogo ya medumopuo:
 Farologanya fa gare ga difonimi, segolo mo
tshimologong ya mafoko;
 Lemoga mafoko a a rumisanang mo dipineng tse di
itsegeng, (jaaka, dia le sia).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
28
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 1
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa sebui se a sa se boneng (sekao: mo
mogaleng) mme a tsibogela dipotso le ditaelo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa sebui se a sa se boneng (sekao: mo
radiong) mme a tsibogela dipotso le ditaelo.
Kgato ya Motheo
29
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le go
buisana ka go itshepa le ka nonofo
mo maemong a a farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlotla ka maitemogelo a gagwe a botshelo, maikutlo le
dikgang.
_ Bua dikakanyo a dirisa dithanolo tse di natetshang le
mafoko a a supang tiro.
_ Opela, boka, diragatsa le go mumuretsa dipina,
maboko le maboko a bana.
_ Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le ditoro.
_ Dirisa puo ya maitlhomo go ijesa monate le go ijesa
ditoro.
_ Fetisa melaetsa.
_ A tlhagisa ka tatelano maitemogelo a gagwe.
_ A tlotla khutshwe e e tlwaelegileng, e e nang le
tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa ditshwantsho
go tshegetsa fa go tlhokega.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
30
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 2 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhalosa ka tatelano maitemogelo a gagwe a
botshelo, le dikgang ka kakaretso.
_ Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le
ditoro (jaaka, go dira metlae, dithamakwane, go
tshameka morabaraba wa mafoko le go itlhamela
maboko).
_ Tlhama le go tlotla dikanelo tse di bonolo, tse di
nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa
puo e e tlhalosang, mme a efoga poeletso.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhalosa ka tatelano maitemogelo a gagwe a
botshelo, le dikgang ka kakaretso, mmogo le
dikakanyo le maikutlo ka ga gagwe.
_ Dirisa puo ka botshwantshi go ijesa monate le
ditoro (jaaka, go dira metlae, go itlhamela maboko
le puo e e kgethegileng).
_ Tlhama le go tlotla dikanelo tse di bonolo,tse di
nang le tshimologo, bogare le bokhutlo, a dirisa
puo e e tlhalosang, mme a efoga poeletso, mme di
na le diponagalo tsa poloto le boanedi.
_ Dirisa mekgwa e e farologaneng le tiriso ya diatla
go tlotla kgang.
Kgato ya Motheo
31
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le go
buisana ka go itshepa le ka nonofo
mo maemong a a farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha le tsa mo
phaposing:
 A botsa dipotso ka go refosanya, a supa masisi
tebang le ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
 Bega boemong jwa setlhopha morago ga tiro ya
setlhopha;
 Tsibogela dipotso tse di bodiwang ke bareetsi.
_ Dirisa puo ka tshwanelo mo mabakeng le mo bathong
ba ba farologaneng ka go:
 botsolotsa moeng wa mogodi mo phaposing;
 Etsisa maemo a a farologaneng jaaka go bopa
botsala jo bowa.
_ Farologanya segalo le modumo wa lentswe.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
32
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 2
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha le tsa
mo phaposing:
 Simolola setlhogo mo dipuisanong tsa setlhopha;
 A botsa dipotso tse di maleba ka go refosanya;
 A dira ditshikhinyo le go lotolotsa megopolo;
 A supa masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba
bangwe;
 Bega boemong jwa setlhopha morago ga tiro ya
setlhopha;
 A botsa dipotso go batla tshedifalelo le
tshedimosetso;
 A araba dipotso le mabaka a dikarabo;
 A dira pegelo e e utlwalang;
 Tlhagisa mekgwa ya go rarabolola mathata.
_ Dirisa puo ka tshwanelo mo mabakeng le mo
bathong ba ba farologaneng (sekao: maitato,
ditaletso, dipotsolotso le go etsisa).
_ Dirisa modumo le segalo se se tshwanetseng,
jaaka, go buela kwa tlase le molekane mo
phaposing le go buela kwa godimo fa a na le
ditsala kwa patlelong.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha le tsa
mo phaposing:
 Simolola setlhogo mo dipuisanong tsa setlhopha;
 A botsa dipotso tse di maleba ka go refosanya;
 A dira ditshikhinyo le go lotolotsa megopolo;
 A supa masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba
bangwe;
 A dira tshobokanyo ya setlhopha;
 A botsa dipotso go batla tshedifalelo le
tshedimosetso;
 A araba dipotso le mabaka a dikarabo;
 A dira pegelo e e utlwalang;
 Botsolotsa batho mo dipuisanong go fitlhelela
maikaelelo a a rileng.
_ Dira ditlhagiso tsa molomo (sekao: ka setlhogo se
se filweng, ka dipotsolotso tse a di dirilweng,
neela pegelo ya leeto la kwa nageng):
 Ka tshegetso kgotsa kemonokeng ya morutabana,
a aga dikaedi tsa go dira tlhagiso e ntle;
 Tlhalosa se a yang go se tlhagisa le gore o ya
go se tlhagisa jang;
 Dirisa ditshusathuto tsa dibogelwa go tshegetsa
ditlhagiso tsa molomo;
 Dirisa ditogamaano tse di tlwaelegileng go dira
gore bareetsi ba nne le seabe (sekao: go ngoka
bareetsi ka go kopanya matlho le bona);
 Fetofetola lentswe, modumo le segalo.
_ A nna le seabe mo mmuisanong kgotsa mo
motlotlong go supa bokgoni le kitso ya tsa loago.
Kgato ya Motheo
33
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka bontle
le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a
leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa
bokao:
 Bolelelapele ka go leba sephuthelo sa buka gore
buka e bua ka ga eng?
 Dirisa ditshwantsho go ranola bokao jwa dikanedi, a
bo a anele kanedi;
 Ranola tshedimosetso, go akarediwa ditheibole le
dikerafo tse di fitlhelwang mo dikgatisong;
bobegadikgannyeng le mo diphasalatsong, jaaka,
dialemanaka le mananeo a sekolo, dipapetla tsa
HIV/AIDS.
_ Etsisa go buisa:
 Tshwara buka sentle e tlhamaletse;
 Phutholola ditsebe ka tshwanelo;
 Leba mafoko le ditshwantsho;
 Dirisa ditshwantsho go bopa dikakanyo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
34
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 3 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa
bokao:
 Bolelelapele ka go leba sephuthelo sa buka
gore buka e tla bua ka ga eng;
 Malebana le ditshwantsho, bobegakgang jwa
dikgatiso le dipapatso:
??Ranola molaetsamogolo,
??Go tlhaola maikaelelo, babogedi le gore di ka
bonwa kae,
??Supa tsibogo ya gagwe malebana le
ditshwantsho tse di gatisitsweng le tsa
bobegakgang.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditshwantshetso tse di bogelwang go bopa
bokao:
 Buisa meraba ya dikerafo di tshwana le
ditshwantsho, mebepe, ditshwantsho tsa fa
fatshe, dithate, mme a:
??Tlhalosa ka molomo kgotsa ka mokwalo gore
bokao le mosola wa tsona ke eng,
??Dirisa tshedimosetso ka tshwanelo, jaaka
mmapa o o supetsang tsela, go sala morago
dikgato mo resepeng,
??Sekaseka setshwantsho mabapi le dipopnagalo
tsa popego le gore a di nonofile kgotsa di
siame.
Kgato ya Motheo
35
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka bontle
le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a
leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng:
 Buisa kanelo le morutabana;
 Go tlotla kakanyokgolo;
 Go tlhaola dintlha (sekao: baanelwabagolo, tatelano
ya ditiragalo, maitshetlego);
 Ba tlhalosa gore a ba rata kanedi kgotsa nnyaa.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
36
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng
 Buisa kgang kana kanedi ka bobona kgotsa le
morutabana, mme ba:
??Tlhalosa kakanyokgolo,
??Supa dintlhakgolo (jaaka, baanelwabagolo,
tatelano ya ditiragalo, maitshetlego, jalo jalo),
??Supa le go buisana ka dielo tsa setso mo
kgannyeng kana kaneding,
??Supa ditiragalo le mabaka a a di tlholang
(goreng sengwe se diragala mo kgannyeng),
??Tsaya ditshwetso kgotsa a ikakanyetsa gore
bokhutlo bo tla nna jang,
??Tlhalosa gore a ba ratile kgang kgotsa ga ba
e rata, mme ba bo ba naya mabaka,
 Buisa meraba e e mararanyana (dikwalo tse di
bonolo le dibuka tse e seng ditlhangwa, ditaelo
tse di bonolo, ditaletso le dikarata tsa
ditumediso, merabaraba ya mafoko, jalo jalo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Ntsha bokao jwa moraba o o kwadilweng:
 Tshwaela maleba le khutshwe kgotsa leboko le
a le buisitseng, a bo a bontshe fa a tlhaloganya
ka go araba dipotso tse di malebana le:
??Kakanyokgolo,
??Dintlha tsa botlhokwa jaaka baanelwabagolo,
tatelano ya ditiragalo, maitshetlego, dielo tsa
setso,
??Kamano ya ditiragalo tebang le kgwediso
kgotsa mabaka a a di tlholang (sekao, goreng
phokojwe a re diterebe di botlha?),
??Bokhutlo (sekao: kgang e, kana leinane le, le
re ruta eng?),
??a o ratile kgang kgotsa nnyaya, a bo a neye
mabaka,
??Buisa ditaelo a bo a di sekaseke gore di
amana jang le botshelo le ditlhokego tsa
setho,
 Buisa meraba e e farologaneng e e mararanyana
e tshwana le dikwalo, dibukathuto, mananeo a
diteng le ditshupane.
Kgato ya Motheo
37
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka bontle
le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a
leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Lemoga ditlhaka le mafoko, le go ntsha bokao mo
morabeng o o kwadilweng:
 Buisa mokwalo o o bonolo mo mabakeng a a
farologaneng jaaka dikanelo;
 Buisa mokwalo wa gagwe le mokwalo wa baithuti
ka ena;
 Dirisa bokgoni jwa go lemoga medumopuo le
mafoko go bopa mafoko a mawa le a a sa
tlwaelegang mo bokaelong (sekao: ditshwantshetso
tsa dibogelwa jaaka popego ya lefoko le tlhaka, le
ditemogo tsa ditshwantsho, bokaelo le kgolagano ya
tlhaka-modumo).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
38
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Lemoga le go ntsha bokao mo ditlhakeng le mo
mafokong a meraba e meleele:
 Buisa ka bonako le ka go elela;
 Buisetsa kwa godimo e bile a kapodisa mafoko
sentle le gona ka segalo se se tshwanelang;
 Dirisa bokgoni jwa temogo ya medumopuo le
mafoko le tekatlhaloganyo jaaka medumopuo le
ditemogo tsa bokaelo go bopa bokao.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Ipuisetse meraba ka boena, mme a dirise
ditogamaano tse di farologaneng go bopa bokao:
 Buisa meraba e e tlantsweng ka thelelo e bile a
tlhaloganya:
??A kapodisa mafoko sentle fa a buisetsa kwa
godimo,
??A buisetsa kwa godimo a tlhagisa maikutlo, a
gatelela fa go tlhokega, a kgaotsa, e bile a
dirisa segalo se se maleba,
??A dirisa bokgoni jwa go lemoga le jwa
tekatlhaloganyo go buisa meraba e e sa
tlwaelegang, jaaka, medumopuo,
ditshwantshetso tsa tiriso, ponelopele,
??A dirisa mefuta e e farologaneng ya go ikela
tlhoko le go itshwaya diphoso fa a buisa,
jaaka, go buisa a boeletsa, go tswelela go
buisa, go buisa o kgaotsa le go ikatisa go
buisa lefoko pele a le biletsa kwa godimo.
Kgato ya Motheo
39
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka bontle
le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a
leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa temogo ya medumopuo:
 Lemoga a bo a naya ditlhaka tsa alefabete maina;
 Tlhaloganya pharologano fa gare ga maina a
ditlhaka le medumo ya ditlhaka:
??Tlhaloganya gore maina a ditlhaka ga a fetoge,
mme medumo e e e emelang ditlhaka yona, e
kgona go fetoga,
??Kgaoganya mafoko a a bonolo a a simolola a bo a
khutla ka tumanosi, jaaka, ema, ega, ota, atla,
??Kgobokanya mafoko a a tlwaelegileng a a
simololang a bo a khutla ka modumo o o
tshwanang, jaaka, atla, ala, ana, aga,
??Lemoga mafoko a a dirisiwang gantsi a a ka
ikwalelang ona ka fa thoko mo bukeng ya gagwe,
jaaka, wena, lona, nna ditshwantsho jaaka
mokgwa wa go ruta mokwalo,
??Arabela setshwantsho ka go kwala dipolelo tse di
bonolo,
??Tlotla le baithuti-ka-ena ka ditlhogo le dikakanyo
tse di rileng (ka ditlhophana kgotsa ka
sebedisebedi).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
40
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa temogo ya medumopuo:
 Lemoga gore go na le mafoko a a thata a a
nang le ditumanosi tse di pataganeng, jaaka,
moakanyetso, selealeegi;
 Lemoga gore mopeleto o o tshwanang o ka
kapodisiwa ka mekgwa e e farologaneng, jaaka,
go fitlha, go fitlha, go bua, go bua;
 Lemoga gore modumopuo o le mongwe o ka
peletiwa ka ditlhaka di le tharo, jaaka, tsh mo
go tshasa, tlh mo go tlhatlhobo;
 Lemoga gore go na le ditumanosi tsa Setswana
di le supa;
 Lemoga gore go na le mafoko a ditumanosi
dingwe tsa ona di lelefadiwang jaaka e kete di
pedi, jaaka, ngwega, moko, bomo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tiisa kitso ya medumopuo:
 Lemoga gore go na le mafoko a a thatanyana a
ditumanosi tse di pataganeng, jaaka, leitlho, ee,
moakanyetso, selealeegi;
 Lemoga gore mopeleto o o tshwanang o ka
kapodisiwa ka mekgwa e e farologaneng, jaaka,
go fitlha, go fitlha, go bua, go bua;
 Lemoga gore modumopuo o le mongwe o ka
peletiwa ka ditlhaka di le tharo go ya go di le
nne, jaaka, tsh mo go tshasa, tlhw mo go
tlhotlhwa;
 Lemoga gore go na le ditumanosi tsa Setswana
di le supa.
Kgato ya Motheo
41
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka bontle
le botaki, setso le dielo tsa maikutlo a a
leng teng mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Buisetsa tshedimosetso le go e itumelela:
 a buisa dibuka tsa ditshwantsho tse di nang le
ditlhalosetso tse di bonolo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
42
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Go buisetsa tshedimosetso le go ijesa monate:
 Buisa buka ya ditshwantsho le dikgang tse di
bonolo tse a di itlhophetseng;
 Supa go itumelela dikanedi tse di tswang mo
ditsong tse di farologaneng;
 Buisa mefuta ya meraba go ijesa monate
(dikao: dimakasini, dikhomiki dibuka tsa
metlae, dibuka tse e seng tsa maitlhomo);
 Simolola go dirisa thanodi go netefatsa
mopeleto le bokao jwa mafoko.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Go buisetsa tshedimosetso le go ijesa monate:
 Tlhopha dikwalo tsa maitlhomo le tse e eseng
tsa maitlhomo, le go tlhalosa se a se ratang le
se a sa se rateng;
 Buisa a bo a kgatlhagele dibuka tse di
kwadilweng ke bakwadi ba ditso tse di
farologaneng tse di buang ka ditiragalo le
dikgolagano tse di farologaneng;
 Buisa mefuta e e farologaneng ya meraba,
(jaaka, dikhomiki/dibukana tsa metlae,
dimakasine, dikuranta);
 Itlhamela tlotlofoko ka go dirisa thanodi e bile
na le thanodi ya gagwe;
 Dirisa mananeo a diteng, tshupane,
mafokothaetsi (key word), ditlhogo le dinomore
tsa ditsebe go batla tshedimosetso;
 Tshameka merabaraba ya mafoko e e batlang
puiso, tlotlofoko, kitso le bokgoni;
 le go bona metswedi ya tshedimosetso, jaaka,
baagi ba sethaba, dibuka tsa kwa laeboraring;
 Simolola go sekaseka meraba ya molomo, e e
kwadilweng le e e bogelwang go bona dielo tsa
loago le setso, maitshwaro le diphopholetso.
(sekao: jaaka mo phasalatsong ya sesepa sa
lerole, bua gore se phasaladitswe go ngoka
batho bafe, le diabe tse basadi le banna ba
nang le tsona).
Kgato ya Motheo
43
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala
mefuta e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela
mabaka a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala ka mokwalo o o bonagalang:
 Tshwara didirisiwa tsa go kwala di tshwana le
dikheraeyone le diphensele ka nonofo;
 Godisa bokgoni jwa go bopa ditlhaka le mokwalo,
dipaterone tsa ditshwantsho, go gatisetsa le go
kopolola mafoko;
 Tlhama ditlhaka tsa alefabete ka katlego.
_ Dira ditiro tsa pele ba kwala
 Bopa le go dirisa ditshwantsho (metako) jaaka
ntlhakgolo ya mokwalo;
 Buisana le baithuti-ka-ena (ka sebedi kgotsa ka
ditlhopha) ka ditlhogo le dikakanyo tse ba tlileng go
kwala ka tsona;
 Arabela setshwantsho ka go kwala dipolelo tse di
bonolo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
44
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 4 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditogamaano tsa pele a kwala, go simolola
go kwala:
 Nna le seabe mo ditlhopheng tse di
akantshanang go bona dikakanyo tsa go kwala;
 Abela dikakanyo le baithuti-ka-ena le
morutabana;
 Tlhopha setlhogo se a ka kwalang ka sona, se a
se ratang kgotsa se se botlhokwa mo go ena.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditogamaano tsa pele a kwala, go simolola
go kwala:
 Dirisa ditogamaano tse di farologaneng tsa pele
a kwala go kokoanya tshedimosetso le go
tlhopha setlhogo (sekao: go akantshana, go
kwala ka bolokologi, go bua le ditsala,
ditshwantsho tse di bogelwang);
 Simolola go rulaganya go kwala.
Kgato ya Motheo
45
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala
mefuta e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela
mabaka a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwalela mabaka a a farologaneng
 Rulaganya mananeo;
 Kwala matshwao a a bonolo (dileibole) kgotsa
ditlhogo tsa dikgang tse di tlileng go dirisetswa
ditshwantsho tse di takilweng;
 Bopa meraba e e bonolo e tshwana le dikarata tsa
botsalo (ka moraba o o bogelwang le o o
kwadiwang);
 Dirisa ditogamaano tse di bonolo tsa go bona le go
kwala/go rekota tshedimosetso (sekao: go
lekanyetsa kgotsa go dira ditlhotlhomisi tsa gore go
buiwa dipuo di le kae mo setlhopheng se se rileng);
 Rulaganya tshedimosetso ka tsela e e bonolo a
dirisa diforomo tsa dikerafo (sekao: karata,
lenanetiro);
 Kokoanya ditshwantsho tse di maleba le
ditshwantsho tsa kerafiki go tlhalosa moraba;
 Kokoanya, mme a arologanye ditshwantsho go ya
ka magoro a tsona.
_ Akanyetsa go le boeletsa:
 Neela ditshwaelo tsa dikakanyo mo setlhopheng, go
ba kgontsha go kwala kgang (kwa tshimologong
morutabana e le mokwaledi);
 Poeletso ya moakanyetso wa moraba o o
kwadilweng ke setlhopha, o tlhaloganyesege, o bo o
ngoke maikutlo;
 Kwala le go buisetsa morutabana le baithuti-ka-ena
moakanyetso wa bona, mme a simolole go boeletsa.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
46
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 4
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhama sekwalwa kgotsa setlhangwa a se
tlhamela mabaka a a farologaneng:
 Kwala meakanyetso le meraba e mekhutshwane
a e kwalela mabaka a a farologaneng:
??Mananeo a ditiro tsa beke,
??Meraba e e itlhalosang e e bonolo, jaaka,
dikarata tsa go leboga motho le makwalo,
??Meraba e e bonolo ya tshedimosetso, jaaka,
diresepe,
??Thanolo e e bonolo ya maitemogelo le
ditiragalo,
??Dikgang kgotsa dikanedi, maboko le dipina
tse di bonolo.
 Kwala setlhogo se se maleba, se se tlhalosang
diteng tsa moraba.
_ Boeletsa se a se kwadileng:
 Buisana le ba bangwe ka se a se kwadileng le
se se kwadilweng ke ba bangwe go bona
ditshwaelo le go tshwaela ka tiro ya bona;
 Runa kgotsa tseleganya se a se kwadileng
(sekao: a tlosa kgotsa a oketsa mafoko go
tlhalosa bokao, a rulaganya dipolelo sewa, a
tlhatlhoba a bo a siamisa mopeleto le matshwao
a puiso);
 Boeletsa se a se kwadileng morago ga go bua le
ba bangwe.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhama sekwalwa kgotsa setlhangwa a se
tlhamela mabaka a a farologaneng:
 Tlhopha sebopego sa moraba se se ka
tshwanelang lebaka le bareetsi/babogedi (jaaka,
go kwala mo bukatsatsing, a tlhalosa maikutlo a
gagwe ka ga tiragalo e e rileng);
 Kwala meraba e mekhutswane e a e
tlhophetseng mabaka a a rileng (sekao: dikgang
tsa temana e le nngwe kana tse pedi,
tshekatsheko e e bonolo ya dibuka, diresepe,
makwalo, mmuisano, ditaelo);
 Kwala setlhogo se se maleba, se se tlhalosang
diteng tsa moraba.
_ Boeletsa se a se kwadileng:
 Buisana le ba bangwe ka se a se kwadileng le
se se kwadilweng ke ba bangwe go bona
ditshwaelo le go tshwaela ka tiro ya bona;
 Runa kgotsa tseleganya se a se kwadileng
(sekao: a tlosa kgotsa a oketsa mafoko go
tlhalosa bokao, a rulaganya dipolelo sewa, a
tlhatlhoba a bo a siamisa mopeleto le matshwao
a puiso);
 Boeletsa se a se kwadileng morago ga go bona
ditswaelo tsa ba bangwe.
Kgato ya Motheo
47
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala
mefuta e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela
mabaka a a farologaneng
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Go kwala gore ba bangwe ba kgone go tlhaloganya, a
dirisa melawana ya mokwalo:
 Dirisa ditlhaka go bopa mafoko a a ikemetseng le
dipolelwana tse dikhutshwane;
 Tlogela dikgala kgotsa diphatlha fa gare ga mafoko;
 Tlwaela go kwala a simololola kwa letsogong la
molema go ya go la moja, go tswa kwa godimo go
ya kwa tlase;
 Dirisa dikakanyetso tsa go kwala gore ba simolole
go kwala dipolelo tsa bona;
 O simolola go dirisa matshwao a puiso a a
tlwaelegileng (sekao: ditlhakakgolo le dikhutlo).
_ Simolola go aga tlotlofoko mme a simolole go peleta
mafoko ka nepagalo gore a tle a buisiwe le go
tlhaloganngwa ke ba bangwe:
 Kwala mafoko a a emelang batho ba ba rileng,
mafelo le dilo;
 'Peleta' mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
 Leka go kwala mafoko a a sa tlwaelegang a dirisa
kitso ya medumopuo;
 Aga letlotlo la gagwe la mafoko le thanodi ya
gagwe.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
48
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 4
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Phasalatsa' se a se kwadileng:
 Abelana tiro ya gagwe le ba bangwe ka go e
buisetsa kwa godimo kgotsa ka go e baya mo
pontsheng mo phaposiborutelong;
 Itirela dibuka tsa gagwe kgotsa dingatana tsa
maboko kana dikhutshwe tsa mo phaposing.
_ Ikokoanyetsa tlotlofoko e bile a peleta mafoko
ntle le thuso:
 Lekelela le go dirisa mafoko a a tswang mo
puong le mo maitemogelong a gagwe;
 Peleta mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
 Dirisa mokwalotshwano (homophones) ka
nepagalo le ka nonofo (fitlha, fitlha, bua, bua);
 Leka go peleta mafoko a a sa tlwaelegang a
dirisa kitso ya medumopuo;
 Ikagela letlotlo la mafoko le thanodi;
 Dirisa thanodi go netefatsa mopeleto le bokao
jwa mafoko;
 Dirisa kitso ya medumopuo le melawana ya
mopeleto go kwala mafoko a a sa tlwaelegang.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Phasalatsa' se a se kwadileng:
 Abelana tiro ya gagwe le ba bangwe ka go e
buisetsa kwa godimo kgotsa ka go e baya mo
pontsheng;
 Abelana se a se kwadileng le babuisi ba a ba
tlhophileng go ka buisa moraba wa gagwe, ba
tshwana le balosika kgotsa ditsala (sekao:
makwalo, melaetsa, ditaelo);
 Itirela dibuka ya gagwe kgotsa dingatana tsa
maboko kana dikhutshwe tsa mo phaposing.
_ Ikokoanyetsa tlotlofoko e bile a peleta mafoko
ntle le thuso:
 Farologanya tlotlofoko go ngoka maikutlo le
mo mabakeng a a kgethegileng;
 Lekelela le go dirisa mafoko a a tswang mo
dikgannye, bobegakgannye, metlaeng, puong ya
molomo ya ditsala le ya ba bangwe;
 Fetisetsa mafoko a a tswang mo maitemogelong
a a fa godimo go kwala;
 Ikokoanyetsa letlotlo la mafoko le go itlhamela
thanodi ya gagwe;
 Dirisa thanodi go netefatsa mopeleto le bokao
jwa mafoko;
 Dirisa kitso ya medumopuo le melawana ya
mopeleto go kwala mafoko a a sa tlwaelegang.
Kgato ya Motheo
49
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala
mefuta e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela
mabaka a a farologaneng
(Ga go na Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Poelothuto e, mo
Kereiting ya 1.)
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
50
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 4
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala gore batho ba bangwe ba kgone go
tlhaloganya le go dirisa dipopegopuo tse di
maleba, ga mmogo le melawana ya mokwalo:
 Dirisa dipopego tsa go kwala tse di bontshang
mefuta e e farologaneng ya dipolelo le
dipopego tsa moraba;
 Dirisa matshwaopuiso a a bonolo
(ditlhakakgolo le dikhutlo);
 Lekelela go dirisa matshwaopuiso a tshwana le
letshwaotsiboso le la potso;
 Diragatsa kitso ya thutapuo;
 Dirisa malepa mangwe a boaneledi (Ga twe e
rile, Bokhutlo);
 Dirisa meraba mengwe ya tshedimosetso e
tshwana le diresepe.
_ Kwala ka mokwalo o o bonagalang botoka:
 Dirisa didirisiwa kgotsa ditlamelo tsa mokwalo
ka nonofo;
 Bopa ditlhaka bonolo e bile di bonala;
 Kwala a repile le ka lebelo ka ntlha ya go
ikatisa kgabetsakgabetsa.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa dipopegopuo tse di maleba le melawana ya
mokwalo:
 Simolola go kokoanya dipolelo go bopa
ditemana;
 Dirisa matshwaopuiso ka tshwanelo (ditlhakakgolo,
dikhutlo, dipotso, diphegelwana,
lenalana/aphoseterofi, matshwaotsiboso);
 Diragatsa kitso ya thutapuo;
 Dirisa kitso ya meraba e mengwe jaaka
dimmotlolo kgotsa dikao tsa go kwala;
 Dirisa popego ya kanedi;
 Dirisa dipopego tsa meraba ya tshedimosetso di
tshwana le ditekelelo.
_ Kwala ka mokwalo o o bonagalang:
 Kwala a repile e bile a oketsa lebelo la go
kwala fa a ntse a ikatisa kgabetsakgabetsa;
 Fetsa tiro ya go kwala ka nako e e
lekanyeditsweng.
Kgato ya Motheo
51
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go
akanya le go batla mabaka, mme a
fitlhelele, a bo a tlhotlhe
tshedimosetso e a e boneng, morago
a e dirisetse go ithuta.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go godisa megopolo:
 Supa kitso e e golang ya megopolo ka ga bongwe le
bontsi, bogolo le popego, bokaelo, tsela, mmala,
lebelo, nako, dingwaga, tatelano;
 Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo
(conceptual language) ya dikarolothuto tse di
farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a
kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a
ipaakanyetsa maemo a a latelang.
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Tlhaloganya e bile a dirisa puo go ntsha dikakanyo
tse di utlwalang le go batla mabaka, jaaka, go
tlholana kgotsa go bakana;
 Aroganya tshedimosetso (jaaka, kgobokanya mefuta
e e farologaneng ya diphologolo);
 Lemoga dikarolo tsa selo sotlhe (jaaka, dikarolo tsa
baesekele, dikarolo tsa sejwalo);
 Lemoga go tshwana le go farologana, a dirisa puo e
e tshwanelang (jaaka, tshwana le, farologana le).
_ Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
 Botsa dipotso e bile a batla dithanolo;
 Neelana ka dithanolo le ditharabololo;
 Dirisa ditogamaano tse di bonolo go bona le go
rekota tshedimosetso jaaka go lekanyetsa kgotsa go
batlisisa gore dipuo tse di buiwang mo setlhopheng
di kae, kgotsa go bona tshedimosetso e e maleba
mo merabeng;
 Rarabolola merabaraba ya ditshwantsho le ya
mafoko.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
52
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 5 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go godisa megopolo:
 Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo
(conceptual language) ya dikarolothuto tse di
farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a
kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a
ipaakanyetsa maemo a a latelang.
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Tlhaloganya e bile a dirisa puo go ntsha
megopolo le go batla mabaka, jaaka, go
tlholana kgotsa go bakana, tatelano e e
utlwalang ya dikakanyo;
 Dirisa go akanya ga maemo a a kwa godimo le
puo e e tsamaelanang le gona, jaaka, go tlatsa
dikgala, go batla mabaka, go diragatsa kitso,
go tlhatlhoba (jaaka, Ke nagana gore ..., Ke a
ipotsa gore ...);
 Lemoga go tshwana le go farologana (jaaka,
tshwana le, farologana le) a bo a a aroganya dilo;
 Bapisa dilo.
_ Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
 Botsa dipotso a bo a batla dithanolo, a naya
dittharabololo le diphapaano;
 Dirisa kitso ya metswedi e e farologaneng go
tlhopha tse a di tlhokang, mme a kgona go
ntsha mabaka a gore ke eng a dirile tlhopho eo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go godisa megopolo:
 Tlhaloganya e bile a dirisa puo ya megopolo
(conceptual language) ya dikarolothuto tse di
farologaneng tse di botlhokwa mo maemong a
kereiti e a leng mo go yona, e bile a ntse a
ipaakanyetsa maemo a a latelang.
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Tlhaloganya e bile a dirisa puo go ntsha
megopolo le go batla mabaka, jaaka, go
tlholana kgotsa go bakana, go tsaya ditshwetso;
 Dirisa go akanya ga maemo a a kwa godimo le
puo e e tsamaelanang le gona, jaaka, "Fa ke ka
bona madi, gona nka aga ntlokgolo";
 Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go
farologana, le go sekaseka, go bapisa le go
fapologantsha.
_ Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
 Botsa dipotso go tlhaloganya, go batla
dithanolo, go tlhagisa diphapaano. (jaaka,
Gongwe re ka leka ....., O akanya eng ka? Fa ke
ka dira se gona...?)
Kgato ya Motheo
53
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go
akanya le go batla mabaka, mme a
fitlhelele, a bo a tlhotlhe
tshedimosetso e a e boneng, morago
a e dirisetse go ithuta.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhotlha tshedimosetso:
 Rulaganya tshedimosetso ka dikerafo tse di bonolo
jaaka, dithate, mananeo a tiro, jalo jalo).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
54
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 5
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditogamaano tse di bonolo go bona le go
rekota tshedimosetso (jaaka, go batla metswedi
kwa laeboraring ka thuso ya motsadi kgotsa
moithuti yo mogolo).
_ Tlhotlha tshedimosetso:
 Ntsha tshedimosetso e e tlhophilweng go tswa
mo morabeng a bo a e tlhotlha,
 Rulaganya tshedimosetso ka dikerafo tse di
bonolo (jaaka, dithate, mananeo a tiro),
 Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go
farologana, le go sekaseka, go bapisa le go
fapologantsha tshedimosetso.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira tlhotlhomisi kgotsa patlisiso e e bonolo:
 Botsa dipotso tse di thusang go tlhalosa tiro e
bile a bona tshedimosetso e e maleba (jaaka, re
tlhoka eng go itse, go dira, go bona; gona re ka
bona tshedimosetso kae?);
 Rulaganya dikgato tsa tiro le go abelana
maikarabelo (jaaka, gore go dirwe eng, ke
mang yo o tla se dirang);
 Dirisa ditogamaano tse di bonolo go bona
tshedimosetso:
??Kgona go botsolotsa le go lekanyetsa,
??Botsa dipotso tse di maleba,
??Batla mo laeboraring (a thusiwa ke mogolo
kgotsa moithuti yo mogolo).
 Tshegetsa e bile a tlhalosa dikakanyo ka go
ntsha mabaka le bopaki;
 Sosobanya tshedimosetso a bo a e tlhagisa ka
tshwanelo le ka mokgwa o o natefang.
_ Tlhotlha tshedimosetso:
 Rekota e bile a rulaganya tshedimosetso ka
mekgwa e e farologaneng:
??Tlhopha tshedimosetso a bo a tsaya dintlha,
??Dira mebepe ya tlhaloganyo (mind-maps),
??Bopa ditheibole, ditshwantsho, dithate le
dithate tsa fa fatshe.
 Tlhomaganya tshedimosetso a bo a e baya ka fa
tlase ga ditlhogo;
 Dirisa puo go tlhalosa go tshwana le go
farologana, le go sekaseka, go bapisa le go
fapologantsha tshedimosetso.
Kgato ya Motheo
55
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go
tlhama le go ranola meraba
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko:
 Kgaoganya mafoko a a buiwang a dinokodintsi ka
dinoko (jaaka, a ka nna a dumisa dinoko mo
mafokong a tshwana le, se-ko-lo kgotsa pa-na-na);
 Dirisa medumopuo go buisa le go peleta.
_ Dira ka mafoko:
 Itse gore lefoko le le kwadilweng le simolola fa kae
e bile le felela fa kae, mme a tlogela diphatlha fa
gare ga mafoko;
 Peleta mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
 Bopa bontsi jwa mafoko a a tlwaelegileng;
 Lemoga a bo a dirisa ditlhogo tsa mafoko;
 Lemoga nyenyefatso;
 Kgobokanya mafoko, jaaka, mafoko a a rumisanang
kgotsa a na le tlhogo e e tshwanang;
 Dirisa ditlhakakgolo mo maineng, jaaka mo go, Mpho.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
56
1
Poelothuto ya 6 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko, ka go:
 Dirisa medumopuo go peleta mafoko a a sa
tlwaelegang.
_ Dira ka mafoko:
 Lemoga le go dirisa ditlhogo le megatlana e
mentsinyana;
 Dirisa nyenyefatso;
 Peleta mafoko a a tlwaelegileng ka nepagalo;
 Dirisa thanodi go netefatsa mopeleto;
 Lemoga mangwe a makaelagongwe le
malatodi.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Golaganya medumo le ditlhaka le mafoko, ka go:
 Dirisa medumopuo go peleta mafoko a a sa
tlwaelegang.
_ Dira ka mafoko:
 Dirisa melawana ya mopeleto go peleta;
 Dirisa metswedi e e farologaneng go netefatsa
mopeleto;
 Dirisa ditlhogo le ditlhongwa go bopa mafoko;
 Tlhaola le drisa makaelagongwe le malatodi a
mantsi.
Kgato ya Motheo
57
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go
tlhama le go ranola meraba
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka dipolelo:
 Kwa dipolelo tse di bonolo, jaaka, Phaladi o tsere
sekgele;
 Dirisa matshwaopuiso - tlhakakgolo kwa
tshimologong ya polelo le khutlo kwa bokhutlong
jwa polelo;
 Dirisa maina, maemedi (Nna, wena, ena) le masupi
sentle;
 Dirisa Pakajaanong le Pakaphethi e e bonolo sentle.
_ Dira ka meraba:
 Latelanya moraba (jaaka, ka go dirisa mafoko a
tshwana le, 'morago, ga latela' mo thanolong ya
ditiragalo tse di latelanang);
 Bua ka ga meraba (jaaka, dikgang/dikanedi, a dirisa
mareo a tshwana le, matseno, mmele le bokhutlo).
_ Dirisa puo go buisana le go golagana, ka go:
 Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go kopa
ka bonolo: tsweetswee, tuu, ke kopa);
 Fetola segalo sa lentswe go ya ka mabaka.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
58
1
Poelothuto ya 6
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka dipolelo:
 Kopanya dipolelo tse di bonolo tse pedi
(dipolelwana) ka lekopanyi ('le' kgotsa mme)
go bopa Polelopate, jaaka, Phaladi o tsere
sekgele mme a se atla;
 Dirisa mekgwa ya kganetso sentle (jaaka, O ka
se ka wa dira jalo; Ga o ne o bona sepe mo go
nna);
 Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi, (Nna,
wena, ena) matlhaodi, madiri le masupi sentle.
 Dirisa Pakajaanong, Pakaphethi le Pakatlang tse
di bonolo, sentle;
 Dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo
(dipotso, ditlhagiso, ditsibogo (exclamations);
 Dirisa matshwaopuiso sentle (letshwaopotso,
phegelwana, go kgaoganya dintlha mo
lenaneong, ditlhakakgolo go kwala mainatota
jaaka, Mmapula.)
_ Dira ka meraba:
 Latelanya moraba ka go dirisa mafoko a
tshwana le, 'la ntlha', 'morago', 'ga latela',
'kwa bokhutlo';
 Golaganya dipolelo go bopa ditemana;
 Lemoga dipharologantsho (characteristics) tsa
mefuta e e farologaneng ya meraba (jaaka,
kanedi, ditaelo, dithanolo tsa tatelano ya
ditiragalo)
_ Dirisa puo go buisana le go golagana, ka go:
 Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go
kopa maitshwarelo).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka dipolelo:
 Tlhaola sediri, lediri le sedirwa mo polelong;
 Dirisa dithuanyisediri le dithuanyisedirwa ka
tshwanelo;
 Dirisa makopanyi go tlhalosa go tlholana (Ke a
ja. ka gonne ke tshwerwe ke tlala);
 Dirisa dipaka tsa lediri tse di matswakabele;
 Dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo
(dipotso, ditlhagiso, ditsibogo ditaelo);
 Tlhaola le go dirisa maina, maemedi,
matlhaodi, madiri le matlhalosi ka tshwanelo;
 Dirisa matshwaopuiso sentle (letshwaopotso,
phegelwana, go kgaoganya dintlha mo
lenaneong, ditlhakakgolo go kwala mainatota;
jaaka, Mmapula).
_ Dira ka meraba:
 Golaganya dipolelo go bopa ditemana, mme
tiriso ya dipaka e sa fetoge.
_ Dirisa puo go golagana:
 Dirisa puo go supa maitsholomantle (jaaka, go
kopa maitshwarelo).
Kgato ya Motheo
59
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go
tlhama le go ranola meraba
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa temogo e e botlhokwa ya puo, ka go:
 Lemoga pharologano fa gare ga puo e e dirisiwang
mo phaposiborutelong (jaaka, ka nako ya dikgang)
le ya fa a tshameka le ditsala, mme a utolole gore ke
goreng go dirisiwa puo e e farologanang mo
merabeng e e farologaneng.
_ Dirisa 'puo-ka-ga-puo':
 (jaaka, 'polelo', 'ditlhakakgolo', 'khutlo',
'thanodi').
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
60
Kereiti ya 1
Poelothuto ya 6
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa temogo e e botlhokwa ya puo, ka go:
 Tlhalosa mafoko a ka tlwaelo a dirisiwang go
tlhalosa basimane le basetsana, mebala e e
golaganngwang le basimane le basetsana
(jaaka, 'o montle', 'o maatla'). Tlhalosa gore
dithanolo di ama batho jang, le gore a go siame
gore motho a tswelele go dirisa mofuta o wa
puo kgotsa nnyaya.
_ Dirisa 'puo-ka-ga-puo':
 (jaaka, 'maina', 'ditlhogo', 'matlhaodi',
'maemedi', 'madiri', 'matlhalosi',
'phegelwana', 'letshwaopotso', 'temana'.).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa temogo e e botlhokwa ya puo, ka go:
 Tlhotlhomisa mokgwa o setlhopha se dirisang
mmuo ka teng, le mang le mo mabakeng afe.
_ Dirisa 'puo-ka-ga-puo':
 (jaaka, sediri, lediri. sedirwa, dipotso,
ditlhagiso, ditaelo, makopanyi, tshwantshanyo,
tshwantshiso, malatodi, makaelagongwe,
matshwaokgakgamalo).
Kgato ya Motheo
61
Kereiti ya 2 Kereiti ya 3
Dipuo - Setswana, Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Motheo
62
Kgato ya Magareng
63
Puo ya Gae
KGAOLO 3
KGATO YA MAGARENG
(DIKEREITI 4 - 6)
MATSENO
Mo Kgatong ya Magareng, baithuti ba tsena mo bosimeng (adolescence). Ba a tlhobaela, ba matlhagatlhaga,
mme ba tsibogela tlhotlheletso ya balekane ba bona, ka ntlha ya go tlhoka go itshepa. Ba a iteba e bile ba rata
go itse gore ke bo mang le gore ba rata go nna eng. Merero e e amanang bobona e simolola go nna botlhokwa
thata, ka jalo, go botlhokwa thata go gakologelwa kgolagano e e leng teng fa gare ga puo le bobona (identity)
mo nageng e ya rona ya dipuodintsi le ditsodintsi. Tse dingwe tsa diponagalo tsa baithuti mo Kgatong e, ke tse
di latelang:
_ Ba nna masisi thata tebang le gore ditiro tsa bona di amana ba bangwe jang.
_ Ba simolola go tlhokomela ditlhokego, dikeletso le ditebelelo tsa ba bangwe (mokgwa o ba lebang
dikakanyo tsa ba bangwe ka teng).
_ Ba simolola go dirisana sentle, ba le mo ditlhopheng, ba dirisana ka bolokologi.
_ Ba simolola go itumelela go kampana le ditiro tse ba di dirang ba le bosi.
_ Ka jalo ba supa keletso ya go laola go ithuta ga bona.
_ nna le maikaelelo le thulaganyo mabapi le go leba dilo ga bona.
_ Ba kgona thata go fitlhelela, go kwala (rekota) le go sokasokana le tshedimosetso.
_ Ba gola ka bokgoni jwa go dira dipatlisiso, go tshwantshanya le go leba dilo ka leitlho le lenthotho.
Tsepamiso
Mo Kgatong e, baithuti ba tiisa ba bo ba go godisa bokgoni jwa bona jwa go buisa le go kwala (litheresei),
gape ba aga boitshepo le go bua ka thelelo ga bona, ga puo ya molomo. Tiro e e akaretsang kharikhulamo
yotlhe e tla nna karolo e e botlhokwa ya karolo ya ditiro tsa go ithuta.
Mefuta e e farologaneng ya meraba
Baithuti ba tla dira ka meraba e e farologaneng go na le mo Kgatong ya Motheo. Puo le diteng tsa meraba ga
di kitla di tlhola di nna matswakabele le go feta. Di tla tlhagisetsa baithuti meraba ya molomo le dikwalo tse di
kwadilweng, le merero ya botlhokwa ya tsa loago le ya tikologo.
Ditiro tsa go ithuta tse di lomaganeng
Go thusa go bopa dielo tsa tlhatlhobo tse di sedifetseng, poelo nngwe le nngwe e na le bokgoni jo bo
farologaneng jaaka tirokgolo, (go reetsa, go bua, go buisa, go bogela, go kwala, go akanya le go batla mabaka le
popegopuo le tiriso). Le fa go ntse jalo, mo mananeong a go ithuta, dintlha tse tsa diteng, di tshwanetse go
lomaganngwa le go logaganngwa le ditiro tsa go ithuta ka maikaelelo a a tlhaloganyesegang e bile a le maleba.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Magareng
64
Diteng tsa mefutafuta tse di anameng
Diteng tse di maleba di tshwanetse go tsewa mo mererong ya mefuta e e farologaneng, go lebeletswe
ditlhokego tsa moithuti mongwe le mongwe, le merero e e anameng ya tsa loago/sethaba. Ba leke go akaretsa
dilo tse di tlhobaetsang tsa sethaba jaaka boidiidi, Lebolelamading/Phate (HIV-AIDS) le bosenyi. Ga di a
tshwanela go tsewa fela jaaka karolo ya diteng tsa moraba, nnyaya, di tshwanetse go tsewa jaaka karolo e e
rulaganeng ya maitemogelo a go ithuta. Ka tsela e, o ka lemosa baithuti tiriso e e dumelesegang ya puo wa bo
wa ba kgontsha go aga bokgoni jwa go leba dilo ka leitlho le lenthontho, jaaka go:
_ Lemoga dilo di tshwana le ditlwaelo tse di masisi.
_ Ithuta ka moo moraba o tlhotlheletsang babuisi go nna le tebelo e e rileng ka teng; le
_ Gwetlha tiriso ya mokgwa o, wa puo.
Ka mokgwa o, barutabana le baithuti ba tla:
_ Fitlhelela Dipoelothuto tsa Botlhokwa (Critical outcomes) tse di lesomepedi (12), ba bo ba,
_ Ipaakanyetsa ditiro tse raraaneng/matswakabele tsa go ithuta, gammogo le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di
marara, mo Kgatong e Kgolo.
DIPOELOTHUTO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate, mme a arabe sentle ka go sekaseka, mo
mabakeng/maemong a a farologaneng.
Mo nakong e, bokgoni jwa baithuti jwa go reetsa bo looditswe go ba kgontsha go reetsa meraba ya molomo e e
okeditsweng (meraba ya tlhwaafalo le e seng ya tlhwaafalo) malebana le mabaka a a farologaneng.
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go bua/go buisana ka go itshepa le ka nonofo ka puo e e buiwang, mo
mabakeng/maemong a a farologaneng.
Maemo a tsa loago a fetoga fa moithuti a ntse a gola. A simolola go ba gwetlha gore ba nne le boitshepo le
nonofo mo puong e ba e buang. Bokgoni jo, ka jalo, bo tswelela go godisiwa gore baithuti ba tokafatse
bokgoni jwa bone jwa go bua, mme ba tsibogele dipharologano tsa setso, mme ba ithute go bona mosola wa
dipuodintsi/ditementsi.
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla tshedimosetso/kitso le go ijesa monate, mme a arabele, ka
go sekaseka, bontle le botaki, setso le botlhokwa jwa dielo tsa botshelo tse a di fitlhelang mo merabeng.
Go buisa dikwalo tsa boammaaruri le tsa maitlhomo tsa Aforika Borwa le tsa bodithathaba, go botlhokwa mo
kgodisong ya maikutlo, mo tlhabololong ya puo, mo bokgoning jwa go buisa le go kwala, go tlhaloganya dielo
tsa botshelo, le go ijesa monate.
Kgato ya Magareng
65
Puo ya Gae
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaruri le ya maitlhomo a e
kwalela mabaka a a farologaneng.
Baithuti ba tswelela go godisa bokgoni jwa bona jwa go kwalela mabaka le babogedi/babuisi/bareetsi ba ba
farologaneng. Ba simolola go tlhabolola le go rulaganya dikakanyo ka tshwanelo mo merabeng ya boammaaruri
le ya boitlhamedi ka go sala morago dikgato tsa tsamaiso ya go kwala.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka, go fitlhelela, le go tlhotlha tshedimosetso,
gore morago a dirise kitso e go ithuta.
Bokgoni jwa go akanya, re akaretsa 'go akanya ka ga go akanya' (metacognition) le letheresi ya tshedimosetso,
di botlhokwa mo tirong yotlhe ya kharikhulamo le mo katlegong ya thuto. Bo tshwanetse go rutiwa ka
mokgwa o o lomaganeng ka tiriso ya ditiro tsa go rarabolola mathata ka mabaka a a tlhaloganyesegang e bile a
le botlhokwa mo thutong. Mo dikarolong tse di latelang, re naya Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Polelothuto nngwe le
nngwe, mme re di naya ka kereiti ka kereiti. Gape re neelana ka dikao tsa meraba e e ka dirisiwang go ithuta
puo ka mokgwa o o lomaganeng.
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla batlisisa gore puo e dira jang, mme ba godisa puo e ba e abelanang ya go bua ka ga puo (puo-kaga-
puo/'metalanguage'), gore ba tle ba kgone go sekaseka meraba ya bona le e mengwe tebang le bokao,
nonofo le nepagalo. Gape, ba tla kgona go dirisa kitso e go lekeletsa go bopa bokao (go tswa mo mafokong le
mo dipolelong go fitlha ka meraba yotlhe) ka puo, le gore ba bone ka moo moraba le tiriso di tsamaelanang ka
teng. Ba tla lemoga ka moo puo e fetogang le dinako le fa e kopana le ditso tse dingwe ka teng, le ka moo e
fetogang ka teng mo mabakeng a a farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Magareng
66
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 4 - 6
Kereiti ya 4
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
Motlotlo:
_ Dipuisano
_ Dipuo
_ Maboko
_ Mmino wa ditemana
_ Dikanedi (sekao: dianelaphologolo, dikahisetori, dikgang)
_ Dipegelo tsa ditiragalo
_ Metlae, dithamalakwane le maboko a a nang le mela e metlhano e bile a na le metlae/limeriki
_ Tsa bosa
_ Dipotsolotso
_ Dipuisano tse khutshwane
_ Dipina
_ Metshameko ya mafoko
_ Ditaelo (sekao: tsa metshameko)
_ Dikaelo
Go kwala/Go bogela:
_ Maboko
_ Dikgang
_ Dipegelo (sekao: boneteshi, tsa bosa, kotsi, tsa metshameko)
_ Dikanedi (sekao: dianelaphologolo, dikahisetori, dikgang)
_ Ditsamaiso (sekao: meapeo/diresepi, ditaelo)
_ Dikhomiki le dikhathuni
_ Makwalo
_ Dibukatsatsi
_ Ditaelo
_ Metswedi/Dibukatshedimosetso (sekao: dithanodi, ensaetlelopedia)
_ Dibukathuto (go tswa dikarolothutong tse di farologaneng)
_ Ditshwantsho tse di thadilweng
_ Dikerafo tsa bara
_ Dithate kgotsa dipapetlana
_ Dikarata tsa dikakanyo
_ Mebepe/Dimmapa
Kgato ya Magareng
67
Puo ya Gae
Kereiti ya 4
Meraba e e tshikhinngwang
Bobegakgang-bontsi:
_ Diterama tsa bana tsa thelebiene
_ Dikhathuni tsa thelebiene
_ Dipapatso tsa thelebiene
_ Dikhompiutara kgotsa diCD-romo (fa di le teng)
_ Ditiragatso
_ Dipapatso
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Magareng
68
Kereiti ya 5
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
Motlotlo:
_ Dipuo
_ Metshameko ya radio
_ Maboko a molomo (sekao; direto, dibalate)
_ Dikanedi (jaaka, ditori/dikgang, dianelaphologolo, dianelalebopo, dikahisetori)
_ Ditaelo
_ Dikaelo
_ Dikgang
_ Dipegelo - tsa bosa, tsa metshameko, jalo jalo.
_ Dipina tsa dikhwaere
_ Metlotlo/Ditlhatlhelelo tse dikhutshwane
_ Dingangisano
_ Metshameko
_ Metlae, dikhutshwe tse di metlae
Go kwala/Go bogela:
_ Maboko
_ Dikanedi (sekao: dikanedi, dianelaphologolo, dianelalebopo, dikahisetoi)
_ Makwalo
_ Ditshekatsheko tsa dibuka
_ Dibukatsatsi
_ Dijenale
_ Ditsamaiso (sekao: ditaelo, diresepi)
_ Dipegelo
_ Metswedi/Dibukatshedimosetso (sekao: dithanodi, ensaetlelopedia)
_ Dibukathuto (tsa dikarolothuto tse di farologaneng)
_ Dipousetara (Dikaratapepentsho)
_ Ditshwantsho (Dinepe)
_ Dikerafo
_ Ditheibole (Mealo)
_ Dikarata tsa dikakanyo
_ Diralo
Kgato ya Magareng
69
Puo ya Gae
Kereiti ya 5
Meraba e e tshikhinngwang
Bobegakgang-bontsi:
_ Terama ya thelebiene
_ Difilimi
_ Dikhathuni tsa thelebiene
_ Dikhompiutara, Inthanete le diCD-romo (fa di le teng)
_ Ditiragatso
_ Dipontsho
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Kgato ya Magareng
70
Kereiti ya 6
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
Motlotlo:
_ Dipuisano
_ Dikopano
_ Dikganetsano
_ Dikhutshwe
_ Metshameko (sekao: khomedi, tlaopo/tshotlo (satire))
_ Dipuisano tsa radio
_ Dikgang
_ Ditaelo
_ Dikaelo
_ Dithanolo
_ Poko ya molomo/puiso ya poko (sekao: poko ya bogologolo, direto)
_ Dikgang tsa nnete (anecdote)
_ Ditherisano
Go kwala:
_ Lephelo (biography)
_ Dipadi
_ Dikhutshwe
_ Diteramakhutshwane
_ Maboko
_ Diathikele tsa makwalodikgang le dimakasine
_ Dipegelo (sekao: tsa bosenyi, dikotsi, tsa metshameko)
_ Ditsamaiso (meapeo/diresepi, ditaelo)
_ Dikaelo
_ Metswedi/Dibukatshedimosetso (sekao: dithanodi, ensaetlelopedia)
_ Dibukathuto (go tswa dikarolothutong tse di farologaneng)
_ Dipapatso
_ Difoto
_ Dikerafo - mefuta e e farologaneng.
_ Ditheibole
_ Dithate
_ Ditshwantsho
_ Mebepe/Dimmapa
Kgato ya Magareng
71
Puo ya Gae
Kereiti ya 6
Meraba e e tshikhinngwang
Bobegakgang-bontsi:
_ Difilimi le baesekopo
_ Mananeo a a faphegileng a ditiragalo tsa botshelo (documentaries)
_ Dikhathunu
_ Mananeo a thelebiene (sekao: khomedi/metlae, tlaopo)
_ Dipapatso a thelebiene
_ Dikhompiutara, Inthanete, diCD-rom (fa di le teng)
_ Ditiragatso
_ Dipontsho
Kereiti ya R
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
72
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa
tshedimosetso le go ijesa monate,
mme a arabe sentle le ka go
sekaseka mo mabakeng/maemong a a
farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Itumelela go reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba
ya molomo mme a araba ka tshwanelo, jaaka,
dikanedi, dianelaphologolo, dipegelo tse
dikhutshwane.
_ Tlhalosa kakanyokgolo le dintlha tse di rileng tsa
moraba, mme a di golaganya le maitemogelo a gagwe
a botshelo.
_ Tlhalosa tiriso ya mafoko, dikapolelo le puo ya mmele
ya sebui le gore di ama moreetsi jang. (sekao: o ne wa
ikutlwa jang morago ga go reetsa sebui? Ke eng se a
se buileng/dirileng se se dirileng gore o ikutlwe jalo?)
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 1 Dielo tsa Tlhatlhobo
73
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Itumelela go reetsa mefuta e e farologaneng ya
meraba ya molomo, jaaka, dikanedi,
dianelalebopo, dikopelo tsa dikhwaere, metlae le
dithamalakwane, le metshameko e mekhutshwane
a bo a araba ka tshwanelo.
_ Lemoga molaetsamogolo le merero/dithitokgang
mo merabeng ya molomo a bo a e golaganya le
botshelo jwa letsatsi le letsatsi.
_ Lemoga diponagalo tsa meraba ya molomo
(popego, puo, segalo, mmuo, jalo jalo) tse di
dirang gore e tshwanele mabaka a a farologaneng
le bareetsi/babuisi/babogedi ba ba farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Itumelela go reetsa le go araba ka go sekaseka,
mefuta e e farologaneng ya meraba ya molomo,
jaaka, dikanedi, dikahisetori, dingangisano,
maboko, metshameko le dipuo.
_ Lemoga merero/dithitokgang, a bo a botsa
dipotso, mme a golaganya dikakanyo le
maitemogelo a gagwe a botshelo.
_ Lemoga a bo a tlhalosa diponagalokgolo di
tshwana le tiriso, puo ya mmele ya sebui, diteng,
mmuo le tlhopho ya mafoko, mme a:
 Tlhalosa gore di ama moreetsi jang le gore
goreng?
 Tlhalosa ka moo diponagalo tse di ka fetogang
ka teng mabapi le mabaka le bareetsi ba ba
farologaneng;
 Tlhalosa ka moo diponagalo tse di bayang
sebui le moreetsi (malebana le bolaodi le maatla,
maikutlo tebang le baanelwa, jj.) ka teng;
 Lemoga a bo a tlhalosa ka moo ditemana di
bopiwang ka teng le gore di ama moreetsi jang
(jaaka, Ka moo moanelwamogolo a
tshwantshiwang ka teng? Se se dira gore o
ikutlwe jang? A batho ba ntse jaana mo
botshelong jwa nnete?)
_ Anaanela ka kamego ya modumo le dibogelwa, di
tshwana le, moribo, ........poeletso, poeletso ya
ditumammogo, maetsi (onomatopia),
tshwantshanyo.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
74
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa
tshedimosetso le go ijesa monate,
mme a arabe sentle le ka go
sekaseka mo mabakeng/maemong a a
farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhalosa ka moo segalo le tlhopho ya sebui ya mafoko
e fetogang ka teng, fa se bua le bareetsi le fa a batla go
gatelela lebaka le le rileng.
_ Bua ka ditshwantsho tsa medumo le tsa mafoko tse di
fitlhelwang mo puong a bo a anaanele ka gore di
amang moreetsi jang.
_ Theeletsa tshedimosetso e e mo mefuteng e e
farologaneng ya meraba e tshwana le dipegelo,
dikitsiso tsa sekolo, dipotsolotso, jalo jalo, e bile a
gakologelwa dikakanyo tsa botlhokwa kgotsa dintlha
tse di rileng, mme a arabe ka tshwanelo.
_ Diragatsa ditaelo e bile a sala dikaelo morago.
_ Reetsa metlotlo le dipuisano ka matlhagatlhaga a
bontsha tlotlo le bosisi tebang le maikutlo a ba
bangwe, e bile a itumelela tebelelo ya ba bangwe.
_ Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso, mekgwa
le dipelaelo mo merabeng ya molomo (jaaka, A
malapa otlhe a na le rre, mme le bana? A go na le
mefuta e mengwe ya malapa?)
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 1
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
75
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhalosa ka moo puo e dirisiwang ka teng go bopa
maikutlo a maemo a a renang (atmosphere)......
_ Reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya
tshedimosetso (dikaelo, ditaelo, dipuo, dipuisano
tsa radio, ditiragalo tsa botshelo tsa thelebiene), a
nongonanongona....... dintlha tsa botlhokwa
kgotsa dintlha tse di kgethegileng, mme a dirisa
tshedimosetso eo ka tshwanelo.
_ Reetsa ka matlhagatlhaga a etse tlhoko tebelelo
kgotsa dikakanyo tsa ba bangwe, mme a arabela
dikakanyo le ditlhagiso tsa bona ka masisi.
_ Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso,
mekgwa le dipelaelo mo merabeng ya molomo, a
bo a anaanela ka ga se se tsentsweng le se se sa
tsenngwang (jaaka, A molaetsa wa kanedi o
boammaaruri mo mabakeng otlhe? Ke
mabaka/maemo afe a go sa akanngwang ka ona
mo kaneding e?)
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya
tshedimosetso (dingangisano, dithanolo, dipegelo,
ditiragalo tsa botshelo tsa mo thelebieneng,
khutshwafatsa dikakanyokgolo, e bile a
nongonanongona dintlha tse di kgethegileng ka
tshwanelo.
_ Reetsa ka matlhagatlhaga a etse tlhoko tebelelo
kgotsa dikakanyo tsa ba bangwe, mme a amogela
dikakanyo tse di farologanang le tsa gagwe, a bo a
araba ka tshwanelo mo mabakeng otlhe.
_ Tlhalosa dielo tsa loago, maitshwaro le setso,
mekgwa le dipelaelo a bo a anaanela ka moo di
tlhalosiwang ka teng mo morabeng (jaaka, A go
na le ditemalo...... mo morabeng?)
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le ge buisana
ka go itshepa le ka nonofo mo
mabakeng a a farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
76
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Bolelela bareetsi ba ba farologaneng maitemogelo,
dikakanyo le tshedimosetso kgotsa kitso mo maemong
a a farologaneng, le gona a di buela mabaka a a
farologaneng, ka go:
 Dirisa puo ka bolokologi, a e dirisetsa go buisana le
batho mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi;
 Dirisa puo go tlhalosa dilo tsa maitlhomo, (jaaka, go
anela kgang, go boka leboko kgotsa go etsisa
tiragalo kgotsa maemo a a rileng);
 Abelana dikakanyo le go fa dikgopolo ka ga
ditlhogo tsa maitemogelo a gagwe;
 Gakologelwa le go tlhalosa ditiragalo di le mmalwa;
 Neelana ka dikaelo kgotsa ditaelo;
 Botsa a bo a araba dipotso;
 Tlhalosa a bo a tshwantshanya/bapisa dikakanyo le
dikgolo tsa gagwe le tsa ba bangwe.
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 2 Dielo tsa Tlhatlhobo
77
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Bolelela bareetsi ba ba farologaneng maitemogelo,
dikakanyo le tshedimosetso kgotsa kitso mo
maemong a a gwetlhang le a a farologaneng, le
gona a di buela mabaka a a farologaneng, ka go:
 Dirisa puo ka go akanya, a e dirisetsa go
buisana le batho mo metlotlong ya letsatsi le
letsatsi (jaaka, a akgola ditiro tse dintle tsa
mongwe, a sa dumalane le mongwe);
 Dirisa puo go tlhalosa dilo tsa maitlhomo,
(jaaka, go tlhalosa maikutlo le dikakanyo, go
diragatsa kgotsa go etsisa tiragalo);
 Abelana dikakanyo le go fa dikgopolo ka ga
ditlhogo tse di sa tlwaelegang le ditiragalo, a
akanyetsa kgotsa a fopholetsa e bile a bopa
karabo e e sa solofelwang;
 Tlhalosa ditiragalo, a neela ka dikarabo, e bile a
fa dikaelo sentle le ka mokgwa o o
tlhaloganyesegang;
 Botsa dipotso tse di botlhokwa tse di batlang
tshekatsheko, di se na dikarabo tse di bonwang
bonolo, mme a kgona go araba ka go akanya
pele;
 Tlhalosa a bo a emela dikakanyo tsa gagwe ka
mabaka.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Bolelela bareetsi ba ba farologaneng
maitemogelo, dikakanyo tse di matswakabele le
tshedimosetso kgotsa kitso mo maemong a a
gwetlhang thata le a a farologaneng, le gona a di
buela mabaka a a farologaneng, ka go:
 Dirisa puo go buisana le batho, ka go go supa
maikutlo le go ipatlisisa (jaaka, go bua ka
maikutlo le phegelelo (aspiration);
 Dirisa puo go tlhalosa dilo tsa botlhami le tsa
maitlhomo, (jaaka, maboko, tsibogelo ya
mmino);
 Abelana dikakanyo le go fa dikgopolo ka ga
ditlhogo tse di gwetlhang ka mokgwa o o
logaganeng, o o tshwaraganeng e bile o
rulagane (jaaka, ditlhagiso tsa
dipapetlanapepentsho (diphousetara), dipegelo,
dingangisano);
 Botsa a bo a araba dipotso tse di gwetlhang;
 Godisa metlotlo e e nang le dintlha e bile e na
le mabaka a go netefatsa dikakanyo.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le ge buisana
ka go itshepa le ka nonofo mo
mabakeng a a farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
78
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa bokgoni le ditogamaano tsa kgolagano tsa go
dira mo ditlhopheng:
 Go fana sebaka;
 Go dirisa dintlha tse di golaganang le setlhogo;
 Go botsa dipotso tse di maleba;
 Go tshola metlotlo e tswelela sentle;
 Go arabela dikarabo tsa ba bangwe ka
kutlwelobotlhoko le ka tlotlo;
 Go arabela ka go lekalekana le gona ka mabaka;
 Go dirisa segalo le ditshupetso tsa sefatlhego tse di
tshwanelang;
 Go supetsa ditokololo tse dingwe tsa setlhopha tlotlo.
_ Dirisa puo e e tshwanelang ya mmele le bokgoni jwa
tlhagiso, ka go:
 Lebelela motho mo matlhong le go fokotsa go
tsetsenega (fidgeting);
 Dirisa ditshupetso tsa mmele le tsa sefatlhego, tse di
tshwanelang;
 Dirisa modumo o o utlwalang sentle wa lentswe, ka
dikgaotso tse di tshwanetseng, mme a bua ka lebelo
le le lekanetseng.
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 2
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
79
Kereiti ya 6
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa ditogamaano tsa kgolagano go bua ka
nonofo mo mabakeng a ditlhopha:
 Go fana sebaka, a akanya go ya ka setlhogo, a
botsa dipotso tse di maleba, a tshola metlotlo e
tswelela sentle, e bile a arabela dikakanyo tsa
ba bangwe ka kutlwelobotlhoko le ka tlotlo;
 Go arabela ka go lekalekana le gona ka
mabaka;
 Go dirisa segalo le ditshupetso tsa sefatlhego
tse di tshwanelang;
 Go bontsha masisi tebang le ditshwanelo le
maikutlo a ba bangwe fa ba tshwaragane le tiro
ya setlhopha.
_ Dirisa puo e e tshwanelang ya mmele le bokgoni
jwa tlhagiso, ka go:
 Sutasutisa tebo ya matlho go akaretsa bontsi jo
bo kgonagalang jwa bareetsi;
 Dirisa ditshupetso tsa mmele le tsa sefatlhego,
tse di tshwanelang;
 Lekanyetsa lebelo le modumo ka maiteko a go
gatelela;
 Kgaotsa fa go tshwanetseng a bo a lekanyetsa
lebelo go ya ka ditlhokego tsa bareetsi.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa bokgoni jwa kgolagano mo mabakeng a
ditlho:
 Go latela melawana tebang le kgolagano ya go
dira mo ditlhopheng;
 Go fana ka dikarabo tse di lekalekanang, di
tlhabosa e bile di na le mabaka;
 Go bontsha masisi tebang le dipharologano tsa
seloago le setso (jaaka, a dumalana e bile a
dirisa puo e e farologaneng, maitemogelo,
dikao);
 Dirisa puo e e botlhale (ya sedipolomatiki) mo
maemong a go renang kgotlhang mo go ona.
_ Dirisa bokgoni jwa tlhagiso le puo ya mmele, ka
go:
 Se huralele bareetsi;
 Farologanya modumo, segalo le lebelo la
lentswe go gatelela le go dira gore a utlwagale;
 Itlhatlhoba ka tlhagiso le bokgoni jwa gagwe, e
bile a leka go tokafatsa makoa a a a
lemogileng.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
GO BUA
Moithuti o kgona go bua le ge buisana
ka go itshepa le ka nonofo mo
mabakeng a a farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
80
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa mafoko le dipopego tse di tshwanetseng mo
bareetsing le mabakeng a a farologaneng:
 Dirisa puo ka tlhwaafalo (mmuo) e e tshwanelang
mabaka a a farologaneng (segalo, tlhopho ya
mafoko le setaele, puo ya mmele);
 Dirisa puo e e tshwanelang fa a tlhalosa boikobo mo
loagong/sethabeng (maitato/maitshwarelo, dikopo,
malebo, tshegetso);
 Naya e bile a leka go itlhokomolosa tiriso e e
sotlang le e tlhaolang ya puo.
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 2
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
81
Puo ya Gae
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo e e tshwanetseng mo bareetsing le mo
mabakeng a a farologaneng:
 Dirisa puo ka mmuo o o tshwanelang mo
mabakeng a a sa tlwaelegang thata;
 Dirisa dipopego tsa thutapuo le mmuo o o
tshwanelang mabaka;
 Dirisa puo ka kelotlhoko go tlhalosa maikutlo a
a matswakabele mme a tlwaelegile, jaaka,
tenego, pelokhutshwane, kutlwelobotlhoko,
kgatlhego;
 Lemoga a bo a gwetlha tiriso e e sotlang le e e
tlhaolang ya puo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo e e tshwanetseng mo bareetsing le mo
mabakeng a a farologaneng:
 Dirisa puo ka mmuo o o tshwanelang mo
mabakeng a a gwetlhang le a a sa tlwaelegang
thata, e bile a bontsha gore o lemoga bareetsi ba
ba farologaneng;
 Dirisa puo mo mabakeng a a farologaneng,
jaaka, a go tlhotlheletsa, go ngangisana, go
rotloetsa le go ikgolaganya le bangwe;
 Tlhagisa tiriso ya marefosi boemong jwa tiriso
e e tlhaolang ya puo.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Kereiti ya R
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka dielo
tsa bontle le botaki, setso le maikutlo
tse a di fitlhelang mo merabeng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
82
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Buisetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo ya Aforika Borwa le ya
Bosethabathaba mabaka a a farologaneng (jaaka,
maboko, dikanedi, dianelalebopo, dibukana,
dibukatshedimosetso le dibukathuto, jj):
 Buisa e bile a dirisa ditogamaano tse di
farologaneng tsa go buisa le tsa tekatlhaloganyo ka
bolokologi mo mabakeng a a farologaneng;
 Okola (skims) kakanyokakaretso;
 Latlhela bofofu (scan) a batla dintlha;
 Batlisisa tsebe ya diteng, ditlhogo, tshupane go bona
dintlhakakaretso;
 Akanyetsa kwa pele, a dirisa ditshwantshetso tsa mo
tirisong go tlhomamisa bokao, le go lemoga
ditlhaelo;
 Buisetsa kwa godimo a utlwala e bile a itlhalosa
sentle.
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 3 Dielo tsa Tlhatlhobo
83
Kereiti ya 6
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Buisetsa mefuta e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo ya Aforika Borwa
le ya Bosethabathaba mabaka a a farologaneng
(jaaka, maboko, ditshekatsheko tsa dibuka,
dipatsana, lekwalokgang, dibukatshedimosetso, jj):
 Buisa e bile a dirisa ditogamaano tse di
farologaneng tsa go buisa le tsa tekatlhaloganyo
ka bolokologi mo mabakeng a a farologaneng;
 Okola (skims) kakanyokakaretso;
 Latlhela bofofu (scan) a batla dintlha;
 Batlisisa tsebe ya diteng, ditlhogo le tshupane;
 Dirisa kitso ya pele kgotsa ditshwantshetso tsa
meraba go tlhomamisa bokao, go lemoga
ditlhaelo;
 Akanetsa diteng le bokhutlo kwa pele;
 Bopa dimmapa tsa dikanedi (story maps)
kgotsa a nongonanongona dintlha tsa
botlhokwa go tlhaloganya sentle;
 Buisetswa kwa godimo a utlwala e bile a
lekanyetsa lebelo go ya ka mabaka le bareetsi.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Buisa mefuta e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo ya Aforika Borwa
le ya Bosethabathaba (jaaka, dijenale, maboko,
dipadi, metshameko e mekhutshwane, dikuranta
(makwalodikgang) dibukathuto, jj):
 Buisetsa kwa godimo le ka setu, a lekanyetsa
ditogamaano tsa go buisa go tsamaelana le
mabaka le bareetsi;
 Dirisa ditogamaano tse di tshwanelang tsa go
buisa le tsa tekatlhaloganyo (tsa go, okola le go
latlhela bofofu, go akanyetsa pele;
ditshwantshetso tsa mo tirisong (contextual
clues), temogo ya ditlhaelo, tlhokomela gore o
a tlhaloganyana, jj.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
84
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka dielo
tsa bontle le botaki, setso le maikutlo
tse a di fitlhelang mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e farologaneng
e e bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo
mabakeng a a farologaneng (e.g. ditshwantsho,
dipapetlanapepentsho, dikhathunu, dikhompiutara le
diCD-romo fa di le teng, jj):
 Ranola molaetsa;
 Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dikerafo,
jaaka, mmala, bobopi/moakanyetso, tlhopho ya
dipono, jj. Le ka moo di amang molaetsa o o
senogang;
 Tlhalosa maikutlo ka ga moraba (wa boammaaruri
kgotsa wa dikwalo, o o bogelwang kgotsa wa
bobegakgang-bontsi);
 Tlhalosa ka moo tlhopho ya puo le diponagalo tsa
dikerafo di amang ditshwetso tsa mmuisi ka teng;
 Itemogela mabaka a a tlhaelang tebang le ditiragalo
mo kaneding;
 Tlhaloganya tlotlofoko a bo a tlhalosa tlhopho ya
mafoko, botshwantshi le mosola wa modumo mo
mabokong, dikaneding le mo merabeng ya
bobegakgang-bontsi (jaaka, moribo, morumo,
poapoeletso ya ditumammogo, ditshwantsho tsa
mafoko, tshegiso);
 Lemoga dipopego tse di farologaneng, tiriso ya puo,
mabaka le bareetsi/babogedi/babuisi ba meraba:
 Lemoga mabaka a a farologaneng a meraba (jaaka,
dipuo, dikanedi, maboko, dipapatso);
 Lemoga ka moo meraba e rulaganngwang ka teng.
 Lemoga ka moo puo le mmuo (maemo a
tlhwaafalo) o farologanang go ya ka mabaka le ka
bareetsi ka teng;
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
85
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e
farologaneng e e bogelwang le ya bobegakgangbontsi
mo mabakeng a a farologaneng (e.g.
dipapatso, dividio/difilimi, diterama tsa
thelebiene, fa di le teng, dikhompiutara le
diCD-romo jj):
 Tlhalosa molaetsa o o senolwang;
 Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dikerafo,
jaaka, mmala, tlhopho ya dipono, mefuta le
bogolo jwa ditlhaka, dikai, boalo-thulaganyo
(layout) jj;
 Tlhalosa a bo a sekaseka maikutlo a gagwe ka
ga moraba;
 Tlhalosa ka moo bakwadi le bataki ba
dibogelwa ba golaganang le babuisi ba bona ka
mekgwa e e farologaneng ka teng, le ka moo ba
bopang dikakanyo tse di farologaneng tsa
lefatshe ka teng, ba dirisa diponagalo tsa puo le
tse di bogelwang;
 Bontsha gore o tlhaloganya moraba wa
maitlhomo, ka go:
??Tlhalosa kakanyokgolo, poloto, maitshetlego,
mowa o o renang (atmosphere) le baanelwa,
??Lemoga ditlhaelo ka ga poloto le baanelwa,
??Tlhalosa merero/dithitokgang le mathata a bo
a neelane ka dikakanyo tse di tshegeditsweng
ka mabaka.
 Tlhaloganya tlotlofoko a bo a tlhalosa ka moo
bakwadi ba dirisitseng puo go ama
bareetsi/babuisi ka teng (Tshwantshanyo,
moribo, maetsatumo (onomatopia));
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Bogela a bo a anaanela ka ga meraba e e e e
bogelwang le ya bobegakgang-bontsi mo
mabakeng a a farologaneng (e.g. difoto, dipapatso
tsa thelebiene, diterama le mananeo a ditiragalo
tsa botshelo, inthanete le diCD-romo, (fa di le
teng) jj):
 Ranola a bo a tlhalosa molaetsa o o senolwang;
 Lemoga a bo a tlhalosa ditegeniki tsa dipone le
tsa modumo, tlhopho ya meriti (images),
dikhutlo tsa khemera, sebopego le bobopi
(moakanyetso), dikerafiki, jj. Le ka moo di
amang mmogedi ka teng;
 Tlhalosa thanolo le dikarabo tebang le moraba
ka kakaretso, mme a naya mabaka a ikaegile ka
moraba kgotsa ka maitemogelo a gagwe;
 Tlhalosa ka moo ditegeniki tse di dirisitsweng
ke bakwadi le babopadikerafiki (graphic
designers) le batsayadifoto di bopang
dikakanyo kgotsa dikgopolo tsa lefatshe le
maemo a mmuisi ka mekgwa e e farologaneng
ka teng;
 Bontsha gore o tlhaloganya moraba, le gore o
golagana jang le botshelo jwa gagwe, gore
lebaka la ona le mesola ya ona ke eng ka go:
??Tlhalosa merero/dithitokgang, poloto,
maitshetlego, le baanelwa (boanedi).
 Tlhalosa tebelelo ya mokwadi, ka moo bokao
bo tlhamilweng ka teng, le ka maemo a mmuisi
a beilweng mo go ona, (jaaka, A mokwadi o
anela kgang jaaka mmogedi kgotsa jaaka
mo-na-le-seabe? O ikutlwa jang mabapi le
moanelwamogolo? A o mo utlwela botlhoko
kgotsa o a mo nyatsa? Mokwadi o dira jang
gore o ikutlwe jalo?);
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
86
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka dielo
tsa bontle le botaki, setso le maikutlo
tse a di fitlhelang mo merabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
 Lemoga puo e e dirisiwang mo mefuteng e e
farologaneng ya meraba (puo-sebui mo
dianelaphologolong, latelanya mafoko mo
ditsamaisong, puo ya tirwa mo dipegelong, jj.);
 Lemoga le go tlhalosa dielo tsa setso, loago,
tikologo le botho mo merabeng (jaaka, molaetsa wa
kanedi le bomosola jwa ona mo mabakeng a a
farologaneng, merero ya itekanelo le tekatekano
mabapi le maemo a a farologaneng le baanelwa, jj.)
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
87
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
 Lemoga dipopego tse di farologaneng, tiriso ya
puo, mabaka le bareetsi/babogedi/babuisi ba
meraba e e farologaneng:
??Lemoga ka moo mefuta e e farologaneng ya
meraba e rulagantsweng ka teng (jaaka,
dianelaphologolo, makwalo, ditshekatsheko
tsa dibuka),
??Lemoga gore mefuta e e farologaneng ya
dikwalwa (jaaka, dikwalo tsa maitlhomo,
dikanedi tsa meka (mystery stories), jj.),
??Lemoga mabaka a a farologaneng a meraba a
bo a sekaseka ka moo puo le mmuo o
farologanang go ya ka mabaka le ka bareetsi
ka teng.
 Lemoga le go tlhalosa dielo tsa setso, loago le
tikologo mo merabeng ka go:
??Lemoga a bo a tlhalosa tebelo le mabaka a e
a dirisediwang, mmogo le ka moo e amang
bareetsi ka teng,
??Lemoga a bo a tlhalosa ditemalo tse di
farologaneng le ka moo di agiwang ka teng,
??Tlhalosa a bo a bapisa ka moo bakwadi ba ba
farologaneng ba tlhalosang merero kgotsa
mathata a seloago le setso ka teng ka
ditlhogo tse di farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
 Lemoga a bo a tlhalosa dipopego tse di
farologaneng, tiriso ya puo, mabaka le
bareetsi/babogedi/babuisi ba mefuta e e
farologaneng ya meraba:
??Lemoga a bo a tlhatlhoba mofuta le go nna
maleba ga puo le mmuo wa moraba gore a o
tshwanelang bareetsi,
??Lemoga a bo a sekaseka diponagalo tsa
mefutakwalo e e farologaneng kgotsa mefuta
ya meraba (jaaka, melawana le thulaganyo e
e dirisiwang mo mefuteng e e farologaneng
ya maboko, lephelo, diathikele tse di
farologaneng tsa dikuranta, jj.).
 Lemoga le go sekaseka dielo tsa setso le tsa
loago mo merabeng ka go:
??Ranola melaetsa ya mokwadi e e fitlhilweng
ka bomo le e seng ka bomo,
??Lemoga ditebelo tse di farologaneng mo
morabeng o o matswakabele a bo a neye
ditebelo (perspectives) tsa gagwe a ikaegile
ka tshedimosetso e e mo morabeng,
??Tlhalosa go farologana ga dielo tsa setso le
seloago mo merabeng.
 Sekaseka kamego ya lonyatso le ditemalo, a bo
a tlhalosa ka moo di ka gwetlhiwang ka teng tsa
bo tsa fetolwa, mme a ntshe dikakanyo tsa
gagwe ka mabaka.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
88
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buisa le go
bogela a batla kitso le go ijesa monate,
mme a arabe ka go sekaseka dielo
tsa bontle le botaki, setso le maikutlo
tse a di fitlhelang mo morabeng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhaloganya a bo a araba ka tshwanelo tebang le
meraba ya tshedimosetso:
 Lemoga dikakanyokgolo le dikakanyo tse di
tshegetsang;
 Latlhela bofofu tebang le dintlha tse di rileng mo
merabeng, jaaka, dipegelo tsa bosa, mananeo a
dibese, dimmapa, jj.;
 Sala dikaelo le ditaelo tse dikhutshwane tse di
gatisitsweng morago;
 Ranola meraba e e bogelwang e e bonolo (mananeo,
dithate, dipapetlanapepentsho, dikerafo, dimmapa)
e bile a ka fetola moraba go tswa mo sebopegong se
se rileng go ya go se sengwe. (jaaka, kerafo go ya
go kerafo-tlhalosi (explanatory graph);
 Tlhopha meraba e e maleba go ipatlela
tshedimosetso, jaaka, dithanodi, diensaetlelopedia le
dibukatshedimosetso.
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
89
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhaloganya a bo a araba ka tshwanelo tebang le
meraba ya tshedimosetso:
 Lemoga dikakanyokgolo le dikakanyo tse di
tshegetsang, a nongonanongone dintlha tse di
rileng a bo a sosobanya kitso kgotsa
tshedimosetso e a e boneng;
 Buisa a bo a diragatsa ditaelo tse di
matswakabelenyana, e bile a sala dikaelo
morago ka thuso e nnyennyane;
 Ranola a bo tlhalosa meraba e e bogelwang e e
matswakabele (jaaka, mananeo, dithate,
dipapetlanapepentsho, dikerafo, dimmapa) e
bile a ka fetola moraba go tswa mo sebopegong
se se rileng go ya go se sengwe. (jaaka,
thulaganyo ya tshedimosetso a;
 Tlhopha meraba e e maleba a bo a dirisa
bokgoni jwa go tlhotlhomisa, go bona
tshedimosetso mo dithanoding,
dibukatshedimosetsong le dibukathutong go
tswa mo metsweding ya sethaba kgotsa mo
bobegakgannye jwa seileketeroniki (fa bo le
teng).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhaloganya a bo a dirisa meraba ya
tshedimosetso ka tshwanelo:
 Sosobanya dikakanyokgolo le dikakanyo tse di
tshegetsang;
 Tlhopha a bo a rekota tshedimosetso e e maleba
ka tshwanelo;
 Sala ditaelo le dikaelo tse di
matswakabelenyana morago ka bolokologi;
 Ranola a bo sekaseka dintlha tsa meraba ya
kerafo a le esi (dimmapa, le dikerafo tsa mola,
dikerafo tsa ditlhomeso le diphaethate) a bo a
fetise tshedimosetso go tswa mo mmopong
(sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe;
 Tlhopha meraba e e maleba go tswa mo
metsweding e e farologaneng a e dirisetsa
ditlhokego tsa gagwe le tsa tshedimosetso,
jaaka mo baaging ba a phela le bona le ka
bobegakga jwa seileketoroniki (fa bo le teng).
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
90
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala mefuta
e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo a
kwalela mabaka a a farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala mefuta e e farologaneng ya meraba, a e kwalela
babuisi le mabaka a a farologaneng:
 Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola, a
go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le botlhami
(sekao: makwalo, ditemana tse di tlhalosang,
dilimeriki, jj.);
 Kwalela babuisi/babogedi ba ba farologaneng,
meraba ya tshedimosetso e e tlhagisang dikakanyo
tse di sedifetseng (sekao: dipegelo tse
dikhutshwane, ditaelo, jj.);
 Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi ba ba
farologaneng meraba e e farologaneng ya
bobegakgang (jaaka, karatapepentsho, Dikhathunu,
dibukana tse di bonolo);
 Fetola tshedimosetso go tswa mo mmopong
(sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe (jaaka,
meraba e e kwadilweng e fetolelwa mo
ditheiboleng, jj.).
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 4 Dielo tsa Tlhatlhobo
91
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala mefuta e e farologaneng ya meraba a e
kwalela babuisi le mabaka a a farologaneng:
 Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go utulola,
a go tshameka, a go tlhagisa maitlhomo le
botlhami (sekao: bukatsatsi, dikanedinyana tsa
metlae, dikanedi, maboko, jj.);
 Kwalela babuisi/babogedi ba ba farologaneng,
meraba ya tshedimosetso e e tlhagisang
dikakanyo tse di sedifetseng ka thulagano e ntle
(sekao: dikitsiso, dipegelo);
 Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi meraba
e e bogelwang a tlhalosa tshedimosetso ka mo
kgwa o o sedifetseng le ka bokgabale (jaaka,
dipapatso, makwalokgang, mmapa o o nang le
ditshwantsho le dileibole, jj.);
 Fetola tshedimosetso go tswa mo mmopong
(sebopegong) o o rileng go ya go o mongwe
(jaaka, tshedimosetso e fetolwa go tswa mo
theiboleng go ya mo temaneng kgotsa mo
kerafong, jj.).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala mefuta e e farologaneng ya meraba a e
kwalela babuisi le mabaka a a farologaneng:
 Kwalela mabaka a sebele sa gagwe, a go
utulola, a go tshameka, a go tlhagisa
maitlhomo le botlhami (sekao: dijenale,
maboko, dianelalebopo, mmuisano, ditlhamo
tsa ngangisano, jj.);
 Kwalela babuisi/babogedi ba ba farologaneng,
meraba ya tshedimosetso e e tlha- gisang
dikakanyo tse di sedifetseng ka thulagano e ntle
(sekao: pegelo ya tlhotlhomisi, lekwalo le le
yang kwa kuranteng, ditaelo tsa setegeniki);
 Kwalela a bo akanyetsa babuisi/babogedi
meraba e e bogelwang ka mokgwa o o
sedifetseng le ka bokgabale, a dirisa puo,
modumo, dikerafiki le moakanyetso (jaaka, CD
le diphuthelo tsa dibuka, dipapatso tsa
thelebiene kgotsa tsa radio, makwalokgang a a
nang le dinepe.);
 Bontsha gore o tlhaloganya setaele le mmuo
(ntsha tshedimosetso mo kaneding go ya go
athikele ya kuranta (lokwalodikgang);
 Ipatlisisa ka e bile a tlhatlhoba sekwalwa le
setlhangwa.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
92
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala mefuta
e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo a
kwalela mabaka a a farologaneng.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa le go rulaganya dikakanyo tsa gagwe mokwalo
kgotsa tiro ya go kwala:
 Tlhopha bo a tlhotlhomisa setlhogo, mme a se
akanyetse ka go dirisa dikarata-kakanyo (mind
maps), dithate tsa fa fatshe le mananeo;
 Rulaganaya dikakanyo ka ditemana a dirisa
dipolelonolo le dipolelopate;
 Tlhagisa sekgemethana sa ntlha (first draft) a etse
tlhoko puo e e maleba le melawana ya go kwala, a
di dirisetsa mabaka le bareetsi/babogedi ba ba
rileng;
 Boeletsa tiro a dirisa maitemogelo a gagwe a puo e
e maleba, thulaganyo le setaele, le ditshwaelo tse di
tswang mo baithuting-ka-ena kgotsa mo
morutabaneng;
 Phosolola sekgemethane sa bofelo a lebeletse
thutapuo, matshwaopuiso le mopeleto, a tsenyeletsa
ditshwaelo tsa baithuti-ka-ena le tsa morutabana;
 Phasalatsa sekgemethana sa bofelo ka go abelana
le babogedi/bareetsi kgotsa morutabana yo o
maleba.
_ Tlhagisa tiro a dirisa mokwalo o o phepa o o bonalang
ka sebopego sa nnete, (jaaka, ditlhogo, kgaoganyo e e
siameng ya ditemana).
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 4
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
93
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa le go rulaganya dikakanyo tsa gagwe
mokwalo kgotsa tiro ya go kwala:
 Tlhotlhomisa a bo a sekaseka setlhogo, mme a
se akanyetse ka go dirisa dikarata-kakanyo
(mind maps), dithate tsa fa fatshe le mananeo;
 Godisa setlhogo ka go batla tshedimosetso mo
metsweding e e maleba, a tlhopha
tshedimosetso e a e batlang, mme a rulaganya
dikakanyo;
 Tlhagisa sekgemethana sa ntlha (first draft) se
na le kakanyokgolo, le ditemana tse di
tshegetsang di tlhabolotswe sentle;
 Dirisa dipolelonolo, dipolelopate le
dipolelotswako a etse tlhoko mabaka le
bareetsi;
 Boeletsa tiro a nanganetse mo ditennye, puo e e
maleba, thulaganyo le setaele, mme a dirisa
ditshwaelo tse di tswang mo baithuting-ka-ena
kgotsa mo morutabaneng;
 Phosolola sekgemethane la bofelo.
_ Tlhagisa tiro e e phepa ka mokwalo o o bonalang
go etswe tlhoko tlhagiso (jaaka, sephuthelo,
setlhogo, ditlhogo, jj le dikerafiki tse di maleba).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Godisa le go rulaganya dikakanyo tsa gagwe
mokwalo kgotsa tiro ya go kwala:
 Akanyetsa dikakanyo tsa setlhogo a bo a di
tlhabolola ka go leba metswedi e e
farologaneng, a tlhopha tshedimosetso e e
maleba, mme a rulaganya dikakanyo ka go
dirisa ditogamaano di tshwana le, dikarata tsa
dikakanyo, dithate tsa fa fatshe le mananeo a
go lekanyetsa (grids);
 Tlhagisa sekgemethana sa ntlha (first draft) a
etse tlhoko kakanyokgolo, le puo le melawana e
e siameng a lebeletse mabaka le bareetsi;
 Boeletsa tiro a nanganetse mo go tokafatseng
puo, thulaganyo le setaele, mme a dirisa
ditshwaelo tse di tswang mo baithuting-ka-ena;
 Tlhagisa dikgemethana tse dintsinyana fa go
kgonega;
 Neela balekane ba gagwe ka mo
phaposiborutelong/baithutikaena ditshwaelo ka
go bontsha tshisimogo go rotloetsa maiteko a
bona;
 Tlhagisa sekgemethane sa bofelo, mme a
akaretsa ditshwaelo tse di tswang mo
baithuting-ka-ena le mo morutabaneng;
 Ipatlisisa a bo a sekaseka diphoso tsa
leungo/sekgemethana sa bofelo ka boena, le ka
thuso ya baithuti-ka-ena le ya morutabana.
_ Tlhagisa tiro e e phepa ka mokgwa o o kgatlhang,
(jaaka, sephuthelo, tsebe ya diteng, thulaganyo
(layout) le ditshwantsho tse di maleba kgotsa
dikerafiki, jj.)
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala mefuta
e e farologaneng ya meraba ya
boammaaruri le ya maitlhomo a
kwalela mabaka a a farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
94
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa kitso ya gagwe ya puo mo maemong a a
farologaneng:
 Maemo a lefoko
??Tlhopha le go dirisa mefuta e e farologaneng ya
mafoko go tswa mo maitemogelong a puo, ditiro,
dikwalo, puo ya molomo ya baithuti-ka-ena le ba
bangwe.
 Maemo a polelo
??Atolosa dipolelo ka go oketsa ka matlhaodi le
matlhalosi; le ka dipolelwanatlhaodi,
dipolelwanatlhalosi le dipolelwanaina,
??Suta go tswa mo pakeng e nngwe go ya go e
nngwe ka tlhomamo le ka tshwanelo.
 Maemo a temana
??Dirisa setlhogo le dipolelo tse di tshegetsang le
go godisa temana e e tlhaloganyesegang,
??Dirisa thutapuo, mopeleto le matshwaopuiso ka
tshwanelo.
Kgato ya Magareng
4
Poelothuto ya 4
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
95
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa kitso ya gagwe ya puo mo maemong a a
farologaneng:
 Maemo a lefoko
??Tlhopha le go lekelela ka mefuta e e
farologaneng ya mafoko go tswa mo
metsweding e e farologaneng,
??Dirisa thanodi kgotsa thanodi ya
makaelagongwe le malatodi go netefatsa
mafoko.
 Maemo a polelo
??Atolosa dipolelo ka go oketsa ka ditlhaodi,
dipolelwanatlhaodi, dipolelwanatlhalosi le
dipolelwanaina,
??Suta go tswa mo pakeng e nngwe go ya go e
nngwe ka tlhomamo le ka tshwanelo,
??Dirisa puo-sebui le puo-pegelwa ka nonofo le
ka tshwanelo.
 Maemo a temana
??Kwala polelotlhogo (topic sentence), mme a
tsenya tshedimosetso e e maleba go
tlhabolola le go godisa temana e e
logaganeng,
??Bontsha mekgwa e e farologaneng ya go
golaganya ditemana,
??Dirisa thutapuo, mopeleto le matshwaopuiso
ka tshwanelo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa kitso ya gagwe ya puo mo maemong a a
farologaneng:
 Maemo a lefoko
??Tlhopha, dirisa le go lekelela ka mefuta e e
farologaneng ya mafoko go tswa mo
dikarolothutong tse dingwe, le mo dilong le
maitemogelong a a senolang bokao ka
tshwanelo,
??Peleta mafoko a a dirisiwang
kgabetsakgabbetsa ka nepagalo a bo a
netefatse mopeleto wa mafoko a mawa.
 Maemo a polelo
??Dirisa mefuta e e farologaneng ya
dipolelopate le dipolelotswako,
??Atolosa polelo ka matlhaodi le matlhalosi; le
dipolelwanatlhaodi, dipolelwanatlhalosi le
dipolelwanaina,
??Suta go tswa mo pakeng e nngwe go ya go e
nngwe ka tlhomamo le ka tshwanelo,
??Dirisa mokgwa wa tira le wa tirwa sentle,
??Farologanya tatelano ya mafoko go gatelela
le go tsepamisa matlho mo ntlheng e e riling.
 Maemo a temana
??Kwala polelotlhogo (topic sentence), mme a
tsenya tshedimosetso e e maleba go
tlhabolola le go godisa temana e e
logaganeng,
??Bontsha mekgwa e e farologaneng ya go
golaganya ditemana, a bo a tsenya dikeafiki
ka tshwanelo go bopa moraba otlhe.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go
akanya le go batla mabaka, go
fitlhelela tshedimosetso, a e
tlhotlhe, morago a e dirisetse go ithuta.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
96
Kereiti ya 4
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Tlhalosa go tlholana mo merabeng e e kwadilweng,
le puo e e dirisiwang go go tlhalosa (jaaka, Leng . . .
. , morago. . . . . , fa. . . . , morago;
 Lemoga dithefosano (alternative options) a bo a
tlhalose ka moo di farologanang ka teng;
 Lemoga bokao jo bo tlhaelang, jo bo sa
tlhalosiweng ka tlhamalalo, e bile a ka tlhalosa ka
moo bokao bo senotsweng ka teng.
_ Drisa puo go batlisisa le go utolola:
 Botsa dipotso go thusa go bona tshedimosetso e a e
batlang;
 Lemoga metswedi ya tshedimosetso e e maleba;
 Ntsha tshedimosetso a dirisa mafokotaetsi kgotsa
megopolo e e fang tshedimosetso;
 Tlhopha a bo a batlisisa metswedi e e farologaneng
tebang le ditebelelo tse di farologaneng tsa setlhogo.
Kgato ya Magareng
Poelothuto ya 5 Dielo tsa Tlhatlhobo
97
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Lemoga go tlholana mo merabeng e e
kwadilweng le ya molomo, a bo a tlhalosa gore
di golagana jang;
 Dira diphopholetso go ya ka tshedimosetso e e
itsegeng;
 Farologanya magareng ga bomosola ) le
boseng-mosola (disadvantages) ba selo a bo a
tlhalosa ka mabaka;
 Botsolotsa a bo a tla ka ditebelelo ka ga
ditlhogo tse di tlwaelegileng;
 Tlhalosa diphokelelo tsa tiriso (context) mo
tshedimosetsong.
_ Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
 Botsa dipotso tse di maleba go mo thusa go
batla tshedimosetso;
 Dirisa dipotsolotso go kgobokanya
tshedimosetso;
 Tlhama dipotso sewa go bona tshedimosetso e
e maleba thata;
 Tlhalosa ka moo dipotsolotso di dirang jaaka
mokgwa wa go bona tshedimosetso;
 Batla tshedimosetso go tswa mo metsweding e
mengwe e e maleba;
 Fetola tshedimosetso go tswa mo puong nngwe
go ya go e nngwe.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Lemoga go tlholana mo merabeng go
kgabaganya kharikhulamo;
 Tlhalosa dikgopolo a bo a di setlega ka
tshedimosetso e e popota;
 Godisa ngangisano e e lekalekanang ka ga
merero e e maleba le e gwetlhang;
 Fapologantsha ditebelo tse di ganetsanang a bo
a naya mabaka;
 Sekaseka bonnete le kamego ya tiriso le maemo
a bakwadi.
_ Dirisa puo go batlisisa le go utolola:
 Botsa dipotso tsa botlhokwa tse di gwetlhang e
bile di batla dithanolo tse dingwe kgotsa
dithefosano tsa tsona;
 Botsa dipotso tse di latedisang go bona
dikarabo tse di boteng;
 Tlhalosa bonnete jwa tshedimosetso ka go e
bapisa/tshwantshanya le ya metswedi e
mengwe;
 Bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di
tlhalosang megopolo ya Dikarolothuto tse di
farologaneng ka teng;
 Tshwaraganya dikakanyo go tswa mo
metsweding e e farologang go bopa bogotlhe jo
bo logaganeng;
 Tsaya ditswetso a bo a dira dikatlanegiso;
 Fetola popego ya tshedimosetso (jaaka, sebopego
sa ditheibole se ya kwa go sa mokwalo, kgotsa
se fetogela kwa dikerafong, jj.)
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
98
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go
akanya le go batla mabaka, go
fitlhelela tshedimosetso, a e
tlhotlhe, morago a e dirise go ithuta.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya ka boitlhamedi:
 Tlhalosa a bo a bapisa tshedimosetso e e bonweng
mo metsweding e e farologaneng;
 Tlhopha dikakanyo tse di maleba;
 Ntsha dikao go tswa mo dithanolong;
 Baya tshedimosetso ka tatelano e e siameng;
 Sosobanya tshedimosetso ka mekgwa e e
farologaneng (jaaka, dithaladi/diralwa, ditemana,
dikarata-kakanyo, ditheibole);
 Atlhola go ya ka tshedimosetso a bo a dira
ditshwetso.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 4
Poelothuto ya 5
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
99
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya ka boitlhamedi:
 Kgobokanya a bo a aroganye dikakanyo tse di
maleba, mme a tlhalose mabaka a a mo
thusitseng mo karoganyong;
 Farologanya tshedimosetso ya kakaretso mo go
e e totobetseng;
 Rulaganyetsa tshedimosetso ka fa tlase ga
ditlhogo tse di farologaneng;
 Baya motseletsele wa dikgato kgotsa ditiragalo
ka tatelano e e tlhabosang a bo a tlhalosa
botlhale jo jwa tatelano;
 Rulaganya tshedimosetso ka ditemana,
ditheibole, dithate kgotsa ka boemedi bongwe
jo bo tshwanelang kgotsa jwa kerafo;
 Tlhatlhoba a bo a swetsa, mme a bo a ka kgona
go tlhalosa mabaka a gagwe.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya ka boitlhamedi:
 Tlhalosa se a se bopang mo tlhaloganyong
morago ga go buisa kgotsa go reetsa moraba;
 Tlhama a bo a tlhalosa ditlamorago kgotsa
bokhutlo jo a bo eletsang;
 Nagana ka tharabololo a bo a neelane ka
dikgonagalo tse dingwe mo maitekong a gagwe
a go rarabolola bothata;
 Lekelela ka puo mo mabakeng a a
farologaneng, jaaka, go tlhamela megopolo
mengwe mafoko a mawa ka dipuo tse di
farologaneng.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
100
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go
tlhama le go ranola meraba.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka mafoko:
 Dirisa ditlhogo, dikutu le megatlana go bopa
mafoko;
 Utolola tshimologo ya mafoko (jaaka, mafoko a a
adimilweng go tswa mo Seaforikanseng le
Seesimaneng mo Setswaneng);
 Tsenya/Rekota mafoko mo thanoding e e leng ya
gagwe;
 Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go
peleta mafoko ka nepagalo;
 Netefatsa mopeleto mo thanoding.
_ Dira ka dipolelo:
 Lemoga sediri le letiro la polelo;
 Dirisa makopanyi go bopa dipolelopate (jaaka, O
berekile thata e bile o falotse ka dinaledi);
 Dirisa thuanyisediri le thuanyisedirwa;
 Dirisa mefuta e e farologaneng ya dipolelo ka nepo
le ka tshwanelo (ditlhagiso, dipotso, ditaolo,
ditsibogo);
 Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi, madiri,
matlhalosi le matlhaodi;
 Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo (jaaka,
Pakaphethi-tsweledi - O ne a lebeletse thelebiene
fa . . . . . . . );
 Dirisa puo-sebui le puo-pegelwa;
 Dirisa matshwaopuiso sentle (ditsejwana tebang le
puo-sebui, lenalana).
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 4
Poelothuto ya 6 Dielo tsa Tlhatlhobo
101
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka mafoko:
 Dirisa ditlhogo, dikutu le megatlana go bopa
mafoko;
 Utolola tshimologo ya mafoko (jaaka, mafoko a
a adimilweng go tswa mo Seaforikanseng le
Seforentheng go ya kwa Setswaneng);
 Tsenya/Rekota mafoko mo thanoding e e leng
ya gagwe;
 Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go
peleta mafoko ka nepagalo.
_ Dira ka dipolelo:
 Lemoga sediri le letiro la polelo;
 Dirisa dithuanyisediri le dithuanyisedirwa mo
dipolelong tse di se nang didiri le didirwa (mme
di tlhaloganyesega mo tirisong);
 Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi,
makopanyi le mabadi;
 Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo
(jaaka, Pakaphethi-tsweledi - O ne a lebeletse
thelebiene fa .......);
 Dirisa puo-sebui le puo-pegelwa;
 Dirisa matshwaopuiso sentle (tiisa tiriso ya
matshwaopuiso a a ithutileng go fitlha fa).
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka mafoko:
 Dirisa ditlhogo, dikutu le megatlana go bopa
mafoko;
 Utolola tshimologo ya mafoko (jaaka, mafoko a
a adimilweng go tswa mo Seaforikanseng le
Segerikeng go ya kwa Seesimaneng);
 Tsenya/Rekota mafoko mo thanoding e e leng
ya gagwe;
 Dirisa medumopuo le melawana ya mopeleto go
peleta mafoko ka nepagalo.
_ Dira ka dipolelo:
 Lemoga thuanyisediri le thuanyisedirwa mo
polelong e go se nang sediri le sedirwa (mme e
tlhaloganyesega go ya ka tiriso);
 Lemoga a bo a dirisa maina, maemedi,
makopanyi, mathusdamadiri le mabadi;
 Dirisa dipaka tse di matswakabele ka nepo -
dipolelo tse di nang le polelwana e e ikemetseng
ka boyona (Polelwanakutu) le pole- lwana e e
golaganngwang ka lekopanyi (jaaka, Le fa tshipi
e ne e lela, Rapula ga a ka a tshikinyega.);
 Dirisa matshwaopuiso sentle - phegelwana go
kgaoganya dipolelwanakala le dipolwanakutu;
 Dirisa mokgwa wa tirwa go tsepamisa matlho
mo sedirweng sa polelo, jaaka, Gouta e epiwa
mono Aforika Borwa.
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
102
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go
tlhama le go ranola meraba.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka meraba:
 setlhogo le dipolelo tse di se tshegetsang go tlhama
temana e e logaganeng;
 Golaganya dipolelo mo temaneng e e logaganeng a
dirisa (sekao: makopanyi a tshwana le, 'le', 'kwa
bokhutlong' le 'maemedi').
_ Godisa temogo le tiriso ya setaele, ka go:
 Dirisa diane le maele ka nonofo;
 Dirisa maemo a a tshwanelang a tlhwaafalo/le a e
seng a tlhwaafalo (mmuo);
 Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi,
jaaka tshwantshanyo le tshwantshiso (Mmaphefo o
bogale jaaka tau. Kefilwe ke Saatane.)
_ Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, jaaka, go
utolola mekgwa e e farologaneng ya go kopa mongwe
go dira sengwe (ka go dirisa, tshwanetse/kgona/ka, jj),
le ka moo e tsamaelanang le kgolagano fa gare ga
sebui le moreetsi ka teng, le ka moo e amang batho ka
teng, le gore a e gwetlhiwe:
 Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'puo-sebui' le
'puo-pegelwa', 'maele', 'diane', 'puo ya
tlhwaafalo', 'puo e e seng ya tlhwaafalo',
'tshwantshanyo', 'ditsejwana/matshwaonopolo').
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 4
Poelothuto ya 6
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
103
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka meraba:
 Dirisa setlhogo le dipolelo tse di se tshegetsang
go tlhama ditemana tse di logaganeng;
 Golaganya dipolelo mo temaneng e e
logaganeng a dirisa (sekao: makopanyi a
tshwana le, 'ka jalo', le 'maemedi');
 Sutasuta go tswa mo pakeng nngwe go ya go e
nngwe ka tshwanelo.
_ Godisa temogo le tiriso ya setaele, ka go:
 Dirisa diane le maele ka nonofo;
 Dirisa puo e e tshwanelang bareetsi, mabaka le
tiriso (sekao: mmuo o o tlhwaafetseng le o o sa
tlhwaafalang);
 Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi,
jaaka, mothofatso, (Loso, o setlhogo jang! O
tsaya mogolo le losea.)
_ Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, aaka, go
utolola puo le botshwantshi jo bo dirisiwang go
aga ditemalo tsa lotso, bong, tsa mefuta e
mengwe.
 Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'mabadi' le
'makopanyi', 'polelotlhogo', 'bareetsi', 'paka',
'mothofatso').
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka meraba:
 Dirisa setlhogo le dipolelo tse di se tshegetsang
go tlhama ditemana tse di logaganeng;
 Golaganya dipolelo go bopa ditemana tse di
logaganeng a dirisa (sekao: makopanyi a
tshwana le, 'le gale', makaelagongwe le
malatodi);
 Sutasuta go tswa mo pakeng nngwe go ya go e
nngwe ka tshwanelo.
_ Godisa temogo le tiriso ya setaele, ka go:
 Dirisa diane le maele ka nonofo;
 Tlhalosa ka moo puo e farologanang go ya ka
bareetsi, mabaka le tiriso (mmuo);
 Tlhaloganya a bo a dirisa puo ya botshwantshi,
jaaka, tshwantshiso, (Mpho ke tau. Rapula ke
moengele).
_ Godisa temogo ya puo ya bosekaseki, jaaka, go
utolola puo ka moo puo e dirisiwang ka teng mo
dipapatsong go re rotloetsa go reka dilo tse re sa
di batleng, mme go silafatswe tikologo.
 Dirisa 'puo-ka-puo' (jaaka, 'polelwanakutu' le
'polelwanakala', 'lekopanyi', 'mokgwa wa tira
le tirwa', 'tshwantshiso').
Kgato ya Magareng
Kereiti ya 5 Kereiti ya 6
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
104
Kgato ya Magereng
KGAOLO 4
KGATO E KGOLO
(KEREITI YA 7 - 9)
MATSENO
Mo kgatong e, baithuti ba kopanya le go tiisa se ba se ithutileng mo kereiting tse di kwa tlase, mme ba
ipaakanyetsa thuto e e tsweledisiwang pele le lefatshe la tiro. Ba ipaakanyetsa go nna batsaya-seabe mo
sethabeng sa temokerasi, le go inaakanya le merero ya loago le tikologo, jaaka HIV/AIDS, le go dira ka tsela e
e siameng. Ba tlhoka go dirisa puo mo mabakeng a bone, a botlhe, a semmuso le a thuto.
Ka tiriso ya puo, baithuti ba tshwanetse go itsisiwa ka:
_ Boiphediso le dithono tsa go ithutela kwa pele.
_ Ditshiamelo le maikarabelo a bona jaaka baagi mo sethabeng sa temokerasi le sa ditsodintsi.
Tsepamiso
Tsepamiso ya kgato e, e mo go kopanyeng le go tiiseng katoloso ya puo, le go buisa le go kwala. Kwa
bokhutlong jwa Kereiti wa 9, baithuti ba tshwanetse go kgona go:
_ Buisa le go kwalela mabaka a a farologaneng - ditlhokego tsa semmuso le tse e seng tsa semmuso, tsa
sethaba le tsa bobona/sebele.
_ Nna babuisi ba ba tlhagafetseng ba ba kgonang go tlwaela diphetogo tse di farologaneng ba ba kgonang go
itshekatshekela tshedimosetso ka bobona.
_ Nna bareetsi ba ba matlhagatlhaga, ba ba tsebentlha, ba ba buang puo ka go itshepa, e bile ba supa maikutlo
mo bareetsing ba bona.
_ Sekaseka puo, ba tlhaloganye gore e dira jang, mme ba e dirisetse mabaka a bona.
105
Puo ya Gae
Kgato e Kgolo
DIPOELOTHUTO
Poelothuto ya 1: Go reetsa
Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go itumela, mme a tsibogele ka tshwanelo le ka
bosekaseki mo mabakeng a a farologaneng.
Baithuti ba tla reetsa ka matlhagatlhaga mefuta e e farologaneng e bile e aname ya ditlhangwa tsa molomo, ba
di sobokanye, ba di kwale/rekote ba bo ba di tsibogele ba le tsebentlha.
Poelothuto ya 2: Go bua
Moithuti o kgona go buisana ka go itshepa le ka nonofo mo mabakeng a a farologaneng.
Baithuti ba tla bua ka go itshepa mo phatlalatseng, mme ba tlhaeletsane sentle ka nonofo le ba bangwe. Seno se
botlhokwa mo tirong le go ithutela kwa pele.
Poelothuto ya 3: Go buisa le go bogela
Moithuti o kgona go buisetsa le go bogelela kitso le go itumela, mme a tsibogele ka bosekaseki mosola wa
bokgabale,setso le maikutlo tse di fitlhelwang mo merabeng.
Puiso ke motheo wa go kwala le sekgontshi sa go ithutela botshelo jotlhe. Baithuti ba tshwanetse go buisa ditlhangwa
tsa mo Aforika Borwa le tsa Bodithathaba, tsa maitlhomo le tse e seng tsa maitlhomo go godisa puo,
kitso ka kakaretso, go itumedisa le kgolo ya baithuti ya sebele.
Poelothuto ya 4: Go kwala
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le e e seng ya
boammaaruri mo mabakeng a a farologaneng.
Go kwala ke sekgontshi sa go ikakanya le go ithuta, gape ke mokgwa wa go tlhaeletsana. Go le gantsi ke
mokgwa/tsela ya go tlhatlhoba baithuti, ka jalo go kwala go botlhokwa mo go ithuteleng pele le go thapiwa.
Poelothuto ya 5: Go akanya le go batla mabaka
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le go batla mabaka,mme a fitlhelele, a tlhotlhe,le go dirisa
kitso go ithuta.
Bokgoni jwa go akanya le tshedimosetso ya kgono ya go buisa le go kwala ke tsela e e botlhokwa ya go
ithutela botshelo jotlhe le go fitlhelela Dipoelothuto tse di Botlhokwa le tsa Kgolo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
106
Kgato e Kgolo
Poelothuto ya 6: Popegopuo le tiriso
Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Baithuti ba tla batlisisa gore puo e dira jang, mme ba godisa puo e ba e abelanang ya go bua ka ga puo
(puo-ka-ga-puo/'metalanguage'), gore ba tle ba kgone go sekaseka meraba ya bona le e mengwe tebang le
bokao, nonofo le nepagalo. Gape, ba tla kgona go dirisa kitso e go lekeletsa go bopa bokao (go tswa mo
mafokong le mo dipolelong go fitlha ka meraba yotlhe) ka puo, le gore ba bone ka moo moraba le tiriso di
tsamaelanang ka teng. Ba tla lemoga ka moo puo e fetogang le dinako le fa e kopana le ditso tse dingwe ka
teng, le ka moo e fetogang ka teng mo mabakeng a a farologaneng.
107
Puo ya Gae
Kgato e Kgolo
DIELO TSA TLHATLHOBO LE MERABA YA DIKEREITI TSA 7-9
Baithuti mo Kereiting ya 7, 8 le 9 ba tshwanetse go buisa le go bogela meraba e e farologaneng ya Aforika
Borwa le ya bodithabathaba, go akaretsa dibuka tse ba di baletsweng.
Kereiti ya 7
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
_ Dikhutshwe
_ Ditlhangwa tsa baikwadi le dibayokerafi (autobiography)
_ Dipatsana
_ Poko
_ Metshameko kgaolo-nosi le kgaolo-pedi
_ Thutaditso
_ Dianelalebopo le dikahisetori
_ Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, phousetara
_ Dipuisano tsa radio
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
108
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
_ Dikhutshwe
_ Dipadi
_ Poko
_ Metshameko/diterama
_ Thutaditso
_ Thuto ya filimi
_ Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, phousetara, dipuo,
dipuisano tsa seyalemowa, manaane a thelebiene, dibidio tsa mmino.
109
Puo ya Gae
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 9
Meraba e e tshikhinngwang
Meraba
_ Dikhutshwe
_ Padi e e feletseng
_ Poko
_ Metshameko ya dikgaolo di le tharo-tlhano.
_ Thutaditso
_ Thuto ya filimi
_ Tlhopho ya meraba e mekhutshwane jaaka dimakasine, dikuranta, diphasalatso, dipuo, tlhatlhelelo
(lectures), terama ya seyalemowa, terama ya thelebiene le mananeo a a faphegileng (documentaries),
dividio tsa mmino.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
110
Kgato e Kgolo
DITENG TSA MERABA
Go tswa mo merabeng ya mefutafuta, moithuti o tshwanetse go tlhagisetswa/go rutiwa:
_ Maitshetlego a a humileng a le maleba a loago le hisetori, a a tsweletsang go tlhaloganya boswa jwa puo.
_ Dipoloto le dipolotwana tse di matswakabele.
_ Dithitokgang tse di gwetlhang le tse di rotloetsang, mme di tsweletsa go tlhaloganya dielo.
_ Baanelwa ba madi le nama mo dikgolaganong tse di tswelelang.
_ Ditaele tse di farologaneng, ka dipolelo tsa dipopego tse di farologaneng.
_ Tlotlofoko e e gwetlhang le tiriso e e tlhomameng ya tiriso ya mmuo wa puo.
_ Mefuta ya puo botshwantshi le dikapuo.
_ Mefuta ya diponagalo/dipharologantsho tsa poko tse di fitlhelwang ka mo mabokong a a tlhophilweng
_ Meraba e e bogelwang (go akarediwa difilimi) tse di bontshang tiriso ya mmala o montsho le o mosweu,
botlhokwa jwa tlhamego ya tsona, lesedi, tebego ya tsona le go tshwantsha o godisa le go tshwantsha o
ngotla.
_ Meraba e e dirisang botshwantshi le go kwala (le mekgwa e mengwe ya kgolagano) mo popegong ya yona.
_ Meraba e e letlang baithuti go sekaseka sejwalejwale le bobegakgang.
_ Mefuta ya tiriso ya puo le merero:
 Mokgwa o puo e bopang bokao ka teng-mokwadi o tsaya tebelo efe, mme a tlhotlheletsa bareetsi go bopa
bokao ka ditsela tse rileng;
 Mokgwa o babadi ba bopang bokao go tswa mo morabeng, le ka moo ba tlisang maitemogelo le dielo mo
morabeng ka teng;
 Mekgwa ya go tsibogela meraba e e dirisang bosekaseki mo go tlhaloganyeng popego le thanolo ya
meraba (go ganana le melaetsa ya bobapatsi, bong le ya bomorafe);
 Mefutapuo: mefuta e e golaganeng le kgaolo (ditengwana) mophato (mmuo); le phokelelano ya dipuo.
Kgato e Kgolo
111
Puo ya Gae
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa
tshedimosetso le go e itumelela, mme a
tsibogele ka tshwanelo le ka
bosekaseki mo mabakeng a a
farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
112
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e
tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya meraba/
ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate, dikhutshwe,
thutaditso).
_ Reetsa ka tlhoafalo le ka tlhokomelo tshedimosetso le
melaetsamegolo, mme ba arabe kgotsa ba e tsibogele
ka tlhomamo (sekao: go kwala dintlha, go sosobanya,
go ruma le go fetisetsa tshedimosetso ka nepagalo:
 Kwala dintlha, sobokanya le go neelana ka
tshedimosetso ka nepagalo;
 Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso le
dikgwetlho mo go tlhokegang.
_ Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya motlotlo
e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa dingwe tsa
diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya bosa, dikaelo,
metlae, dipina) Se, se akaretsa go lemoga didiriswa tse
di dirisetswang metlae jaaka, kgaotso le tiriso mela e e
tlhagang e emisiwa.
_ Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya
ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao: ditlhagiso
tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le modumo).
_ Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di
gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya
tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa gare
ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le kgobelelo).
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 1 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e
tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya
meraba/ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate,
dikhutshwe, thutaditso).
_ Reetsa ka tlhoafalo le ka tlhokomelo,
tshedimosetso le melaetsamegolo, mme ba arabe
kgotsa ba e tsibogele ka tlhomamo (sekao: go
kwala dintlha, go sosobanya, go ruma le go
fetisetsa tshedimosetso ka nepagalo):
 Kwala dintlha, sobokanya le go neelana ka
tshedimosetso ka nepagalo;
 Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso le
dikgwetlho mo go tlhokegang.
_ Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya
motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa
dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya
bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go
lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka,
kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
_ Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya
ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao:
ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le
modumo).
_ Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di
gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya
tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa
gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le
kgobelelo).
113
Puo ya Gae
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
_ Reetsa le go itumelela puo ya thadiso kgotsa e e
tlhagisang maikutlo, ya go ikakanyetsa ya
meraba/ditlhangwa tsa boanedi (sekao: dibalate,
dikhutshwe, thutaditso).
_ Reetsa ka tlhoafalo le ka tlhokomelo,
tshedimosetso le melaetsamegolo, mme ba arabe
kgotsa ba e tsibogele ka tlhomamo (sekao: go
kwala dintlha, go sosobanya, go ruma le go
fetisetsa tshedimosetso ka nepagalo):
 Kwala dintlha, sobokanya le go neelana ka
tshedimosetso ka nepagalo;
 Akanya ka ga megopolo, botsa dipotso le
dikgwetlho mo go tlhokegang.
_ Lemoga ka moo meraba e e tlwaelegileng ya
motlotlo e rulagantsweng ka teng, le go tlhalosa
dingwe tsa diponagalo tsa yona (sekao: pegelo ya
bosa, dikaelo, metlae, dipina) Se, se akaretsa go
lemoga didiriswa tse di dirisetswang metlae jaaka,
kgaotso le tiriso mela e e tlhagang e emisiwa.
_ Tlhaola le go ranola ka tshwanelo, tiriso ya
ditogamaano tse e seng tsa molomo (sekao:
ditlhagiso tsa sefatlhego, tiriso ya diatla le
modumo).
_ Tlhaola mafoko, dikapolelo le dipolelo tse di
gwetlhang bareetsi le go tlhalosa tlhotlheletso ya
tsona (sekao: puo ya maikutlo, pharologanyo fa
gare ga dintlha le megopolo, tlhotlhololo le
kgobelelo).
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO REETSA
Moithuti o kgona go theeletsa
tshedimosetso le go e itumelela, mme a
tsibogele ka tshwanelo le ka
bosekaseki mo mabakeng a a
farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
114
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
_ Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong jaaka,
ditengwana le dipuo tsa mephato e e farologaneng
jaaka mmuo.
_ Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya
bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 1
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
_ Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong
jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e
farologaneng jaaka mmuo.
_ Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya
bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
115
Puo ya Gae
Re lemoga seno fa moithuti a kgona go:
_ Lemoga le go amogela mefutapuo mo puong
jaaka, ditengwana le dipuo tsa mephato e e
farologaneng jaaka mmuo.
_ Go tlhaola mesola ya hisetori, loago le setso ya
bokaelo jwa meraba e e tlhophilweng.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUA
Moithuti o kgona go bua/buisana
ka nonofo le bokgoni ka puo e e
buiwang mo mabakeng a a
farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
116
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlotla dikakanyo le maikutlo ka phuthologo le nonofo,
le ka thuso nngwe, a dirisa mefuta ya meraba ya
motlotlo o o tlhophilweng (sekao: dikgang, metlae,
diterama).
_ Tlotla dikakanyo, dintlha le megopolo sentle le ka
nepagalo le kgolagano, a dirisa mefuta ya meraba ya
motlotlo o o sa namang (sekao: dipuisano,
dikganetsano tse dikhutshwane).
_ Supa dikgono tse di bonolo mo mefuteng ya meraba
ya motlotlo o o tlhophilweng:
 Tatedisano e e nepagetseng ya ditaelo le dithanolo
tsa motlotlo;
 Tlhagisa dikganetsano tse di lolameng;
 A tshwara dipotsolotsano le balekane a dirisa
dipotso tse di bonolo.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 2 Dielo tsa Tlhatlhobo
117
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlotla dikakanyo le maikutlo ka boitlhamedi le
phuthologo le nonofo e kgolo, le ka thuso e nnye,
a dirisa mefuta ya meraba ya motlotlo o o
tlhophilweng (sekao: diterama, ketsisa-tiragalo,
dipina).
_ Tlotla dikakanyo,dintlha le megopolo sentle le ka
nepagalo le kgolagano e kgolo, mo ditlhogong tsa
mefuteng ya meraba ya motlotlo o o namileng.
(sekao: dipuisano, dikganetsano.)
_ Supa dikgono tse di bonolo mo mefuteng ya
meraba ya motlotlo e e rileng:
 Ka tatedisano e e nepagetseng ya ditaelo le
dithanolo tse di matswakabele tsa motlotlo;
 Ka go tlhalosa mokgwa wa go dira
tekeletso/ekeseperimente;
 Ka go tshwara dipotsolotsano le baagi a dirisa
dipotso tse di bonolo.
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlotla dikakanyo le maikutlo ka boitlhamedi le
phuthologo le nonofo le ka boikamelo, a dirisa
mefuta ya meraba ya motlotlo o o tlhophilweng
(sekao: diterama, maboko).
_ Tlotla dikakanyo, dintlha le megopolo sentle le ka
nepagalo le kgolagano a dirisa ditlhogo tse di
gwetlhang tsa mefuta ya meraba ya motlotlo o o
namileng. (sekao: tlhalosetso ya diragalo tsa
thekenoloji jaaka go dirisa khompiotara le
setshameka-divideo.)
_ Supa dikgono tse di kwa godimo mo mefuteng e e
anameng ya meraba ya motlotlo o o rileng:
 Ka go tlhalosa ditiragalo tsa thekenolojile le go
ithuta dikakanyo tse di matswakabele ka
tatelano, sekao: mokgwa wa go dirisa
khompiotara;
 Ka go tshwara dipotsolotsano ka tshwanelo a
dirisa dithekeniki tse di kwa godimo tsa
dipotsolotso (sekao: go botsa dipotso tse di
utulolang).
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUA
Moithuti o kgona go bua/buisana
ka nonofo le bokgoni ka puo e e
buiwang mo mabakeng a a
farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
118
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Supa dikgono tse di bonolo tsa kgolagano ka go nna le
seabe mo dipuisanong tsa setlhopha, dipotsolotsano,
dikganetsano mme a tsweletse:
 Go mekamekana le merero ya botlhokwa (sekao:
merero ya leago le setho e e golaganeng);
 Go nna le diabe tse di farologaneng;
 Go amogela megopolo e mengwe;
 Tlhalosa mokgwa ya go bona dilo;
 Naya tshekatsheko;
 Tlisa kgolagano ka go botsa dipotso, go naya
boitlhophelo, go letla dikarabo tse di
phuthologileng, go supa kgatlhego;
 Go supa masisi go ditswanelo le maikutlo a
bangwe;
 Go gwetlha tiriso ya puo e e seng masisi le e e
tlhotlhololang.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 2
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Supa dikgono tsa kgolagano ka go nna le seabe
mo dipuisanong tsa setlhopha, dikganetsano,
patlisiso ya setlhopha, mme a tsweletse:
 Go mekamekana le merero ya botlhokwa
(sekao: merero ya leago le setho e e
golaganeng);
 Go botsa dipotso tse di maleba;
 Go nna le diabe tse di farologaneng;
 Go amogela megopolo ya ba bangwe le go e
ganetsa ka boikobo;
 Tiisetsa mokgwa wa go bona dilo;
 Go bona diphoso le go amogelwa go bonwa
diphoso;
 Go tlhotlheletsa ba bangwe;
 Go tlisa kgolagano ka go botsa dipotso go
sedifatsa bokao, go naya boitlhophelo, go letla
dikarabo tse di phuthologileng, go supa
kgatlhego;
 Go supa masisi go ditswanelo le maikutlo a
bangwe mo dipuisanong tse maleba;
 Go gwetlha tiriso ya puo e e seng masisi le e e
tlhotlhololang.
119
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Supa dikgono tse di matswakabele tsa kgolagano
ka go nna le seabe mo dipuisanong tsa setlhopha,
dikganetsano, dipotsolotso tsa setlhopha,
dipatlisiso mme a tsweletse:
 Go mekamekana le merero ya botlhokwa
(sekao: merero ya leago le setho e e golaganeng
go botsa dipotso tse di utulolang);
 Go etelela pele dipuisano;
 Go rerisanya ka dipharologano, le go fitlhelela
tharabololo;
 Go tisetsa mokgwa wa go bona dilo o dirisa
bopaki le megopolo e e tshwanang go tswa mo
balekaneng, e le sesupo sa bolemelagotlhe le;
 Go amogela ditshwetso tse o sa dumelelaneng
le tsona;
 Go amogela dikgwetlho le go amogela go
bonwa diphoso mo go maleba;
 Go tlisa kgolagano ka go botsa dipotso, go
neelana ka megopolo, go baakanya puo ka
maikaelelo a go sedifatsa bokao, go naya
boitlhophelo, go letla dikarabo tse di
phuthologileng;
 Go farologanya gore o supang leng masisi go
ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe le gore
oka emelelana leng le go tlhoka masisi kgotsa
tlhotlhololo.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUA
Moithuti o kgona go bua/buisana
ka nonofo le bokgoni ka puo e e
buiwang mo mabakeng a a
farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
120
Poelothuto ya 2
Tsweletso
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Go neelana ka metlotlo ka nepagalo le boitlhamedi, o
etse tlhoko:
 Kapodiso e e utlwalang;
 Kgaotso;
 Thefosanyo ya lebelo le modumo;
 Maikaelelo le bareetsi;
 Seemo le tiriso ya puo ya dithwe;
 Ditlwaelo tse di farologaneng tsa loago le setso;
 Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le
tshitasetlhoa.
_ Lemoga le go tlhalosa katlego ya gagwe ya kgolagano.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Go neelana ka metlotlo ka nepagalo le
boitlhamedi, o etse tlhoko:
 Kapodiso e e utlwalang;
 Kgaotso;
 Thefosanyo ya lebelo le modumo;
 Maikaelelo le bareetsi;
 Seemo le tiriso ya puo ya dithwe;
 Mekgwa e e farologaneng ya metlotlo, mmuo
segalo le ditlwaelo tse di farologaneng tsa
loago le setso;
 Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le
tshitasetlhoa le pheteletso.
_ Go tlhaola le go tlotla ka ga dingwe tse di nang le
seabe mo katlegong ya gagwe ya kgolagano.
121
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Go neelana ka metlotlo ka nepagalo le
boitlhamedi, o etse tlhoko:
 Kgaotso le thefosanyo ya lebelo le modumo mo
dintlheng tsa botlhokwa;
 Maikaelelo le bareetsi;
 Seemo, tiriso ya matsogo, puo ya dithwe le
sefatlhego go ngoka bareetsi;
 Mekgwa e e farologaneng ya metlotlo, mmuo
segalo, seemo sa semmuso le ditlwaelo tse di
farologaneng tsa loago le setso;
 Malepa a dikapuo a a maleba jaaka setlhoa le
tshitasetlhoa le pheteletso le dipotso.
_ Go tlhatlhoba katlego ya go golagana ga mongwe
le go tokafatsa.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buitsetsa le go
bogelela tshedimosetso le go e
itumelela, le go tsibogela ka
bosekaseki dielo tsa bokgabale,
setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
122
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a
buisetsa monate le tshedimosetso go anama le mefuta
ya meraba e e ithutilweng, a tlhalosa ditsibogelo tsa
gagwe le go tlotla ka mefuta ya meraba e a e
itumelelang.
_ Buisetsa godimo le ka setu no mabakeng a a
farologaneng, a dirisa mekgwa e e maleba ya go buisa
(go tlhokola le go senola, go abelela, metlhala ya
bokaelo, ditswetso.)
_ Tlhaola maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
_ Supa go tlhaloganya tshedimosetso ya meraba:
 A tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore dintlha
di thusa moreromogolo jang.
_ Tlhaola meraba e e farologaneng le diponagalo tsa
yona tse dikgolo le go tlhalosa tsela e moraba o
rulagantsweng ka teng (sekao: maboko, diathikele tsa
dikuranta, dikhutshwe, dipapatso, diathikele tsa
dimakasini tse dikhutshwane.)
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 3 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a
buisetsa monate le tshedimosetso go anama le
mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlotla
ditsibogelo tsa gagwe le ka ga mefuta ya meraba e
a e itumelelang le go atlenegisa meraba e go ba
bangwe.
_ Buisetsa godimo le ka setu mo mabakeng a a
farologaneng, a lomaganya dithekeniki tse di
maleba tsa go buisa tse ithutilweng mo dikereiting
tse di kwa tlase.
_ Tlotla maikaelelo, bareetsi le bokaelo jwa moraba.
_ Supa go tlhaloganya tshedimosetso ya meraba:
 a tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore
dintlha di thusa moreromogolo jang:
??A botsolotsa megopolo mo go tlhokafalang,
??A atlhola le go tsaya ditshwetso ka ga
megopolo ka bopaki jo bo teng,
??A tlhaola le go tlhalosa tebelo tse di
farologaneng.
_ Tlhalosa ka moo diponagalo tse dikgolo le
thulaganyo ya mefuta ya meraba e thusang go
tlhalosa ka moo moraba o dirang ka teng. (sekao:
maboko, dipatsana, diartikele tsa dikuranta,
makwalo, dibalate, ditshekatsheko tsa dibuka).
123
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Buisa ka nosi, mme mo mabakeng a le mantsi a
buisetsa monate le tshedimosetso go anama le
mefuta ya meraba e e ithutilweng, a tlotla
ditsibogelo tsa gagwe le ka ga mefuta ya meraba
e a e itumelelang le go atlenegisa meraba e go ba
bangwe.
_ Buisa ka nosi, a buisetsa kwa godimo le ka setu
mo mabakeng a a farologaneng, a lomaganya
dithekeniki tse di maleba tsa go buisa tse
ithutilweng mo dikereiting tse di kwa tlase.
_ Tlotla le go tlhalosa maikaelelo, bareetsi le
bokaelo jwa moraba.
_ Supa go tlhaloganya tshedimosetso e e anameng
ya meraba:
 A tlhaola mereromegolo le go tlhalosa gore
dintlha di thusa moreromogolo jang a sekaseka
dikakanyo a tlotla ditebelo tse di farologaneng.
_ Tlotla ka moo diponagalo tse dikgolo le
thulaganyo ya mefuta ya meraba e thusang go
tlhalosa ka moo moraba o dirang ka teng. (sekao:
maboko a maleele, dipatsana, diartikele tsa
dikuranta, makwalo, dibalate, ditshekatsheko tsa
dibuka).
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buitsetsa le go
bogelela tshedimosetso le go e
itumelela, le go tsibogela ka
bosekaseki dielo tsa bokgabale,
setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
124
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le
kgolagano le botshelo jwa gago ka go sekaseka poloto,
merero, baanelwa le lefelo.
_ Tlhaola le go sekaseka malepa a a dirisiwang go bopa
ditlamorago dingwe mo merabeng e e tlhaotsweng e e
bogelwang, e e kwadilweng le ya medumo-pogelwa
jaaka:
 Malepa a a bonolo a dikwalo le tiriso ya puo (sekao:
motshamekofoko, mmuo);
 Go bopa dipopi (sekao: tlhopho le maemo a
ditshwantsho/dinepe, tiriso ya bogolo le boleng jwa
mokwalo, tiriso ya mmala);
 Dithekeniki tsa khamera le filimi (bogaufi le
bokgakala).
_ Tsibogela meraba ka bosekaseki:
 Ka go tlhaola ntlha tebelo ya mokwadi;
 Ka go tlhaola melaetsa e e bofitlha mo morabeng;
 Go tlhaola dikgobelelo le ditlhotlhololo tse mo
pontsheng;
 Go tlhaola mekgwa e mokwadi a bopang puiso ya
moraba ka teng ka tlhopho ya mafoko.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le
kgolagano le botshelo jwa gago ka go tlotla
poloto, merero, mosola le lefelo.
_ Sekaseka malepa a a dirisiwang go bopa
ditlamorago dingwe mo merabeng e e tlhaotsweng
e e bogelwang,e e kwadilweng le ya
bobegakgangbontsi jaaka:
 Nonofo ya malepa a dikwalo le puo e e
dirisitsweng;
 Mosola wa dipopi tsa kagego. (sekao: mofuta le
maemo a didiriswa tsa botaki, tiriso ya mmala);
 Mosola wa dithekeniki tsa khamera le filimi
(bogaufi, bokgakala, dikhutlo tsa khamera,
ponelomorago).
_ Tsibogela meraba ka bosekaseki:
 Ka go tlotla ntlha tebelo ya mokwadi;
 Ka go tlotla melaetsa e e bofitlha mo morabeng
le dikgobelelo le ditlhotlhololo;
 Go tlotla ka moo bokaelo bo fokelelang
molaetsa ka teng;
 Go lemoga se se tlogetsweng mo morabeng le
go sekaseka go re goreng, le go botsa gore a o
dumelelana le melaetsa e e mo morabeng.
125
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Supa go tlhaloganya moraba, maikaelelo a ona le
kgolagano le botshelo jwa gago ka go sekaseka
tswelelo ya poloto, merero, mosola le lefelo.
_ Sekaseka malepa a a dirisiwang go bopa
ditlamorago dingwe mo merabeng e e tlhaotsweng
e e bogelwang, e e kwadilweng le ya
bobegakgangbontsi jaaka:
 Nonofo ya malepa a dikwalo le puo e e
dirisitsweng;
 Mosola wa dipopi tsa kagego. (sekao: mofuta le
maemo a didiriswa tsa botaki, tiriso ya mmala);
 Mosola wa dithekeniki tsa khamera le filimi
(bogaufi, bokgakala, dikhutlo tsa khamera,
ponelomorago).
_ Tsibogela meraba ka bosekaseki:
 Ka go sekaseka ntlha ya tebelo ya mokwadi;
 Ka go sekaseka melaetsa e e bofitlha mo
morabeng le dikgobelelo le ditlhotlhololo le go
tlhagisa mogopolo wa gago le tharabololo
nngwe;
 Go tlotla ka moo bokaelo jwa leago le setso bo
fokelelang molaetsa ka teng;
 Go lemoga se se tlogetsweng mo morabeng le
go sekaseka go re goreng, le go botsa gore a o
dumelelana le melaetsa e e mo morabeng.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya R
GO BUISA LE GO BOGELA
Moithuti o kgona go buitsetsa le go
bogelela tshedimosetso le go e
itumelela, le go tsibogela ka
bosekaseki dielo tsa bokgabale,
setso le maikutlo tse di mo merabeng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
126
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhaola le go tlotla merero ya loago, setso, tikologo le
setho e e mo merabeng (jaaka, e tlhagisiwa ke mefama
e e farologaneng ya moraba jaaka diteng, puo, botaki,
baanelwa).
_ Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
Kgato e Kgolo
7
Poelothuto ya 3
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tlhaola le go tlotla merero ya loago, setso,
tikologo le setho e e mo merabeng le go tlhaola
mefama ya meraba e e tshotseng mesola e e
golaganeng le yona (sekao: diteng, puo, botaki,
tebelo, baanelwa).
_ Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
127
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Naya katlholo ka ga merero ya loago, setso,
tikologo le setho e e mo merabeng le go tlhaola
mefama ya meraba e e tshotseng mesola e e
golaganeng le yona (sekao: diteng, puo, botaki,
tebelo, baanelwa).
_ Sekaseka dikgono tsa gagwe jaaka mmuisi.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e
farologaneng ya meraba ya dintlha tsa
boammaaruri le tsa maitlhomo mo
mabakeng a a farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
128
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala meraba ya maitlhomo e e tlhophilweng:
 Go tlhagisa maitlhomo, dikakanyo le maikutlo ka
wena le ba bangwe;
 Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami le e e
tshamekang ka go kwala ditlhamo tse di anelang le
tse di tlhalosang, dibukatsatsi, makwalo a botsalano,
dipuisano, maboko le dipina.
_ Tlhagisa meraba e e tlhophilweng ya dintlha tsa
boammaaruri le meraba e e dirisang mekgwa e e
farologaneng mo mabakeng a a farologaneng, a dirisa
didiriswa tsa pono le tsa botaki mo go tshwanelang, ka
go dirisa pegelo ya mmoni, diphousetara, dipegelo tsa
dibuka, diresepe, metshameko.
_ Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse di
tlhophilweng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa
moraba (sekao: go lemoga maitshetlego le poloto mo
padding; lemoga moribo le morumo mo pokong, a
dirisa puo e e bonolo mo dithanolong tse di bonolo, a
supa tatelano mo dithulaganyong.)
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 4 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala meraba ya maitlhomo e e tlhophilweng:
 Go tlhagisa maitlhomo, dikakanyo le maikutlo
ka wena le ba bangwe;
 Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami, le ya
bosekaseki le e e tshamekang ka go kwala
ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang
dipuisano, maboko le dipina le makwalo.
_ Tlhagisa meraba ya dintlha tsa boammaaruri le
meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo
mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa
pono le tsa bobopi mo go tshwanelang, ka go
dirisa pegelo ya ditiragalo, dipegelo tsa diporojeke
tsa ditlhotlhomisi, diphousetara, le dipegelo tsa
dibuka.
_ Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse
di rileng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa
moraba (sekao: senola baanelwa, go lemoga
maitshetlego le poloto mo dikaneding le mo
dikwalong tse di tlhalosang, a dirisa botshwantshi
jo bo bonolo mo pokong).
129
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Kwala meraba ya maitlhomo e e tlhophilweng:
 Go tlhagisa maitlhomo, dikakanyo le maikutlo
ka wena le ba bangwe;
 Go tlhotlhomisa tiriso ya puo ya botlhami, le ya
bosekaseki le e e tshamekang ka go kwala
ditlhamo tse di anelang le tse di tlhalosang
dipuisano, maboko le dipina le makwalo
dikhutshwe, terama e e utlwiwang le go bonwa.
_ Tlhagisa meraba ya dintlha tsa boammaaruri le
meraba e e dirisang mekgwa e e farologaneng mo
mabakeng a a farologaneng, a dirisa didiriswa tsa
pono le tsa bobopi mo go tshwanelang, ka go
dirisa pegelo ya ditiragalo, dipegelo tsa diporojeke
tsa ditlhotlhomisi, diphousetara, le dipegelo tsa
dibuka, dipegelo tsa dibuka, pegelo ya mmoni,
pegelo ya kuranta, lemorago la boithutedi,
dintlhakgolo tsa pitso le metsotso ya pitso.
_ Supa dikgono tse di bonolo mo diponagalong tse
di rileng tsa go kwala, di le maleba le mofuta wa
moraba (sekao: go tsweletsa baanelwago lemoga
maitshetlego le poloto mo dikaneding le mo
dikwalong tse di tlhalosang, a dirisa botshwantshi
jo bo namileng mo go kwaleng poko).
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO KWALA
Moithuti o kgona go kwala mefuta e e
farologaneng ya meraba ya dintlha tsa
boammaaruri le tsa maitlhomo mo
mabakeng a a farologaneng.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
130
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa tiragalo ya go kwala ka go buisana ka
ditlhophana go kwala meraba ka:
 Go tlhopha le go tlhotlhomisa ditlhogo ka go tlotla
ka tsona, o dirisa karata ya dikakanyo le manaane;
 Go dirisa meraba e mengwe jaaka dikai tsa go
kwala;
 Go rulagnya le go tsweletsa setlhogo ka go dirisa
tshedimosetso go tswa mo metsweding e mengwe;
 Go rulaganya dikakanyo ka go di golaganya ka tsela
e e bonolo, e e latelanang go tlhagisa maiteko a
ntlha;
 Go sekaseka maiteko, o etse tlhoko; maikaelelo,
babadi, tiriso ya puo le tatelano, mme o boeletse;
 Go sekaseka le go tlotla ka ga dikwalo tsa gago le
tsa balekane, o supa masisi go ditshwanelo le
maikutlo a ba bangwe;
 Go baakanya diphoso tsa maiteko a bofelo ka go
dirisa kitso ya puo mo tirisong, o tsepamisitse mo
thutapuong, matshwaopuiso, mopeletole tlotlofoko e
e maleba le kereiti;
 Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego le
matshwaotota a bobopi.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 4
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa tiragalo ya go kwala ka go buisana ka
ditlhophana go kwala meraba ka:
 Go tlhopha le go tlhotlhomisa ditlhogo ka go
tlotla ka tsona, o dirisa karata ya dikakanyo le
manaane;
 Go dirisa meraba e e matswakabele jaaka dikai
tsa go kwala;
 Go rulagnya le go tsweletsa setlhogo ka go
dirisa tshedimosetso e e maleba go tswa mo
metsweding e mengwe;
 Go rulaganya dikakanyo ka go di golaganya ka
tsela e e latelanang go tlhagisa maiteko a ntlha
 Go sekaseka maiteko a mantsi, o etse tlhoko
maikaelelo, babadi, tiriso ya puo le tatelano e
matswakabele, le dintlha tse di bonolo tsa
setaele mme o boeletse;
 Go sekaseka le go tlotla ka ga dikwalo tsa gago
le tsa balekane, o dira dikatlenegiso, go supa
masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe;
 Go baakanya diphoso tsa maiteko ka go dirisa
kitso ya puo mo tirisong, o tsepamisitse mo
thutapuong, matshwaopuisong, mopeletong le
tlotlofokong e e maleba le kereiti;
 Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego
e e botlhami le matshwao a farologaneng a
bobopi.
131
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa tiragalo ya go kwala ka go buisana ka
ditlhophana go kwala meraba ka:
 Go tlhopha le go tlhotlhomisa ditlhogo ka go
tlotla ka tsona, o dirisa manaane le dintlha;
 Go dirisa meraba e e matswakabele jaaka dikai
tsa go kwala;
 Go rulagnya le go tsweletsa setlhogo ka go
dirisa tshedimosetso e e maleba go tswa mo
metsweding e mengwe;
 Go rulaganya dikakanyo ka go di golaganya ka
tsela e e latelanang go tlhagisa maiteko a ntlha;
 Go sekaseka maiteko a mantsi, o etse tlhoko
maikaelelo, babadi, tiriso ya puo le tatelano e
matswakabele, le dintlha tse di bonolo tsa
setaele mme a boeletse;
 Go sekaseka le go tlotla ka ga dikwalo tsa gago
le tsa balekane, a dira dikatlenegiso go supa
masisi go ditshwanelo le maikutlo a ba
bangwe;
 Go baakanya diphoso tsa maiteko ka go dirisa
kitso ya puo mo tirisong, o tsepamisitse mo
thutapuong, matshwaopuisong, mopeletong le
tlotlofokong e e maleba le kereiti;
 Phasalatsa kumo ya bofelo, o etse tlhoko tebego
e e botlhami le matshwao a farologaneng a
bobopi.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya
le go batla mabaka mme a fitlhelele, a
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
132
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 A utulola bokao, le go tlhalosa maikaelelo a
mokwadi ka go ranola meraba e e kwadilweng, e e
bonwang le e e utlwiwang go ralala kharikhulamo;
 Go tlhalosa go tlholana ga dilo;
 Go dira tlhopho e e laolwang ke se se botoka;
 Go tlhagisa le go tsweletsa tebelo ya gago e e
tlhamaletseng;
 Go tshegetsa ngangisano ka bopaki jo bo
farologaneng (sekao: dipalopalo le tse dingwe);
 A dirisa dipotso go tsweletsa mogopolo wa gagwe
kgotsa wa ba bangwe;
 A dirisa dipopi tse di maleba tsa puo go tlhagisa
mogopolo o o matswakabele (sekao: mo tirisong ya
dipolelwanakala-tlhalosi tsa boemo, jk. "fa o ka
mpha dijo, ke tla tsamaya le wena".)
Kgato e Kgolo
Poelothuto ya 5 Dielo tsa Tlhatlhobo
Kereiti ya 7
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Go diragatsa dikgono tsa go akanya le go batla
mabaka mo bokaelong jo bo farologaneng go
ralala kharikhulamo;
 Go tlotla le go tlhalosa mefama le seemo sa
mokwadi mo merabeng e e farologaneng;
 Go sa dumelelane le go naya lebaka la go sa
dumelelane;
 Go lemoga le go tlhalosa lebaka la go re goreng
tshedimosetso e ka tsewa e le ya boammaaruri;
 Go dirisa maitemogelo go tiisa ntlha ya tebelo;
 Go botsa le go naya lebaka la go rarabolola
mathata le go tsweletsa go akanya ka ga merero
e matswakabele le maikutlo (sekao: merero ya
ditshwanelo tsa botho le ya tikologo, ditlalelo
tsa batho, ditlhogo go ralala kharikhulamo).
133
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go akanya le go batla mabaka:
 Go diragatsa dikgono tsa go akanya le go batla
mabaka mo bokaelong jo bo farologaneng go
ralala kharikhulamo ka boena;
 Go lemoga le go tlotla kakanyokgolo le
tebelelo ya mokwadi mo merabeng e e
farologaneng;
 Go sekaseka go tlholana ga ditiragalo ka
botlalo, mo merabeng ya dikwalo le mo
merabeng go ralala kharikhulamo (sekao: ka go
lebelela mabaka a a fitlhegileng);
 Go tsweletsa le go dirisa dingangisano ka tsela
e mokwadi le mmadi ba ka bonang botlhale ka
teng;
 Go nnang le tsholofelo ya dikarabo le go
ganetsa;
 Go tlhagisa dingangisano tse di emelanang, le
go neelana ka boitlhophelo;
 Go dirisa tshedimosetso ya boammaaruri le go
ranola dipalopalo ka nonofo e e kwa godimo go
tshegetsa ngangisano;
 Go dirisa maitemogelo a gago le go a
fapologantsha le a ba bangwe go tlhagisa ntlha
ya tebelo;
 Go dirisa dipotso, ditemogotlhaelo (inference)
le ditshekatsheko go tsweletsa kakanyo, le go
rarabolola mathata.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya
le go batla mabaka mme a fitlhelele, a
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
134
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go batlisisa le go tlhotlhomisa:
 Ka go tlhaola tshedimosetso e e tlhokegang go thusa
mo batlisiseng bothata;
 A dirisa mafokomagolo le kakanyokgolo go tlhopha
metswedi e e maleba ya tshedimosetso;
 A utlwelela, a buisa, le go leba moraba go tswa mo
metsweding e e farologaneng ka maikaelelo a go
kgobokanya le go tlhopha kitso;
 A dirisa thekeniki e e siameng le melawana fa o
dira khophi le fa o nopola tshedimosetso go tswa
mo metsweding (sekao: tlhagisa mokwadi, setlhogo,
letlha, mophasalatsi, nomore ya ditsebe, lefelo la
web jj.);
 A dira mo diporojekeng tse di maphataphata go
ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e
logaganeng.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 5
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go batlisisa le go tlhotlhomisa:
 Ka go botsa dipotso tse di amang merero ya
bosethaba le ya kharikhulamo ka bophara
(sekao: tiriso ya thupa, dipuisano tsa tikologo);
 A dira tlhopho e e maleba morago ga go bona
mabaka;
 A dira tlhotlhomisi e e ikemetseng go ralala
kharikhulamo;
 A bona lefelo le go naya tshedimosetso go tswa
mo metsweding e e anameng le e farologaneng
(sekao: radio, internet, mefuta ya meraba e e
kwadilweng, dilaeborari);
 A tokafatsa tiriso e e botoka ya thekeniki ya go
kaya metswedi le melawana ya fa o dira khophi
le fa o nopola tshedimosetso go tswa mo
metsweding (sekao: mokwadi, setlhogo, letlha,
mophasalatsi, nomore ya ditsebe, lefelo la web
jj.);
 A dira kgabetsakgabetsa mo diporojekeng tse di
maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a
tlhagisa kumo e e logaganeng.
135
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dirisa puo go batlisisa le go tlhotlhomisa:
 Ka go botsa dipotso tse di gwetlhang mo
mererong ya bosethaba le ya kharikhulamo ka
bophara (sekao: HIV/AIDS, phokotsego ya
dielo tsa merokotso);
 A lemoga fa sebui kgotsa motswedi o le
bokaokao, a dirisa bopaki e seng ka tshwanelo,
a dira boikao jo bo se nang boammaaruri, le go
botsa dipotso tse di maleba go bona
tshedimosetso e ntsi, e e nepagetseng;
 A botsa le go lekanya ditlhopho;
 A utulola mefuta ya melebo go rulaganya le go
tlhagisa tlhotlhomisi ka setlhogo (ka Dipuo le
Dikarolo Thuto tse dingwe);
 A tsaya tsia ditebelo tse di farologaneng fa a
tlhopha tshedimosetso;
 A katolosa metswedi le mekgwa ya go bona
tshedimosetso e e maleba (sekao: metswedi ya
dikgang, ya motlakase le e mengwe jaaka
dikuranta, diakhaefe, difilimi tsa ditiragalo,
dilaeborari tse di kgethegileng);
 A dira kgabetsakgabetsa mo diporojekeng tse di
maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a
tlhagisa kumo e e logaganeng.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya
le go batla mabaka mme a fitlhelele, a
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
136
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Ranola tshedimosetso:
 Ka go kwala tshedimosetso mo sebopegong se se ka
fitlhelelwang (sekao: manaaane, dikarata tsa
dikakanyo, dintlha, ditsobokanyo j.j);
 Ka go rulaganya tshedimosetso ka tshwanelo
(sekao: go ya nako le botlhokwa);
 Ka go fetola tshedimosetso go tswa mo sebopegong
[kgotsa puo] se sengwe go ya go se sengwe (sekao:
dikarata tsa dikakanyo go ya go ditemana, manaane
go ditshobokanyo j.j);
 Supa bosekaseki ka go abelana le botsolotsa
dikakanyo;
 Go bapisa ditebelo tse di farologaneng, le go tlhaola
dipharologano le go tshwana;
 Ka go dirisa puo e e maleba ya go bapisa (sekao: ka
jalo, mo ntlheng e nngwe);
 Ka go tlhopha tshedimosetso e e maleba ya
botlhokwa go tswa mo metsweding le bathong ba ba
farologaneng, le go logaganya dineelo ka dikakanyo
tsa gagwe go bopa kumo e e duleng diatla.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 5
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Ranola tshedimosetso:
 Ka go lekeletsa ka mefuta e e farologaneng ya
go tsaya dintlha le go dira dintlha (sekao: go
tsaya dintlha mo maemong a a farologaneng, o
dirisa dikhutshwafatso ka ntlha ya lebelo);
 Ka go ela tlhoko dintlha tsa go kaya metswedi;
 Ka go anywa le go logaganya tshedimosetso, a
dirisa dikgono tsa go reetsa, go buisa, go kwala
le go bogela;
 Ka go fetola tshedimosetso go tswa mo
sebopegong kgotsa puo e nngwe go ya go e
nngwe (go bopolola kgotsa go fetolela);
 Ka go sobokanya tshedimosetso kgotsa
dikakanyo ka go di tlhopha, ka kakaretso, ka
karoganyo le go runa, le go akanya ka kumo;
 Ka go bopa dikakanyo mo motlotlong le mo
kwalong, ka mekgwa e matswakabele, a dirisa
kitso ya puo.
137
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ A ranola tshedimosetso:
 Go tsweletsa dikgono tsa go tsaya dintlha le go
dira dintlha (sekao: go tlhopha, go rulaganya,
go aroganya tshedimosetso a dirisa manaane,
dikarata tsa dikakanyo) mme a akaretsa
dinopolo le dintlha tsa go kaya metswedi;
 Ka go tlhopha tshedimosetso e e maleba le e e
gaisang go tswa mo metsweding le batho ba ba
farologaneng le go logaganya dineelano le
dikakanyo tsa gagwe go bopa kumo e e
logaganeng le e e duleng diatla;
 Ka go fetola tshedimosetso go tswa mo sebopegong
kgotsa puo e nngwe go ya go e
nngwe (go bopolola kgotsa go fetolela);
 Ka go sekaseka botshepegi le boleng jwa
tshedimoseto go tswa mo metsweding ya
bokwadi le mo bophasalatsing (sekao: mo
mererong ya sesweng);
 Ka go kwala le go bua a dirisa puo le
dipopipolelo tse di matswakabele thata go
sedifatsa le go utlwatsa.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
GO AKANYA LE GO BATLA MABAKA
Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya
le go batla mabaka mme a fitlhelele, a
tlhotlhe, le go dirisa kitso e, go ithuta.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
138
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ A na le kakanyo ya botlhami:
 Ya go ipopela, go abelela, go ja ditoro le go
gatelela, go bopa bokao le rarabolola mathata;
 Ya go dirisa go kwala go tsweletsa dikakanyo
(sekao: jenale, go tlotla ka bophara, dikarata tsa
dikakanyo);
 Ya go akanya dikgonego le ditsela tse dintsi tsa go
godisa kitso (dikabelelo);
 Ya go tsaya tsia dipharologanyo le go di dirisa ka
botlhami (sekao: pharologano mo maitemogelong,
setsong, dikgatlhegelong le bothong);
 Ya go dirisa puo go ralala kharikhulamo go
rarabolola mathata (sekao: go refosanya dipuo);
 Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng di
tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di
farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go thusa
go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
_ A dirisa puo go akanya:
 A akanya ka ga se se utlwileng kgotsa buisitsweng, le
go botsa dipotso tse di gwetlhang;
 A akanya ka ga tswelelo ya bokgoni jwa gagwe jaaka
sebui, moreetsi le mokwadi mo bokaelong jo bo
tlwaelegileng, le go tlhaola dikarolo tsa go tswelela
pele;
 Go akanya ka bokgoni jwa gagwe jaaka moabi mo
ditirong tsa setlhopha le go lemoga dithono tsa go
tswelela.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 5
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ A na le kakanyo ya botlhami:
 Ya go ipopela, go abelela, go ja ditoro le go
gatelela, go bopa bokao le rarabolola mathata;
 Ya go akanya dikgonego le ditsela tse dintsi tsa
go godisa kitso (dikabelelo);
 Ya go tsaya tsia dipharologanyo le go di dirisa
ka botlhami (sekao: pharologano mo
maitemogelong, setsong, dikgatlhegelong le
bothong);
 Ya go kwala ka tekeletso go utulola dikakanyo,
maikutlo le maitemogelo a dikakanyo;
 Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng
di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di
farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go
thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
_ A dirisa puo go akanya:
 A akanya ka ga se se utlwileng kgotsa
buisitsweng, le go botsa dipotso tse di
gwetlhang;
 A akanya ka ga tswelelo ya bokgoni jwa gagwe
jaaka sebui, moreetsi le mokwadi mo
bokaelong jo bo tlwaelegileng, le go tlhaola
dikarolo tsa go tswelela pele;
 Go akanya ka bokgoni jwa gagwe jaaka moabi
mo ditirong tsa setlhopha le go lemoga
dithono tsa go tswelela.
139
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ A na le kakanyo ya botlhami:
 Ya go ipopela, go abelela, go ja ditoro le go
gatelela, go bopa bokao le rarabolola mathata;
 Ya go akanya dikgonego le ditsela tse dintsi tsa
go godisa kitso (dikabelelo);
 Ya go tsaya tsia dipharologanyo le go di dirisa
ka botlhami (sekao: pharologano mo
maitemogelong, setsong, dikgatlhegelong le
bothong);
 Ya go kwala ka tekeletso go utulola dikakanyo,
maikutlo le maitemogelo a dikakanyo;
 Ya go bapisa ka moo dipuo tse di farologaneng
di tlhagisang mareo mo dikarolo thutong tse di
farologaneng, le go bopa dikgolagano tsa go
thusa go tlhaloganya le go rarabolola mathata.
_ A dirisa puo go akanya:
 A akanya le go sekaseka boleng le nepagalo ya
tshedimosetso mo mo tirong e a e dirileng le ya
ba bangwe;
 A akanya ka ga dikgono tsa gagwe tsa go
buisa, go kwala, go reetsa, mekgwa le
maitemogelo, mme a tsaya tsia tse a di kgonang
le dikarolo tsa tswelelo;
 A akanya le go botsa dipotso le go gwetlha
ditebelo (go akaretsa kgwetlho ya ditemalo) ka
ga se se bonwang, utlwiwang le se se
buisiwang;
 A tokafatsa tebelo ya gagwe moo go
tlhokegang teng, morago ga go utlwa kgotsa go
buisa ditebelelo tsa ba bangwe.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go
ranola meraba
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
140
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka mafoko:
 Dirisa ditogamaano tse di farologaneng go peleta
mafoko a a sa tlwaelegang;
 A itlhamela lenaane la mopeleto le thanodi ya
mafoko go ralala kharikhulamo;
 A dirisa thanodi le bukafoko ya malatodi le
makaelagongwe go oketsa tlotlofoko le go tokafatsa
mopeleto;
 A dirisa dikhutshwafatso tse di tlwaelegileng le
diakoronimi ka tshwanelo;
 A tlhaola le go dirisa mafoko a tshika le mafoko le
mafoko a lekala le le lengwe go tsweletsa tlotlofoko
mo bokaelong;
 A tlhaola ditlhogo le megatlana e le mmalwa go
tlhagisa bokao;
 A sekaseka mokgwa o dipuo di adimang mafoko ka
teng go tswa mo tse dingwe, le ka moo
mafokomawa a bopiwang ka teng, le go a dirisa ka
tshwanelo.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 6 Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka mafoko:
 Dirisa ditogamaano tse di farologaneng go
peleta mafoko a a sa tlwaelegang;
 A itlhamela lenaane la mopeleto le thanodi ya
mafoko go ralala kharikhulamo le go tlotla ka
mafoko a a thata;
 A dirisa thanodi le bukafoko ya malatodi le
makaelagongwe ka katlego go oketsa tlotlofoko
le go dira tlhotlhomisi ya mopeleto;
 A dirisa dikhutshwafatso tse di tlwaelegileng le
diakoronimi ka tshwanelo;
 A tlhaola le go dirisa mafoko a tshika le
mafoko a lekala le le lengwe go tsweletsa
tlotlofoko mo bokaelong;
 A dirisa ditlhogo le megatlana go tlhagisa
bokao;
 A tlhalosa mokgwa o dipuo di adimang mafoko
ka teng go tswa mo go tse dingwe, le ka moo
mafokomawa a bopiwang ka teng.
141
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka mafoko:
 Dirisa ditogamaano tse di farologaneng go
peleta mafoko a a sa tlwaelegang le go tlotla ka
ga ditogamaano tse di dirisitsweng;
 A itlhamela lenaane la mopeleto le thanodi ya
mafoko go ralala kharikhulamo le go sekaseka
mafoko a a thata;
 A dirisa thanodi le bukafoko ya malatodi le
makaelagongwe ka katlego le nonofo
kgabetsakgabetsa go tlhotlhomisa mopeleto,
mafokomatswa, le kgolo ya mafoko;
 A dirisa dikhutshwafatso tse di tlwaelegileng le
diakoronimi ka tshwanelo;
 A tlhalosa le go dirisa mafoko a tshika le
mafoko a lekala le le lengwe go tsweletsa
tlotlofoko mo bokaelong;
 A dirisa ditlhogo le megatlana go tlhagisa
bokao;
 A tlotla ka mokgwa o dipuo di adimang
mafoko ka teng go tswa mo go tse dingwe, le
ka moo mafoko a fetolang bokao go ya ka nako
ka teng le ka moo mafokomawa a bopiwang
ka teng.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 7
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go
ranola meraba
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
142
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka dipolelo:
 Go tlhaola le go dirisa maina, madiri,
mathusamadiri, matlhaodi, maemedi, makopanyi,
malatlhelwa, maetsi, matlhophi, j.j.
 Go tlhaola le go dirisa mefuta ya dipolelwanakala
ka tshwanelo le maleba;
 Go dirisa mefuta ya dipolelo, jaaka, ditlhagiso,
dipotso, ditaelo le dikgakgamatso;
 A tlhaola le go dirisa dipopi tsa polelo jaaka, sediri,
letiro, sedirwa le polelwanakutu;
 A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
_ Dira ka meraba:
 A refosanya tiriso ya setlhogo le dipolelo tse di
tshegetsang (baya polelo ya setlhogo kwa bofelong)
go tsweletsa ditemana tse di golaganeng;
 Go dirisa mafoko a a golaganyang jaaka "le fa" go
tsweletsa tsela e e utlwalang ya dikakanyo mo
ditemaneng;
 Go golaganya dipolelo mo ditemaneng tse di
logaganeng o dirisa, thulaganyo, poeletso ya
mafoko le maemedi;
 Latelanya ditemana ka tsela e e utlwalang go bopa
meraba e meleele.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 6
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka dipolelo:
 Go tlhaola le go dirisa maina, madiri,
mathusamadiri, matlhaodi, maemedi,
makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi, j.j.;
 Go tlhaola le go dirisa mefuta ya
dipolelwanakala ka tshwanelo le maleba;
 Go sekaseka dipharologano tsa popegopuo,
jaaka, ditlhagiso, dipotso, ditaelo le
dikgakgamatso;
 A tlhaola le go dirisa dipopi tsa polelo jaaka,
sediri, letiro, sedirwa le polelwanakutu;
 A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
_ Dira ka meraba:
 A refosanya tiriso ya setlhogo le dipolelo tse di
tshegetsang (baya polelo ya setlhogo kwa
bofelong) go tsweletsa ditemana tse di
golaganeng;
 Go dirisa mafoko a a golaganyang jaaka "le fa"
go tsweletsa tsela e e utlwalang ya dikakanyo
mo ditemaneng;
 Go golaganya dipolelo mo ditemaneng tse di
logaganeng o dirisa, thulaganyo, poeletso ya
mafoko le maemedi;
 Latelanya ditemana ka tsela e e utlwalang go
bopa meraba e meleele.
143
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Dira ka dipolelo:
 Go tlhaola le go dirisa maina, madiri,
mathusamadiri, matlhaodi, maemedi,
makopanyi, malatlhelwa, maetsi, matlhophi j.j.;
 Go dirisa mefuta ya dipolelwanakala ka
tshwanelo le maleba;
 Go sekaseka dipharologano tsa popegopuo,
jaaka, ditlhagiso, dipotso, ditaelo le
dikgakgamatso;
 A tlhaola le go sekaseka dipopi tsa polelo
jaaka, sediri, letiro, sedirwa le polelwanakutu;
 A dirisa matshwaopuiso otlhe ka tshwanelo.
_ Dira ka meraba:
 A refosanya tiriso ya setlhogo le dipolelo tse di
tshegetsang (baya polelo ya setlhogo kwa
bofelong) go tsweletsa ditemana tse di
golaganeng;
 A dirisa mafoko a a golaganyang jaaka "le fa"
go tsweletsa tsela e e utlwalang ya dikakanyo
mo ditemaneng;
 A golaganya dipolelo mo ditemaneng tse di
logaganeng o dirisa makopanyi,
makaelagongwe, malatodi le poeletso ya
mafoko.
Kgato e Kgolo
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
POPEGOPUO LE TIRISO
Moithuti o kgona go dirisa medumo,
mafoko le thutapuo ya puo go tlhama le go
ranola meraba
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
144
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tsweletsa temogo le tiriso ya setaele:
 A dirisa dipolelo tsa boleele jo bo farologaneng le
tsa mefuta;
 A farologanya fa gare ga puo ya tlhoafalo le e e
seng ya tlhoafalo;
 A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo ka tshwanelo.
_ Tsweletsa botlhokwa jwa temogo ya puo:
 A tlhaola meraba e puo e sa kayeng se e se buang-a
lemoga bokao jo bo tlhaelang;
 A tlhaola puo e e tlhotlheletsang;
 A tlhaola le go dirisa mafoko a a supang masisi go
bong, lotso, tikologo, pholo le merero e mengwe ya
loago le setso.
_ A dirisa puo ka ga puo:
 A bua ka polelonolo, polelotswako le polelopate.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 7
Poelothuto ya 6
Tsweletso
Dielo tsa Tlhatlhobo
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tsweletsa temogo le tiriso ya setaele:
 a tlotla le go dirisa dipolelo tsa boleele jo bo
farologaneng le tsa mefuta;
 A farologanya fa gare ga puo ya tlhoafalo le e e
seng ya tlhoafalo, mme a dirisa setaele se se
tshwanetseng mo go kwaleng le mo go bueng;
 A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo ka
tshwanelo.
_ Tsweletsa botlhokwa jwa temogo ya puo:
 A tlhaola bokaotemogo le bokaobontsi;
 A tlhaola puo e e tlhotlheletsang le go e kwala
ntle le go supa maikutlo;
 A golaganya tlhaolo le tiriso ya mafoko a a
supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo le
merero e mengwe ya loago le setso.
_ A dirisa puo ka ga puo:
 Sekao: bukafoko ya makaelagongwe le
malatodi, akhoronimi, mathusi, dipolelwana.
145
Puo ya Gae
Re itse seno fa moithuti a kgona go:
_ Tsweletsa temogo le tiriso ya setaele:
 A dirisa dipolelo tsa boleele jo bo farologaneng
le tsa mefuta;
 A farologanya fa gare ga puo ya tlhoafalo le e
e seng ya tlhoafalo, mme a dirisa setaele se se
tshwanetseng mo go kwaleng le mo go bueng;
 A efoga puomotlele le bokaokao;
 A dirisa dikapuo le mokgwa wa puo ka
tshwanelo le botlhami.
_ Tsweletsa botlhokwa jwa temogo ya puo:
 A tlhaola bokaotemogo bokaotota le
bokaobontsi;
 A tlhaola puo e e tlhotlheletsang ntle le go
supa maikutlo;
 A golaganya tlhaolo le tiriso ya mafoko a a
supang masisi go bong, lotso, tikologo, pholo
le merero e mengwe ya loago le setso.
_ A dirisa puo ka ga puo:
 Logaganya, golaganya, latelanya.
Kgato e Kgolo
Kereiti ya 8 Kereiti ya 9
Dielo tsa Tlhatlhobo Dielo tsa Tlhatlhobo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
146
Kgato e Kgolo
KGAOLO 5
TLHATLHOBO YA MOITHUTI
MATSENO
Boalo-thulaganyo jwa tlhatlhobo ya Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa
R-9 (Dikolo) e theilwe mo ditheong tsa thuto-tota-dipoelo. Thatlhobo e tshwanetse go naya ditshupo tsa
phitlhelelo ya moithuti ka mokgwa o o nang le bokgoni; le go netefatsa gore baithuti ba logaganya le go dirisa
kitso le dikgono. Tlhatlhobo gape, e tshwanetse go thusa baithuti go dira katlholo ka ga go dira ga bona, go
tlhoma diphitlhelelo tsa go tswelela le go tsosolosa go ithutela pele.
Go thusa mo go tlhatlhobeng moithuti, Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e:
_ popomatsa Dipoelothuto le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di golaganeng le tsona mo Karolongthuto nngwe le
nngwe, le mo kereiting nngwe le nngwe mo sekgamung sa Thuto-Kakaretso le Katiso (Dikereiti R-9);
_ diragatsa dipoelo tsa Botlhokwa le tsa Kgolo mo bokaelong jwa Dipoelothuto le jwa Dielo tsa Tlhatlhobo;
_ baya Dielo tsa Tlhatlhobo mo pinagareng ya tiragalo ya tlhatlhobo mo kereiting nngwe le nngwe. Dielo tsa
Tlhatlhobo di tlhalosa boemo jo baithuti ba tshwanetseng go supa phitlhelelo ya bona ya Dipoelethuto le
mekgwa (ka boteng le bophara) ya go supa diphitlhelelo tsa bona.
Seralo se se latelang se supa kgolagano fa gare ga dintlhapopo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng e, ya
Kharikhulamo ya Bosethaba:
DITHEO TSA TLHATLHOBO TSE DI DIRISITSWENG MO THUTONG-TOTA-DIPOELO
Thanolo
Tlhatlhobo mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo) ke tiragalo
e e tswelelang, le e e rulagantsweng, ya go kgobokanya kitso mabapi le bokgoni jwa baithuti, e lekanngwa le
Dielo tsa Tlhatlhobo tsa Dipoelothuto mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba. E
tlhoka seelo se se popomaditsweng ka tshwanelo le ditogamaano tse di maleba tsa mefuta, go kgontsha
barutabana go naya pegelo e e botlalo go barutwana le go begela batsadi le batho bangwe, ba ba nang le
kgatlhego.
147
Puo ya Gae
Tlhatlhobo ya Moithuti
DIPOELO TSA BOTLHOKWA LE DIPOELO
TSA KGOLO
DIKAROLOTHUTO
DIPOELOTHUTO
DIELO TSA TLHATLHOBO TSA
KEREITI NNGWE LE NNGWE
Dintlhapopo tsa Botlhokwa
Thuto-tota-dipoelo ke mokgwa wa go ruta le go ithuta o o tlhalosang ka tshwanelo se barutwana ba
tshwanetseng go se fitlhelela. Ditheo tse e di dirisang, ke tsa gore morutabana a tlhagise pele ga nako se
barutwana ba tshwanetseng go se fitlhelela. Tiro ya morutabana ke go ruta gore a thuse barutwana go
kgotsofatsa ditlhokego tsa Dielo tsa Tlhatlhobo mo kharikhulamong; tiro ya baithuti ke go ithuta kgotsa go dira
se Dielo tsa Tlhatlhabo di se solofelang. Tlhatlhobo e botlhokwa mo thutong-tota-dipoelo, ka ntlha ya gore go
botlhokwa go tlhatlhoba fa mothuti a fitlheletse se se tlhokegang mo kereiting nngwe le nngwe.
Go thusa baithuti go fitlhelela bokgoni jwa bona ka botlalo,tlhatlhobo e tshwanetse go:
_ nna mo pontsheng le go tsepamisiwa ka tshwanelo
_ logaganngwa le go rutiwa le go ithuta
_ thewa mo dielong tse di akanyeditsweng pele
_ farologanngwa go ya ka mekgwa le bokaelo; le
_ nna ya tota,e ikanyega, e le nnete, e lekalekana le moithuti, mme e le malemela-gotlhe go letla dithono tse
di atologileng.
Maikaelelo a Tlhatlhobo
Maikaelelo a magolo a go tlhatlhoba baithuti ke go tiisa kgolo le tswelelo ya motho, go elatlhoko kgatelopele
ya baithuti le go kgontsha go ithuta ga bona. Tiriso tse dingwe tsa tlhatlhobo di akaretsa:
_ Tlhatlhobo-theo ya kitso ya pele
Tlhatlhobo-theo ya kitso ya pele, ka gale e diragala mo tshimologong ya kereiti kgotsa kgato go netefatsa
gore baithuti ba setse ba itse eng. E thusa barutabana go rulaganya manaanethuto le ditiragalo tsa thuto.
_ Tlhatlhobo-patlisiso
Tlhatlhobo-patlisiso e dirisiwa go tlhotlhomisa boleng le se se bakang dikgoreletso mo go ithuteng ga
baithuti ba ba rileng. E latelwa ke kaelo, tshegetso e e maleba le ditogamaano tsa tsereganyo.
_ Tlhatlhobo-phitlhelelo-kgono
Tlhatlhobo-phitlhelelo-kgono e elatlhoko le go tshegetsa tiragalo ya go ithuta le go rutwa,mme e dirisiwa go
itsise baithuti le barutabana ka ga kgatelopele ya baithuti ka maikaelelo a go tokafatsa go ithuta. Pegelo e e
rotloetsang, e newa go kgontsha baithuti go tswelela.
_ Tlhatlhobo-Kakaretso
Tlhatlhobo-kakaretso e naya setshwano-kakaretso sa kgatelopele ya baithuti mo nakong e e rileng, sekao,
kwa bofelong jwa kgwedi-tharo kgotsa ngwaga, kgotsa fa moithuti a fetisetswa kwa sekolong se sengwe.
_ Tlhatlhobo ya makgaolakgang
Tlhatlhobo ya makgaolakgang ke mokgwa wa go elatlhoko bokgoni jwa thulaganyo ya thuto. Karolo nngwe
ya se, ke tlhatlhobo ya bokgoni jwa moithuti go ya ka ditshupo tsa Bosethaba. Tlhatlhobo ya
makgaolakgang e diragatswa kwa bofelong jwa kgato nngwe le nngwe ya sekgamu sa Thuto-Kakaretso le
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
148
Tlhatlhobo ya Moithuti
Katiso. Sampole e e akaretsang dikolo le baithuti e tlhophiwa mo porofenseng kgotsa mo nageng go dira
tlhatlhobo ya makgaolakgang.
TLHATLHOBO E E TSWELELANG
Diponagalo tsa Tlhatlhobo e e Tswelelang
Tlhatlhobo e e tsweleleng ke mokgwa o mogolo o ka ona tlhatlhobo e diragatswang ka teng mo Kemong e e
Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba. E akaretsa ditheo tsotlhe tsa thuto-tota-dipoelo le go netefatsa
gore tlhatlhobo e:
_ diragala mo sebakeng se se rileng le gore e a tswelela: Go ithuta go tlhatlhobiwa nako le nako mme
direkoto tsa kgatelopele ya baithuti di nna di le teng mo ngwageng otlhe.
_ tshegetsa kgolo le tswelelo ya baithuiti: Bithuti e nna batsaya-karolo ba ba matlhatlhaga mo go ithuteng
le mo tlhatlhobong, ba tlhaloganya dielo tse di dirisiwang mo ditiragalong tsa tlhatlhobo, ba na seabe mo go
itlhatlhobeng, ba ipeela diphitlhelelo tse di rileng, ba sekaseka go ithuta ga bona, mme ka jalo ba godise
go-ikaya-bobona ga bona.
_ neelana ka pegelo go tswa mo go ithuteng le go rutweng: Pegelo ke ntlhapopo e e botlhokwatlhokwa
mo tlhatlhobong-phitlhelelo-kgono. Mekgwa ya pegelo e akaretsa go botsa dipotso go go maleba, go
tsepamisa mo ditshwaelong tsa morutabana tsa molomo le tsa kwalo ka ga se se neng se ikaeletswe go
fitlhelelwa ka tiragalo ya tlhatlhobo, le thotloetso go moithuti.
_ go letla tlhatlhobo e e logagantsweng: Se, se ka akaretsa go tlhatlhoba Dipoelothuto tse di golaganeng mo
tiragalong e le nngwe ya tlhatlhobo, le go kopanya mefuta e le mmalwa ya mekgwa ya go tlhatlhoba Dielo
tsa Tlhatlhobo. Bokgoni mo Dipoelothutong tse di rileng bo ka supiwa ka mekgwa e e farologaneng, ka jalo
mefuta ya mekgwa ya tlhatlhobo le dithono di tshwanetse go neelwa, tse baithuti ba ka supang bokgoni jwa
bona ka tsona.
_ dirisa ditogamaano tse di neelang ka ditlhokwa tse di farologaneng tsa baithuti (tsa mmele, tsa
maikutlo-sesaekholoji le setso): Tlhatlhobo e e tswelelang e letla barutabana go nna masisi go barutwana ba
ba nang le ditlhokwa tse di kgethegileng tsa thuto, le go fenya dikgoreletsi mo go ithuteng ka melebo e e
malemela-gotlhe. Mo setlhopheng sengwe le sengwe sa baithuti, go na le lebelo le mekgwa e e farologaneng
ya go ithuta. Baithuti botlhe ga ba tlhoke go tlhatlhojwa ka nako e le nngwe fela le ka mokgwa o le mongwe
fela.
_ letla tlhatlhobo ya kakaretso: Tlhatlalagano ya ditlamorago tsa ditiragalo tsa tlhatlhobo e e tswelelang ga, e
neelana ka setshwano-kakaretso sa kgatelopele ya moithuti mo nakong e e beilweng. Tlhatlhobo-kakaretso e
tshwanetse go rulaganngwa ka kelotlhoko mo tshimologong ya ngwaga,go akaretsa mefuta ya ditogamaano
tsa tlhatlhobo-sekao: dithutiso, ditiro, diporojeke, ditlhatlhobo tsa sekolo le tsa phaposi-tse di tla neelang
baithuti selekano sa dithono go supa se ba se ithutileng.
149
Puo ya Gae
Tlhatlhobo ya Moithuti
Ditogamaano tsa Tlhatlhobo
Tlhopho ya gore ke ditogamaano dife tse di tshwanetseng go dirisiwa ke ya itlhophelo ya motho, e e leng ya
morutabana yoo, kereiti eo, le sekolo seo fela,mme e laolwa ke katlholo ya morutabana ya sephorofeene. Go
nna teng ga boalo le didiriswa go laola tshwetso e, mme le gale fa didiriswa di tshwana, barutabana ba
farologana ka ditsela tse ba dirang ditlhopho ka yona.
Mekgwa, e e tlhaoletsweng ditiragalo tsa tlhatlhobo e tshwanetse go nna maleba le Dielo tsa Tlhatlhobo tse di
tlileng go tlhatlhojwa, mme maikaelelo a tlhatlhobo a tshwanetsweng go tlhalogannngwa ka tshwanelo ke
baithuti botlhe le barutabana ba ba amegang. Bokgoni bo ka supiwa ka mekgwa e le mmalwa. Ka jalo mefuta
ya mekgwa ya go ruta, e a tlhokega, go naya baithuti thono ya go supa bokgoni jwa bona ka tshwanelo.
Ditiro tse di tshwanang tsa Tlhatlhobo
Ditiro tse di tshwanang tsa tlhatlhobo di ka tlhamiwa mo boemong jwa bosethaba, porofentshe, sedika kgotsa
mo setlhotshwaneng, mme di tlhatlhobiwa kwa boemong jwa sekolo, mme di lekanyediwa go sele.
Maikaelelo a Ditiro tse di Tshwanang tsa Tlhatlhobo ke go:
_ netefatsa go lekalekana mo dikatlholong tsa morutabana;
_ go rotloetsa seemo se se tshwanang sa go tlhama;
_ go tiisa nonofo ya tlhatlhobo-tswelelo e e dirwang kwa dikolong;
_ go oketsa nepagalo ya tiragalo ya tlhatlhobo le didiriswa tsa tlhatlhobo;
_ go netefatsa gore ditiro tsa tlhatlhobo kwa dikolong di tlhatlhoba bokgoni le phitlhelelo ka tshwanelo;
_ go netefatsa dithono tse di atologileng tsa baithuti.
TSAMAISO YA TLHATLHOBO
Batho ba ba amegang mo Tlhatlhobong
Sekolo mmogo le barutabana ke tsona tse di rweleng maikarabelo otlhe mo tlhatlhobong ya baithuti.
Barutabana ba solofelwa go tlhama tiragalo ya tlhatlhobo e e nang le moko, e ikanyega e bile e babatsega.
Dipholesi tsa porofentshe di tshwanetse go netefatsa go nna le seabe ga baithuti, ditlhopha tsa sekolo tsa
tlhatlhobo, ditlhopha tsa didika tsa tshegetso, ditirelo tsa tshegetso le batsadi, jaaka dingwe tse di maleba.
Lenaane la Sekolo la Tlhatlhobo
Sekolo sengwe le sengwe se tshwanetseng go tlhama lenaane la tlhatlhobo le le theilweng mo dikelong tsa
porofentshe le tsa bosethaba. Sekolo se tlhoka go nna le Togamaano ya Tlhatlhobo ya Sekolo le Setlhopha go
se kgontsha go diragatswa ga lenaane le. Setlhopha se tshwanetse go nna le baemedi go tswa mo Kgatong
nngwe le nngwe le mo Karolothutong nngwe le nngwe.
Go netefatsa molebo wa seporofeene mo tlhatlhobong, lenaane la tlhatlhobo la sekolo e tshwanetse go
tlhagisa:
_ mokgwa o tlhatlhobo-tswelelo e rulaganngwang le go diragatswang ka teng;
_ mokgwa o dibuka tsa direkoto di tshwanetseng go tsholwa ka teng, le ka moo di ka fitlhelelwang le go
bolokesega ga tsona;
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
150
Tlhatlhobo ya Moithuti
_ dikhoutu tsa tlhatlhobo tse di theilweng ke porofentshe;
_ tlhotlhomiso e e dirwang ke sekolo ka ga tlhatlhobo;
_ mokgwa o tekanyetso e diragalang ka teng mo sekolong;
_ makgati le mekgwa ya go bega;
_ kelotlhoko ya ditiro tsotlhe ya tlhatlhobo;
_ katiso ya badiri mo dikarolong tsa tlhatlhobo.
Dikarolo tse katiso ya mo sekolong e tlhokang go dirwa mo go tsona, di akaretsa:
_ mokgwa wa go dirisa dielo tsa tlhatlhobo;
_ go fitlhelela tumelelano mo barutabaneng ba ba mo keriting e e tshwanang ka ga se se kaiwang se le
botlhokwa go kgotsofatsa Dipoelothuto;
_ mokgwa wa go kwala ditshwaelo tsa dipholo tsa tlhatlhobo le dipegelo;
_ go fitlhelela go tshwana mo go tlhaloganyeng lenaane la tlhatlhobo la sekolo.
GO TSHOLA DIREKOTO
Dibuka tsa Direkoto
Go tsholwa go go siameng ga direkoto go botlhokwa mo tlhatlhobong yotlhe,segolo thata mo tlhatlhobongtswelelo.
Buka kgotsa faele ya rekoto e tshwanetse go tsholwa e le mo nakong ke morutabana mongwe le
mongwe. E tshwanetse go nna le:
_ leina la moithuti;
_ matlha a tlhatlhobo;
_ leina le tlhaloso ya tiragalo ya tlhatlhobo;
_ dipholo tsa ditiragalo tsa tlhatlhobo go ya ka Dikarolothuto kgotsa Manaanethuto;
_ ditshwaelo tsa maikaelelo a go thusa.
Direkoto tsotlhe di tshwanetse go fitlhelelwa, tsa nna bonolo go ranolwa, tsa tsholwa ka polokesego, tsa nna
sephiri le thuso mo tiragalong ya go ruta le go bega.
Lenaane la sekolo ya tlhatlhobo le laola dintlha tsa mokgwa o ka ona direkoto di tshwanetseng go tladiwa ka
teng. Dikhoutu tsa tlhatlhobo di dirisiwa go tlhagisa mokgwa o moithuti a kgonang ka teng mo Dipoelothutong.
Dikhoutu di tshwanetse go sedifala le go tlhaloganngwa ke baithuti le batsadi.
151
Puo ya Gae
Tlhatlhobo ya Moithuti
Dikhoutu tse di tshwanetseng go dirisiwa mo Tlhatlhobong
Go na le mekgwa e mentsi e pegelo ya tlhatlhobo e ka neelwang baithuti ka teng le go rekotiwa
ke barutabana. Go tlhopha mokgwa o o gaisang go dira jalo, go tla laolwa ke mabaka a le mmalwa jaaka:
_ palo ya baithuti mo phaposing le nako e e leng teng go dirisiwa ke morutabana;
_ bomatswakabele le boleele jwa tiragalo ya tlhatlhobo;
_ diteng tsa thuto kgotsa dikgono tse di tlhatlhobiwang (mmetse kgotsa mokwalo);
_ bonako jo pegelo e diriwang ka jona;
_ bonosi/bongwefela jwa mokgwa wa pegelo;
_ gore a bokgoni jwa moithuti bo tshwanetse go bapisiwa le jwa balekane,kgotsa le bokgoni jo bo fetileng; le
/kgotsa le ditlhokego tsa Dielo tsa Tlhatlhobo le Dipoelothuto.
Dikhoutu dingwe tsa tlhatlhobo di botoka mo go maikaelelong mangwe, go na le tse dingwe. Sekao: ditshwaelo
di ka nna le dintlha tse di phutholotsweng, kgotsa tsa nna bonosi, le go neelana ka ditshikhinyo tsa go
tokafatsa. Ditshwaelo di botlhokwa mo neeleng pegelo ka ga bokgoni jwa moithuti tebang le Dielo tsa
Tlhatlhobo. Le fa go le jalo ditshwaelo di tsaya nako e telele go kwalwa, mme ga di bonolo go di rekota.
Dikhouto jaaka "Sentle thatathata", "Sentle thata", "Sentle", "O a kgona" le "Bokgoni jo bo tlhaelang", di
bonako go kwalwa, mme di letlelela tswelelopele ya tlhatlhobo tebang le tiro e e fetileng le Dielo tsa
Tlhatlhobo. Le gale ga di neelane ka dintlha tse di phuthologileng tse di kgonegang mo ditshwaelong. Maduo
mo letlhakoreng le lengwe, a rekotiwa ka bonako, le go tlhakanngwa mmogo, go atisiwa le go arolwa. A
mosola mo go tlhatlhobeng bokgoni jwa moithuti fa bo bapisiwa le ba ba bangwe mo phaposing, le jwa
dikereiti tse dingwe kgotsa dikolo tse dingwe.
Le gale a naya tshedimosetso e nnye mo bokgoning jwa moithuti tebang le Dielo tsa Tlhatlhobo.
Dikao tse dingwe tsa dikhoutu tsa tlhatlhobo ke:
_ ga a ise a kgone; o gaufi le go kgona; o kgonne.
_ A, B, C.
_ dikapolelo tse di tlhametsweng tiragalo ya tlhatlhobo kgotsa pegelo.
Go sa kgathalelwe khoutu e e dirisitsweng, pegelo e na le mosola fa e kopantswe le ditshwaelo. Go na le
kgonagalo ya tokafalo ya phitlhelelo, fa baithuti ba newa pegelo e e kwadilweng, go na le maduo fela. Le fa
maduo le diphesente di le botlhokwa mo mabakeng a go rekota, jaaka fela go le bonolo go kwala maduo mo
bukeng ya go rekota, ga se gantsi a le botlhokwa mo go begeng le mo go rekoteng. Mathata mangwe a a
golaganeng le maduo ke a gore a ka tlhakanngwa le go arolwa, le go dirisiwa ka mokgwa o o ka tsietsang, le
gona mo mabakeng a mantsi a fitlha bontsi jwa phitlhelelo le tswelelopele ya moithuti. Fa baithuti ba dirile
ditiragalo tsa tlhatlhobo tse di fetang bongwe, go na le thaelesego ya go dirisa maduo a, jaaka dipalo,go a
tlhakanya le go batla palogare. Fa se se dirwa, maduo a latlhegelwa ke mosola wa go naya tshedimosetso ya
pegelo. Maduo a palogare le a a arotsweng a fitlha ntlha ya gore a mothuti a ka bo a fitlheletse thuto e e
ikaeletsweng sentle mo mofameng mongwe, mme e seng mo go o mongwe. Maduo a naya selebo sa kakaretso
sa phitlhelelo, mme a fitlha mabaka a tlhatlhobo ya phitlhelelo (kgotsa go sa fitlheleleng) ya moithuti, mme a
kganela tsepamiso mo go ithuteng sengwe go tswa mo tlhatlhobong. E bile ga a tlhalose tswelelopele ya
mothuti sentle mo kharikhulamong. Mo mabakeng a mantsi, go tshwara maduo a a tshwanang (fa e le a a
kgotsofatsang) go kaega jaaka sesupo sa tswelelopele e ntle. Maduo a a kana ka 70, mo Dielong tsa Tlhatlhobo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
152
Tlhatlhobo ya Moithuti
tsa Kereiti ya 5, le maduo a a kana ka 70 mo Dielong tsa Tlhatlhobo tsa Kereiting ya 6, a fitlha gotlhelele,
tswelelopele e moithuti a ka bong a e dirile mo ngwageng, e e tlhagisiwang sentle mo tlhagisong, khoutung
kgotsa mo tshwaelong.
Dikhoutu tsa Bosethaba
Mo go rekoteng kgotsa mo pegelong e e ka ga phitlhelelo ya moithuti mo Dipoelothutong tse di maleba le
kereiti, dikhoutu tse di latelang di tla dirisiwa.
4 = Bokgoni jwa moithuti bo fetile, ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.
3 = Bokgoni jwa moithuti bo kgotsofaditse tsa Poelothuto ya kereiti e.
2 = Bokgoni jwa moithuti bo kgotsofaditse ka bontlhanngwe ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.
1 = Bokgoni jwa moithuti ga bo a kgotsofatsa ditlhokego tsa Poelothuto ya kereiti e.
Diedule tsa tswelelopele
Kwa bokhutlong jwa ngwaga nngwe le nngwe, edule ya tswelelopele e tshwanetse go tladiwa, le go saenwa ke
mogokgo le modiredi wa lefapha. edule ya tswelelopele ke rekoto e e nang le tshedimosetso e e
sobokantsweng ya tswelelopele ya baithuti botlhe mo kereiting mo sekolong.
edule ya tswelelopele e tshwanetse go akaretsa tshedimosetso e e latelang:
_ Leina la sekolo le setempe sa sekolo;
_ Lenaane la baithuti mo kereiting nngwe le nngwe;
_ Dikhoutu tsa tswelelopele mo Karolothutong nngwe le nngwe. (Thulaganyo ya go Khouta ya Bosethaba);
_ Dikhoutu tsa tswelelopele mo kereiting nngwe le nngwe (tswelela pele kwa Kereiting e e latelang kgotsa o
nne gone mo kereiting eo);
_ Ditshwaelo ka dikarolo tsa bokgoni le tse di batlang tshegetso mo Karolothutong nngwe le nngwe;
_ Letlha la tshaeno la mogokgo, morutabana kgotsa morutisi, le modiredi wa lefapha.
Diporofaele tsa Moithuti
Porofaele ya moithuti ke rekoto e e tswelelang ya tshedimosetso e e neelang dintlha tsa kakaretso ka ga
tswelelopele ya moithuti, e akaretsa kgolo e e feletseng ya dielo tsa botshelo, maitsholo le tlhabololo ya tsa
loago. E thusa morutabana mo kereiting kgotsa sekolong se se latelang gore a tlhaloganye moithuti botoka, ka
jalo, a tsibogela moithuti ka tshwanelo.
Tshedimosetso e e latelang e tshwanetse go akarediwa mo porofaeleng ya moithuti:
_ Tshedimosetso ya sebele;
_ Maemo a mmele le hisetori ya pholo;
_ Dikolo tse di tsenweng le rekoto ya go tsena sekolo;
_ Go tsaya karolo le dikatlego mo ditiragalong tsa kharikhulamo ya metshameko-boitapoloso;
_ Maitsholo a maikutlo le a setho;
_ Tlamego ya motsadi;
_ Dikarolo tse di tlhokang tshegetso ya tlaletso;
_ Pegelo-kakaretso, ya bofelo jwa ngwaga; le
153
Puo ya Gae
Tlhatlhobo ya Moithuti
_ Tshobokanyo ya direkoto tsa tswelelo ya dingwaga tsa go tsena sekolo.
Ela tlhoko:
1. Porofaele ya moithuti e emela direkoto tsotlhe tsa pele tsa tswelelo tse di neng di dirisiwa ke dikolo, jaaka
dikarata tsa direkoto, dikarata tsa mofatlhosi (tutor) le dikarata tsa ditiro tsa baithuti tse di beiwang kwa
sekolong. (Edlab cards). Maikaelelomagolo a porofaele ya moithuti ke go thusa moithuti go fitlhelela
mefuta ya tshedimosetso e e akaretsang.
2. Tshedimosetso ya sebele e e leng mo porofaeleng, ga e a tshwanela go dirisiwa ka mokgwa o e seng ona go
kgetholola moithuti.
3. Diporofaele tsa baithuti ga di a tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa le dipotefolio. Potefolio ke mokgwa wa
go tlhatlhoba o o nayang moithuti le morutabana mmogo, thono ya go lebelela tiro nngwe e e dirilweng go
tlhamela ditiragalo di le mmalwa tsa tlhatlhobo. Tiro e bewa mo sephuthelong mo faeleng kgotsa mo
bokosong. Porofaele ya moithuti, mo letlhakoreng le lengwe ke rekoto e e nang le tshedimosetso ka ga
moithuti.
DIREPOTO
Tshedimosetso e e tshwanetseng go Akarediwa mo Direpotong
Barutabana ba tshwanetse go ikarabela go baithuti, batsadi, thulaganyo ya thuto le mo baaging ka bophara, mo
go tlhatlhobeng baithuti. Se se diragala ka go naya pegelo. Mo godimo ga dipegelo tse di kwadilweng, ditiro
tsa motlotlo le tsa diatla le dipontshotshupetso di ka dirisiwa.
Pegelo nngwe le nngwe e e ka ga tswelelopele-kakaretso ya moithuti, e tshwanetse go akaretsa tshedimosetso
ka ga:
_ Thuto e e fitlheletsweng;
_ Bokgoni jwa moithuti;
_ Tshegetso/kemonokeng e e tlhokegang;
_ pegelo e e bopang,e e tshwanetseng go nna le ditshwaelo ka ga bokgoni jwa moithuti fa bo bapisiwa le jwa
balekane ba gagwe, le bokgoni jwa nako e e fetileng tebang le ditlhokego tsa Dikarolothuto.
Batsadi ba tshwanetse go begelwa nako le nako go rotloetsa go nna le seabe ga bona. Barutabana ba tshwanetse
go bega kwa bokhutlong jwa paka nngwe le nngwe ya sekolo ba dirisa dikarata tsa semmuso tsa dipegelo.
Ga se gantsi go kgonegang go neelana ka tshedimosetso ya phitlhelelo mo Karolothutong nngwe le nngwe. Le
gale dipegelo di tshwanetse go naya tshedimosetso ka ga phitlhelelo mo Dikarolothuto dingwe le dingwekgotsa
mo Manaanethutong mangwe le mangwe. Mo lebakeng la kgato ya motheo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
154
Tlhatlhobo ya Moithuti
Dikarata tsa Pegelo
Bonnye jwa ditlhokego tsa karata ya pegelo/raporoto ke tse di latelang:
1. Tshedimosetso ya botlhokwa,
_ Leina la sekolo;
_ Leina la moithuti;
_ Kereiti ya moithuti;
_ Letlha la matsalo a moithuti;
_ Ngwaga le paka ya sekolo;
_ Letlha le tshaeno ya motsadi kgotsa motlamedi;
_ Letlha le tshaeno ya morutabana;
_ Letlha le tshaeno ya mogokgo;
_ Matlha a go tswalwa le go bulwa ga sekolo;
_ Setempe sa sekolo;
_ Porofaele ya moithuti ya go tsena sekolo;
_ Tlhaloso ya dikhoutu tsa thulaganyo ya Bosethaba ya dikhoutu.
2. Dikgono le ditlhokego,
_ Neela tlhaloso ya dikgono, ditlhokego tsa kgolo, kgotsa dikarolo tsa tshegetso tse di tlhokwang ke moithuti
mo Karolothutong kgotsa Leanaanethutong lengwe le lengwe.
_ Dirisa thulaganyo ya dikhoutu tsa Bosethaba go tlhatlhoba bokgoni fa bo bapisiwa le Dielo tsa Tlhatlhobo
le Dipoelothuto tse di dirilweng go fitlhelela jaanong-ga go botlhokwa go naya khoutu mo Poelothutong
nngwe le nngwe. Mo pegelong ya bofelo jwa ngwaga, bokgoni jwa kakaretso jwa moithuti mo
Dikarolothutong bo tshwanetse go supiwa.
3. Ditshwaelo mo Karolothutong kgotsa Lenaanethutong lengwe le lengwe,
_ Neela ditshwaelo mo Karolothutong kgotsa Lenaanethutong lengwe le lengwe, a kgatelelo e e kgethegileng
mo baithuting ba ba fetileng ditlhokego kgotsa ba ba tlhokang go engwa nokeng gape. Ditshwaelo tse di ka
ga dikgono tse di kgethegileng le dikarolo tse di tlhokang tshegetso di tshwanetse go golaganngwa le Dielo
tsa Tlhatlhobo. Ditshwaelo tse, di tla letla batsadi, baithuti le barutisi go nna le kitso ya gore ke tshegetso
efe e e tlhokwang ke moithuti.
155
Puo ya Gae
Tlhatlhobo ya Moithuti
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
156
Tlhatlhobo ya Moithuti
LENAANE LA MAREO
LENAANE LA MAREO A KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO
Se, ke lenaane le le rulagatsweng ka dialefabete la mareo a a botlhokwa a a dirisitsweng mo go
tlhameng Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Ya Dikereiti R-9 (Dikolo) le
ditheo tsa tlhatlhobo tsa baithuti ba yona:
Tlhatlhobo - Tiragalo e e rulagantsweng e e tswelelang ya go kokoanyo tshedimosetso ka ga bokgoni jwa
moithuti, jo bo lekanyeditsweng go ya ka Dielo tsa Tlhatlhobo
Dielo tsa Tlhatlhobo - Kitso, dikgono le dielo tse baithuti ba tshwanetseng go di supa gore ba fitlheletse
Dipoelothuto mo kereiting nngwe le nngwe
Tlhatlhobo ya kitso ya pele - Tlhatlhobo ya pele e e dirisiwang go netefatsa se moithuti a setseng a se itse
Tlhatlhobo e e tswelelang - Sekao sa tlhatlhobo e e rotloetsang tomagano ya tlhatlhobo mo go ruteng le
tswelelong ya baithuti go ya ka pegelo e e tswelelang
Dipoelo tsa botlhokwa - Dipoelo tse, mmogo le Dipoelo ts dikgolo, di bopa dipoelokgolo tsa Kemo e e
Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa R-9 (Dikolo), tse di tlhotlhelediwang ke
Molaotheo - di akaretsa dikgono tsa pinagare tsa dikgono tsa botshelo tsa baithuti, jaaka tlhaeletsano, kakanyo
e e tseneletseng, tiro le tsamaiso ya tshedimosetso, tiro ya ditlhopha le ya baagi, le dikgono tsa go lekanyetsa
Kharikhulamo 2005 - Se ke sekao sa ntlha sa Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba morago ga Apareteiti.
Lokwalo loo, la pholesi ya thuto la 1997, le neela boalothulaganyo go Tswelelo ya Thuto ya Pele ya Bana,
Thuto-Kakaretso le Katiso, Thutelo-Pele le Katiso, le Thuto ya Motheo ya Bagolo. Kemo e e Tlhabolotsweng
ya Kharikhulamo ya Bosethaba e na le maikaelelo a go tiisa Kharikhulamo ya 2005
Dipoelo tsa Kgolo - Tsona, mmogo le Dipoelo tsa Botlhokwa, di bopa pinagare ya dipoelo tsa Kemo e e
Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba, e e tlhotlhelediwang ke Molaotheo - di akaretsa go kgontsha
baithuti go ithuta sentle, go nna baagi ba ba maikarabelo, ba ba masisi le ba ba ntshang dikumo
Maemo a bofelo - Fa baithuti ba konosetsa kereiti ya 9 ba bo ba newa Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso
Tlhatlhobo-Phitlhelelokgono - mofuta wa tlhatlhobo e e tlhatlhobang tswelelopele ya moithuti go neelana ka
pegelo e e tla tiisang go ithuta
Kgato ya Motheo - Kgato ya ntlha ya sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso: Dikereiti R, 1, 2 le 3
Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso - Ke sebaka sa dingwaga di le 10 tsa thuto ya sekolo e e
patelediwang, se bopiwa ke dikgato tsa Motheo, Bogare le e Kgolo
157
Puo ya Gae
Lenaane la Mareo
Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso - Setefikeiti se se amogelwang morago ga go wetsa sekgamu sa
Thuto-Kakaretso le Katiso
Tomagano - Pinagare ya ditheo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa
R-9 (Dikolo), e e batlang gore baithuti ba dirise kitso le dikgono tsa bona go tswa go Dikarolothuto tse dingwe,
kgotsa go tswa go dikarolo tse dingwe tsa Karolothuto e le nngwe gore ba kgone go tsweletsa ditiro tsa bona
Kgato ya Magareng - Ke kgato ya bobedi ya sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso -Dikereiti 4, 5 le 6
Puo ya go ithuta le go ruta - Puo e e dirisiwang thata mo tikologong ya go ithuta le go ruta; baithuti ba
bangwe ba itemogela go ithuta le go rutwa ka puo ya tlaleletso (e seng ya kwa gae)
Dikarolothuto - Mefama e le 8 ya kitso mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba:
Dipuo, Mmetse, Disaentshe tsa Tlhago, Thekenoloji, Disaentshe tsa Loago, Botaki le Setso, Tebanyo le
Botshelo; le Disaentshe tsa Ikonomi le Tsamaiso
Ditlhagiso tsa Karolothuto - tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe, e e tlhalosang Dipoelothuto mmogo le
Dielo tsa Tlhatlhobo
Porofaele ya moithuti - rekoto-kakaretso ya moithuti, go akarediwa tshedimosetso ka ga gagwe, kgolo ya
seloago, ditlhokego tsa go mo tshegetsa, dikao tsa bontlhabongwe jwa tiro ya gagwe, le pegelo ya ngwaga
yotlhe
Manaanethuto - Manaane a ditiro tsa go ithuta, go akarediwa diteng le mokgwa wa go ruta, tse di kaelwang ke
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa R-9 (Dikolo) mme a tlhangwa ke
diporofentshe, dikolo le barutabana
Thulaganyo ya Dikhoutu tsa Bosethaba - thulaganyo e e tlwaelegileng ya Bosethaba, ya dikhoutu tsa
bokgoni tsa go bega ka ga tswelelopele ya moithuti
Dipoelo - Dipholo kwa bofelong jwa tiragalo ya go ithuta mo thutong-tota-dipoelo;dipoelo tse, di thusa go
betla tiragalo ya go ithuta
Thuto-tota-dipoelo - Tsamaiso ya thuto e e totileng katlego, e ikaegile ka go dira, mme e theilwe mo moithuting.
Mo go lateleng molebo o, Kharikhulamo 2005 le Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya
Bosethaba Ya Dikereiti R-9 (Dikolo) di ikaelela go rotloetsa thuto ya leruri
Potefolio - Faele ya mongwe le mongwe kgotsa sephuthelo sa tiro ya moithuti mongwe le mongwe
Kgatelopelo - setheo-popo sa botlhokwa sa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya
Dikereiti R-9 (Dikolo) e e kgontshang moithuti go tsweletsa ka iketlo, kitso, dikgono le tlhaloganyo, tse di
matswakabele, dikgono le go tlhaloganya mo kereiting nngwe le nngwe
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
158
Lenaane la Mareo
edule ya Kgatelopele - Sediriswa sa bofelo jwa ngwaga sa go rekota tswelelopele ya baithuti botlhe mo
kereiting, go akarediwa dikhoutu tsa tswelelopele mo Karolothutong le kereiting nngwe le nngwe, le ditshwaelo
malebana le tshegetso e e tlhokegang
Tlhatlhobo-kakaretso - E farologana le tlhatlhobo-phitlhelelo-kgono, ka gobo yona e le ka ga dipegelo tsa
kgafetsakgafetsa tsa tswelelopele ya moithuti, gale kwa bofelong jwa paka ya sekolo kgotsa kwa bofelong jwa
ngwaga
LENAANE LA MAREO A KAROLOTHUTO
Puo ya tlaleletso - ke puo e o e ithutang mo godimo ga puo ya gago ya gae
Tlaleletso-puontsi - ke fa motho a ithuta dipuo mo godimo ga puo ya gagwe ya gae. Se, ga se emele puo ya
gae, mme dipuo tse di ithutiwa mmogo le yona.
Dielo tsa Tlhatlhobo - kitso ya puo,dikgono le dielo tse baithuti ba di tshwanetseng go di supa, fa ba di itse
kgotsa ba ka di dira kwa bokhutlong jwa kereiti e e rileng.
Moraba wa nnete - meraba e e dirisiwang mo botshelong jwa nnete (sekao: dimakasine, dikuranta, dipapatso
tsa radio le thelebiene, makwalo)
molebo wa tekatekano go puiso-kwalo - molebo o o emang nokeng puiso-kwalo ya moithuti e e
setogang,mme o rotloetsa baithuti go itumelela dibuka le go tsepamisa mo bokaong, mme e ba neela gape
dithekeniki le ditogamaano go ranola khoutu ya mafoko a a mo kwalong
phetola-teme - go fetogela kwa puong e nngwe ka maikaelelo (sekao: go akaretsa ba bangwe)
Bokaelo - moraba o tlhamiwa le go amogelwa mo bokaelong. Bokaelo bo akaretsa maemo a a anameng le a a
gaufi
puo ya gae - puo e bana ba e ithutang, ka go nna mo go yona mo magaeng a bona le mo baaging. Dipuo tse di
fetang bongwe di ka ithutiwa ka tsela e, ka jalo baithuti ba ka nna le dipuo tsa gae tse di fetang bongwe
kgono puiso-kwalo - ke bokgoni jwa go buisa le go dirisa tshedimosetso e e kwadilweng, le go kwalela
mabaka a a farologaneng. Ke karolo ya bokgoni jwa kakaretso go nna le bokao jwa botshelo
bobegakgang-bontsi - mekgwa e e logaganeng ya go bega,e e akaretsang meraba, dibogelwa, medumo, vidio,
j.j.
okola - go gasa bofofu mo morabeng ka maikaelelo a go bona tshedimosetso e rileng. (go okola kaedi ya
megala-tlhaeletsano, go batla leina le nomore)
159
Puo ya Gae
Lenaane la Mareo
tshela bofofu - go buisa moraba ka bonako go nna le kemokakaretso (go tshela ditlhogo tsa kuranta bofofu ka
maikaelelo a go bona dintlhakgolo)
mmuo - puo e e seng ya semmuso, e gantsi e dirisiwang ke setlhopha se se rileng (sekao: mmuo wa bawa)
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
160
Lenaane la Mareo
161
Puo ya Gae
Lenaane la Mareo

Kemo e e Tlhabolotsweng
ya Kharikhulamo ya
Bosethaba
Dikereiti R - 9
(Dikolo)
Dintlhakakaretso
(LEFAPHA LA THUTO)
Gatisitswe ke Lefapha la Thuto
Sol Plaatje House
123 Schoeman Street
Pretoria
Private Bag X895
Pretoria
Mogala: +27 (12) 312 5911
Fekese: +27 (12) 321 6770
Website: http://education.pwv.gov.za
Tumelelotiriso (c) Lefapha la Thuto la Aforika Borwa
Dikhophi tsa kgatiso e, di ka bonwa go tswa go Botsamaisi:
Kgolagano ya Bosethaba le Porofentshe, Lefapha la Thuto,
Pretoria.
Tel: (012) 312 5410
ISBN 1-919917-64-0
Gazette No.: 23406, Vol 443, May 2002
Lokwalo lo, lo tshwanetse go buisiwa jaaka karolo ya Kemo e e
Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9
(Dikolo).
Kemo e, ya Kharikhulamo ya Bosethaba e akaretsa:
1. Dintlhakakaretso
2. Ditlhagiso tsa Karolothuto di le Robedi
KITSISO GO MMADI
Lefapha la Thuto le motlotlo go tlhagisa Kemo e e Tlhabolotsweng e,
ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R - 9 ( Dikolo ), ka dipuo
tsotlhe di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
Tiragalo ya go ranolela le go fetolela ke e e matswakabele le e e
gwetlhang. Mo mabakeng a le mantsi, mareo le mmuo wa
kharikhulamo o ne o tshwanetse go bopiwa ke batho ba ba neng ba
dira ka dibukana tse. Dibukana tse, di lekeleditswe mo badirising ba
bomankge mo maphateng a a farologaneng.
Lefapha la Thuto le tsaya dibukana tse jaaka tshimologo ya tiragalo
ya go nonotsha le go tsweletsa dipuo tsa rona. Re amogela le go
rotloetsa badirisi ba dibukana tse, go di dirisa jaaka motheo wa
tswelelopele e e tswelelang.

Ketelapele 1
Matseno 2
Lemorago 4
Molaotheo, Dielo, Kago-Sethaba le Kharikhulamo 7
Mofuta wa Moithuti yo o Solofelwang 9
Mofuta wa Morutabana yo o Solofelwang 9
Popego ya Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya 10
Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo)
Ditheo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya 11
Bosethaba
Thokgamo ya loago, Tikologo e e itekanetseng, 11
Ditshwanelo tsa Botho le Boakaretsi
Thuto-tota-Dipoelo 11
Bokgoni jwa Maemo a a kwa Godimo le Kitso ya Botlhe 13
Tshedifatso le Phitlhelelo 13
Tswelelopele le Tomagano 14
Popego le Mareo a a Dirisitsweng mo Ditlhagisong tsa 14
Karolothuto
Poelothuto ke eng? 15
Seelo sa Tlhatlhobo ke eng? 15
Seelo sa Tlhatlhobo se farologana le Poelothuto jang? 15
Manaanethuto 16
Dikarolothuto ka Dikgato 17
Metlhala ya Manaanethuto 17
Neelo ya nako 18
Tlhatlhobo 20
Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso 21
i
Tsebe Dintlhakakaretso
Diteng
Diteng
Dikarolothuto: Dithanolo le Dipoelothuto 22
Dipuo 22
Thanolo 22
Dipoelo 23
Mmetse 23
Thanolo 23
Dipoelo 24
Disaentshe tsa Tlhago 24
Thanolo 24
Dipoelo 25
Disaentshe tsa Loago 26
Thanolo 26
Dipoelo 26
Botaki le Setso 27
Thanolo 27
Dipoelo 28
Tebanyo le Botshelo 28
Thanolo 28
Dipoelo 29
Disaentshe tsa Ikonomi le Botsamaisi 29
Thanolo 29
Dipoelo 30
Thekenoloji 30
Thanolo 30
Dipoelo 31
ii
Tsebe Dintlhakakaretso
Tlhabololo ya kharikhulamo ya Bosethaba ke kgwetlho e kgolo mo sethabeng
sengwe le sengwe. Mo kemong ya yona ka bophara, thulaganyo ya rona ya
thuto le kharikhulamo ya yona, e tlhagisa kakanyo ya rona jaaka sethaba, le
tebelopele ya rona, le mokgwa oo re bonang sebopego se sewa sa sethaba se
itlhagisang ka teng mo baneng le mo baithuting ba rona. Ka go tlhaola se se
tshwanetseng go tsenngwa mo kharikhulamong, re supa se se emelang
ditlhokwa tsa pele le dikeletso tsa se re se kayang jaaka "thuto e ntle"mo
maemong a a kwa godimo.
Kharikhulamo e, e kwadilwe ke Maaforika Borwa a e kwalela Maaforika Borwa,
a a somaretseng ka botswapelo ditheo le ditlwaelo tsa temokerasi. E akeretsa
tebelopele ya rona ya barutabana le baithuti ba ba kitso, e le dipetleke-tsamalemelagotlhe,
ba le masisi mo mererong ya tikologo, mme ba kgona go
tsibogela le go tshwaragana le dikgwetlho tse di sa ntseng di tla lebana le
Aforika Borwa mo ngwagakgolong wa somaamabedi-nngwe.
Le gale, re tshwanetse gape ra leba bonnete matlhong ka ga se kharikhulamo e
ka se fitlhelelang le se e ka se se fitlheleleng. Go se lekalekane le lehuma, di sa
ntse di koafatsa maitemogelo a thuto mo malapeng a mantis le bana ba bona.
Kharikhulamo e tla ranolwa le go diriwa ka go farologana mo bokaelong jo bo
maphataphata. Re tla e tokafatsa le go le go e diragatsa ka bokgoni jo bo kwa
godimo jo bo leng teng. Re tla dira gape, matsapa a a dingalo go kgontsha
phitlhelelo ya tebelopele ya yona, ka go tsaya tsia dintlha tsotlhe tse di amanang
le go ruta le go ithuta.
Seno se tlhoka boineelo le go tsaya karolo botlhe ba ba dirang mo thutong. Re
tlhoka tirisanommogo e e feletseng ya Puso, batsadi, barutabana, baithuti le
baagi ka bophara. Ke solofela gore Kemo e, e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba, e tla atlarela ditsholofelo tse di tla etleetsang
tirisanommogo e e ntseng jaana.
POROFESARA KADER ASMAL, MP
TONA YA THUTO
1
Tsebe Dintlhakakaretso
Ketelapele
Ketelapele
Mo pitsong ya yona e e kgethegileng ya di 12 Lwetse 1997, Komiti ya Ditlhogo
tsa Mafapha a Thuto e atlanegisitse gore Bukana-ketelapele ya Kemo ya
Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa R-9 e amogelwe ke Tona. Bukanaketapele
e, e ne ya neelwa le go amogelwa ke Khansele ya Ditona tsa Thuto mo
pitsong ya tsona ya di 29 Lwetse 1997, jaaka makwalo a pholesi a mararo, a a
aroganeng a Kgato ya Motheo, Kgato ya Magareng le Kgato e Kgolo.
Mo pitsong ya yona ya Seetebosigo 2000,Khansele ya Ditona tsa Thuto e
dumelelane gore Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa R-9 e
tshwanetse go tlhabololwa go ya ka dikatlenegiso tsa Pegelo ya Komiti ya
Tshekatsheko-sewa (30 Motsheganong 2000) go logaganya le go tiisa
Kharikhulamo ya 2005.
Komiti ya Diporojeke ya ga Tona e ne ya tlhamelwa tiro ya go Logaganya le go
Tiisa Kharikhulamo ya 2005. Tiragalo ya go boeletsa e simolotse ka Ferikgong
2001 ka babopi ba kharikhulamo ba le kana ka 150 go tswa mo loagong lwa
thuto. Ka di 31 Phukwi, bukana-ketelapele ya Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba e ne ya neelwa sethaba go tshwaela mo sebakeng
sa dikgwedi di le tharo. Ka kgwedi ya Ngwanatseele, makgotlana a botlhe a go
tshwaela ka kharikhulamo a ne a tshwarwa. Morago ga kamogelo ya ditshwaelo
le diabe tsa botlhe di se na go amogelwa le go sekasekwa go tswa mo
makgotlaneng a botlhe, ditlhotshwanatiro tsa kharikhulamo tsa Komiti ya
Diporojeke ya ga Tona, e ne ya kopana gape ka Sedimonthole 2001 go akaretsa
diphetogo tse di atlenegisitsweng go dira ditokafatso. Kemo e e Tlhabolotsweng
ya Kharikhulamo ya Bosethaba, ke ditlamorago tsa tiragalo e.
Lokwalo lo, mmogo le Ditlhagiso tsa Dikarolothuto di le robedi, tse di
gatisitsweng jaaka Mametlelelo di bopa motheo wa Kemo e e Tlhabolotsweng
ya Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti R-9 (Dikolo). Tse mmogo, di kwa
godimo ga Bukana-ketapele ya Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya
Dikereiti tsa R-9, e e amogetsweng ka 1997.
Pholesi ya ga jaana ya Tlhatlhobo ya di 23 Sedimonthole 1998 (Kasete ya Puso
19640) le Pholesi ya Maleme a thuto ya di 14 Phukwe 1997 (Kasete ya Puso
17997) e tshwanetswe go buisiwa le Bukana-ketapele ya Bosethaba ya Dikereiti
tsa R-9 e e Tlhabolotsweng le karolo e e maleba ya Kemo ya Karolothuto nngwe
le nngwe.
2
Tsebe Dintlhakakaretso
Matseno
Matseno
Go fitlha ka 2008,pholesi e e malebana le kabelo ya ditefikeiti e tla nna yona e e
dirang. Morago ga moo Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso se se
tlhomagantsweng le Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba
se tla tsenngwa mo tirisong.
Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso sa go tsena sekolo mo go patelediwang,
ke boithutedi jotlhe jwa dikolo jo bo theilweng mo selekanyong se dipoelothuto
di fitlheletsweng ka sona mo tlhatlhobong ya dielo tsa Kereiti ya 9.
Motsamaisi-Kakaretso
Thami Mseleku
3
Tsebe Dintlhakakaretso
Puso ya temokerasi ya Aforika Borwa e ja boswa jwa tsamaiso ya thuto ya
tlhaolele e e sa lekalekaneng. Mo nakong ya Apareteiti, Aforika Borwa o ne a na
le mafapha a thuto a le 19 a a farologaneng, a kgaogantswe go ya ka semorafe,
loago le idioloji. Tsamaiso e, e ne e baakanyetsa bana maemo a ba neng ba
solofetswe go a tsaya, mo botshelong jwa seloago, ikonomi, le jwa sepolotiki, mo
pusong ya apareteiti. Mo lefapheng lengwe le lengwe, kharikhulamo e ne e na
le seabe se se maatla sa go etleetsa le go rotloetsa go tlhoka tekatekano. Gore
bana ba rutiwa eng, jang, le gore ga ba rutiwe eng, go ne go farologana go ya ka
diabe tse ba neng ba tshwanetse go nna le tsona mo sethabeng ka bophara.
Go fetolwa ga kharikhulamo mo Aforika Borwa wa morago ga apareteiti, e
simolotse fela morago ga ditlhopho tsa 1994, fa Foramo ya Bosethaba ya Thuto
le Katiso (NETF) e simolola go leba sewa lenaanethuto le go aroganya dirutwa.
Maikaelelomagolo a tsamaiso e, e ne e le go baya motheo wa lenaanethuto le le
lengwe la bosethaba. Kwa ntle ga go bopa sewa, go tiisa le go golaganya
manaanethuto, batlhabolodi ba kharikhulamo ba Lekgotla la Bosethaba la
Thuto le Katiso ba ne gape ba tlosa puo e neng e nyeuma tlhaolele le
botlhokamasisi kana ditemalo tsa tlhaolele mo mananethutong a. La ntlha mo
nageng e, ditshwetso malebana le kharikhulamo di ne tsa tsewa ke baemedi ba
merafe yotlhe. Le gale, tsela e e neng ya tsewa ke lekgotla le, e ne e se, e bile e
ne e sa ikaelela go nna yona e e tlhaobololang Kharikhulamo.
Bukana ya Go Ithuta Botshelojotlhe ka Boalo-thulaganyo jwa Kharikhulamo ya
Bosethaba ya 1996, e ne e le yona kemokgolo ya ntlha ya kharikhulamo ya
Aforika Borwa wa temokerasi. E ne e tllhatlheletswe ke ditheo tse di tswang mo
Molaong-Tiragatso wa Thuto le Katiso (1995), Molaong wa Borutegi jwa Aforika
Borwa wa palo ya 58 (1995) le mo Molaong wa Pholesi ya Thuto ya Bosethaba
(Palo ya 27, 1996). Go ya ka Molao-Tiragatso o,go gatelelwa gore go nne phetogo
e kgolo tebang le thuto le katiso mo Aforika Borwa, gore go ithuta le go ruta go
tle go tlhabologe go bo go itekanele sentle mono Aforika Borwa. Gape o ne o
gatelela gore go sutiwe mo mokgweng wa bogologolo wa maikaelelo-lemaitlhomo,
mme go iwe kwa mokgweng wa thuto-tota-dipoelo. O ne o rotloetsa
tebelelopele ya:
Lefatshe le le tswelang pele, le tshwaragane, la temokerasi e bile le kgona go
gaisana le mafatshe a mangwe a bodithabathaba, le le nang le baagi ba ba
4
Tsebe Dintlhakakaretso
Lemorago
Lemorago
rutegileng, ba itse go itlhamela dilo, ba kgona go leba dilo ka leitlho le
lenthotho, e bile ba tshela botshelo jo bo itekanetseng le jo bo maungo
mantle, ba tshela mo lefatsheng le go se nang tiriso-dikgoka, tlhaolele le
kgobelelo.
Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosethaba (Palo ya 27, 1996) o ne wa tlhagisa
gore go tlhabololwe didirisiwa tse di latelang tsa go bopa kharikhulamo go
tshegetsa mokgwa wa thuto-tota-dipoelo:
??Dipoelo tsa Botlhokwa tsa Makala otlhe (tse kwa morago di neng tsa itsege
jaaka Dipoelo tsa botlhokwa le tsa kgolo, tse di tlhamilweng la ntlha mo
molaong wa SAQA (Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa) wa 1995).
??Dipoelo tse di kgethegileng
??Ditlhagiso tse di namileng (range statements)
??Dielo tsa Tlhatlhobo
??Ditshupo tsa Bokgoni
??Nakotsepamisa-tiro le Nako-boitlhophelo
??Tlhatlhobo-Tsweletso, Go rekota le Go bega.
Didiriswa tsa boalo-thulaganyo tsa kharikhulamo-tlaleletso di ne tsa tlhamiwa
mo dingwageng tse di latelang, mme di akaretsa:
??Dirulaganya-thuto
??Dirulaganya-thitokgang
??Maemo a a solofetsweng a bokgoni
??Manaanethuto
Ka kgwedi ya Diphalane 1997, Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba mo
Dikereiting tsa R-9 e ne ya phasaladiwa go ya ka Kitsiso ya Puso ya 1445. Pholesi
ya Tlhatlhobo ya Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso ya Dikereiti R-9 le
Thuto-theo le Katiso ya Bagolo, e itsisitswe ka Sedimonthole 1998 (Molao wa
19640). Morago ga go itsisiwe mo dikolong ka 1998, Kharikhulamo ya 2005 le
tiragatso ya yona di ne tsa sekasekwa sewa ke Komiti ya Tona ka 2000.
Tsepamiso-tiro ya tshekatsheko-sewa e ne e le popego le boalo-thulaganyo jwa
kharikhulamo, tlhatlhelelo-tebanyo ya morutabana, katiso le tsweletso,
dithusathuto, tshegetso ya seporofense ya barutabana kwa dikolong le dipaka
tsa tiragatso. Komiti ya Tshekatsheko-sewa ya Tona e neelane ka Pegelo ka la
31 Motsheganong 2000.
5
Tsebe Dintlhakakaretso
Komiti ya Tshekatsheko-sewa e atlanegisitse gore go nonotshwa ga
kharikhulamo go batla popomatso le togaganyo ya diponagalo-popi le go
nolofatsa puo ya yona ka go tlhagisa Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba e e
tlhabolotsweng. Gape, e ne ya atlanegisa gore Kemo e, e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba e tshwanetse go fokotsa diponagalo-popi go tloga
go di le robedi (8) go ya go di le tharo (3) tse di latelang: Dipoelo tsa botlhokwa
le tsa Kgolo, dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo. Gape, e tshwanetse go
logaganya kharikhulamo le tlhatlhobo. Go tlaleletsa, e ne ya atlanegisa gore
tiragatso e tshwanetse go tiisiwa le go nonotshwa ka go tokafatsa tlhatlhelelotebanyo
le katiso, dithusathuto le tshegetso ya seporofense. Gape, e ne ya
atlanegisa go repisiwa ga dipaka tsa tiragatso.
Ka Seetebosigo 2000, Lekgotla la Ditona tsa Thuto le ne la amogela dikatlanegiso
tsa kharikhulamo tsa Komiti ya Tshekatsheko-sewa. Ka kgwedi ya Phukwi
2000, Kabinete e ne ya swetsa gore:
Tsweletso ya Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba, e e tshwanetseng ya
dirana le se ditlhokego tsa Kharikhulamo di leng sona, ka puo e e sedifetseng
e bile e le bonolo mo maemong le mo dikgatong tse di farologaneng, e
tshwanetse go simolola ka bonako. Gape, kemo e, e tshwanetse go arabela
ditshwenyego tse di mabapi le bokete ba kharikhulamo, mme e tshwanetse
ya naya thanolo e e sedifetseng ya mofuta wa moithuti go ya ka kitso,
dikgono, dielo, maitsholo - tse di solofelwang kwa bofelong jwa sekgamu sa
Thuto-Kakaretso le Katiso (GET).
Poeletso ya kharikhulamo ya 2005 e tsetse Bukana-Ketelapele ya Kemo ya
Kharikhulamo ya Dikereiti tsa R-9 mo dikolong. Bukana-ketelapele e, ya Kemo
e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa R-9 mo
dikolong e ne ya neelwa sethaba go tshwaela ka la 30 Phukwi 2001. Kwa
bokhutlong e ne ya tlhabololwa go ya ka ditshwaelo tsa sethaba mo
dingwageng tsa 2001/2002. Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya
Bosethaba, ga se Kharikhulamo e nthwa, mme ke togaganyo le tiiso ya
Kharikhulamo 2005. E tshola ditheo, maikaelelo le kgatelelo ya Kharikhulamo
2005 e itekanetse, le go dumelelana le maikemisetso a yona go thuta-totadipoelo.
Mo tsamaong ya nako, fa tiragalo ya poeletso ya kharikhulamo e tsweletse,
tiragatso kwa dikolong tsa Dikereiti R - 9 e tswelela go ya ka pholesi e e fetileng.
Fa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa
R-9 mo dikolong e nna pholesi, e tla beela thoko ditlhagiso tse dingwe tsa pholesi
ya kharikhulamo le tlhatlhobo tsa dikolo. Tiragatso e rulaganyeditswe
ngwaga wa 2004.
6
Tsebe Dintlhakakaretso
Lokwalo lo, lo itsise le go naya lemorago tebang le Ditlhagiso di le robedi (8) tsa
Karolothuto tse di bopang motheo wa Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti tsa R-9 mo dikolong mo sekgamung
sa Thuto-Kakaretso le Katiso.
Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao 108 wa 1996) o neela
motheo wa tlhabololo le tsweletso ya Kharikhulamo mo Aforika Borwa wa ga
jaana. Ketelelapele ya Molaotheo e tlhalosa maikaelelo a Molaotheo a go:
??Alafa dikgaogano tsa maloba le go tlhoma sethaba se se theilweng mo
dielong tsa temokerasi, ditshiamelo tsa loago le motheo wa ditshwanelo tsa
botho.
??Tokafatsa boleng jwa matshelo a baagi botlhe le go golola bokgoni jwa motho
mongwe le mongwe.
??Ala metheo ya sethaba sa temokerasi se se mo phatlalatseng, se mo go sona
puso e theilweng mo keletsong ya batho, le baagi botlhe ba sireleditsweng ke
molao ka go tshwana.
??Aga Aforika Borwa o o kopaneng wa temokerasi o o kgonang go tsaya boemo
jwa gagwe jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya dithaba.
Manifeseto o o ka ga Dielo, Thuto le Temokerasi (Lefapha la Thuto, 2001) o
senola dielo-theo tsa Molaotheo di le lesome. Tsona ke tse di latelang:
??Temokerasi
??Thokgamo ya loago le Tekatekano
??Go sa tlhotlholole ka Morafe le ka Bong
??Botho
??Loago lo lo mo phatlalatseng
??Boikarabelo
??Tlotlo
??Puso ya molao
??Poelano
7
Tsebe Dintlhakakaretso
Molaotheo, Dielo, Kago ya Sethaba
le Kharikhulamo
Molaotheo, Dielo, Kago ya Set haba
le Kharikhulamo
Manifeseto o, o tlhagisa gape ditogamaano di le lesome le borataro (16) tse di
tlwaetsang bawa ba Aforika Borwa dielo tsa Molaotheo. Ditogamaano tse di
tlhaloswa mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba,
mme di akaretsa:
??Go godisa maitseo a go tlhaeletsana le go nna le seabe mo dikolong.
??Go nna le sekao: go etleetsa boineelo le nonofo mo barutabaneng.
??Tlhomamisa gore Moaforika Borwa mongwe le mongwe o kgona go buisa, go
kwala, go bala le go akanya.
??Go nwetsa tlwaelo ya ditshwanelo tsa botho mo phaposiborutelong.
??Dira Botaki le Setso karolo ya kharikhulamo.
??Busetsa hisetori mo kharikhulamong.
??Tsenya thutabodumedi mo dikolong.
??Go dirisa/tlwaetsa botementsi.
??Go dirisa metshameko go bopa dikgolagano tsa loago le go nonotsha
kagosethaba mo dikolong.
??Tlhomamisa pulegelo e e lekalekanang ya thuto.
??Go rotloetsa go lwantsha tlhotlhololo-ka-lotso mo dikolong.
??Golola kgono ya basetsana le basimane.
??Go kampana le Lebolelamading/Phate (HIV/AIDS) le godisa tlwaelo ya
maikarabelo mo thobalanong le mo loagong.
??Go dira gore dikolo di bolokesegele go ithuta le go rutwa mo go tsona le go
tlhomamisa puso ya molao.
??Rotloetsa botho le temogo ya tikologo.
??Godisa mowa o mowa wa borata-beno, kgotsa go dumalana le boagedi jo bo
tshwanang.
Molaotheo o tlhagisa dielo tsa loago tsa sethaba le ditsholofelo tsa diabe,
ditshwanelo le maikarabelo a baagi mo Aforika Borweng wa temokerasi.
Molaotlhomo wa Ditshwanelo o baya botlhotlhwa jo bo kwa godimo mo
tekatekanong, mo sereting sa botho, mo botshelong le mo kgololosegong le mo
pabalesegong ya batho. Tse, mmogo le ditshwanelo tsa kgololosego ya
bodumedi le tumelo, boitlhagiso le kgolagano, di tshela mmogo le ditshwanelo
tsa seloago-ikonomi. Motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya
kgololosego mo lehumeng, mo botlhokantlong, mo pholong e e bokoa le mo
tlaleng. Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e batla go
dira dielo tse, karolo ya kitso le dikgono tse e batlang go di tsweletsa. E rotloetsa
mo baithuting botlhe, temogo le go tlhaloganya setso se se humileng se se
maphataphata, ditumelo le ditebelo tsa botshelo tse mo go tsona kopano mo
Aforika Borwa e ka lemotshegang.
8
Tsebe Dintlhakakaretso
Kgwetlho e e lebileng Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya
Bosethaba ke ya gore maikemisetso le dielo tsa thokgamo ya loago, tekatekano
le temokerasi di ka logaganngwa jang go anama le kharikhulamo. Tsweletso ya
dielo tse ga e botlhokwa fela mo tsweletsong ya motho a le mongwe, mme e
tshwanetse go tlhomamisa gore sebopego sa bosethaba sa Aforika Borwa se
agilwe mo dielong tse di farologaneng le tse go neng go theilwe thuto ya
apareteiti mo go tsona.
Mofuta wa moithuti yo o solofetsweng ke o o tladitsweng ka dielo, e bile e le
moithuti yo o dirang ka fa dikgatlhegelong tsa sethaba se se theilweng mo
tlotlong ya temokerasi, tekatekano, botho jwa batho, botshelo le thokgamo ya
loago.
Kharikhulamo e ikaelela go tsweletsa bokgoni jo bo tletseng jwa moithuti
mongwe le mongwe. E batla go aga moithuti wa botshelo jotlhe yo o itshepang,
a ikemetse, a buisa le go kwala, a bala, a le dinonofo di mafaratlhatlha, a le
mowamontle e bile a tlotla tikologo le go nna le seabe mo sethabeng jaaka
moagi yo o masisi le botlhale.
Barutisi mo maemong otlhe ke batsaya-karolo ba botlhokwa mo tlhabololong ya
thuto mo Aforika Borwa. Barutabana ba na le seabe sa botlhokwa se se
kgethegileng. Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba e lebeletse barutabana ba
ba nonofetseng go go ruta, ba na le bokgoni, ba le boineelo, ba le kutlwelobotlhoko,
le ba ba kgonang go dira ka botlalo, diabe tse di farologaneng tsa
bona, tse di tlhagisitsweng mo Meetlong le Dielong tsa Barutabana tsa 2000
(Kasete ya Puso, ya Palo ya 20844). Meetlo le dielo tse, di leba barutabana jaaka,
9
Tsebe Dintlhakakaretso
Mofuta wa Moithuti yo o
Solofelwang
Mofuta wa Moithuti yo o
Solofelwang
Mofuta wa Morutabana yo o
Solofelwang
Mofuta wa Morutabana yo o
Solofelwang
10
Tsebe Dintlhakakaretso
batsereganyi mo thutong, baranodi le batlhami ba Manaanethuto le didiriswa,
baeteledipele, balaodi, balaodi le batsamaisi, baithutedi, batlhotlhomisi le
baithuti ba leruri, maloko a baagi, bagae le bagomotsi, balekeletsi le bomankge
ba dikarolothuto.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e bopiwa ke
Dintlhakakaretso tse, le Ditlhagiso tsa Karolothuto di le robedi (8).
Go na le Dikarolothuto di le robedi (8) mo Kemong ya Kharikhulamo ya
Bosethaba. Karolothuto ke lekala la kitso, bokgoni le dielo le le nang le
diponagalo tse di kgethegileng gammogo le kgolagano le makala a mangwe a
kitso le dikarolothuto. Mo Kemong e, e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya
Bosethaba, Dikarolothuto ke:
??Dipuo
??Mmetse
??Disaentshe tsa Tlhago
??Thekenoloji
??Disaentshe tsa Loago
??Botaki le Setso
??Tebanyo-botshelo
??Disaentshe tsa Ikonomi le Botsamaisi
Kgolagano fa gare ga ditshwanelo tsa botho, tikologo e e itekanetseng le
thokgamo ya loago di diragatswa mo Tlhagisong ya Karolothuto nngwe le
nngwe.
Ditlhagiso tsa Karolothuto di neelana ka motlhala wa ditlhokego le ditsholofelo
go simolola ka Kereiti ya R go ya go fitlha ka ya 9 tsa dikolo mo Sekgamung sa
Thuto-Kakaretso le Katiso.
Popego ya Kemo e e Tlhabolotsweng
ya Kharikhulamo ya Bosethaba
Dikereiti R-9 (Dikolo)
Popego ya Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba Dikereiti
R-9 (Dikolo)
11
Tsebe Dintlhakakaretso
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti R-9
(Dikolo) e ageletswe mo tebelopeleng le dielong tsa Molaotheo le tsa
Kharikhulamo ya 2005. Ditheo tse, di akaretsa:
Thokgamo ya loago, Tikologo e e itekanetseng,
Ditshwanelo tsa Botho le Boakaretsi
Thokgamo ya loago, Tikologo e e itekanetseng, Ditshwanelo tsa
Botho le Boakaretsi
Kharikhulamo e ka nna le seabe se botlhokwa mo go tsoseng temogo ya
kgolagano fa gare ga ditshwanelo tsa botho, tikologo e e itekanetseng, thokgamo
ya loago, le boakaretsi. Mo dinageng dingwe, se se dirwa ka dithuto di tshwana
le Thutabogae. Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e
lekile go netefatsa gore Ditlhagiso tsotlhe tsa Karolothuto, di supa ditheo le
ditiragatso tsa thokgamo ya loago, go tlotla tikologo, le ditshwanelo tsa botho,
jaaka di ranotswe mo Molaotheong. Bogolosegolo, kharikhulamo e leka go nna
masisi mo mererong ya lehuma, go sa lekalekane, bomorafe, bong, bogolo,
bosaitekanele, le dikgwetlho dingwe jaaka Lebolelamading/Phate (HIV/AIDS).
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e tsaya molebo wa
boakaretsi ka go totobatsa bonnye ditlhokego mo baithuting botlhe. Ditlhokego
tse di kgethegileng tsa thuto, tsa loago, tsa maikutlo le tsa mmele tsa baithuti, di
tla arabelwa ka go tlhangwa le go tswelediwa ga manaanethuto a a maleba.
Thuto-tota-Dipoelo
Thuto-tota-Dipoelo
Thuto-tota-dipoelo e tsaya tiragalo ya go ithuta e le botlhokwa fela jaaka diteng.
Bobedi jo, jwa tiragalo le diteng tsa thuto bo gatelelwa ka go baya mo
pepeneneng dipoelo tse di tshwanetseng go fitlhelelwa kwa bofelong jwa
tiragalo. Mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba
dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo di bopilwe go tswa mo dipoelong tsa
botlhokwa le tsa kgolo.
Ditheo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng
ya Kharikhulamo ya Bosethaba
Ditheo tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba
Dipoelo tsa botlhokwa le tsa kgolo ke lenaane la dipoelo tse di tswang mo
Molaotheong, mme di fitlhelwa mo Molaong wa Borutegi wa Aforika Borwa
(1995). Di tlhalosa mofuta wa mogae yo thuto le thulaganyo ya katiso di
tshwanetseng go ikaelela go mmopa. Dipoelo tsa botlhokwa di solofela baithuti
ba ba tla kgonang go:
??Lemoga le go rarabolola mathata le go tsaya ditshwetso ba dirisa kakanyo ya
botlhokwa le ya boitlhamedi.
??Dira ka nonofo le ba bangwe jaaka ditokololo tsa setlhopha, mokgatlho le
baagi.
??Rulaganya le go tsamaisa ditiro tsa bona ka maikarabelo le ka nonofo.
??Kokoanya, sekaseka, rulaganya le go tlhatlhoba tshedimosetso.
??Tlhaeletsana ka tolamo ba dirisa pono, botshwantshi le puo mo mekgweng e
e farologaneng.
??Dirisa saentshe le thekenoloji ka tolamo, mme ba supa boikarabelo mabapi le
tikologo le pholo ya ba bangwe.
??Supa go tlhaloganya botshelo jaaka ngatana ya dithulaganyo tse di
golaganeng ka go lemoga gore bokaelo jwa tharabololo ya mathata ga bo nne
bo le bosi, bo maphataphata.
Dipoelo tsa kgolo di solofela baithuti ba ba kgonang go:
??Akanya le go tlhotlhomisa ka ga mefuta ya ditogamaano tsa go ithuta ka
katlego.
??Nna le seabe jaaka bagae ba ba maikarabelo mo botshelong jwa selegae, jwa
bosethaba le jwa bodithabathaba.
??Nna masisi mo setsong le mo bokgabong go ralala bonamo jwa bokaelo jwa
loago.
??Tlhotlhomisa thuto le dithono tsa bodiri.
??Tsweletsa dithono tsa bogwebi.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e leka go akaretsa le
go tshegetsa tebelopele ya temokerasi ya loago le bagae ba ba tshwanetseng go
rotoga mo thulaganyong ya rona ya dikolo.
Ka go dirisa Ditlhagiso tsa Karolothuto, Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba e tlhaola maikemisetso, ditsholofelo le dipoelo tse
di tshwanetseng go fitlhelelwa ka dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo tse di
amaneng. Dipoelothuto tsa Karolothuto nngwe le nngwe di a tlhagisiwa kwa
moragonyana mo Dintlhakakaretsong tse. Dielo tsa tlhatlhobo di mo
12
Tsebe Dintlhakakaretso
13
Tsebe Dintlhakakaretso
Ditlhagisong tsa Karolothuto tsa tota, tse di gatisitsweng mo mametlelelong ya
lokwalo lo.
Dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo di gatelela thuto ya bo-na-le-seabe, ya
moithuti-gare e bile e theilwe mo thutong e e tlhagatlhagang. Di tlogelela
barutabana sebaka se se bonalang sa boitlhamedi le boikakanyetsi mo go
ranoleng se ba tla se rutang le gore ba tla se ruta jang.
Mofuta wa thuto-tota-dipoelo wa Aforika Borwa o na le maikaelelo a go
tlhotlheletsa dikakanyo tsa bawa gore ba tle ba kgone go nna le seabe se se
tletseng mo botshelong jwa loago le jwa ikonomi. O ikaeletse go netefatsa gore
baithuti botlhe ba kgona go tswelela le go fitlhelela dikgono tse di feleletseng le
gore ba tlametswe go ithutela leruri
Bokgoni jwa Maemo a a kwa Godimo le Kitso ya Botlhe
Bokgoni jwa Maemo a a kwa Godimo le Kitso ya Botlhe
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e na le maikemisetso
a go tsweletsa kitso ya maemo a a kwa godimo le bokgoni jwa botlhe. E tlhoma
le go tshegetsa ditsholofelo tse di kwa godimo tsa se baithuti ba Aforika Borwa
ba ka se fitlhelelang. Thokgamo ya loago e pateletsa gore dikarolo tsa sethaba
tse di neng di se na dithata mo nakong e e fetileng ka go tlhoka kitso le dikgono,
jaanong di maatlafadiwe. Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya
Bosethaba e na le maikaelelo a go neelana ka motheo o o tiileng, o mo go ona
go tla kgontshwang tswelelo ya bokgoni le kitso ya maemo a a kwa godimo go
botlhe. E dira se ka go totobatsa kopano ya bonnye kitso le nonofo tse di
tshwanelwang ke go bonwa ke baithuti mo kereiting nngwe le nngwe le go
tlhoma maemo a a kwa godimo a a fitlhelelwang mo dikarolothutong tsotlhe.
Tshedifatso le Phitlhelelo
Tshedifatso le Phitlhelelo
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e na le maikaelelo a
go sedifatsa le go kgontsha phitlhelelo mo popong le mo puong ya yona.
Diponagalo di le pedi tsa popo e bong - dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo di
tlhalosetsa baithuti botlhe sentle, gore maikemisetso le dipoelo tse di botlhokwa
go tswelela mo boemong bongwe sentle, le bongwe jwa thulaganyo ke dife. Go
tlaleletsa, Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e tla
kwalwa ka dipuo tsotlhe tsa semmuso le ka mokwalo wa boreile (Braille).
14
Tsebe Dintlhakakaretso
Tswelelopele le tomagano
Tswelelopele le tomagano
Ditheo tsa go ithuta go go lomaganeng ke modi wa thuto-tota-dipoelo.
Tomagano e netefatsa gore baithuti ba lemoga Dikarolothuto jaaka tse
golaganeng le go nyalelelana. E tshegetsa le go oketsa dithono tsa baithuti go
fitlhelela dikgono, go bona kitso le go tsweletsa megopolo le dielo tse di
bopeletsweng go ralala kharikhulamo.
Go botlhokwa gore kharikhulamo e tlhome ka mokgwa wa go tsweledisa pele
ka iketlo, ditsholofelo tsa baithuti tse di mafaratlhatlha, di le boteng e bile di
namile. Tsweledisopele e e akanngwang ke lereo le le dirisiwang go tlhalosa
ponagalo e, ya kharikhulamo. Mo Kemong e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba, dielo tsa tlhatlhobo mo tlhagisong ya karolothuto
nngwe le nngwe, di neelana ka tsweledisopele e e akanngwang mo
Karolothutong nngwe le nngwe, go tloga mo kereiting e nngwe go ya go e
nngwe.
Le fa go ntse jalo, baithuti ga ba a tshwanela go kampana le dielo tsa tlhatlhobo
di le makumaganyane. Kgolagano e tshwanetse gore e dirwe mo gare le go
ralala dipoelothuto le Dikarolothuto. Phitlhelelo ya kgolagano ya maemo a a
kwa godimo fa gare ga tomagano go ralala dikarolothuto le tsweledisopele e e
akanngwang, go tloga mo kereiting e nngwe go ya go e nngwe, ke pinagare ya
Kharikhulamo e.
Go tsweletswapele go go tsweletseng ga barutabana, ditlhopha tsa tsamaiso ya
sekolo le badiri ba tshegetso ba lefapha, ke lephata le le botlhokwa la
maikaelelo a.
Tlhagiso ya Karolothuto nngwe le nngwe e na le dikarolo di le tharo:
Matseno: Karolo e, e itsise Kemo ya Kharikhulamo ya Bosethaba le
Karolothuto e e rileng - maikemisetso le diponagalo tse di kgethegileng tsa
yona.
Popego le Mareo a a Dirisitsweng
mo Ditlhagisong tsa Karolothuto
Popego le Mareo a a Dirisitsweng
mo Ditlhagisong tsa Karolothuto
Karolo e e ka ga dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo: Tsona di tlhagisa
ditlhokego le ditsholofelo tsa baithuti ba dikereiti go simolola ka Kgato ya
Motheo (Dikereiti R-3), Kgato ya Magareng (Dikereiti 4-6) le Kgato e Kgolo
(Dikereiti 7-9). Kgato ya Motheo e tsepamisa mo dikgonong tse di bonolo, kitso
le dielo go netefatsa kgolo ya go ithuta go go yang pele. Dipoelothuto le dielo
tsa tlhatlhobo di tshwanetse go kaiwa jaaka bonnye jo bo tlhokegang jwa kitso e
e nnye, dielo le dinonofo tse di tshwanetseng go akarediwa, mme e se tsona fela
tse di rutiwang. Di supa se se leng botlhokwa mo tswelopeleng mo
thulaganyong mme di bopilwe go ya ka ditlhokego tsa Kereiti ya 9.
Karolo e e ka ga tlhatlhobo: Karolo e e tlhalosa ka ga ditheo le dikaelo tsa
tlhatlhobo, mme e dira ditshikhinyo tsa go boloka le go naya pegelo ya
tlhatlhobo.
Lenaane la Tshedimosetso: Karolo e gantsi e akaretsa dikhutshwafatso,
diakhoronimi le tlhalosetso ya mareo/tlolosari.
Poelothuto ke eng?
Poelothuto ke eng?
Poelothuto e tswa mo dipoelothutong tsa botlhokwa le tsa kgolo. Ke thanolo ya
se (kitso, dinonofo le dielo) baithuti ba tshwanetseng go se itse, go se supa le go
kgona go se dira kwa bofelong jwa Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso.
Setlhopha sa dipoelothuto se tshwanetse go tlhomamisa tomagano le
tsweledisopele mo kgolong ya megopolo, dikgono le dielo go ya ka dielo tsa
tlhatlhobo. Dipoelothuto ga di pateletse diteng le mokgwa wa go dira.
Seelo sa Tlhatlhobo ke eng?
Seelo sa Tlhatlhobo ke eng?
Dielo tsa tlhatlhobo di tlhalosa boemo jo mo go bona baithuti ba tshwanetseng
go supa phitlhelelo ya bona ya Dipoelothuto le ditsela (boteng le bophara) tsa go
supa diphitlhelelo tsa bona. Dielo tsa tlhatlhobo ke tsa kereiti e e rileng, mme di
supa mokgwa o tsweledisopele ya dikakanyo e tla diragalang ka teng mo
Karolothutong. Dielo tsa tlhatlhobo di akaretsa kitso, dikgono le dielo tse di
tlhokegang go fitlhelela dipoelothuto. Ga di pateletse mokgwa wa go ruta.
Seelo sa Tlhatlhobo se farologana le Poelothuto jang?
Seelo sa Tlhatlhobo se farologana le Poelothuto jang?
Dipoelothuto di tlhalosa se baithuti ba tshwanetseng go se itse le se ba
tshwanetseng go se dira. Dielo tsa tlhatlhobo di tlhalosa bonnyennye jwa seemo,
15
Tsebe Dintlhakakaretso
boteng le bophara jwa se se tshwanetseng go ithutiwa. Mo mabakeng a tiriso, se
se tlhalosa gore dipoelothuto di ka, e bile di tla tshwana mo mabakeng a mantsi
go tloga mo kereiting e nngwe go ya go kereiting e nngwe, fa dielo tsa tlhatlhobo
tsona di fetoga go tswa mo kereiting e nngwe go ya go kereiting e nngwe.
Gape, dielo tsa tlhatlhobo di oketsa go ya kwa thutegong. Mo lebakeng la
Sekgamu sa Thuto-Kakaretso le Katiso, se se tlhalosa go wediwa ga Setefikeiti sa
Thuto-Kakaretso le Katiso.
Dithusathuto le manaane a tswelediso pele ya barutabana a tla nna le seabe se
se botlhokwa mo go ranoleng le mo go tlhaloseng dipoelothuto le mo dielo tsa
tlhatlhobo.
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba ya Dikereiti R-9 e tla
tsenngwa mo tirisong mo dikolong ka manaanethuto. Manaanethuto ke
ditiragalo tse bopilweng le go rulaganngwa tse di tsweletsang phitlhelelo ya
dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo tsa kgato.
Le mororo Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e
popomatsa megopolo, dikgono le dielo go ya kereiti ka kereiti, manaanethuto a
gatelela boatlhamo jwa go ithuta le ditiragalo tsa tlhatlhobo ka kgato. Gape,
manaanethuto a na le manaanetiro a a neelanang ka ga lebelo le tatelano ya
ditiragalo tse, mo ngwageng nngwe le nngwe, go akaretsa le dikao tsa
dithulaganyo tsa thuto tse di tla diragatswang mo sebakeng se se neilweng.
Gape, ditheo le dielo tse mo go tsona go theilweng Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba di akaretsa Manaanethuto.
Manaanethuto a tshwanetse go netefatsa gore dipoelothuto tsotlhe le dielo tsa
tlhatlhobo di latelwa ka botlalo, le gore karolothuto nngwe le nngwe e neelwa
nako le kgatelelo e e beilweng. Manaanethuto a tla theiwa mo dikgolaganong
mo gare ga dipoelothuto le dielo tsa tlhatlhobo, ntle le go nyenyefatsa boleng
jwa dikarolothuto.
16
Tsebe Dintlhakakaretso
Manaanethuto
Manaanethuto
Dikarolothuto ka Dikgato
Dikarolothuto ka Dikgato
Mo Kgatong ya Motheo, go na le manaanethuto a le mararo; Puiso-kwalo,
Dipalo le Dikgono tsa Botshelo.
Mo Kgatong ya Magare, Dipuo le Mmetse di sala go nna manaanethuto a a
itlhaotseng. Manaanethuto a tshwanetse go netefatsa gore dipoelo tse
beetsweng karolothuto nngwe le nngwe di diragatswa ka botlalo, le ka go
akaretsa. Dikolo di ka tsaya tshwetso ka ga palo le boleng jwa Manaanethuto a
mangwe, go lebilwe dithulaganyo-kgono tsa sekolo.
Mo Kgatong e kgolo, go na le manaanethuto a le robedi a a theilweng mo
dikarolothutong.
Barutabana ba rwele maikarabelo a go tsweletsa manaanethuto. Lefapha la
Thuto le tla neelana ka metlhala ya pholesi ya tsweletso ya manaanethuto a a
theilweng mo go nngwe le nngwe ya Tlhagiso ya Karolothuto go kgona go
tshegetsa tiragalo e. Diporofentshe di tla tsweletsa metlhala e mengwe mo go
tlhokegang, go letlelela bomethalethale.
Manaane a thuto a barutabana a tla bopa bokgoni jwa barutabana, ditlhopha tsa
botsamaisi tsa sekolo, badiri ba tshegetso ba lefapha, go tlhama, go diragatsa, go
tsamaisa le go tshegetsa le go tsweletswa ga Manaanethuto.
Metlhala ya Manaanethuto
Metlhala ya Manaanethuto
Go netefatsa phitlhelelo ya dielo tsa bosethaba tse di tlhomilweng ke Kemo e e
Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba, metlhala ya pholesi ya
Manaanethuto a a maleba le a a tshwanetseng a tla tswelediwa mo maemong a
bosethaba ka tirisanommogo le diporofentshe. Metlhala e, e tla gatelela setheo
sa thuto ya tomagano le phitlhelelo ya kgolagano ya maemo a a kwa godimo fa
gare ga tomagano go ralala dikarolothuto le tsweledisopele e e akanngwang, go
tloga mo kereiting e nngwe go ya go e nngwe Molao wa Pholesi ya Thuto wa
Bosethaba (1996 karolwana 3, temana 4) e naya Tona ya Lefapha la Thuto go
letlelela mo gare ga dilo dingwe, jaaka metlhala ya pholesi ya bosethaba, go
rulaganya Manaanethuto.
17
Tsebe Dintlhakakaretso
Metlhala ya pholesi e tla kaela ka ga dikaelo tsa:
??Tomagano mo gare le go ralala dikarolothuto.
??Go bopa dilhopha tsa dielo tsa tlhatlhobo.
??Kgolagano fa gare ga dipoelothuto.
??Neelo ya nako.
??Tlhatlhobo.
??Dikgoreletsi tsa thuto.
??Go tlhama Lenaanethuto.
??Pholesi le molao.
??Katiso, tlhatlhabo le tiragatso.
??Neelano ya didiriswa le tshegetso.
??Togamaano le thulaganyo.
Metlhala e, e tla diragatswa mo bokaelong jwa pholesi le mo mealothulaganyong
semelao e e leng teng, jaaka Melawana-Tiragatso ya Thuto e
merataro, Molao wa Pholesi ya Thuto wa Bosethaba (1996), Molao wa Dikolo
wa Aforika Borwa (1996) le Molao wa Bothapi jwa Barutabana (1998). Metlhala
ya manaanethuto a tla neela boalo-thulaganyo go dirana le ditlhokego tse di
rileng tsa moithuti mo bokaelong jo bo rileng.
Neelo ya nako
Neelo ya nako
Go ya ka karolo 4 ya Molao wa Bothapi jwa Barutabana, 1998, letsatsi la sekolo
la semmuso la barutabana le tla nna diura di le supa (7). Go ya ka Molao wa
Bosethaba wa Pholesi ya Thuto, nako ya semmuso ya go ruta mo bekeng ya
sekolo ke diura di le masomaamararo-tlhano (35). Nako e, e beilwe jaana mo
lenaaneng le le latelang:
Kgato ya Motheo: Dikereiti tsa 1 le 2 = 22 diura 30 metsotswana, mme Kereiti
ya 3 = 25 diura
Kgato ya Magare: 26 diura 30 metsotswana
Kgato e Kgolo: Kereiti ya 7 = 26 diura 30 metsotswana, mme Kereiti ya 8 le ya 9
= 27 diura 30 metsotswana.
18
Tsebe Dintlhakakaretso
Dipaka tsa tiro mo dikgatong tsa sekgamu sa Thuto-Kakaretso (GET) di eme
jaana:
Dipaka tsa tiro tsa go ruta mo phaposiborutelong mo Kgatong ya Motheo di
tlhagisiwa fa tlase fa jaaka diphesente tsa dinako tse di fa godimo fa:
19
Tsebe Dintlhakakaretso
Lenaanethuto Nako
(%)
Puiso-kwalo
Dipalo
Dikgono tsa
Botshelo
40%
35%
25%
Kgato Kereiti Nako
Kgato ya Motheo
Kgato ya Magareng
Kgato e Kgolo
(dikereiti 8 le 9)
R, 1 le 2
3
4, 5 le 6
7
8 le 9
22 diura 30 metsotswana
25 diura
26 diura 30 metsotswana
26 diura 30 metsotswana
27 diura 30 metsotswana
Dipaka tsa tiro jaaka diphesente tsa nako (jaaka di tlhagisiwa mo lenaaneng le
le fa godimo fa) tsa Dikgato tsa Magareng le tsa Kgato e Kgolo di eme jaana:
Dikaelo tsa togamaano di tlhagisiwa mo Ditogamaanong tsa Manaanethutong.
Tlhatlhobo
Tlhatlhobo
Kemo ya Karolothuto nngwe le nngwe e akaretsa karolo e e atolotsweng ka ga
tlhatlhobo. Mo boalong jwa go tota dipoelo, mekgwa e e botoka ya tlhatlhobo e
e letlelelang mabaka a bokaelo jo bo maphataphata, e a dirisiwa. Tlhatlhobo e
tshwanetse go neelana ka ditshupo tsa phitlhelelo ya moithuti ka mokgwa o o
mosolo le bokgoni, le go netefatsa gore baithuti ba lomaganya le go dirisa kitso
le dikgono. Tlhatlhobo e tshwanetse go thusa baithuti go dira katlholo ka ga
bokgoni jwa bona, ba ipeele diphitlhelelo tsa go tswelela le go tsosa go ithutela
pele.
20
Tsebe Dintlhakakaretso
Karolothuto/
Lenaanethuto
Nako
(%)
Dipuo
Mmetse
Disaentshe tsa Tlhago
Disaentshe tsa Loago
Thekenoloji
Disaentshe tsa
Ikonomi le Botsamaisi
Tebanyo le Botshelo
Botaki le Setso
25%
18%
13%
12%
8%
8%
8%
8%
21
Tsebe Dintlhakakaretso
Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba e tlhomaganya
kharikhulamo le pholesi ya tlhatlhobo e e fitlhelwang mo Pholesing ya
Tlhatlhobo (Kasete ya Puso 19640 ya 1998). Motlhala o o tshwanang wa
barutabana botlhe o fitlhelwa kwa bofelong jwa Tlhagiso ya Karolothuto nngwe
le nngwe.
Go ruta le go rutwa gotlhe go simolola ka Kereiti R-9 go thusa go tlhagisa
mofuta wa moithuti yo o solofelwang ke Kemo e e Tlhabolotsweng ya
Kharikhulamo ya Bosethaba. Tlhatlhobo ya go rutwa go, e diragala ka tsela e e
tswelelamg mo dingwageng tse di lesome tsa sekolo. Tlhatlhobo le neelano ya
setefikeiti sa go rutwa go go tlhatlagantsweng go, go diragala kwa bofelong jwa
Kereiti ya 9 fa baithuti ba ba kgotsofatsang ditlhokego tse di beilweng ba abelwa
Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso (GETC).
Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso sa go tsena sekolo go go patelediwang
ke boithutedi jotlhe jwa dikolo jo bo theilweng mo selekanyong se dipoelothuto
di fitlheletsweng ka sona mo tlhatlhobong ya dielo tsa Kereiti ya 9.
Go fitlha ka 2008, pholesi e e golaganeng le go abela ditefikeiti ga jaana, e tla nna
yona e e dirang. Morago ga foo Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso le Katiso se se
latelagantsweng le Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosethaba se
tla tsenngwa mo tirisong.
Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso
le Katiso
Setefikeiti sa Thuto-Kakaretso
le Katiso
22
Tsebe Dintlhakakaretso
Dipuo
Thanolo
Thanolo
Tlhagiso ya Karolothuto ya Dipuo e akaretsa:
??Dipuo tsotlhe di le lesome le bongwe (11) tsa semmuso: Sesotho sa Leboa,
Sesotho, Setswana, SeSwati, Sevenda, Setsonga, Seaforikanse, Seesimane,
Setebele, Sethosa le Sezulu.
??Dipuo tse di letleletsweng ke Lekgotla la Dipuo tsa Aforika (PANSALB) le
Bothati jwa Kabo ya Ditefikeiti jwa Aforika Borwa (SAFCERT) jaaka Boraile
(Braille) le Puo ya Ditshupetso ya Aforika Borwa.
Mo nageng ya dipuodintsi e tshwana le Aforika Borwa go botlhokwa gore
baithuti ba fitlhelele maemo a a kwa godimo a bokgoni jwa go bua mo
bonnyeng dipuo di le pedi le gore ba kgone go buisana ka dipuo tse dingwe.
Tlhagiso ya Karolothuto ya Dipuo e latela molebo wa go tlaleletsa kgotsa go
oketsa tebang le ditementsi:
??Baithuti botlhe ba ithuta puo ya gae ya bona le bonnye, puo ya tlaleletso ya
semmuso e le nngwe.
??Baithuti ba na le kgono mo puong ya bona ya tlaleletso, mme ba tsweletse go
tsweletsa kgolo ya puo ya gae.
Tlhagiso ya Karolothuto ya Dipuo e akaretsa dipuo tsa semmuso tsotlhe jaana:
??Dipuo tsa Gae.
??Puo-Tlaleletso ya Ntlha.
??Puo-Tlaleletso ya Bobedi.
Dikarolothuto:
Dithanolo le Dipoelothuto
Dikarolothuto:
Dithanolo le Dipoelothuto
23
Tsebe Dintlhakakaretso
Dipuo tsa gae tsa baithuti di tshwanetse go dirisetswa go ithuta le go rutwa mo
mabakeng a a kgonegang. Se, se botlhokwa thata mo Kgatong ya Motheo, moo
bana ba ithutang go buisa le go kwala. Fa baithuti ba tshwanetse go dira
phetogo go tswa mo puong ya gae go ya kwa puong ya tlaleletso, mo go
ithuteng le mo go rutiweng, togamaano e e kelotlhoko, e botlhokwa.
Dipoelo
Dipoelo
1. Go reetsa: Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate,
mme a arabe sentle ka go sekaseka, mo mabakeng/maemong a a
farologaneng.
2. Go bua: Moithuti o kgona go bua/go buisana ka go itshepa le ka nonofo
ka puo e e buiwang, mo mabakeng/maemong a a farologaneng
3. Go buisa le go bogela: Moithuti o kgona go buisa le go bogela a batla
tshedimosetso/kitso le go ijesa monate, mme a arabele, ka go sekaseka,
bontle le botaki, setso le botlhokwa jwa dielo tsa botshelo (values) tse a di
fitlhelang mo merabeng.
4. Go kwala: Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba
ya boammaaruri le ya maitlhomo a e kwalela mabaka a a farologaneng.
5. Go akanya le batla mabaka: Moithuti o kgona go dirisa puo go akanya le
go batla mabaka, go fitlhelela, le go tlhotlha tshedimosetso, gore morago a
dirise kitso e go ithuta.
6. Popegopuo le tiriso: Moithuti o kgona go dirisa medumo, mafoko le
thutapuo ya puo go tlhama le go ranola meraba.
Go reetsa le go bua, go buisa le go bogela, go kwala, go akanya le go batla
mabaka, le kitso ya medumo, mafoko le thutapuo, le mororo di tlhagisiwa jaaka
dipoelothuto tse di farologaneng, di tshwanetse go golaganngwa mo go ruteng
le mo go tlhatlhobeng.
Mmetse
Thanolo
Thanolo
Mmetse ke tiragalo ya batho e e akaretsang go lemoga, go tlhagisa le go
tlhotlhomisa dipaterone le dikgolagano tsa selekanyo mo dilong tsa tlhago le tsa
24
Tsebe Dintlhakakaretso
loago le fa gare ga dithwe tsa mmetse ka botsona. Ka tiragalo e, dikakanyo le go
tlhaloganngwa go go nthwa go a tswelediwa.
Mmetse o dirisa puo ya ona e e kgethegileng e e akaretsang dikai le mokwalo go
tlhalosa dikgolagano tsa dipalo, dipopego le dikerafo. Megopolo ya mmetse e
agelela mo go o mengwe, ka jalo e bope popego e e logaganeng.
Mmetse ke kumo ya ditlhotlhomisi ya ditso tse di farologaneng; ke tiragalo e e
maikaelelo mo bokaelong jwa maikemisetso le dikgoreletsi tsa loago, polotiki le
ikonomi. Mmetse ga o a ikamologanya le dielo le setso.
Dipoelo
Dipoelo
1. Dipalo, dipatlisiso le dikgolagano: Moithuti o kgona go lemoga, go
tlhalosa le go tlhagisa dipalo le kgolagano ya tsona, mme a kgona go bala,
go abelela, go tlhakanya le go netefatsa ka bokgoni le nonofo go rarabolola
mathata a dipalo.
2. Dipaterone, Ditiro le Alejibora: Moithuti o kgona go lemoga, go tlhalosa
le go tlhagisa dipaterone le dikgolagano, le go rarabolola mathata a dirisa
puo le bokgoni jwa alejibora.
3. Boalo le Popego: Moithuti o kgona go tlhalosa le go tlhagisa diponagalo le
dikgolagano fa gare ga dipopego tsa 2-D le dilo tsa 3-D mo maemong le
tebanyong e e farologaneng.
4. Selekanyo: Moithuti o kgona go dirisa diyuniti tse di tshwanetseng tsa go
lekanya, le didiriswa le difomula mo bokaelong jo bo farologaneng.
5. Go Ranola Tshedimosetso: Moithuti o kgona go kgobokanya, go
sobokanya, go anega le go sekaseka tshedimosetso go kgona go fitlhelela
bokhutlo le go dira diponelopele le go ranola le go tlhotlhomisa kgonagalo
ya phetogo.
Disaentshe tsa Tlhago
Thanolo
Thanolo
Se gompieno se itsegeng jaaka 'Saentshe' se na le metswedi ya sona mo ditsong
tsa Seaforika, Searabia, Seaia, Seamerika le Seyuropa. Saentshe e betlilwe ke
25
Tsebe Dintlhakakaretso
tlhotlhomisi ya go batla go tlhaloganya lefatshe la tlhago ka go le lemoga, go
dira dikhoutu le go lekeletsa megopolo, mme ya gola go nna karolo ya boswa
jwa setso jwa dithaba tsotlhe. Gantsi, "e itshupa ka diponagalo tsa go dira
ditlhagiso tse di tsepameng tse di itetlelelang gore di lekeletswe bonnete"
(McGraw-Hill Concise Encyclopaedia of Science and Technology, 2nd Edition, p. 1647).
Tlhagiso ya Karolothuto ya Disaentshe tsa Tlhago e solofetse thuto le lefelothuto
le le tsayang tsia gore batho ba Aforika Borwa ba na le mefuta ya mekgwa ya go
ithuta go akaretsa ditebelo tse di tlhotlheleditsweng ke setso. Tlhagiso ya
Karolothuto ya Disaentshe tsa Tlhago e simolola ka ntlhatshimologo ya gore
baithuti botlhe ba tshwanetse go nna le phitlhelelo go thuto e e nang le bokao.
Thuto e e nang le bokao e tshwanetse go thewa mo moithuting. E tshwanetse go
thusa baithuti e seng fela go tlhaloganya kitso ya saentshe le mokgwa o e ka
tlhagisiwang ka teng, mme e akaretse thuto ya merero ya tikologo le ya lefatshe.
Karolothuto ya Disaentshe tsa Tlhago e na le maikaelelo a go neelana ka motheo
o baithuti ba kgonang go agelela mo go ona mo botshelong jwa bona botlhe.
Tlhagiso ya Karolothuto ya Disaentshe tsa Tlhago e rotloetsa puiso-kwalo ya
bosaentshe. E dira se ka go tsepamisa mo go tse di latelang:
??Tsweletso le tiriso ya dikgono tsa tiragalo ya saentshe mo mabakeng a a
farologaneng.
??Tsweletso le tiragatso ya kitso ya saentshe le go tlhaloganngwa ga
saentshe.
??Kgatlhegelo ya dikgolagano le maikarabelo fa gare ga saentshe, loago le
tikologo.
Dipoelo
Dipoelo
1. Ditlhotlhomisi tsa Saentshe: Baithuti ba dira ka go itshepa le ka go
kgatlhegela dilo tsa tlhago; ba sekaseka kgolagano le go rarabolola mathata,
mo bokaelong jwa saentshe, Thekenoloji le tikologo.
2. Go bopa Kitso ya Saentshe: Baithuti ba itse, ba ranola,le go diragatsa kitso
ya saentshe, thekenoloji le tikologo.
3. Saentshe, Loago le Tikologo: Baithuti ba kgona go supa, go tlhaloganya
kgolagano fa gare ga saentshe le Thekenoloji, loago le tikologo.
Disaentshe tsa Loago
Thanolo
Thanolo
Disaentshe tsa Loago di ithuta kgolagano fa gare ga batho le fa gare ga batho le
tikologo. Dikgolagano tse di farologana go ya ka nako le lefelo. Gape, di
tlhotlhelediwa ke bokaelo jwa loago, polotiki, ikonomi le tikologo mmogo le
dielo, maikutlo le ditumelo tsa batho.
Megopolo, dikgono le ditiragalo tsa thutalefatshe di bopa dipopi tsa botlhokwa
tsa Tlhagiso ya Karolothuto tsa Disaentshe tsa Loago. Thuto ya tikologo le thuto
ya ditshwanelo tsa batho di bopa karolo ya botlhokwa ya bobedi jwa hisetori le
thutalefatshe.
Tlhagiso ya Karolothuto ya Disaentshe tsa Loago e mabapi le se baithuti ba se
ithutang le gore ba se ithuta jang, le mokgwa oo baithuti ba bopang kitso ka ona.
Tlhagiso ya Karolothuto e rotloetsa baithuti go botsa le go bona dikarabo tse di
mabapi le dipotso ka ga sethaba le tikologo e ba tshelang mo go yona.
Tlhagiso ya Karolothuto e, e na le maikaelelo a go nna le seabe mo go
tsweletseng baagi ba ba nang le kitso, ba le masisi le maikarabelo, mme ba kgona
go nna le seabe se se maungo mo setsong se se maphataphata le se se fetogang
sa sethaba. Gape, e naya baithuti go nna le seabe sa tsweletso ya sethaba se se
theilweng mo bosiaming le mo temokerasing.
Dipoelo
Dipoelo
Hisetori
1. Bobatlisisi jwa Hisetori: Moithuti o kgona go dirisa bokgoni jwa
bobatlisisi go sekaseka paka e e fetileng le paka ya jaanong.
2. Kitso le go Tlhaloganya Hisetori: Moithuti o kgona go supa kitso le go
tlhaloganya Hisetori.
3. Thanolo ya Hisetori: Moithuti o kgona go ranola mefama ya Hisetori.
26
Tsebe Dintlhakakaretso
27
Tsebe Dintlhakakaretso
Thutalefatshe
1. Bobatlisisi jwa Thutalefatshe: Moithuti o kgona go dirisa bokgoni jwa
bobatlisisi go sekaseka megopolo le ditiragalo tsa Thutalefatshe le
Tikologo.
2. Kitso le go Tlhaloganya Thutalefatshe: Moithuti o kgona go supa kitso le
go tlhaloganya Thutalefatshe le Tikologo.
3. Merero ya Bosekaseki: Moithuti o kgona go tsaya ditshwetso tse di
maleba ka ga merero le mathata a loago le tikologo.
Botaki le Setso
Thanolo
Thanolo
Tlhagiso ya Karolothuto ya Botaki le Setso e akaretsa boatlhamo jo bo namileng
jwa ditiragalo tsa botaki le setso tsa Aforika Borwa. Botaki le setso ke dikarolo
tse di botlhokwa tsa botshelo tse di akaretsang mefama ya semowa, didiriswa,
botlhale le maikutlo a maitapiso a batho mo sethabeng. Setso se itlhalosa ka
botaki le mekgwa ya go tshela, mekgwa ya maitsholo, boswa, kitso le
dithulaganyo tsa ditumelo. Ditso ga di a ema golo go le gongwe - di na le dihisetori
le bokaelo, e bile di a fetoga, segolo jang fa di kopana le ditso tse dingwe.
Molebo malebana le setso mo Tlhagisong ya Karolothuto e, o rotloetsa baithuti
go:
??Tswa mo go nneng baruaboswa ba setso ba ba sa direng sepe go nna bana-
le-seabe ba ba matlhagatlhaga.
??Akanya ka bosekaseki ka ga botaki, bodiragatsi le ditiragalo tsa setso.
??Tlhaola kgolagano fa gare ga ditiro tsa botaki le setso.
??Tlhaloganya bokaelo jwa thutalefatshe, ikonomi le loago tse mo go tsona
go duleng Botaki le Setso.
??Tlhaola kgolagano fa gare ga ditiragalo tsa setso, maatla le kgatelelo ya
setso.
??Sekaseka ka moo nako e amileng setso le botaki ka teng.
??Tlhaloganya ka moo botaki bo tlhalosang, bo anamisang le go gwetlha
setso ka mekgwa e e farologaneng ka teng.
28
Tsebe Dintlhakakaretso
Molebo wa botaki mo Tlhagisong ya Karolothuto e, o simolola mo
maitemogelong a a namileng go akaretsa mefuta ya botaki e e fitlhelwang mo
bokaelong jo bo farologaneng jwa setso, go ya kwa kitsong le bokgoning jo bo
tebileng mo kereiting ya borobedi le ya borobong. Boemo jwa mefuta e e
ikemetseng ya botaki le mosola wa maitemogelo a go ithuta a a lomaganeng, a
a lemogiwa. Tlhagiso ya Karolothuto e, e ikaelela go bopa go lekalekana fa gare
ga kitso ya tlhago e e tswelelang ka ga Botaki le Setso, le kitso le bokgoni jo bo
kgethegileng mo go mongwe le mongwe wa mefuta ya botaki.
Dipoelo
Dipoelo
1. Go bopa, go Ranola le go Tlhagisa: Moithuti o kgona go bopa, go ranola
le go tlhagisa tiro mo mefuteng mengwe le mengwe ya botaki.
2. Bosekaseki: Moithuti o kgona go sekaseka ditiragalo tsa botaki le setso,
dikumo le ditaele tsa bokaelo jwa maloba le jwa gompieno.
3. Go nna le seabe le go dira ka setlhopha: Moithuti o kgona go supa
bokgoni jwa gagwe le jwa go dira le ba bangwe ka go nna le seabe ka nosi
le mo setlhopheng mo ditiragalong tsa Botaki le Setso.
4. Boitlhalosi le Kgolagano: Moithuti o kgona o sekaseka le go dirisa mefuta
e mentsi ya kgolagano le boitlhalosi mo botaking le mo setsong.
Tebanyo le Botshelo
Thanolo
Thanolo
Mogopolo wa tebanyo le botshelo o tlhagisa ka botlalo boleng jwa se Tlhagiso
ya Karolothuto e, e ikaelelang go se fitlhelela. E naya baithuti metlhala le go ba
baakanyetsa botshelo le dikgonego tsa jona. Tebanyo le Botshelo e nonosetsa
baithuti botshelo jo bo nang le bokao le katlego mo sethabeng se se fetogang ka
bonako le se se tlhabologang.
Tlhagiso ya Karolothuto ya Tebanyo le Botshelo e tsweletsa dikgono, kitso, dielo
le maitsholo a a neelang baithuti dithata go tsaya ditshwetso tse di maleba le go
tsaya dikgato tse di maleba le:
??Thotloetso ya Pholo.
??Tswelelo ya Loago.
Tsebe
29
Tsebe Dintlhakakaretso
??Tswelelo ya Sebele.
??Tswelelo ya mmele le motsamao.
??Tsepamiso mo lefatsheng la tiro.
Mmogo, ditsepamiso tse tlhano tse, mo dikarolong tsa Tlhagiso ya Karolothuto
ya Tebanyo le Botshelo di arabela ditshwanelo tsa botho le tikologo jaaka di
tlhagisitswe mo Molaotheong.
Dipoelo
Dipoelo
1. Thotloetso ya Pholo: Moithuti o kgona go dira ditshwetso tse di maleba
mabapi le pholo ya sebele, ya baagi le ya tikologo.
2. Tswelelo ya loago: Moithuti o kgona go supa go tlhaloganya le go ineela mo
ditshwanelong le mo maikarabelong a molaotheo, mme a supa go
tlhaloganya maphataphata a ditso le ditumelo.
3. Tswelelo ya Sebele: Moithuti o kgona go dirisa bokgoni jo bo bonweng jwa
botshelo go fitlhelela le go oketsa bokgoni jwa sebele go tsibogela ka
tshwanelo, dikgwetlho mo botshelong jwa gagwe.
4. Kgolo ya Mmele le Motsamao: Moithuti o kgona go supa go tlhaloganya le
go nna le seabe mo ditiragalong tsa go rotloetsa motsamao le kgolo ya
mmele.
5. Tebanyo le Lefatshe la Tiro: Moithuti o kgona go dira ditshwetso tse di
maleba mabapi le go tswelela go ithuta le go itlhophela boiphediso.
Disaentshe tsa Ikonomi le Botsamaisi
Thanolo
Thanolo
Tlhagiso ya Karolothuto ya Disaentshe tsa Ikonomi le Botsamaisi e akaretsa
thuto ya poraefete, ya botlhe kgotsa tiriso e e akaretsang ya mefuta ya didiriswa
mo go kgotsofatseng ditlhokego le ditlhokwa, e ntse e tsweletse go sekaseka
ditlamorago tsa didiriswa mo tikologong le mo bathong.
Ka go popomatsa, Tlhagiso ya Karolothuto ya Disaentshe tsa Ikonomi le
Botsamaisi e dirana le:
Tsebe
??Boleng, ditiragalo le ntsho ya dikungo le ditirelo.
??Ikonomi ya Aforika Borwa fa e bapisiwa le dithulaganyo tsa loagoikonomi
mo dinageng tse di farologaneng.
??Bobeeletsi le botsamaisi jwa matlotlo le bokgoni jwa togamaano, e le jwa
poraefete, jwa botlhe kgotsa jo bo kopanetsweng.
??Dikgono le kitso ya bogwebi jo bo tlhokegang go tsamaisa matshelo a
batho le tikologo.
Dipoelo
Dipoelo
1. Kitso le go Tlhaloganya Tshekeletsi ya Ikonomi: Moithuti o kgona go
supa kitso le go tlhaloganya tshekeletsi ya ikonomi mo go rarabololeng
mathata a ikonomi.
2. Go Tlhaloganya Kgolo le Tswelelo e e Kgonegang: Moithuti o kgona go
supa le go tlhaloganya kgolo e e kgonegang ya ikonomi, kagosewa le
tswelelo, le go sekaseka ditiragalo tse di golaganeng le se.
3. Kitso le Bokgoni jwa Botsamaisi, Bodirisi le Matlotlo: Moithuti o kgona
go supa kitso le bokgoni jwa go dirisa ka maikarabelo bokgoni jo bo rileng
jwa botsamaisi, bodirisi le matlotlo.
4. Kitso le Bokgoni jwa Bogwebi: Moithuti o kgona go supa kitso, bokgoni
le maitsholo a bogwebi.
Thekenoloji
Thanolo
Thanolo
Thekenoloji ga e bolo go nna teng mo ditiragalong tsotlhe jaaka tiragalo e mo go
yona batho ba dirisang go tswakanya kitso, dikgono le didiriswa tse di leng teng
go bopa ditharabololo tse di thusang ditlhokego le ditlhokwa tsa bona tsa
letsatsi le letsatsi. Dingwe tsa ditharabololo tse di mo sebopegong tsa dikumo fa
dingwe tsa ditharabololo tse di akaretsa go kopanngwa ga dikumo go dira
dithulaganyo.
Gompieno batho ba sa ntse ba na le ditlhokego le ditlhokwa. Ditharabololo di sa
ntse di tsweletse go dirwa ka ditiragalo tse di kopanyang kitso, dikgono le
didiriswa tse di leng teng. Le gale, kitso, dikgono le didiriswa tse di diriswang
30
Tsebe Dintlhakakaretso
gompieno di farologane ka ntlha ya lebelo la tswelelopele mo lephateng la
thekenoloji. Sethaba sa gompieno se matswakabele le maphataphata. Dintlha
tsa ikonomi le tikologo le bonamo jwa maitsholo le dielo di tshwanetse go tsewa
tsia fa go bopiwa ditharabololo tsa thekenoloji. Ke mo bokaelong jo, jo mo go
bona thekenoloji e tlhalosiwang jaaka:
Tiriso ya kitso, dikgono le didiriswa go kgonana le ditlhokego le ditlhokwa tsa
batho, ka go tsweletsa ditharabololo tse di ka diragatswang mo go rarabololeng
mathata, go etswe tlhoko dintlha tsa loago le tikologo.
Dipoelo
Dipoelo
1. Ditiragalo le Dikgono tsa Thekenoloji: Moithuti o kgona go diragatsa
ditiragalo le dikgono tsa thekenoloji ka botho le maikarabelo, a dirisa
tshedimosetso e e maleba le kgolagano ya dithekenoloji.
2. Kitso le go Tlhaloganya Thekenoloji: Moithuti o kgona go tlhaloganya le
go diragatsa kitso ya thekenoloji e e maleba ka setho le ka boikarabelo.
3. Thekenoloji, Sethaba le Tikologo: Moithuti o kgona go supa go
tlhaloganya kgolagano e e fa gare ga saentshe, Thekenoloji, sethaba le
tikologo mo tsamaong ya nako.
31
Tsebe Dintlhakakaretso

Lenaane la maano a temothuo ya Aforika Borwa ke ditlamorago tsa tirisano magareng ga Puso, Agri SA le NAFU.
E rile go sale gale mo ngwageng wa 2001, Poresidente Thabo Mbeki, a kopa ditheo tse di farologaneng tse di nang le kgatlhego go supa maano a a tshwaraganetsweng mmogo gore a tsepamise dikakanyo tsa go tshwaraganya lekala le. Go tswa mo kopong e, go ne ga runya lenaane la maano a lekala.
Ponelopele ya lekala e tlhalosa gore ditheo tsotlhe tse di nang le kgatlhego di nne le seabe sa dipoelo tsa maungo a a tswelelang mo ikonoming ya temothuo ya Aforika Borwa. E gatelela ditlhokego tsa go tshegetsa le go oketsa go ntsha dikuno tse go tla gwebisanwang ka tsona, go tlhoma kgaisano magareng ga mafatshe a lefatshe ka bophara tota le go elatlhoko merero ya ditiragalo tsa histori e e tshokameng le e e lomeletsang e e tlhodileng mekgwa ya go se fitlhelele le go emelwa ka go lekalekana. Se se tlhalosa mo pepeneneng setshwantsho sa kwa temothuo ya Aforika Borwa e batlang go leba kwa teng mo isagweng ya nako e telele.
Lenaane la maano le arogantswe ka makala a a botlhokwa a mararo:
 Go fitlhelela le go nna le seabe ka go lekalekana
Maikaelelo a maano a ke go tsholetsa mokgwa wa go fitlhelela o o lekalekanang le go nna le seabe mo ditshonong tsa temothuo; go phimola mekgwa ya tlhaolele mo kabong ya mafatshe le bong jwa dikgwebo; mmogo le go bulela ditshono tsotlhe tsa kgwebo mo lekaleng.
 Kgaisano ya lefatshe ka bophara le dipoelo tsa maungo
Maikaelelo a maano a ke go tsholetsa dipoelo tsa maungo ka kgaisano e e tshegediwang ya lefatshe ka bophara ka kabo ya seabe sa go romela dikuno tsa lekala, go ntsha dikuno tsa botlhokwa, le mo makaleng a madirelo a temothuo le bojanala jwa temothuo.
 Mokgwa wa tsamaiso e e tshegediwang ya metswedi
Maano a a ikaeletse go tsholetsa bokgoni jwa balemirui jwa go dirisa metswedi ka mokgwa o o tswelediwang mmogo le go netefatsa go dirisiwa ka botlhale le go tsamaisiwa ga metswedi ya tlhago.
Dintlha dingwe tsa maano a a botlhokwa di emana nokeng mme e bile di tla tshwaela mo go tlhomeng le go tshegetsa boikanyego mo temothuong. Fa re tshotse se mo tlhaloganyong, setlhopha se se logang maano a, se supile palo ya maano a a tshegetsanang le go kgontsha se:
 Puso e e lolameng
 Tlhabololo e e tshwaraganetsweng le e e tshegediwang ya dikgaolo tsa kwa magaeng
 Kitso le go itshimololela dilo
 Tirisano ya mafatshe a bodithabathaba
 Pabalesego le tshireletso
Maikaelelo a maano a a tshegetsanang a, a na le motheo o o botlhokwa o kwa ntle ga ona maikaelelo a maano a, a ka se fitlhelelweng. A gatelela gape le go ikaega mmogo ga lekala ka go engwa nokeng le setlhopha sa mafapha a mangwe le madirelo.
Setlhopha sa seoposengwe se se ithaopileng ka maikarabelo a go diragatsa maano a, se tla golola le go gatisa maano a a tletseng a go a diragatsa. Mo maikemisetsong a, setlhopha sa seoposengwe se se eteletseng pele se tla tlhoma komiti e e tshwaraganetsweng ya dikgato tse di tshwanetseng go tsewa. Gape se tsaya le matsapa a go akaretsa le mekgatlho e e rulagantsweng ya badiri, mekgatlho e e seng ya puso, ya di-NGO, mekgatlho ya baagi mmogo le mekgatlho ya mafatshe a bodithabathaba.
Kgato ya ntlha ya go simolola ka go diragatsa maano a a botlhokwa ke ditlhopha tse di seoposengwe e nnile go supa manaane a a botlhokwa tota le dikgato tse di tla tsewang:
 Go diragatsa motheo wa maano ka bophara a pabalesego le tshireletso a go dirisana ka mowa o o edileng le go tsepama ga sethaba, go ikanyana le boikanyego
 Go gatelela ponelopele e e diragadiwang mmogo mo temothuong, puso e e lolameng mmogo le go dirisana le sethaba
 Go diragatsa ka bonako manaane a go aroganya mafatshe a go tlhabolola temothuo le mokgwa wa go abela ditlhopha tse di ikaeletsweng dithata
 Go fetolela dipatlisiso tsa temothuo, go fetisetsa bokgoni jwa thekenoloji, merero ya thuto le ditiro tsa balemisi go tsamaelana le ditlhokego tsa mebaraka
 Go tlhalosa ka boshwa ditaelo tsa mebaraka ya temothuo le kgwebisano ya bodithabathaba ya pele ga taolo ya nako ya diboto tsa maloba tse di neng di le kgatlhanong le kgaisano e e atolositsweng ya mafatshe a bodithabathaba le ditlhokego tsa go fitlhelela mebaraka, mafaratlhatlha le tshedimosetso
 Go tlhoma manaane a dipalopalo tse di ikanyegang tsa temothuo le mekgwa ya go sekaseka merero ya ikonomi go balemirui botlhe le mekgatlho ya dikgwebo
 Go tlhoma manaane a ditirelo tse di tshwaragantsweng tsa merero ya ditshelete e e tlhamilweng mo Pegong ya Komisi ya ga Strauss
 Go tlhama manaane a go tlhokomela le go laola dikotsi tse di ka tlhagelelang mo matshelong a dijalo le a diphologolo, ditlhwatlhwa le manaane a letseno mmogo le matlhotlhapelo a dikotsi tsa tlhago
 Go lebilwe bogolo segolo mekgwa ya dipeeletso tsa kwa dikgaolong tsa magae, mafaratlhatlha, manaane a go nosetsa, kabo ya motlakase, mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, dipalangwa, merero ya katiso le mekgwa ya go tlhabolola bokgoni jwa sethaba
 Go tlhoma tirisano mo manaaneng a temothuo ya Aforika go tsweletsa Moono wa Ditiro tsa Aforika o o bidiwang "New Africa Initiative" mo temothuong
 Go fokoletsa kwa tlase ditshenyegelo tsa go ntsha dikuno ka kakaretso, go akarediwa le go tsweleletsa kwa pele go fokotsa makgetho le dituelelo tse dingwe tsa makgetho mo leokwaneng la disele le merero ya seabe sa tse dingwe.
Mo go tsotlhe tse, ba amogela seabe se se botlhokwa mo lekaleng la poraevete la go fitlhelela maikaelelo a go nna le seabe, mekgwa ya go gaisana le go di tsweletsa pele.
Ka jalo go tla dirwa tsotlhe tse di kgonagalang go netefatsa tirisano le go golagana magareng ga puso le malaka a poraevete - se se tlhalosang gore balemirui, mekgatlho ya balemirui le dikgwebo tsa temothuo
 ka maikaelelo a go atlega mo ponelopeleng e ntshwa ya go tshwaragana le lekala la temothuo le le tsweletseng pele.
Dipoelo tse di latelang di solofetswe mo go atlegeng ga go diragatsa maikaelelo a maano a a botlhokwa a:
 Go okediwa ga go ikgobokanyetsa khumo mo temothuong le kwa dikgaolong tsa magae
 Go okediwa ga go thapa badiri mo go tsweletseng mo temothuong
 Go okediwa ga letseno le go okediwa ga letseno le le tswang kwa mafatsheng a bodithabathaba
 Go fokodiwa ga khumanego le go se lekalekane mo kabong ya mafatshe le bong jwa dikgwebo
 Go tokafadiwa ga bokgoni mo ditirong tsa temothuo
 Go tokafadiwa ga go fepa sethaba le malapa ka dijo le go a netefaletsa ka ga se
 Sethaba se se tsepameng sa kwa dikgaolong tsa magae, go fokotsa seelo sa bosenyi le go utlwisa ba bangwe botlhoko ka go dirisa dikgoka, mmogo le tlhabololo e e tswelediwang ya dikgaolo tsa kwa magaeng
 Go tokafadiwa ga go netefaletsa babeeletsi boikanyego, le dipeeletso tse di kwa godimo tsa mono gae le tse di tswang kwa mafatsheng a bodithabathaba mo ditirong tsa temothuo le kwa dikgaolong tsa magae
 Boipelo le seriti mo temothuong gore ke lekala le le abang le go tlhoma ditiro.
Setlhopha sa seoposengwe se ititeile sehuba gore se tla aba nako e e tlhokegang le merero ya ditshelete mmogo le metswedi ya didirisiwa go netefatsa go tswelela ga go diragadiwa ga lenaane la maano a a botlhokwa a.
Kgatiso e ya Maano a a Botlhokwa a Temothuo ya Aforika Borwa e abiwa ke:
Resource Centre,
Department of Agriculture
Nomoro ya Mogala ke:
(012) 319 6635
Mme e bile e ka fitlhelwa gape le mo mafaratlhatlheng a website ya:
www.nda.agric.za
 
2002

AFRICAN NATIONAL CONGRESS KE ENG?


* ANC ke mokgatlho wa kgololesego wa bosethaba. O tlhamilwe ka 1912 go kopanya Ma Afrika le go eteIela pele go kgaratlhela diphetogo tsa sepolotiki, setho le ekonomi. 
* Ka dingwagasome di le robong (90) ANC e ne ya etelela pele kgaratlh kgatlhanong le bomorafe le kgatelelo, ya rulaganya kemokgatlhanong ya mogoso, ya kopa ya kemonokeng ya bodithaba le go lwa ka dibetsa kgatlhananong le kgetholol. 
* ANC e fitlheletse katlego ya demokerasi ka ditlhopo tsa 1994, moo e ne ya newa maatla a go rerisanela Molaotheo o mowa wa demokerasi wa Aforika Borwa. Molaotheo o mowa o ne wa amogelwa ka 1996. 
* ANC e ne ya tlhopiwa gape ka 1999 go tla etelelapele mebuso ya bosethaba le diporofense ka maatlataelo a a oketsegileng. 
* Dipholisi (maikemisetso) tsa ANC di tlhomamisiwa ke ditokololo, mme boeteledipele bo maikarabelo go ditokolol. 
* Botokolol jwa ANC bo buletswe batho botlhe ba Aforika Borwa ba bogolo jwa go feta dingwaga di le 18, go sa ye ka bomorafe, mmala kgotsa lots, ba ba amogelang mekgwatsamaiso, dipholisi (maikemisetso) le manane a mokgatlho. 
MAIKAELELO LE MAIKAELELO-PHITLHELELO TSA ANC KE DIFE?
* Maikaelelo-phitlhelel a ANC, ke go bopa Sethaba sa demokerasi se se kopaneng, se sena bomorafe e bile go sena kgethololo go ya ka bong. 
* Se se raya thata jang kgololeseg ya Ma-Afrika, le batho bantsho ka kakaretso go tswa mo bokgobeng jwa sepolotiki le ekonomi. Se se raya tlhatloso ya maemo a botshelo jwa Ma-Afrika Borwa otlhe bogolo segolo batlhoki. 
* Kgaratlho ya go fitlhelela maikaelelo a, e bidiwa Tsogelelokgatlhanong ya Bosethaba ya Demokerasi (National Democratic Revolution). 
PHOLISI YA ANC E ITSHETLHEGILE THATA KA ENG?
Thata ya Kgololesego (Freedom Charter), e e neng ya amogelwa ke Khonkerese ya Batho ka 1955, e sale sone setlankana sa motheo sa pholisi ya ANC.
Tshata ya Kgololeseg e tlhomamisa gore:
* Batho ba tla busa 
* Ditlhopha tsotlhe tsa merafe di tla nna le ditshwanelo ka go lekana 
* Batho ba tla arogana lehumo la lefatshe 
* Lefatshe le tla abelwa bao ba ba dirang mo go lone 
* Botlhe ba tla lekana fa pele ga molao 
* Botlhe ba tla nna le ditshwanelo tsa botho ka go lekana 
* Go tla nna le ditiro le tshireletsego 
* Dikgoro tsa go ithuta le setso di tla bulwa 
* Go tla nna le matlo, pabalesego le boiketlo 
* Go tla nna kagiso le botsalano 
Ka 1994, ANC e ne ya amogela Lenaneo la Tlhabololo le Kagosewa (kgotsa Reconstruction and Development Programme - RDP) jaaka motheo go kaela ANC tsela ya diphetogo mo go Afrika Borwa. Mananeo a botlhokwa a RDP ke:
* Go fitlhelela ditlhokego tsa botlhokwa 
* Go tlhabolola meamuso le bokgoni ba batho (human resources) 
* Go aga ekonomi 
* Go dira puso le sethaba go nna tsa sedemokeratiki 
SEKANO SA ANC SE KAYA ENG?
* Folaga ya ANC e dirwa ke mabanta a a kgabaganyang a a lekanang a a bontsho, botala le go bogauta. Bontsho bo kaya batho ba Aforika Borwa ba, ka dingwagangwaga ba lwetseng kgololesego. Botala bo kaya lefatshe le le tlametseng bagarona ka dingwagangwaga, le bileng ba neng ba tloswa mo go lona ke mebuso ya bokoloniale (bokonateledi) le kgetholol go ya ka mmala. Bogauta bo kaya diminirale le lehum le lengwe la tlhago la Aforika Borwa, le e leng la baagi botlhe, mme le lekileng la dirisiwa go tsweletsa morafe wa palo e potlana.
  
* Loko (Logo) e bontsha segai/lerumo le thebe go kaya dintwa tsa pele tsa kemokgatlhanong le puso ya bokoloniale, kgaratlho ka dibetsa ya lephaga la pele la ANC, e leng Umkhonto we Sizwe (Lerumo la Sethaba), le kgaratlho e e tsweletsweng ya ANC kgatlhanong le ditshiamelo go ya ka mmala le kgatelelo. Leotwana le gopotsa ka nako ya letsholo la Khongerese ya Batho, e e amogetseng Thata ya Kgololesego (Freedom Charter), e bile e tshwaya kopanelo ya batho go kgaratlhela kgololesego go tswa merafeng yotlhe ya Aforika Borwa. Ke sekai sa tlwaelo e e tiileng e e sa yeng ka bomorafe ya ANC. Seatla se se tlamparetseng segai/lerumo se kaya maatla a batho ba le ngatananngwe mo go kgaratlheleng kgololesego le tekatekano.
  
* kgweeletso ya ANC kwa diraling ya Amandla ngawethu kgotsa Matla ke a rona, e raya gore'power to the people' (maatla go batho), e le go tlhagisa topo ya Thata ya Kgololesego ya gore batho ba tla busa. Ke tlhagiso ya ikemisetso ya ANC go aga demokerasi le go etegetsa demokerasi e e rategang le batho go nna matlhagatlhaga mo go kgaratlheleng go tokafatsa matshelo a bone. 
MAIKARABELO A TOKOLOLO YA ANC KE ENG?
Boleng le maikemisetso a ditokolol tsa ANC di akaretsa:
* boikobo le boineelo gotlhelele mo go kgaratlheleng sethaba sa demokerasi se se senang kgethololo e bile go sena kgetholole go ya ka bong 
* go tshwenyegela dikeletso le dikgatlhego tsa batho, jaaka di tlhagisitswe ka maikemisetso a Batho-Pele (people-first) 
* boitlamo go diragatsa pholisi ya mokgatlho le ditshwetso tsa setlhopha. 
Ditokolol tsa ANC di solofetswe go:
* nna tokolol ya lekala la ANC, go duela dituelo tsa botokolol le go thusa go aga ANC, 
* tshwaela ka matlhagatlhaga mo dipuisanong, mo go tlhamiweng le go diragadiwa ga dipholisi le mananeo tsa ANC, 
* amogela le go sireletsa ditshwetso tsa dikomiti tse di matshwanedi tsa mokgatlho, 
* go aga kutlwano ya ANC le mokgatlho wa demokerasi le go lwantsha botlalatsietso(corruption), go ja ka losika le bojelathok, 
* lwantsha kgethololo, mowa wa bomorafe, kgethololo go ya ka bong, go tlhoka kgotlelelano ya bodumedi le sepolotiki le fa e le mofuta mongwe wa kgethololo, 
* dula ka nako tsotlhe di na le kitso ka ditiragalo tsa sepolotiki le tse dingwe, go ikaga go nna le bokgoni e le karolo ya tsela ya thuto ya botshelo jotlhe, 
* gologana le batho le go tsaya karolo ya botlhokwa mo mererong ya baagi, 
* go itshola ka mokgwa oo rileng o o eletsegang letsatsi ka letsatsi, le go sa dirise maemo a boikarabelo go ikhumisa kgotsa go ikoketsa serdum. 
DIKOMITI (STRUCTURES) TSA ANC KE DI FE?
* Lekala ke yuniti ya botlhokwa ya ANC, ko ditokololo di nnang le seabe mo ditirong/ mekgapheng le ditherisano tsa sepolotiki. Lekala ke "modisa" wa baagi, le emetse dikgatlhegelo tsa baagi le go ba rotloetsa go dira mmogo go tlhabolola tikologo. Lekala lengwe le lengwe le itlhophela Komiti Khuduthamaga ya Lekala (Branch Executive Committee) kwa Pitsong Kakaretso ya ngwaga le ngwaga.
  
* Komiti Khuduthamaga ya Kgaolo (Regional Executive Committee - REC) e tlhophiwa kwa Khonferenseng ya Kgaolo ke dikemedi tsa makala a kgaolo dingwaga dingwe le dingwe di le pedi.
  
* Komiti Khuduthamaga ya Porofense (Provincial Executive Committee - PEC) e tlhophiwa kwa Khonferenseng ya Porofense ke dikemedi tsa makala mo Porofenseng dingwaga dingwe le dingwe di le tharo.
  
* Komiti Khuduthamaga ya Bosethaba (National Executive Committee - NEC) ke karolo/sethwe se se kwa godimo ya/sa ANC mo magareng a dikhonferense, e bile e/se rwele maikarabelo go etelela mokgatlho pele. E tlhophiwa dingwaga di le tlhano dingwe le digwe kwa Khonferenseng ya Bosethaba. Komiti Khuduthamaga Bosethaba e tlhopha Komiti e e Dirang ya Bosethaba (National Working Committee - NWC) magareng ga ditokololong go gokaganya tiro ya mokgatlho letsatsi ka letsatsi.
  
* Khonferense ya Bosethaba (National Conference) e e tshwarwang dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano, ke setheo se se kwa godimo se se tsayang ditshwetso tsa ANC. Dikemedi tsa makala di dira diphesente di le 90 tsa baemedi tse di vuotang kwa Khonferenseng ya Bosetshaba. Khansele Kakaretso ya Bosethaba e tshwarwa magareng a dikhonferense tsa Bosethaba go sekaseka mananeo a mokgatlho.
  
* Lliki ya Bomm ya ANC (ANC Women's League) e dira jaaka setheo se se ikemetseng mo gare ga Komiti yotlhe ya ANC. Maikaelelophitlhelelo a yone ke go sireletsa le go tsweletsa ditshwanelo tsa Bomm kgatlhanong le mefuta yotlhe ya kgatelelo le go netefatsa gore bomm ba na le seabe mo botshelong jwa mokgatlho. Lliki ya Bomm e buletswe bomm botlhe ba e leng ditokololo tsa ANC.
  
* Lliki ya Bawa ya ANC (ANC Youth League) le yone e dira jaaka setheo se se ikemetseng, ka maikaelelophitlhelelo a go bontsha bawa tsela mo go mekamekaneng le go emelelaneng le mathata a a aparetseng bawa, le mo go netefatseng gore bawa ba nna le seabe go bonala mo tirong ya ANC. Botokololo jwa Lliki ya Bawa bo buletswe batho botlhe ba dingwaga tse di magareng a 14 le 35. 
SEMOPHATO SA MAKOKO-MARARO (TRIPARTITE ALLIANCE) KE ENG?
ANC e semophatho le Lekoko la Sekomonisi la Aforika Borwa (SACP jaaka e tlwaelegile) le Khonkerese ya Mekgatlho ya Badiri wa Aforika Borwa (Cosatu). Selekane sa Semophato sengwe le sengwe, ke setlamo se se ikemetseng se na le molaothe, ditokolol le manane a sona. Semophato se theetswe mo maitlamong a maikaelelophitlhelelo a Tsogelelokgatlhanong ya demokeratiki ya Bosethaba (National Democratic Revolution), le botlhokwa jwa go kopanya palo e kgolo ya batho ba Aforika Borwa ba farologaneng go fitlhelela maikaelelo-phitlhelelo a.
ANC E FITLHELWE KAE?
Makala a ANC a tshwanelwa go fitlhelwa mo metsengmegolo, ditoropo kgotsa metsemagae, mengwe le mengwe mo Aforika Borwa. ANC e na le ntlokgolo ya bosethaba (headquarters), diofisi mo diporofenseng di le robong le diofisi mo dikgaolong di le mmalwa.
 

(Anthrax - Setswana)

Department: Agriculture

Bolwetsi Jwa Lebethe

Bolwetsi jwa lebethe ke bolwetsi jo bo tshwaetsegang/fetelang thata jwa diruiwa tsa fa gae le diphologolo tse di tlhaga ga-mmogo le batho
* Diphologolo di swa ka bonako go sa bonale matshwao a bolwetsi 
* Go na le tshoutiso e e atlegisang thibelo ya bolwetsi 
* Mokgwa oo dirisiwang mo go tshwareng ditoto tse di amegileng o thusa gore bolwetsi bo se aname 
Ke eng se se tlholang bolwetsi jwa lebethe? 
Bolwetsi bo tlholwa ke mogare wa bacteria o o bitswang Bacillus anthracis. Fa ditoto tse di amilweng ke bolwetsi jwa lebethe di bulwa/buiwa, megare e e ipopileng e a tswa mme e nne mo mmung dingwaga tse dintsi. Seedi se se tshwanang le madi se se tswang ka dinko, molomo le leroba la kwa morago, ga-mmogo le mo letlalong, marapong le dithwe tse dingwe ke sona se tlholang go anama ga bolwetsi. 

Diphologolo tse di jang ditoto, manong le dintshi di tsaya karolo ya botlhokwa mo go anameng ga megare e e ipopileng e. Metsi a a elang a ka anamisa megare e e ipopileng e kwa megobeng le kwa matamong me a itira moedi o fetetsang dikarolo tse dingwe.

Tshwaetsego e diragala ka go nowa ga metsi a a kgotlelegileng, go fula mo mafulong a a kgotlelegileng kgotsa fa diphologolo di latswa matlalo, marapo, madi le ditoto tse di amegileng. 

A diphologolo kgotsa batho ba ka alafiwa kgatlhanong le bolwetsi jo? 
* Go le gantsi diphologolo di swa pele di ka netefatswa kgotsa go alafiwa 
* Batho le diphologolo tse di kgonang go ikemela kgatlhanong le bolwetsi jo, jaaka dikolobe, dintwa le dipitse di ka alafiwa ka meriana 
Fa o belaela gore o ka tswa o amilwe ke megare ya bolwetsi jwa lebethe, ikopanye le ngaka ka bonako 
Taolo ya bolwetsi jwa lebethe? 
Diphologolo 
* Enta/soutisa leruo ngwaga le ngwaga kgatlhanong le lebethe 
* O seka wa bula ditoto tsa diphologolo tse di suleng fa bolwetsi jwa lebethe bo belaelwa 
* Epela ditoto, boteng jwa 2 metres mme o tshele kalaka pele o katela le fa o sena go katela mmu 
* Ditoto di ka fisiwa go ntle le go bulwa 
* Fa go na le pelaelo ya bolwetsi jwa lebethe, itsise motlhatlhobi wa leruo kgotsa ngaka ya leruo ka bonako 
* Ngaka ya leruo e tla itsise kgotsa ya rebola ditsela tsa go phepafatsa tulo, dipalangwa le didiriswa tsotlhe tse di amegileng 
Batho 
* Dinama tsa diphologolo tse di bolailweng ke lebethe ga di a 
tshwanelwa go jewa!! 
* O seka wa nna le kamano le setoto se go belaelwang fa se bolailwe ke lebethe. Apara diaparo tsa tshireletsego ka nako tsotlhe fa setoto se epelwa kgotsa se fisiwa 
Matshwao/ditshupetso tsa lebethe ke dife? 
* Diphologolo di swa magareng ga diura tse pedi 
* Letshoroma 
* Go hema ka boima 
* Go thebatheba ga mesifa le mmala o mohibidu o o fitlhelwang mo gare ga matlho le maroba a mangwe 
* Go tswa seedi se se tshwanang le madi a a sa ipopeng ka dinko, molomo le leroba la kwa morago 
* Diphologolo tse di amegileng thata di ka bonala ka go ruruga ga mometso le thamo. Se se ka isa kwa go hemeng ka boima le go metsa ka thata 
Bolwetsi jwa lebethe bo ka netefatswa jang? 
Bolwetsi jwa lebethe bo ka netefatswa ka ditshekatsheko tsa madi kwa laboratoring. Ikopanye le ngaka ya leruo kgotsa motlhatlhobi wa leruo go ka bona thuso ya mothale o.

Gopola ... fa bolwetsi jwa lebethe bo belaelwa mo setotong o se ka wa se bula 

Batho ba tshwaetsega jang? 
* Go tshwara nama e e tshwaetsegileng kgotsa dikungo tsa yona 
* Go hema lerole le le nang le megare e e ipopileng 
* Go ja nama e e tshwaetsegileng 
Le fa batho ba bonala ba amega fela ka go tswa diso mo letlalong, leso le lona le ka nna teng ka ntlha ya bolwetsi jwa lebethe 
Bolwetsi jwa lebethe bo ka thibelwa ka tirisano-mmogo le molemi-rui.
Fa bolwetsi jwa lebethe bo belaelwa mo setotong, o seka wa ama, wa bula kgotsa wa ja nama ya mothale o!! 

Go fitlhela tshedimosetso e e tletseng ikopanye le ngaka ya leruo 
kgotsa motlhatlhobi wa leruo 
kgotsa 
Directorate Veterinary Services 
Private Bag X138, Pretoria 0001
Tel (012) 319 7476Fax (012) 329 0499 
kgotsa 
Resource Centre, Department of Agriculture
Tel (012) 319 7141 of 319 7085 

GO BALWA GA BATHO KWA DIKOLONG TSA RONA
 
E  tla re ka Lwetse/Diphalane, bana go ralala Aforika Borwa yotlhe ba nne le seabe mo porojekeng e e itumedisang, e e  bidiwang Go Balwa ga Batho kwa Dikolong  (CensusAtSchool).
 
Go balwa ga batho go dirwa ke ba dipalopalo ba Aforika Borwa, e leng boemedi jwa semmuso jwa dipalopalo, le Lefapha la Thuto.  Barutabana le baithuti ba tla nna le seabe, ba dira mmogo mo diphaposing tsa bone.  Bana ba tla kokoanya tshedimosetso ka ga bone, ka ga sekolo sa bone le ka ga tikologo ya bone kwa gae, ba thusiwa ke barutabana ba bone. Tshedimosetso e e kokoantsweng e tla nna karolo e e botlhokwa ya sefalana (database) sa bosethaba le sa bodithabathaba, le tshedimosetso e e tshwanang nayo e tswa kwa dinageng tse di jaaka United Kingdom le Australia, tse di tshwaraganeng le porojeke e e tshwanang le e.
 
Sefalana  se, se tla dirisiwa go tlhabolola dithusathuto go thusa baithuti ba ba jaaka ngwana wa gago go tlhaloganya dipalopalo, le gore di ka dirisiwa jang.  Go balwa ga batho kwa dikolong gape go tla thusa bana go tlhaloganya botlhokwa jwa  go balwa ga batho bosethaba, go go dirwang ka Diphalane.  Go balwa ga batho monongwaga go bidiwa Census 2001.
 
Go balwa ga sethaba ke eng?
 
Mo Aforika Borwa go balwa ga batho go dirwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano.  Ka nako ya go bala batho, motho mongwe le mongwe mo sethabeng o a badiwa, mme go kokoangwa tshedimosetso ya gore batho ba tshela jang le gore ba nna kae. Tshedimosetso e, (e ba dipalopaplo ba e bitsang data) e dirisiwa ke mafapha a mmuso, bathati ba selegae le barulaganyi go swetsa gore didiriswa di tlhokega thata kwa kae.
 
Se se raya gore tshedimosetso e e kokoantsweng fa go balwa sethaba e dirisediwa bona gore dikolo le ditlileniki di tshwanetse go agiwa kae, ke dikgaolo dife tse di tlhokang dipalangwa tse di botoka, le gore metsi a a tsamaisiwang ka dipeipi le motlakase o tshwanetse go tlamelwa kwa kae.   Tshedimosetso e e bonweng ka nako ya go bala sethaba gape e dirisediwa go swetsa gore didiriswa di tshwanetse go isiwa kae go tlhabolola metseselegae, go tokafatsa metsesetoropo le go namola leuba. 
 
Goreng o tshwanetse go nna le seabe mo go balweng ga batho (Census 2001)?
 
*         Matlole a sethaba sa lona.  Ka go nna le seabe mo go balweng ga batho, o tla thusa sethaba sa lona go bona matlole a se a tlhokang a ditirelo le tlhabololo.
 
*         Tlhokomelo ya matlhotlhapelo.  Tshedimosetso ya go balwa ga batho e tla thusa batlhankedi ba tsa boitekanelo go bonela pele go anama ga malwetse a a tshwanang le kholera.  Mo mabakeng a merwalela, tshedimosetso ya go balwa ga batho e tla thusa go eletsa ba ditirelo tsa pholoso le tshoganyetso  kwa thuso e tlhokegang ka bonako, le gore ke batho ba ba kae ba ba tlhokang thuso.
 
*         Ditirelo tse di tokafaditsweng.  Tshedimosetso ya go balwa ga batho e kaela barulaganyi gore dikolo tse nthwa, ditlileniki le ditirelo tsa loago di tlhokega kwa kae.
 
*         Dira gore mmuso o go direle. Go balwa ga batho (Census 2001) ke mokgwa o o siameng wa go bolelela baeteledipele ba rona gore re bomang le gore re tlhoka eng. Tshedimosetso e e tswang mo go balweng ga batho e dirisediwa go swetsa gore matlole a mmuso a dirisiwa kae.  
 
*         Thusa lelapa la gago.   Dipalo tsa go balwa ga batho di tla thusa mmuso go rulaganya le go diragatsa manane le ditirelo tsa ka bonako.  Tshedimosetso ya go balwa ga batho gape ke motheo wa dipaakanyetso tsa nako e e tlang.  Dithulaganyetso tsa paka e e tlang di tswela wena le ba lelapa la gago mosola.
 
Go balwa ga batho (Census 2001) go tla dirwa leng?
 
Batho ba ba katisitsweng le ba ba thapetsweng go kokoanya tshedimosetso, ba ba itsegeng jaaka babadi ba batho, ba tla etela lelapa la gago magareng ga 10 le 31 Diphalane 2001. 
 
Go bona tshedimosetso go ya pele ka ga Go Balwa ga Batho kwa Dikolong letsetsa mogala wa mahala mo nomorong e: 0800 201 402;  re kwalele kwa atereseng e: Kgetsana ya Poso X44, Tshwane, 0001; etela websaete ya rona kwa www.censusatschool.org.za kgotsa poso ya e- kwa: censusatschool@statssa.pwv.gov.za 
KASETE YA MMUSO
Kasete ya Melawana Palo 6290

-

Bol. 399
Pretoria, 8 Lwetse 1998
Palo 19231

-

KITSISO YA MMUSO
BOTHATI JWA BORUTEGI JWA AFORIKA BORWA

Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa
PALO R. 1127

8 Lwetse 1998
MELAWANA YA BOTHATI JWA BORUTEGI JWA AFORIKA BORWA
MOLAO, 1995
(MOLAO PALO 58 WA 1995)
Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa bo, ka fa tlase ga karolo 14 ya Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa, Molao, 1995 (Molao Palo 58 wa 1995), ka kamogelo ya Tona ya Thuto le ka kgolagano le Tona ya Bodiri, bo dirile melawana mo Mametlelelong.

MAMETLELELO
KGAOLO YA 1: DITSHIAMELO TSA KAKARETSO
1. Dithanolo 
KGAOLO YA BO 2: MEKGATLHO YA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG
2. Kamogelo 
3. Mabaka a kamogelo a Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
4. Setifikeiti sa kamogelo. 
5. Katoloso ya kamogelo. 
6. Phediso ya kamogelo. 
7. Botokololo ba Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
8. Go tswa mo ofising ga ditokololo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
9. Ditiro tsa Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
KGAOLO YA BO 3: MELAO YA TSAMAISO LE GO TLAMELA DITIRO TSA MEKGATLHO YA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG KA MATLOLE
10. Ditiro tsa matlole tsa Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
11. Melao ya tsamaiso. 
KGAOLO YA BO 4: BATLAMEDI BA THUTO LE KATISO
12. Kamogelo ya batlamedi 
13. Mabaka a kamogelo ya batlamedi 
14. Setifikeiti sa kamogelo ya batlamedi 
15. Katoloso ya kamogelo ya batlamedi 
16. Kamogelo ya nakwana ya batlamedi 
17. Phediso ya kamogelo ya batlamedi. 
KGAOLO YA BO 5: MEKGATLHO YA TEKANYETSO
18. Thapo ya mekgatlho ya tekanyetso 
19. Makwalo a go thapiwa go nna mekgatlho ya tekanyetso 
20. Ditiro tsa mekgatlho ya tekanyetso 
21. Go fedisiwa ga go thapiwa ga mekgatlho ya tekanyetso. 
KGAOLO YA BO 6: MEKGATLHO YA POROFESENALE LE MEKGATLHO YA TLHATLHOBO
22. Go akaretswa ga mekgatlho ya porofesenale le mekgatlho ya tlhatlhobo mo tlhomong ya maemo, netefaletso ya boleng le tekanyetso. 
KGAOLO YA BO 7: DITSHIAMELO TSELE LE TSELE
23. Tsamaiso ya boikuelo 
24. Setlhogo khutswe 
MAMETLELELO
Melao ya tsamaiso ya Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng.

KGAOLO YA 1:
DITSHIAMELO TSA KAKARETSO
Dithanolo
1. Mo melawaneng e lefoko lengwe le lengwe kgotsa lereo le le neilweng bokao mo Molaong le tla nna le bokao jwa go nna jalo, kwa ntle ga gore diteng di supe ka mokgwa o mongwe. 
"kamogelo" e kaya ka tlwaelo setifikeiti sa motho sa paka e e rileng, mokgatlho kgotsa setheo se se nang le bokgoni ba go dira tiro e e rileng mo tsamaisong ya netefaletso ya boleng e e tlhomilweng ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa go ya ka molao;
"Molao" o kaya Molao wa 1995 wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (Molao Palo 58 wa 1995);
"Moatlhodisi" ke motho yo a kwadisitsweng ke Mokgatlho o o maleba wa Thuto le Katiso ya Netefaletso ya Boleng go ya ka mabaka a a tlhometsweng lebaka le ke Mokgatlho wa Paka ya Maemo go lekanyetsa dipholo tsa maemo kgotsa borutegi jwa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba, mme " moatlhodisi wa kgaolo" o na le bokao jo bo tshwanang;
"kwadiso ya peelomabaka" e kaya kwadiso ya setheo sa poraefete sa thuto e kgolwane jaaka go tlhalosa Molao wa 1997 wa Thuto e Kgolwane (Palo 101 wa 1997);
"karolo" e kaya go wela mo karolong e e supilweng kgotsa e e rebotsweng ya mokgatlho, e e umakilweng mo melawaneng e;
"Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng" o kaya mokgatlho o o amogetsweng go ya ka karolo 5 (1) (a) (ii) ya Molao, o o rweleng maikarabelo a go ela tlhoko le go runa dipholo go ya ka maemo a bosethaba kgotsa borutegi, o o reboletsweng ditiro tse di rileng tse di amanang le kelotlhoko le boruni jwa maemo a bosethaba kgotsa borutegi go ya ka karolo 5 (1) (b) (I) ya Molao;
"Lekala" go kaiwa kgaolo e e rileng ya go ithuta e e dirisiwang jaaka thulaganyo ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba;
"tekanyetso" e kaya kgato e e babalelang tshekatsheko ya dipholo tse di tlhaloswang mo maemong kgotsa borutegi jo bo lolameng, ba nnete le jo bo ikanyegang mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba;
"mokgatlho wa tekanyetso" o kaya mokgatlho o bathati ba o tlhometseng lebaka le la go lekanyetsa;
"Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba" o kaya mokgatlho o o kwadisitsweng go ya ka karolo 5 (1) (a) (ii) ya Molao, o o rwalang maikarabelo a go tlhoma maemo a thuto le a katiso kgotsa borutegi, o o reboletsweng ditiro tse di rileng tse di amanang le kwadiso ya maemo a bosethaba kgotsa borutegi go ya ka karolo (5) (1) (b) (i) ya molao;
"dipholo" go kaiwa kumo ya bofelo ya kgato ya go ithuta;
"tsepakgolo" e kaya tiro kgotsa maikemisetso a lekala a etsweng tlhoko thata ke mokgatlho;
"mokgatlho wa porofesenale" o kaya mokgatlho wa semolao o o kwadisitsweng go ya ka molao o o amang mekgatlho ya go nna jalo, kgotsa mokgatlho wa ithaopo o o dirang ditiro tse molao o di reboletseng mekgatlho ya go nna jalo, mme o sa kwadisiwa jalo;
"motlamedi" go kaiwa mokgatlho o o tlhagisang mananeo a thuto a a bakang maemo kgotsa borutegi jwa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le go tsamaisa tshekatsheko ya ona;
"netefaletso ya boleng" ke kgato e e babalelang phitlhelelo ya bokgoni jo bo tlhokegang;
"thuno ya boleng" ke kgato ya go tlhatlhoba ditshupo tse di bontshang bokgoni jo bo fitlheletsweng;
"tsamaiso ya botsamaisi jwa boleng" e kaya tshwaraganyo ya dikgato tse di dirisiwang go babalela gore bokgoni jo bo batlegang bo a fitlhelelwa;
"maemo a kwadiso" go kaiwa maemo kgotsa borutegi bo bo kwadisitsweng mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba;
"lephata" go kaiwa lephata le le supilweng la loago, kgwebo kgotsa ditiro tsa thuto tse di dirisiwang go tlhalosa melelwane ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; le
"Mokgatlho wa Pako ya Maemo" go kaiwa mokgatlho o o kwadisitsweng go ya ka dikarolo 5 (1) (a) (ii) tsa molao, o o ikarabelang mo go tlhomeng maemo a thuto le katiso kgotsa borutegi, o o reboletsweng ditiro tse di rileng tsa go tlhoma maemo a bosethaba kgotsa borutegi go ya ka karolo 5 (1) (b) (i) ya Molao.

KGAOLO YA BO 2:
MEKGATLHO YA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG
Kamogelo
2. (1) Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e tla amogelwa mo lekaleng lengwe le lengwe ke Bothati ka maikemisetso a go ela tlhoko le thuno ya dipholo go ya ka maemo a bosethaba kgotsa borutegi le go rebolelwa ditiro tse di rileng tse di amanang le kelotlhoko le thuno ya maemo a bosethaba kgotsa borutegi go ya ka karolo 5 (1) (b) (i) ya Molao. 
(2) Mo lephateng le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o sa amogelwang mo go lona kgotsa fa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o retelelwa ke go diragatsa maikarabelo a ona, le fa Bothati bo bonang go tlhokega, Bothati bo tla tsaya ditiro le maikarabelo a ka tlwaelo a newang Mokgatlho wa go nna jalo wa Katiso le Netefaletso ya Boleng.
(3) Mokgatlho kgotsa setlhopha sa mekgatlho e e batlang kamogelo ya go nna Mokgatlho wa Thuto le Netefaletso ya Boleng o tla tlhomiwa mo nngweng ya dikarolo tse di latelang.
a. Lephata la loago 
b. Lephata la ikonomi kgotsa 
c. Lephata la tsamaisopotlana ya thuto le katiso. 
Mabaka a go amogelwa a Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng
3. (1) Mokgatlho kgotsa ditlhopha tsa mekgatlho tse di emelang lekala le le ikaeletsweng mo molawaneng 2 (3) le le diragatsang ditlhokego tsa go amogelwa jaaka Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng tse di umakilweng mo molawaneng potlana (2), le ka nne la dira kopo mo Bothating go amogelwa jaaka Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
(2) Mokgatlho wa go nna jalo o tla supa gore -
a. go na le tlhokego ya go tlhongwa ga Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng mo karolong e o eletsang go dira mo go yona; 
b. o na le tsepa kgolo ya ditiro tsa ona tse di nang le netefaletso ya boleng, tse di ikaegileng ka kamego ya ona le karolo e e supilweng, ya maikaelelo a lekala leo; 
c. ga o boeletse ditiro kgotsa karolo ya ditiro tsa Mokgatlho o o leng teng wa Katiso le Netefaletso ya Boleng kwa ntle ga gore Bothati bo bo bo tsaya gore poeletso ya go nna jalo kgotsa bontlhabongwe jwa yona bo a tlhokega; 
d. o na le bokgoni jwa go dira ditiro tse o di fiwang ke Bothati; 
e. o na le metswedi e e lekaneng go kgona go dira mo nakong ya kamogelo; 
f. o na le tsamaiso ya botsaimaisi ya boemo e e akaretsang mme e sa ame fela - 
i. Maikemisetso a boleng jwa botsamaisi a a tlhalosang boleng bo bo eletswang go fitlhelelwa ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
ii. Tsamaiso ya boleng jwa botsamaisi jo bo kgontshang Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng go tsweletsa maikemisetso a a tlhalositsweng a boleng ba botsamaisi. 
iii. Go sekaseka mekgwa e e babalelang gore maikemisetso a boleng a botsamaisi le tsamaiso, a a tlhalositsweng a a diragatswa, le go tswelelapele go dira. 
g. tiro ya kwa ntle ya netefaletso ya boleng e a farologana le go ikaega ka ditiro tsa tlamelo ya thuto le katiso; 
h. mo ntlheng ya tiro ya netefaletso ya boleng, e na le moemedi wa motsayakarolo wa bosethaba mo lekaleng la go tsaya ditshwetso, o boemedi jwa gagwe bo tla babalelang maikarabelo a sethaba le tlhokego ya bofitlha; mme 
i. ditiro tsa yona di tla tsweletsa maikemisetso a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba. 
(3) Mokgatlho o o batlang go amogelwa e le Mokgatlho wa Thuto le Netefaletso ya Boleng o tshwanetse wa amogela ka go kwala -
a. tshiamelo ya Bothati ya go tlhatlhoba nako nngwe le nngwe ditiro tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng le go sekaseka maikemisetso a boleng jwa ona jwa botsamaisi le tsamaiso; 
b. tshiamelo ya Bothati go tlhagisa kaelo mo mabakeng a a amanang le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; le 
c. gore ditokololo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng di nne le tshiamelo ya go golagana le Bothati ka tlhamalalo mo mererong e e amang go dira ga Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng: Fa e le gore dikgato tse di isegang tsa go rarabolola merero ya go nna jalo di tserwe mo lekaleng ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
Setifikeiti sa kamogelo
4. (1) Mokgatlho mongwe le mongwe wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o tla newa ke bathati setefikeiti sa kamogelo mo nakong ya fa o amogelwa. 
(2) Setifikeiti sa kamogelo se tla supa maemo a a rileng kgotsa borutegi jo bo reboletsweng kamogelo: Fa e le gore maemo a go nna jalo kgotsa borutegi a tla lebagana le tsepa kgolo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng kwa ntle ga gore katoloso ya kamogelo e rebotswe go ya ka molawana 5.
(3) Mokgatlho mongwe le mongwe o o amogetsweng wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, o tla tlhagisa pegelo mo bothating mo kgweding ya ntlha ya ngwaga wa boraro wa kamogelo ya ona le morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tharo morago ga moo, e e tlhalosang gore ke eng kamogelo ya go nna jalo e tshwanetse ya tswelelapele le go supa dipholo tse di fitlheletsweng ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.
Katoloso ya kamogelo.
5. (1) Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o o batlang gore katoloso ya kamogelo ya ona e akaretse maemo kgotsa borutegi jo bo sa tsewang tsia ke Bothati gore bo nne mo tsepeng kgolo ya ona, o tla tlhagisa kopo e e amanang le seo mo Bothating go supa kgono ya ona ya go diragatsa mabaka a kamogelo ya go nna jalo go ya ka molawana 3 (1) le (2) 
(2) Fa tetla ya katoloso e sena e newa setifikeiti sa kamogelo se tla tiisiwa ka tshwanelo.
Phediso ya kamogelo.
6. Kamogelo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e ka nne ya gogelwa morago go ya ka maikutlo a Bothati, fa o retelelwa ke go dira ditiro tsa ona ka tshwanelo. 
Botokololo ba Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng.
7. Ditokololo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e tla nna ditokololo tsa mokgatlho kgotsa ditlhopha tsa mekgatlho tse di amogetsweng jaaka Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng tse di thapilweng mo mokgatlhong oo ke mokgatlho kgotsa setlhopha sa mekgatlho e e diragatsang ditlhokego tsa molawana 3 (2). 
Go tswa mo ofising ga ditokololo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng.
8. Modulasetulo kgotsa tokololo nngwe le nngwe ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o o umakilweng mo Molaong wa 7 o tla tlogela go thapiwa ga gagwe fa - 
a. dithoto tsa gagwe di jewa kgotsa a tsenela tumalelano ya tharabololo le banei molato ba gagwe; 
b. a tshwarwa jaaka motho yo a sa itekanelang mo tlhaloganyong go ya ka molao mongwe le mongwe; 
c. go sa nneng teng mo dikopanong tse di latelaneng di le tharo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng kwa ntle ga go nna mo malatsing a boikhutso; 
d. ka go leboga tiro ka go kwalela Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; 
e. mo pakeng ya gagwe ya ofisi o bonwa molato wa tlolo molao le go atlholelwa go nna kwa kgolegelong kwa ntle ga go newa faene; kgotsa 
f. go ya ka maikutlo a Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o retelelwa ke tsweletsa maikarabelo a gagwe. 
 Ditiro tsa Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng
9. (1) Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o tla - 
a. amogela batlamedi ba karolo ba maemo a a rileng kgotsa borutegi jo bo kwadisitsweng mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba; 
b. tsweletsa boleng magareng ga batlamedi ba karolo 
c. ela tlhoko ditlamelo tsa batlamedi ba karolo 
d. sekaseka le go kgonagatsha tekanyetso magareng ga batlamedi; 
e. kwadisa baatlhodisi ba karolo ba maemo a kwadiso a a rileng kgotsa borutegi go ya ka mabaka a a tlhometsweng lebaka le; 
f. rwala maikarabelo a go abela baithuti ba karolo disetifikeiti; 
g. dirisana le mokgatlho kgotsa mekgatlho e e maleba e e tlhomilweng go kgabaganya Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng go akaretswa go lekanyetsa netefaletso ya boleng mo maemong a a rileng kgotsa borutegi bo go amogelwang mo go jona Mekgatlho e mentsi ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; 
h. atlanegisa maemo a mantshwa kgotsa borutegi mo Mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba go sekasekiwa, kgotsa paakanyo ya maemo a a leng teng kgotsa borutegi mo Mekgatlhong ya Bosethaba ya Maemo go sekasekiwa; 
i. go tshegetsa motheo wa dintlha o o amogelwang ke Bothati; 
j. go isa dipegelo kwa Bothating go ya ka ditlhokego tsa Bothati; le 
k. go dira ditiro tse dingwe tse di ka rebolwang nako le nako ke Bothati. 
(2) Mo go diragatseng ditiro tsa ona Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng -
a. o tla diragatsa melawana 2 go fitlha 12 ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba (R452 wa Mopitlwe 1998, Kasete ya Mmuso Palo 18787); 
b. o ka nne wa fitisetsa ditiro tse di tlhaotsweng tse di tlhagelelang mo molawaneng potlana (1) go motlamedi wa kgaolo kgotsa mokgatlho o mongwe ka tumelelo ya pele ya Bothati, mme o ka se fetisetse maikarabelo a ona go Bothati; 
c. fa o tlhomilwe ka fa tlase ga Molao o mongwe wa Palamente go laola tsamaiso e le nngwe e e tshwaraganeng ya batlamedi ba borutegi jo bontsi, o tla rebola ditiro tsa balekanyetsi ba ba kwadisitsweng ba karolo, ba ba akanngwang mo molaong potlana (1) (e) go batlamedi ba tsona, fa tsamaiso ya bona ya botsamaisi jwa boleng, e akaretsa go ela tlhoko tiro e, mme Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa bo tla itsisiwe. 

KGAOLO YA BO 3:
MELAO YA TSAMAISO LE GO TLAMELA DITIRO TSA MEKGATLHO YA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG KA MATLOLE
Ditiro tsa matlole tsa Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng
10. (1) Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o o batlang go fitlhelela tumalelano le Bothati mo mabakeng a a tshwanetseng a tlhagisiwa mo maatleng a a neetsweng Mokgatlho wa Thuto le Katiso ya Netefaletso ya Boleng, o tshwanetse wa tlhagisa leano la kgwebo le le supang maikemisetso a a tla fitlhelelwang mo pakeng e e sekasekiwang e ka tlwaelo e tla nnang mo dingwageng di le tharo, e e tla akaretsang tekanyetso ya matlotlo. 
(2) Leano la kgwebo le le ikaeletsweng mo molawaneng potlana (1) le tla supa dikgwetlho tse di tshikintsweng le tshwaelo ya ditshikinyo tsa go nna jalo mo phitlhelelong ya maikemisetso a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba, go lebilwe thata go kgonagatsa phitlhelelo le kgatelopele mo thutong, katisong le ditsela tsa thutego.
Melao ya tsamaiso
11. Mokgatlho mongwe le mongwe wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o tla laolwa ke melao ya ona ya tsamaiso e e tla tshegetsang Dikaelo tse di leng teng mo mametlelelong ya Melao e. 

KGAOLO YA BO 4:
BATLAMEDI BA THUTO LE KATISO
Kamogelo ya batlamedi
12. Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o ka nne wa amogela mo kopong mokgatlho wa tlamelo o o diragatsang mabaka a a tlhagisitsweng mo molawaneng 13. 
Mabaka a kamogelo ya go nna batlamedi
13. Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, o ka nne wa amogela mokgatlho go nna motlamedi o maikaelelo magolo a ona a tsamaelanang le maikaelelo magolo a motlamedi: 
Fa e le gore mokgatlho o o batlang kamogelo o -
a. kwadisitswe jaaka motlamedi go ya ka molawana o o maleba mo nakong ya kopo ya kamogelo. 
b. o na le tsamaiso ya botsamaisi jwa boleng e e akaretsang mme e sa ame fela - 
i. maikemisetso a botsamaisi jwa boleng a a tlhalosang se motlamedi a eletsang go se fitlhelela; 
ii. tsamaiso ya botsamaisi jwa boleng e e kgontshang motlamedi go tsweletsa maikemisetso a yona a botsamaisi jwa boleng kgotsa; 
iii. go sekaseka ditsela tse di babalelang gore maikemisetso a botsamaisi jwa boleng le ditsamaiso tse di tlhalositsweng di a diragatswa le go tswelelapele go dira. 
c. o kgona go tsweletsa, go tlamela le go sekaseka mananeo a ithuto a a bakang maemo a a rileng a a kwadisitsweng kgotsa borutegi; 
d. o na le - 
i. metswedi e e tlhokegang ya matlotlo, tsamaiso le popego; 
ii. maikemisetso le ditlwaelo tsa go tlhopha badirammogo, tshekatsheko le tlhabololo; 
iii. maikemisetso le ditlwaelo tsa go amogela baithuti, kaelo le tsamaiso ya tshegetso; 
iv. maikemisetso le ditlwaelo tsa botsamaisi tsa mabaka a a kwa thoko le a mo tirong; 
v. maikemisetso le ditlwaelo tsa botsamaisi jwa dithoto; 
vi. tsamaiso e e tlhokegang ya dipegelo; le 
vii. kgono ya go fitlhelela dipholo tse di eletswang, ka go dirisa metswedi e e leng teng le tsamaiso e e amogelwang ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng gore go tsweletswe, go tlhagisiwe le gore go sekasekiwe mananeo a ithuto a a bakang maemo a a rileng a kwadiso kgotsa borutegi jo bo tlhagisitsweng mo temeng (c); mme 
e. ga o ise o amogelwe kgotsa go dira kopo ya kamogelo mo Mokgatlhong o mongwe wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o o tlhagisitsweng mo molawaneng 2. 
Setifikeiti sa kamogelo ya go nna batlamedi
14. (1) Motlamedi mongwe le mongwe e tla re mo nakong ya kamogelo a fiwe setifikeiti sa kamogelo ke Mokgatlho o o amegang wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, mme setifikeiti seo se tla tiisiwa ke Bothati mme se tla supa gore - 
a. ke motlamedi wa karolo wa Mokgatlho o o maleba wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; 
b. maemo kgotsa borutegi jo bo filweng kamogelo. 
(2) Motlamedi mongwe le mongwe yo a amogetsweng, e tla re mo kgweding ya ntlha ya ngwaga wa botlhano wa kamogelo le dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano morago ga moo, a tlhagise pegelo kwa Mokgatlhong o o maleba wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, e e supang mabaka a gore ke eng kamogelo ya go nna jalo e tshwanetse ya tsweletswa le go supa kgono ya ona ya go diragatsa mabaka a katoloso ya go nna jalo ya kamogelo.
Katoloso ya kamogelo ya batlamedi
15. (1) Motlamedi yo o amogetsweng yo o batlang gore katoloso ya kamogelo ya gagwe e akaretse maemo kgotsa borutegi jo bo sa amogelweng ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, o tla dira kopo ya go nna jalo mo Mokgatlhong wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, ka go supa kgono ya gagwe ya go diragatsa ditlhokego tsa katoloso ya kamogelo ya go nna jalo. 
(2) Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o motlamedi wa go nna jalo a kwadisitsweng le ona ka tirisano le Bothati o tla dira thulaganyo ya katoloso ya kamogelo ya go nna jalo jaaka go tlhokega ka kgolagano le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng ka go leba maemo kgotsa borutegi jo bo diretsweng kopo: Fa e le gore -
a. mabaka a kamogelo ya go nna jalo a a tlhagisitsweng mo molawaneng 13 (1) a diragatswa; 
b. baatlhodisi ba ba kwadisitsweng le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng ba ba amogetseng motlamedi ba dira tlhatlhobo ya maemo a kwadiso kgotsa borutegi jo bo batlelwang katoloso; kgotsa 
c. baatlhodisi ba ba kwadisitsweng le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng ba sekaseka maemo le borutegi jo bo diretsweng kopo. 
(3) Bothati ka kgolagano le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o o tlhagelelang mo molawaneng potlana (2) bo tla babalela gore mabaka a kamogelo a a tlhagelelang mo molawaneng 13 a maemo a a rileng kgotsa borutegi a diragatswa.
(4) Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o motlamedi a dirang kopo ya katoloso mo go ona o tla tswelelapele go nna motlamedi wa gagwe morago ga go rebolwa ga katoloso ya kamogelo.
(5) Fa go sena go rebolwa katoloso, setifikeiti sa kamogelo se tla tiisiwa jaaka go tlhagisiwa mo molawaneng 14 (1) (b).
Kamogelo ya nakwana ya batlamedi
16. (1) Fa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o kopo ya kamogelo e diriwang mo go ona, o akanya gore motlamedi yo a kwadisitsweng kgotsa motlamedi yo a batlang kwadiso ya peelomabaka ga a diragatse ditlhokego tsotlhe tsa kamogelo, Mokgatlho wa go nna jalo wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, o ka nne wa naya motlamedi wa go nna jalo kamogelo ya nakwana ya paka e go dumalelwaneng ka yona e e sa feteng dingwaga di le pedi, mme mo nakong eo o tla tsenela lenaneo la tlhabololo le go dumalanweng ka lona le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, go mo kgontsha go diragatsa mabaka a a tlhokegang a kamogelo: Fa e le gore go ya ka Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng dikgatlhegelo tsa baithuti di a sireletswa mo nakong ya tiragatso ya lenaneo la tlhabololo. 
(2) E tla re mo nakong ya kamogelo ya nakwana motlamedi mongwe le mongwe a fiwe setifikeiti sa kamogelo ya nakwana ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o o maleba mme setifikeiti seo se tla tiisiwa ke Bothati, mme se tla supa -
a. motlamedi wa karolo o a amogetsweng ke Mokgatlho o o maleba wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; 
b. maemo kgotsa borutegi jo bo rebolelwang kamogelo ya nakwana; 
c. Matlha a kamogelo ya nakwana ya go nna jalo e tla simololang ka ona le go khutla. 
Phediso ya kamogelo ya batlamedi
17. (1) Kamogelo ya motlamedi e ka gogelwa morago fa e le gore o retelelwa ke go dira ditiro tsa gagwe ka tshwanelo go ya ka maikutlo a Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng a a tiisitsweng ke Bothati. 
(2) Motlamedi a ka kopa gore kamogelo ya gagwe ya mabaka a a rileng kgotsa borutegi e gogelwe morago.

KGAOLO YA BO 5:
MEKGATLHO YA TEKANYETSO
Go thapiwa ga mekgatlho ya tekanyetso
18. Fa Bothati bo bona go tlhokega, bo tla thapa mokgatlho wa tekanyetso: Fa e le gore - 
a. o diragatsa mabaka a tlaleletso a Mokgatlho wa Pako ya Maemo o o maleba, o o atlanegisitsweng ke Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba go ya ka molawana 24 (1) wa Melawana ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba, 1998 (R.452 wa 28 Mopitlwe 1998, Kasete ya Mmuso, Palo 18787) o o amogetsweng ke Bothati. 
b. o tsweletsa ditiro tsa go lekanyetsa ka mokgwa o o babalelang gore tshekatsheko ya dipholo tse di tlhaloswang mo maemong kgotsa borutegi di lolame, di tshwanetse le go ikanyega; mme 
c. o na le baemedi ba beng ba bosethaba mo lekaleng la go tsaya ditshwetso, bao kemelo ya bona e supang dikgatlhegelo tsa bao ba bonang dipoelo le go nna le kgatlhegelo ka tlhamalalo mo ditirong tsa mokgatlho wa tekanyetso. 
Makwalo a go thapiwa go nna mekgatlho ya tekanyetso
19. (1) Bothati bo ka tlhoma mokgatlho wa tekanyetso kgotsa mekgatlho ya tekanyetso mo pakeng e e rileng le mo maemong kgotsa borutegi jo bo rileng jo bo bo tsayang bo le botlhokwa go babalela go tsweletswa ga tiro ya tekanyetso. 
(2) Bothati bo tla rebolela mokgatlho mongwe le mongwe wa tekanyetso o o thapetsweng lebaka leo lekwalo la go thapiwa le le tlhalosang letlha le paka ya go thapiwa le maemo kgotsa borutegi jo bo tlhokegang go lekanyetsa.
Ditiro tsa mekgatlho ya tekanyetso
20. Mekgatlho ya tekanyetso e tla - 
a. tlhomamisa fa ditshwetso tsa tshekatsheko tse di lebaganeng maemo a a rileng kgotsa borutegi, tse di dirilweng ke o le mongwe kgotsa e le mentsi ya Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng di lolame, tshwanetse le go ikanyega go ya ka dipholo tse di tlhaloswang mo maemong ao kgotsa borutegi,
b. go dira dikatlanegiso kwa Bothating tse di amang - 
i. ditokafatso tse di tlhokegang mo tirong ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; 
ii. kamogelo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; 
iii. diphetolo tsa maemo kgotsa borutegi tse di tshwanetseng tsa tsewa tsia ke Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba; le 
iv. mabaka a a ka rebolwang nako le nako ke Bothati; le 
c. go dira ditiro tse dingwe tsa tekanyetso tse di ka tlhomamisiwang ke Bothati nako le nako. 
Go fedisiwa ga go thapiwa ga mekgatlho ya tekanyetso
21. (1) Go thapiwa ga mokgatlho wa tekanyetso go tla fela mo nakong le mo letlheng le le kwadilweng mo lekwalong la go thapa kwa ntle ga gore Bothati bo bo bo supile ka mokgwa o mongwe ka go kwala. 
(2) Go thapiwa ga mokgatlho wa tekanyetso go ka khutlisiwa fa e le gore go ya ka maikutlo a Mokgatlho wa Pako ya Maemo o o amegang kgotsa Mokgatlho wa Bosethaba wa Maemo, le go tiisiwa ke Bothati, o retelelwa ke go dira ditiro tsa ona ka tshwanelo.

KGAOLO YA BO 6:
 MEKGATLHO YA POROFESENALE LE MEKGATLHO YA TLHATLHOBO
Go akaretswa ga mekgatlho ya porofesenale le mekgatlho ya tlhatlhobo mo tlhomong ya maemo, netefaletso ya boleng le tekanyetso.
22. Mekgatlho ya porofesenale le mekgatlho ya tlhatlhobo e ka dira kopo ya - 
a. go amogelwa jaaka tokololo ya Mokgatlho wa Pako ya Maemo jaaka go tlhagisiwa mo molawaneng 20 kgotsa 22 (1) wa Melawana ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba, 1998 (R. 452 wa Mopitlwe 1998, Kasete ya Mmuso Palo 18787); 
b. kamogelo jaaka Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng jaaka go tlhagisiwa mo molawaneng 2; le 
c. go thapiwa jaaka mokgatlho wa tekanyetso jaaka go tlhagisiwa mo molawaneng 18. 

KGAOLO YA BO 7:
DITSHIAMELO TSELE LE TSELE
Tsamaiso ya Boikuelo
23. (1) Mokgatlho o o eletsang go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya mokgatlho o o tlhagisiwang mo melawaneng 2 le 12 o tla dira tlhagiso ka go kwalela Bothati ka lebaka leo mmogo le mabaka a boikuelo mo dikgweding di le tharo tsa go tsewa ga tshwetso ya go nna jalo. 
(2) Fa e le gore Bothati bo ka tshegetsa boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya mokgatlho o o tlhagisitsweng mo molawaneng 2 le 12 mokgatlho oo o tla -
a. mametlelela tshwetso ka tshwanelo; 
b. o tla kwala mametlelelo ya go nna jalo mo dikwalong tsotlhe tse di maleba tse tshwetso ya tshimologo e neng e kwadilwe mo go tsona; 
c. o tla dira dimametlelelo tse di tlhokegang mo dikwalong tsotlhe tse di maleba; le go golola karolo e e boeleditsweng ya dikwalo tsotlhe tse di maleba. 
Setlhogo khutswe
24. Melawana e e tla bidiwa Melawana ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 

MAMETLELELO
DIKAELO TSA MELAO YA TSAMAISO YA MEKGATLHO YA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG
DITHANOLO
1. Mo dikaelong tse, kwa ntle ga gore bokao bo supe ka mokgwa mongwe - 
"Modulasetulo" o kaya Modulasetulo wa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng;
"Komiti" e kaya komiti ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng.
"Komititsamaiso" e kaya komiti e e tlhomilweng go dira ditiro tse di rileng tse e di filweng mo boemong jwa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng;
"Tokololo" e kaya tokololo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng;
"Tshwetso" e kaya tshwetso ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng;
"Mokwaledi" ke tokololo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e e tlhometsweng lebaka le.
DITOKOLOLO TSA MOKGATLHO WA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG
2. Mo mabakeng a tiro ya netefaletso ya boleng Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, o tla bopiwa ke Modulasetulo, Motlatsamodulasetulo, Mokwaledi le ditokololo tse dingwe tse di thapilweng ke Bothati, mme Modulasetulo o tla tlhophiwa ke ditokololo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng gareng ga ditokololo kgotsa mo metsweding e mengwe. 
BATSHWARAMARAPO
3. Modulasetulo wa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o tla tshwaramarapo mo dikopanong tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. Fa Modulasetulo a se teng mo kopanong nngwe le nngwe Motlatsamodulasetulo o tla tshwaramarapo. Fa ba se teng ka bobedi, ditokololo tse di leng teng di ka tlhopha modulasetulo gareng ga tsona go dira jaaka modulasetulo. 
DIKOPANO TSA MOKGATLHO WA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG
4. Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o tla kopana mo mafelong a a rileng le dinako tse di rileng nako le nako go ya ka Tshwetso e e tsewang.
  
5. Dikopano tse di kgethegileng di ka tshwarwa go ya ka Modulasetulo kgotsa ka kopo ya ditokololo tse di seng ka fa tlase ga nngwe tharong mme fa go le jalo kopano e tla tshwarwa mo nakong le mo lefelong le le tlhomamisitsweng ke mokwaledi go ya ka bonako jo bo kgonegang morago ga kamogelo ya kopa ya go nna jalo.
  
6. Morago ga gore Modulasetulo a golagane le Komititsamaiso o tla nna le tshiamelo ya go busetsa morago kopano ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng fa morero o o mo lenaneong o lebega o sa tlhoke gore go tshwarwe kopano, mme ditokololo di tshwanetse tsa itsisiwe ka pusetso morago ya go nna jalo mo bonnyeng jwa beke pele ga letlha le Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o tshwanetseng wa kopana ka lona, le ka tlamelo ya go ya pele ya gore dikopano ga di a tshwanela go phimolwa kgotsa go busetswa morago ka ntlha ya ditiragalo tsa maikarabelo kgotsa mabaka a a seng mo taolong ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng mme go ka diriwa jalo fa pedi tharong ya ditokololo e dumalelana le lebaka le.
  
7. Mongwe le mongwe yo go nna teng ga gagwe go tlhokegang mo mabakeng a kopano a ka nne a laletswa ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng go nna teng mo kopanong nngwe le nngwe ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng.
  
8. Dikwalo tsotlhe tse di romelwang ditokololo di tla tshwaiwa ka mokgwa o o tshwanetseng go ya ka mohuta le maemo a diteng, mme go a patelesega gore ditokololo di netefatse gore dikwalo tsa go nna jalo di tsamaisiwa go ya ka go tshwaiwa ga tsona. 
KITSISO YA DIKOPANO
9. Kitsiso ya kopano nngwe le nngwe ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e e tla akaretsang lenanetema la merero e e tla tshotlhiwang, le tla fitisetswa ke mokwaledi kwa tokololong nngwe le nngwe le batho ba bangwe ba ba tlhokegang go e tsenela mo bonnyeng jwa malatsi a le 14 pele ga letsatsi le le rulaganyeditsweng kopano, mme lenanetema leo le tla romelwa kwa diatereseng tse di kwadisitsweng mo mokwaleding: Mo mabakeng a dikopano tse di kgethegileng go ka fiwa dikitsiso tsa paka e khutshwane e e ka swediwang ke Modulasetulo, mme ga ya tshwanela ya nna kwa tlase ga malatsi a le mararo a tiro.
  
10. Go sa amogelweng ga kitsiso nngwe le nngwe e e rometsweng sentle kwa atereseng ya tokololo e ka se ame kgotsa ya kgoreletsa ditsamaiso tsa kopano. 
REJISETARA YA GO NNA TENG
11. Tokololo nngwe le nngwe e e leng teng mo kopanong ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e tla saena rejisetara ya go nna teng e e tla rebolelwang lebaka le. 
KHORAMO
12. Halofo ya ditokololo, go sa akaretswe Modulasetulo, di tla bopa khoramo mo dikopanong tsotlhe tsa tlwaelo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. Mo dikopanong tse di kgethegileng nngwe tharong ya ditokololo tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, go sa akaretswe Modulasetulo di tla bopa khoramo.
  
13. Fa palo ya ditokololo tse di leng teng mo nakong le lefelo e sa lekane go bopa khoramo, kopano e tla tswelelapele ka kitso ya gore tshwetso nngwe le nngwe e e fitlheletsweng e tla tsewa e le tshwetso e e sa felelang mme e tla fetisetswa go Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng go tshotlhiwa go ya pele le gore go diriwe ditshwaelo pele e amogelwa. 
DIPEGELO TSA BOBEGAKGANG
14. Fa go tlhokegang gore go tlhagisiwe dipegelo tsa bobegakgang tebagano le mabaka a a amang ditiro le dikopano tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, dipego tsa go nna jalo di tla gololwa ke Modulasetulo wa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng ka tumallano le Modulasetulo wa Bothati. 
METSOTSO
15. Metsotso ya kopano nngwe le nngwe e tla rulaganngwa le go tlhagisiwa gore e netefatswe mo kopanong e e latelang. Mokwaledi o tla romela metsotso go ditokololo mmogo le kitsiso ya kopano e e latelang.
  
16. Metsotso ga ya tshwanela ya tlhagisa ka botlalo tsamaiso ya kopano, mme e tla nna tshosobanyo ya kwalo ya tsamaiso, Ditshwetso le dikgato tse di tlhokegang ka tlamelo ya gore tokololo nngwe le nngwe e na le tshono ya go kopa gore maikutlo a yona a tlhagisiwe mo metsotsong. 
DINGANGISANO TSA MOKGATLHO WA THUTO LE KATISO LE NETEFALETSO YA BOLENG LE GO BOUTA.
17. Mo tsamaisong ya kopano nngwe le nngwe ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng melao e e tlwaelesegileng ya ngangisano e tla dira.
  
18. Go tsewa ga ditshwetso go tla diriwa ka tumallano ka tlamelo ya gore fa go sa fitlhelelwe tumallano go ka boutiwa. Fa boutu e tlhokega e tla nna ka go tsholetsa matsogo kwa ntle ga gore tokololo nngwe e kope baloto, mme go tla tshwarwa baloto ya sephiri.
  
19. Modulasetulo fa a tshweremarapo a ka se nne le boutu ya go tlhopha, mme o tla nna le ya makgaolakgang.
  
20. Fa modulasetulo a se teng Modulasetulo wa motshwareledi (e ka nna Motlatsa Modulasetulo kgotsa yo mongwe) ga a ne a nna le boutu ya makgaolakgang, mme o tla nna le boutu ya go tlhopha.
  
21. Tokololo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e a patelesega go tlhagisa kgatlhegelo nngwe le nngwe ya tshelete mo morerong o o tshotlhiwang ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng le go ithefola gore a intshe mo ngangisanong: Fa e le gore tokololo ya go nna jalo e letlwa go tswa fa tshwetso ya morero wa go nna jalo e diriwa ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng.
  
22. Go ya ka tshiamelo ya melao e, tshwetso ya bontsi jwa ditokololo tse di leng teng mo kopanong ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e tla nna tshwetso ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. Maikutlo a bonnye a ka nne a kwadiwa go ya ka kopo ya ditokololo tsa go nna jalo.
  
23. Fa morero mongwe o runya magareng ga dikopano tsa tlwaelo o o tlhokang tshwetso ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng le o go yang ka kakanyo ya Modulasetulo o sa tshwanelang go diegisiwa go fitlha mo kopanong e e latelang ya tlwaelo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng, Modulasetulo a ka naya Mokwaledi tetla ya go baakanya le go romela ka poso e e kwadisitsweng kgotsa batsamaisi ba dithoto, kitsiso kwa tokololong nngwe le nngwe, e e tlhagisang morero o o lebilweng le go batla boutu ya poso, e tshwetso e ka diriwang ka yona. Kitsiso e tla tlhagisa paka e boutu ya poso e ka diriwang ka yona, mme e ka se nne kwa tlase ga malatsi a le lesome go tswa mo letlheng la thomelo ya kitsiso. Tshwetso ya bontsi jwa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e tla tsewa e le tshwetso ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. Dipholo tsa balote nngwe le nngwe di tla begiwa mo kopanong e e latelang ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
TLHOMO YA KOMITITSAMAISO
24. Komititsamaiso e tla bopiwa fela ke ditokololo le go tlhomiwa ke tsona. E tla diriwa ke Modulasetulo le palo ya ditokololo tse dingwe tse di tlhomamisitsweng le go supiwa ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng: Fa e le gore: 
a. Komititsamaiso ya go nna jalo, go ya ka dikaelo tsa Mokgatlho wa Thuto le Netefaletso ya Boleng, e dira ditiro tsa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng gareng ga dikopano: Fa e le gore ditshwetso tsotlhe tse di amang merero ya motheo e tla nna se se botlhokwa sa Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; 
b. Modulasetulo, kgotsa fa Modulasetulo a se teng, Modulasetulo yo a tshwareletseng yo a tlhophilweng ke ditokololo o tla tshwarwamarapo mo dikopanong tsotlhe tsa Komititsamaiso; 
c. Modulasetulo o tla bega ditiro tsa Komititsamaiso mo kopanong nngwe le nngwe ya tlwaelo ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng; mme 
d. Khoramo ya Komititsamaiso e tla bopiwa ke Modulasetulo mmogo le halofo ya ditokololo tsa komiti. 
TIRO YA MOKWALEDI
25. Mokwaledi o tla dira tiro ya bokwaledi e e botlhokwa mo go kgontsheng Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng go dira ditiro tsa ona, mme o tla dira, go ya ka dikaelo tsa Modulasetulo wa Mokgatlho waThuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng.
  
26. Seabe sa mokwaledi ke go thusa Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng ka - 
a. go tlhagisa tiro ya bokwaledi 
b. go gakolola mo mererong ya tsamaiso 
c. tirelo e e tshwanetseng ya tsamaiso 
d. go thusa mo go tsamaiseng diporojeke; le 
e. go dira ditiro tse dingwe tse di ka nneng tsa tlhokwa nako le nako ke Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. 
MAMETLELELO YA MELAO
27. Melao e, e ka nne ya tlaleletswa kgotsa ya mametlelwa mo kopanong nngwe le nngwe ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng go ya ka Bothati, ka bontsi jwa ditokololo tse di leng teng fa e le gore mametlelelo ya go nna jalo e dira ntlha e e rileng ya lenanetema, e lekwalo la yona le filweng ditokololo le lenanetema, mme ditokololo tse di seng kwa tlase ga halofo di le teng mo kopanong. 
POELETSO YA DITSHWETSO TSA MOKGATLHO WA THUTO LE NETEFALETSO YA BOLENG
28. Tshwetso nngwe le nngwe e e tserweng mo kopanong ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng e tshwanetse ya newa palo e e kgethegileng ya tshwetso ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng le go bonwa jaaka tshwetso ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. Tokololo e e eletsang gore tshwetso e boeletswe e tla tshwanela go itsise mokwaledi ka lekwalo la kitsiso ya tlhokego ya go nna jalo ka mabaka a a tletseng, mo bonnyeng jwa malatsi a le 14 pele ga kopano ya Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. Fa e le gore Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng o mametlelela tshwetso, mametlelelo ya go nna jalo e tla kwalwa mo metsotsong ya kopano, mme go tla diriwa dimametlelelo tse di tlhokegang, morago ga moo go tla gololwa karolo e e boeleditsweng ya lokwalo. 



 O R A H E A L T H Y N A T I O N
February 2002
Pholesi mo motheong
wa sanetasi ya lelapa e
nolofaditswe
Pholesi mo motheong
wa sanetasi ya lelapa e
nolofaditswe
Sanetasi ke eng le gore go reng e tshwenya?
Go na le MaAfrika Borwa a le dimilione tse 18 mo dintlong di le dimilione tse 3 a a se nang phitlhelelo go motheo wa sanetasi ga jaana.
Go lekanyetsa 15% ya ditleliniki le 11,7% ya dikolo di kwa ntle ga sanetasi. Dikolo tse dingwe tse dintsi di dirisa matloboithusetso a a sa
lekanang, a le leswe e bile a sa babalesega. Seno sotlhe se oketsa matshosetsi a kotsi ya boitekanelo. Mmuso o tla re ka jalo o tshegetse
baagi le malapa mo go fediseng tshalelomorago ya sanetasi fa go fitlha 2010.
"Sanetasi" e kaya eng?
Sanetasi e kaya go kgobokanya le go latlha - ka mokgwa wa phepafatso - maswe, go akarediwa le mantle a motho, metsi a a maswe a
lelapa le matlakala. Fa seno se sa dirwa, boagisani bo nna leswe le batho ba a lwala. Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi tse 1,5 tsa
dimilione tsa letshololo (mala a a berekang) ngwaga mongwe le mongwe mo baneng ka fa tlase ga 5, le go wa ga kholera. Seno se
tshwanetse go tsamaisana le ditiro tsa maitsholo a boitekanelo a a siameng.
Ke ka ntlha ya eng re na le bothata?
Bothata ba sanetasi ya Aforika Borwa bo na le dibakwa tse pedi tse dikgolo:
 Bophepa jo bo kwa tlase (batho ba le bantsi ga ba lemoge fa ba tlhoka go tlhapa diatla morago ga go ithoma kana go fetola mengato,
mme bontsi bo akanya go siame go dirisa naga jaaka lefeloboithusetso),
 tlhokego ya dithulaganyetso (ga go na ntloboithusetso le metsi a go tlhapa diatla ).
Tharabololo ke eng?
Go tlamela matloboithusetso a a tokafetseng ke karolo e le nngwe ya karabo. Ka nako e le nngwe go tshwanetse go nne le kitso ya merero
ya boitekanelo ya baagi e e tokafetseng, boitekanelo bo bo tokafetseng le botsayakarolo ba baagi mo mananeong a sanetasi.
Ke maemo afe a motheo o o potlana wa sanetasi a a amogelesegang?
 Boitekanelo bo bo maleba, jaaka go tshola matloboithusetso a le phepa, le go tlhapa diatla morago ga go tshola maswe kana go
etela ntloboithusetso..
 Tsela ya go tsamaisa mantle a motho, metsi a a maswe le matlakala, tse di kgonegang tse di bonolo go tshola, di babalesegile e
bile di amogelega go ya ka tikologo.
 Ntloboithusetso e e lekaneng ya lelapa lengwe le lengwe
Pholesi ya motheo ya sanetasi ya lelapa e tla fitlhelela eng?
Mmuso o na le maikarabelo a semolaotheo go netefatsa gore MaAfrika Borwa otlhe a na le phitlhelelo kwa sanetasing e e lekaneng.
Pholesi ka jalo e tla leba mo go tlameleng phitlhelelo kwa sanetasing e e lekaneng ya malapa, dikolo le ditleleneki, e tokafatse kgobokanyo
ya maswe a lelapa le tsamaiso, le go ruta sethaba ka bophepa.
Mmuso o rulaganya go nolofatsa kgoroso ka go tshegetsa baagi mo go tlameleng le go diriseng ditirelo tsa sanetasi tse di tswelelang
(tse di tlhotlhwatlase, di tsamaisiwa ke baagi). Mafelomagolo a tebo a tla akaretsa mafelobonno a metseselegae, seka-toropo le a e seng
a tlwaelo koo tlhokego e leng kgolo.
Sanetasi e botlhokwa mo boitekanelong ba bosethaba. Go fitlhela sanetasi e e siameng morero o tlhoka go nna karolo ya kgoromeletso
ya tlhabololo ya gotlhe. Sanetasi ka jalo ke nngwe fela ya mananeo a le mantsi a tlhabololo a a godisiwang ke mmuso. Phenyo gape e
ikaegile mo tshegetsong ya baagi. Kago ya sanetasi e tshwanetse go agiwa ka bonako mo baaging gore baagi ba maatlafadiwe go aba
mo lenaneong la sanetasi ya bosethaba.
Mananeo a sanetasi a tla tokafatsa mathata a loago le saekholoji a a golaganeng le sanetasi e e bokoa. Tlhaelo ya ditlamelo tsa
ntloboithusetso e e beilweng kwa kgakajana go tswa mo gae, ditlamelo tsa kopanelo tse di sa lekaneng, tsamaiso e e sa lekanang ya
maswe le ditlwaelo tse dingwe tsa sanetasi tse di bokoa di felela kwa tatlhegelong ya sephiri le seriti, tlhagiso le dikotsi tse di oketsegileng
mo pabalelong ya motho.
Ke ka ntlha ya eng sanetasi e le botlhokwa?
Sanetasi e botlhokwa mo boitekanelong bo bo siameng. Mathata a boitekanelo a a amanngwang le sanetasi e e bokoa di tsenyeletsa
letshololo, malamahubedu, letshoroma la mala, kholera, malaria, thotamadi, diboko, semoto, tshelo ya matlho, malwetse a letlalo le
koketsego ya tshelo mo bathong ba ba nang le HIV. Sanetasi e e siameng e isa kwa tsholofelong e e oketsegileng ya botshelo.
Sanetasi e botlhokwa gape mo go tlholeng lehumo. Ditshiamelo tsa ikonomi tsa sanetasi e e tokafetseng di tsenyeletsa dipoloko mo
ditshenyegelong tsa boitekanelo,go ungwa go go kwa godingwana ga modiri, tseno e e botoka ya sekolo, bojanala bo bo tokafetseng le
phokotsego ya ditshenyegelo tsa kalafi ya metsi. (Motswedi: Pampiri e tshweu ka Motheo wa Lelapa wa Sanetasi)
Ke mang yo o ikarabelelang sanetasi e e botoka?
Tokafatso ya sanetasi ke maikarabelo a mongwe le mongwe. Batsayakarolo ba akaretsa baagi le malapa (ya ntlha le ya pele): dikonteraka tse di
theilweng mo baaging; mmuso wa selegae, porofensi le wabosethaba, lephata la poraefete le (NGO) Mekgatlho e e seng ya puso.
Maikarabelo a semolaotheo:
 Bommasepala ba tshwanetse go neelana ka go kgona go fitlhelela ditirelo tsa motheo, go akaretsa sanetasi
 Mmuso wa bosethaba le wa porofensi o tshwanetse go tshegetsa bommasepala ka molao le dikgato tse dingwe.
Diabe le maikarabelo
Malapa le baagi
Sanetasi e e siameng e simolola kwa gae. Malapa le baagi ba ikarabela la ntlha mo boitekanelong ba bona, tikologo e e phepa le sanetasi e e tokafaditsweng.
Ditiro tse di fosagetseng tsa boitekanelo di ka tsenya boitekanelo ba bona mo kotsing le boitekanelo ba baagi le sethaba. Dikgato tse di latelang di ka
tsewa go tokafatsa bophepa:
 Go tlhapa diatla morago ga go dirisa ntloboithusetso, pele o tshwara dijo le morago ga go fetola mengato.
 Go phatlalatsa molaetsa wa boitekanelo bo bo siameng le botlhokwa ba sanetasi.
 Go bega ditsela tse di fosagetseng tsa sanetasi le dikotsi tsa sanetasi kwa tikologong ya mmuso wa selegae.
 Go netefatsa gore ditlamelo tsa ntloboithusetso ka gale di phepa e bile di mo maemong a go dira a a siameng.
Baagi le mekgatlho e e theetsweng mo baaging ba tshwanetse go tsibosa mmuso wa selegae ka ditlhokego tse di amanang le sanetasi. Ba tshwanetse
gape go thusa mmuso wa selegae mo go rulaganyeng, go diragatseng le go sekasekeng diporojeke tsa sanetasi.
Matloboithusetso a malapa ke maikarabelo a lelapa. Mmuso wa selegae o tshwanetse go tshegetsa maloko a baagi go fitlhelela tikologo e e phepa e
bile e itekanetse ka:
 Diporojeke tse di theetsweng mo baaging foo baagi ba selegae ba katisitsweng go aga ditlamelo tsa ntloboithusetso e e bolokesegileng e itekanetse.
Baagi ba selegae ba tla thusa malapa go aga ditlamelo tsa matloboithusetso a bona. Seno se tlhola ditiro.
 Go etleetsa tshedimosetso go thusa malapa le baagi go aga matloboithusetso a a babalesegileng, a tiile a kgatlhisa
 Go etleetsa dimateriale tsa botlhokwa go netefatsa gore tlamelo ya ntloboithusetso e phepa, e babalesegile e bile e a fitlhelega.
Kwa maemong a a farologaneng a mmuso
Thulaganyo ya mmuso wa selegae e diragala go ralala Dithulaganyo tsa Tlhabololo tse di Kopantsweng (diIDP) - tse Dithulaganyo tsa Ditirelo tsa Tlhabololo
ya Metsi (WSDP) e leng karolo ya teng. Gore go dirisiwe mananeo a tokafatso ya sanetasi mmuso wa selegae o tshwanetse go lekanyetsa le go tlhagisa
matlotlo mo lebakeng le. Go newa matlotlo go tswa mo metsweding e e farologaneng go akarediwa kgobokanyo ya lotseno le mmuso wa porofensi le
wa bosethaba. Mo tiragatsong ya lenaneo la sanetasi, mmuso wa selegae o tshwanetse go netefatsa gore tikologo e sireletsegile. Mmuso wa selegae
o tshwanetse gape go rulaganya le go lekanyetsa tiragatso le tshegetso ya ditsela tsa sanetasi e e agetsweng mo metsing. Gape o rwele maikarabelo a
go thusa malapa go tokafatsa sanetasi ya bona. Maikarabelo a a kgethegileng a tsenyeletsa:
 Go lemoga ditlhokego tsa ditlamelo tsa ntloboithusetso, ditlhokego tse le go ralala diporojeke tse di kgethegileng di thusa malapa go tokafatsa ditlamelo
tsa bona tsa ntloboithusetso.
 Go lemosa baagi botlhokwa ba sanetasi go ya ka boitekanelo.
 Go bolotsa mmogo le baagi, boitekanelo le kgodiso ya mananeo a maphelo.
 Go tlhokomela boitekanelo ba baagi.
 Go thusa malapa go tokafala, go dira le go tshola ditlamelo tsa bona tsa sanetasi.
Mmuso wa porofensi
Mmuso wa porofensi o tshwanetse go tlamela dithelete, metswedi ya setho le tshegetso ya sethegeniki kwa mmusong wa selegae. O tshwanetse gape
go netefatsa tsamaisano le pholesi ya bosethaba, go tlhabolola molao o o kgontshang go rulaganya thulaganyo ya kgaolo le go tlhokomela tswelelopele.
Mmuso wa bosethaba
Mmuso wa bosethaba o tshwanetse go tlhomamisa molao le boemo, kaedi, go rulaganya le go tlhokomela mananeo a bosethaba, go tlamela tshegetso
kwa maemong a mangwe a mmuso, go laola tlamelo ya tirelo le go tsereganya foo go nang le tlhaelo ya maatlafatso
Mafapha a magolo a mmuso
Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa (DWAF) ke mmabaledi wa metsi a sethaba le go nna moeteledipele mo lephateng la sanetasi. Mo kopanelong
le batsayakarolo ba bangwe ba bosethaba DWAF e tshwanetse go tlhabolola boemo ba sanetasi, go tshegetsa diporofensi le bomasepala mo go
tlhabololeng ditirelo tsa sanetasi, go tlhokomela dipoelo, go aga maatlafatso, go tlamela tshegetso ya matlotlo, go tsaya diporojeke tsa tshimologo mo
sanetasing e e tlhwatlhwatlase le go netefatsa gore sanetasi e dirwa ka tsela e e rulagantsweng. Lefapha le neelana ka tshegetso kwa mmusong wa
selegae mo go tlhabololeng Dithulaganyo tsa Tlhabololo ya Ditirelo tsa Metsi (diWSDP) tsa bona (- tse e leng karolo ya Dithulaganyo tsa Tlhabololo tse
di Kopanetsweng (diIDP).
Lefapha la Mmuso wa Porofensi le wa Selegae le tla tsaya maikarabelo magolo a go godisa Dithulaganyo tsa Tlhabololo tse di Kopantsweng tsa
bomasepala, go netefatsa gore mebuso ya porofensi le ya selegae e na le maatla a a lekaneng, go neela Kabo e e Lekanang le dikabelo tsa dithulaganyetso
tsa mmasepala, le go tlhokomela.
Lefapha la Boitekanelo le tla rulaganya tshedimosetso ka ga boitekanelo ba sethaba go tlhola patlo ya sanetasi ka mananeo a temoso ya bophepa,
go siamisa ditlwaelo tsa boitekanelo tsa sanetasi, go tshegetsa bomasepala, go tlamela dimateriale tsa go katisa le go ruta baagi ka boitekanelo.
Matlotlo a Bosethaba a tla tshegetsa mebuso ya selegae mo go rulaganyeng le go laoleng matlotlo a bona.
Kagomatlo ya Bosethaba e tlhabolola boemo ba tlhabololo ya kagomatlo (maemo a a potlana a sanetasi ke VIP ka lapa, ntle le fa maemo a mmu a
bontsha ka mokgwa mongwe). E rulaganya gape ketleetso ya kagomatlo e e tsamaisiwang ke mafapha a kagomatlo ya porofensi.
Lefapha la Thuto la Bosethaba le ikarabela go tlhabolola kharikhulamo le boemo, go netefatsa matlotlo, tshedimosetso le kago ya maatlafatso. Mafapha
a diporofensi a ikarabela mo tokafatsong ya dithulaganyetso tsa sekolo go tsenyeletsa sanetasi le go diragatsa Lenaneo la Dikolo la Kgodiso ya Boitekanelo
go tlhola dikolo tse di babalesegileng tse di itekanetseng.
Lefapha la Ditiro tsa Sethaba le dira jaaka moemedi wa tiragatso ya go diragatsa mo boemong ba mmuso wa bosethaba le wa porofensi fa dikolo le
ditleliniki di agiwa. Lefapha le le na le maikarabelo mo go netefatseng gore sanetasi e e lekaneng e tsenngwa mo meagong ya mmuso le sethaba.
Lefapha le ikarabela gape mo go diragatseng lenaneo le le theetsweng mo baaging la ditiro tsa sethaba.
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le ikarabela mo go sireletseng tikologo mme le tla tlhabolola boemo bo bo amanang le go ama ga sanetasi
mo tikologong, le go tlhokomela go ama goo le go tsamaelana le botsamaisi tsa bolaodi ba tikologo.
Batsayakarolo ba bangwe
Lephata la poraefete
Mmuso ga o ka ke wa siamisa tshalelomorago ya sanetasi o le esi. Lephata la poraefete, segolobogolo la kgwebo, le ka dira le go tsenya
ditsela tsa sanetasi, le ka kopana le bommasepala mo tlamelong ya tirelo le go tlamela matlotlo.
Mekgatlho e e seng ya mmuso
Mekgatlho e e ka thusa ka mananeo a temoso ya boitekanelo, go nolofatsa botsayakarolo ba baagi, go tlhabolola ditlhopha tse di
theetsweng mo baaging tsa kago le go diragatsa le go tlhokomela diporojeke
Seno sotlhe se tla tsamaisiwa jang?
 Kwa magaeng Mmasepala wa Kgaolo kana Metro kana Mmasepala wa Selegae o tla rwala maikarabelo a magolo a go
diragatsa go ya ka Thulaganyo ya Tlhabololo e e Kopantsweng (IDP) e Thulaganyo ya Tlhabololo ya Ditirelo tsa Metsi (WSDP) e
leng karolo ya yona.
 Mo maemong a selegae, Mmasepala wa kgaolo kgotsa Metro kgotsa Mmasepala wa selegae o tla rwala maikarabelo a tsenyotirisong
go ya ka Thulaganyo ya Tlhabololo e e Kopantsweng (IDP) e Thulaganyo ya Tlhabololo ya Ditirelo tsa Metsi (WSDP) e leng karolo
 Kwa maemong a porofensi mmuso wa porofensi o tla neelana ka tshegetso go ya ka Diforamo tsa go rulaganya tsa Sanetasi ya
Porofensi. Kwa maemong a bosethaba thulaganyo e a fitlhelelwa ka Setlhopha sa Tiro sa Sanetasi ya Bosethaba (NSTT) e e tla
tlhomiwang gape jaaka komiti potlana ya Setlhopha sa Tiro sa Dithulaganyetso tsa Masepala (MITT). DWAF e dira jaaka lefapha le
le eteletseng pele
E tla nna nako e kanakang?
Pampiri e Tshweu ya Motheo wa Sanetasi ya Lelapa e ne ya rebolwa ke Kabinete ka Lwetse 2001. Ka nako e le nngwe Letlhomeso la
Leano la Sanetasi ya Bosethaba le ne la rebolwa. Letlhomeso ga jaana le fetiseditswe kwa go beng go tsenyelediwa bomasepala ba
kgaolo le ba selegae. Mekgatlho e e seng ya mmuso, baemedi ba ba diragatsang, mmuso wa porofensi le maloko mangwe le mangwe
a a nang le kgatlhego a sethaba. Lokwalo loo lo teng mo inthaneteng mo go: www.dwaf.gov.za. Maano a porofensi le a selegae a tla
tlhabololwa pele ga Phukwi 2002. Letlhomeso le atlenegisa gore tlhagiso ya tlhabololo ya baagi e dirisiwe, go na le tlhagiso ya kgweetso
ya konteraka. Seno se tla tlhola ditiro tse dintsi, le go katisa baagi mo dikgonong tsa sanetasi le bolaodi jwa porojeke.
Ke mefuta efe ya matloboithusetso e e leng teng ?
Fa o tlhopha matloboithusetso kana ditsela tsa sanetasi, baagi ba tshwanetse go sekaseka botlhotlhwatlase, bonolo le tiriso mmogo le
tshegetso, tshireletso ya tikologo, bokgoni ba dikonteraka tse di theetsweng mo baaging go diragatsa ditsela le gore ditsela di tla tokafatsa
boitekanelo jang. Tsela nngwe le nngwe e e kwadilweng e dira fela fa badirisi ba rutegile ka tiriso e e siameng. Go seng jalo matloboithusetso
a wa, a nkga maswe le go gogela ditshenekegi le go thuthusa megare. Boikgethelo bo boraro bo bo kwadilweng fa tlase ga bo atlenegisiwe
go dirisiwa ke lelapa. Ditshenyegelo tse di bontshitsweng di lekanyediwa fela mme di tla farologana go ya ka maemo a selegae.
Ntloboithusetso ya mosima e e sa tokafadiwang ya tlhabisamowa:( ga se ya maphelo mme ga e atlenegisiwe; Kago e e kwa godimo
mo godimo ga mosima. Ditshenyegelo di a farologana.
Ntloboithusetso ya Mosima e e Tokafaditsweng e e buletsweng mowa (VIP): Kago kwa godimo ga mosima, e fokwa ke peipi le
sireletsa dintsi. Mosima o ka nna le mola kana wa se nne teng go ya ka maemo a mmu. Ditshenyegelo di simolola ka R600 go aga le
R60 ka ngwaga go tsholola maswe fa a tshololwa gangwe mo ngwageng tse tlhano.
Ntloboithusetso ya Mesimamebedi e e buletsweng mowa
Kago ya bogodimo bo le bongwe bo bo nang le mesima e mebedi e e seng boteng e e bapileng. Go dirisiwa mosima o le mongwe ka
nako mme o na le peipi e e nang le sesireletsa dintsi. Mesima e e na le mela mme lebota le le mo gare le tswaletswe. E ka go tloga ka
R2 500 go e tsenya le R35 ka ngwaga go e dirisa le go e tlamela.
Matloboithusetso a podiso, go tsenyeletsa phaposo ya moroto le ditsela tsa go omisa: Kago kwa godimo ga setshola se se
tswaletsweng ka phitlhelelo ya tloso ya maswe a a bodisitsweng. Moroto o ka nna wa faposiwa mme peipi ya mowa e thusa go omisa
maswe, segolo mo ditseleng tse di omisang. Ditshenyegelo di simolola ka R3 000 tsa ditsela tsa khomese le tiro mmogo le ditshenyegelo
tsa tlamelo ka R35 ka ngwaga.
Ntloboithusetso ya tshela o goge kana ntlwana ya metsi: Ntloboithusetso ka setswalo sa metsi. Maswe a a tlhatswiwa go ralala ka
peipi kana letlhaka go ya tseleng ya go kgobokanya maswe le selatlhi se se kolobetsang go latlha. Ntlwana e e amogelwa bodithabathaba
koo badirisi ba kotamang mme metsi a dirisiwang go phepafatsa marago. E a palelwa fa batho ba latlhela dilo tse di sa tshwanelang ka
fa gare ga ntloboithusetso, kana go se na tirelo e e tlhotlhwatlase ya go e tsholola. Go e tsenya simolola ka R2 000 le ditshenyegelo tsa
go e tsenya tsa R150 ka ngwaga.
Tanka ya mantle le mosima wa metsi: Ntloboithusetso ya mo ntlong e e gogiwang e e tshwaragantsweng ka dipeipi le sesidi se se
tswalegileng thata sa ka fa tlase ga lefatshe( thamba e e ikgatang) le diedi tse di dumeletsweng go tsenelela mo mmung. Ditshenyegelo
tsa go tsenya di simolola ka R7 000 mme ditshenyegelo tsa ngwaga ke R200, go ya ka gore e tshololwa gakae.
Matloboithusetso ka ditanka tsa go boloka: Maswe a kgaramelediwa mo tankeng go tloga foo a sa kgoneng go elelela go ya tikologong
e e dikologileng foo a tshwanetseng go tshololwa. Ditshenyegelo di ya ka bogolo ba tanka le gore e tshololwa gakae.
Moselomaswe o monnye o o epilweng o o se nang dikomota: Ntloboithusetso ya ntlo ka fa gare e e tletseng e e ntshetsang kwa
tanking ya mantle koo dikomota di ikgatang. Diedi di tsamaya ka moselomaswe o monnye go ya ka fa setsholadieding se se kgobokanyang
se se mo gare kana moselomaswe o o leng teng. Ditshenyegelo di ya ka bogolo jwa tanka le gore e tshololwa gakae.
Moselomaswe o o rweleng metsi ka botlalo: Ntloboithusetso ya mo ntlong e e tshwaraganyang go ya moselamasweng o o ka fa
ntlheng e nngwe, o elelelang kwa polanteng ya kalafi ya metsi a a maswe. Ke R6 000 go tsenya mme ditshenyegelo tsa go dira e ka nna
R400 ka ngwaga.
Meselomaswe e e seng boteng: Ntloboithusetso ya mo ntlong e e gogwang ka metsi a le mannye go na le a a tlwaelegileng le ka dipeipi
tse dinyennyane mo maemong a a seng boteng ka dithamba tsa tlhatlhobo tse di mo lefelong. Kwa bodithabathabeng seno se boloka
go fitlha go 50% ya tiriso ya metsi mme e santse e lekwa mo Aforika Borwa.
Matloboithusetso a khemikhale: Diyuniti tse di ikemetseng tse di dirisang dikhemikhale go dira mantle gore a se nne kotsi le go se nne
le monkgo. Di tlhwatlhwa godimo mme ka gale di dirisiwa nakwana. Bontsi ba bathati bo leka go fedisa tiriso ya tsona.
1. Sanetasi e tshwanetse go arabela ditlhokego tsa baagi e bile e tshwanetse go golaganngwa
le tlhokomediso e e tokafetseng ya boitekanelo. Gore batho ba siamelwe go tswa
ditokafatsong tsa sanetasi, mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhaloganya kgolagano
magareng ga boitekanelo ba bona, maphelo a a siameng le ditlamelo tsa ntloboithusetso.
2. Baagi ba tshwanetse go amega mo diporojekeng ka botlalo. DWAF ke molaodi fela.
Baagi ba na le ditshwanelo mme le maikarabelo gape mo go tlhokomeleng boitekanelo
ba bona.
3. Sanetasi e tshwanetse go tlamelwa mmogo le kabo ya metsi le ditirelo tse dingwe tsa
masepala.
4. Sanetasi e feta matloboithusetso fela, e tshwanetse go golaganngwa le thuto ya tikologo
le boitekanelo.
5. Phitlhelelo kwa motheong wa sanetasi ke tshwanelo ya motho.
6. Mmuso wa selegae o na le maikarabelo a molaotheo go tlamela phitlhelelo kwa ditirelong
tsa sanetasi.
7. Matlotlo a sethaba a a seyong a tshwanetse go kologanngwa go ya ka tsa pele go
thusa bao ba mo kotsing thata.
8. Matlotlo a mannye a bosethaba a tshwanetse go abelwa naga yotlhe ka go lekana.
9. Metsi a na le boleng ba ikonomi mme a tshwanetse go sirelediwa ka sanetasi.
10. Bakgotlhedi ba tshwanetse go duela go phepafatsa metsi le tikologo tse ba di
kgotlhetseng.
11. Sanetasi e tshwanetse go nna e e tshegediwang ka thelete.
12. Tikologo e tshwanetse go sirelediwa fa ditsela tsa sanetasi di tlhomiwa le go tsamaisiwa.
Ditheo tsa Pholesi ya Motheo ya Sanetasi
Ntloboithusetso ya kgamelo (ga e a itekanela e bile ga e atlanegisiwe): Kago e e kwa godimo ka setulo mo godimo ga kgamelo.
Kgamelo e tlosiwa nako le nako mme diteng di a tshololwa. E dirisiwa ka bophara mme e tlhagisa kotsi ya boitekanelo go baetsei. Bathati
ba le bantsi ba leka go e fedisa - mme di tlhwatlhwa godimo go di dirisa le go di tshegetsa.
Matloboithusetso a a kopanetsweng (ga a atlanegisetswa go dirisiwa ke lelapa): Diboloko tsa ntloboithusetso di ka nna tsa bewa
mo ditseleng tse di metsi kana tse di omileng. Tseno di tlhoka go phepafadiwa ka gale le go tshegediwa
Metswedi ya bokgoni ya matlotlo
Go na le metswedi e meraro e megolo ya matlotlo a tokafatso ya sanetasi: ketleetso ya Kabo e e Lekanang, dikabelo tsa dithulaganyetso
le lotseno lwa bommasepala ka nosi. Karolo ya ketleetso ya kagomatlo e ka nna ya dirisediwa sanetasi.
Kabo e e Lekanang
Ketleetso e go tswa go mmuso wa bosethaba go ya mmusong wa selegae e akaretsa ditshenyegelo tsa go dira tsa ditirelo tsa motheo
tsa mahala kwa go ba ba tlhokang.
Dikabelo
Kabelo ya Thulaganyetso ya Peelo ya Mmasepala e tla neela dithoto tsa bonno matlotlo. Ga jaana DWAF e tlamela ketleetso ya gangwe
ya sanetasi ya R300 ya tlhabololo ya baagi R900 ya motheo wa kago ya ntloboithusetso (seno se ne sa etelelwa pele ke R500 ya
tlhabololo ya baagi le R600 ya dithulaganyetso).
Lotseno lwa bommasepala ka nosi
Mmuso o lebeletse poelo ya tshenyegelo mo go tlameleng ditirelo tsa sanetasi. Bommasepala ba beile dikelo tsa bona morago ga go
tlamela ba ba tlhokang thata ka tirelo ya maemo a motheo a mahala.
Lenaneo la Dithulaganyetso tsa Mmasepala tse di tiisitsweng (CMIP)
CMIP e neela matlotlo a sanetasi e e mo lefelong, dithulaganyetso tse kgolo le bogokaganyi ba mo mafelong a motsesetoropo le
motseselegae.
Diketleetso tsa kagomatlo
Ga jaana lelapa lengwe le lengwe le ka bona ketleetso ya gangwe fela ya R16 000 mo makeieneng a a dumeletsweng e e dirisiwang
go bona dintlo tse di agilweng mo lefatsheng le go tlamela dithulaganyetso jaaka matloboithusetso. Batho ba ba nang le ditshwanelo tsa
lefatshe le le sa dumelwang le bona ba ka dumelelwa ketleetso. Kabelo ya tokafatso ya kagomatlo ya metseselegae le yona e a tshisinngwa.
Matlotlo a a farologaneng a tla rulaganngwa jang?
Leano la Tlhabololo e e Kopantsweng (DP) le tla dirisiwa jaaka mokgwa wa nakwana go kopanya matlotlo le go netefatsa gore ga go na
diphukana.
Go tlhaloganya
pholesi ya Aforika
Borwa ya sanetasi
Go tlhaloganya
pholesi ya Aforika
Borwa ya sanetasi
Melawana ya Pampiri e Tshweu
 Sanetasi e tshwanetse go arabela tlhokego ya baagi le go golagana
le temoso ya boitekanelo bo bo tokafetseng. Gore batho ba bone
poelo go tswa ditokafatsong tsa sanetasi, mongwe le mongwe o
tshwanetse go tlhaloganya kgolagano magareng ga boitekanelo
ba bona, bophepa bo bo siameng le ditlamelo tsa ntloboithusetso
 Baagi ba tshwanetse go amega ka botlalo mo diprojekeng. DWAF
ke molaodi fela. Baagi ba na le ditshwanelo fela le maikarabelo
mo tlhokomelong ya boitekanelo ba bona.
 Sanetasi e tshwanetse go tlamelwa mmogo le phepo ya metsi
le ditirelo tse dingwe tsa mmasepala.
 Sanetasi ga se matloboithusetso fela, e tshwanetse go patiwa
ke thuto ya tikologo le boitekanelo.
 Go fitlhelela motheo wa sanetasi ke tshwanelo ya botho.
 Mmuso wa selegae o na le maikarabelo a semolaotheo a go
tlamela go fitlhelela ditirelo tsa sanetasi.
 Matlotlo a sethaba a a tlhaelang a tshwanetse go dirwa setlapele
go thusa ba ba mo kotsing go feta.
 Matlotlo a a lekanyeditsweng a bosethaba a tshwanetse go
bewa ka mananeo go lekana go ralala naga yotlhe.
 Metsi a na le boleng ba ikonomi mme a tshwanetse go sirelediwa
go ralala sanetasi.
 Bakgotlhedi ba tshwanetse go duela go phepafatsa metsi le\
tikologo tse ba di kgotletseng.
 Sanetasi e tshwanetse go tsamaisiwa ka thelete.
 Tikologo e tshwanetse go sirelediwa fa ditsela tsa sanetasi di
tlhomiwa le go tsamaisiwa.
Ke ka ntlha ya eng re na le bothata?
Bothata ba sanetasi ya Afrika Borwa bo na le dibakwa tse pedi tse dikgolo:
Bophepa jo bo kwa tlase (batho
ba le bantsi ga ba lemoge fa ba
tlhoka go tlhapa diatla morago
ga go ithoma kana go fetola
mengato, mme bontsi bo akanya
go siame go dirisa naga jaaka
lefeloboithusetso),
Tlhokego ya dithulaganyetso (ga
go na ntloboithusetso le metsi a
go tlhapa diatla.
Go tlamela matloboithusetso a a tokafetseng ke karolo e le nngwe ya karabo. Ka
nako e le nngwe go tshwanetse go nne le kitso ya merero ya boitekanelo ya baagi
e e tokafetseng, boitekanelo bo bo tokafetseng le botsayakarolo ba baagi mo
mananeong a sanetasi.
Tharabololo ke eng?
Mmuso o na le maikarabelo a semolaotheo go netefatsa gore MaAforika Borwa otlhe
a fitlhelela sanetasi e e lekaneng. Pholesi ka jalo e tla leba mo go tlameleng go fitlhelela
sanetasi e e lekaneng ya malapa, dikolo le ditleliniki, e tokafatse kgobokanyo ya
maswe a lelapa le tsamaiso, le go ruta sethaba ka boitekanelo.
Mmuso o rulaganya go tsamaisa tiragatso ya tirelo e e tokafaditsweng ka go tshegetsa
baagi mo go tlameleng le go diriseng ditirelo tsa sanetasi tse di kgonagalang (tse di
tlhotlhwatlase, di tsamaisiwa ke baagi). Mafelomagolo a tebo a tla akaretsa mafelobonno
a metseselegae, seka-toropo le kwa baipeing koo tlhokego e leng kgolo.
Sanetasi e botlhokwa mo boitekanelong ba bosethaba. Go fitlhelela sanetasi e
e siameng, go tlhokagala go nna karolo ya ya tlhabololo. Sanetasi ka jalo ke nngwe
fela ya mananeo a le mantsi a tlhabololo a a godisiwang ke mmuso. Phenyo gape e
ikaegile mo tshegetsong ya baagi. Kago ya sanetasi e tshwanetse go agiwa ka bonako
mo baaging gore baagi ba maatlafadiwe go aba mo lenaneong la sanetasi ya
bosethaba.
Mananeo a sanetasi a tla tokafatsa mathata a loago le saekholoji a a golaganeng le
sanetasi e e bokoa. Matloboithusetso a a beilweng kwa kgakajana go tswa mo gae,
ditlamelo tsa kopanelo tse di sa lekaneng, tsamaiso e e sa lekanang ya maswe le
ditlwaelo tse dingwe tsa sanetasi di felela kwa tatlhegelong ya sephiri le seriti, tlhagiso
le dikotsi tse di oketsegileng mo pabalelong ya motho.
Ke maemo afe a a potiana a motheo
wa sanetasi a a amogelesegang?
 Bophepa bo bo maleba, jaaka go tshola matloboithusetso a le phepa,
le go tlhapa diatla morago ga go tshwara maswe kana go ya kwa
ntloboithusetsong.
 Tsela ya go tsamaisa mantle a motho, metsi a a maswe le leswe, e e
kgonegang e e bonolo go e tshola, e babalesegile e amogelega go ya
ka tikologo.
 Ntloboithusetso e e lekaneng mo lelapeng lengwe le lengwe
Pholesi ya motheo ya sanetasi
ya lelapa e tla fitlhelela eng?
Ke ka ntlha ya eng sanetasi e le botlhokwa?
Sanetasi e botlhokwa mo boitekanelong bo bo siameng. Mathata a boitekanelo a a
amanngwang le sanetasi e e bokoa di a akaretsa letshololo, malamahubedu, letshoroma
la mala, kholera, malaria, thotamadi, diboko, tshelo ya matlho, malwetse a letlalo le
koketsego ya tshelo mo bathong ba ba nang le HIV. Sanetasi e e siameng e isa kwa
tsholofelong e e oketsegileng ya botshelo.
Sanetasi e botlhokwa gape mo go tlholeng lehumo. Ditshiamelo tsa ikonomi tsa sanetasi
e e tokafetseng di tsenyeletsa dipoloko mo ditshenyegelong tsa boitekanelo, go ungwa
go go kwa godingwana ga modiri, tseno e e botoka ya sekolo, bojanala bo bo tokafetseng
le phokotsego ya ditshenyegelo tsa kalafi ya metsi.
Tsamaiso ya mmuso wa selegae
ya go diragatsa sanetasi
1. 2.
3. 4.
5. 6. 7.
Go tlhola
tlhokego
8. 9. Neelana ka
tshegetso e e
maleba go
netefatsa
tsweletso e e
tswelelang
10.
Baya mathata a ka
tatelano
Go tloga tshimologong
netefatsa tsweletso ya
nako e telele kwa
maemong a thulaganyo
Tlhagisa mathata a
sanetasi ya selegae
Rulaganya go
rarabolola mathata a
mo IDP/WSDP
Lekanyetsa
ditekanyet
sokabo
Netefatsa
didirisiswa tsa
batho tse di
lekaneng, kana o
dire dithulaganyo
tsa nakwana
Diragatsa
leano, go
simolola ka...
Tlhokomela
le go begela
Tokafatso ya sanetasi ke maikarabelo ya mongwe le mongwe. Batsayakarolo ba
akaretsa baagi le malapa (ya ntlha le ya pele): dikonteraka tse di theilweng mo
baaging; selegae, porofensi le mmuso wa bosethaba, lephata la poraefete le diNGO.
Ke mang yo o rweleng maikarabelo a
sanetasi e e botoka?
Maikarabelo a semolaotheo:
Malapa le baagi
 Bommasepala ba tshwanetse go kgonagatsa phitlhelelo ya ditirelo
tsa motheo
 Mmuso wa bosethaba le wa porofensi o tshwanetse go tshegetsa
bommasepala ka peomolao le dikgato tse dingwe.
Sanetasi e e siameng e simolola kwa gae. Bamalapa le baagi ba ikarabela la ntlha
mo boitekanelong ba bona, tikologo e e phepa le sanetasi e e tokafaditsweng. Ba
na le maikarabelo go tokafatsa ditiro tsa sanetasi ya bona jaaka boitekanelo bo
bo lekaneng bo ka tsenya mo kotsing e seng fela boitekanelo ba bona fela gape
le ba baagi le sethaba. Ditiro tsa bophepa di ka tokafadiwa mo dikgatong di le
mmalwa tse di bonolo - jaaka go tlhapa diatla morago ga go dirisa ntloboithusetso
pele o tshwara dijo le morago ga go fetola mengato ya bana. Maloko a baagi gape
a ka phatlalatsa molaetsa wa bophepa bo bo siameng le go tlhokomedisa maloko
a baagimmogo ka botlhokwa ba sanetasi le ditiro tsa bophepa tse di siameng.
Matloboithusetso a malapa ke maikarabelo a lelapa. Mmuso wa selegae o
tshwanetse go go tshegetsa maloko a baagi go fitlhelela tikologo e e phepa e e
nang le go tshela go go itekanetseng ka:
 Mananeo a a theetsweng mo baaging foo baagi ba selegae ba katisitsweng
go aga ditlamelo tsa ntloboithusetso e e bolokesegileng e itekanetse. Baagi
ba ba selegae ba tla thusa malapa go aga ditlamelo tsa matloboithusetso a
bona. Seno se tlhola ditiro.
 Go neelana ka dikaedi go thusa malapa le baagi go fitlhelela boemo jo bo
potlana jwa ntloboithusetso e e babalesegileng e itekanetse.
 Go etleetsa didiriswa tse di tlhokegang go netefatsa gore tlamelo ya
ntloboithusetso e phapa, e babalesegile le go fitlhelega.
Go feta moo, malapa a ikarabelela go tsibosa mmuso wa selegae ka ditlhokego
tse di amanang le sanetasi. Baagi le mekgatlho e e theetsweng mo baaging ba
tshwanetse go thusa mmuso wa selegae mo go rulaganyeng, go diragatseng, go
tlhokomela le go sekaseka diporojeke tsa sanetasi. Maloko a baagi a tshwanetse
gape go bega ka ga dithulaganyo tsa sanetasi e e fosagetseng le dikotsi tsa
sanetasi ya tikologo mo mmusong wa selegae. Malapa a tlhoka go netefatsa gore
didiriswa tsa matloboithusetso ka gale di mo maemong a a siameng a go dira
mme di phepa.
Dikarolo le maikarabelo
Kwa maemong a a farologaneng a mmuso
Mmuso wa porofensi
Mmuso wa porofensi o tshwanetse go neelana ka dithelete, didiriswa tsa setho
le tshegetso ya setegeuike kwa mmusong wa selegae. O tshwanetse gape go
netefatsa go tsamaelana le pholesi ya bosethaba, go tlhabolola peomolao, tsamaisa
thulaganyo ya kgaolo le go tlhokomela tsamaiso.
Mmuso wa bosethaba
Mmuso wa bosethaba o tshwanetse go tlhoma peomolao le boemo: kaela gokaganya
le go tlhokomela mamane a bosethaba, go tshegetsa maemo a mangwe a mmuso,
go laola tlamelo ya tirelo le go tsereganya foo go nang le tlhaelo ya maatlafatso.
Mmuso wa selegae
Mmuso wa selegae o tshwanetse go thusa malapa go tokafatsa sanetasi ya bona.
Ba tshwanetse go dira le baagi le malapa go godisa botlhokwa ba sanetasi ya
boitekanelo, le ditshiamelo le go kgona go dirisa sentle ntloboithusetso e e
babalesegileng e e gogelang. Le rwele gape maikarabelo a go thusa malapa go
tlamela sanetasi e e leng ya bona. Jaaka karolo ya tirego e o tshwanetse go lemosa
baagi le malapa botlhokwa ba sanetasi le ditlamorago tse e nang natso mo
boitekanelong. Mmogo le baagi, mmuso wa selegae o tshwanetse go bolotsa
mananeo a kgodiso ya boitekanelo le bophepa, go tlhagisiwa ditlhokego tsa ditlamelo
tsa ntloboithusetso, di bewe ka mananeo go ya ka botlhokwa jwa ditlhokego tse
le diporojeke tse di kgethegileng, go thusiwe malapa go aga didiriswa tsa bona tsa
ntloboithusetso. Thulaganyo ya mmuso wa selegae e diragatswa ka Dithulaganyo
tsa Tlhabololo tse di Kopantsweng - tse Dithulaganyo tsa Ditirelo tsa Tlhabololo
ya Metsi (Metsi le Sanetasi) e leng karolo ya teng. Gore go diragatswe mananeo
a tokafatso ya sanetasi, mmuso wa selegae o tshwanetse go lekanyetsa le go
ntsha matlotlo. Matlotlo a tswa metsweding e e farologaneng, go akarediwa go
kgobokanngwa ga lotseno le mmuso wa porofensi le wa bosethaba. Mo tiragatsong
ya lenaneo la sanetasi, mmuso wa selegae o tshwanetse go netefatsa gore tikologo
e sireleditswe. Dithulaganyo tsa mong wa kgwebo di tla tlhabololwa mo porojekeng
nngwe le nngwe, ka tirisano le komiti e e tsamaisang porojeke ya sanetasi, e e
tlhophilweng go tswa go tswa mo baaging ke baagi. Dithulaganyo tsa kgwebo di
tla tlhalosa mekgwa e e tla latelwang le seabe sa baagi, se se tlhokegang, go
sekasekiwa ditlhokego tsa baagi ba ba kgethegileng. Mmuso wa selegae o tla
tlamela dikgono tsa tsamaiso go netefatsa katlego ya diporojeke. Melaetsa ya
kgodiso ya boitekanelo le bophepa e tshwanetse go matlafadiwa le go tlhokomelwa
mme boitekanelo bo tlhokomelwe ka dinako tsotlhe.
Mafapha a magolo a mmuso
Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa (DWAF) ke mmabaledi
wa metsi a sethaba le go nna moeteledipele mo lephateng
la sanetasi. Mo kopanelong le batsayakarolo ba bangwe ba
bosethaba, DWAF e tshwanetse go tlhabolola boemo ba
sanetasi, go tshegetsa diporofensi le bommasepala mo go
tlhabololeng ditirelo tsa sanetasi, go tlhokomela dipoelo, go
aga maatlafatso, go tlamela tshegetso ya matlotlo, go tsaya
diporojeke tsa tshimologo mo sanetasing e e tlhwatlhwatlase
le go netefatsa gore sanetasi e dirwa ka tsela e e
rulagantsweng. Lefapha le neelana ka tshegetso kwa mmusong
wa selegae mo go tlhabololeng Dithulaganyo tsa Tlhabololo
ya Ditirelo tsa Metsi (diWSDP) tsa bona (- tse e leng karolo
ya Dithulaganyo tsa Tlhabololo tse di Kopanetsweng (diIDP).
Lefapha la Mmuso wa Porofensi le wa Selegae le tla tsaya
maikarabelo magolo a go godisa Dithulaganyo tsa Tlhabololo
tse di Kopantsweng tsa bomasepala, go netefatsa gore mebuso
ya porofensi le ya selegae e na le maatla a a lekaneng, go
neela Kabo e e Lekanang le dikabelo tsa dithulaganyetso tsa
mmasepala, le go tlhokomela.
Lefapha la Boitekanelo le tla rulaganya tshedimosetso ka
ga boitekanelo ba sethaba, go tlhola patlo ya sanetasi ka
mananeo a temoso ya bophepa, go siamisa ditlwaelo tsa
boitekanelo tsa sanetasi, go tshegetsa bommasepala, go
tlamela dimateriale tsa go katisa le go ruta baagi ka boitekanelo.
Matlotlo a Bosethaba e tla tshegetsa mebuso ya selegae
mo go rulaganyeng le go laoleng matlotlo a bona.
Kagomatlo ya Bosethaba e tlhabolola boemo ba tlhabololo
ya kagomatlo (maemo a potlana a sanetasi ke VIP ka lapa
ntle le fa maemo a mmu a bontsha ka mokgwa mongwe). E
rulaganya gape ketleetso ya kagomatlo e e tsamaisiwang ke
mafapha a kagomatlo ya porofensi.
Batsayakarolo ba bangwe
Lefapha la Thuto la Bosethaba le ikarabela go tlhabolola
kharikhulamo le boemo, go netefatsa matlotlo, tshedimosetso
le kago ya maatlafatso. Mafapha a diporofensi a ikarabela
mo tokafatsong ya dithulaganyetso tsa sekolo go akaretsa
sanetasi le go diragatsa Lenaneo la Dikolo la Kgodiso ya
Boitekanelo go tlhola dikolo tse di babalesegileng tse di
itekanetseng.
Lefapha la Ditiro tsa Sethaba le dira jaaka moemedi wa
tiragatso mo boemong ba mmuso wa bosethaba le wa
porofensi fa dikolo le ditleliniki di agiwa. Lefapha le, le na le
maikarabelo mo go netefatseng gore sanetasi e e lekaneng
e tsenngwa mo meagong ya mmuso le sethaba. Lefapha le
ikarabela gape mo go diragatseng lenaneo le le theetsweng
mo baaging la ditiro tsa sethaba.
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le ikarabela mo
go sireletseng tikologo mme le tla tlhabolola boemo bo bo
amanang le go ama ga sanetasi mo tikologong, le go tlhokomela
go ama goo le go tsamaelana le ditsamaiso tsa bolaodi jwa
tikologo.
Lephata la poraefete
Mmuso ga o ka ke wa siamisa tshalelomorago ya sanetasi o le
esi. Lephata la poraefete, segolobogolo la kgwebo, le ka dira le
go tsenya ditsela tsa sanetasi, le ka kopana le bommasepala mo
tlamelong ya tirelo le go tlamela matlotlo.
Mekgatlho e e seng ya mmuso e ka thusa ka mananeo a temoso
ya boitekanelo, go nolofatsa botsayakarolo ba baagi, go tlhabolola
ditlhopha tse di theetsweng mo baaging tsa kago le go diragatsa
le go tlhokomela diporojeke.
 Kwa magaeng Mmasepala wa Kgaolo kana Metro kana Mmasepala wa Selegae
o tla nnale maikarabelo a magolo a go diragatsa go ya ka Thulaganyo ya Tlhabololo e e
Kopantsweng (IDP) e Thulaganyo ya Tlhabololo ya Ditirelo tsa Metsi (WSDP) e leng karolo
ya yona.
 Kwa maemong a porofensi mmuso wa porofensi o tla neelana ka tshegetso go ya ka
Diforamo tsa go rulaganya tsa Sanetasi ya Porofensi.
 Kwa maemong a bosethaba thulagano e a fitlhelelwa ka Setlhopha sa Tiro Bosethaba
sa Sanetasi (NSTT) e e tla tlhomiwang gape jaaka komiti potlana ya Setlhopha sa Tiro ya
Dithulaganyetso tsa Mmasepala (MITT). DWAF e dira jaaka lefapha le le eteletseng pele.

TSHOBOKANYO YA BOTLHOKWA
Tsa kgaso mo Afrika Borwa di bontsha diphatla le dikgaogano tsa kabelano ya dithata.
Kgwetlo ya diphetogo tsa demokrasi e ama matshelo otlhe a rona, go akaretsa mekga
le mekgwa ya kgaso.
Mmuso o ikemiseditse go aga lefapha la go rotloetsa gore batho ba ba neng ba sa re
sepe ba fitlhelele tsa kgaso le gore go etleetsege bontsintsi jwa kgaso. Se se tlisitswe
ke tshwetso e e tserweng ke Kabinete go ya ka keletso ya komiti ya tsa tlhaeletsano
(Comtask) ka 1996. Se se tsamaisana le Molaotheo, Molao wa Ditshwanelo le
Lenaneo la Tshiamiso le Kagosea. E bile e rotloetsa ke lenaneo la sethaba la go
tsweletsa le go sireletsa ditokelo tsa botho, tse di gatelelang go bua ka kgololosego le
go naba ga kgaso. Go tshwanetse gape go bona gore go na le leano la gore se se
fitlhelelwe. Lefapha le le latelelwa ke maiteko a a iteileng sefololetse a sethaba a go
tlhama lefapha le.
Gore go nne le lefapha le le ikemetseng, le le ntseng le le losi e bile le sa senye madi,
go tlhokega setlhopha sa baitsanape ba ba tlotlegang ba kgaso, le bangwe ba ba
itsegeng, ba ba tlang go simolola boitsanape ba tsa kgaso ka thuso ya go tsweletsa pele
le go batlisisa. Lefapha le le tla bidiwa Media Development and Diversity Agency
(MDDA). Lefapha le le tla tsamaisiwa ka matsetseleko, le filwe thata le tse di
tlhokegang. Le tla katoga mmuso, dintlo tsa kgaso le ba ba neelanang ka madi.
Jaaka lefatshe le etega pele mo kitsong, go botlhokwa thata gore baagi botlhe ba nne
le kitso e e farologaneng le dikakanyo gore ba kgone go tsaa karolo mo lefatsheng le
le tlhakaneng mo dikarolong tsa bone, mo nageng yotlhe le mo lefatsheng ka bophara.
Mmuso o dirile gore batho ba fumane kitso mo lenaneong la bone la tshiamiso le
kagosea. Lefapha la MDDA, go tshwana le lenaneo la desenthara tsa sethaba tsa
ditirelo tse dintsi (Multi-Purpose Community Centres), ke tshimololo e e botlhokwa
go fitlhelela maikemisetso a.
MDDA e tla fetola tlhaeletsano mo e leng gore go gapeletsega gore kgaso e bontshe
maiphitlelo le dikakanyo tsa batho ba ba neng ba sa re sepe (marginalised). Se se raya
gore le fa e le gore MDDA ga e ne e tlisa diphetogo tse di feleletseng tsa kgaso, e tla
kgona, ka gore e neelwe matlotlo, go tsweletsa pele, go emela,le go batlisisa, go thusa
gore kgaso e siamele diphetogo ka bophara.
Tlhaloso ya kgolo le pharologano ya kgaso:
Kgolo ya tsa kgaso e raya go tsweletsa pele maemo a go thusa go siamisa go
tlogelwantle ga makoko le batho ba ba nang le kgatlego. Re bua ka batho ba ka nnang
beng, balaodi le bagasi ba kgaso. Pharologano ya kgaso e raya gore batho botlhe ba ba
nang le kgatlhego ba kgona go fitlhelela kitso e e bontshang se se diragalang mo
sethabeng. Go fitlhelela pharologano e go tsweletsa pele gape ke go nna teng ga go
kgona go gasa mo dikgasong tse dinnye, tse di lekaneng le tse dikgolo.
Kgaso mo Afrika Borwa:
Go na le dilo tse dintsi tse di dirilweng fa go simolola demokrasi mabapi le mathata a
kgodiso le pharologano ya kgaso. Fela dilo tseo ga di a lekana. Ga se batho ba le
bantsi ba ba tsayang karolo mo go tsa kgaso. Beng ba tsa kgaso ba bannye e bile ga ba
kgone go fitlhelela ditlhokego tsa makoko le a ba ba nang le kgatlhego. Mo ditirelong
tsa kgaso ga go na tekano ya badiredi go ya ka mmala mo maemong a bolaodi le a
badiredi ka kakaretso.
Maiphitlhelo a Afrika Borwa a bontshitse gore ditiragalo tsa mebaraka, dithono tsa
go bona dilaesense le go fetolwa ga beng, ga di kitla di kgona go fitlhelela diphetogo.
Ke ka foo go tlhokegang lefapha le tshwana le MDDA.
Go ithuta ka maiphitlhelo:
Maiphitlhelo a bodithaba a bontsha gore dikema tsa go tshegetsa kgolo le
pharologano ya kgaso ga selo se sea. Dikema tse di ne tsa diriswa kwa Uropa ka bo
1950 ka gonne ditiragalo tsa mebaraka fela di ne di sa kgone go fitlhelela
pharologano. Tota go fitlhelwa bopaki ba gore mebaraka ka boyone e dira gore gonne
le balaodi ba le bannye. Seo se ka kgoreletsa kgololosego ya puo le pharologano ya
dikakanyo.
Go nnile le maiteko a go ithaopa go tshegetsa Independent Media Diversity Trust.
Maiteko a ga a nka a atlega ka ntlha ya go tlhoka matlotlo. Se se bontshitse gore ke
fela maiteko a a nang bodirammogo jwa puso le kgaso, di tshegetswa ke molao, tse di
tla nnelang ruri.
Seemo sa MDDA le botsalano le makoko mangwe:
MDDA e tla nna lefapha le le ikemetseng go ya ka molao , dira ka meono le tshwaetso
ya puso. Fela, e tla nnela kgakala le puso, makoko a phoraivete le bafi matlotlo. E tla
newa thata ya go ya go tswetsapele pharologano le kgolo ya kgaso ya dipampiri, ye
telebishene le "kgaso e ntha".
Lefapha le la MDDA le tla nna le balaodi ba ba tlhophiwang ke Palamente mme ba
tsenywa tirong ke Mopresidente. Balaodi ba ba tla tlhopha Molaodi Mogolo. Molaodi-
Mogolo yo le balaodi bangwe ba tla thapa batho ba ba nang le manontlhotlho e bile ba
na le dilo tsotlhe.
MDDA e tla batla go dirisana mmogo le makoko a a dirang ka tsa tlhaeletsano,
dilaesense, filimi le divideo. Se se tla tlisa tsamaisano mme sa thibela ditiro tse di
dirwang gabedi. Kwa ntle ga tiro ya yone ya go tshegetsa kgaso, e tla laela dipatlisiso,
mme e eletse puso, tsa kgaso le makoko mangwe a a tshwanetseng.
MDDA e tla nna le botsalano le makoko a a nang le kgatlego mo kgolong le
pharologano ya kgaso, go akaretsa Independent Communications Authority of SA
(Icasa). MDDA e tla nna le foramo ya go leba ditiragalo tsa ngwaga mo makoko a tla
tlhadiang pego ya ngwaga ya MDDA.
Ba ba tla amogelang le gore ke tshegetso e e jang:
Ba ba tlang itumelelang tshegetso e e tlhamaletseng le e e sa tlhamalelang e tla nna
sethaba le kgaso e e sa direng morokotso, le dikgaso tse di nnye tse di dirang
morokotso, tse di akaretsang radio, telebishene, kgaso ya dipampiri le kgaso e ntha.
Go tla nna le tshegetso ya diprojeke tse di tlisang batho ba ba neng ba sa re sepe,
thatathata basadi, batho ba kwa magaeng, digole, ba ba sa rutegang, badiri le
bahumanegi, mo kitsong le tsa tlhaeletsano.
Tshegetso e tla nna ya madi kgotsa e e se nang madi, le disabsidi tse di tlhamaletseng
le tse di sa tlhamalelang; madi a tshoganyetso; kgolo ya bokgoni; go rotloetsa
tshegetso ya maikarabelo a selegae mo kgasong; kgaso ya pampiri le kgaso e ntha;
kwetliso; go lekolowa le go tlhotlhomisa le dipatlisiso ka ga kgaso. Lefapha le le tla
eletsa mo go tshegetsong kgaso e e batlang go adimiwa matlotlo go ya ka dipholo tsa
tekolo.
Se sengwe gape ke gore MDDA e tla dira gore go nne le tsela e e tshwanang mo
diprofenseng le mo nageng yotlhe. Se se tla kgonthisa gore mo kgasong ya pampiri go
na le kgonagalo e e lekalekanang ya go fitlhela thuso mo dikgasong tsa pampiri le
ditlhopha tse di se nang ditirelo.
Gore MDDA e eletse go fiwa matlotlo ga diprojeke e tla thusiwa ke go lebelela gore
diprojeke tseo di dira go le kana kang go tsweletsa pele kgolo le pharologano ya
kgaso. E tla batla gore diprojeke di itse go ikemela ka nosi le go tshegetsa ka matlole
diprojeke tse di tsamaisiwang ka matsetseleko. Tse dingwe tsa dilo tse di tla
lebelelwang ke kemedi ya batho le go tsaya karolo le mananeo a tekatekano.
Tsa Matlotlo a MDDA:
MDDA e tlhoka matlotlo a a lekaneng go kopanya kgaso ya sethaba, kwetliso, dijego
tsa go simolola le tsa tsamaiso, le go dira dipatlisiso tsa kgonagalo ya diprojeke tsa
kgaso e e dirang morokotso. E tla dira dipatlisiso tsa kgolo le pharologano ya kgaso, le
go dira ditlhatlhobo tsa diprojeke tse di neilweng matlotlo. Ditlhokego tsa tsamaiso ya
MDDA, le go dira ditlhatlhobo di tshwanetse go bontsha 12% ya matlole otlhe.
Go ka fenya dirai tsotlhe tse di kgoreletsang kgolo le pharologano ya kgaso go batlega
dimilione di le R500m mo dinyageng tse tlhano. Go bonagala gore MDDA e tla kgona
go fitlhelela ditlhoko tsa yone ka 60%. Se se tshwana le dimilione tse R300m mo
dinyageng di le tlhano kgotsa dimilione di le R60m ka ngwaga.
Madi a a tla tswa mo pusong, ditirelong kgaso le mo ba ba neelanang ka madi. Ke
gore ba tla ntsha dimilione di le R20m mongwe le mongwe. Go tshwanetse gwa itsiwe
gore madi a puso a tla akaretsa a a setseng a ntshiwa go tshegetsa diradio tsa sethaba,
a e leng gore a tswa mo lefapheng la tsa tlhaeletsano, a a leng kana ka dimilione di le
R7m ka ngwaga.
MOLAO WA MAITSHOLO WA MATSHOLOTSHIRELETSO A AFORIKA BORWA (SANDF) A A APARANG YUNIFOMO
Ke ikana go direla le go sireletsa naga ya gaetsho le batho ba yona go ya ka Molaoyheo le molao le ka tlotlo, seriti, mafolofolo le ka tshiamo,
Ke direla SANDF ka boikanyego le boipelafatso, jaaka moagi le moithaopi.
Ke tlotla thulaganyo ya demokerasi le taolo ya sethaba ya SANDF.
Ga nkitla ke tsweletsa kgotsa ke nyenyefatsa dikgatlhegelo tsa lekoko kgotsa mokgatlho ope wa sepolotiki.
Ke amogela maikarabelo a ditiro tsa me,
Ke tla obamela ditaelo tsotlhe tse di mo molaong le go tlotla bagolwane botlhe,
Ke tla gana go obamela taelo e e bonalang sentle gore ga e mo molaong.
Ke tla diragatsa maikemisetso a me ka mafolofolo le go thusa masole a mangwe, le fa e le ka go tsenya botshelo jwa me mo kotsing.
Ke tla tshwara batho botlhe ka go lekana le go tlotla ditshwanelo le seriti sa bone ka dinako tsotlhe, go sa kgathalesege lotso, bomorafe, bong, tumelo, setso, puo kgotsa tshekamelo ya bone ya bong.
Ke tla tlotla le go tshegetsa baobamedi ba me le go ba tshola ka go lekana.
Ga nkitla ke dirisa thata le maemo a me botlhaswa kgotsa ke dirisetsa matlole a sethaba go ikhumisa le mabaka a sepolotiki kgotsa mabaka mangwe fela.
Ke tla itsise baokamedi ba me ka ga ditiro tsa bosenyi, bobodu le maitsholo a a sa siamang.
Ke tla leka thata go tokafatsa bokgoni jwa SANDF ka go tshegetsa maitsholo a a siameng, go tlhokomela thoto; go tlhabolola bokgoni le kitso, le go dira tiro ya me ka boineelo le seporofeenale.
LAO YA NTWA
Mo mabakeng a tlhabano ke tla obamela melawana ya bodithabathaba ya molao wa setho jaaka o tlhagelela mo Ditumalanong tsa Jenifa:
Ke tla lwa fela le manaba le go tlhasela maikemisetso a sesole.
Ke tla dirisa mekgwa ya tlhaselo go fitlhelela maikemisetso a sesole ka go utlwisa baagi botlhoko le go senya thoto go le go nnye .
Ga nkitla ke tlhasela kgotsa ke gobatsa manaba a a ineelang. Ke tla ba amoga
dibetsa, mme ke ba tshwara jaaka bathopiwa.
Ga nkitla ke bolaya, ke bogisa kgotsa ke sotla bathopiwa.
Ga nkitla ke fetola ditlhabano ka maikaelelo a go oketsa tshotlego ya ka bomo.
Ke tla tlhokomela ba ba gobetseng, ba ba lwalang, e ka tswa e le lenaba kgotsa tsala.
Ke tla tshwara bagi botlhe sentle.
Ga nkitla ke letlelela kgotsa ke nna le seabe mo petelelong kgotsa bogodu.
Ke tla tlotla dilo tsotlhe tsa setso le mafeloa kobamelo.
Ke tla tlotla batho botlhe le dilo tse di nang le letshwao la Sefapano se Sehibidu, Sekele e Khibidu le matshwao a mangwe a a amogetsweng a mekgatlho ya setho.
Ke tlhaloganya gore go se obamele melao e ke tlolomolao. E tlontlolola badiredi ba sesole le naga ya bone, mme go dira gore ba ka otlhaiwa jaaka bathopiwa. Ka jalo ke tla itsise baokamedi ba me ka ga tlolomolao nngwe le nngwe.
Lenaane la maano a temothuo ya Aforika Borwa ke ditlamorago tsa tirisano magareng ga Puso, Agri SA le NAFU.
E rile go sale gale mo ngwageng wa 2001, Poresidente Thabo Mbeki, a kopa ditheo tse di farologaneng tse di nang le kgatlhego go supa maano a a tshwaraganetsweng mmogo gore a tsepamise dikakanyo tsa go tshwaraganya lekala le. Go tswa mo kopong e, go ne ga runya lenaane la maano a lekala.
Ponelopele ya lekala e tlhalosa gore ditheo tsotlhe tse di nang le kgatlhego di nne le seabe sa dipoelo tsa maungo a a tswelelang mo ikonoming ya temothuo ya Aforika Borwa. E gatelela ditlhokego tsa go tshegetsa le go oketsa go ntsha dikuno tse go tla gwebisanwang ka tsona, go tlhoma kgaisano magareng ga mafatshe a lefatshe ka bophara tota le go elatlhoko merero ya ditiragalo tsa histori e e tshokameng le e e lomeletsang e e tlhodileng mekgwa ya go se fitlhelele le go emelwa ka go lekalekana. Se se tlhalosa mo pepeneneng setshwantsho sa kwa temothuo ya Aforika Borwa e batlang go leba kwa teng mo isagweng ya nako e telele.
Lenaane la maano le arogantswe ka makala a a botlhokwa a mararo:
 Go fitlhelela le go nna le seabe ka go lekalekana
Maikaelelo a maano a ke go tsholetsa mokgwa wa go fitlhelela o o lekalekanang le go nna le seabe mo ditshonong tsa temothuo; go phimola mekgwa ya tlhaolele mo kabong ya mafatshe le bong jwa dikgwebo; mmogo le go bulela ditshono tsotlhe tsa kgwebo mo lekaleng.
 Kgaisano ya lefatshe ka bophara le dipoelo tsa maungo
Maikaelelo a maano a ke go tsholetsa dipoelo tsa maungo ka kgaisano e e tshegediwang ya lefatshe ka bophara ka kabo ya seabe sa go romela dikuno tsa lekala, go ntsha dikuno tsa botlhokwa, le mo makaleng a madirelo a temothuo le bojanala jwa temothuo.
 Mokgwa wa tsamaiso e e tshegediwang ya metswedi
Maano a a ikaeletse go tsholetsa bokgoni jwa balemirui jwa go dirisa metswedi ka mokgwa o o tswelediwang mmogo le go netefatsa go dirisiwa ka botlhale le go tsamaisiwa ga metswedi ya tlhago.
Dintlha dingwe tsa maano a a botlhokwa di emana nokeng mme e bile di tla tshwaela mo go tlhomeng le go tshegetsa boikanyego mo temothuong. Fa re tshotse se mo tlhaloganyong, setlhopha se se logang maano a, se supile palo ya maano a a tshegetsanang le go kgontsha se:
 Puso e e lolameng
 Tlhabololo e e tshwaraganetsweng le e e tshegediwang ya dikgaolo tsa kwa magaeng
 Kitso le go itshimololela dilo
 Tirisano ya mafatshe a bodithabathaba
 Pabalesego le tshireletso
Maikaelelo a maano a a tshegetsanang a, a na le motheo o o botlhokwa o kwa ntle ga ona maikaelelo a maano a, a ka se fitlhelelweng. A gatelela gape le go ikaega mmogo ga lekala ka go engwa nokeng le setlhopha sa mafapha a mangwe le madirelo.
Setlhopha sa seoposengwe se se ithaopileng ka maikarabelo a go diragatsa maano a, se tla golola le go gatisa maano a a tletseng a go a diragatsa. Mo maikemisetsong a, setlhopha sa seoposengwe se se eteletseng pele se tla tlhoma komiti e e tshwaraganetsweng ya dikgato tse di tshwanetseng go tsewa. Gape se tsaya le matsapa a go akaretsa le mekgatlho e e rulagantsweng ya badiri, mekgatlho e e seng ya puso, ya di-NGO, mekgatlho ya baagi mmogo le mekgatlho ya mafatshe a bodithabathaba.
Kgato ya ntlha ya go simolola ka go diragatsa maano a a botlhokwa ke ditlhopha tse di seoposengwe e nnile go supa manaane a a botlhokwa tota le dikgato tse di tla tsewang:
 Go diragatsa motheo wa maano ka bophara a pabalesego le tshireletso a go dirisana ka mowa o o edileng le go tsepama ga sethaba, go ikanyana le boikanyego
 Go gatelela ponelopele e e diragadiwang mmogo mo temothuong, puso e e lolameng mmogo le go dirisana le sethaba
 Go diragatsa ka bonako manaane a go aroganya mafatshe a go tlhabolola temothuo le mokgwa wa go abela ditlhopha tse di ikaeletsweng dithata
 Go fetolela dipatlisiso tsa temothuo, go fetisetsa bokgoni jwa thekenoloji, merero ya thuto le ditiro tsa balemisi go tsamaelana le ditlhokego tsa mebaraka
 Go tlhalosa ka boshwa ditaelo tsa mebaraka ya temothuo le kgwebisano ya bodithabathaba ya pele ga taolo ya nako ya diboto tsa maloba tse di neng di le kgatlhanong le kgaisano e e atolositsweng ya mafatshe a bodithabathaba le ditlhokego tsa go fitlhelela mebaraka, mafaratlhatlha le tshedimosetso
 Go tlhoma manaane a dipalopalo tse di ikanyegang tsa temothuo le mekgwa ya go sekaseka merero ya ikonomi go balemirui botlhe le mekgatlho ya dikgwebo
 Go tlhoma manaane a ditirelo tse di tshwaragantsweng tsa merero ya ditshelete e e tlhamilweng mo Pegong ya Komisi ya ga Strauss
 Go tlhama manaane a go tlhokomela le go laola dikotsi tse di ka tlhagelelang mo matshelong a dijalo le a diphologolo, ditlhwatlhwa le manaane a letseno mmogo le matlhotlhapelo a dikotsi tsa tlhago
 Go lebilwe bogolo segolo mekgwa ya dipeeletso tsa kwa dikgaolong tsa magae, mafaratlhatlha, manaane a go nosetsa, kabo ya motlakase, mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, dipalangwa, merero ya katiso le mekgwa ya go tlhabolola bokgoni jwa sethaba
 Go tlhoma tirisano mo manaaneng a temothuo ya Aforika go tsweletsa Moono wa Ditiro tsa Aforika o o bidiwang "New Africa Initiative" mo temothuong
 Go fokoletsa kwa tlase ditshenyegelo tsa go ntsha dikuno ka kakaretso, go akarediwa le go tsweleletsa kwa pele go fokotsa makgetho le dituelelo tse dingwe tsa makgetho mo leokwaneng la disele le merero ya seabe sa tse dingwe.
Mo go tsotlhe tse, ba amogela seabe se se botlhokwa mo lekaleng la poraevete la go fitlhelela maikaelelo a go nna le seabe, mekgwa ya go gaisana le go di tsweletsa pele.
Ka jalo go tla dirwa tsotlhe tse di kgonagalang go netefatsa tirisano le go golagana magareng ga puso le malaka a poraevete - se se tlhalosang gore balemirui, mekgatlho ya balemirui le dikgwebo tsa temothuo
 ka maikaelelo a go atlega mo ponelopeleng e ntshwa ya go tshwaragana le lekala la temothuo le le tsweletseng pele.
Dipoelo tse di latelang di solofetswe mo go atlegeng ga go diragatsa maikaelelo a maano a a botlhokwa a:
 Go okediwa ga go ikgobokanyetsa khumo mo temothuong le kwa dikgaolong tsa magae
 Go okediwa ga go thapa badiri mo go tsweletseng mo temothuong
 Go okediwa ga letseno le go okediwa ga letseno le le tswang kwa mafatsheng a bodithabathaba
 Go fokodiwa ga khumanego le go se lekalekane mo kabong ya mafatshe le bong jwa dikgwebo
 Go tokafadiwa ga bokgoni mo ditirong tsa temothuo
 Go tokafadiwa ga go fepa sethaba le malapa ka dijo le go a netefaletsa ka ga se
 Sethaba se se tsepameng sa kwa dikgaolong tsa magae, go fokotsa seelo sa bosenyi le go utlwisa ba bangwe botlhoko ka go dirisa dikgoka, mmogo le tlhabololo e e tswelediwang ya dikgaolo tsa kwa magaeng
 Go tokafadiwa ga go netefaletsa babeeletsi boikanyego, le dipeeletso tse di kwa godimo tsa mono gae le tse di tswang kwa mafatsheng a bodithabathaba mo ditirong tsa temothuo le kwa dikgaolong tsa magae
 Boipelo le seriti mo temothuong gore ke lekala le le abang le go tlhoma ditiro.
Setlhopha sa seoposengwe se ititeile sehuba gore se tla aba nako e e tlhokegang le merero ya ditshelete mmogo le metswedi ya didirisiwa go netefatsa go tswelela ga go diragadiwa ga lenaane la maano a a botlhokwa a.
Kgatiso e ya Maano a a Botlhokwa a Temothuo ya Aforika Borwa e abiwa ke:
Resource Centre,
Department of Agriculture
Nomoro ya Mogala ke:
(012) 319 6635
Mme e bile e ka fitlhelwa gape le mo mafaratlhatlheng a website ya:
www.nda.agric.za

LETLHOMESO LA BORUTEGI JWA BOSETHABA: PATLISISO
Re tshwanetse ra bona gore re ka aga jang tsamaiso e e matsetseleko, e e fitlhelelwang ke botlhe le go tsweletsa tlhabololo ya basha go nna baagi ba ba ka agang naga. Re ka tswa re arogana lemorago le le farologaneng, mme rotlhe re batho. Ka go leba mesola re ka tsweletsa talente.
Mamphela Ramphele.

Maikaelelo a SAQA
Go babalela tlhabololo le tiragatso ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le le tshwaelang mo tlhabololong e e tletseng ya moithuti mongwe le mongwe le mo tlhabololong ya ikonomi le ya loago ya sethaba ka bophara.
BOTHATI JWA BORUTEGI JWA AFDRIKA BORWA
Re batla go ka batlisisa gore re ka aga thulaganyo e e tla re labantshang rotlhe, le go tsweletsa tlhabologo ya baa go nna baagi ba ba ka agang naga. Re ka arogana lemorago le sele, empe re batho notlhe. Ka goe lebelela botlhokwa re ka nontsha weo.
E tlametswe ka matlole ke mokgatlho wa Yuropa mo Lenaneong la Yuropa la kago seshwa le Tlhabololo

DITENG...
1. Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba ke eng (NQF) 
2. Ke eng Aforika Borwa e tlhophile Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba? 
3. NQF e tlile jang? Tiragalo e khutshwane 
4. Maikemisetso a NQF ke eng? 
5. Kamano ke eng magareng ga NQF le thuto e e ikaegileng ka dipholo. 
6. Dipholo tse di botlhokwa ke eng? 
7. Borutegi jwa NQF bo lebega jang? 
8. NQF ya rona e lebega jang? 
9. Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) ke eng? 
10. Dipopego tsa SAQA ke dife mme maikemisetso a tsona ke afe? 
11. Boleng mo katlholong bo tla tshegetswa jang? 
12. SAQA e netefatsa jang gore beng ba amogela maikemisetso a yona. 
13. SAQA e netefatsa jang gore boleng bo tlhagelele go kgobaganya NQF 
14. SAQA e amogela jang ithuto ya pele (RPL)? 
15. Ofisi ya SAQA e dira eng gape? 
16. Dintlha tsa kgokagano tsa SAQA 
17. Dikwalo tsa semolao le diphasalatso tse dingwe tsa SAQA. 
18. Lenanefoko le Khutswafatso 
19. Bibilokerafe le Dintlha 

PHASALATSO YA BOTHATI JWA BORUTEGI JWA AFORIKA BORWA

1. Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba ke eng (NQF) 
Ke letlhomeso, go raya gore le baya melelwane - sete ya metheo le mosupatsela o tlhagisang pono, motheo wa filosofi le popego ya thulaganyo - mo kagong, mo lebakeng le, ya tsamaiso ya borutegi. Tlhabololo le tiragatso e e tletseng e diriwa mo teng ga melelwane e. Ke ya bosethaba go nne ke motswedi wa bosethaba, o o emetseng maiteko a bosethaba mo go kopanyeng thuto le katiso go nna setheo se se tshwaraganeng sa borutegi bo bo amogelwang. Ke letlhomeso la borutegi go raya gore direkoto tsa pholo ya moithuti. 
Ka bokhutshwane NQF ke sete ya metheo le dikaelo eo ka yona go kwadisiwang direkoto tsa pholo ya moithuti go kgontsha kamogelo ya bosethaba ya bokgoni le kitso e e fitlheletsweng, mme ka go dira jalo go babalelwe tsamaiso e e kopaneng e e tlhotlheletsang ithuto ya botshelo jotlhe.

2. Ke eng Aforika Borwa a tlhophile Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba?
Ka 1994 sethaba sa bodithabathaba se ne sa bogela botsalo ba demokerasi e ntshwa le go amogela Aforika Borwa yo montshwa jaaka tokololo e ntshwa ya motse wa lefatshe. Mo go amogeleng tlotlo eo, naga e e tsere kgwetlho ya maemo ao.
Dinaga tse dintsi go kgabaganya lefatshe di batlisisa mekgwa e e botoka ya go ruta batho ba yona le go rulaganya thuto ya bona le tsamaiso ya katiso gore ba tle ba tlhagelele thata mo kgaisanong e e oketsang ya ikonomi ya tikologo ya lefatshe. Go ya pele, lefatshe ke lefelo le le fetogang ka metlha mo dipolotiking, loagong le mo thekenolojing. Mo nneteng kgatelopele ya ka bonako ya thekenoloji ya ngwagakgolo wa bosome-a-mabedi e beile tsamaiso ya thuto mo kgatelelong e kgolo fa e ntse e leka go itlwaetsa le go akaretsa diphetogo tse mo maitekong a go tlhagisa batho ba ba nang le bokgoni thata. Katlego le botshelo mo lefatsheng la go nna jalo di gatelela Aforika Borwa gore e nne le tsamaiso ya thuto ya bosethaba le katiso e e tlhagisang thuto ya maemo, e e tsibogelang ditlhotlheletso tse di fetogang ka metlha tsa tikologo ya kwa ntle le go tsweletsa tlhabololo ya sethaba se se ineetseng mo ithutong ya boleele jwa botshelo. 
Fa baithuti ba itse gore go na le ditsela tse di supagalang sentle tsa go ithuta tse di dirang tlamelo ya tlhatlogo le kgatelopele mo teng ga thuto, katiso le ditsela tsa thuto ba tla tokafatsa bokgoni le kitso ya bona, kantlha ya fa ditokafatso tsa go nna jalo di oketsa ditshono tsa bona tsa ditiro. Koketsego ya bokgoni jwa badiri e na le bokao jo bo anameng e leng ntlafatso ya bokgoni jwa ditiro le botlhale jwa sethaba, mme seo se oketsa tshono ya rona ya katlego mo setshabeng sa lefatshe. 
Sir Christopher Ball (1996) fa a ne a tlhalosa sebopego sa moithuti yo a siametseng ngwagakgolo wa bo 21, o ne a bua ka " baakaretsi ba ba obegang". Ball o tlhalosa fa batho ba go nna jalo ba tlhokega go lemoga boikaelelo jwa ithuto ya botshelo jotlhe, e e tla bopang boagi jo bo atlegileng jwa mileniamo o o tlang kantlha ya botshelo jo boleele jo bo oketsegang jwa batho. 'Baakaretsi ba ba obegang" ke batho ba ba nang le kitso le bokgoni jo bo botlhokwa le mesola go itshetlega bonolo mo diphetogong tse dintsi tsa thutego, ka go itlhabolola ka bo bona, go tshwaela go go bonalang mo botshelong jwa naga e le lefatshe. Phapogo ya kakanyo ke ya go tlogela thuto ya go thapiwa - go tsweletsa kgono go dira tiro e e rileng - go ya ka thuto ya go kgona go thapiwa - go tsweletsa bokgoni, go diragatsa bokgoni jo bo bonweng mo tikologong e ntshwa ya tiro. Tsamaiso e ntshwa ya thuto le katiso e tshwanetse ya kgona go tshegetsa kakanyo ya badiri ba ba tlwaelang.

3. LETLHOMESO LA BORUTEGI JWA BOSETHABA (NQF) le tlile jang? Tiragalo e khutshwane
NQF e simolotse go sale gale mo pakeng e e fetileng ya mokgatlho wa badiri mo dingwageng tsa bo 1970. Go tloga go sale gale ka bo 1970, ditopo tsa mokgatlho wa badiri tsa meputso e e siametseng botshelo di ne di ganwa ka metlha ke bathapi, ka lebaka la gore badiri ba ne ba sena bokgoni mme kantlha ya moo ditopo tsa bona ga di a tshwanela. Seno se ne sa dira gore badiri ba bantsho ba bone katiso e le mokgwa wa go fitlhelela ditopo tsa bona tsa dituelo tse di botoka. Kgaratlho ya go gapeletsa bathapi go ineela mo ditopong tsa badiri e ne ya tswelelapele go fitlha mo dingwageng tsa bo 1980 mme ka 1989 National Union of Metalworkers of South Africa (NUMSA) e ne ya tlhoma setlhopha sa dipatlisiso se se bopilweng ke badiri le batlhankedi ba mokgatlho go bopa dikatlanegiso tsa katiso. Ka kakanyo ya gore tlhabololo ya bokgoni e tla baka dituelo tse di botoka, go ne ga diriwa tshikinyo e e kopaneng, e e ikaegileng ka tokafatso ya bokgoni, e e golaganngwang le ditlhatloso tsa maemo. Tshikinyo ga ya gatelela fela tlhokego ya thuto ya motheo, eo kwa ntle ga yona badiri ba neng ba ka se kgone go fitlhelela tsamaiso e e tshikinngwang, mme e ne e gatelela kamogelo ya sethaba ya katiso gore badiri ba se ke ba nna mo boutlwelong botlhoko ba mothapi a le mongwe fela. Tshikinyo eo e ne ya amogelwa semmuso ke Congress of South African Trade Unions (COSATU) ka Phukwi ka 1991.
Go ne ga tlhagelela topo ya phetogo ya thuto mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1970, e e neng e eteletswepele ke lekala la thuto le e seng la semmuso. Dingongorego di ne tsa tlhagisiwa mo dikhuduegong tsa baithuti ba Soweto ka 1976, tse di neng tsa latelwa ke dingongorego tsa baithuti tsa naga ka bophara. Mo dingwageng tsa bo 1980 thuto yotlhe e ne ya nyadiwa le go ganiwa. Kemokgatlhanong ya lekala la thuto le eseng la Mmuso kwa bokhutlong e ne ya baka go bopiwa ga National Education Policy Initiative (NEPI), e e neng ya dira ditshikinyo tsa thulaganyo seshwa ya tsamaiso ya semmuso ya thuto. Morago ga go rerisana le makala a a anameng a a nang le kgatlhego mo teng ga semphato sa demokerasi, pegelo le letlhomeso la NEPI, e e phasaladitsweng ka 1992, e ne e ikaegile ka metheo ya tlhokego ya bomorafe, tlhokego ya bong, demokerasi le paakanyo le tlhokego ya tsamaiso ya thuto le katiso e e senang bomorafe. COSATU e ne ya amega thata mo kgatong ya NEPI- mme semphato seo se ne sa tswelelapele mo pakeng e e lebisitseng mo ditlhophong tsa demokerasi tsa 1994.
Le fa go ne go na le kemellano kgatlhanong ya ditopo tsa diphetogo tsa badiri le baithuti mmuso wa nako eo o ne morago wa fetola maikutlo. Pego ya Moporesidente De Klerk ka 1990 ya maikemisetso a mmuso a go fedisa kgethololo e ne ya tiisa diphetogo tsa maikemisetso mo ditopong tsa badiri le baithuti. Lefapha la badiri, ka tiriso ya Boto ya Bosethaba ya Katiso (NTB), le ne la simolola ka maiteko a mantsi mo dingwageng tsa bo 1980, mme a a lemogiwang ke a thulaganyo seshwa ya tsamaiso ya borutwatiro e e ikaegileng ka tsamaiso ya dimodulu tsa katiso e e laolwang ke makgotlha a ikemetseng a katiso ya madirelo. Le fa go le jalo mekgatlho ya badiri e ne ya bona kgato e e sa siama, e seng fela ka gore e ne e sa akaretse badiri, mme ka ntlha ya gore ditshikinyo tse di runyang go tswa mo maitekong, di ne di ikaegile ka borutatiro, mme go tlogetswe thuto ya motheo, e e neng e bonwa e le ntlha ya go fitlhelela katiso ya bokgoni. Morago ga dithulano tse di tsweletsengpele, Lefapha la bodiri le ne la kopana le mekgatlho ya badiri ka 1992 mo maitekong a go ntshwafatsa kgato.
Lefapha la Thuto mo nakong eo le ne la dira maiteko a lona a tshekatsheko ya maikemisetso a a neng a baka Mokgwa wa Ntshwafatso ya Thuto (ERS). Semphato sa demokeratiki mo teng ga lekala la thuto se ne sa lalediwa go nna le seabe mo kgatong mme se ne sa gana taletso ka mabaka a gore maiteko ano ga se a a siameng. Go ya pele Mokgwa wa ntshwafatso ya thuto (ERS) o ne o tlhagisa dikarolo di le tharo - botlhalefi, pilediwa, le tshekamelo mo pilediweng - e leng tsamaiso e semphato sa demokeratiki se boneng e sa amogelesege. Le fa go le jalo lekala la bothapi la thuto le ne la nna le seabe mo kgatong e, e e tsweletsang thulaganyo e e tshwanang le e e amogetsweng ke Scotland le New Zealand.
Kopano ya 1992 ya Lefapha la Bodiri le feedereisene ya mekgatlho wa badiri e ne ya baka go bopiwa ga Setlhopha sa Tiro sa kemedi se se neng sa tlhoma ditlhopha tsa tiro di le robedi tse di rweleng maikarabelo a go tlhabolola mokgwa o montshwa wa katiso wa bosethaba. Setlhopha sa tiro se ne se na le baemedi go tswa mo mekgatlhong ya badiri, Puso, batlamedi ba thuto le katiso, Lefapha la Thuto la ANC, le semphato sa demokerasi. Setlhopha sa Tiro sa 2 se ne sa fitlhelela tumalelano ka thulaganyo e ntshwa e e kopaneng. Ka 1994 go ne ga tlhagelela diphasalatso di le tharo tse di neng tsa dira motheo wa Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (RSA 95). Thulaganyo ya maikemisetso ya ANC ya Thuto le Katiso (1994); Lokwalo la Tshekatsheko la Mokgwa wa Maiteko wa Katiso ya Bosethaba (1994); le Tiragatso ya Leano la Thuto le Katiso, CEPD (1994). Melaotlhomo ya Thuto le Katiso (1995) le Kago seshwa le Tlhabololo (1994) di ne tsa latela, mme ka bobedi di ne di akaretsa tlhokego ya tlhabololo le tiragatso ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF).
Setlhopha sa Tiro sa Ditona se ne sa tlhomiwa go dira Molaotlhomo wa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba o o neng wa fetisiwa go nna Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (Palo 58 wa 1995) ka 4 Diphalane 1995. Go thapiwa ga Bothati jwa ntlha go dirilwe ka Motsheganong 1996 mme kopano ya ntlha ya Bothati ka fa tlase ga bonna setilo ba Rre S B A Isaacs e tshwerwe ka Phatwe 1996.

4. Maikemisetso a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) ke eng?
Maikemisetso a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) jaaka a tlhalosiwa mo Bothating jwa Borutegi jwa Aforika Borwa ke ano:
* Go baka thulaganyo e e kopaneng ya bosethaba ya Dipholo tsa baithuti; 
* Go kgonagatsa go fitlhelela tswelelopele le kgatelopele mo teng ga thuto, katiso le ditsela tsa borutegi; 
* Natlafatsa boleng ba thuto le katiso; 
* Go itlhaganedisa paakanyo ya kgatelelo e e sa siamang ya paka e e fetileng mo thutong, katisong le ditshono tsa go thapiwa. 
* Go tshwaela ka botlalo mo tlhabololong ya moithuti mongwe le mongwe le tlhabololo ya loago le ikonomi ya sethaba ka bophara. 

5. Kamano ke efe magareng ga Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) le thuto e e ikaegileng ka dipholo? 
Borutegi le maemo a a kwadisitsweng mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba bo tlhaloswa go ya ka dipholo tsa ithuto tse moithuti yo a khwalifayang a solofetsweng go di supa. Ka ntlha ya moo go na le ditlamego mo mokgweng wa thuto le katiso o o rulagantsweng mo ka ka nyang ya dipholo tsa go ithuta.
Tshwao phoso ya tsamaiso ya paka e e fetileng ya thuto ya Aforika Borwa e ne e le ya gore ditheo dingwe di ne di na le ditshiamelo go na le tse dingwe ka ntlha ya maikemisetso a go sa abeleng ditheo tsa go ithuta metswedi ka go lekala go lebilwe sethaba. Mo tlaleletsong kantlha ya kgethololo e ya matlole, maikutlo a ne a gola a gore maemo a tlamelo mo ditheong tse a kwa godimo go na le a ditheo tse dingwe. Ka ntlha ya moo baithuti ba ba tswang kwa ditheong tse dingwe ba ne ba newa ditshono tse di botoka mo pholo ng ya dithuto tsa go ya pele le mo marakeng wa bodiri. Ka mantswe a mangwe lefelo le borutegi bo bonweng kwa go lona le ne le le botlhokwa go na le se baithuti ba ba khwalifayang ba se itseng le go kgona go se dira. Mo tlaleletsong ya mathata a pholo , go ne go na le mathata a borutegi gonne ditheo dingwe di ne di tlhopha go amogela kgotsa go sa amogeleng borutegi bo bo bonweng kwa ditheong tse dingwe; bathapi ba ne ba batla baalogi go tswa kwa ditheong tse di rileng mme ba kgathologa baalogi ba ditheo tse dingwe. Ditlamorago tsa ditlwaelo tsa go nna jalo mo ikonoming le mo loagong la sethaba sa rona di a bonala. Ka jalo go botlhokwa mo setshabeng go leba seo moithuti a se itseng le go se dira go na le go leba kwa moithuti a dirileng dithuto tsa gagwe gona. Go botlhokwa go baakanya tiriso e e sa siamang ya borutegi e e ntseng e le karolo ya tiragalo ya rona.
Lebaka le lengwe le le botlhokwa la go dira gore Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le ikaege ka dipholo le tlhageletse mo ditlwaelong tsa lefatshe ka bophara le dipuisano. Tshekatsheko ya Ronald Barnett ya bokgoni mo thutong e kgolwane e tlhagisa mefuta e e diragalang ya kgabaganyo mo tsamaisong ya thuto le mo katisong lefatshe ka bophara:
"Mafoko a mahtshwa e ntshwa mo thutong e kgolwane ke letshwao la gore sethaba sa gompieno se fitlhelela dithanolo tse dingwe tsa kitso le kakanyo. Mabaka a kitso, pilediwa, go fetisetsa, bokgoni, dipholo, bokgoni jwa ithuto ya tekelelo le kgwebo, fa a kopanngwa, ke sesupo sa gore thanolo ya setso ya kitso e bonwa e sa lekana, mo mathateng a a anameng a a lebaganeng sethaba sa gompieno. Le fa dithanolo tsa setso tsa kitso di gateletse puo bogolo thata ka go kwala, kgato e e bulegileng ya tlhaeletsano, le ditumalano tsa semmuso tse di bofiwang ke kgalo, lereo le le ntshwa lona le tlhotlheletsa thuto e kgolwane, go letla lereo la kitso le le akaretsang kitso ka ditiro, Dipholo tse di rileng tsa tumalano ya ithuto, le dipopego tsa bokgoni" (Barnett, 94: 71).
Fa Aforika Borwa e batla go tsaya maemo a yona mo lefatsheng ka bophara, e tshwanetse ya diragatsa mafoko a mantshwa Barnett a buang ka yona: bokgoni le dipholo. Dinaga kwa Yuropa, Pacific rim, Australasia le North America di amogetse kgotsa di tsene mo letlhakoreng la Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba bo bo itshetlegileng ka thuto ya dipholo. Aforika Borwa e ka se kgone go kgathologa ditlhabololo tse. Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba jwa Aforika Borwa ka kgatelelo ya lona ya tiragatso ya bokgoni - kgono ya go diragatsa dipholo tsa ithuto tse di maleba tse di fitlheletsweng mo go boneng borutegi - le setse le tshwaela mo dingangisanong tse le ditlhabololo.
Ka kamano le kamogelo ya gore kitso e batla thanolo e nngwe, go kamogelo ya gore dikarolo tsa thuto di di ntsi e bile di a farologana. Tlhaloso ya setso ya kitso ke ya gore ditheo tsa semmuso tsa thuto ke tsona mafelo a magolo a go ithuta. Lebaka le le tiisitswe ke lebaka la gore mo mabakeng a mantsi setheo se aba borutegi pele moithuti a ithuta go ya pele mo tikologong ya tiro. Ka mantswe a mangwe lebaka ke gore fa borutegi bo sena bo abiwa, thuto e fedile kwa ntle ga gore moithuti a ikwadisetse borutegi jo bontshwa ba semmuso, thuto ya botshelo e fedile! Ntlha e ya gore borutegi ke bokhutlo e thulana le bonnete mmogo le Molatlhomo wa Thuto le Katiso (1995: 15) o o tlhalosang ditlhokego tsa thuto le katiso tsa ikonomi e e atlegileng le sethaba.
Papana e e atlegileng ya segompieno le sethaba e batla phediso ya thulaganyo e, mo mekgatlhong ya loago, mo thulaganyong le mo botsamaising jwa tiro, le ka mokgwa o thuta e rulaganngwang ka gona le go netefatswa. Di batla baagi ba ba nang le motheo o o maatla wa thuto ya kakaretso, keletso le kgono ya go tswelelapele go ithuta, go tlwaela le go tsweletsa kitso e ntshwa, bokgoni le thekenoloji go tsamaya bonolo magareng ga ditiro, go tsaya maikarabelo a go dira, go tlhoma le go fitlhelela boemo jo bo kwa godimo le go dira ka tirisano.
Fa mongwe a amogela mabaka a gore go na le dikarolo di feta e le nngwe tsa kitso, kantlha ya moo thuto e tswelelapele, pele le morago ga gore borutegi bo abiwe mo makaleng a a farologaneng a thuto, gore go tle go fitlhelelwe tshwaragano le thulaganyo mo teng ga tsamaiso gore pholo le borutegi e nne nnete, go botlhokwa go supa dipholo tsa go ithuta.
Kwa bokhutlong Molao wa Bothati jwa Borutegi wa Aforika Borwa (Palo 58 wa 1995) o supa fa nngwe ya ditiro tsa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa e le go babalela gore boemo le borutegi bo bo kwadisitsweng mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba bo kgona go tshwantshanngwa le ba bodithabathaba. Ka ntlha ya fa tlwaelo ya lefatshe e tshwaragane le go tlhalosa borutegi go ya ka dipholo tsa thuto tse di fitlheletsweng Borutegi jwa Afrika Borwa bo tla lepalepana le ba bodithabathaba fa Borutegi jwa rona bo tlhaloswa go ya ka dipholo tsa go ithuta.
Thulaganyo ya Borutegi ya Bosethaba ka kamego ya yona mo thutong e e ikaegileng ka dipholo le katiso ke tsela e e tlhophilweng ke Aforika Borwa go tlisa diphetogo mo sebopegong sa tsamaiso ya thuto le katiso. Phetogo e ya thulaganyo e lebisitswe mo go fetoleng mokgwa o tsamaiso ya thuto le katiso e dirang ka ona, ka moo e rulaganngwang ka gona, le pono e e tsamaisang beng mo teng ga tsamaiso, fa ba tsweletsa diabe tsa bona tse rileng le ditiro mo teng ga tsamaiso.

6. Dipholo tse di botlhokwa ke eng?
Makala a mantsi a a botlhokwa a Thuto le Dipholo tsa Katiso, a a itsegeng ka tlwaelo e le Dipholo tsa Botlhokwa, ke mekgwa ya tlaleletso eo ka yona go fitlhelelwang tomagano mo thulaganyong. Dipholo tse tsa botlhokwa di tlhalosa boleng jo bo supiwang ke Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba mo tlhabololong ya baithuti mo teng ga tsamaiso ya thuto le katiso go sa kgathalelwe kgaolo e e rileng kgotsa diteng tsa go ithuta, go raya gore dipholo tse di tsewang di le botlhokwa mo tlhabololong ya thuto ya botshelo botlhe. Dipholo tse di lebisitswe mo go kaeleng kakanyo ya badira tshwetso, barulaganyi ba lenaneothuto, bakgonagatsi ba thuto mmogo le baithuti ka bo bona.
Go botlhokwa mo batlhoming ba maemo go akaretsa dingwe tse Dipholo tsa Botlhokwa mo maemong a ba atlanegisang mme batshikinyi ba Borutegi jwa tshwanetse ba babalela gore dipholo tsotlhe tsa botlhokwa di dirilwe ka tshwanelo mo maemong a a maleba mo teng ga borutegi jo bo tshikinngwang.
Dipholo tse di Botlhokwa tse di amogetsweng ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) ke tse di latelang:
* Go supa le go rarabolola mathata moo batsibogedi ba supang fa ba dirile ditshwetso tsa maikarabelo ka go akanya sentle thata. 
* Go dira ka tshwanelo le ba bangwe jaaka ditokololo tsa mophato, setlhopha, mokgatlho, sethaba. 
* Go rulaganya le go itaola le go dira ditiro tsa gago ka maikarabelo le ka tshwanelo. 
* Go kokoanya, go sekaseka, go rulaganya le go batlisisa tshedimosetso ka tlhomamo. 
* Go tlhaeletsana ka tshwanelo ka go dirisa pono, mathemetikisi kgotsa kitso ya puo mo mabakeng a puo kgotsa tlhagiso ka go kwala. 
* Go dirisa boitseanape le thekenoloji ka tshwanelo le kelotlhoko, le go supa maikarabelo mo tikologong le boitekanelo jwa ba bangwe; 
* Go supa go tlhaloganya lefatshe jaaka sete ya ditsamaiso tse di amanang ka go amogela gore tharabololo ya mathata ga e tsamae e le nosi. 
Gore go tshwaelwe ka botlalo mo tlhabololong ya moithuti mongwe le mongwe le tlhabololo ya loago le ikonomi ya sethaba ka bophara, e tshwanetse ya nna maikemisetso a lenaneo lengwe le lengwe go dira gore motho a lemoge botlhokwa ba:
* Go supa le go sekaseka mekgwa e e farologaneng gore o ithute ka tshwanelo; 
* Go nna le seabe jaaka moagi yo a nang le maikarabelo mo botshelong jwa selegae, bosethaba le sethaba sa lefatshe ka bophara. 
* Go tsibogela metseletsele ya mabaka a loago; 
* Go dirisa ditshono tsa thuto le tsa borutegi, le 
* Tlhabololo ya ditshono tsa kgwebo. 

7. Borutegi jwa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) bo lebega jang? 
Melawana ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba (NSB) e supa fa borutegi bo tla:
* Emela motswako o o rulagantsweng wa dipholo tsa go ithuta tse di nang le maikaelelo a ranotsweng, tse di lebisitsweng mo go tlameleng baithuti ba ba khwalifayang ka bokgoni le motheo wa go ithutela go ya pele. 
* Tlaleletsa mosola mo moithuting yo a khwalifayang ka go mo tlamela ka maemo, kamogelo, ntlafatso ya go ithekisa le go thapega. 
* Naya sethaba le ikonomi dipoelo. 
* Diragatsa maikemisetso a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) 
* Akaretsa dipholo ka bobedi tse di rileng le tse di botlhokwa tsa makala mantsi tse di tsweletsang ithuto ya botshelo botlhe. 
* Fa go amegang teng, bo kgone go tshwantshanngwa le ba bodithabathaba. 
* Akaretsa ditshekatsheko tse di kopaneng ka tshwanelo go babalela gore maikaelelo a borutegi a a fitlhelelwa. Tshekatsheko e tshwanetse ya akaretsa metseletsele ya mekgwa ya ditshekatsheko tsa popego le tshobokanyo jaaka ditiro, ketsiso, tshekatsheko ya lefelo la tiro mmogo le ditlhatlhobo tse di kwalwang le tsa molomo. 
* Supa mo melaong e e laolang kabelo ya borutegi gore borutegi bo ka fitlhelelwa ka botlalo kgotsa ka bontlhabongwe ka kamogelo ya thuto ya pele,mme lebaka leo le akaretse, mme le se felele mo dipholong tsa thuto tse di fitlheletsweng ka thuto ya semmuso, e e seng ya semmuso le maitemogelo a kwa tirong. 
Go na le tlamelo mo melawaneng ya kwadiso ya borutegi jo bo bopilweng mo maemong a bongwe le kwadiso ya borutegi botlhe bo bo sa bopiwang ka maemo a bongwe. Maemo a bongwe a kaya dipegelo tse di kwadisitsweng tsa dipholo tsa thuto le katiso tse di eletswang, le mabaka a tshekatsheko a a amanang le tsona, mmogo le tsamaiso le tshedimosetso e nngwe, jaaka go tlhaloswa mo melawaneng.
Le fa go le jalo dipopego ka bobedi tsa borutegi di tlhoka tlhaloso ya dipholo tsa go ithuta, mme popego e e sa tswang go umakiwa e tlhoka tlhagiso ya dipholo tsa maemo a go tswa le mabaka a tshekatsheko a a golaganngwang le yona.
Go na le ngangisano e kgolo ka ga kgonego le keletso ya go fitlhelela tumelano mo dipholong tsa go ithuta mo maemong a bosethaba le tlhaloso ya dipholo tsa go ithuta mo sebopegong sa tiragatso ya bokgoni ba maemo. Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa bo beile ditlhokego mo bengng ba bosethaba go sekaseka fela borutegi le maemo a a tla kwadisiwang ke Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba - kamogelo ya bosethaba e tlhoka kamogelo ya beng ba bosethaba. Go ya pele barulaganyi ba Borutegi le maemo ba ka tlhopha go sa obege kgotsa go obega mo tlhomong ya borutegi le boemo, mme ba letla tlhopho kgotsa ba se e letle. Maatla a kgato a Thulaganyo ya Thuto ke a gore baemedi ba beng bogolo mo kgaolong ya go ithuta ba tla dira tshwetso, e seng bonnye fela jo bo tlhophilweng. Go ya pele ka kgato e e tlhokegang ya tshekatsheko, borutegi botlhe le maemo bo tshwanetse ba sekwasekwa ka metlha go babalela gore mabaka a go dumalanweng ka ona a kgonega, a maleba le go eletsega. Fa go na le tumelano ya gore diphetogo di a tlhokega, go na le tshono e ntsi ya gore diphetogo tseo di amogelwe.
Lebaka le le thata le tlhagisiwa ke ntlha ya dipholo tsa go ithuta le maemo a bokgoni. Batho bangwe ba tlhagisitse bothata ba gore dipholo tsa thuto tsa borutegi bongwe le maemo di ka tlhaloswa bonolo mo sebopegong sa maemo a bokgoni, sekao maemo a a tlhagisitsweng ba Borutegi jwa boenjeniri. Le fa go le jalo mo mabakeng a borutegi bo bongwe seno se thata gonne dipholo tsa thuto ga di itsege bonolo kgotsa ga di supege sentle. Maiteko mangwe le mangwe a go leka go tlhoma tumelano ya bosethaba a tla baka tatlhegelo ya tlhamo le tshimologo etswe mo nneteng e le tlhamo eo le tshimologo tse di a nayang mosola. Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa bo akanya fa tlhaloso ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba e rarabolola bothata jo, go raya gore borutegi bo tla emela motswako o o rulagantsweng wa dipholo tsa go ithuta o o nang le maikemisetso a ranotsweng a a ikemiseditseng go tlhagisetsa baithuti bokgoni le motheo wa go ithutela go ya pele.
Mo tlhalosong ya maikemisetso a borutegi, batlhomi ba maemo ba tshwanetse ba nagana gore maikemisetso a borutegi ke afe le gore a tshwaela jang mo tlhabololong ya moithuti le go ithutela go ya pele.
Go ya pele kakanyo ya tiragatso ya bokgoni e tshikinya katoloso ya kakanyo ya maitsholo e ka gale e golaganngwang le dikao tsa bokgoni. Bokgoni jo bo diragatswang bo tshikinya gore bokgoni ba motheo, bokgoni ba go dira le bokgoni ba tsibogo bo botlhokwa mo go direng tiro e e nang le bokao mo lebakeng lengwe le lengwe la lefatshe. Bokgoni ba motheo bo tlhaloswa e le go tlhaloganya se se diriwang le gore ke eng se diriwa. Bokgoni ba tsibogo bo tlhaloswa e le tshupo ya kgono ya go tshwaraganya kgotsa go kopanya bokgoni le kitso gore go ithutiwe mo dikgatong le ditlwaelo tsa phetogo le mabaka a a sa bonelwangpele.
Ka ntlha ya moo kgwetlho ya batlhomi ba maemo ke go fitlhelela tekatekano magareng ga ditlhokego tsa sethaba le ditlhokego tsa motho; tlhabololo ya dipholo tsa go ithuta e supa sentle maikaelelo a borutegi le go letla ka kakaretso kobego le tlhagiso; tlhopho ya diteng, tshekatsheko ya thutatsela (methodology); tekatekano magareng ga tlhokego ya bokgoni ya tiro le tlhokego ya bokgoni ba motheo le kobego; kamogelo ya popego ya borutegi, ditshono tsa go tlhopha, tlhotlheletso ya go baka, tshimologo le tekelelo kwa ntle ga go sitela maikemisetso magolo a borutegi.
Borutegi le maemo bo kwadisiwa mo maemong a a rileng a letlhomeso mme a na le mosola wa keretiti. Baithuti, mo nakong ya go ithuta, ba ka nne ba kokoanya dikeretiti mo tsamaong ya nako go fitlhelela borutegi.

8. Letlhomeso la rona la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) le lebega jang?
Maemo a NQF
Mola
Mohuta wa Borutegi
8
7
6
5
Thutokgolwane le Katiso
* Dikerii ya dipatlisiso ya morago ga Bongaka 
* Bongaka 
* Dikerii ya Masters 
* Borutegi jwa Porofesene 
* Dikerii ya Honours 
* Dipoloma 
* Kgolwane 
* Dipoloma tsa Bosethaba 
* Disetifikeiti tsa Bosethaba 
Disetifikeiti tsa Thuto le Katiso ya go ya pele (FETC)
4
3
2
Thuto le  katiso ya go  ya pele
Disetifikeiti tsa bosethaba
Disetifikeiti tsa Kakaretso tsa Thuto le Katiso (GETC)
1
Thuto le Katiso ya Kakaretso
Mophato 9 | Abet Maemo 4

Disetifikeiti tsa Bosethaba
Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) bo amogetse thulaganyo ya maemo a le robedi, ka maemo 1 go fitlha 8 a tsewang e le a a bulegileng. Maemo 1 a amogela maemo a mararo a Setifikeiti sa Motheo sa Thuto ya Bagolo le Katiso (ABET) mmogo le Setifikeiti sa Kakaretso sa Thuto le Katiso.

9. Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) ke eng?
Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa ke mokgatlho wa ditokololo di le 29 tse di tlhomilweng ke Ditona tsa Thuto le Bodiri. Ditokololo di supiwa ka go supa beng ba bosethaba mo thutong le mo katisong. Ditiro tsa Bothati di gabedi:
* Go ela tlhoko tlhabololo ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) ka go dira le go phasalatsa maikemisetso le mabaka mangwe a kwadiso ya mekgatlho e e rweleng maikarabelo a go tlhoma thuto le maemo a katiso kgotsa borutegi le go amogela mekgatlho e e rweleng maikarabelo a go ela tlhoko le go runa Dipholo go ya maemo le borutegi. 
* Go okamela tiragatso ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) ka go babalela kwadiso, kamogelo le go abela mekgatlho e e umakilweng fa godimo ditiro mmogo le kwadiso ya maemo a bosethaba le borutegi mo letlhomesong. Bo tshwanetse ba tsaya dikgato gape go babalela gore ditshiamelo tsa kamogelo di a diragatswa le go nna tse di siameng le gore kwadiso ya maemo le borutegi e lepalepana le ya bodithabathaba. 
Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) bo tshwanetse ba gakolola Ditona tsa Thuto le Bodiri. Go tlhokega gore Bothati bo dire ditiro tsa bona morago ga go golagana le ka tirisano le mekgatlho le ditheo tse di rwele ng maikarabelo a thuto, katiso le disetifikeiti tsa maemo, tse di tla amang Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF). Bo tshwanetse ba diragatsa le ditshiamelo tse di farologaneng le maatla a mekgatlho go ya ka Molaotheo le Melao ya Palamente. Ofisi ya Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa e rwala maikarabelo a go diragatsa maikemisetso le ditshwetso tsa Bothati.
Ka 1998 Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) bo ne ba phasalatsa Melawana ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba (NSB) eo ka yona go dirilweng tshiamelo ya kwadiso ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba. Mekgatlho e e tla rwala maikarabelo a go baka le go dira dikatlanegiso tsa borutegi le maemo kgotsa kwadiso mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba. Melawana ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng (ETQA) le yona e ne ya phasaladiwa ka1998 le go dira tlamelo ya kamogelo ya mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng. Mekgatlho e, e tla rwala maikarabelo a go amogela batlamedi ba thuto le maemo a katiso le borutegi, ba ba kwadisitsweng mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba, go ela tlhoko ditshiamelo, go batlisisa ditshekatsheko le go kgonagatsa tekanyetso ya batlamedi le go kwadisa baatlhodisi.

10. Dipopego tsa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) ke dife mme maikaelelo a tsona ke afe?
Kgato ya go tlhoma maemo le netefaletso ya boleng ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba (NQF) e akaretsa mabaka a mabedi a motheo.
Kitso e e amanang le lefatshe la jaanong e bakiwa ka tirisano magareng ga ditlhopha tse di farologaneng mo setshabeng go tswa go boradithuto le babatlisisi go fitlha go borakgwebo, go tswa go badiri go ya go baitseanape ba porofesenale, go tswa go mmuso go ya go mekgatlho ya baagi, go tswa go baithuti go ya go diporofesara, go raya gore kitso ga e sa tlhole e beetswe setlhopha se se nnye sa "baitseanape";
Tsamaiso ya bosethaba ya thuto e tshwanetse ya lekalekanya tlhokego ya thuto ya boleng ya baagi botlhe ka tlhokego ya temeko go tlamela mabaka a a farologaneng a anameng a a lebaganeng baithuti le ditlhopho tse dintsi tse di farologaneng, mo go seo se bopang thuto e e maleba le borutegi, go raya gore tekatekano magareng ga ditlhokego tsa sethaba le ditlhokego tsa motho a le mongwe.
Lebaka la ntlha la metheo e le sekasekiwa mo dipopegong tsa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa. Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa bo bopilwe ke baemedi go tswa mo beng ba thuto le katiso mo Aforika Borwa. Botokololo ba NSB bo supa gape tirisano e ntshwa mo pakong ya kitso - di-NSB di bopilwe ke baemedi go tswa mo mekgatlhong e le merataro ya beng ba bosethaba ba ba nang le kgatlhego e kgolo mo lekaleng le: Mafapha a Mmuso, Kgwebo e e rulaganeng, Bodiri jo bo rulaganeng, batlamedi ba thuto le katiso, ditlhopha tse di botlhokwa tse di kgatlhegelang thuto le sethaba/ mekgatlho ya baithuti.
Ba le mmalwa ba badirisani bano ga ba ise ba nne mmogo go tshotlha ditlhokego tsa thuto le katiso tsa naga e. Go ya pele ditokololo tsa SGB di supiwa go tswa mo ditlhopheng tsa beng tse di nang le kgatlhego mo thutong le mo katisong mo lekaleng potlana, mme go amogelwa gape fa pako ya kitso e e maleba e tlisiwa ke ditherisano mo lekaleng le le anameng.
Boineelo ba NQF mo thutong e e ikaegileng ka dipholo le katiso bo tlisa diphetogo mo maemong a thuto le katiso mo Aforika Borwa, go diragatsa lebaka la bobedi. Ka go tlhalosa maemo a bosethaba le borutegi go ya ka dipholo tsa go ithuta ka kgato ya go nna le seabe, NQF e tlhagisetsa baagi ba naga e ditopo tsa sethaba tsa boleng.
Sethaba se ka se tlhole se kgona go itshokela gore go nne le pharologano e kgolo thata magareng ga borutegi jo bo tshwanang jo bo dirang gore bathapi ba baithuti ba ba khwalifayang ba se ke ba nna le bonnete jwa bokgoni ba bona; sethaba se ka se tlhole se kgona go itshokela kgethololo kgatlhanong le baithuti ka ntlha ya go sa itse bokgoni ba bona.; sethaba se ka se tlhole se kgona go itshokela go kgathologa maemo a lefatshe ka bophara a borutegi. Ka bokhutshwane, dipholo tsa go ithuta, maemo a borutegi a tshwanetse a supagala sentle gore go se ke ga nna le pelaelo mo go se se solofetsweng mo baithuting ba bakhwalifayang.
Ka go baka Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng (ETQA), SAQA e amogetse gore tlhagiso ya maemo le borutegi ke tiro ya batlamedi ba porofesenale le baithuti le beng ba bangwe mo lekaleng le. Borutegi bo bo farologaneng le maemo bo tla dira ditopo tse di farologaneng mo tlhabololong ya lenaneothuto le tlhagiso, mo tshekatshekong le mo go ruteng. Matshwenyego a SAQA ga se go babalelela gore batlamedi botlhe ba latela lenaneo la bosethaba la tlhagiso mme ke go babalela gore baithuti ba ba abelwang borutegi bo bo kwadisitsweng ba NQF kgotsa maemo ba kgona go supa dipholo tsa go ithuta tsa borutegi kgotsa maemo go ya ka mabaka a a tlhalositsweng le ditlhokego. Ka ntlha ya moo SAQA e ka se kwadise mananeo a go ithuta mo NQF; le fa go le jalo di-ETQA di tla sekaseka mananeo a go ithuta a batlamedi ba ba farologaneng mo kgatong ya kamogelo, mme ka go dira jalo di netefaletse baithuti le badirisi ba bangwe tsamaiso ya gore moithuti mongwe le mongwe yo a atlegang mo go yona o tla nna le dipholo tsa go ithuta tse di tlhokegang tsa borutegi joo kgotsa maemo. Setlhopha se se siameng se se netafatsang gore go tla nna jalo, ke mokgatlho o o dirilweng ke baemedi ba beng, ba ba dirang mo karolong ya borutegi kgotsa maemo, go raya gore ETQA e e etseng tlhoko kgaolo eo. Ka ntlha ya lebaka leo, kwa ntle ga ditiro tsa yona tsa netefaletso ya boleng, ETQA e tshwanetse ya nna le baemedi ba beng ba bosethaba mo maemong a go tsaya ditshwetso, bao boemedi ba bona bo tla babalelang maikarabelo mo setshabeng le tlhokego ya bofitlha.
SAQA e na le "maphata" a le mabedi, mme ona ke a Tlhomo ya Maemo le Netefaletso ya Boleng. Dipopego potlana mo lephateng la tlhomo ya maemo ke Mekgatlho ya Bosethaba ya Maemo (NSB) le Mekgatlho ya Pako ya Maemo (SGB), fa dipopego potlana mo lephateng la netefaletso ya boleng e le Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng (ETQA). SAQA e ka nne ya tlhopha mekgatlho ya tekanyetso fa e bona go tlhokega. Ditiro tsa SAQA di tlhomilwe mo Molaong wa SAQA mme di setse di tlhalositswe fa godimo. Ditiro tsa di-NSB le di SGB di tlhalosiwa mo Melawaneng ya Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa(Molao Palo 58 wa 1995): NSB, Kasete ya Mmuso, Palo 18787(28 Mopitlwe) etswe mabaka a kamogelo le ditiro tsa di-ETQA mmogo le batlamedi ba thuto di tlhalosiwa mo Melawaneng ya Molao wa Bothati jwa Borutegi wa Afrika Borwa (Molao Palo 58 wa 1995): ETQA, Kasete ya Mmuso, Palo 19231 (8 Lwetse).
Mo NQF, ithuto yotlhe e rulaganngwa mo makaleng a le somepedi. SAQA e tlhomile di-NSB di le somepedi, nngwe le nngwe e tlhometswe lekala la thulaganyo. Makala a le somepedi a thulaganyo a ntse jaana:
NSB 01: Temothuo le Tshomarelo ya Tlhogo
NSB 02: Setso le Botswere
NSB03: Kgwebo, Khomese le Dithuto tsa Botsamaisi
NSB04: Dithuto tsa Tlhaeletsano le Puo
NSB05: Thuto, Katiso le Tlhabololo
NSB06: Botlhami, Boenjeniri le Thekenoloji.
NSB07: Dithuto tsa Setho le Loago
NSB08: Molao, Thuto ya Sesole le Pabalasego
NSB09: Saense ya Boitekanelo le Ditirelo tsa Loago
NSB10: Popego, Mathemetikisi, Khomputara le Disaense tsa Botshelo
NSB12: Togamaano ya Popego le Kago
Tlhomo ya Maemo 

Netefaletso ya Boleng

Ditiro tsa di-NSB di akaretsa tse di latelang:
* Thanolo le katlanegiso mo SAQA ya melelwane ya lekala le thulaganyo ya makala potlana. 
* Kamogelo kgotsa go tlhoma di SGB mo thulaganyong ya makalapotlana, le go babalela gore tiro ya di SGB e diragatsa ditlhokego tsa SAQA 
* Go atlanegisa kwadiso ya borutegi le maemo mo go SAQA. 
* Go tlhotlhomisa borutegi le maemo a sesheng le thadiso ya ona. 
* Go golagana le di-ETQA. 
* Go tlhalosa ditlhokego le mekgwa ya tekanyetso ya maemo le borutegi. 
Di - NSB ga di bake maemo kgotsa borutegi mme di tlhokomela ditiro tse mo maemong a lekala potlana.
Ditiro tsa di SGB di akaretsa tse di latelang:
* Go baka maemo le borutegi go ya ka ditlhokego tsa Bothati mo makaleng potlana a a supilweng le maemo. 
* Go sekaseka le go ntshwafatsa maemo 
* Go atlanegisa maemo le borutegi mo NSB. 
* Go atlanegisa mabaka a kwadiso a baatlhodisi le balekanyetsi kgotsa mekgatlho ya bolekanyetsi. 
ETQA e ka nne ya tlhomiwa mo lekaleng la loago, mo lekaleng la ikonomi kgotsa mo lekaleng la tsamaiso potlana la katiso. Motheo wa ipoeletso e potlana o tla dira mo ditlhomong tsa di- ETQA, go raya gore ETQA e a amogelwa go ya ka tsepa kgolo ya yona, e e ikaegileng ka kamano ya yona le lekala gore ditiro tsa yona e seke ya nna poeletso ya ditiro tsa ETQA e e leng teng. Ditiro tsa di-ETQA di akaretsa tse di latelang:-
* go amogela batlamedi 
* go tsweletsa boleng gareng ga batlamedi ba kgaolo 
* go ela tlhoko tlamelo 
* go batlisisa tshekatsheko le go kgonagatsa tekanyetso magareng ga batlamedi ba kgaolo 
* go kwadisa baatlhodisi 
* go abela baithuti disetifikeiti 
* go dirisana le mekgatlho ya tekanyetso 
* go atlenegisa maemo a mantshwa kgotsa borutegi mo NSB kgotsa ntshwafatso ya maemo le borutegi jo bo leng teng 
* go tlhokomelo setheo sa dintlha 
* go naya SAQA dipegelo. 
Di-ETQA ga di tlhome maemo; di babalela boleng ba tlhagiso le tshekatsheko ya maemo a a kwadisitsweng le borutegi. Go ya pele ETQA e ka nne ya se nne motlamedi; tiro kgolo ya yona ke go babalela boleng jwa tlamelo le tshekatsheko ya batlamedi ba e ba amogetseng. Fa ba batla kamogelo go tswa go di-ETQA, batlamedi ba tla tshwanela go diragatsa mabaka a a latelang:
* Ba bo ba kwadisitswe jaaka batlamedi go ya ka molawana o o dirang. 
* Ba nne le tsamaiso ya boleng ya botsamaisi. 
* Ba kgone go tlhabolola, go tlhagisa le go sekaseka mananeo a go ithuta a a bakang borutegi kgotsa maemo a NQF a a totobaditsweng. 
* Go nna le metswedi e e tlhokegana ya matlole, tsamaiso le popego. 
* Ba nne le maikemisetso a tlhopho ya badirammogo, a go lekanyetsa le go tlhabolola; a go tsena ga baithuti, ditsamaiso tsa kaelo le tshegetso; a botsamaisi ba go dira kwa ntle ga lefelo kgotsa mo dikarolong tsa lefelo; a go lekanyetsa botsamaisi; 
* Ba nne le tsamaiso e e tlhokegang ya go bega. 
* Ba nne le kgono ya go fitlhelela dipholo tse di eletswang ka go dirisa metswedi e e leng teng le tsamaiso. 
SAQA e amogela tlhokego ya go amogela batlamedi mo tsamaisong ba ba sa diragatseng mabaka a kamogelo. Mo mabakeng a go nna jalo SAQA e letla kamogelo ya nakwana mme mo nakong eo motlamedi o tla tsenela lenaneo la tlhabololo le le rulaganyeditsweng go kgontsha motlamedi go diragatsa mabaka a a tlhokegang a kamogelo. Go ya pele kamogelo ya nakwana e tla rebolwa fela fa dikgatlhegelo tsa moithuti di sireletswa mo nakong ya tlhabololo.

11. BOLENG MO KATLHOLONG BO TLA TSHEGETSWA JANG?
Ka go supa mekgwa ya katlholo e e ka dirisiwang go babalela gore go elwatlhoko mekgwa e mengwe go na le wa setso wa go kwala ditlhatlhobo gangwe. Tota poeletso ya dipholo tsa botlhokwa e supa sentle go sa lolamang ga mekgwa ya go nna jalo ya katlholo mo bontsing ba bokgoni joo. Mekgwa e mengwe ya katlholo e gatelela thata tsamaiso go babalela gore go na le tolamo le tlhaloso e e tshwanang ya maemo a a tlhokegang gareng ga baatlhodisi mo ditheong tse di farologaneng tsa tlamelo tse di kwadisitsweng le di-ETQA tse di farologaneng, go raya gore tshireletso ya go ya tlase ga "maemo". Fa maemo a a farologaneng a dirisiwa go kgabaganya tsamaiso, boikanyego le tshiamo ya tsamaiso yotlhe bo tla bewa mo mathateng. Go babalela gore se ga se diragale, SAQA e tlhomile ditsela di le mmalwa tsa go ela tlhoko se.
Maemo mangwe le mangwe kgotsa borutegi bo bo kwadisiwang ke NQF bo tshwanetse ba:
* tlhagisa mabaka a go atlhola dipholo tsa go ithuta; 
* tlhagisa mabaka a kwadiso ya baatlhodisi ba dipholo tseo le; 
* go supa mabaka a bolekanyetsi go akaretswa katlanegiso ya go lekanyetsa kgotsa mekgatlho ya bolekanyetsi ya dipholo tseo. 
Kantlha ya moo motshikinyi wa borutegi le maemo o na le seabe sa botlhokwa mo go tlhomeng sentle maemo a a tlhaloganyesegang le ditlhokego tsa katlholo tse di jalo.
Go ya pele, gareng ga ditiro tsa ETQA go tse di latelang:
* go sekaseka dikatlholo le kgonagatso ya tekanyetso gareng ga batlamedi ba kgaolo; 
* go kwadisa baatlhodisi ba kgaolo go ya ka mabaka a a tlhometsweng lebaka le; 
* go dirisana le mekgatlho e e maleba kgotsa mekgatlho e e tlhomilweng go lekanyetsa di-ETQA tsotlhe. 
Ka ntlha ya moo mo kgatong ya netefaletso ya boleng, go kgatelelo e kgolo mo kgatong ya tekanyetso go babalela tiragatso ya maemo a a tshwantshanngwang. La bofelo SAQA e na le tshiamelo ya go tlhoma mokgatlho wa tekanyetso, fa e bona go tlhokega, go babalela gore katlholo ya dipholo tse di tlhalosiwang mo boruteging le mo maemong a NQF e lolame, e tshwanetse le go ikanyega go kgabaganya ETQA tsotlhe kgotsa batlamedi.

12. SAQA e netefatsa jang gore beng ba amogela maikemisetso a yona?
Molao wa SAQA o tlhalosa sentle gore NQF e tshwanetse ya tlhomiwa morago ga kgokagano le tirisano le mekgatlho le ditheo tse di nang le maikarabelo a thuto, katiso le disetifikeiti tsa maemo tse di tsweletswang ke NQF.
Lebaka la gore Molao wa SAQA o tlhagisa sentle tlhokego ya gore SAQA e dire tiro ya yona mo moweng wa kgokagano le tirisano le supa boineelo ba mmuso o montshwa wa demokerasi mo motheong wa kemelo le go nna le seabe ga beng botlhe ba ba amegang mo ditheong tsa sethaba. Kgatelelo eno ya kakaretso e na le semelo mo tiragalong ya go sa akaretse makala a magolo a sethaba mo kgatong e e botlhokwa ya go tsaya ditshwetso mo thutong le mo katisong. Jaaka sekao, bokgoni jo bo tshwanetseng ba tsweletswa le diteng tsa lenaneo la go ithuta mo pakeng e e fetileng bo ne bo diriwa ke bao go neng go twe ke baitseanape mo lekaleng mme ka tlwaelo e ne e le boradithuto ba ba nnang mo ditheong tsa semmuso tsa go ithuta, go raya gore "batlamedi" ba thuto, ka kgolagano e nnye kgotsa kwa ntle ga yona ya "badirisi" ba borutegi, go raya gore borakgwebo, mekgatlho ya badiri, baithuti. Se se ne sa baka tatofatso ya ka metlha ya gore go na le tsamaisano e nnye magareng ga seo se neng se rutwa mo ditheong tsa semmuso tsa thuto le seo se neng se tlhokega mo lefatsheng la tiro tota le mo dithutong tsa go ya pele. Go ya pele go ne go na le tirisano e nnye kgotsa kgokagano magareng ga ditona tsa pele tsa Thuto le Bodiri go kgabaganya madirelo kgotsa ditlamo kgotsa le mmuso; magareng ga batlamedi ba thuto ya semmuso le batlamedi ba katiso. Se se kaya gore go ne go sena tsela ya go lolamisa thuto mo batlameding ba ba farologaneng kgotsa mo dikhosong.- borutegi bo ne bo ikaegile ka lekala, bo ikaegile ka lefelo kgotsa ka setheo kwa ntle ga tshwaraganyo e nnye kgotsa ya semmuso ya makala ano a go ithuta.
Le fa go na le tlwaelo ya kgokagano le ya tirisano mo go tseyeng ditshwetso mo Afrika Borweng yo montshwa, lebaka la tebagano ke lona le le botlhokwa mo go tseyeng ditshwetso ka se dipholo tsa go ithuta tsa borutegi jo bo rileng di tshwanetseng go nna sona. Gore Aforika Borwa e kgone go tsibogela diphetogo tsa tikologo, go botlhokwa gore mantswe otlhe a a maleba a lekala la thuto a utlwiwe, mmuso, boradithuto, lefatshe la kgwebo, mmaraka wa bodiri, batlamedi ba thuto le katiso fa re umaka ba le mmalwa. Kgato e e akaretsang mo go tlhomeng maemo le kago ya borutegi e tla kgontsha ditlwaelo tse dintshwa go isiwa tlhogong ka bonako, mme ka go dira jalo go babalelwe gore Afrika Borwa o tsamaisana le ditlhabololo tsa bodithabathaba. SAQA e ineetse mo kgatong ya kgokagano ya sethaba mo tsweletsong le mo tlhabololong ya maikemisetso a yona. Borutegi le maemo di tshwanetse tsa diriwa ka go gokagana thata le beng mo lekaleng le mo kgatong ya kgokagano e e anameng, mme sethaba ka bophara se tshwanetse sa fiwa tshono ya go boeletsa le go tshwaela mo maemong a a tshikintsweng. Go ya pele borutegi botlhe le maemo bo fitisetswa go setlhopha sa Tshupetso se se bopilweng ke mekgatlho e e emelang bagolofadi le makala a a tlhaolwang a sethaba gore e tshwaele pele ga kwadiso mo maitekong a go babalela gore maemo le borutegi jo bo tshikintsweng ga bo kgetholole ka mokgwa o o sa siamang kgatlhanong le nngwe ya dikarolo tse tsa sethaba.
Mo tshwetsong ya ditiro tsa yona tsa netefaletso, ETQA e tlhoka go nna le baemedi ba bosethaba ba beng. Maikaelelo magolo a kemelo e ke go babalela maikarabelo a sethaba le tlhokego ya bofitlha. Mo tlaleletsong dikwalo tsotlhe tsa maikemisetso tsa SAQA di diriwa ka kgokagano e e bulegileng le beng ba ba maleba mme fa a santse a le mo sebopegong sa tlhomo, a phasaladiwa mo kaseteng ya mmuso go tsibogelwa ke sethaba. Basupiwa botlhe ba ditheo tsa SAQA, go sa akaretswe ditokololo tsa Bothati, ba phasaladiwa mo Kaseteng ya Mmuso pele ba thapiwa go kgontsha tsibogelo ya sethaba. Mo tlaleletsong, dikwalo tsotlhe tse di batlang tsibogelo ya sethaba le diphasalatso tsotlhe tsa SAQA mo Kaseteng ya Mmuso di tsenngwa mo website (http:/www.saqa.org.za). Ka tsela e SAQA e netefatsa gore sethaba se bone le go akaretswa mo tirong ya yona.
Gore tsamaiso ya thuto le katiso e e bopilweng mo tsamaisong ya go nna le seabe le ditherisano e diragatse ditlhokego tsa beng botlhe e tshwanetse ya itumelela bonnete le boikanyego mo setshabeng se e dirang mo go sona mme fa se se sa direge, seno ga se ne se diragala. Go ya pele SAQA, e leng mokgatlho wa kaelo mo tsamaisong ya Aforika Borwa, ke "mookamedi" yo a sa tseyeng letlhakore, go raya gore ga se lefapha la mmuso, kgotsa seatla sa mmuso, ga se maiteko a kgwebo, kgotsa a bodiri e bile ga ya tshwaragana le lekala la motlamedi wa thuto. Ka ntlha ya lebaka le, SAQA e ikemetse mo mananeongtema a nngwe le nngwe ya makala a mme ka go nna jalo, e kgona go tshegetsa tshiamo ya yona mo go kgonagatseng ditherisano magareng ga beng ba thuto le katiso ba ka dinako dingwe ba nang le dikgatlhego tse di thulanang.
Molao wa SAQA ke sekao sa molao o o kgontshang - ga o neye ditaelo go tswa godimo mme o kgontsha tlhabololo ya NQF e e tla tswelelangpele go rerisanelwa batho, ke batho. Ke tlamaganyo ya maitemogelo, kakanyo le ditlwaelo tsa Ma-Aforika Borwa go tswa mo lemoragong le le farologaneng la leago le ikonomi le le emelang maikutlo a a farologaneng a lefatshe. Mekhutlolo ya kago e, ke go nna le seabe ga demokerasi, tshekatsheko ya botlhalefi le go nna teng ga metswedi - eleng mabaka a a botlhokwa mo tlhabololong ya SAQA le tiragatso ya NQF.

13. SAQA E NETEFATSA JANG GORE BOLENG BO TLHAGELELE GO KGABAGANYA NQF?
Maikaelelo a NQF a tshegetsa kakanyo ya boleng mo tsamaisong e ntshwa ya thuto. Go le jalo NQF e tshegetsa tikologo ya boleng e e anameng e e akaretsang tlhomo ya maemo le netefaletso ya boleng. Maemo mangwe le mangwe le borutegi pele a kwadisiwa mo NQF a lekantshwa kgatlhanong le metheo e e tlhagisiwang mo maikemisetsong a NQF, go babalela gore a diragatsa mabaka a thulaganyo e e kopaneng ya borutegi e e tshegetsang thuto ya botshelo botlhe. Ka yona tsela eo, motheo wa bosethaba le netefaletso ya bodithabathaba ya Dipholo tsa maemo o ikaegile ka tsela eo o tlhagisang ka yona maikemisetso le maikaelelo ano.
Ka go kopanya metheo e mo kgatong ya kago ya sethaba, maemo a a tsweletswang ka go nna le seabe le dipopego tsa kemelo le dikgato tsa di-NSB le di SGB le go kawadisiwa mo thulaganyong, go tla babalela tlhagiso le Dipholo tsa badirisi botlhe ba tsamaiso ya thuto ka tsamaiso ya ETQA. Mokgwa o mo letlhakoreng la ona, o supa dipopego tsa go nna le seabe le kemelo mo tsamaisong. Thulaganyo ya tikologo ya boleng e tswalwa ka netefaletso ya boleng ba maemo le Dipholo. Ka go tswala tikologo, tsamaiso e letla ditlhabololo tsa go ya pele mo kagong ya maemo le borutegi le mo tlhagisong le mo katlholong ya maemo le borutegi, ka badirisi ba maemo ao le borutegi. Ka mantswe a mangwe, NQF ke tsamaiso ya go netefaletsa le go netefaletsa baithuti go ya pele le badirisi ba bangwe ba tsamaiso ya thuto le katiso gore keretiti, dikabelo kgotsa disetifikeiti tse di abiwang mo nakong ya go ithuta di tshegetsa maemo a a kwadisitsweng mo thulaganyong le gore mekgwa yotlhe ya tlamelo e tlhagisa ithuto mo maemong a a tshwanang a mabaka a kamogelo. Maemo a a akaretsang a tikologo ya boleng a netefatsa gore maikarabelo a a tlhomiwang le a go tlhagisa thuto ya boleng le katiso a ikaegile ka beng ba thuto le katiso ba ba ntseng le seabe mo tsamaisong ya SAQA.

14. SAQA E AMOGELA JANG THUTO YA PELE (RPL)
Gareng ga maikemisetso a NQF ke tlhokego ya go kgontsha pholo le tswelelopele mmogo le kgatelopele mo teng ga thuto, katiso le ditsela tsa borutegi mmogo le tlhokego ya go itlhaganedisa paakanyo ya kgethololo e e sa siamang ya paka e e fetileng mo thutong, katisong le mo ditshonong tsa go thapiwa. SAQA e gkwetlhiwa go bona tsela e go ka diragatswang maikaelelo a mabedi a, a go bona tsela ya go amogela thuto e e diragetseng kwa ntle ga mabaka a setso a go ithuta, e leng mabaka a e neng e le ona fela a go ithuta a a neng a amogelwa semmuso. SAQA e supile maikaelelo a yona a go dira gore dipopego tsa yona di amege mo kgaolong ya RPL jaaka mokgwa wa go naya maikaelelo ano bokao bo bo bonalang.
SAQA e umakile RPL ka tlhamalalo mo melawaneng ya NSB mme e dirile le tshwaelo mo go yona mo melawaneng ya ETQA. Mo melawaneng ya NSB, go tlhagisiwa mabaka a kwadiso ya borutegi. Nngwe ya ditlhokego tse ke ya gore tshikinyo e tshwanetse ya supa mo melawaneng e e laolang kabelo gore borutegi bo ka fitlhelelwa ka bogotlhe kgotsa ka karolo ka kamogelo ya thuto ya pele. Go tlhagisiwa fa kakanyo ya RPL e akaretsa mme e sa felele mo dipholong tsa go ithuta tse di bonweng ka go ithuta ga semmuso, go e seng ga semmuso, le maitemogelo a tiro.
Mo melawaneng ya ETQA nngwe ya mabaka a kamogelo jaaka ETQA ke a gore ditiro tsa ETQA di tshwanetse tsa tsweletsapele maikaelelo a NQF, ka jalo go ya ka maikaelelo a, maikemisetso le ditsamaiso tsa RPL e santse e le maikarabelo a ETQA ka ntlha ya moo a tla elwa tlhoko mo kgatong ya kamogelo.

15. Ofisi ya SAQA e dira eng gape?
SAQA e rwala maikarabelo a tlhabololo le tlamelo ya setheo sa Dintlha tsa Dipegelo tsa Baithuti tsa Bosethaba (NLRD). Kgatiso ya ntlha ya NLRD e simolotswe ka 1999. Fa e sena e tlhomiwa ka botlalo le go tumisiwa NLRD e tla kgona go tlhagisa tshedimosetso ka:
* SAQA le ditheo potlana tsa yona (di-NSB, di-SGB le di-ETQA); 
* Borutegi le maemo a a kwadisitsweng mo NQF; 
* Di-ETQA tse di amogetsweng le batlamedi ba tsona; 
* Baatlhodisi ba ba kwadisitsweng; 
* Mekgatlho ya tekanyetso; 
* Dipholo tsa moithuti mongwe le mongwe. 
NLRD e tla kgona go tlamela badiri ba maikemisetso ka tshedimsoetso e e tletseng go kgontsha tseo ya ditshwetso e e sedimoseditsweng.
SAQA e na le tiro ya go sekaseka Borutegi jwa thuto, bogolo thata fa babodithaba ba batla go tsena mo ditheong tsa thuto tsa Aforika Borwa kgotsa ba batla go tsena mo marakeng wa bodiri wa Aforika Borwa.
SAQA e na le Setheo sa Motswedi se se bolokang dikhopi tsa diphasalatso tsa SAQA le dikwalo tse di amanang le SAQA mmogo le dimateriale tse dingwe tse badirammogo ba SAQA ba di tlhokang mo tirong ya bona.
Lekala la tlhaeletsano le bokwaledi le tlamela SAQA ka tirelo ya bokwaledi ya Bothati le dikomiti potlana e e tlhokegang mo tsweletsong ya ditiro tsa yona, sekao Komititsamaiso, Komiti ya Matlotlo.

16. Dintlha tsa kgokagano tsa SAQA
Dinomore tsa switchboard tsa SAQA ke 012-346 5553 mme nomore ya kakaretso ya fax ke 012- 346 5809.
Go bona tshedimosetso ya kakaretso ya SAQA le NQF, o ka ikgolaganya le Setheo sa Metswedi ka mogala o 012- 346 9103.
Mo tshedimosetsong ya tlhomo ya maemo le tiro ya di-NSB kgotsa SGB, ikgolaganye le lekala la Tlhomo ya Maemo mo 012-346 9134 kgotsa ka fax mo 012-346 5812.
Go bona tshedimosetso ya netefaletso ya boleng le tiro ya di-ETQA, ikgolaganye le lekala la Netefaletso ya Boleng ka mogala o 012-346 9108 kgotsa fax ya 012-346 5814.
Fa o batla tshedimosetso ya setheo sa Dintlha tsa Dipegelo tsa Bosethaba tsa Baithuti, ikgolaganye le NLRD ka mogala o 012- 346 9177.
Fa o batla tshedimosetso tshekatsheko ya Borutegi jwa bodithaba, letsetsa 012 -346 9158. O ka nne wa golagana le Ofisi ya Tsamaiso ka mogala o
012- 346 9153 kgotsa ka fax ya 346 5813.
Aterese ya poso ya SAQA ke:
Aterese ya lefelo ya SAQA ke:
Postnet Suite 248
Private Bag X06
WATERKLOOF
Pretoria
659 Pienaar Street
(cnr. Waterkloof Road)
BROOKLYN
Pretoria
O ka romela e-mail go SAQA go saqainfo@saga.org.za kgotsa o ka ikgolaganya le SAQA website mo http://www.saqa.org.za

17. Dikwalo tsa semolao le diphasalatso tse dingwe tsa SAQA
Molao wa SAQA (Palo 58 wa 1995)
Melawana ya NSB (Kasete ya Mmuso, Palo 18787; 28 Mopitlwe 1998)
Melawana ya ETQA (Kasete ya Mmuso, Palo 19231; 8 Lwetse 1998)
Kgatiso ya NSB
Mabaka a Pako le Tshekatsheko ya Maemo le Borutegi mo teng ga NQF
Mabaka le Dikaelo tsa ETQ
Mabaka le Dikaelo tsa Batlamedi
Dikaelo tsa katlholo ya bongwe jo bo kwadisitsweng ba maemo le Borutegi jwa NQF.
SAQA e phasalatsa tsa sesheng tsa SAQA ka metlha. Lokwalokgang le la tsebe e le nngwe le tlhagisa tshedimosetso ya sesheng ka kgatelopele e e dirilweng ya tlhabololo le tiragatso ya NQF.
SAQA e phasalatsa buletini ka metlha e e lebisitsweng go sedimosetsa babuisi ka ditshwetso le ditlhabololo tse di diragalang tsa SAQA le go senola dingangisano tse di maleba. E tlhagisa gape le tshono ya go bona sebopego sa NQF le mabaka a a amanang le seo. Buletini ya No. 1 (Motsheganong 1997) e botlhokwa thata gonne e tlhagisa ditshwetso tsa motheo tsa SAQA tebagano le tlhomo ya NQF.
Melao ya kamano
* Molao wa Maikemisetso wa Bosethaba 
* Molao wa Bothati wa Borutegi jwa Aforika Borwa 
* Molao wa Thuto e Kgolwane 
* Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni 
* Molao wa Makgetho a Tlhabololo ya Bokgoni 
* Molao wa Thuto le Katiso ya go ya Pele 
* Molao wa Dikolo wa Aforika Borwa 

18. Lenanefoko
(go ya ka NSB le melawana ya ETQA)
Kamogelo 
e raya kabo ya setifikeiti, go ya ka paka e e rileng ya nako, ya motho, mokgatlho kgotsa setheo, sa go nna le kgono ya go dira tiro e e rileng mo tsamaisong ya netefaletso ya boleng e e tlhomilweng ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa go ya ka Molao wa (SAQA).
Tiragatso ya Bokgoni 
go theiwa kgono ya go diragatsa go ya ka maemo a a maleba dipholo tsa go ithuta tse di bonweng mo go fitlheleleng borutegi.
Moatlhodisi 
go theiwa motho yo a kwadisitsweng ke Mokgatlho o o maleba wa Thuto le Netefaletso ya Boleng go ya ka mabaka a a tlhometsweng lebaka le ke Mokgatlho wa Pako ya Maemo, go lekanyetsa dipholo tsa maemo le Borutegi jwa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le le rileng.
Dipholo tsa Botlhokwa 
go theiwa dipholo tsa ka metlha tse di tlhagisang dithuto le go ithuta gotlhe.
Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng (ETQA)
go theiwa mokgatlho o o amogetsweng go ya ka karolo 5(1)(a)(ii) ya Molao wa (SAQA). Mokgatlho o o rwala maikarabelo a go ela tlhoko le go runa Dipholo go ya ka maemo le Borutegi jwa bosethaba bo bo reboletsweng ditiro tse di rileng tse di amanang le kelotlhoko le thuno ya maemo le Borutegi jwa bosethaba go ya ka karolo 5(1)(b)(i) ya Molao wa (SAQA).
Dipholo tsa maemo a go tswa 
go theiwa dipholo tse di fitlheletsweng ke moithuti yo a khwalifayang mo nakong ya fa a tlogela lenaneo le le isang kwa boruteging.
Katlholo e e Kopaneng 
go kaiwa katlholo e e letlang moithuti go supa bokgoni e e dirisang metseletsele ya mekgwa ya popo le tshobokanyo.
Mokgatlho wa Tekanyetso 
go kaiwa mokgatlho o Bothati bo o tlhometsweng fela lebaka la go lekanyetsa.
Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba (NSB) 
o kaya mokgatlho o o kwadisitsweng go ya ka karolo 5(1)(a)ii ya Molao wa (SAQA). Mokgatlho o, o rwala maikarabelo a go tlhoma maemo kgotsa Borutegi jwa thuto le katiso, o o filweng ditiro tse di rileng tse di amanang le kwadiso ya maemo a bosethaba le borutegi go ya ka karolo 5(1)(b)(I) ya Molao wa (SAQA).
DIPHOLO 
go theiwa dikumo tsa bofelo tse di supiwang ka botlalo tsa kgato ya go ithuta.
Tsepakgolo 
go theiwa ditiro kgotsa maikaelelo a lekala ao setlamo kgotsa mokgatlho o a etsengtlhoko thata.
Mokgatlho wa Pako ya Maemo (SGB) 
Molao wa SAQA. Mokgatlho o o rwala maikarabelo a go tlhoma maemo a katiso kgotsa borutegi, o o reboletsweng ditiro se di rileng tse di amanang le tlhomo ya maemo a bosethaba le borutegi go ya ka karolo 5(1)(b)(i) ya Molao wa (SAQA).
Maemo a bongwe 
go kaiwa dipegelo tse di kwadisitsweng tsa dipholo tse di eletswang tsa thuto le katiso le mabaka a katlholo a a amanang mmogo le tsamaiso le tshedimosetso e nngwe jaaka e tlhagisiwa mo melawaneng.


Dikhutshwafatso

NQF:
Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba
SAQA:
Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa
ETQA:
Mokgatlho wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng
NLRD:
Setheo sa Dintlha a Direkoto tsa Baithuti ba Bosethaba
NSB:
Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba
SGB: 
Mokgatlho wa Pako ya Maemo
  
19. Bibiliokerafe le Dintlha
Tiragalo ya NQF e ikaegile ka tlhaloso ya tshimologo ya NQF e e dirilweng mo badirammogong ba SAQA ka 29 Motsheganong 1998 ke Adrienne Bird, Mokaedimogolo, Metswedi ya Badiri le Ditirelo tsa go thapa kwa Lefapheng la Bodiri, le mo pampiring e e tlhagisitsweng ke Rre S.M.Pityana, Mokaedikakaretso wa Lefapha la Bodiri mo "Konferenseng ya Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba" ka 22- 24 Moranang 1996, Technikon South Africa, Johannesburg.
* Ball, Sir Christopher (1996): Life-long learning for the 21st Century, puo kgolo mo konferenseng ya bo 21 ya Tokafatso ya go ruta kwa Yunibesithing, Nottingham Trent University, Nottingham, UK. 
* Barnett, Ronald (1994): The Limits Of Competence: Knowledge, Higher Education Society, London: Mokgatlho wa Patlisiso ya Thuto Kgolwane. 
* RSA (1995): South African Qualification Authority Act (Act no. 58 of 1995) kasete ya Mmuso Palo 1521 (4 Diphalane) 
* RSA (1998): Regulations under the South African Qualification Authority Act (Act No. 58 of 1995): di-NSB, Kasete ya Mmuso Palo 18787(28 Mopitlwe) 
* RSA (1998) Melawana mo Molaong wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (Molao No.58 wa 1995): ETQA, Kasete ya Mmuso No. 19231 (8 Lwetse) 
* SAQA (1996): SAQA Bulletin 1.1, Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa. 
* (1994): A Discussion Document on a National Training Strategy Initiative, Boto ya Bosethaba ya Katiso. 
* (1994) A Policy Framework for Education and Training, African National Congress 
* (1994) Implementation Plan for Education and Training, CEPD 
* (1995) Ways of Seeing the National Qualifications Framework, Human Sciences Research Council 
* (1995):White Paper on Education and Training: Kitsiso 196 ya 1995 (15 Mopitlwe) 
* (1998) Lokwalodikgang la The Star (24 Phukwi) le le nopolang Mamphela Ramphele 
* Dikwalo tsa tiro tsa selegae tse di rulagantsweng ke badirammogo ba SAQA: Rre M. Cosser, Ms G. Elliott, Rre J Gunthorpe, Ms Mokhobo Nomvete le Rre S.Samuels. 
Re batla diphetogo tse di rulagantsweng, e seng fela diphetogo tsa lenaneothuto kgotsa tsa thuto, re batla diphetogo kgotsa tsamaiso e ntshwa ya pono ya rona e seng fela tlhaloso e ntshwa ya tlhamo ya lenaneothuto le tlhagiso mo phaposing ya borutelo; re tlhoka go amogela go fosagala ga ditumelo dingwe tsa thuto e e leng teng mo setshabeng sa rona le go lemoga gore go na le bonnete jo bongwe jo bo ntshwa.
Dr M. Nkomo, Modulasetulo wa SAQA


KASETE YA MMUSO
Bol. 393
Pretoria 28 Mopitlwe 1998
Palo 18787

-

Kasete ya Molawana Palo 6140

-

KITSISO YA MMUSO
BOTHATI JWA BORUTEGI JWA AFORIKA BORWA
PALO R 452
28 Mopitlwe 1998

-

MELAWANA KA FA TLASE GA BOTHATI JWA BORUTEGI JWA AFORIKA BORWA MOLAO, 1995
(MOLAO PALO 58 WA 1995)
Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa bo, ka fa tlase ga karolo 14 ya Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa, 1995 (Molao wa Palo 58 wa 1995) ka kamogelo ya Tona ya Thuto le kgokagano le Tona ya Bodiri, bo dirile melawana mo Mametlelelong.

MAMETLELELO
KGAOLO YA 1: DITSHIAMELO TSA KAKARETSO
1. Dithanolo 
KGAOLO YA BO 2: LETLHOMESO LA BORUTEGI JWA BOSETHABA
2. Tlhomo 
3. Sebopego sa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba 
4. Ditlhaloso tsa kemo 
5. Kabo ya maemo mo boemong le mo boruteging. 
6. Kwatiso ya maemo le borutegi mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba 
7. Ditlhokego tsa kwadiso ya maemo a bongwe le maemo 
8. Ditlhokego tsa kwadiso ya borutegi 
9. Ditlhokego tsa tlaleletso tsa kwadiso ya borutegi mo maemong 1 go fitlha 4 le 5 go fitlha 8 
10. Tsamaiso ya kwadiso ya maemo le borutegi 
11. Kwadiso ya nakwana ya borutegi 
KGAOLO YA BO 3: MEKGATLHO YA MAEMO YA BOSETHABA
12. Tlhomo 
13. Kwadiso ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba 
14. Phediso ya kwadiso ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba 
15. Botokololo tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba 
16. Go supiwa ga ditokololo mo Mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba 
17. Ditlhopha tsa tshupetso 
18. Go fedisiwa ga go thapiwa ga ditokololo tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba le go tladiwa ga diphatlhatiro. 
19. Ditiro tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba 
KGAOLO YA BO 4: MEKGATLHO YA PAKO YA MAEMO
20. Kamogelo le tlhomo ya Mekgatlho ya pako ya Maemo. 
21. Go fedisiwa ga kwadiso kgotsa phatlhalatso ya mekgatlho ya pako ya Maemo. 
22. Botokololo ba Mekgatlho ya Pako ya Maemo 
23. Go supiwa ga ditokololo mo Mekgatlhong ya Pako ya Maemo 
24. Ditiro tsa Mekgatlho ya Pako ya Maemo 
KGAOLO YA BO 5: MELAO YA TSAMAISO LE DITIRO TSA MATLOLE TSA MEKGATLHO YA BOSETHABA YA MAEMO LE MEKGATLHO YA PAKO YA MAEMO
25. Melao ya tsamaiso 
26. Tlamelo ka matlole ya ditiro tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba le Mekgatlho ya Pako ya Maemo ka matlole. 
KGAOLO YA BO 6: SETLHOGO KHUTSWE
27. Setlhogo khutswe 
MAMETLELELO
* Ditaolo tsa Tsamaiso tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba. 

KGAOLO YA 1
DITSHIAMELO TSA KAKARETSO
Dithanolo
1. Mo melawaneng e lefoko lengwe le lengwe kgotsa lereo le le filweng bokao mo Molaong le tla nna le bokao jwa go nna jalo, kwa ntle ga gore tiriso e bo e supa ka mokgwa o mongwe - 
"Molao" o kaya Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa, Palo 58 wa 1995;
"Tiragatso ya bokgoni" go kaiwa kgono ya go diragatsa ka mokgwa o o maleba dipholo tsa ithuto tse di fitlheletsweng mo go boneng borutegi.
"moatlhodisi" go kaiwa motho yo a kwadisitsweng ke Mokgatlho o o maleba wa Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng go ya ka mabaka a a tlhometsweng lebaka le ke Mokgatlho wa Pako ya Maemo, go lekanya phitlhelelo ya maemo le Borutegi jwa Letlhomeso la Borutegi la Bosethaba le le rileng; mme "motlhatlhobisi wa karolo" o na le bokao jo bo tshwanang le jo;
"Modulasetulo" go kaiwa modulasetulo wa Bothati;
"Komiti" go kaiwa komiti nngwe le nngwe ya Bothati e e tlhagisitsweng mo karolong 7 (1) ya Molao;
"moko wa ithuto " go kaiwa ithuto e e patelediwang e e tlhokegang mo boruteging jo bo rileng, mme " moko " o na le bokao jo bo tshwanang;
"keretiti" e kaya mosola o Bothati bo o reboletseng diura tse di akanngwang di le lesome (10) tsa go ithuta;
"Ditlhopha tse di botlhokwa tse di nang le kgatlhego" go kaiwa mokgatlho wa bosethaba o go nneng teng ga ona go leng botlhokwa mo katlegong ya ditiro ta Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o o sekasekiwang;
"Dipholo tse di botlhokwa" go kaiwa dipholo tsa kakaretso tse di sedimosetsang go ruta le go ithuta mme" dipholo tse di botlhokwa tsa makala a mantsi a thuto le katiso" di na le bokao jo bo tshwanang;
"Mokgatlho wa Thuto le Netefaletso ya Boleng" o kaya mokgatlho o o amogetsweng go ya ka karolo 5 (1) (a) (ii) ya molao, o o rweleng maikarabelo a go ela tlhoko le go runa diphitlhelelo go ya ka maemo a bosethaba le borutegi a a rebotsweng go ya karolo 5 (1) (b) (i) ya Molao;
"Ithuto ya tlhopho" e kaya go tlhopha dikeretiti tsa tlaleletso mo boemong jwa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le le umakilweng, le go ka diriwang ditlhopho mo go lona go babalela gore maikemisetso a borutegi a a fitlhelelwa, mme " tlhopho' e na le bokao jo bo tshwanang;
"Komititsamaiso" go kaiwa komiti e e tlhomilweng go ya ka karolo 7 (1) ya Molao go tsweletsa ditiro tse di rileng tse di rebotsweng mo boemong jwa bothati;
"Motlhankedimotsamaisi" go kaiwa motho yo a thapilweng go ya ka karolo 4 (8) ya Molao;
"Dipholo tsa kemo ya go tswa" go kaiwa dipholo tse di fitlheletsweng ke moithuti yo o khwalifaileng mo nakong ya fa a tlogela lenaneo le le isang kwa boruteging;
"Lekala" le kaya kgaolo e e rileng ya go ithuta e e dirisiwang jaaka tsela ya thulaganyo ya Letlhomeso la Borutegi la Bosethaba;
"Ithuto ya motheo" go kaiwa ithuto e e dirang motheo o o tlhokegang go tsweletsa thuto, katiso kgotsa go ithutela go ya pele go go tlhokegang mo go fitlheleleng borutegi mme " motheo" o na le bokao jo bo tshwanang;
"Tshekatsheko e e kopaneng " e kaya mokgwa wa tshekatsheko o o letlang moithuti go supa bokgoni jo bo batlegang jo bo dirisang metseletsele ya mekgwa ya tshekatsheko ya popo le tshoboko;
"Tlholoso ya kemo" go kaiwa pegelo e e tlhalosang boemo jo bo rileng jwa maemo a le robedi a Letlhomeso la Bosethaba la Borutegi;
"Tokololo" go kaiwa tokololo ya Bothati e e thapilweng ke Tona go ya ka karolo 4 ya molao;
"Tekanyetso" e kaya kgato e e lolameng, e ikanyegang le e e dirang e e babalelang tshekatsheko ya diphitlhelelo tse di tlhalosiwang mo maemong le mo boruteging ba Letlhomeso la Bosethaba la Borutegi;
"Mokgatlho wa Tekanyetso" go kaiwa mokgatlho o Bothati bo o tlhometseng lebaka la bolekanyetsi;
"Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba" go kaiwa mokgatlho o o kwadisitsweng go ya ka karolo 5 (1) (a) (ii) ya molao, o o rweleng maikarabelo a go tlhoma maemo a a thuto le katiso le borutegi, o o reboletsweng ditiro tse di rileng tse di amanang le kwadiso ya maemo a bosethaba le borutegi go ya ka karolo 5 (1) (b) (i) ya Molao;
"Diura tse di akanngwang tsa go ithuta" go kaiwa nako ya go ithuta e go akanngwang fa e tla tsewa ke moithuti wa palogare go fitlhelela dipholo tse di tlhalositsweng, mme e akaretsa mabaka a a jaaka nako ya kopano, nako e e feditsweng mo ithutong ya thulaganyo mo lefelong la tiro le ithuto ya bongwe;
"Dipholo" go kaiwa kumo ya bofelo ya kgato ya go ithuta;
"Moithuti yo o khwalifayang" go kaiwa moithuti yo a fitlheletseng borutegi;
"Kamogelo ya ithuto ya pele " go kaiwa tshwantshanyo ya ithuto ya pele le maitemogelo a moithuti a a fitlheletseng tebagano le dipholo tsa go ithuta tse di tlhokegang mo boruteging jo bo rileng le kamogelo ya mabaka a borutegi jo bo diragatsang ditlhokego;
"tshwetso" go kaiwa tshwetso ya Bothati;
"dipholo tse di rileng" go kaiwa tshupo e e tletseng ya kitso, bokgoni le mesola e e tshegetsang dipholo di le dingwe kgotsa tse di ntsi tse di botlhokwa;
"Ithuto e e kgethegileng" go kaiwa kitso ya tiori e e kgethegileng e e kgonagatsang tiragatso mo karolong ya go kgethega" mme go kgethega" go na le bokao jo bo tshwanang;
"Mokgatlho wa Pako ya Maemo" go kaiwa mokgatlho o o kwadisitsweng go ya ka karolo 5 (1) (a) (ii) ya Molao, o o rwalang maikarabelo a go tlhoma maemo a thuto le katiso kgotsa borutegi, o o reboletsweng ditiro tse di rileng tse di amanang le tlhomo ya maemo a bosethaba le borutegi go ya ka karolo 5 (1) (b) (i) ya Molao; mme
"Maemo a bongwe" a kaya dipegelo tse di kwadisitsweng tsa thuto e e eletswang le dipholo tsa katiso le mabaka a tshekatsheko a a amang le tsona mmogo le tsamaiso le tshedimosetso e nngwe jaaka e tlhagisiwa mo melawaneng e.

 KGAOLO YA BO 2
LETLHOMESO LA BORUTEGI JWA BOSETHABA
 Tlhomo
2. Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le tlhomilwe go dira tlamelo ya kwadiso ya maemo a bosethaba le borutegi. 
Sebopego sa Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba
3. (1) Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba le tla bopiwa ke maemo a le robedi, a a tla bidiwang maemo 1 go fitlha 8, mme maemo mangwe le mangwe a tla tlhaloswa ke tlhaloso e e ikgethileng ya kemo.  
(2) Maemo 1 a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba a tla nna a bulegile mme a tla amogela maemo potlana a le mararo a Motheo wa Thuto ya Bagodi le Katiso a a ka rebolelwang disetifikeiti tsa phitlhelelo, mme maemo a 8 e tla nna a a bulegileng.
(3) Maemo a le robedi a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba a tla kopanngwa mo meleng e le meraro e e tla tlhalosiwang ka mokgwa o o latelang:
a. Kemo 1 le kwa tlase: Thutokakaretso le mola wa Katiso 
b. Maemo 2 go fitlha 4: Thuto ya go ya pele le mola wa Katiso 
c. Maemo 5 go fitlha 8" Thutokgolwane le mola wa Katiso 
(4) Letlhomeso la Bosethaba la Thuto le tla aroganngwa ka makala a thulaganyo a le somepedi, mme ona ke:
d. Lekala 01: Temothuo le Tshomarelo ya Tlhago 
e. Lekala 02: Setso le Botsweretshi 
f. Lekala 03:Kgwebo, Khomese le Dithuto tsa Botsamaisi 
g. Lekala 04: Dithuto tsa Tlhaeletsano le Dipuo 
h. Lekala 05: Thuto, Katiso le Tlhabololo 
i. Lekala 06: Botlhami, Katiso le Thekenoloji 
j. Lekala 07: Dithuto tsa Loago le Setho 
k. Lekala 08: Molao,Saense ya Sesole le Pabalasego 
l. Lekala 09: Saense ya Boitekanelo le Ditirelo tsa Loago 
m. Lekala 10: Popego, Mathematikisi, Khomputara le Disaense tsa Botshelo. 
n. Lekala 11 : Ditirelo 
o. Lekala 12: Thulaganyo ya Popego le Kago 
(5) Bothati bo tla rebolela lekala lengwe le lengwe la thulaganyo tlhaloso e e kgethegileng mme le tla aroganya lekala lengwe le lengwe la thulaganyo mo makaleng potlana mme bo tla naya lekala potlana lengwe le lengwe tlhaloso e e kgethegileng. 
Ditlhaloso tsa kemo
4. (1) Mokgatlho mongwe le mongwe wa Bosethaba o o akanngwang mo molawaneng 12, o tla golagana le Mekgatlho ya Paka ya Maemo e e akanngwang mo molawaneng 20, mo lekaleng le Mokgatlho wa Ditlhopha wa Bosethaba o le tlhometsweng go tlhagisa dikaelo tsa ditlhaloso tsa kemo tse di akanngwang mo molawaneng 3 (1) ka dikao, tse di tla tlhalosang kgato ya go naya maemo a ditlhopha, dikarolo tse dingwe tsa borutegi le borutegi. 
(2) Bothati bo tla rebola ditlhaloso tsa kemo ka tirisano le Mekgatlho ya Ditlhopha ya Bosethaba go babalela tshwano go kgabaganya makala le go kgonagatsa tshekatsheko ya tshwantshano ya bodithabathaba ya ditlhopha le borutegi.
Kabo ya maemo mo boemong le mo boruteging
5. (1) Kabo ya kemo mo maemong, dikarolo tse dingwe tsa borutegi le borutegi e tla tlhagelela ka mokgwa o o latelang: 
a. Mokgatlho mongwe le mongwe wa Bosethaba o o akanngwang mo molawaneng 12 mmogo le Mokgatlho wa Pako ya Maemo mongwe le mongwe wa o o akanngwang mo molawaneng 20 o tla fitlhelela tumalelano mo kemong ya bongwe jwa setlhopha sengwe le sengwe se se tlhagisitsweng mo sekaleng sa maemo a le robedi a a akanngwang mo molawaneng 3, ka go tsaya tsia ka moo bophara le boteng jwa kitso, bokgoni le mesola ya lekalapotlana le le rileng e fitlheletsweng ka gona ka go ithuta, le ka moo nngwe kgotsa bontsi jwa dipholo tsa botlhokwa di bonwang di itlhaola ka gona, le fa e le karolo yotlhe ya dipholo e e tlhaloswang ya setlhopha sa bongwe se se amegang.
b. Batshikinyi ba borutegi jo bo ikaegileng ka ditlhopha tsa bongwe ba tla tlhoma, ka ditaolo tse di tshwanetseng tsa motswako wa ditlhopha tsa bongwe tse di tlhophilweng tse di kwadisitsweng mo maemong a a farologaneng, borutegi jo bo nang le dipholo tsa maemo a e leng karolo ya popego e e rileng ya ditlhopha tse di dirisiwang le kgato ya go tshwaraganya dipholo tsotlhe tse di tsewang gape fa di supa maemo (mo sekaleng sa 1 go fitlha go 8 jaaka go akanngwa mo molawaneng 3), tse kitso, bokgoni le mesola e fitlheletsweng mo lekaleng potlana la dipholo tse di botlhokwa tsa lekalapotlana tse di akareditsweng mo tiragatsong e e fitlhelelwang ka kakaretso.
c. Batshikinyi ba borutegi jo bo sa ikaegang mo ditlhopheng tsa bongwe ba tla bopa diphitlhelelo tse di kopaneng tsa go ithuta tse di nang le kemo ya go tswa tse e leng karolo ya bontsi jwa dipholo tsa go tswa le kgato ya go tshwaraganya dipholo tsotlhe tse go tsewang di supa maemo (mo sekaleng sa 1 go fitlha go 8 jaaka go akanngwa mo molawaneng 3), tse kitso, bokgoni le mesola e fitlheletsweng mo lekaleng potlana, tse di akareditsweng mo tiragatsong e e fitlheletsweng ka kakaretso. 
Kwadiso ya Maemo le Borutegi mo Letlhomesong la Borutegi la Bosethaba 
6. Maemo mangwe le mangwe le borutegi jo bo diragatsang ditlhokego mo molawaneng 7 le 8 a tla kwadisiwa mo Letlhomesong la Borutegi la Bosethaba ke Bothati mme mangwe le mangwe a tla supiwa ke tlhaloso e e kgethegileng. 
Ditlhokego tsa kwadiso ya maemo a bongwe le maemo.
7. Maemo a bongwe a tla bopiwa gore a dirisiwe jaaka lokwalo la tshekatsheko, kaelo ya moithuti le kaelo ya morutisi go rulaganya dimateriale tsa go ithuta mme a tla bopiwa ke: 
a. Setlhogo sa bongwe sa kemo; 
b. Moano o o supang kamogelo ya Bothati; 
c. Palo ya bongwe ya kemo; 
d. Kemo ya bongwe mo maemong a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba; 
e. Keretiti e e golaganngwang le kemo ya bongwe; 
f. Lekala le lekala potlana la bongwe jwa kemo; 
g. Letlha la tlhagiso; 
h. Letlha la poeletso; 
i. Maikaelelo a bongwe jwa kemo; 
j. Ithuto e go tsewang gore e a diriwa pele ga bongwe jono ba kemo bo simolola; 
k. Dipholo tse di rileng tse di tshwanetseng tsa sekasekiwa; 
l. Mabaka a tshekatsheko, go akaretswa le kitso ya botlhokwa e e leng teng; 
m. Kgato ya kamogelo (e e akaretsang tekanyetso) ya bongwe jwa setlhopha; 
n. Metseletsele ya dipegelo jaaka kaelo ya kakaretso ya tshono, mabaka le maemo a a dirisiwang mo bongweng jono jwa setlhopha; 
o. Lekala la "dintlha" tse di tshwanetseng tsa akaretsa diphitlhelelo tsa botlhokwa tse di akanngwang mo molawaneng 7 (4) o o tshegediwang ke bongwe jwa kemo go akaretswa kitso e e botlhokwa fa e le gore ga ya sekasekiwa mo mabakeng a tshekatsheko mme go ka nne ga akarediwa tshedimosetso e nngwe ya tlaleletso mo bongweng jwa kemo. 
(2) Dipholo tse di botlhokwa tse di akanngwang mo molawaneng 7 (4) di tla ageletswa mo teng ga setlhopha jaaka go tlhaloswa mo molawaneng 7 (1): Fa e le gore setlhopha sa go nna jalo se dira karolo ya borutegi, dipholo tseo tsa botlhokwa tse di sa akaretswang mo kemong di tla ageletswa mo boruteging.
(3) Dipholo tsa botlhokwa di akaretsa mme ga di felele mo -
a. go supeng le mo go rarabololeng mathata moo batsibogedi ba supang tshwetso ya maikarabelo ka go dirisa kakanyo e e botlhokwa le e e tseneletseng; 
b. go direng le ba bangwe ka tshwanelo jaaka tokololo ya mophato,setlhopha, mokgatlho, baagi; 
c. go ithulaganya le go itaola ka bo wena le go dira ditiro tsa gago ka tshwanelo le ka maikarabelo; 
d. go kokoanya, go sekaseka, go rulaganya le go sekaseka tshedimosetso ka kelotlhoko; 
e. go tlhaeletsana sentle ka go dirisa pono, mathemetikisi kgotsa bokgoni jwa puo mo mabakeng a puo kgotsa a go kwala; 
f. go dirisa saense le thekenoloji ka tshwanelo le ka kelotlhoko le go supa maikarabelo mo tikologong le boitekanelo jwa ba bangwe; 
g. go supa le go tlhaloganya lefatshe jaaka ditsamaiso tse di amanang ka go amogela gore tharabololo ya mathata ga e tsamae e le nosi; 
h. go tshwaela ka botlalo mo tsweletsong e e tletseng ya moithuti mongwe le mongwe le tlhabololo ya loago le ikonomi ya sethaba ka bophara, ka go dira gore lenaneo lengwe le lengwe la go ithuta le dire gore motho a lemoge botlhokwa jwa: 
i. go supa le go batlisisia mekgwa e e farologaneng ya go thuta go le go ntsi ka botlalo; 
ii. go nna le seabe jaaka moagi yo a nang le maikarabelo mo botshelong jwa selegae, bosethaba le sethaba sa lefatshe ka bophara; 
iii. go babalela setso le mabaka a a farologaneng a loago; 
iv. go dirisa ditshono tsa thuto le tsa borutegi; le 
v. go tsweletsa ditshono tsa kgwebo. 
Ditlhokego tsa kwadiso ya borutegi 
8. (1) Borutegi bo tla - 
a. emela dipholo tse di rulagantsweng tsa motswako wa go ithuta tse di nang le mosola kgotsa mesola e e tlhalositsweng, e e lebisitsweng mo go tlameleng baithuti ba ba khwalifayang ka bokgoni jo ba ka bo dirisang le motheo wa go ithutela go ya pele; 
b. go tlaleletsa boleng ba moithuti yo a khwalifayang mo mabakeng a go humisa motho ka: tlamelo ya maemo, kamogelo, dikwalo le laesense; tiiso ya mmaraka le thapo, le go bula ditsela tsa thuto le katiso ya go ya pele; 
c. go tlamela sethaba ka dipoelo le ikonomi ka go tiisa boagi, go oketsa tlhagiso ya ikonomi le loago, go tlhagisa kitso e e rileng/ batho ba porofesene le go fetola le go baakanya ditshitelo tsa tekano; 
d. go diragatsa maikemisetso a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba a a tlhagelelang mo karolong 2 ya Molao; 
e. go nna le diphitlhelelo tse di ntsi tse di kgethegileng le tse di botlhokwa tse di tsweletsang ithuto ya botshelo jotlhe; 
f. fa go kgonegang teng, bo kgone go tshwantshanngwa le jwa bodithabathaba; 
g. akaretsa ditshekatsheko tse di tshwaraganeng ka tshwanelo go babalela gore maikemisetso a borutegi a a fitlhelelwa, mme tshekatsheko ya go nna jalo e tla dirisa metseletsele ya dipopego le tshekatsheko ya tshobokanyo jaaka ditiro, diketsiso, tshekatsheko ya lefelo la tiro, ditlhatlhobo tsa puo le tsa kwalo; 
h. go supa mo melaong e e laolang kabelo ya borutegi gore borutegi bo ka fitlhelelwa ka bogotlhe kgotsa karolo ya bona ka kamogelo ya ithuto ya pele, eo mabaka a yona a akaretsang mme a sa felele mo diphitlhelelong tsa go ithuta tse di fitlheletsweng semmuso, le ka ithuto e e seng ya semmuso le maitemogelo a tiro. 
(2) Paloyotlhe ya 120 (kgolo-somamabedi) kgotsa go feta ya dikeretiti e tla tlhokega ya go ikwadisetsa borutegi jwa maemo 1 go fitlha 8, ka palopotlana ya dikeretiti di le 72 (somasupa-pedi) tse di tla bonwang mo, kgotsa kwa godimo ga kemo eo borutegi bo kwadisiwang mo go yona, mme palo le maemo a dikeretiti a a bopang sesala (sa somamane-robedi) a tla supiwa: Fa e le gore borutegi jo bo bopilweng ke dikeretiti tse di kwa tlase ga 120 bo ka nne ba tsewa tsia fa bo diragatsa ditlhokego tsa molawana 8 (1) le go diragatsa maikemisetso a Letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba a a leng mo karolong 2 ya Molao.
(3) Bothati bo tla kwadisa borutegi go ya ka mohuta le kemo e e tla tlhomamisiwang mo motheong wa paloyotlhe ya maemo a dikeretiti a a tlhokegang go ya ka mabaka a a latelang:
a. Bothati bo tla kwadisa borutegi jaaka Setifikeiti sa Bosethaba mo maemong 1 go fitlha 8 bo bo nang le dikeretiti di le 120 (kgolo-somamabedi) kgotsa dikeretiti tse di fetang ka 72 (somasupa-pedi) kgotsa kwa godimo ga maemo a setifikeiti se kwadisiwang mo go ona: Fa e le gore Bothati bo akantse le go fitlhela gore borutegi jo bo nang le palo ya dipoelo tse di kwa tlase ga tse di tlhokegang bo diragatsa ditlhokego mo molawaneng 8 (1), tlhokego e e umakilweng e a tlogelwa mme borutegi bo kwadisiwa jaaka Setifikeiti sa Bosethaba. 
b. Bothati bo tla kwadisa borutegi jaaka Dipoloma ya Bosethaba fa bo na le palopotlana ya dikeretiti di le 240 (kgolo a mabedi somamane), mme diketeretiti tsa bona tse di ka nnang 72 (somasupa-pedi) di tshwanetse tsa nna mo kemong ya 5 kgotsa kwa godimo. 
c. Bothati bo tla kwadisa borutegi jaaka Gerata ya Ntlha ya Bosethaba fa bo na le palopotlana ya dikeretiti di le 360 (kgolo a mararo somamarataro) mme dikeretiti tsa bona di le 72 (somasupa-pedi) di tshwanetse tsa nna mo maemo a 6 kgotsa kwa godimo. 
(4) Bothati bo tla kwadisa borutegi botlhe (bo bo sa bopiwang mo bongweng jwa maemo) bo bo diragatsang ditlhokego potlana tse di umakilweng mo molawaneng 11 (1)(c) mo tlaleletsong ya ditlhokego tsa melwana 8 (1), 8 (2),8 (3) le molawana.
(5) E tla re mo nakong ya kwadiso Bothati bo tlhalose borutegi bongwe le bongwe ka mohuta, kemo, palo ya dikeretiti le setlhogo se se supang maikemisetso magolo a bona.
Ditlhokego tsa tlaleletso tsa kwadiso ya borutegi ya maemo 1 go fitlha 4 le maemo 5 go ya go 8
9. (1) Mo kwadisong mo maemong 1 go fitlha 4 ditlhokego tse di latelang tsa tlaleletso di tla dira: 
a. Palopotlana ya dikeretiti di le 72 (somasupa-pedi) e a tlhokega mo maemong kgotsa mo maemong a a kwa godimo, a setefikeiti se abiwang mo go ona, a a tla bopiwang ke ithuto ya motheo, mme bonnye ba dikeretiti tsa ona di le 20 (somamabedi) di tla tswa mo lekaleng la Dithuto tsa Tlhaeletsano le Puo, mme dikeretiti tsa tlaleletso di le 16 (somethataro) di tla tswa mo lekaleng potlana la Mathemetikisi go akaretswa dipalo mo lebakeng la setifikeiti mo kemong 1. 
b. Palopotlana ya dikeretiti di le 36 (somamararo-thataro) mo maemong 1 le 52 (somamatlhano-pedi) mo maemong 2 go fitlha 4 a a tla aroganngwang magareng ga makala a Moko le Tlhopho, ka borutegi bongwe le bongwe bo bo supang kabo ya dikeretiti tse di tlhokegang mo makaleng a: Fa e le gore metseletsele ya dikeretiti tsa tlaleletso e tla anama sentle go kgontsha baithuti go tsweletsa dingwe tsa dikgatlhegelo tsa bona tsa go ithuta. 
c. Go ya mo bokhutlong jwa 2002, bonnye dikeretiti di le 16 (somethataro) tsa di le 52 (somamatlhano-pedi) tsa disetifikeiti mo maemong 2 le 4 di tla tswa mo lekalengpotlana le le lebileng thuto ya Mathematikisi. 
(2) Mo tlaleletsong, mo kwadisong ya maemo 5 go fitlha 8 palo ya dikeretiti tse di tla tlhokegang mo Motheong, Moko le Tlhopho ya go ithuta di tla supiwa, mme palo ya dikeretiti e tla tshwanela borutegi jo bo batlelwang ikwadiso: Fa e le gore Bothati bo ka tlhoka mabaka a palo ya kabo ya dikeretiti tse di tshwanetseng tsa tlamela.
Tsamaiso ya kwadiso ya maemo le borutegi 
10. (1)Bongwe jwa maemo, maemo kgotsa borutegi jo bo diragatsang ditlhokego tsa kwadiso bo ka nne ba tlhagisiwa mo kwadisong mo Bothating ke mekgatlho e e bakang bongwe jwa maemo a go nna jalo, maemo kgotsa borutegi, ka Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba e e akanngwang mo molwaneng 12. 
(2) Bothati bo ka kwadisa bongwe jwa maemo mangwe le mangwe, maemo kgotsa borutegi jo bo diragatsang ditlhokego mo kwadisong mo pakeng ya dingwaga di le tharo, mme kwadiso e tla ntshwafatswa.
(3) Mo kgweding ya ntlha ya dingwaga di le tharo tsa kwadiso ya bongwe jwa maemo, maemo kgotsa borutegi, Bothati bo tla batla gore Mokgatlho mongwe le mongwe wa Maemo a Bosethaba o o akantsweng mo molawaneng 12 o sekaseke bongwe jwa maemo mangwe le mangwe a go nna jalo, maemo kgotsa borutegi jo bo tlhagisitsweng mo go bona go kwadisiwa le go tlhomamaisa tshiamelo ya bona ya go ntshwafatswa ga kwadiso: Fa e le gore tshekatsheko ya go nna jalo le tlhomamiso ya tshiamelo e tla patiwa ke mabaka a ntshwafatso ya go nna jalo le go supa ka mokgwa o mabaka a a tlhagelelang mo melawaneng a tla diragatswang ka ona.
(4) Bongwe jwa maemo, maemo kgotsa borutegi bo bo kwadisitsweng mo Letlhomesong la Borutegi jwa Bosethaba e tla nna thoto ya sethaba.
Kwadiso ya nakwana ya borutegi 
11. (1) Bothati bo ka nne ba, go simolola ka 1 Phukwi 1998 go fitlha Seetebosigo 2003, ba rebola kwadiso ya nakwana ya borutegi bongwe le bongwe bo bo leng teng jo bo neng bo amogelwa pele ke boemedi bo bo amogelwang ke Bothati: Fa e le gore - 
a. borutegi bongwe le bongwe bo tlhagisiwa mo Bothating mo sebopegong se se amogelwang ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA) pele ga 1 Phukwi 1998, go kwadisiwa; 
b. Borutegi jwa go nna jalo, jo bo kwadisitsweng jalo bo tlhagisiwa pele ga 1 Phukwi 1998 le 30 Seetebosigo 2000, mo sebopegong se se akanngwang mo molawaneng 11 (1) (c) mo Mokgatlhong wa Maemo a Bosethaba o le mongwe kgotsa go feta go sekasekwa; 
c. Borutegi jwa go nna jalo bo na le - 
i. pegelo ya maikaelelo a borutegi; 
ii. tshimololo ya ithuto e e setseng e diragala pele ga fa lenaneo le le isang kwa boruteging le simolola; 
iii. diphitlhelelo tsa kemo ya go tswa jaaka di akanngwa mo molawaneng 5 (1) (b) le (c) le mabaka a tshekatsheko a a tsamaisanang; 
iv. palogotlhe ya dikeretiti tse di tlhokegang; 
v. palopotlana ya dikeretiti tse di tlhokegang mo maemong a a rileng kgotsa bogolo jwa dikeretiti fa di feta bogolo jo bo tlhagisitsweng mo molawaneng 8 kgotsa 9; 
vi. tshekatsheko e e kopaneng e e gokagantsweng ka tshwanelo go babalela gore maikemisetso a borutegi a fitlhelelwa; 
vii. dikgonagalo tsa bokgoni ka borutegi jo bo maleba (jwa kakaretso kgotsa dithulaganyetso tse di dirilweng tsa bokgoni); 
viii. ditlhokego tsa kwadiso ya baatlhodisi; 
ix. mabaka a tekanyetso a a akaretsang katlanegiso ya mokgatlho wa tekanyetso kgotsa mekgatlho; le 
x. borutegi jwa go nna jalo bo bo diragatsang ditlhokego tse di akanngwang mo molawaneng 8 le 9; 
d. ga go dikwalo tse di tshwanetseng tsa tlhagisiwa mo kwadisong ya nakwana morago ga 30 Seetebosigo 2003, mme kwadiso ya borutegi go ya ka molawana o e tla fela mo letlheng leo. 

KGAOLO YA BO 3
MEKGATLHO YA MAEMO YA BOSETHABA 
Tlhomo 
12. (1) Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o tla bopa karolo ya botlhokwa ya Bothati, e e begelang Bothati ka go tlhomiwa ga Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o le mongwe mo lekaleng lengwe le lengwe go ya ka karolo 5 ya Molao, le Bothati jo bo kwadisitsweng.  
(2) Mo lekaleng le go sa tlhomiwang Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba mo go lona kgotsa go kwadisiwa, kgotsa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o sa tlhole o kwadisitswe kgotsa Bothati bo bona go le botlhokwa, Bothati bo tla dira ditiro le maikarabelo a ka tlwaelo a neng a tla fiwa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba wa go nna jalo. 
(3) Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o tla tlhomelwa lekala lengwe le lengwe le le akanngwang mo molawaneng wa 3(4).
Kwadiso ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba
13. (1) Mokgatlho mongwe le mongwe wa Maemo wa Bosethaba e tla re fa o sena o tlhongwa le go tlhoma ditokololo tsa ona, o rebolelwe setifikeiti sa kwadiso ke Bothati mme setifikeiti seo se tla dira mo pakeng ya dingwaga di le tharo go tswa mo letlheng la go tlhomiwa ga Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba wa go nna jalo.  
(2) Mokgatlho mongwe le mongwe wa Maemo wa Bosethaba e tla re mo kgweding ya ntlha ya ngwaga wa boraro wa kwadiso ya ona o dire kopo ya go kwadisiwa gape e e tlhalosang mabaka a gore ke eng ikwadiso ya go nna jalo e tshwanetse ya rebolwa le go supa dipholo tse di amogetsweng ke Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.
Go fedisiwa ga kwadiso ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba 
14. Kwadiso ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba e ka nne ya fedisiwa fa go ya ka Bothati, fa o retelelwa ke go dira ditro tsa ona ka tshwanelo. 
 Botokololo ba Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba 
15. (1) Mekgatlho, e e tla nnang mekgatlho ya batsayakarolo ya bosethaba e e nang le kgatlhego mo lekaleng, e e tla welang mo go e le nngwe kgotsa mo bontsing jwa dikarolo di le thataro tsa mekgatlho e e umakiwang mo molaong wa 16(2)(a), e tla lalediwa go supa ditokololo go dira mo Mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba. 
(2) Ditokololo tsa go nna jalo di tla tlhomiwa ke Bothati morago ga kgokagano le tirisano le mekgatlho e e amegang go lebilwe maatla a Palamente le a porofensi, tlhokego ya kemelo le tekano, paakanyo le boitseanape jo bo maleba go ya ka tiro ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba.
(3) Maina a batho ba ba supilweng go dira jaaka ditokololo tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba le ya mekgatlho ya bona ya bosethaba ya beng, a tla phasaladiwa mo Kaseteng ya Mmuso mme go laletswe ditsibogo go lebilwe kamogelo ya basupiwa le kemelo ya mekgatlho ya bosethaba ya beng e e nang le kgatlhegelo ya botlhokwa mo lekaleng.
(4) Mo kamogelong, Bothati bo tla rebolela mosupiwa mongwe le mongwe yo o atlegileng setifikeiti tsa semmuso sa go thapiwa ga gagwe.
(5) Bothati bo tla nna le tshiamelo ya go tlhoma ditokololo tsa tlaleletso mo mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba go babalela gore Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba e diragatsa ditlhokego tsa molawana 16(1).
Go supiwa ga ditokololo mo Mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba 
16. (1) Mekgatlho e e tshikinyang go supa batho mo Mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba e tshwanetse ya tsibogela tlhokego ya tekano le paakanyo, mme e tla supa batho ba ba - 
a. tla kgonang go tsaya tsia mabaka a tlhagiso, tolamo, dikgatlhegelo tsa sethaba le go tshwantshanya thuto le katiso le ya bodithabathaba; 
b. itumelelang tlotlo mo makaleng a a farologaneng a dikarolo tse go buiwang ka tsona, tse di akaretsang mme di sa ame fela ba ba itumelelang tlotlo, ba ba nang le kitso e e tlhokegang mo lekaleng le go itse dithulaganyo le maikemisetso a mekgatlho e e ba supang le go nna le tshegetso le kemonokeng ya mokgatlho; 
c. ba kgona go dira le go tsereganya ditlhokego le dikgatlhegelo tsa makala otlhe a lekala le le akareditsweng ke Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba; 
d. ba kgona go tsweletsa katlholo e e botlhokwa mo maemong a a kwa godimo; mme 
e. ba ineetse mo kgatong ya tlhaeletsano ya tselapedi magareng ga Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba le karolo. 
(2) Mekgatlho e e eletsang go emelwa mo Mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba e tla kaelwa mo tlhagisong ya yona ya kemelo ke tse di latelang:
a. Mokgatlho mongwe le mongwe wa Bosethaba o tla bopiwa ke makala a marataro a mekgatlho mme one ke: Mafapha a Mmuso, Kgwebo e e Rulaganeng, Bodiri jo bo rulaganeng, Batlhagisi ba Thuto le Katiso, Ditlhopha tse di nang le kgatlhegelo e e botlhokwa le mekgatlho ya Baagi le Baithuti.  
b. Lekala lengwe le lengwe la mekgatlho ka tlwaelo le tla nna le tshiamelo ya baemedi ba le barataro le palo kgolo ya baemedi ba ba dirang Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba ba le somamararo-thataro (36) kwa ntle ga gore Bothati bo tlhagise ka mokgwa o mongwe.  
c. Mo tlaleletsong ya dikaelo tse di umakilweng mo melawaneng 16(a) le (b) - 
i. baemedi ba mmuso ba tla akaretsa Mafapha a Thuto le Bodiri mme fa go tlhokegang teng, mafapha a mangwe a mmuso, baemedi ba diporofense le dikolo; 
ii. kgwebo e e rulaganeng le Bodiri di tla nna le baemedi ba le barataro nngwe le nngwe, ka baemedi ba le babedi, mme mongwe le mongwe o tla leba maikemisetso le tshekatsheko fa ba bangwe ba tla amega ka botlalo mo lekaleng la Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba; 
iii. batlamedi ba thuto le katiso e tshwanetse ya nna baemedi ba Mola wa kakaretso wa Thuto le Katiso, Mola wa Thuto ya go ya pele le Katiso le Mola wa Thutokgolwane le Katiso; 
iv. modulasetulo wa Bothati kgotsa tokololo e e supilweng ya Bothati e tla nna tokololo ya Mokgatlho mongwe le mongwe wa Maemo wa Bosethaba; 
v. motlhankedimotsamaisi wa Bothati a ka nne a tsenela dikopano tsa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba ka thulaganyo e e dirilweng pele le Modulasetulo wa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o o amegang; 
vi. ditokololo tse dingwe tsa Bothati di ka nne tsa tsenela dikopano tsa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba ka go rulaganya pele le modulasetulo wa mokgatlho wa Bosethaba o o maleba.. 
Ditlhopha tsa Tshupetso
17. (1) Setlhopha sa Tshupetso sa mekgatlho e e amilweng ke ditiro tsa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba se tla bakiwa go ya ka karolo 5 ya Molao. 
(2) Setlhopha sa tshupetso se tla -
a. bopiwa ke mekgatlho e e akanngwang mo molawaneng 17(1) e e dirileng kopo ya go kwalwa jalo; 
b. supetsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba, ditlhopha le borutegi jo bo amang kgotsa jo bo ka nneng jwa ama mekgatlho ya go nna jalo, le maemo le borutegi bo mekgatlho ya go nna jalo, e nang le tshwanelo ya go bo fitlhelela ka Setlhopha sa Tshupetso; 
c. fitlhelelwa ka poso ka tiriso ya aterese ya mekgatlho e e akanngwang mo molawaneng 17(1) e e dirileng kopo ya go kwalwa; 
d. nna le tshwanelo ya go dira ditlhagiso jaaka go supilwe ke maemo a botokololo jo bo tlhomilweng go ya ka molawana 17(3), mo Mekgatlhong ya Paka ya Maemo le Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba tebagano le ditlhopha le borutegi le tiragatso ya seno mo ditlhokegong tse di rileng: Fa e le gore ditlhagiso tsa go nna jalo di tla bo di dirilwe mo malatsing a le 30 a letlha la thomelo ya dikitsiso tse di kopang ditlhagiso; 
e. Go nna le tshiamelo ya go kopa go gogela morago kwadiso ya ditlhopha kwa ntle ga gore ditlhagiso tse di dirilweng di etswetlhoko le go arabiwa semmuso: Fa e le gore ga go setlhopha se se tla kwadisiwang kwa ntle ga gore go bo go ikgolagantswe ka poso le Setlhopha sa Tshupetso se se maleba; 
f. Ka tlwaelo ga se amogele tshegetso ya matlole go tswa mo Bathating. 
(3) Maemo a botokololo a Setlhopha sa Tshupetso e tla nna a a latelang:
a. Tokololo ya Setlhopha sa Tshupetso ka maemo a, e tla letlwa go fitlhelela ditlhopha le Borutegi jwa Mokgatlho mongwe le mongwe wa Maemo wa Bosethaba: Fa e le gore ditokololo tse di filweng phitlhelelo ka botlalo ga e ne e nna gape ditokololo tsa Mokgatlho mongwe wa Maemo wa Bosethaba mmogo le mekgatlho e e welang ka fa tlase ga ona.  
b. Tokololo ya Setlhopha sa Tshupetso e e nang le maemo a, e tla letliwa go nna le phitlhelelo fela mo mokgatlhong o e seng tokololo ya ona wa Maemo wa Bosethaba: Fa e le gore mo lebakeng le, mekgatlho e e nang le mekgatlho ya kgokagano kgotsa bagokaganyi ba e leng ditokololo tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba, mogokani yo o maleba a ka nne a: 
i. a tlogela botokololo jwa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o o maleba gore mokgatlho o tle o letliwe go fitlhelela maemo le Borutegi jwa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba, kgotsa 
ii. dira tlhagiso mo legatong la mokgatlho o o amegang, jaaka karolo ya go diragatsa ditiro tse di rebotsweng tsa Mokgatlho o o maleba wa Maemo wa Bosethaba. 
(4) Bothati bo tla tlhokomela rejisetara ya ditokololo tsa Setlhopha sa Tshupetso e e tla nnang le maina le diaterese tsa tokololo nngwe le nngwe.
Go fedisiwa ga go thapiwa ga ditokololo tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba le go tlatswa ga diphatlhatiro 
18. (1) Modulasetulo kgotsa tokololo nngwe fela ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o o umakilweng mo molawaneng 16 o tla tlogela phatlhatiro ya gagwe fa -  
a. thoto ya gagwe e jewa kgotsa a tsenela tumalelano le banei molato ba gagwe; 
b. fa a tshwarwa jaaka motho yo a sa itekanelang mo tlhaloganyong go ya ka molao mongwe; 
c. a se teng mo dikopanong tse tharo tse di latelanang tsa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba kwa ntle ga llifi go tswa mo Mokgatlhong wa Maemo wa Bosethaba; 
d. a leboga tiro ka go itsise bothati ka go kwala; 
e. a bonwa molato wa tlolo molao le go atlholelwa go nna kwa kgolegelong kwa ntle ga go fiwa faene mo nakong ya go nna ga gagwe mo ofising. 
(2) Diphatlhatiro tse di bakilweng ke go tlogela ga tokololo nngwe le nngwe ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba e tla tladiwa go ya ka melawana 15 le 16.
Ditiro tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba 
19. (1) Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o tla -  
a. supa le go atlenegisa mo Bothating melelwane e e farologaneng ya lekala le o le tlhometsweng, ka boleng jo bo okeditsweng ke lekala go akaretswa kgato, tlhagiso kgotsa tirelo, e e amanang le makala a mangwe; 
b. supa le go atlenegisa mo Bothating letlhomeso la makala potlana a a tshwanetseng a dirisiwa jaaka kaelo ya kamogelo kgotsa tlhomo ya Mekgatlho ya Palo ya Maemo; 
c. amogela kgotsa go tlhoma Mekgatlho ya Pako ya Maemo mo letlhomesong la makala potlana, kgotsa go gogela morago kgotsa go fedisa kamogelo ya go nna jalo ya setheo; 
d. go babalela gore tiro ya Mekgatlho ya Pako ya Maemo e diragatsa ditlhokego tsa kwadiso ya maemo le borutegi jaaka go tlhomamisa Bothati; 
e. go atlanegisa kwadiso ya maemo mo letlhomesong la Borutegi la Bosethaba mo Bothating; 
f. go atlanegisa kwadiso ya borutegi mo bothating; 
g. go kaonafatsa le go boeletsa borutegi; 
h. go golagana le Mekgatlho ya Thuto le Katiso le Netefaletso ya Boleng tebagano le dikgato tsa go atlanegisa maemo a mantshwa le borutegi, kgotsa go mametlelela maemo a a kwadisitsweng le borutegi; 
i. go tlhalosa ditlhokego le mekgwa ya tekanyetso e e tshwanetseng ya dirisiwa go kgabaganya maemo a a kwadisitsweng le borutegi; 
j. go thapa batsholamarapo, jaaka dikomiti le ditokololo tsa dikomiti jaaka go tlhokega go dira ditiro tse di rebotsweng ka kgokagano le Bothati; le 
k. go dira ditiro tse dingwe tse di ka rebolwang nako le nako ke Bothati. 
(2) Fa o dira ditiro tse di umakilweng mo molawaneng 19(1), Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o tla -
a. bofiwa ke ditshwetso tsa Bothati tse di amanang le tlhabololo le tiragatso ya letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba; 
b. golagana le baitseanape mo lekaleng le le tlhalositsweng tebagano le nepagalo le kamogelo ya dipholo tsa ditiro tsa go nna jalo le go sekaseka thata dipholo tsa go nna jalo; 
c. go phasalatsa dipholo tsa ditiro tsa go nna jalo mo Kaseteng ya Mmuso go tsibogelwa ke makoko a a nang le kgatlhego; 
d. Go babalela gore dipholo tsa ditiro tsa go nna jalo di sekasekwa thata ke Setlhopha sa Tshupetso se se akanngwang mo molawaneng 17, pele di newa Bothati. 

KGAOLO YA BO 4
MEKGATLHO YA PAKO YA MAEMO
Kamogelo le tlhomo ya Mekgatlho ya Pako ya Maemo 
20. (1) Mokgatlho mongwe le mongwe wa Maemo wa Bosethaba o ka amogela kgotsa go tlhoma Mekgatlho ya Pako ya Maemo mo lekaleng la ona jaaka go tlhokega go ya ka letlhomeso la makala potlana a a atlanegisiwang le go amogelwa ke Bothati. 
(2) Mo kamogelong kgotsa mo tlhomong ya Mekgatlho ya Pako ya Maemo, Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o o amegang o tla diragatsa pele mo popegong ya ona le mo ditirong, dikgato tse di akanngwang mo molawaneng o le mo molawaneng 20(3) kgotsa kgato e e tshwanang e e amogelwang ke Bothati, mme morago o dirise kgato e e tshwanang mo mekgatlhong e e tlhokegang e e eletsang go amogelesega kgotsa e e tseegang e le botlhokwa mo setheong: Fa e le gore e ka -
a. tlhomamisa maikemisetso a thanolo ya lekala le go rabola diteng tsa lona 
b. go supa melelwane ya makala a a farologaneng ka mosola o o okeditsweng ke lekala go akaretswa le dikgato, dikumo kgotsa ditiro tse di amanang le makala a mangwe; 
c. Go supa dikgaolo tsa go ithuta tsa setso le tse e seng tsa setso, makala a tiro, thekenoloji le tikologo, tse di golaganngwang le lekala; 
d. Go supa kgotsa go bonelapele kgolagano magareng ga lekala le ikonomi ya bosethaba mo dingwageng di le 3,5 le 10, go sa lebiwa fela gore lekala le tla gola, le tla ngotlega kgotsa le ka se tswelelepele, mme go lebilwe gore botlhokwa jwa lona mo ikonoming e tla nna eng le gore le ka nne la fetoga jang; 
e. Maiteko a netefatso ya katlholo e e ikemetseng ya gore lekala le feletse jaaka le tlhaloswa; 
f. Go supa makala potlana a a farologaneng ka go tlhatlhoba dikarolo tse di mosola tse di tsenyeleditsweng; 
g. Go supa thulano ya melao e e leng teng le e e tshikinngwang mo makaleng, makaleng potlana le mo maemong, le go rulaganya ka tshwanelo; le 
h. Go rulaganya leano la kgwebo la go tlhabolola Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba kgotsa Mokgatlho wa Pako ya Maemo e e akaretsang dipholo, kgokagano le mekgwa ya kgwebo, bajete le paka. 
(3) Fa a dira kopo ya kwadiso ya go nna Mokgatlho wa Pako ya Maemo mokopi o tla -
a. tlhalosa kgato ya kgokagano kgotsa therisano e e dirisitsweng mo go direng kopo le mo go babaleleng gore bakopi ba bangwe ba ba kgonegang mo lekaleng potlana ba amegile le go ema nokeng kopo kgotsa ba dumela go nna bakopi mmogo gore ba amogelwe; 
b. tlhagisa dikwalo tsa tshegetso tse di tshegetsang kopo le thanolo ya lekala potlana le le direlwang kopo; 
c. supa kamogelo ya tshwetso ya Bothati go nna ya bofelo le e e bofang, morago ga gore boikuelo bo reetswe semmuso ke Bothati. 
(4) Mokgatlho wa Pako ya Maemo mongwe le mongwe e tla re mo nakong ya go amogelwa kgotsa go tlhomiwa, o abelwe setifikeiti sa kwadiso ke Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba, mme setifikeiti seo se tla dira mo pakeng e e sa feteng dingwaga di le tharo go tloga mo letlheng la kamogelo kgotsa tlhomo mme se tla tlhalosa maemo le borutegi bo bo tla tlhagisiwang.
(5) Mokgatlho wa Pako ya Maemo o ka nne wa kopa katoloso ya paka e e reboletsweng setifikeiti sa ona sa kwadiso go tswa mo Mokgatlhong wa ona wa Maemo wa Bosethaba. Kopo ya go nna jalo ya katoloso e tla diriwa ka go kwala mo bonnyeng jwa malatsi a le 30 pele ga go fela ga setifikeiti sa kamogelo. 
(6) Mokgatlho wa Pako ya Maemo o ka kopa katoloso ya paka ya setefikeiti sa kwadiso ya ona go tswa mo mokgatlhong wa maemo wa Bosethaba. Kopo ya go nna jalo ya katoloso e tla diriwa ka go kwalwa mo bonnyeng jwa malatsi a le 30 pele ga go fela ga letlha la setefikeiti sa kamogelo.
Kgogelo morago ya kwadiso kgotsa phatlhalatso ya Mekgatlho ya Pako ya Maemo 
21. (1) Kwadiso ya Mokgatlho wa Pako ya Maemo e ka nne ya gogelwa morago fa e le gore go ya ka kakanyo ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba e e netefaditsweng ke Bothati, o reteletswe ke go dira tiro ya ona sentle. 
(2) Mokgatlho wa Pako ya Maemo o tla phatlhalala fa setifikeiti sa ona sa kwadiso se fela kgotsa fa o digetse tiro ya ona jaaka e tlhaloswa mo setifikeiting sa kwadiso.
Botokololo jwa Mekgatlho ya Pako ya Maemo
22. (1) Mekgatlho, e e tla nnang ditlhopha tsa kgatlhelegelo tsa batsayakarolo mo thutong le katiso mo lekaleng potlana, e tla lalediwa go supa ditokololo tse di tswang mo ditlhopheng tse di nang le kgatlhego le bomankge go dira mo Mekgatlhong ya Pako ya Maemo, e ditokololo tsa yona di tla tlhomiwang ke Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba o o emelang lekala, morago ga kgokagano le tirisano le mekgatlho e e maleba, go lebilwe maatla a Palamente le porofensi le tlhokego ya kemelo le tekano, paakanyo le boitseanape jo bo maleba, go ya ka tiro ya Mekgatlho ya Pako ya Maemo.  
(2) Maina a batho bao ba ba supilweng go dira jaaka ditokololo tsa Mekgatlho ya Pako ya Maemo le ditlhopha tse di nang le kgatlhego tsa banni le seabe mo thutong le katisong, a tla phasaladiwa mo Kaseteng ya Mmuso mme go tla laletswa ditshwaelo tebagano le kamogelo ya basupiwa le baemedi ba ditlhopha tse di nang le kgatlhego mo thutong le mo katisong.
(3) Mosupiwa mongwe le mongwe yo a atlegileng o tla abelwa mo kamogelong setifikeiti sa semmuso sa go thapiwa go tswa go Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba.
(4) Mekgatlho e e eletsang go emelwa mo Mekgatlhong e e Bakang Maemo e tla kaelwa mo ditlhagisong tsa yona tsa kemelo ke tse di latelang:
a. Mokgatlho mongwe le mongwe wa Pako ya Maemo o tla bopiwa ke batsayakarolo ba bagolo ba thuto le katiso mo lekaleng potlana, ba ba tserweng go tswa mo ditlhopheng tse di nang le kgatlhego le baitseanape ba ba supilweng go ya ka ditlhokego tsa Bothati; 
b. palo kgolo ya baemedi ba ba bopang Mokgatlho wa Pako ya Maemo e tla tlhaloswa ka kgokagano le Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba, mme ga e ne e feta somamabedi-tlhano (25) kwa ntle ga gore Bothati bo bone ka tsela e nngwe; 
c. modulasetulo kgotsa moemedi yo a supileng wa Bothati e tla nna tokololo ya Mokgatlho wa Pako ya Maemo. 
(5) Mokgatlho kgotsa setlhopha sa mekgatlho se se batlang gore se amogelwe jaaka Mokgatlho wa Pako ya Maemo o tla netefatsa mo kopong ya ona gore o na le ditlhopha tse di farologaneng tse di tla dirang jaaka Mokgatlho wa Pako ya Maemo o ditokololo tsa ona di tla supang maikaelelo a molawana 22 (4) le 23. Kopo ya go nna jalo ya kamogelo ya Mokgatlho wa Pako ya Maemo e tla sekasekiwa ke sethaba jaaka go akanngwa mo molawaneng 22 (2).
Go supiwa ga ditokololo mo Mekgatlhong ya Pako ya Maemo
23. (1) Mekgatlho e e tshikinyang go supa batho mo Mekgatlhong ya Pako ya Maemo e tshwanetse ya sekegela tlhokego ya tekatekano le paakanyo, mme e tla supa batho ba ba - 
a. kgonang go elatlhoko mabaka a tlhagiso, tolamo, kgatlhegelo ya sethaba le tshwantshanyo ya bodithabathaba tebagano le thuto le katiso mo lekaleng potlana; 
b. itumelelang boikanyego mo lekaleng potlana le le lebilweng, ba ba itumelelang tlotlo; ba ba nang le bokgoni jo bo tlhokegang le maitemogelo mo lekaleng potlana le tshegetso le kemonokeng ya mokgatlho o o ba supang; 
c. Kgonang go tsweletsa le go tsereganya ditlhokego tsa maemo otlhe mo teng ga lekala potlana le le ka fa tlase ga Mokgatlho wa Pako ya Maemo; 
d. kgonang go tsweletsa katlholo e e botlhokwa mo maemong a a kwa godimo; mme 
e. ba ineetse mo kgatong ya tlhaeletsano magareng ga Mokgatlho wa Pako ya Maemo,Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba le kgaolo. 
Ditiro tsa Mekgatlho ya Pako ya Maemo 
24. (1) Mokgatlho wa Pako ya Maemo o tla - 
a. tsweletsa maemo le borutegi go ya ka ditlhokego tsa Bothati mo makaleng potlana a a supilweng le maemo; 
b. go tokafatsa le go sekaseka maemo; 
c. atlanegisa maemo le borutegi mo Mekgatlhong ya Maemo ya Bosethaba; 
d. atlanegisa mabaka a kwadiso ya baatlhodisi le balekanyetsi kgotsa mekgatlho ya tekanyetso; le 
e. go dira ditiro tse dingwe tse di ka rebolwang nako le nako ke Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba. 
(2) Fa o dira ditiro tse di umakilweng mo molawaneng 24(1) Mokgatlho wa Pako ya Maemo o tla -
a. diragatsa ditshwetso tsa Bothati tse di amanang le tlhabololo le tiragatso ya letlhomeso la Borutegi jwa Bosethaba; 
b. golagana le baitseanape mo lekaleng le le tlhagisitsweng tebagano le nepagalo le kamogelo ya dipholo tsa ditiro tsa go nna jalo le go sekaseka dipholo tsa go nna jalo ka botlalo; 
c. phasalatsa dipholo tsa ditiro tsa go nna jalo mo Kaseteng ya Mmuso go tsibogelwa ke makoko a a nang le kgatlhego; 
d. d. go babalela gore dipholo tsa ditiro tsa go nna jalo di tlhatlhobiwa ke setlhopha sa tshupetso se se akanngwang mo molawaneng 17, pele di fetisetswa go Bothati. 

KGAOLO YA BO 5
MELAO YA TSAMAISO LE DITIRO TSA MATLOLE TSA MEKGATLHO YA MAEMO YA BOSETHABA LE MEKGATLHO YA PAKO YA MAEMO 
Melao ya tsamaiso
25. Ditiro tsa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba di tla laolwa ke Melao ya Tsamaiso mo Mametlelelong ya Melawana e.  
Tlamelo ka matlole ya ditiro tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba le Mekgatlho ya Pako ya Maemo
26. (1) Mokgatlho mongwe le mongwe wa Maemo wa Bosethaba, e tla re fa o sena o tlhongwa, le ngwaga le ngwaga morago ga moo gore o tsamaisane le tikologo ya togamaano ya matlole ya Bothati, o tlhagise leano la kgwebo le le supang maikemisetso a a tshwanetseng a fitlhelelwa mo pakeng e e sekasekiwang e ka tlwaelo e tla nnang dingwaga di le tharo, le le tla akaretsang bajete ya matlole. 
(2) Bajete ya matlole e tla bopiwa mo mokgweng o go dumalanweng ka ona le Bothati mme e tla fiwa Bothati go fetisiwa. 
(3) Ditokololo tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba di amogela tuelo ya ditiro tsa tsona tse di amanang le ditiro tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba go ya ka melawana e e amanang le Tirelo ya Sethaba jaaka e mametleletswe ke Bothati, mme ka tlwaelo tuelo eo e tla bopiwa ke tuelo ya tetlo ya go tsenela dikopano, tuelo ya thuso le tuelo ya tetlo ya thwalo le ditshenyegelo tse di amanang le se.
(4) Ditokololo tsa dikomiti tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba tse e seng ditokololo Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba tse di thapilweng ke Bothati, di ka nne tsa amogela tuelo jaaka ditokololo tsa Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba ya ditiro tse di amanang le Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba: Fa e le gore botokololo jwa dikomiti tsa go nna jalo bo amogetswe pele ke Bothati.
(5) Bothati bo tla tlamela ka matlole ditiro tse go dumalanweng ka tsona tsa Mekgatlho e e rileng ya Pako ya Maemo fa ditlhokego tsa go nna jalo di le teng, go ikaegilwe ka go nna teng ga matlole le mokgwa wa go tlamela ka matlole ditlhabololo ka tirisano le Mokgatlho wa Pako ya Maemo o o maleba.

KGAOLO YA BO 6
SETLHOGO KHUTSWE
Setlhogo khutswe
27.  Melawana e, e tla bidiwa Melawana ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba, 1998. 

MAMETLELELO
MELAO YA TSAMAISO YA MEKGATLHO YA MAEMO YA BOSETHABA 
DITHANOLO
1. Mo melaong e, kwa ntle ga gore bokao bo supe ka mokgwa o mongwe e kaya - 
"Modulasetulo" go kaiwa Modulasetulo wa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba;
"Komiti" go kaiwa komiti ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba;
"Komititsamaiso" go kaiwa komiti e e tlhomilweng go dira ditiro tse di rileng tse e di filweng mo boemong jwa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba;
"Tokololo" go kaiwa tokololo ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba;
"NSB" go kaiwa Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba;
"Tshwetso" go kaiwa tshwetso ya Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba;
"Mokwaledi" go kaiwa tokololo e e tlhometsweng tiro e ke Mokgatlho wa Maemo wa Bosethaba.
DITOKOLOLO TSA MOKGATLHO WA MAEMO WA BOSETHABA (NSB)
2. Go ya ka ditlamelo tsa Molao, NSB, e bopilwe ke Modulasetulo, Motlatsamodulasetulo, Mokwaledi le ditokololo tse dingwe tse di thapilweng ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa go ya ka Melawana ya Mekgatlho ya Maemo ya Bosethaba (Melawana), go ya ka ditlhokego tsa gore Modulasetulo a tlhophiwe pele ke ditokololo tsa NSB gareng ga tsona kgotsa mo metsweding e mengwe. 
BATSHWARAMARAPO
3. Modulasetulo wa NSB kgotsa wa komiti o tla etelelapele dikopano tsa NSB kgotsa komiti. Fa Modulasetulo a se teng mo kopanong nngwe le nngwe Motlatsamodulasetulo o tla tshwara marapo. Fa ba se teng ka bobedi, ditokololo tse di leng teng di ka nne tsa tlhopha modulasetulo gareng ga tsona go tsamaisa kopano. 
DIKOPANO TSA NSB
4. NSB e tla kopana mo lefelong le le rileng mo nakong e e rileng go ya ka tshwetso ya nako le nako.
  
5. Dikopano tse di kgethegileng di ka nne tsa tshwarwa go ya ka Modulasetulo kgotsa ka kopo ya ditokololo tse di seng ka fa tlase ga nngwe tharong mme mo lebakeng leo kopano e tla tshwarwa mo nakong le mo lefelong le le tla tlhomamisiwang ke mokwaledi ka bonako jo bo kgonegang morago ga kamogelo ya kopo ya go nna jalo.
  
6. Morago ga gore Modulasetulo a golagane le Komititsamaiso, o tla nna le tshiamelo ya go busetsa morago kopano nngwe le nngwe ya NSB fa morero o o mo lenanengtema o lebega o sa tlhoke kopano ya go nna jalo, ka tshiamelo ya gore ditokololo di tla itsisiwe ka pusetso morago ya go nna jalo mo bonnyeng jwa beke pele ga letlha le NSB e tshwanetseng ya kopana ka lona, ka tshiamelo ya go ya pele ya gore dikopano di ka se phimolwe kgotsa go busetswa morago kantlha ya ditiragalo tse di tlhaloganyesegang kgotsa mabaka a a kwa ntle ga taolo ya NSB kwa ntle ga gore pedi tharong ya ditokololo e bo e dumalelana le se.
  
7. Mongwe le mongwe o go nna teng ga gagwe go tlhokegang mo maikemisetsong a kopano a ka nne a laletswa ke NSB go tsenela kopano ya NSB.
  
8. Dikwalo tsotlhe tse di romelwang ditokololo di tla tshwaiwa ka mokgwa o o tshwanetseng maemo le sebopego sa diteng, ka kitso ya gore go botlhokwa mo ditokololong go babalela gore dikwalo tsa go nna jalo di dirisiwa go ya ka letshwao leo. 
KITSISO YA DIKOPANO
9. Kitsiso ya kopano nngwe le nngwe ya NSB e e tla akaretsang lenaneotema la merero e e tla sekasekiwang, le tla romelwa ke Mokwaledi kwa tokololong nngwe le nngwe le batho ba bangwe ba go tla tlhokegang gore ba e tsenele mo bonnyeng jwa malatsi a le 14 pele ga letlha le le rulagantsweng la kopano kwa diatereseng tse di kwadisitsweng mo go ene. Fa e le gore ke mo mabakeng a dikopano tse di kgethegileng Modulasetulo a ka dira kitsiso e khutshwane e e kwadilweng e e seng ka fa tlase ga malatsi a le mararo a tiro.
  
10. Go sa amogeleng kitsiso nngwe le nngwe e e rometsweng ka nako kwa atereseng e e kwadisitsweng ya tokololo nngwe le nngwe ga go ne go ama kgotsa go kgoreletsa tsamaiso ya kopano nngwe le nngwe. 
REJISETARA YA GO NNA TENG
11. Tokololo nngwe le nngwe e e leng teng mo kopanong ya NSB e tla saena rejisetara ya go nna teng e e tla rebolelwang lebaka leo. 
KHORAMO
12. Halofo ya ditokololo, go sa akaretswe Modulasetulo, e tla bopa khoramo mo dikopanong tsotlhe tse di tlwaelesegileng tsa NSB. Mo dikopanong tse di kgethegileng nngwe tharong ya ditokololo tsa NSB, go sa akaretswe Modulasetulo, di tla bopa khoramo.
  
13. Fa palo ya ditokololo tse di leng teng mo nakong le mo lefelong le le rulaganyeditsweng kopano di sa lekane go bopa khoramo, kopano e tla tswelelapele ka tshiamelo ya gore ditshwetso dingwe le dingwe tse di tla tsewang di tla tsewa e le ditshwetso tlhomo mme di tla romelwa go NSB go tshotlhiwa go ya pele le go bona ditshwaelo pele ga fa di amogelwa. 
DIPEGELO TSA BOBEGAKGANG
14. Fa go bonalang go le botlhokwa go golola dipegelo tsa bobegakgang tse di amanang le mabaka a a amang ditiro tse di maleba tsa dikopano tsa NSB, dipego tseo di tla diriwa ke modulasetulo wa NSB ka tumalelano ya Modulasetulo wa Bothati. 
METSOTSO
15. Metsotso ya kopano nngwe le nngwe e tla diriwa le go tlhagisiwa go netefadiwa mo kopanong e e latelang. Mokwaledi o tla romela metsotso kwa ditokololong mmogo le kitsiso ya tshwaro ya kopano e e latelang.
  
16. Metsotso e ka se tlhagise ka botlalo tsamaiso ya kopano, mme e tla nna tshobokanyo ya pegelo ya tsamaiso, ditshwetso le dikgato tse di tlhokegang, ka tshiamelo ya gore tokololo nngwe le nngwe e tla nna le tshwanelo ya go kopa gore kemo ya yona e tlhagelele mo metsotsong. 
DINGANGISANO TSA NSB LE GO BOUTA
17. Mo tsamaisong ya kopano nngwe le nngwe ya NSB ditaolo tse di tlwaelesegileng tsa ngangisano di tla dira.
  
18. Go tsewa ga ditshwetso go tla diriwa ka tumalelano ka tshiamelo ya gore fa go sa fitlhelelwe tumalelano go ka nne ga tsewa boutu. Fa boutu e tlhokega e tla nna ka go supa ka diatla kwa ntle ga gore tokololo nngwe e kope balote, mme fa go le jalo go tla tshwarwa balote ya sephiri.
  
19. Modulasetulo, fa a tshweremarapo ga a ne a nna le boutu ya go tlhopha mme o tla nna le boutu ya makgaolakgang.
  
20. Fa Modulasetulo a se teng Motlatsamodulasetulo yo a tshwareletseng (e ka nna Motlatsamodulasetulo kgotsa o mongwe) ga a ne a nna le boutu ya makgolakgang mme o tla nna le ya go tlhopha.
  
21. Go botlhokwa mo tokololong ya SNB go supa dikgatlhegelo dingwe le dingwe tsa tshelete mo morerong o SNB e ngangisanang ka ona, le go kopa go tswa mo ngangisanong: Fa e le gore tokololo ya go nna jalo e tla intsha ka bo yona fa tshwetso ya morero o e diriwa ke NSB.
  
22. Kwa ntle ga gore go bo go tlhagelela ka mokgwa mongwe mo ditaolong tse, tshwetso ya bontsi ba ditokololo tse di leng teng mo kopanong ya SNB e tla nna tshwetso ya NSB. Maikutlo a bonnye a ka nne a kwadiwa fa ditokololo tsa go nna jalo di kopa.
  
23. Ntle le go tlola ditshiamelo tsa ditaolo tse, fa morero mongwe o tlhagelela magareng ga kopano e e tlwaelesegileng e e tlhokang tshwetso ya NSB, mme go ya ka maikutlo a Modulasetulo o sa tshwanela go diegisiwa go fitlha mo kopanong e e latelang ya tlwaelo ya NSB, Modulasetulo a ka laela Mokwaledi go romela kitsiso ka poso e e kwadisitsweng kgotsa ka thwalo go tokololo nngwe le nngwe, e e tlhagisang morero o o tlhokegang o o batlang boutu ya poso e go tla diriwang tshwetso ka yona. Kitsiso e tla tlhagisa paka e boutu ya poso e tshwanetseng ya diriwa ka yona, e e ka se nneng kwa tlase ga malatsi a le 10 (lesome) go tloga mo letlheng la thomelo. Tshwetso ya bontsi jwa NSB e tla tsewa e le tshwetso ya NSB. Dipholo tsa nngwe le nngwe ya balote ya go nna jalo di tla begiwa mo kopanong e e latelang ya NSB. 
TLHOMO YA DIKOMITI
24. NSB e ka tlhoma dikomiti, go akaretswa Komititsamaiso go ya ka Melawana ya NSB. 
KOMITITSAMAISO
25. Komititsamaiso e e tlhomilweng go ya ka Melawana e tla bopiwa fela ke ditokololo tsa NSB tse di tlhomilweng ke yona. E tla bopiwa ke Modulasetulo le ditokololo tse dingwe tse di tlhomamisitsweng le go supiwa ke NSB. Fa e le gore: 
25.1 Komititsamaiso ya go nna jalo, go ya ka dikaelo tsa NSB, e dira merero ya NSB mo dikopanong, mme ditshwetso tsotlhe tse di amanang le merero ya motheo e tla nna ntlha kgolo ya NSB;
25.2 Modulasetulo, kgotsa fa Modulasetulo a se teng. Motlatsamodulasetulo kgotsa fa Motlatsa Modulasetulo a se teng, Modulasetulo yo a tshwareletseng yo a tlhophilweng ke ditokololo o tla etelelapele dikopano tsa komititsamaiso;
25.3 Modulasetulo o tla bega tiro ya Komititsamaiso mo kopanong nngwe le nngwe e e tlwaelesegileng ya NSB, mme
25.4 Khoramo ya Komititsamaiso e tla bopiwa ke Modulasetulo mmogo le halofo ya ditokololo tsa komiti eo.
DIKOMITI TSE DINGWE
26. Komiti e tla bopiwa ke palo ya go nna jalo ya ditokololo tsa NSB kgotsa batho kwa ntle ga ditokololo tsa NSB kgotsa ditokololo tsa NSB mmogo le batho ba bangwe, jaaka go ka tlhomamisa NSB, ba ba tlhomilweng mo pakeng e e rileng ya nako jaaka go tlhomamisitse NSB. 
26.1 NSB e tla laela tokololo nngwe le nngwe ya komiti ya go nna jalo go nna Modulasetulo wa Komiti.
26.2 Ka tetla ya NSB, komiti e ka nne ya tlhoma ditlhopha tse dintsi tsa tiro go dira ditiro tsa komiti ka fa tlase ga kaelo ya komiti, jaaka go ka tlhomamisa NSB kgotsa go batlisisa merero ya go nna jalo e e welang mo maatleng le mo ditirong tsa komiti.
26.3 Komiti nngwe le nngwe, go na le Komititsamaiso ka tumelelo ya Komititsamaiso, e ka tsaya motho a le mongwe kgotsa go feta go nna ditokololo tsa komiti mo pakeng e e rileng kgotsa mo lebakeng le le rileng.
26.4 Go ya ka mabaka a e bonang a tshwanetse, a e ka nnang a kakaretso kgotsa a a amanang le morero o o rileng, NSB e ka nne ya naya komiti nngwe le nngwe maatla a e filweng kgotsa tiro e e neilweng go ya ka mabaka a Melawana.
26.5 NSB mo nakong nngwe le nngwe e ka katoloso kgotsa go ntlafatsa mabaka mangwe le mangwe a kaelo mo komiting, mme tshikinyo nngwe le nngwe ya go nna jalo e tla isiwa pele go komiti eo go sekasekiwa le go tshwaela.
26.6 Tokololo ya komiti e e sa dirang maithatetso a pele ga nako mme e retelelwa ke go tsenela dikopano tse tharo tse di latelanang tsa komiti ya go nna jalo e tla latlhegelwa ke botokololo jwa yona.
26.7 Tokololo ya komiti e ka nne ya leboga tiro go tswa mo komiting ya go nna jalo ka kitsiso ya lekwalo.
26.8 Fa go tlhagelela phatlhatiro mo komiting, Modulasetlo wa komiti ya go nna jalo o tla itsise NSB ka lekwalo mo kopanong ya ntlha ya NSB, e e tla tsayang matsapa a go tlatsa phatlhatiro eo.
PEGO YA DIKOMITI
27. Modulasetulo wa komiti nngwe le nngwe o tla tlhagisa pego ya ditiro tsa komiti mo kopanong nngwe le nngwe ya tlwaelo ya NSB. 
DIKOPANO TSA DIKOMITI
28. Ditshiamelo tsa ditemana 7 go fitlha 20 di tla dira mo komiting nngwe le nngwe ya NSB, tse di buisitsweng le diphetogo tse di tlhokwang ke bokao: Fa e le gore maikaelelo a temana e, a kaya "NSB", "Modulasetulo" kgotsa "Mokwaledi" o tla tsewa jaaka kaelo ya Komiti", mme ba tla bidiwa "Modulasetulo wa Komiti" kgotsa " Mokwaledi wa Komiti", ka go farologana. 
DITOKOLOLO TSA TLALELETSO
29. Ditokololo tsa tlaleletso tse di thapilweng ke komiti go ya ka Melawana di tla nna le dithata tsotlhe tsa botokololo mo kopanong nngwe le nngwe, go akaretswa le tshwanelo ya go bouta. 
 SEABE SA MOKWALEDI
30. Tiro ya bokwaledi e e amang ditiro tsa NSB e tla diriwa ke mokwaledi go ya ka dikaelo tsa Modulasetulo wa NSB.
31. Seabe sa mokwaledi ke go thusa NSB ka: 
31.1 go dira ditiro tsa bokwaledi
31.2 go gakolola mo mererong ya tsamaiso
31.3 go dira tiro e e tshwanetseng ya tsamaiso
31.4 go thusa mo go tsamaiseng diporojeke
31.5 go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokwang nako le nako ke NSB.
MAMETLELELO YA MELAO
32. Melao e, e ka nne ya tlaleletswa kgotsa ya mametlelelwa mo kopanong nngwe le nngwe ya NSB ka tumalelano ya Bothati, ka bontsi jwa ditokololo tse di leng teng: Fa e le gore dimametlelelo tsa go nna jalo di dira ntlha e e rileng ya lenanetema, tse lekwalo la tsona, le filweng ditokololo le lenanetema, fa e le gore ditokololo tse di seng kwa tlase ga halofo di teng mo kopanong. 
THADISO YA DITSHWETSO TSA NSB
33. Tshwetso nngwe le nngwe e e tserweng mo kopanong ya NSB e tla abelwa palo e e kgethegileg ya tshwetso ya NSB, mme e bonwa e le tshwetso ya NSB. Tokololo e e eletsang gore tshwetso e boeletswe e tshwanetse ya tlhagisa kitsiso e e kwadilweng ya tlhokego ya go nna jalo bonnye jwa malatsi a le 14 pele ga kopano ya NSB. Fa NSB e ka mametlelela tshwetso, mametlelelo ya go nna jalo e tla kwadiwa mo metsotsong ya kopano, mme ga diriwa mametlelelo. 



Tswana
PONELOPELE
Go tsaya ditshwetso go kaegilwe ka tshedimosetso-lefatshe, thulaganyo, le tlamelo
ya ditirelo, go tokafatsa boleng jwa matshelo a MaAforika Borwa otlhe.
TSEKEDI:
Tiiso ya ditshwetso tsa Aforika Borwa ka tshedimosetso-lefatshe.
MAIKEMISETSO:
Maikemisetso a rona ke go tlamela ditlhakore tse di kitlaneng tebang le
Mafaratlhatlha a Data ya Lefaufau, tse di nang le:
Tshedimosetso e e maleba, e e ikanyegang ya lefaufau go rulaganya, go tlamela
ditirelo le go neelana ka didiriswa ka moo go ka kgonagalang;
Kabelano, tiriso le tirisogape ya tshedimosetso ya lefaufau e e leng teng, didiriswa le
thulaganyo ya thuto kwa ntle ga poeletso ya matsapa e e sa tlhokegeng;
KA ....
??thotloetso ya go tsaya tshedimosetso ya lefaufau jaaka letlotlo le le tshwanetseng
go laolwa sentle;
??go kwala le go phasalatsa data ya lefaufau
??tlhomamiso ya go tsholetsa go ka abelana tshedimosetso ya lefaufau le tiriso ya
ka mo gare ya dithulaganyo tsa tshedimosetso tse di nang le sediriswa sa
lefaufau
??tlhabololo le tlamelo ya dithulaganyo tse di dirisegang bonolo tse di tla
bebofatsang, go lemoga le go ntsha didatasete tsa lefaufau ....
??tsenyotirisong ya letlhomeso la pholisi e e netefatsang go nna teng ga
tshedimosetso e e nepagetseng, e e tlhokometsweng sentle, e e tlhokegang gore
go nne le tsamaiso e e siameng le e e mosola
??tlhagiso ya dithulaganyo tsa setheo e e tlhalosang sentle maikarabelo a a
tlhokegang go tshola le go phasalatsa tshedimosetso ya botlhokwa.

1
SAHRC ke eng?
Khomiene ya Ditswanelo tsa Botho (SAHRC) e na le Khomiene le Botsamaisi.
Khomiene
Monnasetilo ke Moruti Dr Barney Pityana, mme Motlatsa-Monnasetilo ke Mme
Shirley Mabusela. Khomiene e na le bakomienara ba ka nna somenngwe, go
akarediwa monnasetilo le motlatsa-monnasetilo.
Botsamaisi
Botsamaisi bo etelwa pele ke Motlhankedi Khuduthamaga. E na le mafapha a le
mane:
???Thuto, Katiso le Tshedimosetso
???Ditirelo tsa Molao
???Dipatlisiso le Dikwalo
???Madi le Tsamaiso
SAHRC e na le dikomiti tse di akaretsang bakomienara, badiri le maloko a a
tswang kwa ntle, mme di dira mo makaleng a a latelang:
???Moano le Dithulaganyo;
???Puso le Dikgolagano le Palamente;
???Merero ya Molao le Molaotheo;
???Dikgolagano le Mekgatlho e e seng ya Puso (NGOs) le Mekgatlo ya Puso;
???Dikgolagano tsa Bosethaba;
???Bogole; le
???Bana
Mo godimo ga moo, mokomienara mongwe le mongwe o rwala maikarabelo a a
kgethegileng a profense e le nngwe kgotsa go feta. Ba etela diprofense go bopa
botsalano le mekgatlo e e koo, go sekaseka maemo le go tsibogela
dingongorego.
SAHRC e dira eng?
SAHRC e tlhomilwe ke Molaotheo go:
???aga setso sa ditshwanelo tsa botho;
???ruta Ma-Afrika Borwa ka ga ditshwanelo tsa botho;
???tlhotlhomisa kgatako ya ditshwanelo tsa botho le go batla mekgwa e seno
se ka bangkanngwang ka teng (go akaretsa go isa dikgetse kwa
kgotlatshekelo, mo go tlhokegang);
???dira ditlhotlhomiso tsa kgatako ya ditshwanelo tsa botho mo Afrika Borwa
le kwa mathabeng;
2
???tlhatlhela puso ka ga ditshwanelo tsa botho le go bona ka moo puso e di
tsweletsang le go di sireletsa;
???baya leitlho melao e e fitisiwang kwa makaleng otlhe a puso (selegae,
profense le bosethaba) go netefatsa gore e tlhokometse ditshwanelo tsa
botho; le go
???baya leitlho se puso e se dirang go netefatsa gore batho ba fitlhelela
ditshwanelo tsa boagi (tikologo, matlo, ditirelo tsa pholo, dijo, metsi,
tshireletsego ya loago le thuto).
Go bega kgatako ya ditshwanelo tsa botho
Kgatako ya ditshwanelo tsa botho ke fa nngwe ya ditshwanelo tse di mo Molaong
wa Ditshwanelo e gatakiwa kgotsa e tlodiwa. Le gale SAHRC ga e sekaseke
dikgatako tsotlhe. Dingwe tsa dikgatako tseo di isiwa kwa mekgatlong mengwe e
e tlhomilweng go tepatepana le dikgatako tse di rileng. Yona e akaretsa:
Khomiene ya Tekano ya Bong (dikgetse tsa kgethololo e e ikaegileng ka
bong); Tel: 011-403 7182
Mosireletsi wa Set haba (dingongorego kgatlhanong le batlhankedi ba puso);
Tel: 012-322 2915/6
Khomiene ya Botsereganyi le Poelano (dikgetse tsa dikgolagano tsa badiri
tse di sa isegang); Tel: 011-377 6894
Mokgatlo o o ikemetseng wa Dingongorego (dingongorego kgatlhanong le
mapodisi) Tel: 012-428 5700
Fa kgetse ya gago e le nngwe ya tseno, gona o tshwanetse wa ikgolaganya le
nngwe ya mekgatlo eno ka tlhamalalo. O ka nne gape wa bona thuso go tswa go
nngwe ya Diboto tsa Thuso ya Molao, Legal Aid Boards (tse di tlhomilweng kwa
dikgotlatshekelong tsa Magistrata), kgotsa kwa Dikliniking tsa Thuso ya Molao,
Legal Aid Clinics (tse di bonwang kwa bontsing jwa diunibesiti). Go na gape le
Mekgatlo e e seng ya Puso (jaaka Lawyers for Human Rights,Legal Resource
Center le Black Sash) e e ka go tswelang thuso.
O ka tlalea jang dikgatako tsa ditswanelo tsa botho kwa go SAHRC
Fa kgetse ya gago e le kgatako ya nngwe ya ditshwanelo tse di mo Molaong wa
Ditshwanelo, mme e se nngwe ya dikgetse tse di welang ka fa tlase ga mokgatlo
o mongwe, o ka e tlalea go SAHRC ka go:
3
Leletsa kantoro ya SAHRC. Mongwe wa badiredi o tlaa tsaya setatamente mo go
wena, a go romele foromo ya dingongorego kgotsa a beye letlha le ka lona o ka
tlang ka sebele kwa kantorong;
Kgotsa go
Romela fekese kgotsa lekwalo go Kantoro ya Ditirelo tsa Molao ya SAHRC, o
dirisa puo e o e ratang;
Kgotsa go
Kopa foromo ya dingongorego go tswa go SAHRC, o e tlatse mme o e romele
goSAHRC.
Diaterese tsa SAHRC
Johannesburg - Private Bag 2700, Houghton 2041
Tel: 011 - 484 8300 Fax: 011 - 484 1360
Eastern Cape - P O Box 1854, Port Elizabeth 6001
Tel: 041 - 582 4094/2611 Fax: 041 - 582 2204
KwaZulu Natal - P O Box 1456, Durban 4000
Tel/Fax: 031- 304 7323/4/5
Northern Province - P O Box 55796, Pietersburg 0700
Tel: 015 - 291 3500/3504 Fax: 015 - 291 3505
Western Cape - P O Box 3563, Cape Town 8001
Tel: 021 - 426 2277 Fax: 021 - 426 2875
Molao wa Ditshwanelo
Go ka aga setso sa ditshwanelo tsa botho, go botlhokwa gore moagi mongwe le
mongwe a itse le go tlhaloganya ditshwanelo tsa gagwe, go akarediwa le tse di
solofelwang mo go ena. SAHRC e sireletsa le gona go tsweletsa ditshwanelo tsa
botho tsa batho botlhe ba Afrika Borwa. Eno ke Molaotheo wa Ditshwanelo o o
nolofaditsweng. Go ka o bona ka botlalo, buisa Kgaolo ya 2 ya Molaotheo.
Tekano: O ka se kgethololwe. Le gale affirmative action le kgethololo e e
lolameng di a dumelelwa.
4
Seriti sa setho: Seriti sa gago se tshwanetse go tlotliwa le go sirelediwa.
Botshelo: O na le tshwanelo ya go tshela.
Kgololosego le polokesego ya motho: O ka se golegwe kwa ntle ga go
sekisiwa, wa utlisiwa botlhoko kgotsa wa otlhayiwa setlhogo. Tirisodikgoka ya fa
lapeng ga e ya letlelelwa.
Bokgoba, botlhanka le go dirisiwa ka kgapeletso: Bokgoba le botlhanka ga
di a letlelelwa.
Boiphitlo: O ka se phuruphutshiwe, mme le ntlo kgotsa dithoto tsa gago di ka
se phuruphutshiwe.
Kgololosego ya sedumedi, tumelo le maikutlo: O ka dumela kgotsa wa nna
le maikutlo a o a ratang, mme wa latela tumelo e o itlhopetseng yona.
Kgololosego ya puo: Batho botlhe (go akarediwa makwalodikgang) ba ka bua
se ba se ratang.
Kopano, ditshupetso, go phiketa le phethishene: Batho ba ka tshwara
ditshupetso, ba phiketa mme ba neelana ka phethishene. Le gale ba tshwanetse
go dira seno ka kagiso.
Kgololosego ya botsalano: O ka itsalanya le mongwe le mongwe yo o mo
ratang.
Ditshwanelo tsa sepolotiki: O ka tshegetsa lekoko la sepolotiki le o le ratang.
Fa o le moagi, mme o na le bonnye dingwaga di le 18, o ka tlhopha.
Boagi: O ka se tseelwe boagi jwa gago.
Kgololosego ya motsamao le bonno: O ka ya go nna golo gongwe le gongwe
mo Afrika Borwa.
Kgololosego ya thekiso, tiro le phorofeshene: O ka dira tiro nngwe le nngwe
e o itlhophelang yona.
Dikamano tsa badiri: O ka nne wa ikwadisa le mekgatlo ya badiri, mme wa
tsenela go ngala tiro.
Tikologo: O na le tshwanelo ya tikologo e e itekanetseng.
5
Dithoto: O ka tseelwa dithoto fa fela go latelwa melawana e e maleba.
Matlo: Puso e tshwanetse go netefatsa gore batho ba fitlhelela matlo.
Tlhokomelo ya boitekanelo, dijo, metsi le polokesego ya loago: Puso e
tshwanetse go netefatsa gore batho ba fitlhelela dijo le metsi, tlhokomelo ya
boitekanelo le polokesego ya loago.
Bana: Bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 18 ba na le ditshwanelo tse di
kgethegileng, jaaka tshwanelo ya go se sotliwe.
Thuto: O na le tshwanelo ya go bona thuto, go akarediwa le thuto ya bagodi, ka
leleme la gago (fa go kgonagala).
Leleme le setso: O ka dirisa leleme le o le batlang mme wa latela setso se o se
itlhophelang.
Boagisanyi jwa setso, sedumedi le leleme: Baagisanyi ba ka itumelela setso
sa bona; ba latela tumelo ya bona; mme ba dirisa leleme la bona.
Phitlhelelo ya tshedimosetso: O na le tshwanelo ya go bona tshedimosetso e
puso e nang nayo.
Kgato ya tsamaiso e e maleba: Dikgato tsa puso di tshwanetse tsa lolama.
Phitlhelelo ya dikgotlatshekelo: Bothata jwa gago jwa molao bo tshwanetse
ba rarabololwa ke kgotlatshekelo kgotsa setheo se se jalo.
Batshwarwa, bagolegwa le balatofadiwa: Tshwanelo eno e sireletsa batho ba
ba tshwerweng, ba ba kwa kgolegong le ba ba latofadiwang.
TLHOKOMELA: Ditshwanelo tsotlhe tseno di ka fokodiwa fa go isega go
dira jalo. O ka bona tshedimosetso ka botlalo mo Kgaolong ya 2 ya
Molaotheo.

LEKGOTLA LA DIPUO TSOHLE TSA AFRIKA BORWA
Lemorago la Hisitori 
Lekgotla La Dipuo Tsohle Tsa Afrika Borwa e tlhomilwe go ya ka Molao 59 wa Boto ya Aferika Borwa yotlhe ya 1995 o o mametleletsweng jaaka Molao wa Mametlelelo ya PANSLAB WA 1999. Boto e ne ya tlhomiwa go ya ka Molaotheo wa Repaboliki ya Aferika Borwa ( Molao 106 wa 1996 ) gore e tle e :- 

(a) Ugodise, le go tlhola maemo a tlhabololo le tiriso ya 
* dipuo tsa semmuso 
* dipuo tsa Khoe le San 
* puo ya matshwao 
(b) godise le go tlhomamisa tlotlo ya - 
* dipuo tsotlhe tse di dirisiwang ka tlwaelo ke baagi mo Aferika Borwa, go akarediwa Sejeremane, Segerika, Sekujarati, Sehindu, Sepotokisi, Setamile, Setelegu le Seurudu mmogo le; 
* Searabi, Seheberwa, Sesansekerete, le dipuo tse dingwe tse di dirisetswang mabaka a sedumedi mo Aferika Borwa. 
Ntlhakgolo ya Maitlhomo
Maikaelelo a Boto ke go godisa dipuodintsi mo Aferika Borwa ka go:
* tlhola maemo a tlhabololo ya le tiriso e e lekanang ya dipuo tsohle tsa semmuso; 
* tsweletsa tlotlo ya le go rotloetsa tiriso ya dipuo tse dingwe mo nageng; le 
* rotloetsa tiriso e e gaisang ya metswedi ya borutapuo; 
e le go kgontsha Ma-Aferika Borwa go ikgolola mo mekgweng yotlhe ya kgethololo ya maleme, phekeetso le kgaogano le go ba kgontsha go itirela boikgethelo jwa puo jo bo maleba jo boleng jwa yona ba siameng ga mmogo le tsa tlhabololo ya sethaba.
Pono ya Boto 
Go tlamela ka temogo, tiriso le tsweletso ya dipuodintsi mo Repaboloking ya Aferika Borwa ka tlhabololo ya dipuo tse pele di neng di kgapetswe fa thoko. 
Dipopego 
Gore re fitlhelele se, Boto e na le dipopego di le tharo: 
* Dikomiti tsa Puo ya Porofensi, 
* Mekgatlho ya puo ya Sethaba 
* le Diyuniti tsa dibukafoko tsa Sethaba. 
Seabe sa Dikomiti tsa Puo tsa Porofensi mo porofensing nngwe le nngwe ke go eletsa Boto mo dintlheng tse di amang puo mo porofensing efe kana efe. Ka fa ntlheng e nngwe , Mekgatlho ya Puo ya Sethaba,e e sa ntseng e tla tlhomiwa, e tla eletsa Boto mo puong nngwe le nngwe e e rileng, puo ya matshwao, kana tlhaeletsano ya katoloso le thefosano. Seabe sa Diyuniti tsa Dibukafoko tsa Sethaba ke go tshegetsa kokoanyo ya dibukafoko tsa dipuo tstlhe tsa semmuso jaaka karolo ya go godisa ditheo tsa tlhabololo ya puo. 
Dikarolo tsa Ntlhathakanelo ya PANSALB 
Go lekane go re Boto e nanabelela ditogamaano tsa yona tsa tlhabololo ya puo ka tiriso ya dikarolo ntlhathakanelo tse di latelang: 
* Thulaganyo ya Kemo ya Puo 
* Puo mo Thutong 
* Phetolelo le Thanololo 
* Dibukafoko, Mareo le maina a Mafelo 
* Tlhabololo ya Dikwalo le Dipuo tse pele di neng di beetswe thoko 
* Ditshwanelo tsa Puo le Botsereganyi 
* Patlisiso 
Maatla le Ditiro tsa Boto 
  
(Maatla le Ditiro tsa Boto ya Puo ya Aferika Borwa Yotlhe (jaaka go kailwe ka tlhomamo mo Molaong wa nomore ya 59, 1999 le Molao wa Mametlelelo ya PANSALB wa 1999 ) )

1.  Dipopego tsa PANSALB 

Boto e tla re ka mokgwa o o tlhalositsweng ke Boto ka kitsiso mo Kaseteng le mo Kaseteng ya Porofensi ya tlhoma: 

(a) komiti ya puo ya porofensi mo porofensing e nngwe le e nngwe go e gakolola ka ntlha nngwe le nngwe ya puo mo, kana e e amang porofensi nngwe le nngwe kana karolo nngwe le nngwe ya yona kwa dikomiti tse di jalo tsa porofensi di seng teng kana kwa komiti ya puo ya porofensi e e leng teng e nang le taolo fela go ya ka dipuo tsa semmuso tsa porofensi e e rileng: Go ya le gore fa e le gore komiti ya puo ya porofensi e teng mo porofensing e e rileng, mme komiti ya go rialo e, go ya ka tebo ya Boto e na le kemedi e e lekaneng ya dipuo tse di dirisiwang mo porofensing, komiti eo e tla tsewa go bo e tlhomilwe go ya ka karolwana e, go ya fela fa e santse e emetse. 

(b) mokgatlho wa puo wa sethaba go e gakolola mo puong nngwe le nngwe e e rileng, puo ya matshwao kana tlhaeletsano ya katoloso le thefosano, mo lebakeng le mokgatlho wa puo o o ntseng jalo o seng teng kana kwa mokgatlho wa puo o o leng teng o sa dire tiro ya ona : Go ya le gore fa e le gore mokgatlho oo o teng, go tla tsewa gore o tlhomilwe go ya ka karolwana e. 

(c) diyuniti [tsa sethaba tsa dibukafoko ] go dira jaaka dikhamphani tse di lekanyeditsweng ka fa tlase ga tshireletsego ya karolo 21 ya Molao wa Dikhamphani , wa 1973 ( Molao wa nomoro 61 wa 1973 ) mme di tla ntshetsa diyuniti matlole go diragatsa ditiro tsa tsona: Go ya le gore memorantamo le diathikele tsa tsalano ya diyuniti tse di jalo di tla tsenya ditheo tse di latelang: 
(i) Yuniti e ikarabelela mo Botong ka madi a e a abetsweng. 
(ii) Yuniti e tla ikobela dipholisi tsa Boto. 
(iii) Yuniti e tla itshwarelela mo ditheong tsa go godisa tlhabololo ya puo. 

2. PEOMOLAO YA PUO/ PHOLISI YA PUO/ TIRISO YA PUO 

Boto e tla: 

(a) dira dikatlenegiso malebana le peomolao nngwe le nngwe e e akantsweng kana e e leng teng, tiriso le go dirisana le pholisi ka tlhamalalo kana ka motsopodia ka dintlha tsa puo mo kgatong nngwe le nngwe ya mmuso, mabapi le dimametlelelo dife tse di akantsweng fao kana phediso le fa e le kemisetso ya peomolao e e jalo, tiriso le pholisi. 

(b) dira dikatlenegiso go dithwe tsa naga mo dikgatong tsotlhe tsa mmuso fao e sekasekang kgato e e jalo e eletsega mo tsholong ya kelo e e ikaeletsweng mo go godiseng dipuodintsi ka fa teng ga letlhomeso la Molaotheo. 

(c) go gakolola mo kgolaganong ya thulaganyo ya puo mo Aferika Borwa. 

3. DIPUODINTSI 

Boto e tla tsweletsa ka mafolofolo temogo ya dipuodintsi jaaka motswedi wa bosethaba. 


4.  TLHABOLOLO YA DIPUO TSE PELE DI NENG DI BEETSWE THOKO 

Boto e tla : 

(a) tsweletsa ka mafolofolo tlhabololo ya dipuo tse pele di neng di beetswe kwa thoko. 

5. PATLISISO 

Boto e tla: 
(a) simolola dithutiso le patlisiso tse di ikaeletseng go tsweletsa le go tlhola maemo a tlhabololo le tiriso ya: 
(i) dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aferika Borwa 
(ii) dipuo tsa Khoe le San; le 
(iii) Puo ya Matshwao ya Aferika Borwa 

(b) simolola dithutiso le patlisiso ka maikaelelo a : 

(i)  tlhabololo ya dipuo tsa pele tsa Aferika Borwa tse di neng di beetswe fa thoko; 

(ii)  go se nyenyefatse ditshwanelo tse di amanang le puo mmogo le kemo ya dipuo tse di teng jaaka go fitlha ka 27 Moranang 1994 
(iii) kgodiso ya dipuodintsi mo Aferika Borwa 
(iv)  kgodiso ya tiriso ya metswedi ya puo ya Aferika Borwa; le 
(v) thibelo ya tiriso ya puo efe kana efe ka mabaka a go ja ntsoma, go fekeetsa kana kgaoganyo. 

6. TSEREGANYO LE DITSHWANELO TSA PUO 

Boto e tla: 

(a)neelana ka thuso kwa ntle ga tuelo ka mabaka a go tlisa ngongorego mme fa go tlhokegang e tla thusa bangongoregi ka ditlhokego tsa go tlisa ngongorego 
(b)[e ka nna ka mafolofolo a yona mme]e tla re mo kamogelong ya ngongorego e e kwadilweng e batlisise ikgatholoso e e boletsweng ya tshwanelo ya puo efe kana efe,pholisi ya puo kana tiriso ya puo 

[TLHOKOMELA: Boto e ka, ka tshimololo ya yona, ya batlisisa/magatwe/dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa puo;mme e ka biletsa tshekong motho ofe kana ofe, mokgatlho kana sethwe sa naga go tlhagelela fa pele ga yona go neela bopaki le go tlhagisa direkoto kana ditokomane dingwe le dingwe tse di maleba] 

7.  KOPANO LE MEKGATLHO E MENGWE 

Boto e tla: 

(a) bebofatsa kopano le bathusi ba thulaganyo ya puo ka kwa ntle ga Aferika Borwa 
(b) go lwela go godisa kopano e e tshwaraganeng magareng ga yona le sethwe sefe kana sefe sa naga, motho,mokgatlho wa batho kana setheo se se tshwaraganeng le tlhabololo le kgodiso ya puo; 
(c) pele ga go dira kana go phasalatsa pegelo, diphitlhelelo, ntlha ya pono, keletso kana katlenegiso, go bona keletso ya- 
* (i) komiti ya puo ya porofensi e e amegang e e tlhomilweng ka fa tlase ga karolo ya 8(8)(a) 
* (ii) sethwe sengwe le sengwe sa naga go ya le ntlha e e utlwalang ka tlhamalalo kana motsopodia mo puong efe kana efe, pholisi ya puo kana tiriso ya puo e e latelwang, e e dirisiwang kana e akanngwa ke kana mo sethweng se se jalo sa naga 
* (iii) sethwe sengwe le sengwe sa naga go ya le ntlha e e utlwalang ka tlhamalalo kana motsopodia mo puong efe kana efe, pholisi ya puo kana tiriso ya puo e e latelwang, e e dirisiwang kana e akanngwa ke kana mo sethweng se se jalo sa naga 
* (iv) motho ofe kana ofe,setlhopha, mokgatlho wa puo kana setheo se se amegang mo kana se na le kgatlhego mo kgodisong ya dipuo tsa semmuso tsa Aferika Borwa ka go laletsa dikakanyo ka mokgwa wa kitsiso go seno mo Kaseteng le mo Kaseteng ya Porofensi 

[TLHOKOMELA: Komiti, setho sa naga kana mokgatlho wa puo o go buiwang ka ona fa godimo o tla gapelesega go neela keletso e e kopiwang ke Boto] 

8. DITIRO TSE DI LATELANG DI KA DIRWA KE BOTO KA FA E BONANG KA TENG: 

Boto e ka: 
(a) kopa sethwe sefe kana sefe sa naga go e fepa ka tshedimosetso ka phetiso ya peomolao kana kelo ya tsamaiso e e tshotsweng ke yona e e amanang le pholisi ya puo mmogo le tiriso ya puo 
(b) gakolola sethwe sefe kana sefe sa naga mo tiragatsong ya peomolao efe kana efe e e akantsweng kana e e leng teng, pholisi le tiriso e e dirang ka tlhamalalo kana ka motsopodia mo dintlheng tsa puo 
(c) tlhokomela ikobelo ya keletso efe kana efe e e fiwang go ya ka temana (b) 
(d) go ya ka phatlhalatso e e bulegileng e e lekalekanang ya ditirelo tsa nolofatso ya puo,ya ntsha dikaedi ka ga le go tlhokomela- 
(i) dikelotheo tse di kgonegang tse di bewang ke Boto mo ditirelong tse di jalo: le 

(ii) go neelwa ga ditirelo tseo 
(e) nna le sengwe go ditshiamelo le ditheo tsa Molaotheo o o amanang ka tlhamalalo kana motsopodia le merero ya puo ka kakaretso:

(i) tlhokomela ikobelo ya ditshiamelo tsa molaotheo mabapi le tiriso ya puo 
(ii) tlhokomela diteng le ikobelo ya peomolao efe kana efe e nthwa kana e e leng teng,go dira ka tiriso le pholisi ka tlhamalalo kana motsopodia ka merero ya puo mo kgatong efe kana efe ya mmuso 
(iii)thusa ka le go tlhokomela go bopiwa ga mananeo le dipholisi tse di ikaeletseng kwa go tsweletseng tiriso e e lekaneng ya le tlotlo ya dipuo tsa semmuso, fa o ntse o tsaya dikgato go netefatsa gore baagi ba ba dirisang dipuo tseo ba na le thono go dirisa dipuo tsa bona mo mabakeng a a maleba 
(iv) tlhoma, kokoanya le go tlamela databotlase go akarediwa, fela go sa lekanyediwe go databotlase jwa: 
(aa)  ditekanyo tsotlhe tsa peomolao(go akarediwa ditshiamelo mo Molaotheong) tse di dirang ka merero ya puo: le 
(bb) aa) pholisi nngwe le nngwe le tiriso ya setheo sefe kana sefe kana sethwe sa naga se se dirang ka tlhamalalo kana motsopodia le merero ya puo 
(f)  khomiena motho ofe kana ofe kana mokgatlho wa batho kana setheo go dira patlisiso le go baakanya diphasalatso mo boemong jwa yona mme e ka ka lebaka le ya dira gore metswedi e nne teng go motho yo o jalo kana mokgatlho kana batho le fa e le sona setheo f) bitsa motho ofe kana ofe go fa bopaki pele ga yona, kana go tlhagisa tokomane efe kana efe ya mmuso kana tshedimosetso efe kana efe e e ntseng jalo kana sedirisiwa se se ka tlhokegang mo tirong ya ditiro tsa Boto 
(g) gakolola mmuso go tlamela batho kana ditlhopha tse di amegileng maswe ka dikgatholoso tse di maswe tsa ditshwanelo tsa puo ka tshegetso ya dithelete le tse dingwe, 
(h) gakolola mmuso go tlamela batho kana ditlhopha tse di amegileng maswe ka dikgatholoso tse di maswe tsa ditshwanelo tsa puo ka tshegetso ya dithelete le tse dingwe, 
(i) e dire melawana le go ntsha dikitsiso 
(i)  Mo tsweletsong ya didirisiwa tsa yona le mo mabakeng a tiriso ya maatla le go dira ga ditiro tsa yona: 
(ii)  e phasalatse melawana e e jalo le dikitsiso mo Kaseteng le mo Kaseteng ya Porofensi 
(j)  rerisana le go dira mmogo le motho ofe kana ofe kana mokgatlho wa batho o o nang le kitso e e kgethegileng le maitemogelo mo mathateng a puo mo Aferika Borwa, kana yo ka tsela nngwe a amega mo tlhabololong le kgodiso ya puo.   
Contact Details
Telephone: +27-12-341 9638 or 341 9651
Fax: +27-12-341 5938 
Enquiries: Mr. Nkosana Sibuyi
Postal address: Private Bag X08, Arcadia, 0007

Physical address: MBA Building 3rd Floor,  527 Church Street, Pretoria
E-mail: communication@pansalb.org.za
www.pansalb.org.za

KGAOLO M
MOKGWA WA MAITSHWARO WA BODIREDIPUSO
M1. THANOLO
Mo karolong e sekao se go bolelwang ka ga sona se se tlhamameng re raya :molao molao o kaya Tirelo ya Sethaba ya 1994 le molawana o o ntshitsweng wa moreo.
M2. IKEMISETSO
M2.1 Tsela ya go gatelela tiriso ya Molaotheo o o tsamaisanang le Tirelo Puso, badiri botlhe ba solofelwa go latela le go dirisa molao o o tsepameng o o tlhagelelang mo karolong e.
M2.2 Molao o o tshwanetse go dirafadiwa jaaka mosupatsela go badiri go ba lemosa se se tlhokafalang go tswa go mongwe le mongwe wa bona go akaretsa le megopolo ya setso, boitshwaro le kgolagano ya gagwe go babangwe. Nnalallano le boitsholo di godisa bonontlhotlho le boikanyo mo Tirelong Puso.
M3. MATSENO
M3.1 Botlhokwa ja go nna teng go naya tsamaiso go badiri go ba lemosa kgolagano le peomolao, polotiki le khuduthamaga, badiredi ba bangwe le sethaba go bontsha maikaelelo a badiri, ka moo ba tshwanetseng go dira tiro ya bona ka teng, le gore go tshwanetse go dirwa eng go tila dithulano le moreo mo pontsheng le sephiring.
M3.2 Le fa boitsholo bo ileng ba tlhomamisiwa ka gona ga bo neelane ka boitshwaro ka botlalo. Dithogo tsa mafapha ka moreo wa 7(3) b wa molawana, o ikarabela mo tsamaisong ya botsamaisi le tlamelo ya boitsholo. Le ka fa morago ga chamber ya sethaba e itshegeditse ka fa tlase ga molao e tshwanetse go neelang ka molao oo wa boitsholo jwa badiri o o tlhagelelang mo karolo e. Ditlhogo tsa mafapha di tshwanetse go bona gore ba dira le go latela melawana e le gore obamela.
M3.3. Maikemisetso magolo a molao wa maitshwaro ke a itumedisang, ke gore a tsweletse pele maitshwaro a mantle, re sa lebale gore modiri a ka bonwa le gonna molato ka maitshwaro a gagwe a a sa itumediseng go ya ka molao wa karolo ya 20(t) wa molao wa tirelo ya puso wa 1994, mme a atlholwa go ya ka dikarolwana o wa moitshwaro ge a ka se latele melawana ya molao wa maitshwaro gongwe go palelwa ke e mengwe ya melawana.
M4. BOITSHOLO
M4.1 KGOLOGANO LE PEOMOLAO LE KHUDUTHAMAGA
Modiri -
M4.1.1 o tshwanetse go tshepega go Repabliki le go obamela molaotheo le go latela polaosemolao ya tsatsi lengwe le lengwe;
M4.1.2 go baya dikgatlegelo tsa sethaba kwa pele mo tirong ya gago;
M4.1.3 tshepagalo go tsamaisong ya puso ya nako eo le go dira ditiro tsa semmuso tse di lebaneng le tse modiri a tshwanetseng go di dira;
M4.1.4 go lwela go itse le go latela molao le ditaelo tse di amang le boitshwaro le tiro ya gagwe; le
M4.1.5 go dirisana le metheo ya sethaba e e tlhomilweng ka fa tlase ga molaotheo le peomolao go tsweletsa dikgatlegelo tsa setshaba. 
M4.2 KAMANO LE SETHABA
Modiri -
M4.2.1 o tsweletsa kopano le kaatlatlego ya sethaba sa Aforika Borwa le ditiro tsa gagwe tsa semmuso;
M4.2.2 go direla sethaba kwa ntle ga go tsaya letlhakore go aga botshepegi mo tirelong ya puso;
M4.2.3 bopelonomi le thusano go kgonantsha go dirisana le sethaba ka nako tsotlhe le go tshola maloko a sethaba jaaka bareki ba gago gore ba bone thuso ya maemo ya kwa godimo;
M4.2.4 malebana le mabaka a a ka fa tlase ga go direla setshaba le go tsweletsa ditiro tsa semmuso go dira ditshwetso tse di ba amang;
M4.2.5 go itlama le go tlhabolola le go tsweletsa sethaba sa ma Aforika Borwa;
M4.2.6 ga a tlhaole go ya ka mmala, setso, loago, lotso, mengwaga, tumelo, bogole, sepolotiki, puo le tumelo; 
M4.2.7 go dirisa makgwakgwa maemo a gagwe mo tirelo puso go tsweletsa dikgatlego tsa lekoko le le rileng la sepolotiki;
M4.2.8 go tlhompha le go sireletsa mongwe le mongwe le ditshwanelo tse di leng mo molaotheong le;
M4.2.9 go lemoga ditshwanelo tsa botho le go bona tshedimosetso go akaretsa le kitsiso e e sirelediwang ke molao.
M4.3 KAMANO MAGARENG GA BADIRI
Modiri-
M4.3.1 tirisano mmogo e e tletseng le badiri ba bangwe go tsweletsa dikgatlegelo tsa sethaba;
M4.3.2 go latela le go fetisa ditaelo tsotlhe go bao di ba lebaneng feela fa di sa kgotlane le molaotheo kgotsa melao e mengwe;
M4.3.3 go se tseye letlhakore thatathata go baya ditsala le baleloko kwa pele mo ditirong le go dirisa botlhaswa maemo a tiro ya gagwe kgotsa go tlhotlheletsa ba dirammogo le gona go tlhotlhelediwa go dirisa maswe ithata tsa gagwe;
M4.3.4 go dirisa ditsela tse di tshwanetseng go bontsha dingongorego tsa gagwe kotsa go laola boemedi;
M4.3.5 go neelana ka matsapa a gagwe otlhe go tsweletsa, le go rotloetsa le go dirisa badiri ba gagwe le go tlhatlosa maemo a tiro le kamano ya sebele;
M4.3.6 go dirisana ka go lekana, boithutelo le tirisano mmogo le badiri ba bangwe go sa kgathalesegng setso, mmala, bong, loago, mengwaga, tumelo, bogole, sepolotiki, puo le tumelo;
M4.3.7 poelelo go tswa go makoko a sepolotiki kwa lefelong la tiro.
M4.4 TIRAGATSO YA DITIRO
Modiri-
M4.4.1 o leka diphitlhelelo tsa gagwe tsa boitebo le go tlhoma ditshenyegelo tsa gagwe tse di nonofileng mo dikgatlegelong tsa sethaba; 
M4.4.2 Bokgoni bo bo nonofileng ba polaosemolao mo ditirong, go tlhokafala boikobo go rarolola mathata le go oketsa bokgoni ba semolao;
M4.4.3 Go nna mo nakong ya gago ya tiro;
M4.4.4 Go tsamaisa tiro ka bonontlhotlho le ka tlhomamo;
M4.4.5 Go se nne le tirisano epe kgotsa tiro e e ka bakang dikgotlang mo molaotheong kgotsa mo tirong ya gagwe ya semmuso;
M4.4.6 o tla itshomolla mo mathateng a tiro ya gagwe ya semmuso kgotsa mo go tsweletseng go tsaya ditshwetso tse di ka mo tlisetsang maemo a a sa mo lebanang, se e tshwanetse go nna tshwetso e tshwanetseng go tsaya ke modiri;
M4.4.7 ntle fela le maemo a a leng teng a gagwe a katiso e e ntseng e tswelela a go itirela bokamoso le boiphediso;
M4.4.8 Go nna boikanyego le go tshepega fa o dira ka madi a setshaba le go dirisa didiriswa tsa puso;
M4.4.9 o tla tsweletsa kutlwano, bokgoni, ponalatso ya botsamaisi;
M4.4.10 tsamaisong ya gagwe ya tiro ya semmuso, o tla begela bathati ka bogodu, tshenyego, tlhopololo, tiriso botlhaswa le tse dingwe tse di tsamaisanang le tsona, Kgotsa tse di sa tsamaisaneng le keletso ya sethaba;
M4.4.11 nna botshepegi le go tseye letlhakore, latela bosupi le tshedimosetso le bothati fa o kopiwa gore o thuse ka dingwe tse di tshwanetseng;
M4.4.12 Go sireletsa khupamarama le ditokomane le dipuisano, tse di kailweng e le khupamarama kgotsa tse e leng sephiri.
M4.5 MAITSHOLO A GAGO LE DIKGATLEGELO TSA PORAEFETE
Modiri -
M4.5.1 o tshwanetse go lebega le go itshola ka tsela e e tshwanetseng tiro ya gagwe ya bosethaba;
M4.5.2 go itshola ka mokgwa o o amogelesegang segolo mo tirisong ya nnotagi le tse dingwe tse di tagang;
M4.5.3 go sa dirise maemo a gagwe a semmuso go amogela dimpho tse di ka mo tswelang mosola kgotsa go di amogela fa a di fiwa ka seno se kaiwa e le tjotjo.
M4.5.4 Ga a dirise kgotsa go tlhagisa tshedimosetso go tsweletsa maemo a gagwe a kwa thoko le tsa tiro; le
M4.5.5 go dira ditiro tsa kwa ntle a sa neelwa tetla le gona go duelwa kwa ntle ga tiro ya semmuso le go dirisa didiriswa tsa kwa tirong.

1
WORXNEWS April 2002
DITENG
Go tswa go motsamaisi wa lekwalo dikgang 3
Ditirelo tsa boromiwa 4
CBPWP e matlafatsa baagi ba KwaMadlala 5
Go kgoromeletsa morago maparego a bohumanegi 6
Baagi ba Nongoma 7
Kantoro ya Mmabatho 8
Dikonteraka tse di golang di a matlafadiwa 8
Lefapha la Ditiro tsa Setshaba le tsaya karolo mo go tsa semolao 10
CBPWP e ya dira ko Limpopo 11
Lekwalo ka ga Diphetogo mo lefapheng 12
Go Matlafatsa ga Bagwebi ba bantsho 19
Windows 2000 20
Dipotso tsa gago le dikarabo 21
Millenium health club ya tswelela 23
Konferense ya SMS 24
Batsamaisi ba East Coast ba Kopana 25
Go fetolwa ga HR 25
Tsamaiso ya go diragatsa tiro 26
Ditshotlokako tsa thobalano 27
Go pentiwa ga Antarctica 27
Kgwele ya dinao le khwaere 29
Dikeletso ka boitekanelo 30
DIMPCC DI TLISA DITIRELO TSA PUSO GAUFI LE BATHO
Jaaka karolo ya puso ya go tlisa diMPCC (eleng tsona ditikwatikwe tsa ditirelo tse dintsi
tsa baagi) mo bathong. Tona ya Lefapha la Ditiro tsa Setshaba, Mme Stella Sigcau o ile a
bula ditikwatikwe tse pedi, eleng Marelane Kopman ko Eastern Cape le Mbazwane ko
KwaZulu -Natal. Ko Mbazwane, Tona Sigcau o ne a felegeitswe ke Tona ya Lefapha la
tsa Selegae, eleng Dr Mangosothu Buthelezi. Ditikwatikwe tsa Dirirelo tsotlhe kgotsa
DiMPCC, di ne tsa lemogwa le go kaiwa jaaka tsela ya go diragatsa go tsweletsa baagi le
lefelo la tshedimosetso kago thola metheo ya ditirelo tse di farologaneng tse di ka
fitlhelelwang bonolo ke baagi.
Lefapha la ditirelo tsa setshaba ka lenaneo la lola la Ditirelo tsa Baagi tsa Setshaba le nale
maikarabelo a go aba madi go kgontsha go agiwa ga diMPCC naga ka bophara. DiMPCC
ke lenaneo la puso la go tlisa ditirelo ko baaging. Ditikwatikwe tse di tla dirisiwa jaaka
lefelo la go bona ditirelo, leo dipuso tsa selegae, tsa diporofense le tsa bosetshaba di ka
fitlhelelwang. Sekai, Lefapha la tsa selegae le tla kgona go aba makwalo itshupo go tswa
mo ditikwatikweng tse, go nale gore batho ba tsamaye sekgala se seleele go bona ditirelo.
Seno se tlhola bothata bogolo jang go batho ba dinaga magae, bao go ya ko ditoropong
go bona ditirelo go le thwathwa godimo.
2
MPCC ya Mbazwane ke yona ya ntlha go tlholwa ko KwaZulu-Natal, mme e fana ka
ditirelo go metse e mene. Pele gago tlholwa ga ditikwatikwe tse, baagi bane ba tshwanela
ke go tsamaya sekgala sa dikilomitara tse 80 go go ya ko Hluhluwe go bana ditirelo tsa
puso, jaaka makwalo a matsalo le makwalo itshupo. Lefapha la tsa Selegae, la tsa Loago
la Badiri gammogo le la Thefosano ya Puso le Tshedimosetso, di setse di dirisa
tikwatikwe ya Mbazwane.
Ga ane a eme baagi ka lefoko, Tona Sigcau, orile MPCC, ga di tlo go kgontsha go
fitlhelelwa ga ditirelo tsa puso, mme gape ditla fana ka ditirelo tse di farologaneng
gammogo le tshedimosetso.
Tona Sigcau orile, nako eo DiMPCC di ne di agiwa, ditshono tsa ditirelo di ne tsa tlholwa
go baagi ba selegae. Bokana ka diranta di le 273 000 di ne tsa beelwa thoko go kgontsha
go duela ga baagi, seno ke mokgwa wa go beeletsa mo baaging ba selegae. Bokana ka
batho bale 193 ba ne ba thapiwa ka nako ya kago ya ditikwatikwe tse. O boleletse baagi
gore Lefapha la Ditiro tsa Setshaba le mo maikemisetsong a go netefatsa gore
tshedimosetso ya puso e mo gaufi le bona. O rile ditikwatikwe tse ditla nna motswedi wa
kitso go baagi ba eleng kgale ba lwanela go fitlhelela tshedimosetso ka puso.
Ko Comfimvaba, Lefapha la tsa Loago, la tsa Selegae le tsa Thefosano ya Puso le
Tshedimosetso, di setse di dirisa tikwatikwe e. Ditirelo tse di fitlhelelwang mo
Comfimvaba MPCC di tsamaelana le boikuelo jwa ga moperesidente wa naga jwa go
potlakisa go fana ga makwalo a matsalo gammogo le makwalo itshupo, gore bomme ba
kgone go dira dikopo tsa madi tsa bana (eleng yona Child Welfare Grant) le gore bagodi
ba ka dira dikopo tsa madi. Gajaana, Lefapha la tsa Selegae le kwaditse makwalo a
matsalo ale 70 le makwalo itshupo ale 50 ka letsatsi.
Leano le la DiMPCC, le ne la tlholwa dingwga tse 20 tse di fitileng kwa dinageng tsa
Scandinavia. Go lemogilwe gore diMPCC di ka dira jaaka mokgwa wa tshedimosetso le
thefosano go batho ba ba nnang mo mafelong a iphitlhileng, mo goleng thata go go
fitlhelela tshedimosetso le ditirelo. Maitemogelo a ko Scandinavian a tsamaisana le
maemo a ekonomi a Afrika Borwa. Mo nakong e fitileng go ne go le thata go bona
tshedimosetso le ditirelo go tswa mo pusong, ka gonne batho bane ba sa rate go isiwa
kafa le kafa, go tloga mo ofising engwe go ya go e nngwe. Seno se ne sa tlisa go tlhoka
tshepo mo bokgoning jwa puso mo go faneng ka ditirelo tse tlhatlhwa. -Ka Salome
Baloyi
Tlhaloso ya setshwantsho
Go matlafadiwa gwa nnete ......batho ba le 193 ba ne ba thapiwa ka nako ya go agiwa
ga Mbazwane MPCC.
Tlhaloso ya setshwantsho
Tona Stella Sigcau o tsere dikgang le Tona ya tsa selegae Dr Mangosuthu Buthelezi.
Ditona tse pedi tse, di ne bontsha boitumelo fa baagi ba ne ba bafa dimpho di tshwana le
dinku, dipanana, ditlolo, go ya ka setso sa Sezulu.
3
MAKWALO GO MOTSAMAISI WA BOBEGA KGANG
Makwalo a tshwanetse go nna makhutshwane le go tlhagisa ditshwaelo tse di magareng
LEKWALO LE LE FENTSENG
Tiriso ya dithoto tsa puso go dilo tsa poraevete e a fedisiwa
Directorati ya molao e ne ya kopiwa ke badiri go setifaya ditlankana tsa bona di tshwana
le makwalo itshupo le ditifikeiti.
Ka gale seno se dirwa fa thuso e kopiwa, mme gape ga se karolo ya tiro ya uniti e. Ga
jaana Directorati e ne ya tsaya tshweetso ya go fedisa ditirelo tse, ntle fela ka fa tlase ga
mabaka a kgetegileng mmo Motsamaisi wa Directorati, Buks Annandale gammogo le
Moofisiri mogolo wa tsa molao ba ka dumelanang. Badiri ba tla kopiwa go isa ditlakana
tsa bona ko Kantorong ya Poso kgotsa ko Seteisheneng sa Mapodisi go kgotsha gore di
setifadiwe. Ditheo tse di nale batho ba ba thapilweng go dira tiro e.
Kemonokeng ya lona mo go se, e tla itumelelwa, go kgontsha go tlhofofadiwa ga tiro ya
badiri ba directorati.
Ka Buks Annandale- wa tsa Semolao mo lefapheng
TSAMAYA SENTLE GASA
Ke rata go tsaya tshono e go lebogela dingwaga tse di namatsang tseo ke di dutseng mo
lefapheng.
Go simolola fa ke ne ke le ko Kantorong ya Port Elisabeth, le ko Polokwane kwa
Porofenseng ya Limpopo go fitlha ke dira mo Kantorong ya Kgalo ya Pitoria. Ke ne ka
fiwa tshono ya go dira le badiri ba ba naleng boineelo, ba ba ikemiseditseng go thusa ka
nako tshotlhe, mme gape ba le tlhaga.
Ke rata go leboga botlhe ba ke dirileng nabo (ba ba ntsi go ka ba bala), le directorati tse
di kwa tlase tseo di neng di dumela mo bokgoning jwame jaaka Motsamaisi
Ke eleletsa lefapha katlego mo nakong ya diphetogo.
Bridget Gasa- Pretoria Regional Office
HANS POOT O TLA TLHOLOGELELWA BADIRI
Ke rata go le leboga lotlhe badiri ba ba ntle ba Lefapha, dirisano mmogo le maemo a
bona a kwa godimo a bokgoni ke sa lebale boineelo.
E ne e le motlotlo le boitumelo go dira le diarchtect, diengineers, diquantity surveyors,
baditegeniki le badiri ba bangwe bao ba neng ba fa tshegetso.
Hans Poot- Kantoro Kgolo, Pretoria
4
KWALA MME O FENYE !!
Kwalela Worxnews mo Private Bag X65, Pretoria, 0001, E-mail:
sgumbi@pwdmail.pwv.gov.za. Fax: 012 323 2856. Ka tswetswe akaretsa leina le le tletseng,
leina la lefapha la gago, kwa re ka ikgolaganyang le wena teng, le fa o batla gore le seka
la phasaladiwa. Motsamaisi wa lokwalo dikgang le o nale dithatha tsa go ka fetola fa go
tlhokafala. Mokwadi wa lekwalo lele thwathwa o tla bona hempe ya golofo eo e naleng
leina la lefapha.
DITIRELO TSA BOROMIWA
Ditirelo tsa boromiwa ke nngwe ya ditiro tse di botlhokwa, mme fela di ikgatolositsweng
mo Lefapheng. Lekala la boromiwa le wela ka fa tlase ga lefapha la Support Service,
mme fela ba dira ka fa tlase ga mafapha a mangwe
Ba rwala maikarabelo a go tsamaisa makwalo, go kwala makwalo mo bokeng le go
amogela makwalo, gape ba dira diphotocopi. Mo Kantoro kgolo re nale baromiwa bale
20, ba ba dirang ka botswapelo go netefatsa gore makwalo a fitlha kwa a tshwanetseng go
ya gona ka nako. Ka Leon Westhuizen.
Tlhaloso ya setshwantsho
Tiro nngwe le nngwe e botlhokwa. Baromiwa ba rona ikemededitse go diragatsa ka nako
A RE DIRENG ROTLHE
Philosopher wa Mospain eleng Ortega Gasset, o itsegeng thata ka dikwalo tsa gagwe tse
di rotloetsang, okile are Ditshaba di a tlholwa le go tswelela go tshela kae lebaka la gore
ba nale ponelopele ya bokamoso.
Jaaka bathapiwa ba ba gatelang pele, re tshwanetse go nna motlotlo go direla Lefapha le
le pelo kgale mo go itibisiseng le go bona gole botoka go fetoga. Lefapha gape le reetsa
ditshwenyego tsa badiri fa le dira ditshweetso ka lona tsa mokgwa wa diphetogo.
Mo lekwalong la kgwedi e ya Worxnews, re beela thoko tsebe ya 12 le 13 go nna ya
dintlha tsa badiri, tse di neng tsa tlhagisiwa mo dikarateng tsa ditshwaelo. Mme fela
lekwalo phasalatso le ga le a tshwanela go dirisiwa le le nosi go nna forama ya
ditshekatsekeko ka diphetogo. Ditshekatsheko le dingangisano ka mabaka a diphetogo di
tshwanetse go diragatswa mo dikokwanong, mo diphasijing le mo dikopanong tsa botlhe.
Ke netefatsa fa o tla bona gore Worxnews e lebega e fetogile gole gonnye fa e
tshwantshanngwa le tse di fitileng. Jaaka karolo ya go leka go tokafatsa lekwalo
phasalatso le-mme gape go lebeletswe dikgatlego -re tsentse sectione e ntsha go
netefatsha gore ditiragalo mo lefapheng di a tlhagisiwa.
Lekwalo la rona le le mo tsebeng ya ntlha le ka seabe sa Lefapha mo go tlholeng
diMPCC naga ka bophara. Seno se botlhokwa mogo tliseng ditirelo tsa puso gaufi le
batho. Mo tsebeng ya bo 14 re tsentse tsebe e ntsha e buang ka HR, mme yona e tla
simolola go nna karolo ya Worxnews. Tsebe ya bofelo, e eneng e itsege jaaka Worxie, e
fetotswe go nna tsebe e buang ka dikgang tse di bofefo mme di bua ka go iketla.
5
Re laletsa leloko lengwe le lengwe la lefapha go romela dkgang tse di buang ka ditiragalo
mo mafapheng a bona. Worxnews e ka tokafadiwa fa modiri mongwe le mongwe a ka
tsaya karolo.
Ka jalo, a re direng mmogo go netefatsa gore lefapha e nna legae morago ga legae.
SIPHO GUMBI-Motswamaisi wa lokwalo dikgang
WORXNEWS ke lekwalo la bopegakgang lele kafa molaong la Lefapha la Ditiro tsa
Setshaba.
Private Bag X65 Pretoria, 0001
Worxnews ke forama ya ditshekatsheko, dinganyisano le tshedimosetso ya botlhe ya
Lefapha, eo e ikaeletseng go tlhagisa maikemesetso a lefapha. Badiri botlhe ba lalediwa
go tlisa dikgang, tseo di leng kafa tlase ga dikgatlego tsa lefapha le batsayakarolo ba lona.
Dintlha tse di kwadiwang mo Worxnews ga di a emela dikakanyo tsa komiti ya bobega
kgang ya lefapha.
MOTSAMAISI WA BOBEGAKGANG: Sipho Gumbi, 012 337 2065, Email
sgumbi@pwdmail.pwv.gov.za
E phasalatswa ke lefapha la ditiro tsa setshaba ka botsamaisi bogolo ba Thefosano,
E rulagantswe ke Drawing Board Advertising and Design, mme
Ya gatisiwa ke Creda Communications e direla Government Printing Works
Tlhaloso ya setshwantsho
Tona Stella Sigcau le moetapele wa baagi ko go bulweng ga Marelane Kopmane Multi
Purpose Community Centre.
CBPWP E MATLAFATSA BAAGI BA KWAMADLALA
Lefapha la Ditiro tsa Setshaba ka lenaneo la lona la Ditirelo tsa Baagi tsa Setshaba le
dirile go ka tlala seatla mo go lwantsheng bohuma ko baaging ba KwaMadlala e eneng e
aparetswe ke dintwa tse di tsamaelanang le dipolotiki. Tonakgolo ya Ditiro tsa Setshaba,
mme Stella Sigcau one a fana ka projeke ya dimilione di le 3.8 go baagi ba Masepala ya
Ugu. Tekatekano mo go abeng didiriso tsa puso, e netefatsa go nna teng ga badiri mo
dinaga magaeng." Tona Sigcau o ne a netefatsa jalo, ga a bua le diketekete tsa batho
eleng Baagi ba ko KwaMadlala.
Lefapha le agile diphapusi kantoro dile nne, Holo ya baagi ya sekolo se segolo sa Sozabe.
Kwa sekolong potlala sa Mashaba, Lefapha le agile diphaposi tsa borutelo tse nne, go
akaretsa le go tsenya terata le matloboithusetso. Kwa sekolong se se potlana sa Magog,
diphaposi kantoro tse tharo, le kago ya tsamaiso di ne tsa agiwa. Modikolong tsotlhe,
diphaposi tsotlhe tse eleng kgale di le teng di ne tsa tlhabololwa. Projeke ya sekolo segolo
sa Sozabe se tlisitse diphetogo mo baaging, ga sea thusa fela ka go fokotsa go tlala ga
diphaposi tsa go rutela, mme se okeditse nomoro ya go falola ya baithuti, go tswa go
diperesente tse 21 go fitlha go tse 51 ka 2001. Go agwa ga diporojeke go fokoditse
botlhoka tiro mo lefelong le ka diperesente dile 2,5.
6
Tonakgolo o ne a rotloetsa baagi ba ko KwaMadlala go dira mmogo mo go tlhabololeng
lefelo la bona go nale gore ba ye ko metse setoropong. Seno ke se Lenaneo la Lefapha la
Baagi la Bosetshaba le lekang go se diraka go leka go fetola matshelo a bao baleng
dikobo magetleng mme ebile ba tlhoka ditiro.
Meyara wa Masepala wa Ugu, Mokhanselara, Mntomuhle Khawula o ne a rorisa Lefapha
la Ditiro tsa Setshaba mo gonneng le seabe mo go tsweletseng ga Lefelo le." Lefapha la
Ditiro tsa Setshaba le ntse le re eme nokeng nako e telele, goa itumedisa go itse gore go
nale Mafapha a Puso a Bosetshaba a kgonang go reetsa dilelo tsa rona. Re leboga Tona
Sigcau, moo go direng ka natla mo go tokafatseng matshelo a botlhe," ga bua Meyara
Khawula. -Ka Solome Baloi
GO KGARAMETSA MAPAREGO A BOHUMA
Mo puong ya gagwe ya go ema bopegakgang jwa Palamente ka 15Tlhakole 2002, Tona
Stella Sigcau one a tlhalosa seabe se Lefapha le naleng sona mo go fokotseng botlhoki le
go tlhola ditiro.
Tona Sigcau one a tlhalosa fa Lefapha le ne la dirisa madi akana ka billion go tloga ka
Moranang 1988 le Sedimonthole 2001 mo dipojekeng tsa go tsweletsa dikago tsa baagi di
le 2 219. Leano le le tlisitse ditshono tsa ditiro go batho ba jwa magaeng bale 98 419 mo
tse 6 300 ele tsa leruri.
Lenaneo la Baagi la Ditiro tsa Setshaba, kgotsa Community Based Public Works
Programme, le tsweletse go nna le seabe mo matshelong a baagi ba dinaga magae. Go
tsweletsa ga bokgoni gammogo le go tsweletse go nna karolo e kgolo mo go lwantseng
go ga bohumanegi. Ke ka moo Lefapha le katisitseng batho bale 2 800 bao ba thapileng
mo diporojekeng tsa CBPWP mo dikabong dichelete tsa dingwaga tse di fitileng.
Lefapha le tsaya karolo mo go tsweletseng, go tlhabololeng le go aga Tikwatikwe tsa
Ditirelo tse dintsi tsa Baagi, kgotso diMPCC. Fa gole jalo Lefapha le dirisitse dimilione
tse 22,4 mo kabong ya dichelete ya 2000/2001. DiMPCC dile some le bone di setse di le
tirisong. Bokana ka dimilione tse 10,4 tla dirisiwa go aga diMPCC tse 16 ko KwaZulu-
Natal, Northern Province, le Eastern Cape ka ngwaga wa dichelete wa 2002/2003.
Diporofense tse di totilwe ka ntlha ya seemo sa tsona se se kwa godimo sa khumanego le
go tlhoka ditlhabolola.
Ka ga go tlhokomela dithoto tsa Puso, Tona Sigcau o umakile gore Lefapha le tsentse
tirisong lenaneo la go Baakanya le go Tlhokomela Dithuto tsa Puso, lenaneo le le
itsegeng jaaka RAMP, le le tla tsewang ke tsa kgwebo, go thusa mo go tlhabololeng le
go tlhokomela dikago ka kontraka ya dingwaga tse tlhano. Tona Sigcau, are ka leano le,
Lefapha le batla go netefatsa gore Mafepha a Puso a tswelela go fana ka ditirelo.
7
Go tloga ka Motsheganong wa 1999, dikontraka tsa go siamisa le go tlhokomela tsa
bokana ka bilione tse 1.4 di ne tsa abiwa. Mme diperesente tse 71 di ne tsa abelwa
Dikgwebo tse di santseng di gola.
Lefapha le tsweletse go tsaya karolo go ipaa jaaka molekane o mogolo mo mafapheng a
mangwe le mo baaging mo go ageng setshaba se se lebeletseng dikgatlego tsa batho mme
gape se kgathalela batho. -ka Musa Langa
Tlhaloso ya setshwantsho
Tona Sigcau o araba potso ya bobega kgang
TONAKGOLO O TSIBOGELA MATHATHA A KWA NONGOMA
Bothata bogolo jo bo kileng jwa aparela Setshaba, le tshosetso eo e tlisiwang go maiteko
le diphitlhelelong tsa naga ya rona e rategang. Bosetlhogo jo HIV/AIDS e bo tlhagisang
bo kotsi go kgololosego ya rona.
Go epolola lekwete ga ga Tona Stella Sigcau kwa Nongoma go bonagetse jaaka tsibogo
ya puso go mathata a batho ba KwaZulu-Natal koo tswaetso ya HIV/AIDS e leng ko
godimo.
Tikwatikwe ya HIV/AIDS ya ko Nongoma ke bokao kgotsa ngwe ya diphitlhelelo tsa
go lwantsha bohumanegi le HIV/AIDS. Diporojeke tsa boleng jwa dimilione di le
lesome, di diragadiwa mo diporofenseng di le nne tsa KwaZulu-Natal, Mpumalanga,
Foreisetata le Limpopo. Diporojeke tse, di tlile go etleediwa ke Lenaneo la Baagi la
Bosetshaba-Community Based Public Works Programme (CBPWP).
Senthara e, ya ko Nongoma ya HIV/AIDS ke nngwe ya tse thataro tse di tlileng go agiwa
ko KwaZulu-Natala jaaka bontlhabongwe jwa mananeo a HIV/ AIDS. Maikaelelomagolo
a senthara e ke go fana ka kitso -ikatiso ya HIV/AIDS, go khanselwa, boithaopo
jwa diteko tsa HIV/AIDS le tlhokomelo ya mo gae le morafe. Kabelo letlole yotlhe ya
porojeke ya tikwatikwe e, ke R477 540. Go lebega fa batho ba le masome a mararo ba tla
bona ditiro fa go simololwa. Senthara e nale diofisi di le pedi tsa tsamaiso, diphaposi
tsa go bona balwetsi di le pedi, phaposi ya go baya didiriswa, diphaposi marobalo tse
pedi, phaposi-bojelo le dintlo-boithusetso.
Porojeke e diragatswa ka kopanelo le mafapha a Boitekanelo,Katlaatleloloago le
Masepala wa kgaolo. Tona ya lefapha la katlaatleloloago ya KwaZulu-Natal, Kgosana
Gideon Zulu yo oneng a tsene moletlo, o lebogile tonakgolo Sigcau ka maiteko a gagwe
aa tsweletseng a go tokafatsa matshelo a merafe ya metse-magae. -Ka Bheki Manzini
Lefoko la ponelopele
ponelopele
8
MAIKEMISETSO A DITIRELO TSE DI TLHWATLHWA A OFISI YA
MMABATHO
Kantoro - kgaolo ya Mmabatho e fitlhelwang kwa tikwatikwe ya marekelo ya Megacity
ko Mafikeng, ke nngwe ya dikantoro-kgaolo tse di nnye mo lefapheng. E na le badiri ba
le ka fa tlase ga masome ale matlhano.
Kantoro-kgaolo ya Mmabatho e simolotswe ka kgwedi ya Phatwe 2000 ka maikemisetso
a go tlisa ditirelo tsa Lefapha gaufi le batho ba puso ya Bokone-Bophirima. Kantoro e, e
direla mafapha a le matlhano a akaretsang, Lefapha la Bosiamisi, Tshireletso, Selegae,
Molao le la Ditirelo tsa Sepodisi sa Afrika Borwa.
Ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Golda Gaobepe, Kantoro e fana ka ditirelo jaaka,
tsamaiso ya dithoto tsa puso, phiriso,bolebeledi le lenaneo la go tsweletsa baagi ba ba
santseng ba gola.
Go ya ka motsamaisi wa tsamaiso ya dithoto tsa puso, Matshediso Pilane, botsalano le
baamogela ditirelo ba lefapha bo ntse bo tokafala le dijara.O boletse fa mabaka a
tokafalo eno a tlisitswe ke pulo ya bogokaganyi ba baamogela ditirelo, moo batsamaisi
ba kopanang le baamogela ditirelo kgwedi le kgwedi go bua ka diporojeke, ditlhokego tsa
badirisi, diphitlhelelo gammogo le mathata a ba kopanang nao. " Lenaneo le le atlegile ka
baamogela ditirelo ba itse ko ba ka ikopanyang nae ga ba nale mathata, " ga tshwaela
Pilane.
Dikgwetlo tse dikgolo tse kantoro e e tshwaraganeng le tsona ke go tokafatsa botsalano le
Bommasepala ko Bokone Bophirima, seo se leng botlhokwa mo go tokafatseng neelo ya
ditirelo ka mowa wa kopanelo ya puso magareng ga makala otlhe a puso.
Kantoro ya Mmabatho e dira ka bojotlhe go fana ka ditirelo tse di thwathwa go
baamogela ditirelo ba yona. Sekao, go feta dimilione di le 25 di ne tsa beelwa thoko go
nna tsa diprojeke tse di lebeletseng kago mo ngwageng wa dichelete o fitileng. Bokana ka
halofo ya madi a e ne ya dirisiwa mo diporojekeng tse, go akaretsa go tlhabololwa ga
kgolegelo ya Mafikeng, Klerksdorp le Odi. Bokana ka dimilione di le 3,6 di dirisitswe go
tokafatsa dikgotlha tshekelo tsa magaseterata tsa lefapha la Molao. -Ka Kgomotso
Tlhomelang
BORADIKOTERAKA BA BA GOLANG BA MATLAFADIWA
Lenaneo la Lefapha la Boradikoteraka ba ba golang le matafaditse baagi mo nageng ka
bophara ka lenaane le le atlegileng la go tsamaya gotlhe mo nageng, lenaneo le le ne la
ikemiseditse go ruta le go fa maele borakotraka ka ga gore ba ka fitlhelela jang
ditshegetso tsa madi le go tsamaisa diporojeke tsa bone.
Go ya ka Motsamaisi wa ECDP, eleng German Mphahlele, go bofefo jaanong mo
baaging bao ba golang go tsena mo industering. Mme fela bontsi jwa bona ba bona
maparego mo industering e, mme gape ba kgaratlha go gola ka gore ba tloka go fitlhelela
tshedimosetso gammogo le dithuso tsa matlole.
9
Mo go lekeng go fetola bothata jo, Lefapha le bopile tshwaraganelo le Coporashene e
Ikemetseng ya Tsweletso (eleng IDC) gammogo le Khula Enterprise go ema nokeng
borakotraka ba.
"Dikema tsa IDC le Khula dia dirisiwa mme fela ga di fitlhelele baagi ba ba santseng ba
gola, seno se tlhola ke mabaka a mansti. Go akaretsa go tlhoka tshedimosetso le go
palelwa ga dikonteraka le baamogela ditirelo go fana ka tshedimosetso e tlhokegang go
kgontsha go tsamaisiwa ga dikopo tsa madi ka nako. Ka Kgomotso Tlhomelang
BORADIKONTERAKA BA BA IKWADISITSENG BA ALOSIWA
Boradikonteraka ba ba golang ba ba ikwadisitseng le Lefapha la Ditiro tsa Setshaba ka
lenaneo la lona la go Tsweletsa Boradikontraka ba ba golang, ba filwe dithatha tsotlhe
gammogo le bokgono jwa go tsamaisa diporojeke tsa bona ka katlego.
"Ka lenaneo le , ke ne ka nna le bokgoni jwa go tlatsa makwalo a dithendara le go
tsamaisa kgwebo ka tsela e bosetsang letseno. Ke ne ke sena bokgoni jo kwa
tshimologong, ga bua David Medi wa DMC Construction ka boitumelo. O ne a bua jalo
fa sena go newa setifikaiti sa go falola lekwalo la gagwe la Contractor Enterpreneur
Training Programme (CET) ko Gauteng gammogo le baagi ba bangwe ba ba 26 ba ba
golang.
Lenaneo la CET le tlhodilwe ka 1997 ke Lefapha la Ditiro tsa Setshaba , Ntsika
Enterprise, International Labour Organisation gammogo le Council ya Baagi ba batho
Bantsho go fa baagi kemanokeng go tsweletsa bokgoni jwa bone jwa go tsamaisa
dikgwebo tsa bona. Ga a ne a bua ko moletlong wa maphatsiphatsi wa go alosa baagi ba,
Motsamaisi wa ECDP ko Gauteng, William Moeketsi orile, Baagi ba ba golang ba ne ba
sa atlege mo dikgwebong tsa bona nako e fetileng, bogolo setona ka ba sena bokgoni
gammogo le dichelete. O rile lenaneo la CET le ba file ditshono tsa go fitlhelela
dithendara botlhofu.
Lenaneo la CET le akaretsa dintlhakgolo tsa kgwebo, jaaka thekiso, go baya dithwathwa,
go saena dikontraka, ditsamaiso le go tlholwa ga makala a go ba ema nokeng.
Dikaloso tse gape di ne tsa dirwa kwa Kantorong ya Lefapha ya ko Nelspruit, mmo
motsamaising wa kantoro, Reuel Maselesele o ne a neelana ka ditifikeiti di le 19 go
dikonteraka tse di golang.
Fa ane a eme nokeng dialogane tseo di neng di supa di itumetse, Maselesele one are
lenaneo la katiso ke karolo ya lefapha go netefatsa gore bao ba neng ba ikgatolositswe ba
newa bokgoni jwa nna le karolo le go bona ditshono tseo di nelwang ke lenaneo la Puso
la diprocuremente, seno se thusa mo go tsweletseng go gola ga ekonomi mo nageng.
Mo dialoganeng go ne go nale Elisabeth Ngwenyama yo amogetseng kontraka ya
dimilione tse 1.7 go tlhabolola bonno jwa sepodisi tsa Afrika Borwa ko Grobblersdaal. O
10
ne a tlotlomatsa lefapha le Tona le kgonang go bonela pele, Mme Stella Sigcau, oo
arileng o lwanetse go nna karolo ga bosadi mo industering ya kago.
O dumela gore go tsweletsa go katisa ga baagi ke lefapha e tlamo kgontsha gammogo le
baagi ba ba golang go nna le bokgoni jwa go tsamaisa dikontraka tse dikgolo tsa puso.
"Ka kemonokeng e, ga kena dipelaelo tsa gore re tla kgona go fana ka ditirelo tsa di
thwathwa." Ga bua Ngwenyama
Ka di 09 Phatwe 2001, Tona Sigcau one a itsese gore diporojeke tse di kana ka dimilione
tse 142 di beetse thoko go abelwa dikgwebo tsa basadi, mme mo mading ao dimilione di
le 40 tsa diporojeke tse ke tsa Mpumalanga.
Maselesele o ne a gwetla baagi gore ba seka ba lebelela ditendara tsa puso fela mme ba
lebelele le tsa bagwebi ba peravete. " Ke ka itumela go le bona lotlhe le kgona go tsaya
dikonteraka tse di ikemetseng mme le bona tiro ko makaleng a bosetshaba le a poraevete.
Maikemisetso a rona ke go bona lo atlegile mo dikgwebong tsa lona." ga bua Maselesele.
Bokana ka banna ba le 144 le basadi bale 60 ba baagi mo Mpumalanga ba ikwadisitse le
ECDP ya kantoro ya Nelspruit go tloga ka Ferikgong ya 2001 go nna karolo ya database
ya bosetshaba e nale batho ba le 2747. Ka Kgomotso Tlhomelang le Sipho Gumbi
Tlhaloso ya setshwantsho
Ba rorisa lefapha, Lefapha le ne la opelwa diatla, ka go beela thoko dimilione tse R142
tsa diporojeke tsa go aga go nna tsa basadi.
Tlhaloso ya setshwantsho
Lydia Ntuli wa Konteraka ya Lidingintombi o amogela setifikeiti go tswa go Ruel
Maselesele
Tlhaloso ya setshwantsho
Dialogane tse di itshepang
DPW ETSAYA KAROLO MO DIPHETOGO- SESHA TSA
SEMOLAO
Mo tshimologong ya ngwaga, moporesidente wa naga Rre Thabo Mbeki oitsesitse fa
dikgwedi tsotlhe tsa ngwaga wa 2002 di tla newa thito-kgang go bontsha dikatlego tsa
puso.
Nngwe ya mafelo a puso e bontshitseng katlego go tsone ke tsa ditshwanelo tsa botho..
Go simolola ka molaotheo o o rotloetsang ditshwanelo tsa botho go ya go ditirelo tsa
semolao tse di gololosegileng, mo dingwageng tse di ka fa tlase ga di le lesome, go
tsentswe tirisong setso sa ditshwanelo tsa setho mo Afrika Borwa.
Dikgotlatshekelo tsa molao ke matshwao a ditshwanelo tsa botho le semolao. Go
simolola 1994, go ntse go nale diteko tsa go tlisa bosemolao gaufi le merafe yotlhe,
bogolo segolo batho bao ba neng ba tlhoka ditshono.
11
Lefapha la Ditiro tsa Setshaba le tshamikile karolo e kgolo mo go se, le thusitse Lefapha
la Semolao jaaka nngwe ya baamogela ditirelo ba lona, ka go dira le go tsamaisa ditiriso
dingwe mo boemong jwa lefapha la bosemolao.
Mo ngwageng wa ditshelete wa 2002/2003, lefapha la Ditiro tsa Setshaba le ntshitse
bokana ka dimilione di leR204 go thusa diporojeke tsa lefapha la semolao.
Seno se akaretsa R204 milion go aga le go baakanya manno aa diriswang le go batlwa
ke ba lefapha la semolao. Bokana ka dimilione di le R71 bo tla beelwa fa thoko go thusa
ka dipaakanyo .
Tshelete ya tsa ditiro fela, e sa akaretse dipaakanyo, e balelwa go palogotlhe ya
diporojeke di le 462 naga ka bophara, e mo go tsona 280 e setseng e simolotseng, tse
tlhano tsa tsone di leng mo bosheng, tse 31 di le mo dithulaganong. Diporojeke dikgolo
tse di tsweletseng pele di akaretsa dikago tsa kgotlatshekelo tsa magasetrata ko
Attridgeville gaufi le Pretoria le kgotlatshekelo e ntshwa ya magasetrata tse di
weditsweng ko Khayelitsha le Kuils River gaufi le Cape Town.
Ka fa ntlheng e nngwe, diporojeke di le 194 di tla latela jaaka bontlhabongwe jwa
dithulaganyo tsa tlhokomelo ya mananeo. -Ka Lucky Mochalibane
TIRO YA CBPWP E TSWELETSE PELE KO LIMPOPO
Lenaneo la Ditirelo tsa Baagi tsa Setshaba (CBPWP) mo Limpopo e nnile motheo wa
tshimologo go utlwa boikuelo jwa mopresidente ya Tsoga-o-itirele jo bo dirilweng ka puo
ya bosetshaba ka 8 Ferikgong 2002. Tona ya Ditirelo tsa setshaba,bo -Mokhuduthamaga
wa Pholo le Katlaatleloleago, Ditirelo tsa setshaba, Kantoro ya Mopremiri, le tsa Bogosi
ba kopane le morafe go keteka mowa wa letsema ko motseng wa Mamabolo ko
Polokwane gautshwane.
Ditiragalo tsa letsatsi di tsweletse ka go bona tona Sigcau a boela motseng wa Mamabolo,
a amilwe ke ditlhokego tsa bana ba ka nna lekgolo ba ba sa itekanelang sentle mo
tlhaloganyong bao a neng a ba etetse ngwaga o o fitileng. Bana ba ke banni ba sekolo sa
batho ba ba sa itikanelang sa Tsoga-o-itirele. Seno ke leano la baagi ba motsana wa
Mamabolo o o leng dikilomitara tse 65 go tswa ko Polokwane. Go tswa mo ketletsong ya
ya R50, eo lekgotla la bomme la Mmamabolo le neng le ntsha ka kgwedi, seno se
simolotse dingwa tse di fitileng mme se tswelela go nna karolo ya Letsema.
Thotloetsa ya go" tsenya seatla go kgorometsa maparego a bohumanegi go aga botshelo
jo bo botoka go botlhe," Lefapha la diporefense la Ditiro tsa bosetshaba, ka lenaneo la
lona la Ditirelo tsa Setshaba tsa Baagi (CBPWP) le ne la neelana ka 6 016 877 go
kgontsha go agwa ga lefelo le.
Ga jaana, sekolo se se ipela ka bana ba le 100 ba ba ikwadisitseng, barutabana ba le
bararo le baithaupi ba le 10. Dithuto di akaretsa dipalo, kitso ka botshelo le kitso ya go
bala. " Tshimologo ya sekolo, mongwe le mongwe o dumela fa se kaya phenyo mo
12
moweng o montle o supilweng ke batho." Ga bua Nombulelo Mkhumane, CFO ya
Limpopo ya Lefapha la Ditiro tsa Setshaba.
Mowa le maikemisetse a sa fengweng ke sepe a basadi ba Mamaolo, a bontsha fa ba ne
ba nale ponelo pele ya puo ya moperesidente fa ba fa porojeke e leina la Tsoga o itirele
(eleng Arise and Act), maikaelelo ane a tsosoloswa fa Tona a nea bega legato la bobedi la
sekolo se. Legato la bobedi le tla akaretsa go agwa ga matlo borobala le diphaposi tsa
boithutelo, tseo gaana di dirisiwang jaaka marobalo ke baithuti le barutabana. Mo
tlaleletsong Tona o ne a aba dimaterase di le 100, ditulo di le 20, ditafole di le tlhano,
mebetshe, digaretene, go tokafatsa matshelo a bana ba. - ka Kgotso Tau
LEKWALO KA DIPHETOGO
Diphitlhelo 1
Tona Stella Sigacu o eme nokeng go fetolwa ga Lefapha la Ditiro tsa Setshaba, mme seno
se tsamaelana le go fetolwa ga ditirelo tsa setshaba ka kakaretso. Tona o file leano le
kemonokeng mme o tla tswelela ka ona mokgwa o, a lebeletse go tokaratso ya go fana ga
ditirelo.
Mme gape o tla tswelela go begela badirammogo le ena ko Kabineteng.
Diphitlhelelo 2
Go fetolwa ga molawana wa SPMA, eo e engweng nokeng ke lekwalo le le tlhalosang
tsamaiso le tla tlhalosiwa ko Kabineteng ka beke ya bofelo ya Moranang 2002. Ga go sa
le jalo, Komiti ya Botsamaisi e tsweletse ka go buisana le DPSA le Lefapha la Matlotlo,
go netefatsa gore dintlha tsotlhe di akareditse go tsamaelana le molao.
Tlhaloso ya setshwantsho
Badiri ba rona ke letlotlo le legolo
Tlhaloso ya setshwantsho
NDPW pele ga 2002
Tlhaloso ya setshwantsho
NDPW e ntsha morago 2002
Go fetolwa ga lefapha la Ditiro tsa Setshaba go nna lefapha le le bokgonang mme gape le
fana ka ditirelo
GO BULWA GA DITSELA TSOTLHE TSA THEFOSANO FA GO
LEBELETSWE DIPHETOGO
13
Go diragatsa ditshepiso tse di fitileng tsa go netefatsa gore badiri ba nna ba
sedimoseditswe ka ga diphetogo, Motsamaisi mogolo wa Thefosano Lucky Mochalibane
o mo loetong la go etela dikantoro tsa kgaolo, go sekaseka botlhokwa jwa ditsela tsa
tlhaeletsano mo lefapheng.
Loeto la gagwe la gajaana ke mokgwa wa go tlhodisisa go latela loeto la gagwe le Tlhogo
ya Lefapha, Tami Sokuto kwa dikgaolong go rotloetsa go tokafatswa ga neeletsano ya
ditirelo.
Maiteko a tswelela go diriwa go netefatsa gore badiri ba lefapha botlhe ba fitlhelela tsela
kgotsa mokgwa wa thefosano, mme gape go rotloediwa mokgwa wa ditsela tse pedi tsa
thefosano.
Ga jaana, batsamaisi le badiri, go akaretswa baphepafatsi le balemi ba ne ba engwa ka
lefoko ko dikantorong tsa kgaolo di akaretsa Pretoria, Umtata, Bloemfontein, Kimberly le
Mmabatho. Tse dingwe tsa dikgalo di tla etelwa mo nakong e sa fediseng pelo.
Dingwe tsa dilo tse di neng tsa umakiwa di akaretsa :
??Go nna teng ga bagokaganyi ba tshedimosetso ko dikantorong
??Go dirisiwa ga dipuo tsotlhe mo go bueleng le badiri
??Go okediwa ga thefosano ka eleketoroniki go letla go fitlhelela ke badiri ba le bantsi
??Go dirisiwa ga dikopano tsa lefapha go akaretsa dikopano tsa botsamaisi , go nna
tsona motswedi wa tshedimosetso go badiri
??Go tswelela go dirisa dibokoso tsa ditshitshinyo le diphetola tse di potlakileng go
tswa mo botsamaising
Ga go felele mo. Mo dikgaolong tse dintsi diphetogo di tshotswe ka mowa o edileng,
seno se botlhokwa mo go feng badirisi ditirelo mo bokamosong.
Go tlhoka tshedimosetso le go tlhaloganya ke dingwe tse di kailweng go nna dilo tse di
tlholang ketsaetsegole letshogo mo badiring ba bangwe. Badiri ba akanya fa go nale
dipotso dingwe tse di sa fetolwang. Ba ne ba kopa batho ba ba tshwaraganeng le
diphetogo go etela dikgaolo go ba sedimosetsa ka diphetogo.
Sengwe gape se se tsosang dipotso ke mokgwa o batsamaisi ba tsayang thefosano le
tshedimosetso ka ona.Batsamaisi ba le bantsi ba 'tshwerwe ke tiro thata' moo ebileng ba
palelwa go refosana ka ga diphetogo.
Kwa bokhutlong jwa go kopana le badiri bongwe-ka-bongwe , motsamaisi-mogolo wa tsa
thefosano o tshwanetse go sobokanya ditsikinyo le matshwenyego otlhe, mme a
sekasekwe ko kopanong ya botsamaisi le go kgotsha go dirafadiwa.
Mo tsamaong ya nako, lenaneo la ditshelete la thefosanyo le tshwanetse go etelwa gape
gore go tle go nne le diphetogo go thusa thefosanyo.
14
LEKWALO GO TSWA GO THOGO YA LEFAPHA
Mo kgweding e re motlotlo go bega ka diphitlhelelo tse re di fitlheletseng mo tseleng ya
rona ya Diphetogo tsa Lefapha la Ditiro tsa Setshaba.
Kwa tshimologong, molawana o tlhalosang tsa semolao o tlhagisitse dintlha tsa go
tsamaisiwa ga Setheo se se Tsamaisang Dithoto tsa Puso, Molao o one wa ntsiwa go
kgontsha ditshwaelo ka Tlhakole le Mopitlwe 2002. Re rata go leboga setshaba ka
ditshwaelo tsa sona tseo ntle le pelaelo di tla tsengwang mo molawaneng o pele o isiwa
ko Palamenteng. Gape le ditshwaelo tsa Kabinete mo molaong o tshitshintsweng o.
Sabobedi lekwalo la tshamaiso ya kgwebo leo le kayang tsamaiso ya SPMA, ke motheo
wa tshimologo tiro ya go fetolwa ga lefapha.
Jaaka go kailwe ngwaga o fetileng, fa ke ne ke etetse dikgaolo tse di farologaneng go
akaretsa le kantoro kgolo, Lenaane la rona la diphetogo le lebeletse kgwebo, le ikaeletse
go dira lefapha gonna tlhopo ya ntlha ya baamogela ditirelo go tswa kwa mafapheng a
mangwe. Re mo tseleng ya go aga lefapha le le fanang ka ditirelo tse di thwathwa, tse di
potlakileng, mme gape di nale boleng. Seno setla kgontsha go fetolwa ga ditirelo go nna
tsa maemo a kwa godimo.
Re amogela ka mowa o le mongwe, bagokaganyi ba bashwa ba dikgaolo bao ba beilweng
go kgontsha go elela ga tshedimosetso mo badiring. Bona jaaka ditiro le maikarabelo a
bona a kaya, ke gogo fa sedimosetsa, le go netefatsa gore mongwe le mongwe mo
lefapheng o bona tshedimosetso ka loleme lo lo batlwang ke ena. Tiro ya bona e tla
tswelela morago ga diphetogo. Re ikaelela go ba dira go nna metheo ya leruri eo e
lebaganeng le go kgontsha go elela ga tshedimosetso le go kgontsha neeletsano ka
kakaretso.
Bontsi jwa lona ba setse ba utlwile ka tatlhegelo ya rona ya batsamaisi ba babedi ba
bagolo, eleng Dennis Mokotedi (DDG wa Tsamaiso ya Dithuto) le Motshoanetsi Lefoka (
Motsamaisi mogolo wa Seterategi, mme gape e le moetapele wa porojeke ya diphetogo).
Bobedi ba tlogetse tiro. Go tsamaya ga bona ke tatlhegelo e utlwisa botlhoko mo
Lefapheng la Ditiro tsa Setshaba, fa o lebeletse boineelo le kitso bogolong jang mo
dinakong tse tsa diphetogo.
Ga re lelela tatlhegelo e, ka pele re gakologelwa gore go fitlha re fetoga, re mo kotsing ya
go latlhegelwa ke batho ba ba botlhokwa, ba ba naleng bokgoni. Seno e nnile bothatha
jwa roan go tloga ka 1994 fa re ne re itemogela diphetogo tsa sepolotiki mo nageng ya
rona. Diphetogo tsa rona tsa gajaana di ka go agwa ga lefapha leo rotlhe re tla ipelang ka
lona, jaaka baamogela ditirelo le badiri.
Ke rata go le leboga gape ka kemanokeng e le tsweletseng go e bontsha mo go
diphetogong tsa Lefapha.
15
DIROADSHOW TSA THEFOSANO
Diphetogo mo Lefapheng la Bosetshaba ke sengwe se se tswelelang. Ga dintse di
tswelela, badiri ba tshwanetse go nna karolo le go nna ba sedimoseditswe gore go
diragalang, ditshwetso tse di tserweng le gore tsela e ya kae.
Fa ditheo le ditlamorago di ise di konosediwe, go botlhokwa gore badiri ba nne ba nale
kitso gore go diregang. Go tlhopiwa ga Bagokaganyi ba Dikgaolo go nna le seabe mo go
beyeng badiri ba sedimoseditswe, le fa ba tlhoka thuso, ketletso le tshedimosetso.
TSHOBOKANO YA MOLAWANA WA BOTSAMAISI JWA DITHOTO TSA
PUSO
Molawana wa botsamaisi jwa dithoto tsa puso (State Property Management Agency Bill)
o ne wa bewa fa pele ga komiti ya ditirelo tsa puso kgwedi ya moranang e tlhola malatsi a
le some le bobedi, morago ga go isiwa ko kabineteng ka Moranang a le some a mabedi
2002. Morago o ne wa gatisiwa go utlwa ditshwaelo tsa batho.
Karolo 1 le 2 di bua ka ditlhaloso. Maikaelelo a kgwebo ke go fana ka manno go
badirisi ba yona le go tsamaisa dithoto ka matsetseleko le ka ditlhwatlhwa tse di
siameng go netefatsa tsamaiso e e kwa godimo, le dipoelo go puso. SPMA e tla nna ka fa
tlase ga taolo ya puso gotlhelele (100%). Motsayakarolo wa yona o tla nna ka fa tlase ga
lefapha la tsa ditiro tsa bosetshaba. Tona o tla nna motsayakarolo yo mogolo ka nako
tsotlhe, mme a ka ntshiwa ke ditheo dingwe tsa puso ka tumalana le palamente. Mme e
tla dira go ya ka molao wa tsa dikgwebo.
Karolo 3 e dira ka tsamaiso ya lekala kgotsaAgency. Boto ya bona ya botsamaisi e tla
kgethwa ke Tona. Seno se tla tsamaelana le tsamaiso e siameng, bontsi jwa boto bo tla
dirwa ke batsamaisi ba eseng ba batsamaisi bagolo (executive). Batsamaisi ba bagolo ba
tla thapiwa ke mokgatlo o. Modulasetilo o tla supiwa mogo tswa go batsamaisi ba eseng
ba batsamaisi bagolo.
Karolo 4 go tlhola dintlha tsa tsamaiso ya madi a lekala. Kwa tshimologong lekala le tla
amogela madi ao a abiwang ke palamente. Mme morago le tla itirela lotseno go tswa go
dituelo tseo ba tla di bonang fa ba fana ka ditirelo, mme tsona di tla tsamaelana le
dithwathwa tsa dithekiso. Mme gape e ka bona diketletso.
Karolo 5 - e lebeletse sebaka seo e tla dirang ka sona. Seno se tla laola ke Tona. E
lebeletse dumalano ya go fana ga ditirelo le baamogela ditirelo, go tsamaiso ya Dithoto.
Karolo 6 e bua dikamano tseo di tlang le diphetogo tsa go bopiwa ga SPMA, le dikamano
tsa melao e rileng. Dintlha di tshwana le madi a go simolola, go fetolelwa ga dithuto tse
di mo dirisong le badiri.
KOPANA LE BANGWE BA BATSHAMEKA BAGOLO BA DITIRELO TSE DI
FAROLOGANENG
16
TSAMAISO YA DIPHETOGO Lydia Bici
BOPO YA SPMA Gugu Mazibuko
TSAMAISO YA BATSAAKAROLO Vuyo Memani
THEFOSANO LE NEELETSANO Lucky Mochalibane
TSAMAISO YA TSA DIKOTSI Jeff Moji
Mo lekwalong le le latelang, re tla tlhagisa batshameka bagolo botlhe ba ditirelo tse di
farologaneng
GO FETOLWA GA SETSO SA LEFAPHA
Lefapha la Ditiro tsa Setshaba, le mo tseleng ya go fetoga gonna kgwebo eo e tla nnang
moetapele mo go faneng ga bonno le go tsamaisa dithuto, ba lebeletse badirisi, go nna
tlhaga, le bonela pele.
Ntlha kgolo ya diphetogo ke go lebelela maemo a gajaana le go leka go sekaseka maemo,
le mokgwa o ratwang ke badiri, go kgontsha go botsereganyi go tswa mo maemong a ga
jaana go ya ko maemong ao a batliwang.
Mokgwa o rileng o ile wa tsewa go fitlha mo maemong ao re leng mo go ona mo
lefapheng.
Dipotso di ile tsa tlholwa go dira diteko go bona selekano sa maemo a robebedi a
latelang:
??Boetapele
??Maikarabelo
??Tshepo, Tshwaraganelo ya tiro le gore setlhopha se dira jang mmogo
??Ba diragatsa jang le thulaganyo
??Thefosano
??Go ikemisetsa diphetogo
??Maduo le ketleetso
??Boleng
Go tlatsa dipharologano di ne tsa akarediwa go lebelela dilo di tshwana le seabe, lefelo,
garata, seo se ne sa dirwa ka tsela ya go sekaseka data. Dipotso di ne tsa ntsiwa mo
Kantorong kgolo ka go dirisa Bagokaganyi ba Dikgaolo, maikaelelo e le go bona
dikarabo go tswa mo badiring. Dikarabo e nnile tse di itumedisang, bogolo jang go tswa
mo Gauteng, fa bangwe ba rometse di le malwa. Ka ga jalo go amogela dikarabo thari, go
sa amogele dikarabo go tswa mo mafelong a mangwe di fokotsa diphitlhelelo tse di ka
bonwang.
Dikarabo di ne tsa sekwasekwa go lebeletse dintlha tse pedi, maemo a gajaana le a tlang.
Ditshwetso tse di latelang di ka tsewa morago ga go sekeseka dikarabo go tswa mo
badiring:
??Go feta 80% ya baarabi ba dumela gore NPWP e tshwanetse go tokafala mo
mekgweng yotlhe ya yona
17
??Badiri ba le 80% ba batla go dira tiro e tswileng diatla
??Batho ba le 80% ba dumela gore tiro e ntle ga e bone maduo, mme go tshwanetse ga
nna le ditsela tseo batho ba tla lebogiwang
??Badiri ba le 72% ba dumela gore ba tshwanetse go akarediwa mo go tseyeng
ditshwetso
??Bontsi jwa Bagokaganyi ba Dikgaolo, go akaretsa badiri ba grate ya 7-12 ba batla go
nna le lefoko mo go tseweng ga ditshwetso
??Batsamaisi ba le 86% ba dumela gore diphetogo ga di tsamaisiwe ka tsela e siameng
??Batho ba le 75% ba dumela gore go nale bosetshepege mo lefapheng
??Botlhe ba TTT ba dumela gore mo go tsweweng ga dikgwetlo go kgontsha go atlega
ga NDPW
??TTT e dumela gore go nale neeletsano e bokowa magareng ga botsamaisi le badiri
??Bokana ka 75% ya Bagokaganyi ba Dikgaolo ba dumela gore ba tlhoka kemonokeng
le thotloetso
Mo diphitlhelelong tse, dikatlanegiso di ne tsa dirwa. Mme tsona di tla elwa tlhogo ke
TTT le maphata a ditiro a ntse a tswelela pele.
GO BOPIWA GA BOKAMOSO
Diphetogo tsa Lefapha go nna mo maemong a lefatshe a go fana ka bonno le go tsamaisa
dithuto go lebelela dikgatlego tsa badirisi, le go akanyetsa kwa pele.
Fa go le jalo Lefapha le file maloko a Setlhopha sa Ditiro sa Diphetogo go sekaseka
dintlha tse di farologaneng le ditiro tse di lebaganeng le diphetogo.
Ba ne ba kgaoganngwa go maphata a farologaneng a tshwaraganeng le ditiro tse di rileng.
Ditiro tsa bona ke tse di latelang:
TSAMAISO YA KGWEBO
Moetapele wa lephata le la ditiro o lebagane le go tlhola lekwalo la tsamaiso ya kgwebo
le le bontshang gore DPW e fotoga jang, yo tshwaraganeng le seno ke Zingi Ntsaluba.
Lephata le le sekaseka maemo a ga jaana le bokamoso jwa dimodele tsa kgwebo le go
leka dipotso tse di farologaneng. E lebelela tsa dichelete, gammogo le dimodele tseo di
tshitsintsweng tsa gore lefapha le leswa le ka dira jang.
Netefatso ya lekwalo le la kgwebo e isitswe ko TTT, TMC le MANCO
GO BOPIWA GA SPMA
Motho yo naleng maikarabelo a go tlhodiwa ga SPMA le go fana ka mofuta wa SMPA ke
Gugu Mazibuko.
Lekala le le tlhola le go tsweletsa seabe sa, Tiro ya SPMA.
POPO E NTSHA YA DPW
Yo tshwaraganeng le popo ya Lefapha le lentsha le modele wa lona ke Bongani More.
18
Lekala leno le lebeletse go tlholwa ga seabe se seshwa, ditiro le bopego ya lefapha le
leshwa, morago ga go tlhodiwa ga SMPA. Seno se tla akaretsa mananeo a ga jaana ao
lefapha le a dirang, mme a ka se kgone go wela ka fa tlase ga SPMA.
MOLAO O MOSHWA
O tshwaraganeng le molao o moshwa o ga jaana o leng kwa Palamenteng,mme o
lebeletse diphetogo ke Bernice Africa.
Lekala la gagwe le ne la lebelela melao yotlhe e teng ga jaana eo e ka amegang. Mme
gape le tshwaragane le go bopa molao o moshwa o tla kgontshang lefapha go fetoga go
nna mokgatlo o moshwa.
TSAMAISO YA DIPHETOGO
Yo tshwaraganeng le go tsamaisa diphetogo ke Lydia Bici.
Lekala le le lebeletse maitsholo a badiri, le go leka go dira mokgwa wa go lebagana le
matshwenyego le dintlha tse di tlhagelelang.
TSAMAISO YA BATSAKAROLO
Moetapele yo lebaganeng le go tsamaisa botseakarolo ke Vuyo Memani
Lekala le le lebeletse go sedimosetsa mafapha ao a amogelang ditirelole ba tsaya karolo
ba bangwe, gore ba nne ba nale tshedimosetso ka ga diphetogo le gore di tla ba tswela
mosola jang. Ba ne ba nna le dipuesano le Motsamaisi mogolo, mme a fana ka ditshwaelo
ka ga tsamaiso ya lenaane le.
TSAMAISO YA MEKGATLO YA BADIRI
Yo tshwaraganeng le go refosana gammogo le go golagana le mekgatlo ya badiri ke
Langa Dhlomo.
Lephata le le simolotse ditherisano le mekgatlo ya badir mme e tsweletse go buisana le
bona go lebeletswe ditsweetso tse di tserweng kwa PSCBC. Mekgatlo ya badiri e batla go
sedimosetswa ka lenaane la kgwebo. Seno se tla dirwa mo nakong e sa fediseng pelo.
GO LEBELELA DIKGWETLO
Yo tshwaraganeng le go lebelela dikgwetlo le mathata a ka tlhagelelang ke Jeff Moji.
Lekala le le tshwaragane le go shebisisa lenaneo la diphetoga, go lebelela gore ke eng se
se ka sekeng sa tsamaya sentle le gore se ka kganelwa jang. Lekala le le lebeletse go
tlhola dikakanyo tsa go laola mathata a ka tlhagelelang.
THEFOSANO
Moetapele yo lebeletseng thefosano le kgolagano mo lefapheng le kwa ntle ke Lucky
Mochalibane.
19
Lekala le le tlhola melaetsa le tshedimosetso go badiri le batsaya karolo go ba bya ba nale
kitso ka diphetogo le go ba fa tshono ya go tsaya karolo. Bagokaganyi ba Dikgaolo ba ne
ba kgetiwa go thusa mo go tsamaiseng tsedimosetso le go bona dikarabo.
Lekala la Thefosano le tla nna le tsamaya gotlhe go netefatsa gore badiri ba nna karolo ya
diphetogo.
Tshedimosetso ka diphetogo etla phasalatswa mo WORXNEWS. Seno se tla nna ka
sekgowa, mme fela o ka e fitlhelela mo websiteng ka malemo otlhe a kafa molaong go
tloga ka 20 Motsheganong.
TSA BADIRI
Yo lebaganeng le Badiri mo nakong ya ga jaana le e tlang ke, mo SPMA & DPW e ntsha
ke Langa Dhlomo.
Lekala le le dira ka mabaka a semolao le ao a amang badiri. Lekala le ga jaana le
tshwaragane le go bopa tsela e bontshang go tsamaya ga badiri, dikungo tsa bona. E
tlhlosa tshedimosetso ka ga tiro, go thapa le badiri ba bopego ya lefapha le leshwa.
MAITEKO A GO MATLAFATSA EKONOMI YA BANTSHO A
LEMOGIWA
Lefapha la Ditiro tsa Setshaba ka Lenaneo la lona la Go Siamisa le go Tlhokomela (le le
itsegeng jaaka RAMP) le amogetse kabo ya Professional Management Review (PMR)
ka maiteka a lona a go matlafatsa bagwebi ba bantsho.
RAMP ke kakanyo e simolotsweng ke lefapha godira gore dikgolegelo di nne mo
maemong a siameng. Porojeke e e tlhamilwe ka 1999 mme dikonteraka di feta bilione di
le 1,4 di filwe Dikgwebo Potlana.
Lefapha la Bosiamisi ke lona le boneng maongo go tswa mo lenaneong le, ka dikgolegelo
di le 179 tseo di neng tsa siamisiwa. Go atlega ga lenaneo le go le kgontshitse go
tsharolelwa ko mafapheng a robedi a puso.
Go tloga le tlhamiwa, Lenaneo le e nnile le karolo e kgolo mo go matlafatseng ekonomi
ya bantsho. Go fitlha ga jaana 71% ya dikonteraka di filwe Bagwebi ba ba Golang.
PMR e lemoga karolo e puso, kgwebo le Mekgatlo eseng ya puso e naleng yona mo go
matlafatseng dikgwebo tsa batho bantsho. -Ka Kgomotso Tlhomelang
Tlhaloso ya setshwantsho
Motsamaisi Mogolo, Tami Sokuto o amogela kabo ya PMR go tswa go CEO wa Lekwalo
dikgang la PMR, Barbara Wood.
WINDOWS 2000 E BEWA MO PEPENENENG
Go diragadiwa ga porojekeya Windows 2000 go simolotse go latela go ntshiwa ga
dilaesense go dirisa dikhomputara (network) le dithusa megare tsa tsona (virus software).
Dikgato tsa go diragatsa Windows 2000 di tlisitswe ke mabaka a a latelang:
20
??Banyan Vines ya network e e ntseng e direla puso, ga e sa tlhole e dira.
??Ketleetso ya Banyan ga e sa tlhole e le teng
??Badirisi ba ne ba dirisa didiski phetelela mme seno se dira gore system
ya ditirelo e we gangwe le gape.
??Didaerektori tse di neng di aroganwa ke badirisi di ne di tshwaeditswe
ke megare.
??Hardware ya badirisi e tsofetse ebile e a palelwa fa go ntse go ya.
??Ditirelo tsa go romela makwalo ga e tsamae ka tshwanelo le ka nako.
Badirisi ba Windows 2000 ba tla nna le lefelo le lentsi la go dirisa di-disk go na le ba
gone jaanong ba Banyan. E tla nna mo nakong ka go tsengwa dithibela megare le
diromela makwalo mo ditirelong tse.
Porojeke ya Windows 2000 e simolotse Moranang a le 15 2002 mme e solofetse go
wediwa Phatwe 2002. Maikaelelo magolo a porojeke e ke go lomaganya badiri go
khomputara ya Desktop le Windows 2000 network.
Tshedimosetso e e beilweng mo go Banyan network e tla sutisediwa go tiriso ya
Windows 2000.Makwalo otlhe a a mo Beyond mail a tla sutisediwa mo gare ga
khomputara ya gago.Tirelo ya go romela makwalo e tla dirisiwang mo tirelong ya
Windows 2000 ke MS Outlook. Badirisi ba tla bontshiwa fa go simolotswe mo
diofising.E-mail aterese ya mongwe le mongwe e tla fetoga .
Phetogo, ka e le mokgwa wa yone, e na le go tlisa letshogo le ketsaetsego .Fa o iphitlhela
o batla tshedimosetso go ya pele o ka ikopanya le ba lefapha la IT(Tegenoloji ya tsa
tshedimosetso).
AGENCY YA MAGIC TRAVEL E KGETILWE
Lefapha le kgetile agensi ya maeto go tsaya maemo a Rennies, eo konteraka ya yona le
lefapha di fedileng ka Mopitlwe 2002.
Magic Travel
E filwe konteraka ke lefapha sebaka sa dingwaga tse pedi, go lebagana le tlholaganyo ya
maeto, go akaretsa le marobalo le go buka tsa diphofo. Ga tshwane le Rennies eo e neng
e dira ele mo gare ga Lefapha, Magic Travel e ka fitlhelwa mo No: 467 Church St.
Arcadia.
Fa o batla go buka e ikgolaganye le:
Aysha Jogee
Mogala: 012 341 4207 kgotsa
Fax; 012 341 3444
Tlhaloso ya setshwantsho
Go tswa letsogong la moja ke Seth Mthombeni, Aysha Jogee le Rika Sprang.
21
TSIBOGELO YA GAGO YA NTLHA YA Q&A
Re leboga badiri botlhe bao ba boletseng matshwenyego a bone le dipotso ka ga
diphetogo le go dirisa mabokoso a ditsilinyo le diposokarata tse di bonwang mo diofisikgaolo(
regional) tsotlhe le diofisi -kgolo(head office).Botsayakarolo jwa gago bo tla
thusa lefapha go tlhaloganya matshwenyego le dipotso tsa lona.Re kopa le tswelele ka go
refosana le go bua le rona.
Tsa thefosano di dirilwe go netefatsa fa re tshela ka maikana a rona a thefosano e e
tswelelang ka dintlha tsotlhe. Kwa ntle ga tsibogo ya gago, se e tla nna ka tsela e le
ngwe fela.
Mo lokwalokgang le, tlhogo ya Lefapha, Tami Sokutu ka thuso ya setlhopa sa ba
diphetogo, ba go naya ditsibogo tseo le boneng go le botlhokwa go di umaka. Ka go
tlhoka lesego re ka se kgone go fa dikarabo tsa dipotso tsotlhe tse di boditsweng, fela
lebelele makwalodikgang aa latelang mo re tla tswelelang gotlhagisa tseo le bonang di le
botlhokwa go lona.
se ke tse lo re di boleletseng...
1.Go na le maikutlo a a kgobegileng gareng ga badiri ba PDW ka ga ditshepiso tse di
dirilweng mo nakong ee fetileng mme ga go na diphetogo tse di diragetseng. Goreng go
ka se tshwane le pele?
Karabo ya rona...Komiti ya botsamaisi bogolo (Top Management Committee-TMC),
setlhopha sa botsamaisi jwa diphetogo(transformation Task Team), batsamaisi ba
dikgaolo(Regional Managers) le Regional Transformation Co-ordinators(RTC's) ba tla
kgaogana tshedimosetso le badiri ka ga tswelopele e e dirwang.
Se ke se lo re se boleletseng...
2.Badiri bangwe ba ithaya ba re diphetogo tse di dirwang di senya ka tshelete ebile ga di
tlhokege?
Karabo ya rona... Badiri botlhe ba tla kgaogana karolo mo SPMA.Lo tla tlhaloganya
maungo a SPMA. Ga go na ka mokgwa o mongwe, lefapha le tshwanetse go fetoga fa le
batla go nna le tshela.
Se ke se lo re se boleletseng...
3.Badiri bangwe ba ngongorega ka letsapa le letlisiwang ke diphetogo., ba re lefapha fa e
sale le fetoga go simolola 1996 mme ga go na ditlamorago?
Karabo ya rona...SPMA e ntse e tsaya dithuto mo mo diphetogo tse di fetileng le go
leka go mtsamaisa sentle gore e atlege le badiri botlhe.
Se ke se lo re se boleletseng...
4.Badiri ba le bantsi ga ba tshepe batsamaise.Ka ga jalo lefapha ga le a tshwanela go
dirisa batsamaise ba dirijeni fela jaaka ba ba fanan ka tshedimosetso ya tsa diphetogo.
Karabo ya rona... Lefapha le dirile ditsela tsa go netefatsa fa tshedimosetso e elela ka
ntlha tsotlhe. Bokaedi bogolo jwa thefosano(communication Chief Directorate, bo
22
thusiwa ke di-RTC bo tla tsamaisa kelelo ya tshedimosetso go modiri mongwe le
mongwe.
Se ke se lo re se boleletseng...
5.Go a tlhokega gore go simololwe setlhopa sa diphetogo(Change Management Team)
Ka gonne dilo tse di tshwenyang batho di simolola go tlhagelela mme ga di tsamaisiwe
sentle?
Karabo ya rona...Setlhopha sa diphetogo(CMT) le le la simololwa ka fa tlase ga
botsamaisi jwa ga Lydia Bici. Tiro ya yona e tla arogangwa gare ga badiri botlhe.
Se ke se lo re se boleletseng...
6.Tsela ya diphetogo e tshwantsangwa le tatlhegelo ya ditiro le go fokodiwa ka ga puso e
boletse fa bodiredi puso bo le bogolo phetelela.
Karabo ya rona... Se ga se nnete. Diphetogo tsa lefapha ga se fela ka ga ditiro. Di ka ga
gore lefapha le dira eng le jang go fana ka ditirelo tse di batlwang mo teng le kwa ntle.
Gore ditiro le ditlhaloso tsa tsone di dirwa jang, ditshoetso ga di ise di tsewe ka tsa gore
kgwebo e tla tsamaisiwa jang ka di santse di sekwasekwa le go betliwa.Fa ditshoetso di
tshotswe go tla nna le thefosano go badiri.
Se ke se lo re se boleletseng...
7.Go tshwanetse go nna le dipontsho tsa mo tseleng gape go bua ka ponelopele, le
maikaelelo a SPMA.
Karabo ya rona... Se se ntse se a diragala ka mekgwa e e farologaneng ya thefosano e e
akaretsangWorx News, dipampitshana le dipitso.
Se ke se lo re se boleletseng...
8.Diteng tsa thefosano di tshwanetse go nna mo malemeng a mangwe a semolao.
Karabo ya rona...Se se tla diragala. Mo nakong e e tlang dikgokagano le dikgatiso di
tla nna mo malemeng otlhe a semolao.
Se ke lo re se boleletseng...
10. a go na le maano mangwe a ditlhatlhelo go badiri ba ba fudugelang SPMA?
Go bonala fa go tla nna le phatla gareng ga kitso e badiri b naleng yone gajaana le tse di
tlhokegang moSPMA.
Karabo ya rona... Ba tsa bodiri ba tla tlhola leano la katiso. Fa e setse e dumeletswe e
tla arogangwa le badiri botlhe.
Se ke se lo mo re se boleletseng...
11.Lefapha le romela melaetsa ya dikgotlang, le fa e ntse e bua fa badiri ba le botlhokwa
go yone.Ga e neye badiri dfibasari go tsweletsa dithuto gore ba itsweletse ga mmogo le
lefapha.
Karabo ya rona... Se ga se nnete gonne lefapha le na le basari e e buletsweng badiri
botlhe ba yone.Fa o tlhoka tshedimosetso go ya pele o ka ikgolaganya le ofisi ya tsa
badiri(HR) kgotsa ofisi-kgolo(head office).
23
Se ke se o re se boletseng...
Ke mokgwa ofe o o ndirisiwang mo badiring ba ba fudugelang kwa SPMA. A dilo
dingwe tsa botlhokwa tse di tshwanang le bosemorafe, tekatekano ya bong,dikitso le
bokgoni jwa tiro?
Karabo ya rona... Lefapha le tshwanetse go dira le lebesitse mo melaong e tshwana le
Equity Act, Labour Relations Act, Skills Development Act jalo le jalo.
TSHEPISO YA RONA KA THEFOSANO
Boeteledi, botsamaisi le setlhopa sa diphetogo bo ikemiseditse go thusa modiri mongwe
le mongwe mo lefapheng go ba thusa go tlhaloganya ponelopele ya lefapha. RE
ikemiseditse go netefatsa gore modiri moongwe le mongwe o tshameka karolo mo
dikopanong tsa lefapha le dikgwetlo tsa lona.Ka ntlha ya lebaka le, re tla sedimosetsa
modiri mongwe le mongwe le gore a tsee karolo mo dithulaganyong tsa lefapha le mo
tswelopeleng.Re tla tlhalosa gape gore se se kaya eng go badiri , Badirsi le setshaba.
Tami Sokutu, Director-General, Lefapha la tsa ditiro.
MILLENNIUM HEALTH CLUB E A SIMOLOLA
Batho botlhe ba ba tlhokometseng pholo ya bone ba tshwanetse go bona tsela e nsha e e
simolotseng Health and Diet Managemernt Club. HDMC e e itsegeng jaaka Millennium
Health Club, e tshepa go thusa badiri go fokotsa boima jwa mmele le go go tlisa
diphetogo mo pholong ya bone.
Go ya ka morulagvanyi, mme Elma Scheepers, maloko a tla tsaya karolo mo dilo tsa
boitshidilo di tshwana le di-aerobics le metshameko ka nako ya dijo tsa motshegare. Go
tla nna gape le dipuo tsa ka nako ya dijo go rotloetsa badiri go fedisa dikilograma tse di
sa batlegeng le go kgaogana tshedimosetso e e akaretsang dintlha tsa thuso ka ga go
fokotsa boima jwa mmele le go tshela botshelo jwa pholo e ntle.
Gore maloko a lebelele ditlamorago, ba tla newa dithusa go ikala.
Mokgatlo o setse o kile wa kopana gangwe ka ferikgong 2002,mme ka ntlha ya
ditshwarego tsa maloko mangwe(ba ba baakanyang mafelo a tsa ditshelete) go tlile go
nna thata gore ba kopane. Mme fela, mokgatlo o tla tswelela ka ditiro tsa ona mo nakong
e e sa fediseng pelo.
Ka Kgomotso Tlhomelang
KONFERENSE YA BATSAMAISI BA BA GOLO E TSHWARAGANA LE
DIKGWETLO
Ka Lucky Mochalibane
24
Ka di 14-15 Mopitlwe batsamaisi ba bagolo ba lefapha la Ditiro tsa Setshaba, ba akaretsa
Motsamaisi Mogolo wa Tsa Badiri eleng Langa Dlomo, ba ne ba tsenela Konferense ya
Ngwaga le ngwaga ya Batsamaisi bagolo ko International Convention Centre ko Durban.
Konferense e, e ne e rulagantswe ke Lefapha la Bodiredipuso jaaka karolo ya puso ya go
fetola bodiredipuso le go tokafatsa badiri go akaretsa le batsamaisi bagolo.
Botsamaisi jo Bogolo jwa Ditirelo bo botswe ka 1 Firikgong wa 2001, ka maikalelo a go
gapa, go tsweletsa bokgoni le boineelo jwa botshamaisi bogolo. Lenaane le le netefatsa
boetapele le go akanyetsa kwa pele "jaaka sediriswa segolo sa go tokafatsa bodiredipuso
le go netefatsa tiragatso ya polisi.
Dingwe tsa maikalelo a lenaneo le la botsamaisi ke go go tsweletsa boporofeshenale jwa
go fana ka ditirelo le go tsweletsa bonelopele ya go tswelela ga puso.
Diphetogo tse di diragalang gajaana mo Lefapheng la Ditiro tsa Setshaba le ka tswewa
jaaka sekai fa o lebeletse lemorago le maikalelo a go fetola bodiredipuso, bogolo jang go
lebeletswe go tswelediwa ga boetapele, go diragadiwa ga polisi le go fana ka ditirelo tse
di thwathwa tlase.
Dibui tse di neng di bua ko konferenseng, di ne di farologana, go akaretsa Tona ya
Bodiredipuso, eleng Mme Geraldine Fraser-Moleketi, Motsamaisi Mogolo wa Lefapha la
Afrika Borwa la go Tsweletsa Botsamaisi, Moporofesara Job Mokgoro le bontsi jwa
Baeti ba kwa ntle.
Mo go tshwaraganeng le mabaka a lebaganeng le lefapha la Ditiro tsa Setshaba
Motsamaisi mogolo wa Difofane tsa Afrika Borwa, Andre Viljoen, o ne a aroganya le
batla konferenseng bale 250, ka ga letseno la diphofo, o ne a tlhalosa gape ka ditatlhegelo
mo ngwageng wa dichelete o latelang.
Arvind Kumar, yo neng a emetse naga ya India ya Andhra Pradesh, o ne a bua ka ga puso
ya gabo e diragatsang tsa eleketroniki (eleng e-government) jaaka tsela ya go tokafatsa
ditirelo. Go kwadisiwa ga makwalo a matsalo, a maso, makgeto, tetla ya go nna le
lefatshe ke dingwe tsa ditirelo tse di dirwang ka eleketroniki. Mafoko a gagwe a ne a
tlalelediwa ke Joan McCalla yo neng a emetse Profense ya Ontario.
Poso ya Afrika Borwa e beeleditse dimilione tse R6 mo go tsa mafaratlhatlha a
neeletsano ka tshepo ya go tlhola botsamaisi bogolo jo bo thwathwa le go leka go bona
mosola mo dineong tsa tekenologi, go ne ga bua Tona Fraser- Moleketi.
Batlakonferenseng ba ne ba tsewa ka loeto la bese go bona metsesetoropo ya Durban, go
akaretsa Phoenix, Inanda, le mafelo a dingwao. Dingwe tsa ao a etetsweng ke ntlo ya go
gatisa eo Mahatma Gandhi o neng a phasalatsa The Indian Opinion, masalela a dikolo
tseo a di agileng le sekolo se segolo sa Ohlange moo Moperesidente wa maloba, Mandela
o neng a kgetha ka nako ya dikgeto ya 1994. Go ne gape ga etelwa lebitla la ga Dr
25
Langalibalele, yo eleng mongwe wa bao ba tlhodileng African National Congress, mme
lona le fitlhelwa ko sekolong segolo sa Ohlange.
Tlhaloso ya setshwantsho
Bangwe ba batsamaisi bagolo bao ba neng tsenetse Konferense
BATSAMAISI BA EAST COAST BA KOPANA
Motsamaisi wa Lefapha ko East Coast, Wellington Ngcobo o ne a rulaganya kago ya
setlhopha, kgotsa yona teambuilding ka 16-17 Mopitlwe 2002 ko hoteleng ya Margate ko
Coasting ya bokone ko Durban. Maikaelelo magolo a se ene ele go fa tshono ditlhogo tse
40 tsa makala tshono ya go kopana ka ba dira kgakalanyana, mme ebile basa kgone go
kopana.
Ka nako ya kago a setlhopha, go ne ga dira ditlhaloso, le tirisano ya setlhopha. Gape
Batsamaisi ba Dikgaolo ba ne ba fiwa tshono ya go tlhalosa ka diphitlhelelo tsa bona le
dikgwetlo mo dingwageng tse di fitileng tsa dichelete. Ba ne ba kopiwa go dira
diponelopele tsa ngwaga o latelang wa dichelete.
GO FETOLWA GA LEKALA LA BADIRI LE MO TSELENG
Botsamaisi bogolo jwa lekala la badiri le ne la tshwara workshopo kwa Klein Karba ko
Warmbath mo Petoria. Batsamaisi ba HR go tswa ko kantorong kgolo le dirigene ba ne
ba tsenela woorkshopo.
Maikaelelo e ne ele go:
??Go sekaseka maemoo a HR le goo leka gore a tsamaelane le maikaelelo le
diponelopele tsa lefapha
??Go sekaseka ditlhokego tsa gajaana tsa tsa Lefapha le leshwa le SPMA, go kgontsha
go tlhalosa diro ya HR
??Go tlhola mokgwa wa go diragatsa leano la seterategi
Diphitlhelelo tsa ditshekatshekoo tse di bontshitse gore go nale tlhokego ya gore
Botsamaisi bogolo jwa HR bo nne le mafapha a latelang, Tsamaiso ya HR, Botsweletsi,
Tlhamo ya maano, go thapa- le tsa badiri. Bopego ya HR e tshwanetse goo netefatsa gore
ditiro tsa kantooro kgolo di tlhagelela le ko dikantorong tsa dirigene, ke ka moo diphatla
tse supa tsa HR dineng tsa tlholwa.
Mokgwa wa goo tlhola setruchara o ne wa sekwasekwa ka nakoo ya workshopo. Koomiti
ya go fetolwa ga HR le yona e ne ya sekaseka kgang e. Morago ga go tladiwa ga
setruchara, go lebeletswe ditlhokego tsa bokgoni, diphatla tse 32 di tlhokega go tladiwa
ko dirigeneng. Badiri ba le 24 ba ne ba bewa mo listing ya go bontsha gore ba fetile palo.
Ga jaana go badiri ba ba 11 bao ba thapilweng mo lefapheng. Ba le robongwe ba isitswe
ko HR, mme go ba le malwa ba ba santse ba tlokwa goo bonelwa mafelo. Senoo se kaya
goore re sana le diphatla tiro go nale nomoro ya badiri baba amegang.
26
Re itumelela go bega gore go fetolwa ga HR go mo tseleng jaaka goo dumalanwe. Re file
tsedimosetso mekgatlo ya badiri mme le bona ba ema nokeng kgato e tshwerweng ga
jaana. Re e dirile ntlha kgolo go sedimosetsa badiri ba rona ka dikgatopele tse re di
dirileng go araba ditshwenyego tsa batho.
Ka Lungile Fakazi
GO TLHOKOMELA BOTSAMAISI JWA BADIRI
Kgwedi ya Mopitlwe ke nako ya ngwaga eo badirri botlhe ba lefapha ba tlhatlhobiwang
go sekaseka gore a ba dira tiro ya bona sentle. Go tlhatlhobiwa go go latela tsekatseko ya
kotara eo e tsweletseng go fa badiri ditlamorago ka ga tiro ya bona le tokafatso ga go
tlhokega.
Go ya ka lenaane la Performance management fa modiri a sa kgone go fitlhelela bokgoni
jo bo rileng jo go dumalanweng ka bona, go tshwanetse gwa lekwa leano la go tokafatsa
modiri. Tookofatso e, e tshwanetse ya nna le nako e beilweng, mme gape e tshwanetse go
tlhalosa bothata jo bo paledisang go dira, dikgato di tshwanetse go tsewa ke modiri
gammogo le mookamedi wa gagwe go leka go tlisa diphetogo.
Fa modiri a modiri a dirile go feta maemo ao a lebeletsweng, go ya ka molao o
tshwanetse go fiwa neo ya go supa gore ba bona bokgoni jwa gagwe. Motsamaisi o
tshwanetse go tsaya maikarabelo le go sekaseka modiri bogolo jang ga moodiri a
tshwanelwa ke go bona moputso wa thotloetso. Go tla tlhokafala gooree mookamedi
mongwe le mongwe a bontshe gore modiri o dirile go le kana kang go lebeletswe
lekwalotshupo la gagwe.
Tsekatseko ya tirro e ka dirisiewa go netefatsa le go atolosa nako ya go lebelela modiri o
moswa (probation), katiso ya modiri, ditlhokego tsa go tsweletsa modiri le dittshono tsa
gagwe kgotsa go fedisiwa ga tiro, ka ntlha ya go tlhoka bokgoni. Mo nakong e tlang
mokgwa wa go sekaseka tiro o tla kgontsha le go netefatsa tlhatloso ya modiri le go
okediwa ga madi.
Motsamaisi le mookamedi ba kopiwa go inyalanya le polisi e. Dipotso di ka lebisiwa go
Human Resource e mo gaufi le lekala la gago, ba kantoro kgolo ba ka ikopanya le lekala
la HRD, mme ba dirigene lee uniti ya bona. O ka ikgolaganya le Marobe kgotsa Willem
mo 012 337 2674. Go tla nna le dikatiso le tshedimosetso go batsamaisi le badiri.
Ka Kedirang Oagile
Tsebe e etla nna ya leruri ya HR mo Worxnews. Lephata le legolo la HR le tla
tswelela go fana ka dikgang kgwedi nngwe le nngwe. Ba tla nna le maikarabelo a
tletseng ka ga diteng go kgontsha badiri go itse ka ditiro tsa HR.
GA GONA PHATLA YA TSOTLAKO KA THOBALANO MO
LEFAPHENG
Tshotlako ka thobalano ke tlolomolato
27
Motho yo sotlakakiwang o nale tetla ya go tsenya kgetsi kgatlhanong le mosotlaki,
Lefapha ga le kganele seno. Ke seabe sa gago go fedisa bothata jo mo lefapheng
Go ya ka polisi ya lefapha, tshotlakako ya thobalano e tlhalosiwa jaaka go itswara le go
bua ka thobala ka mokgwa o sa batlegeng mme go tlhola go sa iketlang, go nale kamego
e sa siamang mo maeemong a motswasetlhabelong go lebeletswe gape le kamano ya seno
mo go diragatseng ga modiri.
Polisi ya Lefapha e kaya gore ga go a letlelelwa gore modiri a ka ikamanya le ka mokgwa
o.
Modiri mongwe le mongwe mo lefapheng o nale tetla ya go dira mo maemong a senang
kgetololo le boitshwaro jo bo ka kaiwang bo sa siama, go tshwanakana le tshotlakako ya
thobalano. Mongwe le mongwe yo o ikamanyang le seno otla sekisiwa, go kgalengwa
kgotso a kobiwa mo tirong.
Ditlhaloso tse dintsi ka seno di dira gore go nne bokete go tlhaloganya gore ke eng se se
kayang maitsholo a sa siamang. Mme fela go ya ka Polisi ya Bosetshaba ya bong, fa
motho yo moo maemong a dirisa dithatha tsa gagwe mme a pateletsa modiri go
dumalana, seno se kaiwa jaaka tshotlakako ya thobalano. Sekao o itsa go sekaseka tiro ya
modiri ntle le fa a dira sengwe jaaka tuelo ya seno. Mme gape fa o itshwara ka mokgwa
oo rileng, kgotsa o sa amologesegang, jaaka go ntsha metlae ka thobalano, go bua dipuo
ja tshotlako, ditshwaelo tse di nyatsang, go tshwarwa motho a sa batle, tshotle tse di kaya
tshotlhakako ya thobalano.
Seno se ka direga mo bathong ba bong jo bo tshwanang kgotsa jo bo farologaneng. Ga go
kgathalesege gore ke motsamaisi, mookamedi kgotsa modirammogo, fa maitsholo a
tshwana le ao a kaiwang ke tlhaloso ya lefapha ya tshotlako ka thobalano, seno ga sea
letlelelwa.
Jaaka modiri, gakologelwa gore fa motho a go sotla ga se phoso ya gago. Tsela eo otla
emisang seno ke go bega tiragalo e.
Ditshwantsiso ka Mishka Amod
Alidia Seabi o direla Lekala la Organisational transformation mo lefapheng. O ka
ikgolaganya le ena mo Mogaleng 012 337 2893
E-mail: aseabi@pwdmail.pwwv.gov.za
28
ANTARTICA E PENTILWE GAPE
Ka ntlha ya kgolo ya dikgatlego tsa boditshabatshaba mo go tlhabololeng ga Antartica,
palamente e ne ya kopa gore mebala ya beisi e fetolwe go bontsha folaga ya Afrika
Borwa ya demokerasi.
Maemo a loapi ao re itemogelang ona, a ne a dira gore go seka ga kgonega go penta ga
panele ya fibreglass. Mebala ya kgale e ne e dirilwe gore e kgone go emela maemo a
farologaneng a loapi.
Mefuta e farologaneng ya pente e ne ya lebelelwa le go ttlhatlhobiwa sebaka sa ngwaga
go kgontsha go bona tsa thwathwa e kwa godimo. Ntle le go dira diteko mo penteng go
ne go tla nna thawthwa e kwa godimo fa pente e sa kgone go emela maemo a
farologaneng a loapi, go lebeletswe gore pente ya kgale e tlositswe go penta ka e ntsha.
Fa go sena go dira diteko tse mme go kgotsofetswe, pente e ne ya rekwa ga tswelelwa ka
tiro. Go lebeletswe gore beise e ka fitlhelelwa fela ka nako ya selemo, go tloga ka
sedimonthole go fitlha ka Thakole ngwaga mongwe le mongwe, ntle le seo kopo e kabe e
dirilwe ka pele fa e ne ele ko Rephaboliking. Ke seno seo go tshotseng dingwaga di le
pedi go konosetsa tiro.
Ka nako ya 2001/2002, maikemisetso ele go fetola mebala ya base go ne ga direwa jalo
ka ebile maemo a loapi a ne a letla.
Bapenti ba le bararo ba ne ba simolola tiro go le tsididi maemo a le ka fa tlase ga boswa
kgapetla. Base e dirilwe gore e kgone go ya ko godimo go letla go tsena phefo kwa tlase,
seno se e kganela go apeswa ke mmuwane seno se farologane le base ya kgale ya
SANAE 111. Baise e bogodimo jwa dimitara di le thanogo kgontsha go fitlhelela panele.
Ka gore base e raonde, sebopego ga se a kgonega go agiwa go nna kwa godimo go
kgontsha go fitlhelela panele e kwa godimo, lere e ne etshwanelwa ke go go bewa sentle
mo godimo ga sebobego se, fa go simolilwa ka go pentwa. Seno se ne se le kgotsi ka gore
sebopego se ne se agilwe mo godimo wa mafika mme mmowane o le selekano sa
dimitara tse 300 kwa tlase, mme fela ntle le maparego a go ne ga fetswa.
Go penta go simolotswe phakela go fitlha bosigo, mo serame se ne se paledisa gotlhelele
go tswelela. Maemo a loapi phakela e ne ele -3C-15C mo maitsiboeng go sa bolelwe ka
phefo. Ka Gary Hardenberg
LEFAPHA LA DITIRO TSA SETSHABA
BONWENWE LE BOGODU BO BOLAYA GO FANWA GA DITIRELO
Thusa lefapha go lwantsha bonokwane le maitsholo a sa siamang
Leletsa nomore e 0800 20 11 04
Go bega ditiragalo tsa botsotsi, tsenyo le maitsholo a sa siamang, o ka nne wa seka wa
fana ka leina la gago, bofitlha bo tla netefadiwa
DINOMORO TSE DI BOTLHOKWA TSA KABO A MADI
O ka dirisa dinomoro tse mo go boneng ditleimi tsa S&T
29
??Peterole/ditsaya ditshwantsho 2824
??Tollgate 1766
??Go phaka/dithipi 1662
??Tekanyetso e letleletsweng ya letsatsi 1501
??Dijo/marobalo 1501
??Dipalangwa tsa poraevete 1520
??Mogala 1535
??Diriso ya madi eo e neng e sa lebelelwa 1662
??Mogala wa letheka 2896
??Go ikwadisa 1658
Fa o batla tshedimosetso leletsa Mme Sunnete Senekal mo 012 337 2612
IDISKI MOTSHAMEKO O MONTLE
Botlhe ba eitse, bangwe ga ba kgone go phela ntle le yona, go ba bangwe ke mokgwa o le
mongwe fela wa go tshela. Ba ebitsa ka maina ale mantsi, kgweleya dinao, kgotsa diski.
O ka ebitsa jaaka o rata ke motshameko o montle wa kgwele ya dinao. Lefapha la rona le
nale seabe sa lona mo go fetolweng ga motshameko o o rategang. Ka 1997, setlhopha sa
kgwele ya dinao se ne sa simololwa mo lefapheng, go simologa moo se ne sa gola le go
tsweletsa go tsenya tsebetsebe bagwetli ba lona. Go gaisa bagwetli ba lona e nnile selo se
segolo mo basimaneng ba ba aparang bontsho le borokwa. Motho o ne a ka pateletsa go
eletsa Lefapha la Metsi le Dikgwa go ya go bona boreaintsi ba tsa tlhaloganyo fa ba sena
go itewa botlhoko ke basimane ba rona. Armscor le yona e ne ya nna batswasetlhabelo
morago ga go sharakanngwa 8-1. Maeteko a tswileng diatla a basimane ba rona a tlhalosa
gore, goreng ba le mo maemong a kwa godimo a loko ya Kgwele ya Dinao ya Batho
Pele. Le fa setlhopha se nale batshamiki ba ba dirang sentle, badiri ba ba naleng kgatlego
ba rotloediwa go ikopanya le PRO wa setlhopha, eleng Moloko Mabena.
Badiri botlhe ba rotloediwa go ema nokeng setlhopha fa ba bontsha bokgoni le neo ya
bona.
Mogala: 012 310 5973
E-mail: mabena@pwdmail.pwv.gov.za
Ka Musa Langa
KHWAERE YA RONA MO MAEMONG A YONA E LE NOSI
Ba opela jaaka baegele. Ba ka go gapa maikutlo. Fa ba le mo maemong a siameng ba ka
go ledisa. Seno ke mokgwa oo o ka tlhalosang Khwaere ya lefapha. E nnile le seabe mo
meletlong e farologaneng mo lefapheng le kwa ntle ga lefapha, go akaretsa Meletlo ya
Dikhwaele ya Mafapha a Farologaneng, letsatsi la Bosetshaba la Dingwao, Letsatsi la
boditshabatshaba la AIDS le ditiragalo tse dingwe tsa bosetshaba.
Khwaere e tlhamilwe ka Lwetse 1997 mme e ne ya bulwa ka Phatwe 1999, mo tlase ga
botsamaisi jwa ga Jacob Maswanganyi. Ba simolotse jalo ka batho ba le supa dingwaga
tse di fitileng , jaana khwaere e ipelagatsa ka kgolo ya palo ya batho ba ba inetseng.
30
Nngwe ya tse o ka digopolang ka khwaere ke maiteko a kwa godimo a ba bontshitseng ka
Meletlo ya ngwaga le ngwaga ya Dikhwaere ya mafapha. Lefapha le ne la supa
manontlhotlho, mme la re kgotsofatsa.
Khwaere e ikatisa gabedi ka beke metsotso ele 45, ka labobedi le Labone. Modiri
mongwe le mongwe o naleng kgatlego ya go nna karolo ya khwaere a ka leletsa Jacob
Maswanganyi mo 012 3105127 kgotsa Kedi Sekwele mo 012 310 5914. Khwaere e tla
nna le karolo gape mo Dikgaisanong tsa Dikhwaere tsa Mafapha tseo di tla nna teng ka
Lwetse2002. Ka Musa Langa
MODIRI O PHETSENG SENTLE KE ENA YO NTSHANG MAUNGO
Ka dinako dingwe o modiri o dirang sentle mme gape o ikemiseditse go tsamaya sekala
se se rileng go netefatsa gore tiro ya dirwa, kgotsa o ikutlwa o lapile, o lebala? Fa go le
jalo, o kanna o itemogela Fatigue, e e leng go tlhola o lapile ka gale. Go ya ka bo reaitse
ba tlhaloganyo le ba mele, basadi ba le kotara ba ba dirang le ba le nngwe- botlhanong ba
itemogela seno, bare ba ikutlwa ba lapile ka nako tsotlhe.
Depatlisiso di bontshitse gore go lapa ka nako tshotlhe ke bolwetsi. Go sulafatsa bophelo,
go fokotsa go tira, go nna le seabe mo botsalanong, go senya maikaelelo. Go lapa dinako
tsotlhe go dirwa ke go gatelelwa, seterese le letshogo.
Mekgatlo ya bosetshaba le poraevete ba tswelela go ruta badiri ka go tlhokomela gore ba
ikutlwa jang mo meleng. Matsamaisi bao ba sa iseng seno tlhogong ba iphitlhela ba
tshwanetse go dira ka maemo a kwa godimo a go sa tle tirong, maemo a seng mantle a
botsalano ao a tlisang dikgogakgogano tseo di seng botlhokwa mo mokgatlong.
Motshamaisi le modiri ba tshwanetse go emana badiri ba bangwe nokeng bao ba tsayang
karolo mo go iketleng mo lefapheng. Go tshwanakana le kgwele ya dinao , khwaere le
mokgatlo wa tsa maphelo le tse
Dingwe.
Ditshopo tse di bontshang gore o nale bolwetsi jo jwa go lapa di thata go ka elwa tlhoko.
Ka gonne batho ba ikutlwa ba lapile , mme go sena sesupo sa bolwetsi. Sekao, ga modiri
a tla go motsamaisi a lela ka go lapa le go nna le seterese, motsamaisi a ka ikgatolosa
selelo se. Mme fela seno se ka tlisa go sa diragatseng ga modiri le go mo tlhokisa go nna
matlhagatlhaga .
Go nale mefuta e mentsi ya go dira ka bolwetsi jo, fa re ntse re ithuta ka bone, go nna
botoka mo mokgatlong go bona mosola mo badiring. Tseno ke ntlha tseo o ka dirang
jaaka modiri go kganela go lapa:
??Fokotsa caffeine, dikhabohaderaiti, dinotsididi, bojalwa le motsoko
??Robala sentle
??Ikatise ka gale
??Ja dijo tse di siameng
??Fokotsa mo dijong tse di sa siamang jaaka sukiri
??Lemoga gore ke eng se se go seteresang
31
??Ikhutse, mme o ikhutse
??Bona gore a go nale sengwe se se go ganang mme se sa go tseye sentle
??Bona ngaka ya gago ga o bona bolwetsi jo bo tswelela
Mo Worxnews re dumela gore maphelo a modiri a golagane le go dira sentle. Ke seo re
phasalatsang makwalo ao a lebaganeng le bophelo jwa modiri. Re tsepha gore maemo a
gago a maphelo a tla tokafala le go kgontsha maemo a kwa go dimo a go ntsha maungo a
mantle.
Fa o nale seo oka se kwalang ka ga seno, ka tswetswe e-mailela Salome Baloi. E-mail:
sbaloi@pwdmail.pwv.gov.za

Rabies
bolwetse bo bo bolayang 
Jenny Turton

* Kanamo ya bolwetse 
* Ditshupo tsa Rabies 
* Thibelo 
* Kalafo 

Rabies 
Rabies ke eng? 
* Rabies ke bolwetse bo batho ba ka bo fitlhelang mo diphologolong 
* Bo tlholwa ke twatsi e e amang boboko e bile e bolaya 
* Twatsi e e fitlhelwa mo matheng mme e anama fa ntwa e e tshwaetsegileng e ka go loma 
 
 
Bolwetse ba Rabies ke bolwetse bo bo kotsi thata. Tlhabela diphologolo tsa gago mme le wena o itshereletse.
Diphologolo tse di ka tshwaetsang batho 
* Gantsi ke dintwa 
* Dikatse, ramowe, bophokojwe le diphologolo tse dingwe tsa naga 
* Bolwetse ba Rabies bo phatlhaladiwa go ya kwa diphologolong tse dingwe le kwa bathong ke dintwa, bophokojwe ba ba mokokotlo o montsho, ramowe o mo serolane le phiri ya ditsejwana tsa morubisi, e e tsamayang bosigo. 
 

Ditshupo tsa bolwetse mo diphologolong 
* Go fetoga ga maitshwaro mo diphologolong tsotlhe. Diphologolo tsa selegae di fetoga go nna tse di tlhaga(di bonagala e kete di a tsenwa), fa diphologolo tsa naga di fetoga di nna bonolo. 
 
* Go palelwa ke go tsamaya , kwa bofelong di swe 
Kanamo ya bolwetse ba Rabies, e bontsha gore ke diphologolo dife tse botlhokwa tse di phatlhalatsang bolwetse ba Rabies mo dikarolong tse 

Dintwa: 
Di ya shakgala, bogola, tlhasela nako nngwe le nngwe, di tswa mathe go feta selekano, di loma lefela, di tomola matlho, di a ebela, di repisa motlhagare wa tlase, ga di kgone go metsa, di ja mmu le dithupana, di a kgamiwa, di a tlhatsa, di tsamaya ka bothata, di palelwa ke go tsamaya gotlhelele
Dikatse: Di ya shakgala, di tlhasela nako ngwe le ngwe
Dikgomo: Di a bokolela, di tswa mathe go feta selekano, di a betwa, di a shakgala, di goga mowa ka molomo, di palelwa ke go metsa, bokoa, di tsamaya e kete di tla wa , di tsamaya ka bothata, di palelwa ke go tsamaya
Dipitsi: Go thekesela, go palelwa ke go metsa, go tsamaya ka bothata, bokoa, go palelwa ke go tsamaya, go shakgala, di a loma

Ditonki: Di a loma, di a shakgala
Dipodi le dinku: Di a bokolela, maoto a kwa morago a bokoa, di tsamaya ka bothata, di a shakgala, keletso ya thobalano ya oketsega, di a ragaraga
Diphologolo tsa naga:
Di fetoga go nna bonolo, di tsena mo magaeng le mo ditshingwaneng, diphologolo tse di tsamayang bosigo di tsamaya motshegare, di tlhasela nako nngwe le nngwe, di palelwa ke go tsamaya
Dikolobe: Di a shakgala, di a loma

Batho ba amega jang? 
* Batho ba amega fa ba ka lomiwa ke phologolo e e tshwaeditsweng ka twatsi ya bolwetse bo, e e fitlhelwang e bile e phatlhalatswa ke mathe 
* Batho ba kgona go amega fa mathe a phologolo a kgoma ntho e e bulegileng, molomo kgotsa matlho a motho 
* Diphologolo tse di nang le bolwetse ba Rabies di bonagala e kete di kgamilwe ke sengwe ka di tswa mathe a mantsi thata. O seke wa tsenya letsogo la gago mo molomong wa ntwa ka gonne o ka tshwaetswa fa o lomiwa kgotsa fa dintho tsa gago di kopana le mathe a ntswa eo 
* Ditoto tsa dikgomo, dinku, dipodi, dipitsi le ditonki, tse di tshwaeditsweng di ka nna kotsi mo boitekanelong ba batho fa di buiwa ka gonne batho ba tshwaetsega fa ba kgotlhelwa ke mathe kgotsa boboko ka mo matlhong, molomong le mo dinthong fa ba bula tlhogo mme ba tshwaratshwara boboko ba phologolo 
Ditshupo tsa bolwetse mo bathong
* Mo bathong, ditshupo tsa ntlha ke go opiwa ke tlhogo, go lapa, go fisa mo mmeleng, go tlhatsa le go boifa metsi.Kwa bofelong ba palelwa ke go tsamaya, go idibala sebaka se se leele le leso 
* Go tsaya dibeke di le pedi go ya go di le lesome gore ditshupo di ka bonagala mo bathong le mo diphologolong fa di lomilwe ke diphologolo tse di nang le bolwetse bo 
* Fa batho ba simolotse go tlhagisa ditshupo tse, ga go sa na kalafi mme ba tlile go swa 
Thibelo 
* Go botlhokwa gore dintswa le dikatse di tlhabelwe bolwetse bo go fokotsa kotsi ya bone 
* Diphologolo tse dinnye di tshwanetse go tlhabiwa gabedi mo ngwageng wa ntlha, morago di tlhabiwe gangwe mo dingwageng dile tharo kgotsa go ya ka taelo ya ngaka ya diphologolo ya puso. Molemo o wa go tlhabela, o siame mme o ka se dire gore seruiwa sa gago se lwale 
*  Itsise ngaka ya puso ya diphologolo fa o bona seruiwa sa gago se fetola maitshwaro a sone mme o belaela gore ke bolwetse ba rabies 
* O seke wa tshwara kgotsa wa atamela phologolo eo o sa e itseng, e e tlhaga e bonagala e le bonolo mme e sa tshabe, e e lwalang ,le tse di sa bofelelwang mme di bontsha tshakgalo 

Kalafo 
* Fa o ka alafiwa ka bonako morago ga go lomiwa , o ka se ke wa tlhokofala 
* Fa o sena go lomiwa o tshwanetse go tlhapa ka bonako o dirise sesepa kgotsa polaya-ditwatsi. Morago batla thuso mo bookelong kgotsa mo ngakeng e e mo gaufi 

* Ngaka kgotsa mooki ba tla simolola go go naya mamao a mantsinyana, ao a ka thibelang bolwetse ba rabies go ka mela mo mmeleng wa gago. Go botlhokwa go ya kwa bookelong go fitlhela mamao ao ba tshwanetseng go go naya one a felela, e seng jalo o tla raga thokolo 
* Lenaneo la go tlhabelwa fa o sena o lomiwa ke le: letsatsi leo o lomilweng ka lone , go latele la boraro(3), la 7, la 14, go fitlha la bo 28. O bala go tloga ka letsatsi leo o lomilweng. Molemo oo o nang le masole a go lwantsha Rabies ,le one o tla o newa mo letsatsing leo o lomilweng ka lone 

* O tshwanetse go itsise ngaka ya puso ya diphologolo kgotsa maphodisa fa o ka lomiwa ke ntswa kgotsa phologolo nngwe. Ba tla batlisisa mme fa go tshwanetse ba tla bolaya phologolo eo gore ba tle ba netefatse fa e ne e tshwere ke bolwetse ba rabies 

Fa o batla go itse mo go fetelets1eng ka bolwetse bo, 
bua le motlhankedi wa setegeniki wa diphologolo, 
ngaka ya puso ya diphologolo kgotsa mooki 
Kgotsa 
Animal Health for Developing Farmers
ARC-Onderstepoort Veterinary Institute
Private Bag X05, Onderstepoort 0110 
Tel (012)529 9158 
Map by G Bishop
Diagrams on pp. 5-8 by C D Seegers

2000
Direktoraat Kommunikasie
National Department of Agriculture

MALWETSE A A PHATLHALAdIWANG KE DIKGOFA MO DIruiweNG TSE DI OTLANG 
Jenny Turton

Malwetse a a phatlhaladiwang ke dikgofa mo diruiweng tse di otlang ke eng? 
 Malwetse a a phatlhaladiwang ke dikgofa ke malwetse a a anamang magareng ga diruiwa ka go lomiwa ke kgofa e e tshwaetsegileng 
 Dikgofa di tshwaetsega ka go ikotla mo diruiweng tse di ka tswang di lwala, kgotsa di itekanetse fela di na le mogare (senwamadi) mo mading a tsona ( dithwadi tsa bolwetse) 
 Dikgofa di tshwaetsa diruiwa fa di ikotla mo go tsona ka mathe a tsona 
 Kgofa e le nngwe e e tshwaetsegileng e ka fetisetsa bolwetse kwa seruiweng 

Malwetse a a botlhokwa a a phatlhaladiwang ke dikgofa mo diruiweng tse di otlang 
 Motsikitlelo (semmee) 

 Bolwetse jwa motlhapo mohibidu mo dikgomong (redwater) 

 Bolwetse jwa santlhoko mo dikgomong (gallsickness) 

Ke dikgofa tsa mofuta mang tse di phatlhalatsang malwetse a 
a farologaneng? 
* Heartwater: bont kgofa 

E Tona 

 E Namagadi 
* Redwater: Kgofa e botala jwa legodimo 

E Tona 

E Namagadi 
* Galsickness: dikgofa tse botala jwa legodimo le tse dingwe (jaaka kgofa yamaoto a mahibidu) maoto a mahibidu) 

Kgofo e tona ya maoto a mahibidu 
  
Gallsickness e ka anamisiwa go tswa mo phologolong seruiweng se sengwe go ya go se sengwe ke dintsi tse di lomang le madi a a mo didirisweng le mo dinalateng (sekai: ka nako ya moento, fa di tlhabiwa ka lemao, fa di kgaolwa dinaka le fa di fagolwa)

Malwetse a a farologaneng a a phatlhaladiwang ke dikgofa a bonagala mo mafeleng a fe? 
 Malwetse a tlhagelela gongwe le gongwe kwa go nang le dikgofa teng 

Kanamo ya heartwater 

Kanamo ya gallsickness 

Kanamo ya redwater

Kotsi ya Malwetse a a anamisiwang ke dikgofa ke eng? 
 Malwetse a a anamisiwang ke dikgofa a ka baka ditshenyegelo tse dikgolo mo diruiweng 
 A ka thibela tiriso ya diruiwa tse di ntshang dikuno tsa maemo a a kwa godimo mo setlhopheng sengwe sa diphologolo 
Ke diphologolo dife tse di mo kotsing thata ya malwetse a a phatlhaladiwang ke dikgofa, le gore malwetse a ka tlhagelela leng? 
* Diruiwa tse di tswang mafatsheng a sele (Tsa kwa Yuropa). (Tsa boboatsatsi jaaka di-Nguni le di-Boramane di na le kgotlelelo) 

* Diruiwa tse di tsofetseng 
* Dipodi le dinku di tshabelwa ke bolwetse jwa motsikitlelo go feta dikgomo 
* Diruiwa tse di tlosiwang mo lefelong le le se nang bolwetse go ya mo le le nang le bolwetse 
* Diruiwa tse di tsetsweng mariga (tse di sa kopanang le dinwamadi di sa ntse di le dinnye) 

* Malwetse gantsi a nna teng morago ga dipula tse dintle, ka ntlha ya gore go nna le dikgofa tse dintsi mo nakong e 
             

Ditshupo mo diruiweng tse di lwalang le tse di suleng 
* Bolwetse e ka nna jo bo botlhofo go ya go bo bo tseneletseng, go tswa mo mabakeng a a farologaneng jaaka mofuta wa seruiwa, dingwaga, tshireletso,go laola dikgofa, maemo a loapi, setlha le bogale jwa diparasiti (dinwamadi) 
* Ditshupo tsa go sa le gale tsa malwetse otlhe gantsi ke go latlhegelwa ke keletso ya dijo, go sa itumele le bokoa, go ntsha mawi a mannye ga diruiwa tse di gamiwan 
* Diruiwa tse di dusang di ka folotsa 
Heartwater 
Diruiwa tse di lwalang 
* Letshoroma (40 C kgotsa go feta) 
* Ditshupo tsa bolwetse fa bo feteletse kwa bokong 
- Ditshupo tse di bonala bonolo mo dikgomong go na le mo dinkung le dipodi
- Bothata jwa go tsamaya 
- Go gatela kwa godimo 
- Mokgwa o o sa tlwaelegang wa go thula magora, go dikwelela. go wa, go tlhauna (e kete ntswa e tshwerwe ke bolwetse ba rabies) 
- Go kgonya go le gonnye ka monwana mo seribeng go dira gore e bonye matlho 
- Go gogega mesifa go go sa laolegeng 
* Leso 
                                 
Diruiwa tse di suleng 
* Seela se sentsi ka mo mpeng le ka mo sehubeng le kgetsana e e dikologileng pelo (segolo thata mo dinkung le mo dipoding) 
* Go ruruga ga boko jo bo nang le seela 
* Seela (e se sentsi) ka mo mafatlheng le lefulo ka mo marobaneng a mowa 

Redwater 
Diruiwa tse di lwalang 
 Go na le mefuta e mebedi ya borotamadi, e bong Asciatic redwater le African redwater 
 Asciatic redwater ke jone jo bo kotsi tota, le fa African redwater bo le kotsi ka bo aname thata. Ditshupo tsa one di a tshwana le Asciatic redwater fa e feteletse kwa bokong 
 Letshoroma ( 40_41,5 C) 
 Matlho le marinini a masetlha le serolane 
 Moroto o mohibidu 
 Go ka nna le ditshupo tsa bolwetse ba boko fa e le Asciatic redwater, le bothata mo go tsamayeng. (bo ka lebega jaaka heartwater) 
 Leso 
 Dinamane di na le kgotlelelo mo dikgweding tsa ntlha tse 6 go ya go di le 9

Diruiwa tse di suleng 
* Setoto se se setlha go ya go se se serolane 
* Madi a a metsi 
* Lebete le legolo 
* Santlhoko se segolo se se tletseng 
* Moroto o mohibidu 
* Boko jo bo hibidu fa e le Asciatic redwater 

Gallsickness 
Diruiwa tse di lwalang 
 Di ka nna le letshoroma
 Matlho le marinini a masetlha le boserolane
 Bothata jwa go tsamaya
 Go hema ka bothata
 Pipelo ( ka ntata ya go emisa ga mogodu go sila)
 Leso
 Dinamane di na le kgotlelelo mo a dikgweding tsa ntlha tsa botshelo di le 6 go ya go di le 9

Diruiwa tse di suleng 
 Setoto se se serolane
 Lebete le legolo
 Kgetsana e kgolo ya santlhoko e e tletseng santlhoko sa botala jo bosetlha 

O Ka itse jang fa diruiwa tsa gago di na le malwetse a? 
O ka belaela go nna teng ga malwetse a ka: 
 Ditshupo tse di tlhagelelang mo diruiweng
tse di lwalang 
 Ditebego tsa diruiwa tse di suleng 
 Ngaka ya lona ya diruiwa kgotsa motlhankedi 
wa setegeniki o tla netefatsa se ka go tlhola megare mo: 
 Mading go bona fa go na le bolwetse ba santlhoko 
 Bokong go bona fa go na le bolwetse ba heartwater kgotsa asiatic redwater 
Ke malwetse afe a mangwe a a ka golaganngwang le a a phatlhaladiwang ke dikgofa? 
* Bolwetse bongwe le bongwe jo bo bakang diponagalo tse di tshwanang le tsa malwetse a 
* Sekai, diponagalo tsa bolwetse ba boko tse di bonwang mo malwetseng a, heartwater le Asciatic redwater a ka tshwana, mme gape di ka tshwana le malwetse a a jaaka rabies le tshwaetsego mo bobokong go tswa mo mabakeng mangwe 
* Seela (se sentsi) se se mo mafatlheng fa e le heartwater se ka tshwana le fa seruiwa se jele botlhole kgotsa malwetse mangwe a a jaaka diphio le lelemetala (blue tongue) 
* Bolwetse jwa santlhoko le redwater bo ka tshwana 

Mokgwa o le mongwe wa go netefatsa bolwetse ke go dira diteko mo seruiweng se se lwalang kgotsa se se suleng 

Malwetse a a phatlhaladiwang ke dikgofa a ka alafiwa jang? 
* Diruiwa di tshwanetse go alafiwa ka bonako fela fa ditshupo tsa bolwetse di lemogiwa, go sa nneng jalo di ka swa 
* O latele ditaelo tse di kwadilweng mo melemong ka tlhomamo, go sa nneng jalo molemo o ka se dire kgotsa o ka utlwisa seruiwa botlhoko 
* Fa o se na bonnete jwa gore seruiwa se tshwerwe ke bolwetse mang, o batle keletso 
* Melemo mengwe e e tshwanetseng go newa diruiwa e ka newa ke ngaka ya diphologolo fela 
* Fa o belaela, mme o sa kgone go bona thuso ka bonako go tswa mo ngakeng ya lona ya diphologolo, o ka dirisa motswako wa tetracycline le diminazene aceturate 
Heartwater 
* Tetracyclines (e mefuta e e farologaneng) 
Redwater 
* Imidocarb diproprionate (sekai: Imizol kgotsa Forray 65) kgotsa diminazene aceturate (sekai: Babazene, Berenil, Veriben) 
* Tshola phologolo mo tidimalong e ikhuditse, mme o se ka wa e tsamaisa sekgala se se leeele. 
Gallsickness 
* Tetracyclines (e mefuta e e farologaneng) kgotsa imidocarb diproprionate (sekai: Imizol kgotsa Forray 65) 
* Tshola seruiwa se ikhuditse, mme o se ka wa e tsamaisa sekgala se se leeele

Malwetse a a phatlhaladiwang ke dikgofa a ka thibelwa kgotsa a laolwa jang? 
* Thibelo le taolo ya malwetse a a phatlhaladiwang ke dikgofa di marara thata, mme e farologane go ya ka mafelo. Kopa keletso mo motlhankeding wa boitekanelo wa setegeniki kgotsa ngaka ya diphologolo ka ga mekgwa e e siameng mo kgaolong ya lona 
* Diruiwa di tshwanetse go kopana le megare di sa ntse di le dinnye gore di tle di nne le kgotlelelo ya tlholego mo dikgaolong tse malwetse a tlhagelelang mo go tsona 
* Go laola dikgofa ka go tipa diruiwa kgotsa ka go di kgatsha ka molemo go ka fokotsa mathata. Togamaano ya taolo ya dikgofa e botlhokwa thata, ka e le taolo e e thusang go thibela dikgofa go nna letshwenyo, fela e letla dikgofa go nna teng go letla tshwaetsego go nna teng fa diruiwa di sa le dinnye gore diruiwa di sireletsege kgatlhanong le malwetse 
* Lekang go ruwa diruiwa tsa boboatsatsi fela tse di jaaka dikgomo tsa di-Nguni le di-Boramane tse di nang le kgotlelelo mo dikgofeng le mo malwetseng a a anamisiwang ke dikgofa 
* Go na le meento ya heartwater, redwater (mefuta ka bobedi) le bolwetse jwa gala. Meento, segolo thata ya heartwater, e tshwanetse go dirisiwa ka kelotlhoko ka ntlha ya gore e na le megare e e tshelang, mme e ka baka malwetse, tota le leso fa diruiwa di sa alafiwe ka nako. Diruiwa tse di dusang di se ka tsa entiwa, ka ntlha ya gore di ka folotsa 

Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga taolo, temogo le kalafo ya malwetse a, ikgolaganye le motlhankedi wa setegeniki wa boitekanelo kgotsa ngaka ya puso ya diphologolo 
Kgotsa 
Animal Health for Developing farmers 
at the ARC-Onderstepoort Veterinary Institute
Private Bag X05, Onderstepoort 0110
Tel (012) 529 9158 

2000 
KAEDI E KHUTSHWANE YA PEGELO YA MAIKEMISETSO KA GA PUSOSELEGAE 

Kaedi e ke matseno a makhutshwane ka ga Pegelo ya Maikemisetso (Pampiritshweu) e e phasaladitsweng la ntlha ka Mopitlwe 1998 ka ga Pusoselegae. Pegelo ya Maikemisetso e tshotse ponelopele ya mmuso ka ga thulaganyo e nthwa ya pusoselegae mo Aforika Borwa le gore ponelopele e e ka fitlhelelwa jang.
Kaedi e ga e ame sengwe le sengwe se leng teng mo Pegelong ya Maikemisetso. E sobokanya dintlha tsa botlhokwa fela - dintlhakgolo.
Tlhaloso ya mafoko a botlhokwa
If you click on the underlined words in the text, you will automatically go to a short explanation of those words.
CONTENTS 
Matseno 
Karolo ya A: Se se diragalang
Karolo ya B: Pusoselegae ya tlhabololo
Karolo ya C: Mmuso wa tirisano
Karolo ya D: Dithulaganyo tsa ditheo 
Karolo ya E: Dithulaganyo tsa sepolotiki
Karolo ya F: Dithulaganyo tsa tsamaiso 
Karolo ya G: Dithelete tsa mmasepala 
Karolo ya H: Thulaganyo ya diphetogo 

MATSENO: PEGELO YA MAIKEMISETSO KA GA PUSOSELEGAE E KAYA ENG? 

  
Thulaganyo ya jaanong ya pusoselegae ke thulaganyo (kgabaganyo) ya nakwana. E ikaeletse go re tsaya go tswa kwa thulaganyong ya bogologolo ya kgethololo go ya go thulaganyo e nthwa ya demokerasi. Ke tiro ya mmuso go netefatsa gore thulaganyo e nthwa e mo tirisong ka nako ya fa go tsena ditlhopho tse di latelang ka 1999. 
Pegelo ya Maikemisetso e re neela mmapa o re ka o dirisang go netefatsa gore re fitlhelela maikemisetso a rona - thulaganyo e nthwa ya demokerasi ya pusoselegae e e tla re gorosang kwa ngwagakgolong wa bosomepedinngwe. 
Pegelo ya Maikemisetso ke leano la thulaganyo e nthwa ya pusoselegae. Le simolotswe ke Ofisi ya Tona ya Merero ya Diporofense le Tlhabololo ya Molaotheo morago ga dikgwedi tsa dipatlisiso le dipuisano le mongwe le mongwe yo o amegang. E bua gore re batla thulaganyo e entseng jang ya pusoselegae le gore re ka e fitlhelela jang. 
Tota ga go a lekana go nna le leano fela. Go tshwanetse ga tsewa dikgato dingwe go diragatsa leano. Go tshwanetse ga dirwa melao, go tshwanetse ga segwa melelwane e mewa, go tshwanetse ga tlhabololwa manane a mawa, mme batho ba tshwanetse go katisediwa melebo e mewa ya pusoselegae. 

Pusoselegae ke eng? 
Pusoselegae ke kgato ya mmuso e e gaufi le batho. Karolo ya pusoselegae ke mmasepala. Baagi ba mmasepala ba tlhopha Lekgotla la Mmasepala le le tla emelang dikgatlhegelo tsa bona. Lekgotla la mmasepala le rwele maikarabelo a go netefatsa gore mongwe le mongwe o bona ditirelo tsa botlhokwa le go rotloetsa tlhabololo ya ikonomi le loago mo kgaolong. 


  
KAROLO YA A: SE SE DIRAGALANG 

Karolo A ya Pegelo ya Maikemisetso e leba gore re fa kae gompieno - mathata le dikgwetlho tse re lebaganeng natso. Bontsi jwa mathata a a tswa mo historing ya rona. Kgethololo e tlhaoletse mongwe le mongwe mo bomorafeng. Bontsi jwa khumo bo setse kwa dikgaolong tsa basweu fa bontsi jwa batho bo nna mo dikgaolong tsa dithono tse dinnye, ditirelo kgotsa ditshiamelo tse di mmalwa, mme go se na mokgwa wa go bona matlole go tokafatsa boleng jwa bophelo. 
Mo dingwageng tsa bo-1980 batho ba ile ba kgaratlha kgatlhanong le thulaganyo e e sa siamang e, mme kgaratlho ya bone e thusitse go fedisa kgethololo. 
Thulaganyo ya jaanong ya kgabaganyo ya pusoselegae e ikaegile ka ditumalano tse di fitlheletsweng ka nako ya ditherisano. Thulaganyo ya kgabaganyo e fedisitse maparego a bogologolo a bomorafe - jaanong re na le bommasepala ba la bangwe, ba ba sa arogantshwang go ya ka bomorafe. Le gale, mathata mangwe a sa ntse a saletse. Sekai: 
* Bothata jwa go se lekalekane bo sa ntse bo le teng: dikgaolo tse dingwe di humile fa tse dingwe di sa ntse di tlhoka ditirelo tsa botlhokwa. 
* TGo na le dipalo tse di lekanang tsa ditulo go tswa mo dikgaolong tse e neng e le tsa bommasepala ba basweu le ba bantsho. Se ga se a siama ka ntlha ya gore dikgaolo tsa bantsho di na le batho ba bantsi 
* Go na le bontsi jo bo tlhomamisitsweng jo bo tlhokegang go boutela ditekanyetsokabo le ditshwetso tsa thulaganyo 
* Makgotla mangwe a dira sentle, fela a mantsi a a kgaratlha, mme ga a kgone go tlamela baagi ka ditirelo. Thulaganyo e nthwa e tshwanetse go sekaseka mefuta le palo ya. Makgotla go netefatsa gore a kgona go diragatsa maikarabelo a pusoselegae. 
Mafelo a bonno a kgethololo 
Re setse ka bothata jwa mafelo a bonno a kgethololo a a neng a sa direlwe go tlhabolola, fela a ne a direlwa tlhaolele le taolo. Go na le tlhaolele e kgolo magareng ga mafelo a bonno a kwa magaeng le kwa diteropong. Ditoropo di theilwe maswe - batho ba ba humanegileng go feta ba nna kgakala le kwa tirong, ditirelo le ditshiamelo. Mo dikgaolong tsa rona tsa magae dimilione tsa batho ba ba nnang kwa dinagamagaeng tsa maloba ba na le phitlhelelo e nnye kgotsa ga ba na phitlhelelo gotlhelele ya ditirelo tsa botlhokwa. Ditorotswana tse dinnye tsa kwa magaeng ga di thuse bontsi jwa batho ba ba nnang mo go tsona ka ditlhokego tsa bona.
Thulaganyo e nthwa ya pusoselegae e tla tshwanela ke go siamisa bothata jo jwa mafelo a bonno a kgethololo. E tla tshwanela ke go netefatsa gore dikgaolo tsotlhe di tsenngwa mo moding wa tlhabololo - segolo setonna dikgaolo tse di neng di kgaphetswe kwa thoko. 
Ka bokhutshwane...
Thulaganyo e nthwa ya pusoselegae e tla tshwanela ke go siamisa go tlhoka tekatekano le masalela a nako e e fetileng, mme e netefatse gore mongwe le mongwe o fitlhelela ditirelo tsa botlhokwa, dithono le botshelo jo bo tokafaditsweng. Batho ba rona ba lopa se, le Molaotheo wa rona o boeletsa topo e. Re tshwanetse go nna le pusoselegae ya tlhabololo. 


  
KAROLO YA B: PUSOSELEGAE YA TLHABOLOLO

Karolo B ya Pegelo ya Maikemisetso e sekaseka se tlhabololo e se kayang. E tlhalosa mofuta wa boeteledipele jo Makgotla a tshwanetseng go bo neela e mofuta wa dikamano o bommasepala ba tshwanetseng go nna le bona le batho, mekgatlho, kgwebo le ba bangwe ba ba ka nnang le seabe mo tlhabololong ya kgaolo. Gape e tlhalosa le tlhabololo e e kopanentsweng - molebo o mowa wa togamano o o tla thusang bommasepala go diragatsa maikarabeloa bone a tlhabololo. 
Pusoselegae ya tlhabololo ke eng? 
Molaotheo wa rona o tlhalosa mosola wa pusoselegae mo Aforika Borwa wa demokerasi. Pusoselegae e tshwanetse go tlhabolola. Se ke kgwetlho e kgolo e nthwa ya pusoselegae. 
Mo nakong e e fetileng pusoselegae e ne e tshwaragane le go tlamela ditirelo fela kwa basweung, le dilo tse di tshwanang le taolo ya pharakano, go rebola dilaesense le go tlhokomela diphaka le ditshiamelo tsa boitapoloso 
Jaanong pusoselegae e tshwanetse go netefatsa gore batho botlhe ba bona ditirelo tsa botlhokwa, gore mongwe le mongwe a ka nna le seabe mo go tseyeng ditshwetso le togamaano, gore ikonomi ya selegae e a gola, gore dithono tsa ditiro di a oketsega, le gore didiriswa tsa selegae di diriswa sentle go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa mongwe le mongwe, jaanong le mo nakong e e tlang. 
Maikemisetsomagolo a tlhabololo a mmasepala 
Puso ya tlhabololo ke puso e e dirang le sethaba le botlhe ba ba nang le seabe go rotloetsa tlhabololo e e tsweletseng ya ikonomi le loago. Se se raya gore pusoselegae e tshwanetse go: 
Tlamela boeteledipele jwa sethaba 
Mmasepala o tshwanetse go dira le dikarolo tsotlhe tsa sethaba go aga ponelopele e e tshwaraganetsweng le go tlhola maikemisetso a tlhabololo. Fela fa go na le ponelopele le maikemisetso a a kopanetsweng, mmasepala o tshwanetse go dirisana le sethaba go fitlhelela ponelopele le maikemisetso. 
Thotloetso ya tshiamo ya loago le ikonomi 
Mmasepala o tshwanetse go netefatsa gore maano otlhe a ona, dithulaganyo, manane le tiragatso di tla isa kwa tlhabololong ya ikonomi le loago le tokafatso ya matshelo a batho botlhe - segolo setonna ba ba neng ba kgaphetswe kwa thoko mo nakong e e fetilang. .
Nyalanya le go golaganya maiteko otlhe go tlhabolola kgaolo 
Didiriswa tsotlhe tse di leng teng - batho le materiale di tla batlega go fitlhelela maikemisetso a tlhabololo. Mmasepala wa tlhabololo o tshwanetse go tshegetsa ditsela tsa tlhaeletsano di bulegile le mefama e mengwe ya puso, mme o age botsalano le sethaba, mekgatlho ya poraefete le sethaba. O tshwanetse go netefatsa gore maiteko otlhe le ditshwaelo di dira mmogo go fitlhelela maikemisetso a a tshwanang a tlhabololo. 
Rotloetsa le go aga demokerasi ya selegae 
Lekgotla la Mmasepala le emela dikgatlhegelo tsa sethaba. Le tshwanetse go akaretsa batsofe le ditlhopha tsa mo gae mo ditshwetsong le dithulaganyo tse di ba amang. Le tshwanetse go tsaya matsapa a a kgethegileng go netefatsa gore batho ba gantsi ba kgethololwang - jaaka basadi, digole le bawa ba kgona go nna le seabe. 
Ke eng se pusoselegae e e tlhabololang e tshwanetseng go se fitlhelela? 
Mangwe a maikaelelomagolo a pusoselegae ya tlhabololo ke a: 
a) Go tlamela malapa ka mafaratlhatlha le ditirelo tsa botlhokwa 
Mongwe le mongwe mo kgaolong o tshwanetse go bona ditirelo tsa botlhokwa - dilo tse di jaaka metsi a a phepa, tloso ya matlakala le kgelelo ya leswe. Lenane le le Tiisitsweng la Mafaratlhatlha la Bommasepala (LTMB) ke mokgatlho wa bosethaba go thusa bommasepala go aga mafaratlhatlha a a tlhokegang tebang le ditirelo tse - jaaka dipeipi, madutelo le mafelo a tlhokomelo ya leswe. 
b) Go rotloetsa tlhabololo ya ikonomi ya selegae 
Bommasepala ga ba kgone go tlhola ditiro le khumo ka bo bone. Le gale, ba ka rulaganya go netefatsa gore go nna le tlhabololo e e feletseng ya ikonomi ya kgaolo. Se se ka netefatsa gore go nna le ditiro, go nna le dithono le khumo. 
Sekai: bommasepala ba ka netefatsa gore fa ba reka thoto le ditirelo ba reka go tswa kwa dikgwebong tse di tlhabologang tsa selegae. Fa ba aga mafaratlhatlha, ba ka dirisa batho, fa go kgonagalang, go na le go dirisa methini. Ba ka thusa dikgwebopotlana ka tshegetso le tshedimosetso kgotsa ba netefatsa gore dikgwebo tsa selegae di fitlhelela mekgatlho le manane a a ka ba thusang. Ka go tlamela boeteledipele jo bo siameng le go golaganya sethaba mo maikemisetsong a a tshwanang, ba ka dira kgaolo lefelo la kgogedi ya dipeeletso le go rotloetsa kgolo.
Bommasepala ba ka nna jang le tlhabololo e e oketsegileng?
Didiriswa tse pedi tsa botlhokwa mo pusoselegaeng ya tlhabololo: 
1.Didiriswa tse pedi tsa botlhokwa mo pusoselegaeng ya tlhabololo: 
Thulaganyo e e siameng e botlhokwa mo tlhabololong. Thulaganyo e e tshwaraganeng ya tlhabololo ke thulaganyo ya togamaano e e diretsweng go kgontsha bommasepala go rulaganyetsa tlhabololo mo dikgaolong tsa bone: 
* Go dira le sethaba go sekaseka ditlhokego tsa sethaba. 
* Go tlhabolola ponelopele e e tshwanang le go rulaganya dintlha tsa botlhokwa le maikemisetso 
* Tshekatsheko gore ke didiriswa dife tse di leng teng. 
* Tlhamo ya manane le diporojeke. 
* Go netefatsa gore manane a bommasepala a dirisana le manane a mangwe a bommasepala le manane a diporofense le a bosethaba. 
* Go netefatsa gore ditogamaano tsa mefama e e farologaneng ( jaaka metsi, matlo, leswe, dipalangwa ) di dirisana sentle. 
* Thulaganyo e e siameng ya dithelete le tekanyetsokabo. 
* Ditogamaano tsa tiragatso. 
* Tlhokomelo le tshekatsheko e e tsweletseng ya manane go netefatsa gore a tsamaya sentle. 
2.Tsamaiso ya tiragatso 
Bommasepala ba tshwanetse go lekanyetsa tiragatso ya bone go netefatsa gore ba fitlhelela maikemisetso a bone. Gore ba kgone go dira se, ba tlhoka Dipontshi tsa tiragatso (di-DT). Tse ke dintlha tse ba ka di dirisang go tlhokomela gore manane a tsamaya sentle le gore didiriswa di dirisiwa sentle. Ditlhopha tsa sethaba di tshwanetse go nna le seabe mo go tlhomeng di-DT - se se tla thusa go tiisa boineelo jwa sethaba mo maikemisetsong a a tshwanang. 
Mo dingwageng tse di mmalwa tse di tlang go tla tlhabololwa thulaganyo ya bosethaba ya tsamaiso ya tiragatso go ikaegilwe ka maitemogelo a bommasepala. Se se tla thusa go lemoga mathata le go a rarabolola pele a gola. 
Go nna le seabe ga sethaba 
Bommasepala ba na le maikarabelo a go akaretsa sethaba mo mererong ya bommasepala le go aga demokerasi ya selegae. Sethaba se tshwanetse go nna le seabe mo togamaanong le mo go tseyeng ditshwetso jaaka balekane mo mananeng a tlhabololo. 
Ka bokhutshwane... 
Pusoselegae ya tlhabololo go raya boeteledipele jo bo tiileng, ponelopele e e siameng, go nna le seabe mo go tletseng ga sethaba, mekgatlho ya poraefete le beng botlhe go fitlhelela ditlhokego tsa botlhokwa tsa botlhe le go thea motheo o o tiileng wa kgolo le katlego ya leruri. 

Pusoselegae ya tlhabololo ke puso e maikemisetso magolo a yona ke go rotloetsa tlhabololo ya loago le ikonomi ya sethaba. Se se akaretsa dilo tse di jaaka go netefatsa gore mongwe le mongwe o bona ditirelo tsa botlhokwa, le gore go dirwa sengwe go rotloetsa go tlhamiwa ga ditiro. 
Tlhabololo e e tsweletseng ke tlhabololo e e ka tshegetswang kgotsa ya tsweletswa mo nakong e e tlang. Gore tlhabololo e tswelele, e tshwanetse go theiwa mo metheong e e tiileng. Ditharabololo tsa nakwana ga di kitla di thusa fa e le gore mo nakong e e tlang ga go na sepe se se ka supiwang. Diporojeke tse nthwa di tshwanetse tsa tsamaisiwa sentle le go tlhokomelwa mo nakong e e tlang, mme go tshwanetse ga nna le matlole le bokgoni jwa go ka dira se
Golaganya go raya gore lomaganya ditogamaano, maiteko le ditshwaelo tse di farologaneng gore di dire mmogo go fitlhelela ponelopele le maikemisetso a a tshwanang a sethaba. 
Di-DTT 
Bommasepala botlhe ba tshwanetse go ntsha dithulaganyo tse di tshwaraganeng tsa tlhabololo (Di-DTT. Lefapha la Tlhabololo ya Molaotheo le ntshitse kaedi go thusa bommasepala go simolola. 


  
KAROLO YA C: MMUSO WA TIRISANO 

Karolo C ya Pegelo ya Maikemisetso e leba kamano magareng ga mmuso wa bosethaba, wa porofense le pusoselegae. Go ya ka Molaotheo wa rona o mowa, dikgato tse tharo tse tsa mmuso di tshwanetse go dira mmogo ka mowa wa tirisano le go tshegetsana. 

Dikgwetlho tse pusoselegae e lebaganeng natso ke tse kgolo. Fela bommasepala ga ba nosi. Pusoselegae ke bontlhanngwe jwa thulaganyo e nthwa ya mmuso wa tirisano mo Aforika Borwa. Bommasepala ba tshegediwa mo tirong ya bone ke mmuso wa bosethaba le ya diporofense. Bommasepala le bone ba tshegetsa mebuso ya diporofense le wa bosethaba. Ka go dira mmogo dikgato tse tharo tse tsa mmuso di ka kgona go fitlhelela maikemisetso a tlhabololo. 
Maikemisetsomagolo a dikgato tse tharo tsa mmuso
 
Bosethaba
Porofense
Pusoselegae
Thulaganyo ya togamaano
O rwele maikarabelo a go tlhabolola thulaganyo yotlhe tebang le tlhabololo ya loago le ikonomi mo nageng.
E rwele maikarabelo a go tlhabolola thulaganyo ya porofense nngwe le nngwe - se se bidiwa Togamaano ya Kgolo le Tlhabololo ya Porofense.
Bommasepala ba rwele maikarabelo a go dira ditogamaano tsa tlhabololo mo dikgaolong tsa bone - tsona di bidiwa ditogamaano tsa tlhabololo e e tshwaraganetsweng. Di-DT di tshwanetse go dira mmogo le Togamaano ya Kgolo le tlhabololo ya porofense
Melao le melawana
O rwele maikarabelo a tlhabololo yotlhe ya peomolao (melao) ya pusoselegae. Pegelo ya Maikemisetso ke bontlhanngwe jwa thulaganyo e ya go dira melao
Go dira melao le melawana ya dipusoselegae - go dumalana le melao ya bosethaba - go fitlhelela ditlhokego tsa diporofense le tsa pusoselegae.
Go dira melawana ya pusoselegae le go laola tiriso ya lefatshe, dituelo tsa pusoselegae, kgwebo ya mo mebileng, j.j.
Kago ya bokgoni
O rwele maikarabelo a go aga bokgoni jwa bommasepala gore ba kgone go itlhokomelela merero ya bone le go dira ditiro tsa bone sentle.
Go tlamela bommasepala ka katiso le kago ya bokgoni. Ba tla dira ka mekgatlho ya katiso ya porofense le pusoselegae e e rulaganeng. Gape ba ba tla thusa ka setegeniki mo dilong tse di jaaka di-DT.
Ke maikarabelo a Makgotla a bommasepala go tlhabolola badiri ba bine ka katiso le mekgwa e mengwe.
Dithelete
Tlhokomelo ya thulaganyo ya dikamano tsa lotseno lwa sethaba magareng ga mebuso. E tla dira melao ka ga dintlha tse di jaaka ditekanyetsokabo tsa bommasepala le gore 'diere tse di lekanang' tsa lotseno di ya kwa go bommasepala.
Tlhokomela seemo sa dithelete tsa bommasepala, mme o tsereganye fa maemo a dithelete a tlhobaetsa.
Makgotla a Bommasepala a rwele maikarabelo a go rulaganya ditogamaano tsa dingwaga tse tlhano tsa dithelete le ditekanyetsokabo tsa ngwaga le ngwaga, go tlhoma dikelotefo, tekanyetso ya ditirelo, taolo ya sekoloto, kokoanyo ya lotseno, tebiso ya "tekano ya diere" go batlhoki, j.j.
Tlhokomelo
Go dira thulaganyo e e feletseng ya go tlhokomela pusoselegae go netefatsa gore tshedimosetso e nepagetse le gore ga go na ipoeletso mo pegelong.
Tlhokomelo ya bommasepala go ya ka thulaganyo ya tlhokomelo ya bosethaba. Se ke go netefatsa gore go na le maemo a a kwa godimo a ditirelo tsa mmuso le bodiredipuso.
Go tlhoma dipontsi tsa botlhokwa le go begela ka tlhomamo ka ga tsone.
Tsereganyo
Go ka tlhagiswa dikaedi tsa tsereganyo fa bommasepala ba itemogela mathata, mme e ka tsereganya ka boyona, mme se e le leano la bofelo.
E ka tsereganya fa mmasepala a retelelwa ke go fitlhelela maikarabelo a gagwe a molaotheo. Fa mmuso wa porofense o tsaya maikarabelo a mmasepala, o tshwanetse go netefatsa gore Lekgotla le ka diragatsa maikarabelo ao ka bonako jo bo kgonagalang.
Go siamisa go ya ka di katlanegiso kgotsa ditaelo tsa MEC.
Manane a bosethaba le a diporofense 
Mafapha a bosethaba le a diporofense a na le manane a a amang bommasepala ka tlhamalalo. Sekai, Lenane la Metsi a Sethaba le Bophepa la Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa, Lefapha la Merero ya Mafatshe le rulaganya go neela go thusa bommasepala go dira tiro ya tlhabololo ya mafatshe a bone/ditogamano tsa tlhabololo e e kopanetsweng. 
Bommasepala ba ka thusa ka tlhagiso ya manane a. Gape manane a a ka thusa ka kago ya bokgoni jwa dipusoselegae le go dira bontlhabongwe jwa lenane la tlhabololo la mmasepala. 
Gape mafapha mangwe a bosethaba le diporofense a phatlhaletsa maikarabelo mangwe kwa dipusoselegaeng. Se se raya gore bommasepala ba tla nna le ditiro tse dingwe tse nthwa tse di okeditsweng. 
Gore mebuso ya bosethaba, ya diporofense le pusoselegae di dirisane sentle mo tlhagisong ya manane:
* Mafapha a bosethaba le a diporofense a tshwanetse go dirisana ka tlhamalalo le dipusoselegae. 
* Manane a bosethaba le a diporofense a tshwanetse go tshwaragangwa le di-DT tsa mmasepala. 
* MINMEC ya Pusoselegae e tshwanetse go golaganya phatlhalatso ya dithata le maikarabelo a diporofense kwa pusoselegaeng - se se tla netefatsa gore go na le matlotlo a a lekaneng gore pusoselegae e kgone go dira ditiro tse di okeditsweng. 
Tirisano magareng ga bommasepala 
Bommasepala ba ka tswelwa mosola ke go nna le dikamano. Sekai, ba ka: 
* Refosana maitemogelo a go ithuta. 
* Arogana badiri le thekenoloji 
* Kopanela diporojeke tsa dipeeletso. 
* Ba ka reka dilo tse di tshwanang le didiriswa mmogo, ditirelo tse di kopanentsweng le ditirelo tsa kgakololo. 
* Thusana ka ditirelo. 
Pusoselegae e e rulaganeng 
Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (MDAB) ke mokgatlho wa bosethaba o o emelang dipusoselegae. O na le mekgatlho e le robongwe ya diporofense. Mekgatlho e, e ka rotloetsa tirisano magareng ga bommasepala. Gape e ka dira gore dipusoselegae di utlwale ka kemedi ya tsona kwa Mokgatlhong wa Bosethaba wa Diporofense (MBD) le MINMEC ya Pusoselegae.
Gape MDAB ke mokgatlho wa bathapi o o ka bopang dikgolagano tse di agang le diyunione tsa bommasepala, mme wa tsweletsa dikamano tse di edileng tsa kgolagano ya badiri. 
Ka bokhutshwane... 
Ka go dira mmogo, mmuso wa bosethaba, mmuso wa porofense le pusoselegae di ka rotloetsa tlhabololo ya bosethaba, tsa dirisa didiriswa tse di leng teng sentle le go netefatsa mmuso o o siameng le maemo a a kwa godimo a bodiredipuso. 

Dikamano tsa lotseno lwa sethaba gareng ga mebuso - go fetisediwa ga madi go tswa mmusong wa bosethaba go ya kwa diporofenseng le dipusoselegae. 
"Diere tse di lekanang" " - Molaotheo o kaya gore bommasepala ba tshwanetse ke go amogela karolo ya lotseno lwa bosethaba. Mmuso wa bosethaba o tla tlhomamisa gore karolo e, e tla bokae.
Phatlhalatsa - go fetisetsa maikarabelo kwa mokgatlhong wa selegae o o kgonang go diragatsa maikarabelo sentle le ka botswerere. 
MINMEC ya Pusoselegae ke komiti ya bosethaba e e diranang le merero e e amanang le pusoselegae. aloko a yona ke Tona ya Merero ya Diporofense le tlhabololo ya Molaotheo, bakhuduthamaga (MECs) ba diporofense tse di robongwe ba dipusoselegae le SALGA. 


KAROLO YA D: DITHULAGANYO TSA DITHEO 

Karolo D ya Pegelo ya Maikemisetso e sekaseka dikarolo tse tharo tsa mmasepala le mefuta e e farologaneng ya bommasepala mo karolong nngwe le nngwe. 
Dikarolo tsa mmasepala 
Molaotheo o tlhagisa dikarolo tse tharo tsa mmasepala.
Karolo (A): Mmasepala o o nang le taolo e e feletseng ya bokhuduthamaga le peomolao mo kgaolong ya ona. 
Karolo (B): Mmasepala o o aroganang taolo ya bokhuduthamaga le peomolao mo kgaolong ya ona le mmasepala wa Karolo (C) o o welang mo kgaolong eo.
Karolo (C) : Mmasepala o o nang le taolo ya bokhuduthamaga le peomolao mo kgaolong e e akaretsang go feta mmasepala a le mongwe. 
Mmuso wa bosethaba o tla tlhoma mekgwa ya gore kgaolo e nne leng le mmasepala wa karolo (A) kgotsa dikarolo ka bobedi tsa (B) le (C) tsa bommasepala. 
Mefuta ya bommasepala 
Mo go nngwe le nngwe ya dikarolo tse go ka nna le mefuta e e farologaneng ya bommasepala. Mmuso wa bosethaba o tla swetsa gore mefuta e e arologaneng e e tla nna eng. Mebuso ya diporofense e tla swetsa gore go tla dira mofuta ofe mo porofenseng. 
Dikgaolo tsa metsemegolo 
Dikgaolo tsa metsemegolo ke dikgaolo tsa ditoropo tse kgolo tse di nang le batho ba le bantsi. Go na le gikgaolo di le thataro tsa metsemegolo mo Aforika Borwa: Gauteng o Mogolwane, tshwane o Mogolwane, Motse-Kapa, Durban, Lekoa-Vaal le Kayalami. 
Dikarolo tse di batla dithulaganyo tse di kgethegileng tsa puso. Mmuso wa motsemogolo o ka tlamela tsamaiso e e botlhokwa ya kakaretso ya dikgaolo tsa ditoropokgolo. Se se botlhokwa go rotloetsa tlhabololo ya ikonomi le ya loago ya naga yotlhe - bommasepala ba ba farologaneng ba na le mokgwa wa go kgatlhegela dikarolo tsa bone fela, mme e seng mo kgaolong ya motsemogolo otlhe. Gape e ka netefatsa gore khumo ya kgaolo yotlhe e dirisetswa go tswela mongwe le mongwe mosola - segolo setonna bao ba ntseng ba kgaphetswe kwa thoko mo nakong e e fetileng. 
Pegelo ya Maikemisetso e tshisinya gore go nne le mefuta e mebedi e e farologaneng ya mebuso ya metsemegolo: 
1. Mmuso wa motsemogolo o o nang le Dikomiti tsa Dikgaolo. 
2. Mmuso wa motsemogolo o o nang le Mekgatlhopotlana ya Motsemogolo. 
Mmuso wa porofense o tla swetsa gore ke ofe wa mefuta e mebedi o o tla dirisiwang mo porofenseng. 
Mefuta e mebedi ya mmuso wa Motsemogolo 
1. Mmuso wa Motsemogolo o o nang le Dikomiti tsa Dikgaolo
Mo mofuteng o wa mmuso wa motsemogolo, Lekgotla la Motsemogolo le tla nna le dithata tsotlhe tsa maikarabelo a mmasepala. Le ka swetswa go tsamaisa maikarabelo otlhe ka bolone kgotsa le ka phatlhalatsa maikarabelo mangwe go dikarolo tsa selegae. Le ka swetsa gore le ka rulaganya jang jwa lona jwa tsamaiso. 
Dikomiti tsa Dikgaolo di tlhomiwa mo dikgaolong go netefatsa gore baagi ba selegae ba fitlhelela mmuso wa motsemogolo. Dikomiti tsa Dikgaolo di tshwanetse go tiisa maikarabelo mo sethabeng. Lekgotla la Motsemogolo le tla swetsa gore Dikomiti tsa Dikgaolo di tla nna le dithata le maikarabelo afe. Dikomiti tsa Dikgaolo di tshwanetse go nna le seabe mo go tlhomamiseng ditlhokego le dilo tsa botlhokwa - karolo e e botlhokwa ya di-DT. Go tshwanetse ga rerisanwa le tsona mo mabakeng a a amang dikgaolo tsa selegae. 
2. Mmuso wa Motsemogolo e e nang le Mekgatlhopotlana ya Motsemogolo 
Lekgotla la Motsemogolo le tla rulaganya bokgoni jwa tsamaiso ya lona ka mokgwa wa phatlhalatso ka Mekgatlhopotlana ya Motsemogolo. Mekgatlho-potlana ke dikomitipotlana tsa Lekgotla la karolo e e rileng. Di bopilwe ke dikgaolo le kemedi e e lekalekanang ya Balekgotla ba kgaolo eo. Lekgotla la Motsemogolo le tla swetsa gore ke dithata le maikarabelo afe a le ka a phatlhaletsang kwa Mekgatlhopotlaneng e. Se se ka akaretsa maikarabelo a ditirelo tse di tlamelwang ka tlhamalalo jaaka kolelo ya matlakala kgelelo ya leswe, le ditshetso tsa togamano tsa selegae. Lekgotla le ka swetsa go tshegetsa maikarabelo a ditirelo tse dingwe jaaka tlamelo ya metsi kgotsa tlamelo ya motlakase - kgotsa, le ka arogana maikarabelo a le Mekgatlhopotlana. 
Ditiro tsa mmuso wa Motsemogolo 
Mmuso wa Motsemogolo o tshwanetse go: 
* Rotloetsa tekatekano le tshiamo ya loago. 
* Netefatsa gore lekgetho le tswela mongwe le mongwe mosola mo kgaolong motsemogolo. 
* Rulaganyetsa karolo yotlhe ya motsesetoropo gore manathwana a kgethololo a busediwa morago, bokgoni jwa ikonomi bo a okediwa, mme kamagano ya loago e a rotloediwa. 
* Rotloetsa demokerasi ya selegae ka go dira gore baagi ba nne le seabe mo pusong ya dikgaolo tsa bone le toropo yotlhe - Dikomiti tsa Dikgaolo le Mekgatlhopotlana e tla nna le seabe se se botlhokwa mo go ageng demokerasi. 
* Tlamela ditirelo tse di botswerere le tse di bokgoni - jaaka maikrabelo a ntlha, ditirelo tsa botlhokwa di tshwanetse go tlamelwa go bao ba iseng ba nne le tsona. 
Mmuso wa kgaolo 
Dikgaolo tsotlhe tse di kwa ntle ga ditoropokgolo di tla nna le mmuso wa Kgaolo (karolo (C)) le bommasepala ba selegae (karolo (B)). Peomolao ya bosethaba e tla swetsa gore dithata le maikarabelo a tla arogangwa jang magareng ga Lekgotla la Kgaolo le mmasepala wa selegae.
Dikgaolo tse e seng tsa motsemogolo di na le mefuta e megolo e e farologaneng ya bonno - go simolola ka ditorotswana go ya kwa metseng e e phatlhaletseng ya magae. Mmuso wa Kgaolo o botlhokwa go netefatsa togamaano le tlhabololo ya kgaolo yotlhe, le go thusa bommasepala ba selegae ba ba ba iseng ba nne le bokgoni kgotsa le lekgetho le legolo le le lekaneng go ka tlamela maikarabelo otlhe a mmasepala. 
Ditiro tsa mmuso wa Kgaolo 
* Go rulaganya tlhabololo e e tshwaraganetsweng ya kgaolo yotlhe - Makgotla a Kgaolo a tla tshwanela ke go tlhabolola di-DT tsa kgaolo yotlhe. Se se tla netefatsa gore di-DT tsa bommasepala di dira mmogo le manane a bosethaba le diporofense go tlhabolola kgaolo yotlhe. 
* Go tlamela mafaratlhatlha ka bontsi - Makgotla a Dikgaolo a tla kgona go kokoanyetsa tiro e matlole ka go theya maketho (makgetho a bogologolo a RSC). 
* Go tlamela bommasepala ba ba bokoa ka thuso ya etegeniki. 
* Go tlamela ditirelo kwa dikgaolong tse bommasepala ba sa kgoneng go dira jalo ka ntlha ya lekgetho le le kwa tlase kgotsa kopo e e kwa tlase ya ditirelo. 
Karolo (B) Makgotla a bommasepala (Makgotla a selegae) 
Mo dikgaolong tsa mmuso wa Dikgaolo go tla nna le mefuta e meraro ya mmasepala wa karolo (B). 
1. Bommasepala ba Toropo.
2. Bommasepala ba ba tshwaraganeng ba toropo le metsemagae.
3. Mommasepala ba metsemagae. 
Bommasepala ba toropo
Ditoropo le metsemegolo e mentsi e na le bommasepala ba toropo ba ba nang le maikarabelo a go tlamela ditirelo tsa bommasepala. Ditakana le mafelo a mangwe a bonno a a kwa ntle ga ditoropo tse a tla akarediwa mo kgaolong ya mmasepala. 
Bommasepala ba ba tshwaraganeng ba toropo le metsemagae
Mo mabakeng mangwe melelwane e e leng teng ya mmasepala e tla atolosiwa go akaretsa dikgaolo tse di mabapi. Se se ka raya go kopanya mmasepala wa toropo le wa motseselegae. Se se tla oketsa lekgetho, mme sa oketsa bokgoni jwa thulaganyo le tlamelo. 
Bommasepala ba metsemagae
Go na le ditakana tse di farologaneng mo nageng. Bokgoni jwa bommasepala mo dikgaolong tse bo farologana go tswa mo bokgoning le mo botlhoking. Pegelo ya Maikemisetso e tshisinya gore bommasepala botlhe ba metseselegae ba tla simolola ka dithata le maikarabelo a dintlha tsa botlhokwa. Dithata le maikarabelo a a setseng a tla diragadiwa ke Mmuso wa Kgaolo. Fa bokgoni jwa mmasepala wa metseselegae bo oketsega, o tla tsaya dithata le maikarabelo a a oketsegileng. Bommasepala ba ba nang le maatla ba metsemagae ba ka nna ba kgona go nna le dithata le maikarabelo a a farologaneng ka bonako. Ba bangwe ba tla dira jalo mo tsamaong ya nako fa bokgoni jwa bone bo tlhabologa. 
Mo dikgaolong tse di mmalwa tsa sethaba se sennye se se ikadileng mo kgaolong e kgolo, mmasepala wa karolo (B) a ka se kgonagale. Mo mabakeng a a maarogi, go tla dirwa dithulaganyo tse di kgethegileng go netefatsa gore baagi ba emetswe ka Lekgotla la Kgaolo. 
Boeteledipele jwa setso 
Pegelo ya Maikemisetso e dirana le dikamano magareng ga pusoselegae le boeteledipele jwa setso - e seng le dintlha dingwe tsa boeteledipele jwa setso. Pegelo ya Maikemisetso e tshisinya kamano ya tirisano magareng ga bommasepala le boeteledipele jwa setso. Magosi a tla nna le kemedi mo Makgotleng a selegae le Makgotla a Dikgaolo go eletsa ka ditlhokego le dikeletso tsa batho ba bone. Tiro e e farologane le go tlhopha ga Balekgotla. Mmuso wa porofense o tla nna le seabe mo go swetseng gore ke ditiro dife tsa tlotlo tse di tshwanetseng go newa magosi. 
Pegelo ya Maikemisetso ka ga Merero ya Setso e sa ntse e baakangwa, mme mafapha a mmuso a lebile dintlha tse di amang boeteledipele jwa setso. 
Ga jaana go na le bommasepala ba le 843 le Balekgotla ba le 11 300 mo Aforika Borwa. Palo ya bommasepala le Balekgotla e tshwanetse go fokodiwa gore bommasepala ba kgone go tlamela ditirelo tse di botoka ka ditshenyegelo tse di kwa tlase. 
Paakanyo ya melelwane 
Lekgotla la Mmasepala la Paakanyo ya Melelwane le tla tlhomamisa melelwane ya bommasepala ka tirisano le bakhuduthamaga (MECs) ba dipusoselegae le bommasepala. Mmuso wa bosethaba o tla tlhoma mekgwa ya paakanyo. Go tla tlhokomelwa go netefatsa gore melelwane ya bommasepala e kgontsha bommasepala go fitlhelela ditiro tsa bone tsa semolao. 

Taolo ya khuduthamaga le ya peomolao: maatla a go tlhama maikemisetso le go diragatsa melao ya bosethaba le diporofense le melawana ya bommasepala. 
Mekgwa: melawana kgotsa mabaka a a tshwanetseng go latelwa fa go dirwa ditlhopho ka ga dikarolo tse di farologaneng tsa bommasepala. 
Phatlhalatsa: go fetisetsa maikarabelo kwa mokgatlhong wa selegae o o kgonang go diragatsa maikarabelo sentle le ka botswerere. 
Lekgetho: metswedi ya lotseno e mmasepala a ka bonang madi go tswa mo go lone go dira ditiro tsa ona. Se se akaretsa mabenkele, dikgwebo, beng ba thoto ba ba duelangmakgetho, j.j. 
Mafaratlhatlha a magolo :  go tsenya diphaepe, dikheibole le didiriswa tse dingwe tse di tlhokegang go ka tlamela metsi ka bontsi, motlakase kgotsa gase kwa mafelong a a fa gare kwa dikgaolong tsa bommasepala. Go tswa mo mafelong a, go tlhokega mafaratlhatlha a mantsi go isa metsi kgotsa motlakase ka tlhamalalo kwa badirising. 
Paakanyo : Molelwane mongwe le mongwe wa mmasepala mo nageng o tshwanetse go segiwa mo mmapeng go bontsha tota karolo e Lekgotla le e tlhokometseng. Thulaganyo ya go swetsa gore melelwane e segiwa fa kae e bidiwa paakanyo. 


  
KAROLO YA E: DITHULAGANYO TSA SEPOLOTIKI 

Karolo E ya Pegelo ya Maikemisetso e dirana le dithata le maikarabelo a Makgotla. Se se akaretsa maikarabelo a dimeiyare, dikhuduthamaga tsa dikomiti le dikomiti tse dingwe. 
Ditshwetso di dirwa jang 
Mmaesepala o mongwe le o mongwe o na le Lekgotla le le rweleng maikarabelo a go dira ditshwetso tsa sepolotiki, le tsamaiso e e tshwanetseng go diragatsa ditshwetso tse di tserweng ke Lekgotla. Molaotheo wa re ditshwetso tsotlhe tse di amanang le tiragatso ya dithata le maikarabelo a bommasepala di tshwanetse go tsewa ke Lekgotla. Le gale, ga go na bokgoni ka dinako tsotlhe - segolo setonna mo Makgotleng a magolo - gore Lekgotla lotlhe le dire ditshwetso. Ka ntlha ya se, melao ya bosethaba e tla letla Makgotla go rolela dithata tsa khuduthamaga go Meiyare wa Khuduthamaga kgotsa go Komiti ya Khuduthamaga. Dithata tse di sa tshwanelang go rolelwa ke tse: 
* Go fetisa ga melawana. 
* Thebolo ya ditekanyetsokabo. 
* Tefiso ya direiti, makgetho, makgethwana le makgetho a mangwe. 
* Dikadimo. 
Dilo tse di tshwanetse go dirwa ke Lekgotla lotlhe. 
Fa Lekgotla le rolela dithata go Meiyare kgotsa go Komiti ya Khuduthamaga, Lekgotla le tla kgona go tlhokomela tiro ya Meiyare kgotsa Komiti ya Khuduthamaga, mme le ba rwese maikarabelo a ditiro tsa bone. 
Meiyare wa Khuduthamaga 
Meiyare wa khuduthamaga o tlhophiwa ke, le go tswa mo Lekgotleng la mmasepala. Lekgotla la swetsa gore ke dithata dife tse di tla rolelwang kwa go Meiyare. Lekgotla le ka letla Meiyare go supa kabinete ya palo e nnye ya Balekgotla go mo thusa. Le gale, ke Meiyare yo o nang le dithata, e seng kabinete. Mosola wa Meiyare wa Khuduthamaga ke gore pusoselegae e dira jaaka motho, mme e letla boeteledipele jo bo tiileng le jo bo gagametseng. Go bonolo gore batho ba ikgolaganye le motho go na le komiti. 
Komiti ya Khuduthamaga 
Komiti ya Khuduthamaga ke setlhopha sa Balekgotla ba ba tlhophilweng ke Lekgotla la Mmasepala. Meiyare ke Modulasetulo wa Komiti ya Khuduthamaga. Le gale, Meiyare ga se Meiyare wa khuduthamaga - dithata ke tsa Komiti ya Khuduthamaga yotlhe, e seng Meiyare. Lekgotla le swetsa gore ke dithata dife tse le ka di rolelang go Komiti ya Khuduthamaga. 
Mmuso wa porofense o tla swetsa gore ke dithulaganyo tsa mofuta ofe tsa go dira ditshwetso tse di tla dirisiwang mo porofenseng. 
Dikomiti tse Dingwe 
Makgotla a ka tlhoma dikomiti tse dingwe go thusa. Tsona di akaretsa:
* Dikomiti tsa tsamaiso le taolo - go okamela maikarabelo a a jaaka tlamelo ya metsi kgotsa tlhokomelo ya leswe. 
* Dikomiti tsa Kgaolo - go okamela maikarabelo mo karolong e e rileng. 
* Dikomiti tsa maikemisetso - go rulaganya maikemisetso ka ga ntlha e e rileng mo nakong e e neilweng. 
Bommasepala ba bagolo ba tshwanetse go tlhoma Komiti ya Boruni (go okomela boruni jwa dithelete tsa mmasepala) le Komiti ya Dithentara (go tlhokomela thulaganyo ya go thentara). 
Boeteledipele jo bo tlhll 
Go tlhokega boeteledipele jo bo tlhll, jo bo bokgoni le jo bo boineelo go kgontsha bommasepala go tsweletsa tlhabololo le go netefatsa bodiredipuso jwa maemo a a kwa godimo. Balekgotla ba tshwanetse go tlamela sethaba ka bophara boeteledipele le ponelopele. Ba tshwanetse go kgona go dira botsalano le kgwebo, mekgatlho ya sethaba le ditlhopha tse dingwe tse di kgonang go tshwaela mo tlhabololong. Ba tshwanetse go kgona go tsaya ditshwetso tse di thata le go oketsa maikarabelo le bosengbofitlha. 
Le gale bontsi jwa Balekgotla ba ba 11 300 mo Aforika Borwa ke ba nakwana. Ba a kgaratlha go kgona tiro ya bona le ditshwarego tsa Lekgotla. Ka jalo Pegelo ya Maikemisetso e tshisinya go fokotsa palogotlhe ya Balekgotla le go oketsa palo ya Balekgotla ba leruri ba ba ineetseng mo tirong ya bone ya Lekgotla. 
Ditlhopho tsa bommasepala 
Makgotla a bommasepala a tla tlhophiwa ka mokgwa o o latelang:
Go tla nna le boutu ya lekoko ka ntlha ya kemedi e e lekanang.
Go tla nna le boutu ya karolo ka ka ntlha ya motho a le mongwe go bona diboutu tse dintsi.
Boutu ya lekoko e swetsa palogotlhe ya manno a a lebaneng lekoko. Palogotlhe e, e dirwa ke manno a karolo le manno a lekoko ka bobedi. Palo ya manno a lekoko e tlhomamisiwa ka go ntsha palo ya manno a karolo a a thopilweng ka boutu ya karolo go tswa mo palonggotlhe ya manno a a thopilweng mo boutung ya lekoko. 
Sekao sa go tlhopha

Go na le manno a le 20 mo Lekgotleng. 
Mo tlhophong ya lekoko: 
Lekoko la Z le thopa 70% ya ditlhopho: tsa lekoko. Se se raya gore Lekoko la Z le na le manno a le 14 (70% ya 20) = PALOGOTLHE YA manno a le 14 
Mo tlhophong ya karolo: 
Lekoko la Z le thopa manno a le 6 a karolo.
Palo ya manno a lekoko: 
Lekoko la Z le tshwanetswe ke manno a lekoko a a 8 a koketso go dira palogotlhe ya 14 (14-6 ya manno a karolo = 8) a a thopilweng mo tlhophong ya lekoko. 
Ka jalo LEKOKO la Z le na le manno a karolo a le 6 le manno a lekoko a le 8. 
Bontlhopheng ba basadi 
Makoko a sepolotiki a rotloediwa go dirisa thulaganyo ya palo ya bong. Se se tla netefatsa gore bontlhopheng ba bantsi ba basadi ba tsenela ditlhopho tsa Makgotla a bommasepala. 
Ka bokhutshwane... 
Pusoselegae e e tlhabologang e tlhoka boeteledipele jo bo tiileng, jo bo bokgoni le jo bo nang le ponelopele. Dithulaganyo tsa tseo ya ditshwetso tse di tshisintsweng mo Pegelong ya Maikemisetso di ikaeletse go tiisa Balekgotla le go rulaganya tseo ya ditshwetso, tsa mmuso wa mmasepala o o bokgoni le o o nonofileng. 

Rolela: go neela dithata le maikarabelo go mokgatlho kgotsa motho mongwe. 
Dithata tsa Khuduthamaga: thata go dira maikemisetso le ditshwetso tebang le tiro yotlhe ya mmasepala. 
Kemedi e e lekanang: Makoko a newa manno go ya ka phesente ya palogotlhe ya diboutu tse a di amogelang. 
Motho a le mongwe go bona diboutu tse dintsi: ke ntlhopheng a le mongwe fela yo o thopang manno - ntlhopheng yo o nang le diboutu tse dintsi. 


  
KAROLO YA F: DITHULAGANYO TSA TSAMAISO 

Ditsamaiso tsa bommasepala di akaretsa ditaolo le badiri ba mafapha a bommasepala a a rweleng maikarabelo a go diragatsa dithulaganyo le manane a Lekgotla. Tsamaiso e rwele maikarabelo a go tlamela baagi ka ditirelo tsa maemo a a kwa godimo. Karolo E ya Pegelo ya Maikemisetso e tshisinya mekgwa ya botlhami go atolosetsa ditirelo tsa botlhokwa go mongwe le mongwe le go tokafatsa tlamelo ya ditirelo ka kakaretso. 
Mekgwa e e farologaneng ya tlamelo ka ditirelo 
Bommasepala ba tshwanetse go bona mekgwa e e nonofileng ya go tlamela baagi ka ditirelo tsa tlhotlhwa e e kwa tlase le tsa maemo a a kwa godimo - mme segolo setonna go bao ba iseng ba bone ditirelo tsa botlhokwa. Pegelo ya Maikemisetso e tshisinya mekgwa e mentsi go fitlhelela se. Bommasepala ba tla tshwanela ke go tlhopha mekgwa e e botoka e e kopantsweng go fitlhelela tlamelo ya bona ya ditirelo le maikemisetso a tlhabololo. 
Kago ya bokgoni 
Bontsi jwa bommasepala bo tshwanetse go tokafatsa dithulaganyo tsa bone tsa tsamaiso, go katisa le go neela badiri ba bone maatla. Se se ka akaretsa dikgato tse di tshwanang le tse: 
Phetolo ya Tsamaiso
Natlafatso ya badiri
Ditumalano tsa tiragatso tsa badiri ba bagolwane
Natlafatsa badiri ba kwa pele go neela batho tshedimosetso le go ba gakolola
Maitsholo
Katiso le tlhabololo ya badiri
Go thapa ka tekatekano
Phatlhalatsa maikarabelo a tsamaiso
Ditekanyetso tse di tlhamaletseng tsa tiro
Maitemogelo a mo tirong le kitso ya badiri di tshwanetse go diriswa go tokafatsa tirelo
Go dira koporasi 
Se se akaretsa go tlhomiwa ga makala a tlamelo ka ditirelo, a a laolwang ka mokgwa wa kgwebo, a fapaana ka tsamaiso, fela di le ka fa tlhokomelong ya Lekgotla. 
Dikgwebisano tsa sethaba 
Tse ke dikgwebisano magareng ga bommasepala le makgotla a mangwe a sethaba. Sekao ke kgwebisano magareng ga mmasepala le Kantoro ya Poso e e letlang batho go duela melato ya bone kwa Kantorong ya Poso. Se se nolofaletsa baagi go duela melato, mme go tlosa mathata a dituelelo tsa tsamaiso.
Kgwebisano le di-MIS (CBOs) le di-MM (NGOs) 
Mekgatlho e e Itshetlegileng ka Sethaba ( MIS) le Mekgatlho e e seng ya Mmuso (MM) e na le bokgoni le maitemogelo a a ka nnang botlhokwa mo tsamaisong - sekai: mo katisong, tlhabololo ya diporojeke le tlhabololo ya dikgwebopotlana
Go romela tiro kwa ntle 
Se se akaretsa mmasepala o dira tumalano le setlamo sa poraefete gore se tlamele tirelo e e rileng. Ditumalano tsa go nna jaana di ka tshola ditshenyegelo di le kwa tlase, mme tsa tokafatsa bokgoni. Lekgotla le tshwanetse go tlhokomela tiro, mme le netefatse gore go tshegeditswe maemo le boleng
Dikhiriso le Dithebolelo 
Tse di tshwana le go dira ditumalano le ditlamo tsa poraefete, fela di akaretsa dipeeletso tsa madi a mantsi ka mafaratlhatlha. Ka ntlha ya lebaka le, tumalano e telele (gantsi e nna dingwaga di le 20 go ya go dingwaga di le 30), mme mokonteraka o solofetswe go tlhokomela mafaratlhatlha le go beeletsa mo go one. Gantsi mokonteraka o rwala maikarabelo a lotseno. Kwa bokhutlong jwa konteraka, mafaratlhatlha a boela kwa go mmasepala. 
Tshutiso ya bong 
Go dira thoto ya poraefete go akaretsa go rekisetsa dithoto tsa mmasepala setlamo sa poraefete se jaanong se nnang le maikarabelo a go tlamela tirelo. Ditirelo tsa botlhokwa tse di jaaka metsi, leswe, motlakase le leswe le le popota ga di a tshwanela go rekiswa gotlhelele. Le gale, Makgotla a akanya go dira ditirelo tse e seng tsa botlhokwa tsa poraefete. Se se ka tlhatlosa lotseno lwa mmasepala le go letla Lekgotla go tsepama mo ditirelong tsa botlhokwa.
TLHOKOMELA: Peomolao ya bosethaba e tla thusa bommasepala ka lenane go tsena mo kgwebisanong le ditlamo tsa poraefete. 
Tsepamo mo tirelong ya badirelwa 
Badiri ba ba dirang ka kwa pele ba kopana le sethaba letsatsi lengwe le lengwe. Tota ba tlamela tirelo. Ba tshwanetse ke go kgona go ka tlamela sethaba ka tshedimosetso le keletso. Go botlhokwa gore dithulaganyo tsa tuediso di nonofetse le go siamela go diriswa ke sethaba. 
Dikamano tsa badiri 
Ditlamo tsa badiri tsa mmasepala le pusoselegae e e rulaganeng di na le tiro e e botlhokwa go netefatsa gore dikamano tsa mothapi le modiri le thulaganyo e e siameng ya dikamano tsa badiri. Lekgotla la Ditherisano la Pusoselegae la Aforika Borwa (LDPAB) le tla nna le seabe mo go tlhabololeng kgwebisano magareng ga ditlamo tsa badiri, botsamaisi le Makgotla le ka lenane la tharabololo ya mathata. Ntlha ya botlhokwa e tla nna go rerisana ka maemo a a tshwanang a tiro a badiri ba mmasepala le thulaganyo ya mmasepala ya tsheka-tsheko ya tiro, tokafatso ya tiro le go tlhola motheo o o siameng wa diphetogo. 
Katiso ya pusoselegae 
Katiso ya badiri
Makgotla a Katiso a a leng teng ga a ise a kgone go itepatepanya le dikgwetlho tse pusoselegae e e tlhabologang e lebaganeng natso. Thulaganyo ya katiso e tla rulagangwa gape. Karolo ya Pusoselegae ya Thuto le Bothati jwa Katiso ya bosethaba e tla laola katiso ya pusoselegae le go tsamaisa letlole la Thuto le Katiso. Mekgatlho ya katiso ya porofense - ka baemedi go tswa kwa badiring, porofense le pusoselegae - e tla tlhomamisa ditlhokego tsa porofense, e neele mekgatlho ya katiso dithentara, le go tlhokomela katiso. Batlamedi ba ditirelo ba tla akaretsa diyunibesithi, dithekinikone, di-MM, mafapha a katiso a bommasepala, mekgatlho ya porofeenale le batlamedi ba katiso ya kgwebo. 
Katiso ya Balekgotla
MPAB e tla nna le seabe se segolo mo katisong ya Balekgotla. Lenane la katiso ya Balekgotla le tla tlhabololwa go welana le ditlhopho tsa bommasepala. 
Ka bokhutshwane... 
Go fitlhelela maikemisetso a tlhabologo, taolo ya bommasepala e tshwanetse go tokafatsa taolo, ya neela badiri dithata le go akanyetsa mekgwa e mewa ya botlhami e e farologaneng ya tlamelo ya ditirelo. 


  
KAROLO YA G: DITHELETE TSA MMASEPALA 

Karolo e ya Pegelo ya Maikemisetso le dirana le gore thulaganyo ya dithelete ya bommasepala e ka tlhamiwa sewa jang gore bommasepala ba kgone go lekanya ditekanyetsokabo tsa bone le go tlamela ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo. E leba dintlhakgolo tse di latelang tse nne tsa dithelete tsa bommasepala: 
* Lotseno 
* Ditshutiso magareng ga mebuso. 
* Ditsadiso tsa mekgatlho ya poraefete. 
* Tekanyetsokabo, palotlotlo le bobegi. 
Lotseno 
Bommasepala ba tlhoka metswedi e e ikanyegang ya lotseno. Bommasepala ba duelela 90% ya ditshenyegelo tsa bone tsa letsatsi le lengwe le lengwe go tswa mo lotsenong lwa bone, e seng go tswa kwa pusong ya bosethaba. Le gale, bommasepala ba bangwe - segolo setonna bommasepala ba kwa magaeng - ga ba na lekgetho le le lekaneng go ka ituelela. Bommasepala ba, ba tla amogela karolo e kgolo ya lotseno lwa bosethaba lo lo beetsweng pusoselegae. Go tla batlisisiwa mekgwa e mengwe jaaka - lekgetho la thoto la dikgaolo tsa kwa magaeng - ya go oketsa lotseno lwa bommasepala ba ba humanegileng. 
Tota le bommasepala bao ba kgonang, go tlhokega go tokafatsa thulaganyo ya dithelete go netefatsa tiriso e e siameng ya metswedi, go tlhokomela mathata le go se lekalekane le go rotloetsa maikarabelo. Pegelo ya Maikemisesto e tshisinya tse di latelang: 
Kgethiso ya thoto 
Go tshwanetse ga nna le mokgwa o o tshwanang wa thulaganyo ya kgethiso ya thoto mo nageng e. Se se akaretsa mokgwa o thoto e lekanyetswang ka one, paka ya tekanyetso le mekgwa ya go thusa bao ba sa kgoneng go duela makgetho a a tletseng. 
Makgetho 
Mebuso ya Metsemegolo le Dikgaolo e lefisa makgetho a RSC le JSB. Tse ke makgetho a dikgwebo a a ikaegileng ka palo ya badiri. Ke metswedi e e botlhokwa ya lotseno, mme e tshwanetse go nna e le teng. Fela go na le kotsi ya gore e sitisa go thapa le gore fa makgetho a bommasepala a le kwa godimo thata, dikgwebo di tla ya kwa dikgaolong tse dingwe. Mmuso wa bosethaba o tla dira sengwe go siamisa mathata a. 
Lekgetho la lookwane 
Bontlhabongwe jwa lekgetho la lookwane bo ka newa pusoselegae go tlhokomela ditsela. 
Dituediso tsa ditirelo 
Dituediso tsa ditirelo - jaaka metsi, motlakase le kgelelo ya leswe - ke metswedi e megolo ya lotseno ya bommasepala ba bantsi. Ka jalo go botlhokwa gore badirisi ba duelele ditirelo tse ka botlalo. Go tshwanetse ga tsenngwa thulaganyo ya diketleetso go netefatsa gore ba ba sa kgoneng go duela ditshenyegelo ka botlalo ba bona ditirelo tsa botlhokwa. Baagi botlhe ba tshwanetse go tlhaloganya sentle gore thulaganyo ya diketleetso e tla dira jang. 
Go netefatsa gore ditshenyegelo di a bonwa, bommasepala ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go bala dimitara, dituediso tse di tlhomamemg le dikotlhao tse di gagametseng go ba ba kgonang go duela, mme ba itlhophela go se duele. 
Ditshutiso fa gare ga mebuso 
Se ke madi a a sutisiwang go tswa kwa mmusong wa bosethaba go ya kwa pusoselegaeng. Go na le mefuta e meraro ya ditshutiso e bong: 
* Dituelo ka baemedi. 
* Ditshutiso tsa madi. 
* Ditshutiso tsa madi a tiriso. 
Dituelo ka baemedi 
Tse ke dituelo tse di yang kwa go bommasepala fa ba tlamela ditirelo mo boemong jwa mmuso wa porofense. Bommasepala ba tshwanetse go netefatsa gore ba dueletse tiro e ba e direlang porofense ka botlalo. 
Ditshutiso tsa madi 
A ke madi a a dirisediwang go aga mafaratlhatlha. Fa e sale go tswa ka 1997, ditshutiso tsa go nna jaana tse di ntse di dirwa ka Lenane le le Tiisitsweng la Mafaratlhatlha la Mmasepala. Se se thusitse go lolamisa dituelo go bommasepala. Go tla dirwa sengwe go tokafatsa thulaganyo ya dituelo go bommasepala ba kwa magaeng. 
Ditshutiso tsa madi a tiriso 
Molaotheo (Karolo ya bo 214) o tlhagisa gore bommasepala ba tshwanetse go amela "karolo e e lekanang" ya lotseno lwa bosethaba. Karolo e e tla nna madi a a sutisetswang go bommasepala go tebang le ditshenyegelo tsa tiriso - ditshenyegelo tsa letsatsi le letsatsi tsa tsamaiso ya mmasepala. Bothata jo bo leng teng ga jaana ke gore bommasepala ga ba na bonnete ba gore ba tla amogela bokae, kgotsa ba tla amogela madi ao leng. Se se dira gore go thatafalele bommasepala go ka rulaganyetsa kwa pele. 
Go tila mathata a, "karolo e e lekanang" (palogotlhe ya madi a a reboletsweng pusoselegae) e tla direlwa mo dingwageng di le 5 kwa pele ka tiriso ya lenane la mmuso la tshenyegelo ya paka e e magareng (thulaganyo ya tekanyetsokabo ya dingwaga di le tlhano). Karolo e e lekanang e tla fetisediwa go bommasepala go ya ka sekaelo. Sekaelo se tla itshetlega ka go lekana - go netefatsa gore bommasepala ba ka tlamela ditirelo tsa botlhokwa go malapa a a amogelang lotseno lo lo kwa tlase ka tlhotlhwa e e kwa tlase. Karolo e kgolo ya "karolo e e lekanang" ka jalo e tla ya kwa go bommasepala bao ba tlhokang thuso ya bosethaba thata, segolo setonna bommasepala ba kwa magaeng. 
Madi a tla fetisediwa ka tlhamalalo go bommasepala. Bommasepala ba tla tshwanela ke go netefatsa gore dithuso tsa ditirelo tsa botlhokwa di fitlhelela malapa a a amogelang lotseno lo lo kwa tlase. 
Dipeeletso tsa mekgatlho ya poraefete 
Bommasepala ba tlhoka dipeeletso tsa mekgatlho ya poraefete go itepatepanya le mathata le go dira gore mongwe le mongwe a bone ditirelo tsa botlhokwa. Pegelo ya Maikemisetso e tshisinya mekgwa e e mmalwa ya go rotloetsa mekgatlho ya poraefete go beeletsa mo mafaratlhatlheng. 
Kadimo 
Mmuso wa bosethaba o leka go bona ditsela tsa go nolofaletsa bommasepala go adima madi go tswa kwa ditheong tse di nang le madi tsa poraefete. Se se ka dirwa bonolo ka go fokotsa dokotsi tse di ka nnang teng go baadimisani le mmuso wa porofense. Se se raya gore: 
* Tekanyetsokabo le tsamaiso e e lolameng ya dithelete ke bommasepala. 
* Taolo e e siameng ya sekoloto go netefatsa gore badirisi ba duelela ditirelo. 
* Dikgato tse di tlhamaletseng tse di tshwanetseng go tsewa fa e le gore mmasepala a ka retelelwa ke go duela ma di a a adimilweng. 
* Thulaganyo ya tlhokomelo ya thelete e e bontshang maemo a dithelete tsa mmasepala sentle. 
Thebolelo ya kadimo ya dithelete 
Bommasepala ba tshwanetse go kgona go adima madi go tswa kwa mekgatlhong ya poraefete mo mmarakeng wa botlhe. Le gale, bommasepala ba bangwe ga ba kgone go adima madi. Gore ba kgone go adima mo mekgatlhong ya poraefete, ditheo tse di kgethegileng tsa poraefete di ka thusa bommasepala go tlhabolola tlhokomelo ya dithelete e e batliwang ke ditheo tsa poraefete. 
Banka ya Tlhabololo ya Aforika Borwa le Yuniti ya Mmasepala ya Maratlhatlha ya Peeletso e ka thusa bommasepala go baakanya diporojeke, mme ba bone phitlhelelo ya dikadimo ya ditiro tse kgolo. 
Tekanyetsokabo, palotlotlo le bobegi 
Tiro ya palotlotlo e e amogelesegang ka kakaretso e itsisiwe bommasepala, mme go setse go na le dipholo tse dintle. Tiro ya palotlotlo e e amogelesegang ka kakaretso e akaretsa dilo tse di latelang: 
Palotlotlo ya ditlhotlhwa tsa selegae 
Go tshwanetse ga nna le thulaganyo e e bonolo ya go tshola direkhoto tsa dithelete le thoto ya bommasepala. Se se tla thusa Lekgotla le sethaba go tlhaloganya maemo a dithelete tsa mmasepala botoka. Sekai: go tshwanetse ga nna le diakhaonto di le mmalwanyana le mokgwa o o bonolo wa go kwala gore dithelete tsa mmasepala di dirisitswe jang mothotong e e tlhomamisitsweng. Bommasepala ba tshwanetse go lekanyetsa matlole ka ntlha ya gore ga se madi otlhe a ba a kolotiwang a ba tla a duelwang. Se se ka raya gore ba tla nna le lotseno lo lo kwa tlase go na le ka moo ba neng ba solofetse. 
Palotlotlo ya dithoto tse di tlhomamisitsweng 
Dithoto tse di tlhomamisitsweng - jaaka dipeipi tsa metsi, diteienepotlana tsa motlakase  di ja madi a a rileng fa di rekiwa lekgetlho la ntlha. Fela fa go ntse go ya di latlhegelwa ke boleng. Fa bommasepala ba sa tlhokomele se mo tekanyetsokabong ya bone, ga ba kitla ba itse tlhotlhwa ya nnete ya go tlamela ditirelo. Ga ba kitla ba duedisa badirisi ditlhotlhwa tsa nnete tsa ditirelo. Mesola ya boammaruri ya dithoto tse di tlhomamisitswenge tla kgontsha Lekgotla go tokafatsa thulaganyo le tekanyetsokabo ya dithelete. 
Bobegi ba selegae 
Botsamaisi le balekgotla ba tshwanetse go nna le tshedimosetso. Go tlhagisitswe thulaganyo ya maemo ya bobegi jwa dithelete. Se se tla netefatsa gore tshedimosetso e e botlhokwa ya dithelete e tlhagisediwa Balekgotla le batsamaisi ka tlhomamo ka mokgwa o e leng gore go bonolo go tlhaloganya. 
Bobegi jwa kwa ntle 
Mebuso ya bosethaba le ya diporofense e na le maikarabelo a go tlhokomela maemo a dithelete a bommasepala. Se se ka fitlhelelwa bonolo ka dikanego tsa madi tsa bommasepala tsa ngwaga le ngwaga tse di neelwang Moruni-Kakaretso. Gape bommasepala ba tshwanetse ke go neela sethaba dipegelo tsa dithelete di nepagetseng le tse di tlhaloganyegang. 
Ka bokhutshwane... 
Dithelete tsa bommasepala di tshwanetse go tlhokomelwa sentle go tlamela ditirelo, go gogela ditsadiso tsa dipeeletso le go dirisa dilo tse di leng teng ka tshwanelo. Go setse go na le sengwe se dirwang go tlhagisa mekgwa e e botoka ya dipalelo go bommasepala. Tse di tla kgontsha badira-ditshwetso go dira ditshwetso tse di botlhale le gore batho ba tla itse gore madi a sethaba a laolwa jang. 

Kgonang - go nna le metswedi e e lekaneng le bokgoni jwa go tlamela ditirelo tsa bommasepala. 
Dithoto le ditho tse di tlhomamisitsweng - Dithoto ke sengwe le sengwe se mmasepala a nang naso, e bile se na le tlhotlhwa ya madi. Sekao: lefatshe, dikago, ditsela, mafaratlhatlha a ditirelo tse dingwe, dirori, dikhumphutara, ditiro tsa botsweretshi, j.j. 
 


  
KAROLO YA H: THULAGANYO YA DIPHETOGO

Karolo ya bofelo ya Pegelo ya Maikemisetso e lebile se se tla dirwang go diragatsa thulaganyo e nthwa ya pusoselegae ya tlhabololo. 
Go segiwa ga melelwane 
Ntlha e e botlhokwa mo tiragatsong ya thulaganyo e nthwa ya pusoselegae e tla nna ditlhopho tsa bommasepala tsa sethaba ka bophara ka1999-2000. Mmuso wa bosethaba o baakanyetsa ditlhopho tse ka go tlhoma Lekgotla la Thalo ya Melelwane le le tla segang melelwane ya bommasepala le dikgaolo mo teng ga bommasepala. 
Melao le melawana 
Diphetogo tsa melao le melawana e mengwe, ga mmogo le melao le melawana e mewae a tlhokega go letla go diragadiwa ga Pegelo ya Maikemisetso. Mebuso ya bosethaba le ya diporofense le yona e baakanya melao le melawana e e tla kgontshang go diragadiwa ga thulaganyo e nthwa. Melao le melawana e e tla tsamaya ka thulaganyo e e tlwaelegileng ya Palamente pele e ka nna molao. 

Lenane la Tshegetso ya diphetogo 
Mo godimo ga mo, mebuso ya bosethaba le ya diporofense e tlhoma lenane la tshegetso le le akaretsang: 
* Lenane le le tshwaraganetsweng la kago ya bokgoni go tlhabolola badiri le mekgatlho ya pusoselegae. 
* Katiso mo tsamaisong le tlhabololo ya botswerere 
* Thuso ya setegeniki go tokafatsa thulaganyo ya tlamelo ya ditirelo 
* Tshegetso ya thulaganyo e e tshwaraganetsweng ya tlhabololo le tlhabololo ya ikonomi ya selegae. 
* Tlhamo ya thulaganyo ya tsamaiso ya tiro. 
* Tolamiso ya tshulaganyo ya dithelete gore bommasepala ba itse go sa gale gore ba tla amogela dithelete tse dife go tswa kwa mmusong wa bosethaba. 
* Go duelela dintlhakgolo dingwe tsa diphetogo. 
* Go dira le MPAB le badiri ba Lekgotla mo ditirong tsa bone tse nthwa. 
Le gale, katlego ya diphetogo tota e itshetlegile ka molekgotla, motlhankedi le moagi mongwe le mongwe. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tshwaela mo tlhabololong le demokerasi mo dikgaolong tse re nnang mo go tsona. 

Directorate Communication
Malwetse a batho ba ka a fitlhelang mo diphologolong
Jenny Turton 
      
Setswana 
 
Malwetse a batho ba ka a
fitlhelang mo diphologolong 
 
Goreng re tlhoka go itse ka malwetse a? 
* Malwetse a a kotsi mo bathong, mme kwa bofelong ba ka swa 
* Go botlhokwa go itse ka dikotsi tsa malwetse a, le gore batho ba a fitlhela jang, gore o kgone go a thibela kgotsa o fokotse kotsi ya go a fitlhela 
Batho ba fitlhela malwetse a jang? 
Go na le ditsela di le dintsi tse batho ba ka fitlhelang malwetse a ka tsone, mme ditsela tse di ikaegile mo goreng ba amiwa ke bolwetse bofe. 
Mengwe ya mekgwa e batho ba ka fetelwang ke malwetse ke e: 
* Ka go lomiwa ke phologolo e e tshwaetsegileng (sekai, bolwetse ba rabies) 
* Ka go ja nama le go nwa lebese le le
tshwaetsweditsweng (sekai, bolwetse
ba anthrax) 
* Kago tshwara diphologolo tse di
tshwaetsegileng, suleng, foloditseng le
motlhana (sekai, bolwetse ba 
brucellosis) 

Malwetse a a ka thibelwa jang?
Mo bolwetseng bongwe le bongwe go botlhokwa go itse gore batho ba tshwaetswa jang. Fa o itse se, o kgona go thibela dilo tseo di bayang batho mo kotsing ya go fetelwa ke bolwetse. Dikgato tseo o ka di tsayang ke tse: 

Bophepa 
* Ka dinako tsotlhe tlhapa matsogo a gago fa o sena go tshwara diphologolo, o tswa kwa ntlwaneng, o sena go tshwara nama kgotsa setopo, pele o ja kgotsa o baakanya dijo 
* Dirisa ntlwana, o seke wa ithusetsa kwa sekgweng, fa o tshwanetse ke go dira jalo, epa mosimo mme fa o fetsa o kgupetse ka mmu 
* Tlhakola mantle a dintswa le dikatse mo tikologong mme o thibele kopano ya bana le diphologolo tse 

Paakanyo ya dijo e e siameng 
* Tlhokomela fa o bolaya seruiwa le fa o baakanya dijo go thibela leswe, dintsi, mantle le metsi a a maswe 
* O seke wa ja nama ya seruiwa se se suleng ka ponyo ya leitlho kgotsa e e neng e lwala 
* O seke wa ja nama ya seruiwa e e nang le dikukuno kgotsa e sa lebege le go nkga sentle 
* Apaya nama sentle bogolo jaang ya diphologolo tsa naga 

* Reka nama go borraselaga ba ba tshepegang 
* Bidisa lebese leo le sa apeiwang 
* O seke wa boloka dijo tse di bolang sebaka pele o ka di ja 
* Boloka dijo tse di bolang mo setsidifatsing fa go kgonega 
* Tlhatswa dijo pele o ja 

Tlhokomela fa o tshwara diphologolo tse di lwalang, suleng,foloditsengle motlhana
* O seke wa bua diphologolo tse di
suleng ka ponyo ya
leitlho 
* Potoka matsogo a
gago ka polasetiki fa
o dira ka diphologolo
tse di lwalang, suleng,
foloditseng le motlhana 

C D Seegers
* Tlhapa matsogo ka sesepa le metsi le ka sebolaya ditwatsi fa o sena go tshwara diphologolo tse lwalang, suleng, foloditseng le motlhana 
* Fisa kgotsa epela ditopo, bogolo jaang tsa diphologolo tse di swang ka tshoganyetso 
Mekgwa e e siameng ya tlhokomela ya pholo ya diphologolo

 Tlhabela (enta) diphologolo tsa
gago go thibela malwetse a a kotsi a a amang diphologolo le batho go sireletsa wena le diphologolo tsa gago (sekai, rabies, brucellosis le anthrax)

C D Seegers
* Thibela dintswa le dikatse tsa gago go ka nna le dibokwana ka go difa ditlhare tsa dibokwana 
* Diphologolo tsa gago di tshwanetse go ya tekong ya brucellosis le tuberculosis (bolwetse ba mafatlha). Fa diruiwa tsa gago di na le malwetse a , di rekise gore di bolawe. O seke wa di rekisetsa batho ba bangwe, fa o dira jalo o fetisetsa mathata kwa pele 
* O seke wa fa diruiwa mateng/nama e e sa apeiwang 
Fa o ka lomiwa ke phologolo efe kapa efe, o tshwanetse go tlhapa ntho ka sesepa, metsi le sebolaya ditwatsi ka bonako, fa o fetsa o batle thuso kwa bookelong/ngakeng

C D Seegers

Ntho e e tlholwang ke go lomiwa ke phologolo, e kgona go phatlhalatsa bolwetse(sekai, bolwetse ba rabies le ba thethanase): go na le dikokwanatlhoko mo matheng a diphologolo, tse di bakang tshwaeto 

O seke wa tshwara diphologolo tse o sa di itseng kgotsa diphologolo tsa naga tseo di lebegang e kete ga di tlhaga 

Laola magotlo le dintsi 

A malwetse a a ka alafega? 
* A mangwe a malwetse a ka alafiwa, fela o ka lwala thata, wa swa ka ntlha ya a mangwe (sekai, bolwetse ba rabies le ba anthrax) 

C D Seegers 
* Gopola: THIBELO E GAISA KALAFI KA DINAKO TSOTLHE 
For further information contact your animal health technician, state veterinarian, doctor or nurse
or
Animal Health for Developing Farmers,
ARC-Onderstepoort Veterinary Institute,
Private Bag X05, Onderstepoort 0110
Tel. (012) 529 9158
This publication is available on the website of the National Department of Agriculture at: www.nda.agric.za/publications 

Information provided by
Animal Health for Developing Farmers, 
ARC-Onderstepoort Veterinary Institute, 
Private Bag X05, Onderstepoort 0110
Tel. (012) 529 9158 
Illustrations on pp. 2 and 4 to 6 by C D Seegers 

2000 
